LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 6/1 ts. 18-24
  • Basha, A Boitsholo jwa Bibela ke Tsela e e Molemo-lemo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha, A Boitsholo jwa Bibela ke Tsela e e Molemo-lemo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga Lo A Le Bona!
  • Tsela e e Molemo-lemo
  • “Ba Utlwa Botlhoko”
  • Naya Batsadi Pelo
  • Baya Mmele wa Gago mo Taolong
  • Aga Kamano ya Gago le Modimo
  • Go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo
    Tsogang!—2013
  • Go Tweng Kaga go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Pono ya Gago ya Bonna le Bosadi—e Dira Pharologanyo Efe?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Ke Eng se se Phoso ka go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 6/1 ts. 18-24

Basha, A Boitsholo jwa Bibela ke Tsela e e Molemo-lemo?

“Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna.”—Isa. 48:17.

1. Ke ka ntlhayang fa bosha e le nako e e molemo mo botshelong, mme ba bangwe ba na le boikutlo bofe?

MMOKI mongwe o kile a kwala a re, “Metlha ya bosha jwa rona ke metlha ya kgalalelo ya rona.” Basha ba bantsi baa dumela, ka go bo ke nako ya mokaragana le kgololesego mo maikarabelong a a boima a bogodi. Mme basha ba bantsi ba gakaletse go goboka maipelo otlhe a basha le a bagodi. Boikutlo jwa bone bo ka sobokanngwa e le: ‘Ga go na modia-dia; ee, re batla boitumelo jotlhe gone jaanong jaana.’

2. (a) Dipalo tsa bosheng di bontsha eng kaga bosha le maitsholo? (b) A o bona gore ditlwaelo tseno di ama basha mo phuthegong ya Bokeresete?

2 Mo nakong eno ya “bosha” keletso ya go bona boipelo jotlhe e feletse ka gore basha ba bantsi ba tlhakanele dikobo pele ga lenyalo, e leng kgokahalo, go feta mo lobakeng lepe mo ditiragalong tsa segompieno. Koketsego eno ya kgobololo ya dikobo tota e setse e amile le basha ba bangwe mo phuthegong ya Bokeresete. Jaaka Mokeresete o ka ipotsa wa re, ‘Tota ke eng se se ketefaletsang mosha gore a nne a itshekile, bogolo jang “mo metlheñ [eno] ea bohèlō”?’—Mor. 11:10; 2 Tim. 3:1-5.

Ga Lo A Le Bona!

3, 4. (a) Ke ka ntlhayang fa go se motlhofo ka mosha go nna a itshekile? (b) Kgatelelo ya dithaka le go tlhoka go tlhaloganngwa di ka baka mathata jang?

3 Mo dingwageng tsa bolesome, go na le ‘go thunya’ ga go eletsa dikobo. Nako eno, e e bidiwang “lobaka loa go nyalwa” mo Bibeleng, ka gale e dira gore o kgatlhegele basimane kana basetsana thata-thata. Jalo ga go makatse fa wena jaaka mosha, o tshwenngwa ke go eletsa dikobo. Lefa go ntse jalo, keletso eno e e tlwaelegileng e tlhosediwa ke boitlosobodutu le ditsela tsa thekiso tse di tlotlomatsang dikobo.—1 Bakor. 7:36.

4 Basha ba bangwe le bone ba ka go gatelela mo go maswe, jaaka mosetsanyana mongwe wa Mokeresete yo o tsenang sekolo a tlhalosa ka go re: “Tota go thata-thata go farologana le ba bangwe mo malatsing a segompieno. Bangwe ba basetsana kwa sekolong ba ne ba mpotsa fa ke setse ke kile ka lala le mosimane. Erile ke latola, botlhe ba simolola go tshega. Ruri go ne go re ke lele, le gore ke ba reye ke re ke kile ka lala nae.” Mo godimo ga moo, basha ba tlhoka go ratiwa le go tlhaloganngwa, mme seno se ka nna sa se kgotsofadiwe mo gae. Ba ikakanya ba tshwarwa “sekgowa” ebile ba reediwa ka tlhomogelo-pelo ke monkane-a-bone wa mosimane kana wa mosetsana. Katamalano eo ya maikutlo e ka isa kwa go tlhakaneleng dikobo. Basha ba bangwe ba tlhakanngwa tlhogo ke maikutlo-kutlo ano a masha. Ba ka ipotsa ba re, ‘A selo se se itumedisang jaana se ka bo se le phoso? A ruri boitsholo jo bontle jwa mo Bibeleng ke tsela e e molemo-lemo?

