Basha ba ba Itumetseng mo Lefatsheng le le Bodileng
Setlhogo seno se kwaletswe basha segolo. Jalo re laletsa basha go etelela-pele mo go akgeleng fa go tlotliwa ka ga sone kwa Holong ya Bogosi.
“U bo u gakologèlwè Mmopi oa gago mo metlheñ ea bokau yoa gago.”—Moreri 12:1
1. Ke ka ntlhayang fa batho ba bantsi ba akanya gore jaanong ga se lobaka lo lo monate lwa go nna mosha?
A BO go nna mosha ke lobaka lo lo monate jang ne! A seo se utlwala se go gakgamatsa? Basha ba bantsi ba ne ba tla supa maemo a a maswe ao ba a bonang—bokebekwa jwa mo mebileng, boitsholo jo bo maswe, kgobololo ya diokobatsi, go ima ga bana ba dingwaga tsa bolesome, go ntshiwa ga dimpa le malwetsi a thobalano. Ba ne ba ka supa kotsi ya ntwa ya atomo kana kgotlelo e e senyang lefatshe. Ba ne ba ka botsa gore eno e ne e ka nna lobaka lo lo monate jang lwa go nna mosha, o santse o ya isagweng.
2. (a) Ke ka ntlhayang fa ruri eno e le nako e e molemo ya go tshela? (b) Ntlha eno e tshwanetse go go ama jang?
2 Basha ba bangwe ba itse gore boperofeti jwa Bibela bo bolela gore Modimo ga o kitla o letla gore batho ba senye lefatshe. Bibela e solofetsa gore Modimo o tla fetola dilo—gore o tla tsenelela o bo o tlisa maemo a tshiamo le kagiso. (Pesalema 37:10, 11; 2 Petere 3:13; Tshenolo 21:1-4; 11:18) A o dumela ditsholofetso tseo? Fa o di dumela, di tshwanetse tsa ama botshelo jwa gago thata, ka go bo di kaya gore o ka nna le isagwe e e itumedisang.
3. Ke ka ntlhayang fa go se ope yo o leng mmotlana thata go ka amega ka go direla Modimo?
3 O ka akanya gore: ‘Ke sa le mmotlana thata go ka dira jalo!’ A mme go ntse jalo? Bibela e rotloetsa basha—basimane le basetsana—gore ba direle Modimo. (Pesalema 148:12, 13) E bolela ka mosetsanyana wa Mohebera yo o neng a tlisa molaodi wa ntwa wa Moasiria, e leng Naamane, go nna mongwe wa badihedi ba ga Jehofa. (2 Dikgosi 5:2, 3, 15-17) E re bana ba ile ba duduetsa Jesu, le gore erile baetapele ba bodumedi ba tenega, Jesu a ba botsa a re: “A ga lo ise lo ko lo bale ha go reñ, U lekantse pakō ka a a cwañ melomoñ ea banyana le ba ba anyañ?” (Mathaio 21:15, 16) Jesu o ne a kgatlhegela basha thata. O ne a re ba lesiwe ba tle go ene. Le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara di kgatlhegela basha bogolo gompieno—gammogo le dilo tse di molemo tse ba di dirang fa ba direla Modimo.—Mathaio 19:14.
Melao-metheo ya Botshelo jo bo Itumedisang
4. Bibela e ka go thusa jang mo go tsheleng botshelo jo bo itumedisang?
4 Lo itse gore batsadi ba lona ba rata gore lo itumele. Go jalo le ka Rraalona yo o kwa legodimong, Jehofa Modimo. Lefoko la Gagwe, Bibela, le neela kgakololo e e ka lo sireletsang mo mathateng a le mantsi. Ga e go bolelele sengwe le sengwe se sennye se o tshwanetseng go se dira, mme gantsi e tlhoma melao-metheo fela. Yone ke dinnete tse di go neelang motheo wa go dira ditshwetso ka dilo, mo e leng gore katlholo ya gago e e molemo e tla go bolelela se se siameng. Ka sekai, molao-motheo o mongwe ke ono o o umakilweng mo setlhogong se se fetileng mme ebile o ka bo o o utlwile o tlotliwa ka makgetlo a le mantsi, e leng: “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tle go bodise mekgwa e mentlè.”—1 Bakorintha 15:33.
5. (a) “Go ikōpanya le ba ba boshula” go ka bodisa “mekgwa e mentlè” ka ditsela dife tse dingwe? (b) Dikwalo tse di umakilweng mo serapeng seno di bontshang kaga (1) puo e e maswe, (2) dikgang tse di maswe, (3) boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong?
