Baboledi ba Bogosi Ba Dira mo Lefatsheng Lotlhe
“Lo tla nna bashupi ba me . . . go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.”—DITIHŌ 1:8.
1. Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba ne ba tla bolela molaetsa ofe mo motlheng wa rona?
FA JESU a ne a tlhalosa tiro e Jehofa a neng a rometse Morwawe gore a tle go e dira mo lefatsheng, o ne a bolela jaana: “Ke na le go [rera] . . . Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo.” (Luke 4:43) Ka tsela e e tshwanang, fa Jesu a ne a bua ka tiro e barutwa ba gagwe ba neng ba tla bo ba e dira mo lefatsheng fa a boa a le mo thateng ya bogosi, o ne a re: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.
2. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata jaana gore molaetsa wa Bogosi o itsisiwe gongwe le gongwe? (b) Rotlhe re tshwanetse go ipotsa potso efe?
2 Ke ka ntlha yang fa mafoko a a molemo kaga Bogosi jwa Modimo a le botlhokwa thata jaana? Ke ka ntlha yang fa Bogosi bo tlhoka go itsisiwe thata jaana? Ka gonne ke Bogosi jwa ga Mesia jo bo tla tlotlomatsang bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe. (1 Bakorintha 15:24-28) Jehofa o tla bo dirisa go diragatsa katlholo kgatlhanong le tsamaiso ya gone jaanong ya dilo ya bosatane mme a diragatse tsholofetso ya gagwe ya gore o tla segofatsa malapa otlhe a a mo lefatsheng. (Genesise 22:17, 18; Daniele 2:44) Ka go dira gore go neelwe bosupi malebana le Bogosi, Jehofa o bone batho bao e neng ya re morago ga foo a ba tlotsa gore ba nne baruaboswa mmogo le Morwawe. Boboledi jwa Bogosi gape bo thusa gore tiro ya go kgaoganya batho e dirwe gompieno. (Mathaio 25:31-33) Jehofa o batla gore batho ba merafe yotlhe ba itsisiwe boikaelelo jwa gagwe. O batla gore ba nne le sebaka sa go tlhopha go tshela e le babusiwa ba Bogosi jwa gagwe. (Yohane 3:16; Ditihō 13:47) A o nna le seabe ka botlalo mo go boleleng ka Bogosi jono?
Go Lebelela go Khutla ga Metlha ya Baditšhaba
3. (a) Ke setlhogo sefe se se tshwanelang se C. T. Russell a neng a se dirisa mo mosepeleng wa gagwe wa bogologolo wa go rulaganya ditlhopha tsa go ithuta Bibela? (b) Baithuti bao ba bogologolo ba Bibela ba ne ba lemoga gore Bogosi jwa Modimo bo tlhoka go nna le seabe sefe mo matshelong a bone?
3 Bogologolo ka 1880, Charles Taze Russell, morulaganyi wa ntlha wa makasine wa Watch Tower, o ne a tsaya loeto go ralala karolo e e kwa bokonebotlhaba jwa United States a kgothatsa gore go tlhongwe ditlhopha tse go ka ithutiwang Bibela ka tsone. Go a tshwanela go bo a ne a bua ka kgang e e reng “Dilo Tse E Leng tsa Bogosi jwa Modimo.” Jaaka ditokololo tsa bogologolo tsa Watch Tower di bontsha, Baithuti ba Bibela (jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo) ba ne ba lemoga gore e le gore ba tshwanelegele go nna le seabe mo Bogosing jwa Modimo, ba tshwanetse ba dira gore Bogosi e nne sone selo se se tlang pele, ka boitumelo ba dirisa matshelo a bone, dikgono tsa bone, le se ba nang naso go bo direla. Sengwe le sengwe se sele mo botshelong se ne se tshwanetse go tla morago. (Mathaio 13:44-46) Boikarabelo jwa bone bo ne bo akaretsa go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo kaga Bogosi jwa Modimo. (Isaia 61:1, 2) Ba ne ba dira seo ka selekanyo se se kana kang pele ga Metlha ya Baditšhaba e fela ka 1914?
4. Setlhopha se sennye sa Baithuti ba Bibela se ne sa anamisa dibuka tsa Bibela ka selekanyo se se kana kang pele ga 1914?