Tsela e e Molemo-lemo

5. (a) Isaia 48:17 e re bolelela eng ka Modimo? (b) Go ya ka 1 Bathesalonia 4:3-8, thato ya Modimo ka rona ka maitsholo ke efe?

5 Rraarona wa selegodimo o gakolotse batho ba gagwe ba ba itshenketsweng a re: “Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gogañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna.” (Isa. 48:17) Ke tsela efe ya boitsholo jo bontle ‘eo re tshwanetseng go tsamaya ka yone’? “Mo ke go rata [kana, topo ya] Modimo” . . . go re, lo ithibè mo boakeñ; Gore moñwe le moñwe oa Iona a itse go ikgapa mmele, gore o nnè mo boitshepishoñ le mo tlotloñ, E señ mo dithatoñ tse di mashwè, . . . Gonne Modimo ga oa re biletsa bomashwè, o re bileditse mo boitshepoñ hèla.”—1 Bathes. 4:3-8.

6. (a) Moaposetoloi Paulo o laetse Bakeresete ba ba tloditsweng eng kaga kgokafalo, mme ka ntlhayang? (b) Ke ka ntlhayang fa seno se tshwanetse go dira gore basha ba akanyetse tsela ya bone?

6 Thato ya Modimo ka maitsholo e phepafetse—‘laolang mebele ya Iona’; ithibeng mo boakeng le mo bomasweng. Lona basha ba lo neetseng matshelo a Iona go Modimo lo dirile bokopano jo bo gaufi le ene ebile lo nnile karolo ya phuthego e e phepa. Abo Modimo o itumedisiwa ke tsela eo jang ne! Mme gore lo tlhakanele dikobo pele ga lenyalo go tla tshwana fela le fa mongwe wa “ditokololō tsa ga Keresete” tsa batlodiwa yo o “ikopantseñ le Morèna” a “kopanye le seaka [ka go lala naso].” “A go se nne jalo!” go kua jalo moaposetoloi Paulo. E tla bo e le tlhapaolo e kgolo thata mo kamanong eo e e tlhotlhwa-kgolo. Ga go na sebe se se tshwanang naso tota, ka go bo “eo o dihañ boaka o leohèla mmele oa gagwè.” Ruri, sebe seo se ka senya botsalano jwa semoya jo re nang le jona le Modimo. Ga go gakgamatse fa Paulo a ne a re “tshabañ boaka.” Ee, “tshabañ”! Lo seka lwa emela go naya mabaka kana go ganetsana ka jone. Tshabelang kgakala ka mo lo ka kgonang—ebile ka bonako! Mme go tweng fa motho a sa ‘tshabe’ mo boitsholong jo bo ntseng jalo?—1 Bakor. 6:15-18.

“Ba Utlwa Botlhoko”

7-9. (a) Petere wa Bobedi 2:9-13 e reng ka bao ba itsholang maswe? (b) Ba bangwe ba ba itshotseng maswe ba ‘utlwile botlhoko’ jang?

7 Moaposetoloi Petere a re bao ba leng mo phuthegong bao ba neng ba kgala “ba ba tlotlègañ” ebile ba akafetse ba feleleditse ka go “utlwa botlhoko e le tuèlō ea go diha tshiamololō.” (2 Pet. 2:9-13) ‘Dituelo’ tseno tsa go akafala di tsenelela kwa teng go na le bolwetsi jwa thobalo kana mpa ya dikgora. Di senya lorato, tlotlo le kagiso ya mogopolo. Ka sekai, basha ba bangwe ba ba “tshetseng molelwane” ka go gokafala, ka maswabi ba ne ba re:

“E ne e le maswabi a magolo. Go ne go se na go utlwa monate kana bothito jwa lorato jaaka go ne go twe go jalo. Go na le moo, ke ne ka hutsafadiwa ke go lemoga ka botlalo gore ke selo se se bosula go le kanakang.”

“Ke ledile bosigo jotlhe.”

“E ne ekete ke ntša fela. Ka ikutlwa ke le lolea fela. Ke latlhegetswe ke go itlotla le go tlotla mosetsana yole. Tota, ke iphitlhetse ke pega mosetsana molato ka go bo a itlogeletse fela.”