5 Seo se kayang? Se kaya gore re tlhotlhelediwa ke batho ba ba re dikologileng. Fa o nna lobaka lo loleele le batho ba dipuo tse di maswe kana dikgang tse di maswe, ka gongwe o ka latela sekao sa bone. Fa o itsalanya le batho bao dikakanyo tsa bone kaga dikobo le lenyalo di fapaaneng le seo o itseng gore se batliwa ke Modimo, o tla fitlha mo ntlheng ya gore dilo tseo di seke tsa go tshosa. O ka nna le ditsala tse di ntseng jalo o sa lemoge. Fa o bala dibuka kana o lebelela dibaesekopo kana thelebishene, o ntse o tsenya dikakanyo tsa mokwadi wa tsone mo tlhaloganyong ya gago. Fa dikakanyo tseo di le maswe, di ka leswefatsa tlhaloganyo ya gago. Bibela ga e re re ipelele dilo tseo, mme e re re di tile. (Baefesia 5:3, 4; bapisa 1 Bakorintha 6:18.) Gape e re: “Kgotsa a ga lo itse ha ba ba sa siamañ ba se ketla ba rua bogosi yoa Modimo? Lo se ka loa tsietsèga: go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, Go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10.
6. (a) Ke mathata afe ao batho ba nnileng le one ka go bo ba tlhokomologile kgakololo ya Bibela kaga go itsalanya le ba ba bosula? (b) Ke eng seo re tshwanetseng go se gakologelwa kaga dikakanyo tsa rona mme re ka bona botsalano jo bo molemo kae?
6 Re tlhotlhelediwa ke batho ba ba re dikologileng. Jaaka fa The Living Bible e ranola 1 Bakorintha 15:33 e re: “Fa o ba reetsa o tla simolola go dira jaaka bone.” Basha ba hepiseditswe mo go gogeng motsoko, mo go gobololeng diokobatsi, mo go utsweng le mo mefuteng yotlhe ya dilo tsa boitsholo jo bo maswe ka go bo ditsala tsa bone di ne di dira dilo tseo kana di ba tshega ka go bo ba sa di dire. A o akanya gore batho ba ba sotlang ka wena fa o dira se se siameng ke ditsala tse di molemo? Go botlhokwa go gakologelwa gore kakanyo ya gago e tshwana le “computer.” Fa o e tsenya boikitsiso jo bo phoso, o tla amogela ditshwetso tse di phoso. Jalo go ka nna botlhale go itsalanya le batho ba ba boifang Modimo—le bao ba tlang mo Holong ya Bogosi mme ba dirisa seo ba se ithutang koo.—Diane 18:24.
7. (a) A go raya gore mongwe le mongwe yo o tlang mo dipokanong tsa Bokeresete o dirisa melao-metheo ya bomodimo? (b) Ke sekao sefe mo motlheng wa ga Samuele se se bontshang gore seno ga se selo se sesha? (c) Samuele o ne a dira eng, mme ka diphelelo dife?
7 Mme o tshwanetse go dira eng fa mongwe yo o neng a tshwanetse go tlhoma sekao se se molemo a sa dire jalo? Seno se diragetse ka makgetlonyana mo metlheng ya Bibela. Lekawana Samuele o ne a na le tshiamelo e e tlhomologileng ya go direla mo lefelong la kobamelo ya ga Jehofa, mme barwa ba moperisiti yo mogolo Eli ba ne ba tlhoma sekao se se maswe thata. E ne e le difephela tse di neng di roba molao wa ga Jehofa ba bo ba lala le basadi bao ba neng ba direla moo Jehofa a neng a obamelwa teng. Mme lekawana Samuele o ne a itse se se neng se siame. Gaa ka a latela sekao sa bone se se maswe. Bibela e re: “Me ñwana Samuele a golèla pele, me a ratwa ke Yehofa, le ke batho le bōnè.” (1 Samuele 2:12-17, 22-26) Samuele o ne a segofadiwa segolo ke Modimo. O ne a gola a ba a nna moperofeti, ebile o ile a dirisediwa go kwala dibuka tsa Bibela tsa Baatlhodi le Ruthe le karolo ya buka ya ntlha ya ga Samuele, e e bidiwang ka leina la gagwe. Ke sekao sa polelwana e e umakilweng go Diane 20:11 e e reng: “Le e leñ ñwanyana o tla a itshenole ka ditihō tsa gagwe, bo tihō ea gagwè e ntlè, le go re, a e siame.” Go a itlhalosa gore fa o bona mongwe a dira phoso, o batla go nna jaaka lekawana Samuele mme e seng jaaka bomorwa Eli, bao ba neng ba itse tsela ya ga Jehofa mme ba sa e latele.
