Batsadi, Fitlhelelang Pelo ya Ngwana wa Lona
“Morwaaka, ha pelo ea gago e le botlhale, pelo ea me e tla itumèla, eboñ ea me.”—Dia. 23:15.
1, 2. (a) Keletso ya batsadi ba Bakeresete ke efe, mme rre mongwe o ne a ikutlwa jang? (b) Mo go thapiseng ngwana, go tlhokega gore go fitlhelelwe eng, mme ka ntlhayang?
BATSADI ba Bakeresete ba tlhobaelela go sireletsa bana ba bone mo dikhuting tsa boitsholo tse di senyang. Kwa ntle ga pelaelo wena, fa o le motsadi, o boifa fela jaaka rre wa Mokeresete yo o nang le bana ba dingwaga tsa bolesome ba le bane yo o kwadileng jaana: “Mekgwa ya boitsholo eo bana ba rona ba lebaneng nayo e ntse e senyegela pele, mme ebile ka dinako dingwe go thata gore o tsamaisane le mokgwa mongwe le mongwe o lefatshe le o tsayang. Thapelo ya me ya ka metlha ke go kgona go ba thusa. Ke ba rata tota.”
2 Mme, ke ka ntlhayang fa e le gore ka dinako dingwe, tota le morago ga go isiwa kwa dipokanong tsa bodumedi le go rutiwa boitsholo jwa Bibele, ngwana o ka nna a kopanela mo boitsholong jo bo maswe jwa kafa dikobong? Lemororo go ithutela kwa tlhogong go le botlhokwa, pelo e na le seabe sa botlhokwa-tlhokwa, bogolo jang malebana le maitsholo. Motsadi a ka dira eng gore a fitlhelele pelo ya ngwana gore e tle e ‘tlhalefe’?—Dia. 4:23; 23:15.
Gaa Kgakololo mo Pelong
3. Diane 20:5 e kaya eng, mme go tlhokega gore batsadi ba dire eng?
3 Pele o ka fitlhelela pelo, o tshwanetse go tlhotlhomisa gore e na le eng, ka selekanyo se se rileng. “Kgakololō [boikaelelo jwa sebele jwa motho kana maitlhomo aa tsetsepeletseng kwa tenga] mo peduñ ea monna e nntse yaka metse a a boteñ; me motho eo o tlhaloganyō o tla a e ge hèla.” (Dia. 20:5) Maikutlo a sebele mo pelong ya ngwana a tshwana le metsi a a kwa tlase ga sediba se se boteng. Mo metlheng ya Bibela, melomo mengwe ya didiba e ne e ya tlase ka dimitara di le 30, mme ebile batho ba ne ba tshwanetse go fologela tlase ka direpodi gore ba “ge” metsi. E ne e le namane ya tiro ruri! Go ‘ga’ maikaelelo a ngwana wa gago go ka nna fela thata jalo. Go dira seno go tlhoka gore o ipee mo boemong jwa gagwe le go mo ela tlhoko thata. Go ka tlhoka go dirisa dipotso ka botswerere, ka bopelotelele—ka dinako dingwe go ikitlieletsa go bua le ngwana wa gago ka dioura-oura pele ga fa maikutlo a gagwe a sebele a ka bonala. Ka go gopotsa ngwana gore le wena o fetile mo nakong eo, gape le gore le wena ga o a itekanela, mme o bo o dira dipaka tsa gore ngwana a ka nna le wena lo le bosi ka dinako dingwe, o tla mo tlhofofaletsa gore a itlhagise.—Yobe 33:5-7.
4. Go ya ka Diane 12:18, ke mofuta ofe wa puo o o ka senyang puisano?
4 Mme puo ya “kgakgabuèlō” e ka senya. Bangwe ba bua ka kgakgabuelo, “yaka ditlhabō tsa putlèla.” Mafoko a bone aa tlhaba ebile aa kgaoganya. Ka jalo lwela go nna le “mōea o o tsididi” fa o ntse o reeditse tota. Ka gongwe o gakologelwa fa mongwe a kile a go “didimatsa” ka go bua bobe kana a tshegisa ka maikutlo a gago. Ka gongwe o rile, ‘O itse botoka go na le moo!’ A o kile wa eletsa go bolelela motho yoo maikutlo a gago gape?—Dia. 12:18; 17:27.
