Go Godisa Bana ba ba Itumetseng mo Lefatsheng le le Tlaletsweng
Seno ke setlhogo sa ntlha sa tse pedi tse di ithutiwang. Seno ke sa batsadi le bana, fa sa bobedi sone e le sa basha fela.
“A bo pelo e e nntseñ yalo e ka bo ne ne e le mo go bōnè, gore ba mpoihè, ba tshegetsè ditaolō tsa me cotlhe ka metlha eotlhe, gore go ko go nne sentlè nabō, le bana ba bōnè ka bosakhutleñ!”—Duteronome 5:29.
1. Ke ka ntlhayang fa setlhogo sa thuto eno se le botlhokwa jo bogolo jaana mo go rona?
“NGWANA WA ME WA MAITIBOLO!” A mafoko a boitumelo a a tswang go mmè yo o tlamparetseng potokwanyane e e bothito mo sehubeng sa gagwe ruri! Bibela e bua ka bonolo jwa mmè wa lesea, e bo dirisa jaaka sekao sa lorato lo lo tshwanetseng go nna mo phuthegong ya Bokeresete. Tota le batho ba ba sa siamang ba rata bana ba bone ebile ba ba naya dilo tse di molemo. Abo rona bao re ratang tshiamo re tshwanetse ra bo re amega bogolo jang ka bana ba rona, le go ba thapisetsa go tshela mo lefatsheng la gompieno!—1 Bathesalonia 2:7; Pesalema 127:3-5; Mathaio 7:11.
2. Motswedi o o molemo-lemo wa kgakololo le kaelo kaga go godisa bana ke ofe? Ka ntlhayang?
2 Mme motsadi yo mosha yo ka bonako o lemoga gore go godisa bana ke boikarabelo jo bo bokete. O ka bona kae kgakololo le kaelo tse di utlwalang? Ke ka ntlhayang fa o sa lebe go Mmopi? Ke ene yo o rulangantseng go tsalwa ga bana. (Genesise 1:28) O bone ngwana mongwe le mongwe yo o kileng a tsalwa, le diphelelo tsa seo batsadi ba se dirileng. Ditaelo tsa gagwe e tla nna tse di molemo-lemo go gaisa tsotlhe. Di kwadilwe mo Bibeleng—gammogo le dikao tsa batho bao ba latetseng melao-metheo ya gagwe, le tsa bao ba sa e latelang.—Diane 3:5, 6.
3. (a) Ke dilo dife tse dingwe tseo bana ba rona ba di tlhokang? (b) Ke ka ntlhayang fa seno se sa tshwanela go re nyemisa mooko?
3 Buka e ntle eno e re ruta eng ka go godisa ngwana? E bontsha dilo di le dintsi tseo baithuti ba segompieno ba akanyang gore ba di ribolotse ka bobone. Mo gare ga dilo tse dingwe, e bontsha gore bana ba tlhoka lorato le polokesego. Ba tshwanetse go rutiwa ka Modimo le ka Lefoko la ona. Ba tlhoka thuto e e molemo, maitemogelo a a phepa, dikao tse di molemo le botsalano jo bo siameng. Ba tshwanetse go ithuta go utlwa le go tlotla bolaodi. Ba tshwanetse go rutiwa ka maitsholo le lenyalo, kaga mofuta wa monna kana mosadi yoo ba tla o batlang le oo ba tla batlang go nna ona, le gore ba ka nna batsadi ba ba molemo jang. Seno se ka utlwala e le tiro e kgolo go wena jaaka motsadi. Mme gakologelwa, Bibela e ka neela botlhale. E ka “naea eo o sa tlhalehañ matseba,” le motho wa lekau “kicō le pharologanyō.” A re tlhatlhobeng dilo dingwe tseo e re bolelelang tsone kaga go godisa ngwana.—Diane 1:4.
Dikao tsa mo Bibeleng
4. (a) Bana ba batsadi ba ba boifang Modimo ba ne ba ithuta eng? (b) Thuto eno e ne e diriwa ke bomang mme jang?