4 Go tloga ka bo1870 go ya go fitlha ka 1914, Baithuti ba Bibela ba ne ba le palo e potlana fela. Ka 1914, ke ba ba ka nnang 5 100 fela ba ba neng ba na le seabe mo go neeleng bosupi phatlalatsa ka tlhagafalo. Mme a bo e ne e le bosupi jo bo sa tlwaelegang jang ne! Ka 1881, dingwaga di le pedi fela morago ga Watch Tower e sena go gatisiwa la ntlha, ba ne ba simolola go tsamaisa kgatiso ya ditsebe tse 162 ya Food for Thinking Christians. E ne ya re morago ga dikgwedi di se kae fela, ba bo ba setse ba tsamaisitse dikopi di le 1 200 000. Mo dingwageng di le mmalwa fela, go ne go setse go anamisiwa dipampitshana di le dimilione di le masomesome ngwaga le ngwaga ka dipuo di le dintsi.
5. Barekisi ba dibuka e ne e le bomang, mme ba ne ba bontsha moya o o ntseng jang?
5 Gape go simolola ka 1881, bangwe ba ne ba ithaopa go direla jaaka baefangele ba ba rekisang dibuka. Ba ne ba itsiwe ka tsela eo pele ga ba bidiwa babulatsela jaaka re ba itse gompieno (baefangele ba ka metlha). Bangwe ba barekisi bano ba dibuka, ba ne ba tsamaya ka maoto kana ka dibaesekele, ba ya go neela bosupi mo e ka nnang mo dikarolong tsotlhe tsa naga e ba neng ba nna mo go yone. Ba bangwe ba ne ba bo ba ya kwa dinageng tse e seng tsa ga bone mme ya nna bone ba ntlha go isa mafoko a a molemo kwa dinageng tse di tshwanang le Finland, Barbados, le Burma (e jaanong e bidiwang Myanmar). Ba ne ba tlhagafetse ka tsela ya borongwa jaaka Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe.—Luke 4:43; Baroma 15:23-25.
6. (a) Mokaulengwe Russell o ne a tsaya maeto go ya bokgakaleng bofe go anamisa boammaaruri jwa Bibela? (b) Go ne ga dirwa eng gape go tsweledisa go rerwa ga mafoko a a molemo mo ditshimong tse di kwantle pele ga bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba?
6 Mokaulengwe Russell ka boene o ne a tsamaya dikgala tse ditelele a anamisa boammaaruri. O ne a ya kwa Canada kgapetsakgapetsa; o ne a bua kwa Panama, kwa Jamaica, le kwa Cuba; mme a tsaya maeto a le mantsi go ya kwa Yuropa; a bo a dikologa lefatshe a rera. Gape o ne a romela banna ba bangwe gore ba ye go simolola go rera mafoko a a molemo le go etelela pele tiro eo kwa dinageng tse eseng tsa ga bone. Adolf Weber o ne a romelwa kwa Yuropa mo magareng a bo1890, mme o ne a direla le kwa Switzerland le go tsenelela kwa Fora, Italy, Jeremane, le Belgium. E. J. Coward o ne a romelwa kwa karolong ya Caribbean. Robert Hollister o ne a romelwa kwa Botlhaba ka 1912. Go ne ga dirwa dipampitshana tse di kgethegileng koo ka dipuo di le lesome, mme bangwe ba e neng e le baagi ba koo ba ne ba anamisa dimilionemilione tsa dikopi tsa tsone go ralala India, China, Japane, le Korea. Fa o ne o le teng ka nako eo, a pelo ya gago e ka bo e go tlhotlheleditse gore o leke ka tlhoafalo gore o bolelele ba ba mo setšhabeng sa lona mmogo le ba bangwe mafoko a a molemo?
7. (a) Dipampiri tsa dikgang di ne tsa dirisiwa jang go nonotsha bosupi? (b) “Photo-Drama of Creation” e ne e le eng, mme e ne ya bonwa ke batho ba le kae mo ngwageng o le mongwe fela fela?
