A Tantshe ya Molelo ke “Maselamose” Fela?
●Morago ga fa moeti wa Moamerika a sena go bogela setlhopha sa batho se tantsha mo godimo ga magala a a tukang a seka-bolao mo Greece, o ne a batla go leka. O ne a tlolela mo magaleng—mme ka diphelelo tse di botlhoko. O ile a sha dinao mo go botlhoko. Bothata e ne e se fela go gadikega ka botlhoko, mme o batlile a bolawa ke badumedi bao ba batantshi ba molelo bao ba neng ba mo kaya jaaka yo o itshekololang tirelo ya bone. Mapodisi a bile a tla go golola monna yo o bokolelang yo mo matshwititshwiting.
“Ke ne ke akanya gore ba ne ba tlola-tlola fela ka bonako thata, le gore e ne e le maselamose fela,” ga rialo Moamerika yo wa dingwaga di le 29 mo bolaong jwa gagwe jwa kwa bookelong. O ne a oketsa ka go re: “Seidiidi sa batantshi bano fa ba setse ba tlola-tlola se gakgamatsa tota. Ga ke ne ke gakolola ope o sele gore a leke. Sotlhe se ke kgonneng go se tlhomamisa ke gore batho bano ke ba sebele.”
Go tsamaya le go tantsha mo molelong, tse di bonalang mo ditsong tse dintsi, ga go tlhokege gore di tsewe jaaka “maselamose.” Go ka nna ga “sebele” ka tlhaloganyo ya gore go kopanyelediwa maatla a a fetang a motho. Ereka maatla a meya e e bosula a tlhotlheletsa ditiro tsa boselamose le tsa boloi tse di umakilweng go Duteronoma 18:10-12, Modimo wa boammaaruri o di leba di le “makgapha” mo matlhong a ona. Baengele bano ba bademona ba itse mekgwa ya go sireletsa mmele mo molelong.