‘Lebelelang Lo Nne Boitekanelo’
“A re se robaleñ, yaka ba bañwe ba tla ba dihe, me a re lebeleleñ, re nneñ boitekanèlō.”—1 Bathes. 5:6.
1. Re ka lebelela gore go tla tloga go diragala boperofeti bofe jwa Bibela?
ERILE Jesu a bolelela-pele ka go senyega ga Jerusalema mo losikeng lwa gagwe, a re: “Metlha euō ke ea pusholoshō, gore dilō cotlhe tse di kwadilweñ di dihalè.” (Luke 21:22) Ka 70 C.E., katlholo e e siameng ya Modimo e ne ya tlela bao ba neng ba tlhapaditse leina la ona, ba robile melao ya ona ba bo ba bogisa le batlhanka ba ona. Ka mo go tshwanang, go atlholwa ga tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo ka tshiamo go gaufi, gape-gape e ntse e le go bontsha gore dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo boperofeting jwa Bibela ruri di tla dirafadiwa. Mme katlholo eo e tla tlela bao ba sa ipaakanyang ka tshoganetso e e kgaolang pelo, ka gonne Bibela e re: “E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle, yaka pelega e tle e tlele mosadi eo o moimana; me ga ba ketla ba halola gopè.”—1 Bathes. 5:2, 3.
2. Lefoko la Modimo le re neela kgakololo efe e re ka e dirisetsang isagwe e e fa gaufi?
2 Magareng a jaanong le nako ya fa dikatlholo tsa Modimo di tla bo di fedile, batlhanka ba ga Jehofa ba patelesegile go nna ba tlhagafetse thata-thata ebile ba lwela go fitlhelela boikaelelo jwa bone. Moaposetoloi Paulo, yo o kwadileng boperofeti jo bo tlhotlheleditsweng go 1 Bathesalonia 5:2, 3, gape o rile: “Yalo a re se robaleñ, yaka ba bañwe ba tla ba dihe, me a re lebeleleñ, re nneñ boitekanèlō.” (1 Bathes. 5:6) Jesu o ne a gakolola ka go re: “Me Iona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ.” (Luke 21:36) Moaposetoloi Petere le ene o ne a kwala jaana: “Me ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana Iona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo.”—2 Pet. 3:11.
Go Tla go Jehofa Jaanong
3. Gore ope fela a falolele mo thulaganyong e ntšha ya Modimo, o tshwanetse go dira eng?
3 Motho ope yo o batlang go falolela mo thulaganyong e ntšha e e siameng ya Modimo ka potlako o tshwanetse go tsalana sentle le Jehofa mmogo le phuthego ya Gagwe ya selefatshe jaanong. “Leina ya ga Yehofa ke kagō e e godileñ e e thata: mosiami o sianèla mo go eōna, me a bolokège.” (Dia. 18:10) “Go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhuyana, me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna.” (Isa. 2:2) Ee, batho bape ba merafe ba ba batlang go tshela mo thulaganyong e ntšha ya paradaise ya Modimo ba tshwanetse go oologela kwa thabeng ya ga Jehofa jaanong, e leng kobamelo ya gagwe ya boammaaruri, e e tlhomilweng ka go tia ya ba ya golediwa godimo ga kobamelo lefa e le efe.
4. Jesu o bontsha jang gore go ema lobaka lo loleele pele ga fa o tla kwa go Jehofa go ka nna kotsi?
4 Ke ka ntlhayang fa go na le potlako e e kalo-kalo kaga go tla kwa kobamelong ya boammaaruri ya ga Jehofa jaanong? A motho yo o pelo-e-phepa o ka se lete fela go fitlhela fa a bona Jehofa a setse a simolola dikatlholo tsa gagwe, mme ka bonako a bo a tla kafa letlhakoreng la Gagwe? Lefa seo se ka kgatlha bangwe, a mme go tla bo go na le nako e e lekanetseng go aga botsalano jo bo siameng le Jehofa? Bosupi jwa Dikwalong bo araba ka go re, Nnya. Jesu o tlhagisitse ka go re: “Lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa Iona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru: Gonne le tla wèla yalo botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ yeotlhe hèla.” (Luke 21:34, 35) Ela tlhoko gore bao ba sa thanyang mo moyeng ba tshwarwa ba sa lebelela, ka gonne “letsatsi” leo le ba wela ka “choganeco,” fela jaaka ‘tshenyego ya tshoganetso e e tla welang’ bao ba reng “Kagishō le thagamō!”