7 Fa Metlha ya Baditšhaba e ntse e ela go khutla, go ne ga dirisiwa dipampiri tsa dikgang go gatisa dithero tsa Bibela tse di neng di neelwa ke Mokaulengwe Russell. Seo di neng di se gatelela thata e ne e se ngwaga wa 1914, mme go na le moo e ne e le boikaelelo jwa Modimo le kafa go tlhomamisegang ka gone gore bo tla diragadiwa. Dithero tseno di ne di gatisiwa ka metlha ke dipampiri di ka nna 2 000 nako le nako, ka jalo di fitlhelela babadi ba le 15 000 000. Go tswa foo, kwa tshimologong ya ngwaga wa 1914, Mokgatlho o ne wa simolola go bontsha “Photo-Drama of Creation” phatlalatsa. E ne e neelwa ka dikarolo tse nne tsa diura tse 2 nngwe le nngwe ya tsone, e tlhalosa boammaaruri jwa Bibela go tswa fela kwa popong go tsenelela le mo Meleniamong. E ne ya re mo lobakeng lwa ngwaga fela, ya bo e setse e bonwe ke batho ba dipalo tse fa di kopane di fetang dimilione tse robong kwa Amerika Bokone, Yuropa, Australia, le New Zealand.
8. Ka 1914, Baithuti ba Bibela ba ne ba setse ba fitlheletse dinaga di le kae ka mafoko a a molemo?
8 Go ya ka dipego tse di leng teng, mo karolong ya bofelo ya 1914, setlhopha seno sa bareri ba ba tlhagafetseng se ne se anamisitse Bogosi jwa Modimo mo dinageng di le 68.a Mme seo e ne e le tshimologo fela!
Go Tlhagafalela go Bolela ka Bogosi jo bo Tlhomilweng
9. Kwa dikopanong tsa kwa Cedar Point, tiro ya go neela bosupi ka ga Bogosi e ne ya kgothalediwa jang ka tsela e e kgethegileng?
9 Fa Baithuti ba Bibela ba ne ba kopane mmogo kwa Cedar Point, Ohio, ka 1919, J. F. Rutherford, yo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo o ne a bolela jaana: “Tiro ya rona e ne e le go itsise bogosi jwa ga Mesia jo bo galalelang jo bo tlogang bo busa e bile e santse e le yone.” Kwa kopanong ya bobedi ya kwa Cedar Point, ka 1922, Mokaulengwe Rutherford o ne a gatelela gore kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba, ka 1914, ‘Kgosi ya kgalalelo e ne e tsere thata e kgolo e bile e simolotse go busa.’ Morago ga moo, o ne a bolelela bareetsi kgang eno ka tlhamalalo fela a re: “A lo a dumela gore Kgosi ya kgalalelo e simolotse go busa? Jalo boelang kwa tshimong, lona barwa ba Modimo mogodimodimo! . . . Bolelang molaetsa gongwe le gongwe. Lefatshe le tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Motlha ono ke motlha o o e gaisang yotlhe. Bonang, Kgosi e a busa! Lo baemedi ba yone ba ba e itsiseng batho.”
10, 11. Radio, dikoloi tse di nang le digoelagodimo, le dipolakate di ne tsa dirisiwa jang ka tsela e e nang le matswela go fitlhelela batho ka boammaaruri jwa Bogosi?
10 Go setse go fetile dingwaga di feta 70 fa e sale dikopano tseo tsa kwa Cedar Point di tshwarwa—mo e ka nnang dingwaga di le 80 fa e sale Jehofa a simolola go diragatsa bolaodi jwa gagwe a dirisa puso ya ga Mesia Morwawe. Basupi ba ga Jehofa tota ba dirile tiro e ba e beetsweng mo Lefokong la Modimo ka selekanyo se se kana kang? Wena o nna le seabe se se kana kang mo go yone?
11 Kwa tshimologong ya bo1920, radio jaanong e ne ya simolola go dirisiwa jaaka sedirisiwa sa go anamisa molaetsa wa Bogosi phatlalatsa. Ka bo1930, dipuo tsa kopano tse di neng di bua kaga gore Bogosi ke jone fela selo se lefatshe le ka solofelang mo go sone di ne tsa anamisiwa ka diseteishane tsa radio tse di neng di ntse di le teng kana ka tse di neng di dirwa ka nako eo gore molaetsa o utlwale gotlhe nako e le nngwe fela mmogo le ka megala ya dithelefouno mo lefatsheng lotlhe. Dikoloi tse di nang le digoelagodimo le tsone di ne tsa dirisiwa go gasa dipuo tse di rekotilweng tsa Bibela mo mafelong a botlhe. Go tswa foo, ka 1936, kwa Glasgow, Scotland, bakaulengwe ba rona ba ne ba simolola go ikgokelela dipolakate ba bo ba gwanta mo dikgaolong tse go dirwang kgwebo thata mo go tsone ka go rialo ba itsise ka dipuo tsa phatlalatsa. Tseno tsotlhe e ne e le ditsela tse di dirang tsa go neela batho ba bantsi bosupi ka nako eo ya fa re ne re se bantsi ka palo.