8 Rraarona wa selegodimo o re bolelela gore re se tile fela kgokafalo mme re tile le “bomashwè.” (1 Bathes. 4:7) Lemororo lefoko leno le akaretsa mekgwa e mentsi, le bua kaga mokgwa o o ferosang sebete. Ka sekai, go phaphamisa dirwe (go ikgobolola bonna kana bosadi) ke mokgwa o o ‘maswe’ oo basha ba bantsi ba o dirang. Ruri o tlhosetsa ‘dithato tse di maswe’ mme o ka baka tshwabo e e feteletseng. Mo mabakeng a mangwe fa motho a sa iteka ka tlhoafalo go o fenya, mokgwa ono wa go akanya o bakile mathata morago ga lenyalo. Lekau lengwe le ne la tshoga thata fa le fitlhela gore morago ga lenyalo mokgwa wa gagwe wa nako e telele wa boikgotsofatso jwa kafa dikobong o mo dirile gore a se kgone go neela “chwanèlo” ya lenyalo. Dikgwedi tsa bohutsana jo bogolo di ne tsa latela!—1 Bakor. 7:3.

9 Basimane le basetsana bangwe ba ne ba phoraphorana ka go gotetsa dirwe tsa mmele tsa sephiri ka tsela ya kafa dikobong. Seno gape ke “bomashwè” mme go ka—ebile gantsi go jalo—isa ga motlhofo mo go tlhakaneleng dikobo kwa ntle ga tshwanelo. Tlwaelo eno e ka gotetsa motho ka ‘dithato tsa bonna le bosadi’ gore e bo ekete ke setsenwa. Lekau lengwe le ne la dumela ka go re: “O ipona o tshwana le phologolo e e nang le dikeletso tsa bobatana, tseo di senyang maikutlo.” Boitsholo jo bo ntseng jaana bo bakile go senyega ga dipeelelanoa mme ebile gantsi bo baketse bao morago ba nyalanang mathata. “E ka ne re dirile gotlhe mo go isang kgokahalong, ra ba ra rata go wela pele re nyalana,” ga rialo banyalani bangwe ba basha. “Lefa bagolwane ba re thusitse, dilo ga dia ka tsa tlhola di boela mo mannong a tsone gape. Go ne go le thata go tlotlana jaaka pele.”

10. Ke ka ntlhayang fa “bomashwè” bo tlhokofatsa batho ba ba sa nyalanang?

10 Fa motho yo o sa nyalang a simolola go dira dingwe tsa ditiro tse di ‘tlhapedisang’ maikutlo a a boloketsweng bolao jwa lenyalo, a ka tsietsegela go nyala mongwe yo o senang dinonofo tse di tlhokafalang mo monneng kana mo mosading yo o siameng. Go tlhakanela dikobo gantsi go ka bipa dipharologanyo tse di masisi tseo di rotogang morago ga lenyalo mme di bake mathata. Ga go gakgamatse gore tlhotlhomiso nngwe e senotse gore mo manyalong a le 265 moo monyadiwa a neng a le moimana, morago ga dingwaga di le tlhano ke banyalani ba le 15 fela ba ba neng ba santse ba le mmogo! Ditlhotlhomiso tse dingwe di bontsha gore fa motho a tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, o tla dira boaka ga motlhofotlhofo go feta ba bangwe. Jalo Iona bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha, lo seka lwa tsiediwa ke “mahoko a a lolea” a batho ba ba reng go tlhakanela dikobo pele go lenyalo go felela ka lenyalo le le itumedisang bogolo. (Baef. 5:6) Bangwe ebile ba bolela gore o tla lwala fa o sa tlhakanele dikobo morago ga bokau kana boroba. Ke maaka. Dingaka ga di ise di ke di bone bolwetsi jo bo bakilweng ke go itsheka! Ka maswabi, batho bangwe bao ba ineetseng keletso bogolo go lorato, ba ile ba ikotlhaela seno botshelo jotlhe jwa bone!

11, 12. (a) Jehofa o busulosetsa go tlhakanela dikobo o sa tshwanela jang? (b) Jobe a reng ka bao ba ithatafaletsang Modimo? (c) Ke potso efe eo re tla e akanyetsang jaanong?