5. Re na le dikai dife tsa Bibela tse di bontshang gore batho ba tlhoka go ithuta kaga Jehofa pele ga fa bokhutlo bo simolola?
5 Jesu o ile a tshwantsha batho bao le phologolo eo ka go sa lemogeng e gatang seru. Gape o ne a tshwantsha batho ba ba sa thanyang mo moeng le ba motlha wa ga Noa bao e rileng “ba sa itse, morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe.” A batho bao ba ne ba santse ba na le nako ya go ithuta ka Jehofa le go tsena mo tshireletsong ya gagwe morago ga fa Morwalela o simologa? Nnya, gonne Jesu ka tlhamalalo a re erile Morwalela o tla “oa ba tlosa botlhe.” Ba ne ba se mo teng ga araka ya tshireletso le Noa le lelapa la gagwe. Gape, erile Modimo o atlhola Sodoma le Gomora, a go falotse bangwe morago ga fa tshenyego ya molelo e sena go simolola go na e tswa kwa legodimong? Nnya, gonne botlhe ba ne ba senngwa fa e se Lote le bomorwadie fela, ba ba neng ba setse ba dule mo lefelong leo. Tota le mosadi wa ga Lote, yo o neng a setse a dule mme a okaoka, o ne a hupediwa ke maatla a a senyang. E ne e le ka lebaka le le utlwalang fa Jesu a ne a re: “Gakologèlwañ mosadi wa ga Lote.”—Math. 24:37-39; Luke 17:32.
6. Bosupi jo bontsi-ntsi mo Dikwalong bo ganetsa gore re dumele go reng?
6 Mme gone a go ka nna ga nna le lobaka lwa nako morago ga go wa ga “Babelona o Mogolo,” e leng mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, lwa gore batho ba nne le sebaka sa go thanya semoyeng le go senka Jehofa? Bosupi jo bontsi mo Dikwalong bo ganetsa seno. Mo godimo ga dikai tse di fa godimo, gape go na le sa morafe wa Bajuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga. Bajuda bao ba bodumedi ba ne ba tsaya gore ba ne ba obamela Modimo ka mo go lekanetseng mme ba sa tlhoke go ka reetsa thero ya ga Jesu kana ya balatedi ba gagwe. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhagisitse jaana: “E tla re lo bōna Yerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse ha chwahalō ea Iona e le gauhi. Hoñ, ba ba mo Yudea ba tshabèlè kwa dithabeñ; le ba ba mo gare ga ōna, a ba cwè.” (Luke 21:20-22) Mme erile fa dintwa tsa Baroma tse di neng di ntse di dikanyeditse Jerusalema di bothologa ka ngwaga wa 66 C.E., Bajuda ba ba neng ba iikantse thata ga baa ka ‘ba tshaba.’ Ereka Bajuda ba dirile gore go bothologa ga dintwa tsa Baroma go lebege jaaka phenyo ka go tlhasela ditshimega tsa kwa morago, ga baa ka ba bona go tlhokega gore ba tshabe. Ba ne ba dumela gore Modimo o ne a na le bone, ba bo ba itirela madi a masha a selefera a a neng a kwadilwe “Jerusalema yo o Boitshepo.” Mme boperofeti jwa ga Jesu jo bo tlhotlheleditsweng bo ne jwa bontsha gore Jerusalema o ne a sa tlhola a le boitshepo mo go Jehofa.