12. Jaaka Dikwalo di bontsha, nngwe ya ditsela tse di nang le matswela thata tse rona ka namana re ka neelang bosupi ka tsone ke efe?
12 Gone ke boammaaruri, Dikwalo di bontsha ka phepafalo gore jaaka Bakeresete, mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo jwa go neela bosupi. Tota re ka se dire gore ditlhogo tsa dipampiri tsa dikgang le dithulaganyo tsa radio e nne tsone fela di dirang tiro. Diketekete tsa Bakeresete ba ba ikanyegang—banna, basadi, le basha—ba ile ba amogela boikarabelo joo. Seno se ile sa felela ka gore go rera ka ntlo le ntlo e nne letshwao le le tlhaolang Basupi ba ga Jehofa.—Ditihō 5:42; 20:20.
Go Fitlhelela Lefatshe Lotlhe Le Go Agilweng mo go Lone
13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa Basupi bangwe ba fudugela kwa ditoropong tse dingwe, le kwa dinageng tse dingwe tota, go ya go tswelela ka bodihedi jwa bone? (b) Go amega ka lorato ka batho ba lefelo le motho a tsholetsweng kwa go lone go ne ga thusa go anamisa mafoko a a molemo jang?
13 E re ka ba itse gore molaetsa wa Bogosi o tshwanetse go rerwa mo lefatsheng lotlhe le go agilweng mo go lone, bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba akanyetsa ka masisi gore bone ka namana ba ka dira eng gore ba fitlhelele mafelo a mangwe a a kwa ntle ga metse ya bone.
14 Batho ba le bantsi ba ile ba ithuta boammaaruri fa ba sena go fuduga go tswa mo nageng e ba tsholetsweng mo go yone. Lefa gantsi maikaelelo a bone a go fuduga e ne e le gore ba ye go bapala dilo tsa senama, ba ile ba bona sengwe se se tlhwatlhwakgolo go gaisa, mme bangwe ba ile ba bo ba ikutlwa ba tlamega go boela kwa nageng kana kwa setšhabeng se ba tsholetsweng kwa go sone go ya go abela ba bangwe boammaaruri. Ka tsela e e ntseng jalo, mo tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, go rerwa ga mafoko a a molemo go ne ga anamela kwa Scandinavia, Greece, Italy, dinaga tsa Yuropa Botlhaba, le mafelo a mangwe a mantsi. Le gone jaanong, mo dingwageng tsa bo1990, molaetsa wa Bogosi o anama fela ka tsela e e tshwanang.
15. Ka dingwaga tsa bo1920 le bo1930, bangwe ba ba neng ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jo bo mo go Isaia 6:8 ba ne ba fitlhelela eng?
15 E re ka ba bangwe ba ile ba dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo mo matshelong a bone, ba ile ba ya go direla kwa dinageng tse ba neng ba ise ba ko ba nne kwa go tsone pele. Mongwe wa bone e ne e le W. R. Brown (yo gantsi a neng a bidiwa “Bible Brown”). Ka 1923, o ne a fudugela kwa Afrika Bophirima a tswa kwa Trinidad go ya go tsweletsa tiro ya boefangele. Ka bo1930, Frank le Gray Smith, Robert Nisbet, le David Norman e ne ya nna bangwe ba bao ba neng ba isa molaetsa wa Bogosi go iphaphatha le lotshitshi lo lo kafa botlhaba lwa Afrika. Bangwe ba ne ba thusa go tlhagolela tshimo ya Amerika Borwa. Kwa tshimologong ya bo1920, George Young, yo o neng a tswa kwa Canada, o ne a nna le seabe mo tirong eno kwa Argentina, Brazil, Bolivia, Chile, le Peru. Juan Muñiz, yo o neng a kile a direla kwa Spain, o ne a ya kwa Argentina, Chile, Paraguay, le kwa Uruguay. Batho bano botlhe ba ne ba bontsha moya o o tshwanang le o go buiwang ka one mo go Isaia 6:8: “Ke hano, roma nna.”