5. (a) Ngwana wa dingwaga tsa bolesome o tlhoka mofuta ofe wa thuto? (b) A batsadi ba bantsi ba neela dithuto tseo?
5 Fa ngwana a fitlha mo dingwageng tsa bolesome, go eletsa gagwe dikobo go gola thata. Mosha yo o tlhoka mongwe yo o ka buang nae gore a mo tlhalosetse gore mmele wa gagwe o diragalelwa ke eng mme a bo a arabe lenaane le le sa khutleng la dipotso tse di masisi ebile e le tsa botho. Mme mo potsolotsong e e dirilweng ka batsadi ba le 1 400 ba bana ba dingwaga tsa bolesome, 92 lekgolong ga e ise e tlotle mokgwa wa kafa dikobong le bana ba bone. Tsela eo batsadi ba Bakeresete ba godileng ka yone, dingwao tsa naga ya bone, kana ditumelo tsa gore kgang eo ga e tlhokofale, e ka ne e le tsone tse di ba kgoreletsang mo go bontsheng tlhokomelo eo. Mme tota dipuisano tseo di botlhokwa go le kana-kang?
6, 7. Ke ga botlhokwa go le kana-kang gore batsadi ba tlotle mekgwa ya kafa dikobong le bana ba bone?
6 Erile mogolwane mongwe a sena go botsolotsa malapa a le mmalwa, a konela ka gore: “Go a kgatlha go lemoga kafa tselana e butswang ka teng. Mo batsadi ba neng ba bua ka tsa dikobo le bana ba bone go sa le gale ba bo ba dira ka natla gore ba buisane thata le bone, matswela a ne a le molemo. Mo batsadi, ka lebaka lepe, ba sa kang ba bua ka bothata jono go sa le gale, matswela gantsi a ne a le bosula.”
7 Melemo ya dipuisano tseo e mentsi. Sa ntlha, e ka sireletsa mogopolo wa ngwana mo boikitsisong jwa maaka, jo bo maswe jo a tla bo utlwang moragonyana. Sa bobedi, e ka aga go tlotla batsadi le go ba ikanya le go thaa motheo wa puisano o o tla fetelang kwa bokgarebeng. Mme sa boraro, go ka tlhofofaletsa ngwana wa gago gore a bue dikgang tsa sephiri thata le wena. Lefa go ntse jalo, batsadi ba bantsi ba santse ba ipotsa gore tota ba ka tlotla jang kgang eno e eketeng e tlhabisa ditlhong.
Ruta Pelo
8. Dipuisano kaga tsa kafa dikobong di tshwanetse go simololwa go sa le gale leng?
8 Tlhotlhwa ya go simolola go ruta ngwana a sa le monnye ga e ne e toutwa. Go na le palo ya ba ba dingwaga di le lesome le lesome le bongwe bao tota ba imileng. Babatlisise ba bangwe ba tlhotlheletsa gore puisano kaga tsa kafa dikobong e tshwanetse go simolola ka botlalo pele ga fa ngwana a nna le dingwaga di le thataro. Go seng jalo ga go ne go fitlhelelwa. Gantsi, go araba dipotso tsa ngwana malebana le kgang eno ka tlhamalalo le kwa ntle ga ditlhong go lekane.b Lefa go ntse jalo, ngwana wa dingwaga tsa bolesome o tlhoka thuto kaga go laola dikeletso tseo. Gore thuto e fitlhelele pelo, e tshwanetse ya tla jaaka thuso ya botsalano, e seng jaaka tatofatso.