7. Bajuda bao ba fapaaneng le seo Jesu a se boletseng ba ne ba welwa ke setlhogo sefe?
7 Bajuda ka go tsiediwa ke bodumedi jwa maaka, ga baa ka ba tswa mo Jerusalema le mo Judea fa ba ne ba na le sebaka sa go dira jalo. Tota, ka dikgakologo tsa ngwaga wa 70 C.E. ba ne ba dira se se fapaaneng le seo! Ba ne ba thologela kwa Jerusalema ba tlile modirong wa bodumedi. Mme ya re ka yone nako eo fela, dintwa tse di nonofileng tsa Baroma di laolwa ke Mogenerala Tito tsa boa, tsa dikanyetsa Jerusalema tsa ba tsa tswalela batho bao botlhe, jaaka diphologolo tse di tshwerweng ke diru. Morago ga patikelelo e khutshwane, Jerusalema o ne a senngwa. Mongwe yo o boneng ditiragalo tseo, e leng Flavius Josephus, o ne a kwala a re: “Mme palo ya bao ba ileng ba tsewa e le ditshwarwa mo ntweng eno yotlhe e ne ya akarediwa go nna dikete di le masome a a ferang bongwe le bosupa; fa palo ya ba ba ileng ba swa mo patikelelong e ne e le dikete di le lesome le bongwe [1 100 000], bontsi jwa bone tota e le ba morafe o le mongwe fela [le baagi ba Jerusalema], mme ba sa aga mo motseng oo; ka go bo ba ne ba tswa mo nageng yotlhe ba tlile mo modirong wa senkgwe se se sa bedisiwang, mme ba ile ba dikanyediwa ka tshoganetso ke mophato mongwe, . . . morafe otlhe jaanong o ne o dikanyeditswe jaaka ekete o mo kgolegelong, mme dintwa tsa Baroma tsa dika motse otlhe.”—Wars of the Jews, Buka ya Bone, Kga. 9, dir. 3, 4, e ranotswe ke William Whiston.
8. Bakeresete ba ba reeditseng Jesu ba ne ba diragalelwa ke eng, go farologana le matswela a ba ba lekileng go tshaba ka motsotso wa bofelo?
8 Lefa go ntse jalo, Bakeresete bao ba nnileng ba thantse ebile ba le boitekanelo ba ne ba setse ba dule mo Jerusalema le mo Judea otlhe, ba tshabetse kwa mafelong a boitshubelo fa sebaka se sena go tlhaga morago ga ngwaga wa 66 C.E. Ka go dumela mafoko a boperofeti a ga Jesu le go a ikobela, ba ne ba falola. Mme, erile fa “sepitla se segolo” se wela Bajuda ka 70 C.E., ba ne ba sa tlhola ba na le nako epe ya go tshaba. Dikete di sekaenyana tsa bao ba lekileng go tswa mo motseng ka go kgabaganya tikanyetso ya Baroma ba ne ba tshwarwa ke masole, ao a bileng a gagolaka bangwe ba Bajuda bao gore ba tseye gauta eo bontsi jwa bone ba neng ba e meditse.
Go Falola “Sepitla” se se Botlhoko go Feta
9, 10. (a) “Sepitla se segolo” se tla nna botlhoko go le kana-kang? (b) Ke ka ntlhayang fa go bonala go se kitla go nna le lobaka lope lwa tshisibalo morago ga go senngwa ga “Babelona o Mogolo”?
9 Ruri Bajuda ba ile ba welwa ke “sepitla” se se botlhoko tota, fela jaaka Jesu a ne a boleletse-pele. (Luke 19:43, 44) Mme gone mafoko a ga Jesu a ne a bontsha gore “sepitla” se segolwane thata se ne se tla tla mo motlheng wa rona ka “letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa. Fa Keresete a ne a araba potso kaga “seshupō” sa “go tla” ga gagwe, o ne a re: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” (Math. 24:3, 21) “Sepitla” seno ga se na go tlela “Babelona o Mogolo” fela mme gape se tla tlela le tsamaiso yotlhe ya ga Satane, go akareletsa le dithulaganyo tsa yone tsa bopolotiki, leago le itsholelo.