16. Mo dingwageng tsa pele ga ntwa go ne go neelwa bosupi kae gape kwantle ga mafelo a bontsi jwa batho bo neng bo nna mo go one?
16 Go rerwa ga mafoko a a molemo go ne go fitlhelela le mafelo a a kwa kgakala tota. Dikepe tse di neng di tsamaisiwa ke Basupi di ne di etela maemeladikepe otlhe a mabotlana a kwa Newfoundland, lotshitshi lwa Norway le go ya go tsena mo teng ga Arctic, kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific, le kwa maemeladikepeng a Borwabotlhaba jwa Asia.
17. (a) Ka 1935, Basupi ba ne ba setse ba fitlheletse dinaga di le kae? (b) Ke ka ntlha yang fa tiro e ne e ise e wediwe ka nako eo?
17 Se se gakgamatsang ke gore, ka ngwaga wa 1935, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba setse ba rera mo dinageng di le 115, mme ba ne ba setse ba fitlheletse dinaga tse dingwe tse 34 e ka tswa e le ka maeto a go tsamaiwang go rerwa mo go one kana ka dibuka tse di romelwang ka poso. Mme lefa go ntse jalo, tiro e ne e ise e wediwe. Ka ngwaga one oo Jehofa o ne a bula matlho a bone gore ba bone boikaelelo jwa gagwe jwa go kgobokanya “boidiidi yo bogolo” jo bo neng bo tla falolela mo lefatsheng la gagwe le lesha. (Tshenolō 7:9, 10, 14) Go ne go santse go tla neelwa bosupi jo bontsi tota!
18. Sekolo sa Gileade le Sekolo sa Thapiso sa Bodihedi di nnile le seabe sefe mo tirong ya boboledi jwa Bogosi?
18 Le mororo Ntwa ya Lefatshe II e ne e ntse e apesitse lefatshe mme dibuka kana tiro ya Basupi ba ga Jehofa e kganetswe mo dinageng di le dintsi, Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade se ne sa bulwa gore ba e neng e tla nna barongwa ba dire tiro e e oketsegileng thata ya go bolela ka Bogosi mo ditšhabeng tsotlhe. Go tla go fitlha jaanong, baalogi ba Gileade ba ile ba direla mo dinageng di feta 200. Ba ile ba dira mo gontsi go na le go tsamaisa dibuka fela ba bo ba fetela kwa pele. Ba ile ba tshwara dithuto tsa Bibela, ba tlhoma diphuthego, ba bo ba thapisa batho gore ba sikare boikarabelo jwa dithulaganyo tsa puso ya Modimo. Bosheng fela jaana, bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba ba ileng ba aloga mo Sekolong sa Thapiso sa Bodihedi le bone ba ile ba thusa go fitlhelela dilo tse di tlhokegang mo tirong eno mo dikontinenteng di le thataro. Go theilwe motheo o o nonofileng wa gore go dirwe tiro e e oketsegileng.—Bapisa 2 Timotheo 2:2.
19. Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba tsaya kgato go ya bokgakaleng bofe fa ba lalediwa go ya go direla kwa mafelong a ba neng ba tlhokega thata kwa go one?
19 A ba bangwe ba ne ba ka thusa go tlhokomela dingwe tsa ditshimo tse di neng di sa dirwa? Ka 1957, kwa dikopanong tsa mo lefatsheng lotlhe, batho ka bongwe le malapa—Basupi ba ba godileng ba ga Jehofa—ba ne ba kgothadiwa gore ba akanye ka go fudugela kwa mafelong a a nang le tlhokafalo e kgolwane gore ba ye go nna teng ba bo ba tsweledise bodihedi jwa bone teng. Taletso eno e ne e tshwana thata le e Modimo a neng a e naya moaposetoloi Paulo, yo a neng a bona mo ponatshegelong monna mongwe a mmitsa a re: “Kgabaganyetsa kwano Makedonia, u tlè go re thusa.” (Ditihō 16:9, 10) Bangwe ba ne ba fuduga ka bo1950, mme ba bangwe bone ba fuduga moragonyana. Basupi ba ka nna sekete ba ne ba fudugela kwa Ireland le kwa Colombia; mme ba le makgolokgolo ba ne ba fudugela kwa mafelong a mangwe a mantsi. Ba le dikete di le masomesome ba ne ba fudugela kwa dikarolong tse ba neng ba tlhokega thata kwa go tsone gone mo nageng ya bone.—Pesalema 110:3.
