Basha mo Lefatsheng la Segompieno
Bosha—Nako e e Kotsi Thata-thata!
BOSHA—nako ya botshelo magareng a bongwana le bogodi—e tlhalositswe jaaka “nako e e kotsi thata-thata mo go goleng ga motho” gompieno. Motho yo o buileng jalo o tlhalositse jaana: “Bosha bo beilwe mo kotsing ka go bo go bofagana ga dikokomana go kgaogile. Ke lantlha a ema a le nosi gotlhelele ebile a sa sirelediwa ke ba bagolo mo go ena. O gateletswe ke go boifa setso, go boifa isagwe le go tlhokomologiwa gotlhelele.”—Ruth Aikins, mo bukeng Quality of Life—The Early Years, e e dueletsweng ke Mokgatlho wa Bongaka wa Amerika.
Phetogo e nnile e e potlakileng thata! Botlhokwa jwa maitsholo bo gosomane. Botlhoka-tumelo bo godile.
Basha, ka go tlhoka kaelo, gantsi ga ba fitlhele nonofo ya go tia mo maitlhomong, ditekanyetso tse di tiileng le maitsholo a a tlhomameng mo bagolong ba bone. Basha ba bantsi ba akanya gore kokomana e e neng e le pele ga bone e ne e itshola maswe thata. Mme basha ba tshwanetse go gakologelwa gore lefa dikokomana tse di neng di le pelenyana ga bone di ka bo di tlhokomologile melao-metheo e e siameng, melao-metheo eo e ne e ntse e le teng mo Bibeleng. E bontsha seo batho ba neng ba tshwanetse ba bo ba se dirile, le seo Modimo o tla tlogang o se dira go rarabolola mathata a lefatshe.
Botlhokwa jwa Maitlhomo a a Tlhomameng
A bana ba gago ba go bona jaaka seikokotlelo se se tsepameng—mongwe yoo ba ka mo etsang mo matshelong a bone?
Joseph le Lois Bird ba kwadile jaana go Power to the Parents!: “Ngwana o tsalelwa mo lefatsheng leo a ka se le tlhaloganyeng, lefatshe leo a ka se kgoneng go tshela mo go lone kwa ntle ga tshegetso le tshireletso tse dikgolo. . . . O tlhoka go itse gore bagolo ba ba itshupileng thata-thata mo botshelong jwa gagwe ba bone dikarabo tsa matshelo a bone, le gore ba ka dira sengwe sa tlhaloganyo mo lefatsheng la bone.”
“Bana ba rona ba tlhoka go bona gore re na le nonofo ya go tia mo maitlhomong, ditekanyetso tse di tiileng le maitsholo a a tlhomameng tseo ba bonang re tshela ka tsona. Fa ba fitlhela go sa tlhomamisege, go digela, boitimokanyi mo ditirong tsa rona, ba tla imelwa ke go aga nonofo e e tlhokafalelang go tshegetsa maitlhomo a bone fa ba ntse ba gola.”
Abo bana ba gago ba segofaditswe jang ne fa lelapa la gago le na le maitlhomo ao, a a theilweng mo boammaaruring jwa Lefoko la Modimo! Lefoko leo le ka neela lelapa la gago ditekanyetso tse di tlhomameng, mekgele e e nonofileng ya semoya, tumelo e e nitameng go Modimo, le keletso e e tlhotlheletsang ya go fetisetsa tumelo e ntle eo go baratiwa ba gago ba bannye.
‘Ba Gateletswe go Dira Phoso’
Kgatelelo ya go etsa ditsala tsa rona ke maatla a magolo. Mosetsana wa dingwaga di le 16 o kwadile jaana: “Fa ke ne ke le mmotlana, ka metlha ke ne ke gatelelwa go dira dilo tse di maswe, jaaka go goga le go utswa le tse dingwe. . . . Ruri ga ke ise ke ko ke eletse go goga sekerete le e seng, mme ke ne ke sa batle gore mongwe le mongwe a ntheye a re, ‘Wai!, o dišaše, o yaa dibing.’ . . . Jaanong ke lemogile gore botsalano jo bo agilweng mo go ineeleng ka go digela ke botsalano jo bo tswapogang jo bo kgobogang motlhofo.” Ngwana wa dingwaga di le 12 o rile: “Fa bangwe ba go gatelela, selo se se molemo bogolo ke go ba tlhokomologa kana go ba katoga, kana go nna le ditsala tse o di ratang.” (Listen to Us, ditsebe 110, 111) Abo basha ba babedi bano ba bua tlhaloganyo jang ne—go botoka go fetola ditsala bogolo go go raelesega go tlola seo o itseng gore se siame!
Bogologolo Jehofa o ile a tlhagisa Baiseraele ka bothata jono. O ne a re go itsalanya le ba ba sa dumeleng go ne go tla dira gore ba lo “bitse,” mme lo tla ja dingwe tsa ditshupelo tsa bone. Jalo barwa ba bone ba tla nyala bo-morwadia-lona mme ba tla ba isa go obamela medimo ya maaka. (Ekesodo 34:12-16) Dina yo mosha o ithutile kotsi ya go nna le ditsala tse di sa boifeng Modimo, ka go ikutlwisa botlhoko. Fa ka go tlhoka botlhale a ne a etela basetsana ba Bakanana, lekawana lengwe, leo le tlhalosiwang jaaka le le neng “le tlotlwa bogolo go botlhe ba ntlo ea ga rragwè,” la mo senya, moo le bakileng tshololo e kgolo ya madi. (Genesise 34:1-31) Abo tlhagiso ya Bibela e e reng, “Go ikopanya le ba ba boshula go senya maitsholo a mantle” e boammaaruri jang ne! (1 Bakorintha 15:33, Revised Standard Version) Kana, jaaka The Jerusalem Bible e e ranola: “Ditsala tse di bosula di senya batho ba ba tlotlegang thata-thata.”
Ditsebe tse di latelang di neela dintlha tse di oketsegileng, tse di theilweng mo Lefokong la Modimo, di bontsha gore malapa a ka kopana jang mo go fenyeng dikgwetlho tsa lefatshe leno la segompieno.