Segakolodi sa Gago sa Bokeresete
8. Segakolodi se se rutilweng ke Bibela sa Mokeresete yo mosha se ka kganela go dira eng?
8 Jaaka mosha wa Mokeresete yo o ikanyegang, o itse gore go na le dilo tseo segakolodi sa gago se se rutilweng ke Bibela se ka se go letleleleng gore o di dire. Ka sekai, o itse gore malatsi a mantsi a boikhutso a simologile kwa boheitaneng. A tlholega mo mekgweng ya bodumedi jwa maaka. Jalo segakolodi sa gago se ka se go letlelele gore o a keteke. O itse gape gore dikolo di na le lenaaneo la bomorafe kana ditiro tse di tlotlomatsang morafe wa bone go na le e mengwe, jalo ga di tsamaisane le pono ya gago e e theilweng mo Bibeleng ya gore “[Modimo] o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla.” (Ditihō 17:26) Gape, o itse gore dikolo di baya dikgaisano tsa metshameko kwa pele-pele, di tlhotlheletsa baithuti go senya nako ya bone e ntsi mo metshamekong eo—e seng fela go itapolosa mme ka go ba tlhotlheletsa gore ba fenye moo ka dinako dingwe go felelang ka dintwa.a
9, 10. Basha ba bangwe ba Bakeresete ba dirisane jang le mathata ano?
9 A go latela ditekanyetso tse di kwa godingwana go go tlisetsa mathata? Mosha mongwe wa Mosupi o ne a akgela jaana: “Re na le mathata a se makae kaga segakolodi sa rona sa Bokeresete fa fela morutabana a itse boemo jwa rona go sa le gale—pele ga go re bothata bo tlhage.” Basha bao ka bonolo le ka tlotlo ba tlhalosang lebaka la ntlha nngwe e e theilweng mo segakoloding sa bone sa Bokeresete—mme ba go dira pele morutabana a ema fa pele ga bana mme kgang e nna e e fuduang maikutlo—ba fitlhela ba na le mathata a se makaenyana mo ntlheng eno.
10 Mosha yo o neng a rata mmino ebile a batla go opela mo khwaereng ya sekolo o ne a bua jaana: “Ke ne ka tlhalosetsa morutabana mo tshimologong ya sekolo gore nka rata go tsena mo khwaereng, bothata e le gore go na le mmino mongwe oo nka sekeng ka o opela, mme ka molelela lebaka.” Fa mmino oo o tlhagelela, morutabana o ne a itse go sa le gale gore morutwana yono o ne a tla itidimalela a sa opele. Tota-tota, barutabana ba itsile go rulaganya thulaganyo yotlhe sesha gore e tshwanele segakolodi seo sa Bokeresete. Legale, jaaka basha ba bontsha, go a thusa fa o na le leina le le siameng mo ditirong tsotlhe tse dingwe tsa sekolo—fa barutabana ba itse gore o tota o tshelela tumelo ya gago le gore o leka ka natla mo dithutong tsa gago.
Mekgele e e Mosola
11. (a) Mekgele e ka nna mosola jang mo basheng? (b) Mekgele e mengwe e e mosola ke efe?
11 Dithulaganyo tsa gago tsa isagwe ke dife? A o lemoga gore batho ba bantsi ga ba na dipe? Ga ba na mekgele, jalo ba na le dikatlego di se kae. Ba amogela sengwe le sengwe se se tlang mme ba atlega go le gonnye. Mokgele o mongwe e ka nna wa go tokafatsa maduo a dithuto tsa gago tsa kwa sekolong. O mongwe e ka nna wa go ithuta tiro e e rileng ya diatla e le gore o ka kgona go itshedisa.
12. Mekgele e mengwe e e botlhokwa-tlhokwa ke efe?
12 Mme Bibela e bontsha gore re tlhoka gape le mekgele ya semoya—dilo tseo re ka di fitlhelelang mo tirelong ya Modimo. E re motho yo o “latèlañ tshiamō” o tla ratiwa ke Modimo le gore o tla “bōna botshelō, le tshiamō, le tlotlō.” (Diane 15:9; 21:21) Jesu o rile: “E sale ka lobaka loa ga Yohane Mokolobetsi, . . . bogosi yoa legodimo bo nntse bo tlhasèlwa [jaaka mokgele].” Paulo o rile: “Ke lekèla kwa pele, e tle e re kgotsa ke chwarè se e leñ shōna le nna ke se chwarecweñ ke Keresete Yesu. . . . ke lekèla ka thata . . . go tsaea sekgèlè.” (Mathaio 11:12; Bafilipi 3:12-14) Jalo, go molemo go nna le mekgele e e mosola.