20. (a) Fa e sale ka 1935, go fitlheletswe eng tumalanong le boperofeti jwa ga Jesu jo bo mo go Mathaio 24:14? (b) Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, tiro e ile ya akofiswa jang?
20 Jehofa o ntse a segofatsa batho ba gagwe, mme tiro ya boboledi jwa Bogosi e ntse e gatela pele ka bofefo jo bo sa tlwaelegang. Fa e sale ka 1935 palo ya baboledi e ile ya oketsega go menagane mo e batlileng e le ga masome a robedi, mme dipalo tse babulatsela ba neng ba oketsega ka tsone di ne tsa oketsega ka bofefo jwa 60 lekgolong go feta koketsego ya palo ya baboledi. Thulaganyo ya go tshwara dithuto tsa legae tsa Bibela e ne ya simololwa ka bo1930. Jaanong go tshwarwa dithuto tsa palogare e e fetang dimilione tse nne le sephatlo kgwedi le kgwedi. Fa e sale ka 1935 go ile ga dirisiwa diura di feta dimilione di le dikete tse 15 mo tirong ya boboledi jwa Bogosi. Jaanong mafoko a a molemo a rerwa ka metlha mo dinageng di le 231. E re ka kwa Yuropa Botlhaba le mo Afrika ditshimo di ntse di bulega gore go rerwe mafoko a a molemo ka kgololesego mo go tsone, dikopano tsa ditšhabatšhaba di ile tsa dirisiwa sentle go bontsha setšhaba molaetsa wa Bogosi. Jaaka Jehofa a ile a solofetsa bogologolo mo go Isaia 60:22, eleruri o ‘akofisa tiro mo motlheng wa yone.’ A bo re na le tshiamelo e e molemo jang ne ya gore re nne le seabe mo go yone!
Go Fitlhelela Mongwe le Mongwe Kafa go ka Kgonegang ka Gone ka Mafoko A A Molemo
21, 22. Re ka dira eng motho ka namana gore re nne Basupi ba ba nang le matswela gongwe le gongwe kwa re direlang gone?
21 Morena ga a ise a re tiro e weditswe. Dikete di le dintsintsi di santse di tsena mo kobamelong ya boammaaruri. Ka jalo potso ke gore, A re dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang go dirisa ka botlalo nako e Jehofa a e re fileng go dira tiro eno ka ntlha ya bopelotelele jwa gagwe?—2 Petere 3:15.
22 Ga se botlhe ba ba kgonang go fudugela kwa tshimong e e sa dirweng kgapetsakgapetsa. Mme lefa go ntse jalo a o dirisa ka botlalo dibaka tse o di bonang? A o rerela badiri ka wena? barutabana le baithutikawena? A o fetofetoga le maemo a tshimo ya lona? Fa e le gore ka ntlha ya go fetoga ga dinako tsa tiro, go fitlhelwa batho ba sekae fela mo gae motshegare, a o fetotse thulaganyo ya gago gore o ba etele maitseboa? Fa e le gore mo dikagong dingwe ga go letlelelwe baeng ba ba sa lalediwang, a o neela bosupi ka thelefouno kana ka poso? A o latelela batho ba ba bontshitseng kgatlhego o bo o akantshe go tshwara dithuto tsa magae tsa Bibela? A o swetsa bodihedi jwa gago ka botlalo?—Bapisa Ditihō 20:21; 2 Timotheo 4:5, NW.
23. Fa Jehofa a ntse a lebeletse se re se dirang mo tirelong ya gagwe, ke eng se se tshwanetseng go bonala mo go rona?
23 E kete rotlhe re ka diragatsa bodihedi jwa rona ka tsela e e bontshang Jehofa ka phepafalo gore ruri re anaanela tshiamelo e e molemo ya go nna Basupi ba gagwe mo metlheng eno ya botlhokwa. E kete re ka nna le tshiamelo ya go nna basupi ba ba bonang ka matlho fa Jehofa a diragatsa katlholo mo tsamaisong eno e e boikepo e kgologolo a bo a tlisa Puso e e galalelang ya Meleniamo ya ga Jesu Keresete!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go balwa go ya kafa lefatshe le neng le kgaogantswe ka teng mo masimologong a bo1990.
Go Boeletsa
◻ Ke ka ntlha yang fa go rera molaetsa wa Bogosi go le botlhokwa thata jaana?