10 Lefa tshenyego e simolola ka “choganeco” ka bodumedi jwa maaka, e tswelela kwantle ga go kgaotsa go ya bokhutlong. (1 Bathes. 5:3) Fa boperofeti jwa Bibela bo bontsha gore ga go ne go nna le lobaka lope lwa tshisibalo morago ga go digiwa ga “Babelona o Mogolo,” bo bontsha gore mephato e e ganetsang Modimo eo e fedisang bodumedi jwa maaka ga e ne e amogela le basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa. Mo phapaanong le moo, mephato e e ganetsang Modimo eno e tla ila batho ba Modimo mme e tla ba tlhasela le bone. Bibela e bontsha gore sone ‘sebatana se se dinaka di some’ seo se ileng sa nyeletsa “Babelona o Mogolo” gape se tla “tlhabana le Kwana,” e leng Jesu Keresete, jaaka a emelwa ke balatedi ba gagwe mo lefatsheng. (Tshen. 13:1; 17:12-14, 16; 19:19) Ga go belaesege gore bafenyi ba ba tagilweng ke go fenya bodumedi jwa maaka bano ba tla tsaya gore batlhanka ba ga Jehofa ke bodumedi jo bongwe fela jo bo tshwanetseng go tlosiwa mo tseleng e le gore go tle go sale go sena sekgoreletsi sepe mo go laoleng ga bone lefatshe.—Esek. 38:14-16.
11. “Sepitla se segolo” se fitlhelela setlhoa sa sone jang?
11 Lefa go ntse jalo, go tlhaselwa mo ga batlhanka ba Modimo go tshwana fela le go tlhasela Modimo, ka go bo o re: “Eo o lo amañ o ama thaka ea leitlhō ea [me].” (Seka. 2:8; Esek. 38:18, 19) Seo se tla baka gore Jehofa a tseye kgato ka yone nako eo. Se tlhosetsa kgalefo ya gagwe ya Hara-Magedona mo batlhaseding bao. (Tshen. 16:14, 16) O laola Morwa wa gagwe wa Kgosi, e leng Keresete Jesu, le batlhabani ba gagwe ba selegodimo gore ba tlhasele! Keresete le batlhabani ba gagwe ba selegodimo ka nonofo e e phatlakanyang, ba ratha dikgosi tsa lefatshe le ditlhopha tse dingwe tse di setseng tsa tsamaiso e e boikepo eno, gammogo le mongwe le mongwe yo o e tshegetsang. Moengele mongwe o kua ka lentswe le legolo, a laletsa dinonyane tsa legodimo a re: “Tlaañ lo phuthègèlè selalèlō se segolo sa Modimo; Gore lo yè nama ea dikgosi, le nama ea beñ ba mephato, le nama ea banna ba ba thata, le nama ea dipitse, le ea ba ba di pagameñ, le nama ea batho botlhe, ba e leñ bana ba motse le batlhanka, bannye le bagolo.” (Tshen. 19:17, 18) “Sepitla se segolo” se fitlha kwa setlhoeng sa sone jalo. “Letsatsi ya pusholoshō [e e siameng] ya Modimo” mo tsamaisong eno ya ga Satane ya dilo lea khutla.
12. Batho ba ba pelo-e-phepa ba tshwanetse go ‘batla Jehofa’ leng?
12 Go tloga ka go simolola ga “tshenyègō ea choganeco” e e simololang ka go senngwa ga “Babelona o Mogolo,” e tswelelela go fitlha fa merafe e tlhasela batlhanka ba ga Jehofa le go ya ntweng ya Modimo ya Hara-Magedona, “sepitla se segolo” ga se bonale se kgaotsa gope. Ka jalo ga go na lebaka lepe la Dikwalo la go re go tla nna le nako e e lekaneng ya go retologela go Modimo morago ga fa bodumedi jwa maaka bo sena go senngwa. Bogolo, bao ba batlang go falolela mo thulaganyong e ntšha ya Modimo ba tshedile ba tshwanetse go retologela go Jehofa jaanong. “Batlañ Yehofa a sa nntse a ka bonwa; mmitseñ a sa nntse a le gauhi.” (Isa. 55:6) Jaanong ke nako ya fa batho ba ba pelo-e-phepa ba tshwanetse go nna le matshelo a tumelo, bopelokgale, lorato le tirelo. Jaanong ke nako ya fa ba tshwanetse go itshiamisetsa go emelana le dikgatelelo tse di tla tlelang batho ba Modimo ka nako ya “sepitla se segolo” se se atamelang ka bofefo.
13. Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba tshwantshanngwa le eng, mme ka ditsela dife?