13. Kitso ya boammaaruri e botlhokwa go le kana-kang?
13 Jaaka mosha gompieno, a o latelela kitso? Basha ba bantsi ga ba dire jalo. Lefa go ntse jalo, go itse Jehofa go botlhokwa thata. Fa Jesu a rapela Rraagwe, o rile: “Me botshelō yo bo sa khutleñ, ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le ène eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Ke lebaka lefe le le ka nnang botlhokwa go feta leo?
14. Ke tswelopele efe ya kgato ka kgato e e ka go thusang go itse Jehofa le go tlhaloganya Lefoko la gagwe?
14 A o kgatlhiwa ke Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa Watch Tower tseo di le tlhalosang, kana a o akanya gore dithata go ka tlhaloganngwa? Fa o fitlhela di le thata go ka di tlhaloganya, Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela e tla go thusa go bona ditiragalo tsotlhe tsa Bibela ka tatelano e e siameng. E tla go thusa go lomaganya dilo mmogo le go di tlhaloganya motlhofo. Morago, buka ya Bosha jwa Gago—go Iponela Molemo mo go Jone e tla go thusa go tlhaloganya melao-metheo ya Bibela e e tla oketsang boipelo jwa gago mo botshelong. Fa o ntse o bala bogolo, go ithuta go tla nna motlhofo, mme o tla rata go baakanyetsa dintlha tse di kwa boteng, go akaretsa le thuto ya Tora ya Tebelo, dintlha tsa sekolo sa Bodihedi sa Bogosi le mmalo wa Bibela wa beke nngwe le nngwe. O ka se dire tsotlhe tseno ka letsatsi le le lengwe, mme o ka godisa nonofo ya semoya fa o itlhomela mekgele ka bongwe ka bongwe mme o tswelela kgato ka kgato go ya kitsong le kgonong.—Diane 1:5; 2:10-12.
15. O ka itlhomela mekgele efe e mengwe?
15 A o latelela ditshiamelo tsa tirelo ya Bokeresete? A o itlhometse mokgele wa go dirisa nako e e rileng mo tirong ya go ruta ka ntlo le ntlo beke nngwe le nngwe kana kgwedi nngwe le nngwe? A o kgothaletsa basha ba bangwe go tla le wena? A o na le mokgele wa go nna botswerere thata mo go ruteng fa o ya maetong a go boela le kwa dithutong tsa Bibela tsa legae? Basha ba bangwe ba na le mokgele wa ngwaga le ngwaga wa go nna babulatsela (bareri ba nako e e tletseng ba ba ithaopileng) mo lobakeng lwa maikhutso a dikolo.
16. Go tshwanetswe ga akanyediwa mekgele efe ya lobaka lo loleele?
16 Go tweng ka mekgele ya lobaka lo loleele? O batla gore o bo o dirile eng ka nako eno mo ngwageng o o tlang? Kana mo dingwageng tse tlhano, fa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya bogologolo bo tla bo bo ise bo tle ka nako eo? A o na le mokgele wa lobaka lo loleele wa go nna modihedi wa mmulatsela yo o tlwaelegileng kana o ipelela ditshiamelo tse dingwe, jaaka go nna leloko la legae la Bethele le le siamisetsang karolo ya lefatshe la lona dibuka tsa Bibela? Go itlhomela mekgele, le go e lekela, ke tsela ya go lebisa botshelo jwa gago mo tseleng e e mosola thata.
17. (a) O ka bona kae dikao tsa batho ba ba godisitseng kitso le kgono tseo mo nakong ya bosha? (b) A o itse ka dikao tse di tshwanelang tlhaloso eno?
17 Akanya ka bagolwane ba ba lorato mo phuthegong ya lona le kaga balebedi ba potologo le ba kgaolo. Ka nako nngwe ba ne ba le basha jaaka wena. Mme ba itekile ka natla, mo dingwageng tse di fetileng, ka go godisa kitso le kgono le ka go direla Modimo le bakaulengwe ba bone. A sekao sa bone se go kgothaletsa go dirisa nako eo o nang le yone o sa le mosha sentle? Fa go ntse jalo, o ka nna jaaka mopesalema yo o kwadileng jaana: “Modimo u sale ua nna ua nthuta le mo bokauñ yoa me; ke nntse ke bolèla ditihō tsa gago tse di gakgamatsañ, nakō e sa le eno.”—Pesalema 71:17.