4 Bibela e bontsha gore bana ba batsadi ba ba boifang Modimo ba ne ba godisediwa mo polokesegong, ba godisiwa ke malapa ao a neng a amegile kaga makoa a bone le go tlhoka ga bone tshireletso. (Genesise 33:14; 43:8) Bana ba ne ba rutiwa ka moo ba ka itshedisang ka teng—Dafide e ne e le modisa, mme Jesu e ne e le mmetli. (1 Samuele 16:11; Mareko 6:3) Ba ithutile gape le sengwe sa botlhokwa-tlhokwa thata—ditsela tse dintle tsa Modimo yo mogolo JEHOFA. Thuto eno e ne e sa rutiwe mo ditlelaseng tsa katekesima kana mo dikolong tsa Sontaga, mme ba ne ba rutiwa ke batho bao ba neng ba kgatlhegela bana bano thata—e leng batsadi ba bone. Jehofa o ne a lebeletse gore Baiseraele ba itsise bana ba bone le ditlogolwana tsa bone ditsela tsa gagwe. (Duteronome 4:9, 10) Batsadi ba ne ba tshwanetse gore ba rute bana ba bone ka dinako tsotlhe—ba le mo gae kana ba tswile, fa ba robala kana fa ba rapamologa. Ba ne ba tshwanetse go ba ruta ka lefoko le ka sekao, ba fetisetsa dinnete tse dintle mo dikokomaneng tse di latelang.—Duteronome 11:18-21.
5. Thanodi e e tumileng ya Bibela e reng ka go rutiwa ga ngwana?
5 Dictionnaire de la Bible e e tumileng ya Sefora e bolela gore e ne e re fa ngwana a ne a kgona go bua o ne a rutiwa ditema di sekae mo molaong wa Bibela. “Mmaagwe o ne a tla boeletsa temana; fa a ne a e itse, o ne a tla mo neela e nngwe. Moragonyana, ditemana tseo bana bano ba neng ba setse ba di boka ka tlhogo di ne di bewa mo diatleng tsa bone. Jalo, ba ne ba rutiwa go bala, mme fa ba ne ba setse ba godile, ba ne ba ka tsweletsa taolo ya bone ya bodumedi kaga go bala le go tlhatlhanya ka molao wa Morena.”a Buka eno ya tlhotlhomiso e tswelapele ka go re: “Ngwana yoo o ne a amogela dithuto tsa gagwe tsa maitsholo tsa ntlha-ntlha le tse di botlhokwa-tlhokwa a bolokesegile mo gae ebile a le fa dinaong tsa ga rraagwe le mmaagwe.”—Vol. II Karolwana 1596.
6. (a) Bana ba Baiseraele ba ne ba ipelela ditiragalo dife tse di kgatlhang? (b) A bana ba gago ba kile ba ipelela ditiragalo tse di tshwanang, mme fa go ntse jalo, ba bone melemo efe?
6 Modimo o ne o itse gore bana ba itumelela ditiragalo tse disha le gore di ka thusa thata mo go ba ruteng. Jalo, “banyana” ba ne ba tsamaisiwa maeto a a monate go ya kwa Jerusalema ba ya go utlwa molao wa Modimo o balwa. (Duteronome 31:12, 13) Bana ba gago ba ka ipelela masego a a tshwanang, ka go ya kwa dikopanong tsa potologo le tsa kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa moo ba ka bonang molemo mo taong, ba tlhakanela jaaka baithaopi, le go dira ditsala tse di molemo tse disha. O ka dira gore ditiragalo tseno e nne tse ba di tlhologelelwang mo matshelong a bone, fela jaaka fa maeto a go ya Jerusalama e ne e le ditiragalo tse di kgethegileng mo baneng ba Baiseraele.
7. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore o tlhome sekao se se siameng?
7 Modimo o ne o itse botlhokwa jwa sekao se se molemo. Bana ba etsa seo ba se bonang. Ba ka ithuta puo—fela jaaka e le thata jalo—ka go etsa seo ba se utlwang. Modimo o rile: “Abo pelo e e ntseñ yalo e ka bo ne ne e le mo [bathong], gore ba mpoihè, ba tshegetsè ditaolō tsa me cotlhe ka metlha eotlhe, gore go ke go nnè sentlè nabō, le bana ba bōnè ka bosakhutleñ!” Bibela e re: “Motho eo o molemō o tlogèlèla bana ba gagwè boshwa.” (Duteronome 5:29; Diane 13:22) Jalo, mo gontsi go ikaegile ka wena. Jaaka batsadi, re tshwanetse go dira bojotlhe jwa rona mo go tlhomeng sekao se se molemo, ka go bo ruri ga re kitla re rata gore bana ba rona ba latele se se phoso.