13 Lefoko la Modimo le tshwantshanya batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang le masole a a thapisitsweng sentle ebile a eme sentle, a a apereng diaparo tsa one tsa tlhabano, ebile a ikemiseditse go dira taolo epe e ba ka e neelwang ke moeteledi-pele wa bone. Ga ba tshwane le mephato e e sa itshiamisang e e ithobaletseng kwa bothibelelong ka nako ya kotsi le potlako. Paulo o re: “Yalo a re se robaleñ, yaka ba bañwe ba tla ba dihe, me a re lebeleleñ, re nneñ boitekanèlō. Gonne ba ba rōbalañ ba tla ba rōbale bosigo: le ba ba tagwañ ba tla ba tagwe bosigo. Me rona, ka re le ba motshegare, a re nneñ boitekanèlō, re apere letlatla ya sehuba ya tumèlō le loratō; me a cholohèlō ea polokō e nnè eōna tlhoro ea phemèlō. Gonne Modimo ga oa re laolèla bogale, ha e se gore re bōnè polokō ka Morèna oa rona Yesu Keresete.”—1 Bathes. 5:6-9.
14. Ke eng se se bontshang gore batlhanka ba Modimo eleruri ba tla bo ba sedimoseditswe sentle gore ba dire thato ya Modimo?
14 Ebile batlhanka ba Modimo gape ba mo ikantse ka botlalo gore o tla nna a sedimosetsa phuthego ya gagwe sentle, gore ba tle ba gate dikgato tse di tshwanetseng go falola. Re ka tlhomamisega ka seno ka go bo boperofeti jo bo tlhotlheleditsweng go Tshenolo, kgaolo ya bosupa, bo bontsha gore “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, . . . [ba cwa] mo pitlaganoñ e kgolo” mme ba falolela mo thulaganyong e ntšha ya Modimo. (Tshen. 7:9, 14) Mme ke ka ntlhayang fa “boidiidi yo bogolo” bo falola? Ka go bo bo ‘direla Modimo tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo,’ mme ka jalo o ‘tsharolola motlaagana wa ona wa tshireletso godimo ga bone.’ (Tshen. 7:15) Ereka ba sedimoseditswe sentle, ba itse gore ba ka direla Modimo jang ka go amogelwa. Ga ba nne fela ba phuthile diatla ba batla go bona gore go tla diragala eng. Ba itse gore “eo o dihañ go rata ga Modimo” ke ene yo o nnetseng “rure ka bosakhutleñ.”—1 Yoh. 2:17.
Tiro e e Oketsegileng
15. Basupi ba ga Jehofa ba obametse taolo ya go ‘rera mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe’ jang?
15 Karolo e nngwe ya thato ya Modimo ka motlha wa rona ke go dirafala ga boperofeti jwa ga Jesu jo bo reng: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Math. 24:14) Mo Bakereseteng ba boammaaruri, mafoko ano a boperofeti tota-tota ke taolo ya go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo le a thulaganyo e ntšha e e tlang. Mme ruri e obametswe ke Basupi ba ga Jehofa mo “metlheñ [eno] ea bohèlō.” (2 Tim. 3:1; bapisa Mathaio 28:19, 20.) Kwantle ga bogagapa ba dirisitse nako le dinonofo tsa bone gore ba rute ba bangwe kaga boikaelelo jo bontle jwa Modimo ka lefatshe leno. Ka ntlha ya namane e tona eno ya tiro, mo e ka nnang batho ba le dimilione di le tlhano go ralala lefatshe ba bontshitse kgatlhego mo thulaganyong e ntšha ya Modimo le mo paakanyetsong ya ona ya poloko ka Jesu ka go phuthega mmogo ka April ya ngogola gore ba boloke Segopotso sa loso lwa ga Keresete.
16, 17. (a) Morafe wa Baiseraele o ne wa neelwa ditaolo dife pele ga fa Modimo o senya Jeriko? (b) Ditaelo tseo di ne tsa obamelwa jang?