11 O seke wa lebala gore “Morèna [Jehofa] ke èna mmusholosi mo diloñ cotlhe tse, [e leng kgokahalo le bomaswe].” (1 Bathes. 4:6) Pusoloso eno e ka nna segakolodi se se botlhoko, kotlhao e e tswang mo bagolwaneng ba phuthego, kana o roba matswela a se o se jetseng. Legale, fa re ikwatlhaya, Jehofa o tla re itshwarela fela mme a bipe dibe tsa rona. Mme ba bangwe baa ithatafatsa mme ba gana go tsaya melao ya Modimo tsia. Jobe o kile a botsa a re, “E mañ eo o o ithatahaleditseñ [Modimo] me a tlhōgōnōlōhala?” (Yobe 9:4) Ga go ope! Go utlwisa Jehofa botlhoko go bona go ‘ithatafatsa’ mo go ntseng jalo. Go hutsafatsa bagolwane ba ba amegang bao ba kileng ba bona basha ba rona ba bantsi ba boga matlhoko a a setseng a umakilwe. Bagolwane bano ba lemoga gore ga go ope yo o ka tlolang melao le melao-metheo ya Modimo mme a ‘tlhogonolofala.’ Fela jaaka mosha mongwe wa Mokeresete yo o ikwatlhaetseng boitsholo jo bo maswe a kile a bolelela bagolwane ba phuthego ya gagwe a re: “Ke eletsa ekete nka bolelela mosha mongwe le mongwe yo o mo Boammaaruring, ‘O seke wa leka!’ Jehofa a ka go itshwarela diphoso tsa gago mme wena ga o kitla. Dikgakologelo tse di bosula di tla go ja. Ga go duele.” Bagolwane ba kopanela le Jehofa mo go leleng jaana: “A bo u ka bo u reeditse ditaolō tsa me”!—Isa. 48:18.

12 Mme mosha wa Mokeresete a ka latela melao ya ga Jehofa jang a bo a tila dirai tse dintsi le mamena a a bonokopela a boitsholo jo bo maswe jwa bonna le bosadi?

Naya Batsadi Pelo

13. Basha ba ba nang le batsadi ba ba boifang Modimo ba ka dirisa Diane 23:26 jang, mme ka diphelelo dife?

13 “Morwaaka, nnaea pelo ea gago, me a matlhō a gago a natehèlwè ke ditsela tsa me.” (Dia. 23:26) Boikuelo jo bo tlhoka mo gontsi go feta fela go utlwa mo go tlwaelegileng. Mosha o tshwanetse go bulega le go ntsha diphiri tsa gagwe. Lefa go ntse jalo, jaaka mosha, o ka ikutlwa gore Rraago kana Mmaago wa Mokeresete gaa tlhaloganye maikutlo a gago. Mosetsana mongwe wa Mokeresete yo o neng a na le bothata jwa go phaphamisa dirwe mme a tlhoka thuso o ne a ikutlwa jalo. O ne a boifa go bolelela mmaagwe. O ne a tla araba jang? A o ne a tla tlhaloganya? Mosha yoo a re, “Erile ke mmolelela, a ntheetsa, ebile gaa ka a nkgala.” O ne a nkhabara, a mpolelela fa a nthata ebile a tla nthusa go fenya bothata jo. Re buile ka ga jone ka tshosologo mme fa re fetsa a mpaya mo sehubeng sa gagwe mme ra rapela mmogo. Go tloga tsatsing leo nka bua le ene sengwe le sengwe.”

14. Basha ba Bakeresete ba tshwanetse go leba melao ya batsadi ba bone ba ba boifang Modimo jang?

14 Ee, basha ba bone thuso ka go ntshetsa batsadi ba bone ba Bakeresete diphiri tsa bone. Labofelo ba ‘natefelwa’ ke ditsela tsa batsadi ba bone ba ba boifang Modimo e bile ba leba ditaolo le kotlhao tsa bone e le “tlhanyaku” e e tlhotlhwa-kgolo mme e se ‘ketane’ e e ba kganelang go tsena mo ‘nakong ya boipelo.’ (Dia. 1:8, 9) A o ikanyega tota go batsadi ba gago? Kana a o tshwana le mosha mongwe yo o neng a ipolela a re: “Fa ke na le batsadi ba me ke nna seo ba batlang gore ke nne sone, mme fa ke kgaogane nabo, jalo ke nna seo ke batlang go nna sone.” Ka go atamalana le batsadi ba ba boifang Modimo, o ka thusega go tila tlalelo e e sa tlhokegeng. Bao ba ka bong ba sena batsadi ba Bakeresete ba ka atamela Bakeresete ba ba godileng—ba banna le ba basadi—gammogo le bagolwane mo phuthegong. Senkang thuso ya bone eo ba e neelang ka go rata.—Tito 2:3, 4; Yak. 5:14, 15.