9. Motsadi o tshwanetse go leka go tsenya eng mo pelong ya ngwana, mme ka ntlhayang?
9 Jesu o rile: “Motho eo o molemō o ntsha se se molemo mo lohumoñ lo lo molemō loa pelo ea gagwè.” (Luke 6:45) Ka jalo, go fitlhelela pelo ya ngwana wa gago go tlhoka gore o tsenye mo pelong e ntšha eo dilo tse di tlhotlhwa-kgolo—dilo tseo a tla di amogelang ka maikutlo le go di rata. Ka ntlhayang? Gore “dilō tse di molemō” di tle di tswe mo pelong eo.—Math. 12:34, 35.
10, 11. Go tswa mo dikaong tse di mo bukeng ya Diane, ke eng se se ka ithutiwang kaga go fitlhelela pelo ya ngwana wa gago ka nako ya puisano kaga boitsholo jo bo siameng jwa kafa dikobong?
10 Thuto e e neetsweng kaga kgang eno mo bukeng ya Diane e neela batsadi sekao se se molemo. E bua ka boitshwaro jwa kafa dikobong ka tlhamalalo mme ka seriti. Tlhokomela kafa kgaolo ya botlhano e e tlotlang ka tekatekano ka teng. Morutisi kana motsadi o tlotla boipelo jwa go tlhakanela dikobo jaaka bo ntse mme segolo-bogolo tlhokafalo ya go tila boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong. Dipounama tsa seaka di bonala di “rōtha sedinotshe” jaaka a senka go hepisa monna. Mmalo, mme matswela a teng—a “botlhoko yaka loñana” ebile a “bogale yaka chaka e e magale mabedi”! (Ditem. 3, 4) Morago, morutisi wa mo Bibeleng o ama lefelo le le boruma ka go bontsha lekau kafa a ka latlhegelwang ke “tlotlo” ya gagwe ya boitsholo jo bo ntseng jalo ka teng. (Tem. 9) Mme puisano eno ga se ya gore ‘go tlhakanela dikobo gotlhe ke boleo.’ Abo o tshwantsha setshwantsho se sentle jang kaga go tlhakanela dikobo mo lenyalong.—Ditem. 15-19.
11 Motsadi gaa latofatse lekawana leno kana a le nyenyefatsa. Mo go Diane kgaolo ya bosupa, o anela maitemogelo a ba bangwe a bo a dirisa mafoko a a sa tilatileng. (Dia. 7:6, 7, 13, 17, 18) Morutisi o dirisa ditshwantsho tse di bonalang sentle—monna yo o gotetseng yo o hepisiwang ke seaka o tshwantshwanngwa le kgomo e ya go tlhajwa, “go tsamaea mocwi o mo phololetsa sebete.” (Dia. 7:22, 23) Mosha o ka lebala jang setshwantsho seo ruri! Sekao se se tlhagisang seo se se bolokilweng mo pelong se tla thusa mosha gore a itshokele teko. Motsadi gaa ka a umaka fela gore boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong bo phoso, mme o mmoleletse gore ke ka ntlhayang, a tlhalosa matswela le go bontsha ka moo motho yo mosha a ka kopanelang mo go jone ga motlhofo ka teng.
12, 13. (a) Dinako tse dingwe tsa fa motsadi a ka tlotla le ngwana wa gagwe boitsholo jwa kafa dikobong ke dife? (b) A o bone dinako tse dingwe gape di tshwanela? (c) Gore ngwana a tie a itshole sentle, a go lekanetse fela gore o ka tsenya thuto e e molemo mo pelong ya gagwe?