16 Jaaka phuthego ya ga Jehofa e e gatelang-pele e ntse e atamela dingwaga tsa bofelo tsa tiro ya yone ya go rera malebana le lefatshe leno, ga go na pelaelo epe ya gore bogolo jwa tiro eno bo tla ata. Gakologelwa seo Baiseraele ba neng ba kaetswe go se dira pele fela ga Modimo o senya Jeriko. Sa ntlha, ba ne ba laetswe gore ba dikologe motse gangwe ka letsatsi mo malatsing a le marataro. Mme morago ba bolelelwa gore: “Me e tla re ka tsatsi ya boshupa lo potonogè motse ga shupa, me baperisiti a ba letse dinaka. Me go tla dihala, go re, ha ba gèlèbètla ka bolele ka dinaka tsa diphelehu, me ha lo utlwa modumō oa dinaka, a batho botlhe ba thèlè loshalaba lo logolo: me lorakō loa motse lo tla salalagana hèla.”—Yosh. 6:2-5.
17 Mo letsatsing leo la bosupa le la bofelo, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go oketsa tiro ya bone ga supa! Mme morago ba ne ba tshwanetse go ‘thela loshalaba lo logolo.’ Ba ne ba dira fela jaaka ba ne ba laetswe. “Me ga dihala ea re ka letsatsi ya boshupa ba phakèla thata ka makuku, ba potonoga motse gashupa ka mokgwa o hèla: . . . Me ga dihala ea re ka loa boshupa, ka baperisiti ba letsa dinaka, Yoshue a raea batho, a re, Thèlañ loshalaba; gonne Yehofa o lo neile motse. . . . Me ga dihala, ea re batho ba utlwa modumō oa lonaka, batho ba thèla loshalaba lo logolo, me lorakō loa salalagana.”—Yosh. 6:15, 16, 20.
18. Re solofetse eng malebana le bogolo gammogo le mokgwa wa tiro ya go rera pele ga fa tsamaiso eno e khutla?
18 Le rona re ka lebelela go ata mo go ntseng jalo ga tiro ya rona ya go rera jaanong, mo setlhoeng seno sa metlha. Kwantle ga pelaelo, pele ga fa “sepitla se segolo” se khutla, re tla bona bosupi jo bogolo go gaisa jwa go supela leina la Modimo le bogosi jwa ona mo ditiragalong tsa lefatshe leno. Mme lefa jaanong bosupi bo santse bo kopanyeletsa taletso ya go tla mo phuthegong ya ga Jehofa go bona poloko, kwantle ga pelaelo nako e tla tla ya fa molaetsa o nna bokejana, jaaka “loshalaba lo logolo.” Tshenolo 16:21 e bontsha gore “sehakō se se kima sa wèla mo bathuñ se cwa legodimoñ, tlhaka ñwe le ñwe e le bokete yoa pondo: me batho ba tlhapatsa Modimo ka ntlha ea pecō ea sehakō: ka pecō ea shōna e le kgolo thata.” Sefako ke metsi a a gatsetseng, a a komota. Ka jalo seno se bontsha ka moo labofelo molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo o o romelwang mo bathong ba ba sa utlweng o tla tshwanang le go wa ga sefako se se botlhoko ka teng. Ntlha ya gore petso ya sefako ga twe ke e “kgolo thata” e akantsha gore kwa bofelo-felong batlhanka ba ga Jehofa ba tla bolela “letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa ka maatla.
19. Ereka re itse gore isagwe e e fa gaufi e tla nna jang, ‘re tshwanetse ra bo re le batho ba ba ntseng jang’?
19 Ka jalo he, re diha sentle fa re bua jaaka Petere, re re, “Ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana Iona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo”! (2 Pet. 3:11) Eleruri, re tlhoka go nna re ‘laana, re agelelana.’ Ka metlha re tshwanetse ra nna re “lekèlè kwa go dihèlaneñ molemō.” (1 Bathes. 5:11, 15) “Yalo, ha re bōna lobaka, a re kè re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.” (Bagal. 6:10) Fa lo ntse lo dira jalo, lo se ka lwa retelelwa ke go ‘nna lo lebeletse, lo le boitekanelo.’—1 Bathes. 5:6.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Batho ba mefuta yotlhe bao ba batlang go falolela kafa thulaganyong e ntšha ya Modimo ba tshwanetse ba sailela kwa kobamelong ya ga Jehofa ya boammaaruri
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Erile Baiseraele ba simolola go “ thèla loshalaba lo logolo,” dipota tsa Jeriko tsa wa