Botsalano jo bo Maswe
8. Ke dipotso dife tseo re tshwanetseng go ipotsa tsone kaga ditsala tsa bana ba rona?
8 Modimo gape o re tlhokomedisa dikotsi tsa botsalano jo bo maswe. Lefoko la Ona le re: “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 15:33) Jalo, go botlhokwa gore o itse gore bana ba gago ba tsalana le bomang. A ruri o itse gore ditsala tsa bone ke bomang? A o ba letlelela go tlisa ditsala tsa bone mo gae, mo ntlong, gore o tle o ba itse sentle? Kana o beela bana fela kwa ntle, o ba tlosa mo tseleng? A o itse gore bana ba gago ba utlwa puo ya mofuta ofe, le gore boikutlo jwa ditsala tsa bone ke bofe kaga go aka, go utswa le diokobatsi?
9. Ke dikgato dife tse di siameng tseo o ka di tsayang go thusa bana ba gago go bona ditsala tse di molemo?
9 Fa botsalano joo bo sa go kgotsofatse, bana ba gago ba ka bona ditsala tse di botoka kae? Mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa—moo puo e e maswe, maaka, go utswa le kgobololo ya diokobatsi di sa tlogelelweng teng. A o kile wa eletsa gore bangwe mo phuthegong ba ka tsalana thata le bana ba gago? He ke ka ntlhayang o sa ye kwa go bone? A wena o tsere kgato ya go simolola? Ke ka ntlhayang fa o sa laleletse basha ba bangwe kwa ntlong ya gago, kana o ba kope go kopanela le lona mo bosuping jwa Bokeresete kana mo go ipeleleng maitiso a mangwe a a agang?
10. O ka thusa bana ba gago jang gore ba nne ditsala tsa ba bangwe tse di molemo?
10 Fa o setse o lekile seno, mme bothata jwa botsalano bo ntse bo tswelapele, go ka nna molemo fa o ka ipotsa, Ke ka ntlhayang? A ke gone o neng o simolola go dirisa melao-metheo ya Bibela? Ka dinako dingwe basha ba ba tlisiwang mo Holong ya Bogosi ba santse ba na le gore mathata a a rileng, gore ba ka nna ditsala tse di molemo bone ka bobone. Mosha mongwe o rile ka ga yo mongwe: “Kwa Holong ya Bogosi o molemo, mme ga o kitla o dumela seo a se dirang kwa sekolong!” Boikutlo jo bo repileng jwa mosetsana yono ka dikobo kwa mabaleng a sekolo bo dirile gore ba bangwe ba seke ba rata go twe ba itsane nae. O ka thusa bana ba gago jang gore ba itirele ditshwetso mo dikgannyeng tseo? Tao ya gago, thuto ya gago ya Bibela ya legae, go kopanela ga lelapa la gago mo tirelong ya bosupi jwa Bokeresete, sekao sa gago mo puong, mo boitsholong le mo boikanyeging, le maiteko a gago a go fitlhelela pelo ya ngwana wa gago ka melao-metheo e e siameng go ka tsaya lobaka lo loleele. Fa go tlhokega, bagolwane ba phuthego ba ka lalediwa go neela thuso e e lorato.—Yakobe 5:13-15.
Mathata a Lelapa
11. Ke ka ntlhayang fa o sa tshwanela go itlhoboga fa go na le dikao tse di maswe mo lelapeng la gago?
11 Mme go tweng fa go na le mathata a a masisi gone mo teng ga lelapa la gago? Go tweng fa molekane yo o sa dumeleng a tshela gotlhelele kgatlhanong le melao-metheo e e phepa ya Bibela? O seka wa itlhoboga. Tlhotlheletso ya gago e e siameng le thuso ya moya wa Modimo di ka dira dikgakgamatso. Go na le bana bao ba fetileng mathata ao a neng a bonala a le magolo thata, ba nna basha ba ba molemo. Batho ba dirilwe ke Modimo, mme tota le bana ba bannye ba ka bontsha nonofo e e gakgamatsang fa ba kaetswe mo tseleng e e molemo ke tsala, mogolo yo o akanyetsang, kana motsadi a le mongwe yo o dumelang mo lelapeng le bontsi bo sa dumeleng mo go lone.