Akanya kaga Timotheo
18. Timotheo e ne e le sekao se se tlhomologileng jang sa seo re ntseng re bua kaga sone?
18 Timotheo e ne e le sekao se se tlhomologileng kaga seno. Paulo o ne a mo raya a re: “Le yaka dikwalō tse di boitshèpō u sa le u di itse mo bonyaneñ yoa gago, e le tse di nonohileñ go gu tlhalehisetsa polokoñ ya tumèlō e e mo go Keresete Yesu.” (2 Timotheo 3:15) Timotheo o ithutile boammaaruri e le ngwana, mme o ne a itse gore bo na le mosola o mogolo. O ne a gola mo tumelong le mo kitsong. Ntlha eo ga yaa ka ya tlhokomologiwa, ka go bo dikwalo di re “a bo a bolèlwa ka molemō” ke bakaulengwe. O ile a newa tshiamelo e e tlhomologileng ya go nna modiri-mmogo le mopotologi-mmogo yo o ikanyegang wa ga moaposetoloi Paulo jaaka moaposetoloi yoo a ne a ntse a tlhoma diphuthego mo go bao e seng Bajuda.—Ditihō 16:2-5.
19. Timotheo o ne a tla dira jang gore batho ba se ka ba nyatsa bosha jwa gagwe?
19 O ka tshwana le Timotheo. Ngaparela boammaaruri thata. Dirisa nako e e oketsegileng e o nang le yone jaanong, fa o santse o gololesegile mo maikarabelong a a tsayang nako a lelapa le dikabelo tse dikgolo mo phuthegong. Ithute, o godise kitso le kgono. Basha ba bantsi ba gakologelwa gore Paulo o reile Timotheo a re: “Opè a se ke a nyatsa bokau yoa gago.” Mme go botlhokwa go gakologelwa gore Timotheo o ne a tshwanetse go dira jalo jang. Paulo o rile: “U nnè sekaō sa ba ba dumèlañ, mo puoñ, le mo mokgweñ oa go tshela, le mo loratoñ, le mo tumeloñ, le mo boitshekoñ.” (1 Timotheo 4:12) Gape, o ne a bolelela Timotheo a re: “U tshabè dithatō tsa bokau, me o latèlè tshiamō, le tumèlō, le loratō, le kagishō, u na le ba ba bitsañ Morèna ka pelo e e itshekileñ.” (2 Timotheo 2:22) Fa tota o latelela dilo tseno, o tla fitlhela gore ruri eno ke nako e e monate ya go tshela!
20. Boikutlo jwa gago ke bofe, jaaka o bona lefatshe leno le legologolo le lebile kwa bokhutlong jwa lone?
20 Lefatshe leno le legologolo le lebane le bokhutlo jwa masetlapelo, mme ka go latela dikao tsa ga Samuele, Timotheo le ba bangwe ba badiredi ba ba ikanyegang ba Modimo, o ka lebelela dilo tse di botoka. Senka tshegofatso ya Modimo. Lwela go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno ya bogologolo o bo o tshele mo maemong a tshiamo a a fa gaufi. Ee, ela kgakololo ya ga Paulo tlhoko ya go re “u tle u tlhōahale mo diloñ tse; u ineèlè mo go cōna ka boyotlhe yoa gago; gore bocwèlèlō pele yoa gago bo bōnatshègè mo go botlhe.”—1 Timotheo 4:15.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona puisano e e molemo ya dikgang tseno, bona Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng, ditsebe 145-149; Bosha jwa Gago—go Iponela Molemo mo go Jone, kgaolo 16.
BASHA, LO GAKOLOGELWA DINTLHA DIFE KAGA GO SENKA BOITUMELO JWA BOAMMAARURI?
◻ Ke ka ntlhayang fa jaanong e le nako e e molemo ya go nna mosha?
◻ Bana ba bangwe bao ba neng ba direla Modimo mo metlheng ya Bibela e ne e le bomang?
◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go tila ditsala tse di bosula?
◻ O ka tila mathata kwa sekolong jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa mekgele e tshwanetse ya nna ya botlhokwa go wena?
◻ O ka nna le mekgele efe e e mosola jaanong?
◻ O ka latelela mekgele efe ya lobaka lo loleele?
◻ Ke mokgele ofe o mogolo o o ka o lwelang, mme jang?
“Lekalekanya tsela ea dinaō tsa gago, me a ditselana cotlhe tsa gago di tlhōmamisiwè. U se ka ua hapogèla kaha ntlheñ ea ye legolo, kgotsa ea ya molèma: tlosa lonaō loa gago lo cwè mo boshuleñ.”—Diane 4:26, 27.