12 Batsadi ba bantsi ba Bakeresete ba nnile le dipuisano tse di ntseng jalo. Ba nnile le tsone ka makgetlonyana fa kgang e ka buisanngwa ka tsela ya tlholego, e e sa gagamalang. Dingwe tsa dipaka tseno e ne e le fa ba tsamaya lobaka lo loleele, fa ba ne ba bua ka tiragalo e e bontshang tlhotlhwa ya go itshwara sentle, fa morago ga fa dintlha tseo di sena go akanyediwa kwa dipokanong tsa phuthego, kana fa dipuisano tsa lelapa la bone tsa semoya di ne di bua kaga kgang eno. Ba bantsi ba dirisitse buka ya Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jonec gore ba ba thuse. Ga se gore puisano eo e ne e le motlhofo ka metlha, mme go rata ngwana ka sebele go tlhotlheleditse batsadi. Jaaka mmè mongwe wa ngwana wa dingwaga di le tlhano a dumetse jaana: “Ke ne ka ipateletsa gore ke bue ka gone go fitlhelela moo ke neng ke sa tlhole ke tlhobaela, le ngwana tota a sa tlhole a tlhobaela.” O se ke wa letla gore ngwana wa gago a nne le botlhoko jo bogolo ka ntlha ya go tlhaela “thutō e e itekanetseñ” mo karolong e e amang thata eno.—Dia. 4:2.
13 Lefa go ntse jalo, go sa tlhokomelesege thuto e e itekanetseng e e ka tsenngwang mo pelong ya ngwana, boeleele le jone bo tsetsepetse koo ka ntlha ya boleo jo bo jelweng boswa.—Pes. 51:5.
Kotlhao e Itshekisa Pelo
14. Kotlhao ke eng, mme ke ka tlhayang fa e le botlhokwa?
14 Ke eng se se ka lelekang boeleele mo pelong e ntšha? Ke “thupa ea koatlhaō,” go ya ka Diane 22:15. Kotlhao ke thapiso e e bopang kana e e siamisang. Ke go tia mo go tlhaloganyang; gore e se ke ya hupetsa kana ya “tlhomola” ngwana ka dithibelo tse di sa utlwaleng. (Baef. 6:4) Kotlhao e botlhokwa fa ngwana a simolola go kgatlhegela ba bong jo bongwe. Go letlelela gore mosimane le mosetsana ba itise mmogo fa ba le bannye go ka nyala ke go laletsa kotsi.
15. (a) Batsadi ba bantsi ba tlaledisiwa ke boemo bofe? (b) Bo-mogoloa mosetsana wa Moshulama ba ile ba dirang fa ene le mosimane wa gagwe ba ne ba batla go tswela kwa ntle ba le bosi?
15 Mme batsadi ba bantsi ba boditse ba re, ‘O ka dirang fa ba batla go nna mmogo?’ Go bonala gore bo-mogoloa mosetsana wa Moshulama ba ne ba kaetswe kana ba dumeletswe ke batsadi ba bone fa ba ne ba utlwaletse gore mosimane wa modisa o ne a batla go tseela kgaitsadi-a-bone kwa lefelong le le kwa thoko kwa thabeng ba bo ba ba kganela! Ba ne ba mo neela tiro gore e mo die le go ba boloka ba arogane. Lemororo ba ne ba mo ikanya, ba ne ba itse nonofo ya thaelo. A selo seno se ne sa senya botshelo jwa mosetsana yo? Go farologana le moo, go thusitse mosimane le mosetsana yo gore ba nne ba itshwere sentle go fitlhelela ba nyala moragonyana.—Sehela sa Dihela 1:6; 2:8-15.
16. Batsadi bangwe ba dirileng gore ba sireletse dipelo tsa bana ba bone?
16 Go tia mo go ntseng jalo, gammogo le go neela ngwana ditiro tse di tla mo tshwarang mogopolo, go a tlhokega gompieno. Mo ntlheng eno, batsadi ba tshwanetse go dirisa tlhaloganyo ya bone ya sebele le botlhale jwa poifo-Modimo. (Dia. 24:3) Go sitela batsadi thatathata gore ba laole maikutlo a ngwana fa a setse a ratana le mongwe. Pele ga fa batsadi ba Bakeresete ba letlelela ngwana wa bone go intsha le lekolwane (fa seno se letleletswe mo lefelong leo), ba tshwanetse go akanyetsa bogolo jwa ngwana wa bone, selekanyo sa kgolo ya maikutlo le kgatelo-pele ya semoya, gore ke mang yo ngwana a eletsang go intsha nae le gore ba tla bo ba dira eng. Motsadi mongwe yo morwadie wa dingwaga di le 19 a neng a kgaoletswe boitsholo jo bo maswe o ne a bodiwa gore o bona gore o ka bo a dirile eng se se farologaneng fa a ne a godisa ngwana wa gagwe. O arabile ka go re: “Ke ne ke se kitla ke mo letla go itsalanya le mosimane mo bokopanong jwa go ratana fa a ne a santse a le mo tshimologong ya dingwaga tsa bolesome. Nkabo ke sa tsaya gore o ne a nonofile mo a ka bong a thulana le bothata jwa gagwe.”