12. Dikao tsa ga Lote le Timotheo di neela kgothatso jang mo kgannyeng eno?
12 Akanyetsa sekao sa ga Lote. Lelapa la gagwe le ne le tshela mo Sodoma yo o kgopo, mme go bonala ekete mosadi wa gagwe o ne a batla go nna koo. Mme Lote le bomorwadie ba ne ba tshaba ba bo ba falola go senngwa ga motse oo. (Genesise 19:15-17, 23-26) Timotheo wa mosha o ne a na le rre yo o sa dumeleng, mme mmaagwe le mmaagwe-mogolo ba ne ba mo ruta dikwalo ba bo ba mmona a nna molatedi wa ga Jesu Keresete le monkane yo o ikanyegang wa ga moaposetoloi Paulo. (2 Timotheo 1:5; 3:14, 15) Jalo, tota lefa o se na molekane yo o dumelang, Modimo o ka go thusa go tsetsepetsa go rata boammaaruri le tshiamo mo dipelong tsa bana ba gago.
Kitso le Thutego
13. (a) Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba basha ba tshwanetse go tsaya thuto e le e e masisi? (b) Sekao sa ga Solomone se bontsha botlhokwa jwa puo e e siameng jang?
13 A o kgothaletsa bana ba gago go ithuta, ka bobedi kwa sekolong le mo phuthegong? A go ithuta go botlhokwa mo lelapeng la gago? Go ne go le botlhokwa go Baiseraele. Morafe wa bone e ne e le o o rutegileng. Bana ba bone ba ne ba kgona go bala dikwalo. Mo godimo ga go bala, bana ba gago ba ka bua le ba bangwe kaga Lefoko la Modimo. A ba dirisa thutapuo e e siameng? A o baakantse diphoso tseo o ka bong o di dirile ka dingwaga-ngwaga, e le gore bana ba gago ba tle ba go utlwe o bua sentle? Solomone o ne a tlhopha mafoko ao a neng a ka baka Modimo ka one ka kelo-tlhoko. Ka jalo, re bala jaana: “Moreri a leka go lemoga mahoko a a lebosègañ, le shōna se se kwadilweñ ka thōkgamō, eboñ mahoko a boamarure.”—Moreri 12:10.
14. Re ka thusa bana ba rona go ithuta go dira ditshwetso tse di siameng jang?
14 Go pepenene gore re batla gore bana ba rona ba nne bagolo ba ba nonofileng ebile ba dira ditshwetso tse di siameng mo tumalanong le Lefoko la Modimo. Ka gone, go tla nna molemo go simolola go sa le gale go ba ruta melao-metheo e e siameng—e seng fela ditaelo tseo ba tshwanetseng go di utlwa mme gape le mabaka a tsone. Jalo bana ba tla ithuta gore ba ka dira ditshwetso tse di molemo jang ka bobone.
15. (a) Bana ba rona ba tlhoka kemo-nokeng efe e e botlhokwa? (b) Ke eng seo re tshwanetseng go se ela tlhoko thata-thata?
15 Bana ba rona ba lebagane le lefatshe le le bodileng. Go botlhokwa gore ba bone fa re na le nonofo le maitlhomo, mme ba tshwanetse go itse gore fa ba dira se se siameng, re tla ba ema nokeng, fela jaaka fa Sara a ne a sireletsa Isaka mo go Ishemaele. (Genesise 21:9, 10) Gape re tshwanetse go gakologelwa gore ka go nna re lebeletse dilo tse di molemo, go motlhofo thata gore re ka di bona. Mosha mongwe wa mosupi o ne a botsa rraagwe a re: “A o itse gore ke ka ntlhayang fa o sena bothata bope ka rona? Ke ka go bo ga o leke go re tshwara re dira diphoso—o lebeletse gore re dire se se siameng fela, mme ga re kitla re dira sengwe se sele.” Abo batsadi gantsi ba pega bana ba bone molato jang ne kaga sengwe, mme morago ba bo ba lemoga gore ga baa dira jalo gotlhelele! Fa o pega bana molato wa go aka mme tatofatso eo e se boammaaruri, ba ka akanya gore o lebeletse gore ba ake, mme ka nako e e tlang ba ka dira jalo.
16. (a) Ke dikakantsho dife tse di dirilweng kaga dipokano tsa Bokeresete? (b) Ke eng se se bontshang gore dipokano tseno ke tsa mosola o mogolo mo baneng? (c) A o itse dikai dingwe tse di bontshang gore dipokano di mosola mo baneng?