◻ Mafoko a a molemo a ne a rerwa ka selekanyo se sekae go tla go fitlha ka 1914?
◻ Go setse go neetswe bosupi ka selekanyo se sekae fa esale Bogosi bo tlhomiwa?
◻ Ke eng se se ka dirang gore seabe se rona re nnang le sone mo bodiheding se nne le matswela thata?
[Lebokoso mo go tsebe 16, 17]
BASUPI BA GA JEHOFA—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Kwa dikopanong di le makgolokgolo mo lefatsheng lotlhe ka 1993-94, go ne ga dirwa kitsiso ya gore go na le buka e ntšha ya setlhogo se se reng Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo. Eno ke hisitori e e nang le tshedimosetso thata, e e motlhofo go tlhaloganngwa ya Basupi ba ga Jehofa. Ke buka ya ditsebe tse 752, e e nang le ditshwantsho tse dintle di feta sekete tse di tserweng kwa dinageng tse di farologaneng di le 96. Fa ngwaga wa 1993 o ya go wela e ne e setse e gatisitswe ka dipuo di le 25 mme e santse e ranolelwa mo go tse dingwe tse di oketsegileng.
Ke eng se se dirang gore buka e e ntseng jaana e bo e le e e tshwanelang sentlentle? Mo dingwageng tsa bosheng batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba ile ba fetoga Basupi ba ga Jehofa. Botlhe ba tshwanetse gore ba itse hisitori ya phuthego e ba leng mo go yone sentle. Mo godimo ga moo, tsela e ba rerang ka yone le e ba obamelang ka yone e ile ya itsiwe ke batho ba merafe e e farologaneng le ditso tse di farologaneng mo lefatsheng ka bophara mme e ile ya amogelwa ke bannye le bagolo, ba ba itsholetseng le ba ba sa itsholelang le ba ba rutegileng le ba ba sa rutegang. Ka ntlha ya seno, batho ba le bantsi ba ba bonang se se diragalang ba ipotsa dipotso kaga Basupi—eseng fela kaga seo ba se dumelang mme gape le ka tshimologo ya bone, hisitori ya bone, phuthego ya bone, le maikaelelo a bone. Bangwe ba kile ba nna ba kwala kaga bone, mme ba ne ba sa ba bue sentle ka dinako tsotlhe. Lefa go ntse jalo, ga go na ope yo o itseng hisitori ya Basupi ba ga Jehofa ya segompieno botoka go gaisa Basupi ka bobone. Barulaganyi ba buka eno ba lekile go kwala hisitori eo fela jaaka e ntse e bile ba sa fitlhe. Ka go dira jalo, gape ba kwadile kafa karolo ya botlhokwatlhokwa ya sesupo sa go nna gone ga ga Keresete e diragaditsweng ka gone jaaka fa se kwadilwe mo go Mathaio 24:14, mme ba dirile jalo ba dirisa tshedimosetso e e neng e ka neelwa fela ke batho ba ba tseneletseng thata mo tirong e e boleletsweng pele moo.
Buka eno e kgaogantswe ka dikarolo tse supa tsa konokono:
Karolo 1: Karolo eno e tlhalosa hisitori ya kwa Basupi ba ga Jehofa ba tswang gone. E akaretsa poeletso e e tlhamaletseng e bile e neela tshedimosetso tota ka hisitori ya bone ya segompieno go tloga ka 1870 go ya go tsena le mo go 1992.
Karolo 2: Fano go tlhalosiwa sentle thata ka ditumelo tse di tlhaolang Basupi ba ga Jehofa mo ditumelong tse dingwe le kafa di ileng tsa nna gone ka teng kgato ka kgato.
Karolo 3: Karolo eno mo bukeng e tlhalosa kafa dithulaganyo tsa phuthego di ileng tsa bopega ka gone. E anela dintlha tse di kgatlhang ka ga dipokano tsa phuthego le dikopano, mmogo le kafa ba agang Diholo tsa Bogosi ka gone, Diholo tsa Dikopano tse dikgolo, le mafelo a go gatisa dibuka tsa Bibela. E tlhalosa kafa Basupi ba ga Jehofa ba tlhagafetseng ka gone mo go boleleng kaga Bogosi jwa Modimo le lorato lo ba lo bontshang fa ba ntse ba tlhokomelana ka dinako tsa mathata.