17, 18. (a) A mosimane le mosetsana ba ba ikaelelang go nyala ba tshwanetse go ngala fa motsadi kana mongwe yo o laetsweng ke motsadi a dira jaaka mopati? (b) Lekawana lengwe le ne la thanya lomapo lo le tsebeng jang?
17 Batsadi bangwe ba ne ba dula fatshe le mosimane le mosetsana bao mme ba ba tlhalosetsa gore ke ka ntlhayang ba sa dumelele go ratana ga bone. Ka go tlotla kgang eno le batsadi ba ngwana yo mongwe, go ka bonwa kemo-nokeng e e oketsegileng. Motsadi mongwe wa Mokeresete yo o nang le bana ba le bane o rile: “Batsadi ba bantsinyana ba akanya gore botsalano jwa mosimane le mosetsana bo a ‘kgatlha’ ebile baa bo kgothaletsa, gammogo le go letla ditlhopha tsa bana ba ba mo dingwageng tsa bolesome gore ba intshe go se na motsadi ope. Seo re se bonang ke ‘mosimane-mosetsana,’ boitsholo jo bo maswe le manyalo a pele ga nako. Re kgothaletsa bana ba rona gore ba ithute ditiro tsa boiketlo le tse dingwe tse di sidilang mmele jaaka go palama baesekele mo ba ka go itirelang ba le bosi, le lelapa, kana le ba bangwe ba bong bo le bongwe.”
18 Lefa mosimane le mosetsana ba setse ba godile gore ba ka ratana, ba thuse ka go ba rulaganyetsa mopati. Bakeresete ba babedi ba ba beeletsaneng bao ba neng ba tla tloga ba nyalana ba ne ba repisa go itisa ga bone ba bo ba dira “bomashwè.” (Bagal. 5:19) Erile fa lekawana le akanya ka gone, le ne la dumela ka go re: “Gantsi re ne re na le mopati. Mme dinakwana di le mmalwa tsa fa a ne a seo ke tsone di re gobaditseng.” Basha ba bangwe morago ba lebogile batsadi ba bone ka go tia le go ba tlhophela boitloso-bodutu ka kelo-tlhoko, ka gonne ba ne ba ipoloka ba itshekile mme ba tsena mo lenyalong ba sena maswabi ape kana dikgakologelo dipe tse di bosula. Fa maikaelelo a ngwana wa gago a tlotlega, gaa tshwanela go ngalela kotlhao ya gago ya poifo-Modimo, gonne “ke tsela ea botshelō.”—Dia. 6:23.
Thusa Ngwana go Aga Botsalano le Modimo
19. (a) Tshireletso e kgolo go gaisa ya ngwana wa gago mo boitsholong jo bo sa siamang ke eng, mme ke eng se se tla mo thusang gore a godise selo seo? (b) Batsadi ba ka ipotsa dipotso dife kaga sekao sa bone?