16 Batho ba bantsi ba bone go le botlhale fa ba ya kwa dipokanong koo Lefoko la Modimo le tlotliwang teng ba na le bana ba bone, go tloga ba sa le bannye—ba sa nnele kwa phaposing e nngwe le bana ba bone, kana ba ba potetsa ka kwa morago (kwa ntle ga fa ba ya ka nakwana, ka lebaka le le utlwalang) mme ba ba ruta go nna ba didimetse, ba bontsha go tlotla dipokano le go solegelwa molemo mo dilong tse di tlotliwang. Gompieno, batho ba ba godileng, ba ba nitameng mo tumelong, ba gakologelwa tlhoafalo ya batsadi ba bone bao ka metlha ba neng ba ba tsamaisa mesepele e meleele, gongwe ka koloi e e onetseng ya bogologolo, gore ba ye dipokanong tseo. Mogolwane mongwe wa phuthego o gakologelwa boperofeti jo bo thata jo a utlwileng batsadi ba gagwe ba tlotla ka jone fa ba ne ba baakanyetsa thuto ya Tora ya Tebelo bogologolo, fa e ne e le ngwana a itshamekela mo ntlong fa fatshe. Ga baa ka ba elelelwa gore o ne a reeditse—go sa buiwe ka gore o ne a tla gakologelwa tlhaloso eo ka dingwaga tse di fetang 50 morago ga moo!
17. O ka umaka dikao dife tsa Bibela tsa fa bana ba le kwa dipokanong, mme ke dipotso dife tseo re ka ipotsang tsona kaga bone?
17 Mo motlheng wa ga Esere botlhe ba ba neng ba ka utlwa ka tlhaloganyo ba ne ba ema go simolola ka maphakela go ya motshegareng o mogolo go reetsa fa Dikwalo di balwa. (Nehemia 8:2, 3) Fa o ne o tshela ka nako eo, a bana ba gago ba ne ba tla bo ba le koo, kana a o ne o tla bo o tsere gore dithuto tsa teng di bokete thata-thata ebile go balwa ka lobaka lo loleele wa ba wa ba raya o re ba ye go tshameka? Josefa le Marea “ba ne ba tle ba ee Yerusalema ka dinyaga cotlhe, ba ea modiroñ oa Tlolaganyō.” Ke ka moo ba neng ba le koo fa Jesu a ne a le dingwaga di le 12. (Luke 2:41-49) A o ne o ka bo o tsamaile mosepele o o kalo, ka maoto kana ka esele, go nna teng mo kopanong eo? Erile matshwititshwiti, go akareletsa le “bana,” ba tlile go utlwa Jesu, ebile go se na sepe seo ba neng ba ka se ja, Jesu o ne a ba otla ka kgakgamatso. (Mathaio 14:21; 15:38) A bana ba gago ba ne ba tla bo ba le koo, kana a o ne o tla nna kwa gae go ba jesa dijo tse eketeng di a tlhokega?
18. Gape re ka bontsha kanaanelo ka dipokano tsa Bokeresete jang?
18 A bana ba gago ba itse gore o tsaya dipokano tsa thuto ya Bibela di le masisi? A ba bona gore o kaya dipokano tseno di le botlhokwa mo e leng gore ga o nne teng fela mo go tsona mme o nna le seabe mo go tsone, o neela dikakgelo fa di tlhokega? Ka sekai, a o ka bo o baakanyeditse thuto eno le bana ba gago, mme a wena mmogo le bone bobotlana lo tla neela kakgelo e le nngwe kwa pokanong eo thuto eno e tlotliwang teng?
Mokgele o o kwa Godimo
19. Ke boikutlo bofe jo bo siameng jo re tshwanetseng go nna le jone kaga go godisa bana ba rona ba ba rategang?
19 A mongwe le mongwe o dira dilo tsotlhe tseno ka boitekanelo? Le e seng! Dilo tse di tlotliwang fano ke dilo tse di tshwanetseng go lekelwa, e seng mekgele e e setseng e fitlheletswe. Mo lefatsheng leno go tla nna go ntse go na le mathata, mme Bibela e re neela ditsela tsa go dirisana le one, mme fa re leka go dira dilo ka tsela ya Modimo, o tla re thusa. Erile rre mongwe wa Mokeresete a bodiwa gore ke ka ntlhayang fa bana ba gagwe ba bonala ba nonofile mo tumelong o rile: “Ruri ga ke itse. Ga re a dira sepe se se sa tlwaelegang. Re lekile fela go dirisa kgakololo eo re e boneng go tswa mo Bibeleng le go tswa mo phuthegong.”
20. (a) Ke dilo dife tse dingwe tseo o ka di dirang gore o godise bana ba ba itumetseng gompieno? (b) Temana ya setlhogo e e kwa tshimologong ya thuto eno gammogo le Diane 20:7 di re kgothatsa jang mo kgannyeng eno?