Karolo 4: Fano o tla fitlhela tshedimosetso e e kgatlhang ya kafa boboledi kaga Bogosi jwa Modimo bo ileng jwa fitlha kwa dinageng tse dikgolo le kwa ditlhaketlhakeng tse di kgakala go dikologa lefatshe ka gone. A ko o akanye fela—tiro ya go rera e dirwa mo dinageng di le 43 ka ngwaga wa 1914, mme e dirwa mo dinageng tse 229 ka 1992! Maitemogelo a ba ba ileng ba nna le seabe mo kgolong eno ya lefatshe lotlhe ruri a a itumedisa.
Karolo 5: Go diragatsa tiro eno yotlhe ya go bolela ka Bogosi go ile ga tlhoka gore go tlhongwe mafelo mo ditšhabeng tse di farologaneng a mo go one go neng go ka gatisiwa Dibibela mmogo le dibuka tsa Bibela ka dipuo di feta makgolo a le mabedi. Fano o tla utlwa ka karolo eo ya tiro ya bone.
Karolo 6: Basupi gape ba ile ba lebana le diteko—ba bangwe e le ka ntlha ya go sa itekanelang ga batho, ba bangwe e le ka ntlha ya bakaulengwe ba e seng bone, mme bontsi e le ka ntlha ya go bogisiwa fela ka tlhamalalo. Lefoko la Modimo le ne la re tlhagisa gore go ne go tla nna jalo. (Luke 17:1; 2 Timotheo 3:12; 1 Petere 4:12; 2 Petere 2:1, 2) Karolo eno ya buka e tlhalosa ka phepafalo dilo tse tota di ileng tsa diragala le kafa tumelo ya Basupi ba ga Jehofa e ileng ya ba thusa ka gone gore ba fenye.
Karolo 7: Kwa bokhutlong, buka eno e tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhomamisa thata jaana gore phuthego e ba leng karolo ya yone eleruri e kaelwa ke Modimo. E tlhalosa gape le gore ke ka ntlha yang fa ba bona go tlhokega gore, jaaka phuthego le jaaka motho ka bongwe, ba nne ba lebeletse.
Mo godimo ga tsotlhe tse di fa godimo, bolumo eno e e dirilweng ka tsela e e gogelang e na le karolo e ntle ya ditsebe tse 50 e e sedimosang eleruri ya ditshwantsho tsa mmala, tse di bontshang ntlokgolo ya lefatshe lotlhe le dikago tsa makala tse di dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.
Fa e le gore ga o ise o dire jalo, eleruri o ka solegelwa molemo fa o ka ipatlela kopi ya kgatiso eno e e kgatlhang o bo o e bala.
Dikakgelo tsa Bangwe Ba Ba Setseng Ba E Badile
Ba ba setseng ba badile buka eno ba reng? Mafoko a ba sekae ba bone ke ano:
“Ke sa tswa go fetsa go bala mokwalo o o kgatlhang, o o phepafetseng wa Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo. Phuthego e e emetseng boammaaruri ka boikanyegi le ka boikokobetso ke yone fela e neng e ka kwala ka boammaaruri, ka bopelokgale, le ka kelotlhoko jaana.”
“E balega jaaka buka ya Ditihō, ka e bua dilo tsa boammaaruri e bile e di bua fela jaaka di ntse.”
“A kgatiso e ntšha e e kgatlhang jang ne! . . . Ke tiro e e duleng diatla ya hisitori.”
E ne ya re monna mongwe a sena go bala buka eno go fitlha mo e ka nnang mo bogareng jwa yone a kwala jaana: “Ke ne ke gakgametse, ke jele kgakge, ka ba ka batla ke rothisa keledi. . . . Mo dingwageng tsotlhe tsa botshelo jwa me, ga go na kgatiso epe e e kileng ya nkama maikutlo jaaka eno.”
“Nako le nako ke itumela thata fa ke akanya kafa buka eno e tla nonotshang tumelo ya ba babotlana le ba basha ba ba tsenang mo phuthegong gompieno.”
“Ga ke bolo go rata boammaaruri, mme lefa go ntse jalo go bala buka eno go mputse matlho ga nthusa go lemoga go feta lefa e le leng pele gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa o laola tseno tsotlhe.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Batho ba le bantsi ba ile ba neelwa molaetsa wa Bogosi le fa Basupi ba ne ba se kae fela