19 Tshireletso e kgolo thata mo boitsholong jo bo maswe ke gore ngwana wa gago a age botsalano jo bo gaufi-ufi le Jehofa. Lefa lemororo seno e le se ngwana a ka se dirang ka boene, motsadi o ka thusa. Sa ntlha-ntlha, sekao sa gago sa boineelo se tla neela sekaelo se se tshelang se se ka ediwang. Bao e nnileng Bakeresete mo Thesalonia wa lekgolo la ntlha ba bone gore Paulo le bankane ba gagwe e ne e le “batho ba ba nntseñ yañ” mme ba nna “baetsi” ba bone, ba godisa “botlalō yo bogolo” jo bo tshwanang le jwa bone. (1 Bathes. 1:4-6) Bana ba Iona ba bona gore lo “batho ba ba nntseñ yañ”? A ba bona “botlalō [jwa Iona] yo bogolo,” ba tlhokomela gore lo gara botshelo jwa Iona mo boineelong jwa Iona go Modimo ebile lo direla kobamelo ya gagwe ditlhabelo? A ba bona go ila ga Iona boitsholo jo bo maswe thata ka go sa kgatlhiwe ke dilo tse di senyang boitsholo? A ba bona sekao sa lorato ka tsela eo o dirisanang le monkane wa gago kana le bangwe ka teng? A ba utlwa o bua kaga Jehofa ka tsela eo e phepafetseng gore ke wa sebele go wena? Sekao se se ntseng jalo se tla tlhotlheletsa ngwana gore a dire ditlhabelo tsa go boloka molao wa ga Jehofa. Ngwana wa gago o tla bona gore go dira jalo ke ga botlhokwa.
20. Ke eng se se ka senyang diphelelo tsa thapiso ya gago e e molemo?
20 Gape, ka go disa thata ditsala tsa bana ba gago le go ba tlhophela ditsala tse di bontshang “botlalō yo bogolo” jwa semoya, o tla atlegisa matsapa a gago. Ga go sepe se se ka senyang tiro ya gago ka bofefo go gaisa ditsala tsa bone tse di bosula—tota lefa di le mo teng ga phuthego ya Bokeresete. Ditsala tse di bosula tseo di tla senyakaka bomoya jwa ngwana wa gago mme tsa baka go itlhaola ga bana.—Dia. 13:20; Yude 3, 4, 12, 16, 19.
21. (a) Go ya ka 1 Yohane 2:14, ke eng se se neelang nonofo ya semoya mme seno se baya maikarabelo afe mo batsading? (b) O na le dikakantsho dife tsa go boloka dithuto tseo e le tsa ka metlha ebile di kgatlha?
21 Jaaka motsadi, o tshwanetse wa tlhatswega pelo ka nonofo ya Lefoko la Modimo, e leng Bibela. Moaposetoloi Johane o rile “makau” a a nonofileng mo moyeng ba ba mo phuthegong eo a neng a e kwalela ba ne ba “hentse eo o boshula” ka go bo “lehoko ya Modimo le nntse mo go” bone. (1 Yoh. 2:14) Ka gone, mo godimo ga gore batsadi ba ba boifang Modimo ba godise boikutlo jo bo atamalaneng jwa lelapa le go tlhoma sekao se se molemo, ba tshwanetse ba rulaganyetsa gore lelapa le ithute Lefoko la Modimo ka metlha gore molaetsa wa lone o tle o tsetsepele thata mo pelong ya mosha. Banyalani bangwe ka kutlo-botlhoko ba ne ba lebile bana ba babedi ba bana ba bone ba bararo ba ntse ba sulafala mo dingwageng tsa bolesome. Rraabona, yo o ba godisitseng mo legaeng la Bokeresete go tloga bonyaneng, o ne a dumela ka go re: “Fa go ka twe ke boelele gape, ke tla tshwara thuto ya Bibela ya lelapa ka metlha thata. Ya rona e ne e sa rulaganngwa le e seng. Kea itse gore thuto ya ka metlha e ne e ka re bofaganya mmogo jaaka lelapa ya ba ya ba nitamisa segolo mo moyeng.” Fa motsadi a ipaakanyetsa sentle, a tila tsela e e tsidifetseng, e e gagametseng, e e senang maikutlo, mme a dira gore thuto e tshwanele ditlhokafalo tsa bana, puisano e tla itumelelwa segolo ebile e tla bofaganya lelapa mmogo moyeng. Ee, re a itse gore ga go motlhofo ka ntlha ya nako e nnye ya motsadi, mme se se botlhokwa bogolo go boleele jwa dipuisano tseo ke boleng jwa nako e e dirisiwang mmogo. Gape, bana ba tlhoka go rutiwa mekgwa e e molemo ya go ithuta ka bobone.—Dute. 6:4-9.