20 Fa re setse re akanya sentle-ntle, tota ke sone seo se tlhokegang mo go godiseng bana ba ba itumetseng gompieno. Tlhoma sekao se se siameng. Se rute bana ba gago. Itumelele dilo tse di molemo tseo ba di dirang, mme o leke go ba thusa go siamisa tse dingwe. Abalana le bone maipelo a bone le botshelo jwa bone. Bontsha lorato. Dira dilo ka tsela ya Modimo, mme o tla segofatsa maiteko a gago. Gakologelwa mafoko a a kgothatsang a a tlhotlheleditsweng a ga Solomone a a reng: “Mosiami eo o tsamaeañ mo go tlhokeñ molato ga gagwè, go segō bana ba gagwè moragō ga gagwè.”—Diane 20:7.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo metlheng ya Bibela, jaaka gompieno, batho bangwe ba ne ba kgona go bala mme bangwe ba sa kgone, mme kgono ya go bala e ne e ka bo e aname thata go feta ka moo batho ba bantsi ba akanyang ka gone. (Bapisa Isaia 29:11, 12.) Tota-tota, The Encyclopedia of the Jewish Religion e re: “Thutego e bonala e ne e aname ka bophara mo Iseraeleng wa bogologolo.”
Ditaolo tsa Modimo di ne di tshwanetse go kwalwa mo mephakwaneng ya mejako di bo di bofelelwe mo diatleng—ditiro tseo di neng di ka se nne le mosola ope mo bathong ba ba sa itseng go bala. (Duteronome 6:8, 9; 27:8) Kgosi e ne e tshwanetse go ikwalela lokwalo lwa gagwe lwa molao le go le bala ka malatsi otlhe. (Duteronome 17:15, 18, 19) Lekawana la kwa Sukotha le ile la kwala maina a banna ba ba itsegeng ba mo motseng wa gagwe.—Baatlhodi 8:14.
Go bala le go kwala e ne e se ga barutegi fela. Mo kakgelong ya ga James D. Martin ka buka ya Baatlhodi, o ile a kwala gore “bosupi jwa rona jwa pele-pele jwa mokwalo wa ditlhaka bo ne bo kgwarilwe mo dipoteng tsa magaga ke makgoba mo meepong ya Sinai.” Amose e ne e le modisa yo o kwa tlase wa dinku. Mika e ne e le moporofeti wa kwa magaeng a tswa motseng wa Morasha. (Amose 1:1; Mika 1:1) Lefa go ntse jalo, ka bobedi ba kwadile dibuka tsa Bibela.
Buka ya Maccabees wa Ntlha e e sa tlhotlhelediwang, e e batlileng e kwalwa e ka ne e le mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bobedi B.C.E., e bontsha gore batho ba ne ba na le dibuka tsa Molao mo matlong a bone. (1 Maccabees 1:55-57) Ra-ditiragalo wa Mojuda Josephus o tlhagisa pono ya gagwe ya lekgolo la pele ya gore molao o laola gore bana “ba tla rutiwa go bala, mme ba tla ithuta melao mmogo le ditiro tsa borraabo-mogolo.”—Against Apion, II ts. 375 (25).
BATSADI LE BANA, LE NE LE TLA ARABA DIPOTSO TSENO JANG?
◻ Batsadi ba tshwanetse go batla kgakololo ka go godisa ngwana kae, mme ka ntlhayang?
◻ Dingwe tsa dikao tsa Bibela tsa go ruta ngwana sentle ke dife?
◻ Batsadi ba ka disa ditsala tsa bana ba bone ka ditsela dife tse di motlhofo?
◻ Go dirisa melao-metheo ya Bibela go ka fenya jang mathata a malapa a a aroganeng?
◻ Batsadi ba tshwanetse go tsaya dikgato dife fa ba senkela bana ba bone thuto e e siameng?
◻ A batsadi le bana ba ka lebelela go dira sengwe le sengwe ka boitekanelo? Lefa go ntse jalo ba ka atlega jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Mosha mongwe o kile a botsa mmaagwe a re: “Bona gore go godisa ngwana go thata jang—a o eletsa go ka bo o sa mpelega?” Dingwaga tse dintsi moragonyana o santse a gakologelwa karabo ya gagwe, ka lorato lo lo boteng, fa a ne a re: “Sengwe le sengwe se se botlhokwa se tlhoka nako le matsapa.”
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Lona batsadi ke gantsi ga kae, lo tlhoma sekao e seng fela sa go nna teng mo dipokanong koo Lefoko la Modimo le tlotliwang teng gammogo le go nna le seabe?