22. O ka ruta ngwana wa gago go rapela dithapelo tse di nang le bokao jang?
22 Jaaka fa go ka bonwa mo boitemogelong jo bo mo tsebeng ya 23, thapelo ya botho, e e tswang pelong e aga botsalano jo bo gaufi-ufi le Modimo. Thusa ngwana wa gago go ithuta kaga go tlhokega ga thapelo le ka moo ba ka ‘tshelelang Jehofa dipelo tsa bone’ ka teng. (Pes. 62:8) Mma ngwana wa gago a utlwe dithapelo tsa gago tse di tswang pelong. Tlotlang gore go ka akarediwa eng mo dithapelong tsa gagwe. Ka go bolelela ngwana ka moo Jehofa a arabileng dithapelo tsa gago ka teng le ka go mo kgothaletsa gore a thanyetse dikarabo tsa dithapelo tsa gagwe, ruri o tla lemoga gore thapelo e na le nonofo.
23, 24. (a) Ke ka ntlhayang fa ngwana a tshwanetse go rutiwa go boifa Jehofa? (b) Batsadi ba tshwanetse go dira le bomang mo tirelong ya tshimo, mme ka ntlhayang?
23 “Maōma a ga Yehofa a na le ba ba mmoihañ,” go kwadile jalo Kgosi Dafide. (Pes. 25:14) Gore tota ngwana wa gago a godise botsalano jo bo gaufi le Modimo, o tshwanetse a nna le poifo e e itekanetseng ya matswela a a boifisang a go itumolola “Modimo o o tshedileñ.” (Baheb. 10:31; Dia. 8:13) Ee, gone ngwana o tshwanetse a rata Jehofa le go anaanela bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato le molemo wa gagwe thata, mme gape o tshwanetse a tlotla thata kgono ya ga Jehofa ya go otlhaya kana ya go letlelela motho gore a ‘robe se a se jetseng.’ (Bagal. 6:7) Fa “poihō” e e itekanetseng eno e tlhotlhelediwa go tloga bonyaneng, ngwana o tla nna le segakolodi se se molemo. Bogolo go go re a akanye a re, ‘Go siame, fa fela ke sa tshwarwe,’ o tla ikutlwa fela jaaka Josefa, yo o ganneng go hepisediwa mo boitsholong jo bo sa siamang a bo a re: “Kana hoñ boshula yo bogolo yo, ke ka bo diha yañ, ke leohèla Modimo?”—Gen. 39:7-9.
24 Fa lo dira mmogo mo tirelong ya Bokeresete, lo tla thusa ngwana wa Iona go tlhagolela kgatlhego e e pelonomi mo bathong fela jaaka Jehofa. Fa ngwana a ntse a gola mo kanaanelong, pelo ya gagwe e tla lemoga ka moo e ka ‘humisang batho ba bantsi’ ka teng ka go ba ruta “Mahoko a a Molemō” a a ka tlisang diphetogo tse di molemo mo matshelong a bone. Tirelo eno gape ke thuso e e molemo mo go godiseng botsalano jo bo gaufi le Modimo.—2 Bakor. 6:10.
Go Tlhokega Nonofo e e Bogolo jo Bogolo Thata
25, 26. (a) Ke ka ntlhayang fa batsadi ba tlhoka thuso ya ‘bogolo jwa nonofo’? (b) Thuso eo e tswa kae? (c) Rre mongwe o kile a dirang fa a ne a akanya gore o ne a ‘latlhegelwa’ ke ngwana wa gagwe, mme morago o lemogile eng?
25 “Tota go nna motsadi wa bana ba dingwaga tsa bolesome ga go motlhofo le e seng,” go buile jalo rre mongwe wa Mokeresete yo o umakileng tlalelo ya gagwe ka morwadie wa dingwaga di le 16 yo o ikobonyang yo o gatelelwang ke basimane thata kwa sekolong. “Ke rapela ke le nosi mme gantsi ke na naye—mme ke ntse ke boifa.” Eleruri, o bone tlhokafalo ya thuso ya bomodimo e e ka mo neelang ya bo ya neela morwadie “bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō.”—2 Bakor. 4:7.
26 Ka dinako dingwe batsadi ba nyema moko thata fa go bonala ekete matsapa otlhe a bone gaa atlege. Mme o se ke wa digela! Rre mongwe wa Mokeresete erile a bona ditlwaelo tsa mosimane wa gagwe tsa botswa-tseleng, o ile a dumela gore ka nako e nngwe o kile a akanya gore o “latlhegetswe” ke morwawe, yo a mo godisitseng ka dithuto tsa Bokeresete go tloga bonyaneng. “Ke ne ka khubama ka mangole mme ka rapela go fitlhela dikeledi di ela mo sefatlhegong sa me, mme ka kokotlela Jehofa gore a nthuse,” rre yo a rialo. “Jehofa o ne a araba dithapelo tseo mme mosimane ka boiketlo a nna a fetoga jalo. Ruri ke ne ka atamela Jehofa thata fa ke bona seatla sa gagwe se dira mo lelapeng la me.” Ee, ikanye Jehofa gore a thuse; ikaege ka ene. Rapela le bana ba gago mme o ba rapelele. Bona seatla sa ga Jehofa se dira mo lelapeng la gago.—1 Bathes. 5:17.
27. (a) Ke mang yo o tshwanetseng go kwala molao wa Modimo mo pelong ya ngwana? (b) Lona batsadi lo ikutlwa jang fa ngwana wa lona a bontsha gore pelo ya gagwe e ‘tlhalefile’?
27 Lemoga gore ngwana la bofelo o tshwanetse a kwala melao ya ga Jehofa mo pelong ya gagwe. (Bapisa Diane 3:1-4.) Mme dira gotlhe mo o ka go kgonang jaaka motsadi gore o fitlhelele pelo ya ngwana wa gago. Abo e tla nna tuelo e kgolo jang ne fa o bona ngwana a nna a ikanyegile mo boammaaruring! Abo ke lebaka le legolo jang ne la ‘go itumedisa pelo ya gago’ fa bana ba gago ba bontsha gore dipelo tsa bone di ‘tlhalefile’! (Dia. 23:15) Lo tla tshwana le moaposetoloi Johane yo o kileng a bua jaana ka bana ba gagwe ba semoya a re: “Ga ke na boitumèlō bopè yo bo hetañ yo, yoa go utlwa ha bana ba me ba nntse ba tsamaea mo boamarureñ.”—3 Yoh. 4.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a “Kgakololo,” ka dinako dingwe, e tlhaloganngwa e le boikaelelo.—Bona Isaia 29:15, 46:10.
b Go bona dikakantsho tse di tlhomameng, bona buka ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, dits. 122-124, gammogo le ditlhogo tse di go Awake! ya June 8 le July 8, 1965 e leng “A Father Talks to His Sons,” le “A Mother Talks to Her Daughters.”
c E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society ya New York, Inc.
A o ka araba dipotso tseno fa go boelediwa?
• Fa ngwana a thapisiwa, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore pelo e fitlhelelwe?
• Ke ka ntlhayang fa batsadi ba tshwane tse go tlotla dikgang tsa kafa dikobong le bana ba bone?
• Tshireletso e kgolo thata ya ngwana mo boitsholong jo bo maswe ke efe, mme ke ka ntlhayang fa go tla thusa fa tshireletso eno e godisiwa?
• Ngwana o ka rutiwa jang go rapela dithapelo tse di nang le bokao?
• Ke ka ntlhayang fa batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go dira ka metlha le bana ba bone mo tirelong ya tshimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Puisano ya motsadi le ngwana e botlhokwa
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Fa motsadi a dirisa dithuso tsa thuto ya Bibela, o ka neela kaelo e e itekanetseng ka ga thobalano
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Go dira mmogo mo tirelong ya tshimo go thusa go aga ngwana wa gago semoyeng