Baya Mmele wa Gago mo Taolong

15. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa tsela ya gagwe go 1 Bakorintha 9:27 jang, mme mosha a ka dira jalo jang?

15 Moaposetoloi Paulo o rile: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ [e seng, ‘o mpaya mo taolong]: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rèrèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.” (1 Bakor. 9:27) Paulo o ne a ‘itshwere makgwakgwa.’ Le wena he, bogolo go go letlelela dithato tsa mmele wa gago go go fenya, lemoga maemo a a tla tsosang maikutlo a gago a bonna le bosadi mme o a tile gotlhelele. Ka sekai, o a itse gore go tla diragalang ka dikeletso tsa mmele wa gago fa o bala dibuka le go lebelela thelebishene le dibaesekopo tse di galaletsang go tlhakanela dikobo. Ka gone, di tile jaaka bolwetsi jo bo tshwaetsang! Go intsha le mosimane kana le mosetsana (moo go amogelwang teng) fa o sa lekanela go nyala, mefuta mengwe ya ditantshe, mekete eo e senang kaelo e e itshekileng le mo basimane le basetsana ba ka ipanang teng, gotlhe go tsosa ‘dithato tsa mmele.’ Jalo di tile mme ‘o bolaye ke gona ditokololo tsa gago tse di ganelelang mo boakeng, le mo bomasweng, le mo dithatong, le mo keletsong e e bosula.’—Bakol. 3:5.

16. Ke ditlhokomediso dife tseo Bakeresete ba tshwanetseng go di tsaya fa ba ratana ebile ba ipaakanyeletsa lenyalo?

16 Mosimane le mosetsana ba tshwanetse go tlhokomela maemo a bone segolo-bogolo fa ba ratana ebile ba ipaakanyeletsa lenyalo. Fa mosimane le mosetsana ba nna ba le bangwe mo koloing, mo kamoreng (gongwe motho a nna a le nosi kgakala le legae), kana kwa lefelong le le kwa ntle le le fitlhegileng ba ka raelesega go atamalana ka mo go feteletseng. Mosha mongwe wa dingwaga tse 17 o ne a bua ka tshosologo a re: “Mongwe le mongwe a ka re, ‘re itse gore re emise leng.’ Ke boammaaruri motho o ka itse gore leng, mme ke ba ba kae ba ba ka kgonang? Go botoka go tila boemo joo. Biletsang ba bangwe koo.” Ee, mopati a ka lo naya nonofo e e oketsegileng ya go fenya go eletsa dikobo ga mebele ya lona fa lo le mmogo. Gape, “tlhomang meedi” ya gore lo tla bontshana lorato go isa kae. E kgomareleng.

17. A go botlhokwa gore re tlhokomele ditsala tsa rona? Ka ntlhayang?

17 Fa mmele o eletsa go nna gaufi le bao ba sa itshwareng sentle, o ‘beele’ kgakala le ditsala tseo. “Katosetsa tsela ea gago kgakala naè [mosadi wa seaka], u se ka ua atamèla moyakō oa ntlo ea gagwe,” Bibela e gakolola jalo. (Dia. 5:8) Legale, fa basha ba sa le kwa sekolong, ba thabunyela mo go tsalaneng le batho ba bantsi ba boitsholo jo bo maswe. Mme a o itisa nabo? Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 18 o ne a ntsha maikutlo a ba bangwe ba bantsi fa a ne a re: “Ditsala tsa motho di mo tlhotlheletsa thata mo maitsholong. Morago ga go reetsa metlotlo ya bone ka go tlhakanela dikobo, o a šwegašwega. O batla go itse gore tota go lala le mosimane go ntse jang. A go monate fela jaaka ba kaya? Ke itse gore seno ke boammaaruri gonne ke ikgodisetsa ngwana ka ntlha ya one mabaka a.”—Dia. 13:20.

18. Fa Mokeresete yo mosha a sotlwa ka ntlha ya go itsheka, ke dipotso dife tseo a tshwanetseng go di akanyetsa?

18 Dikwalo di bontsha gore batho ba bangwe ba boitsholo jo bo maswe ba ne ba tla sukunyela mo phuthegong ya Bokeresete. Jalo he, itiseng. Fa o dumela gore mongwe a ka nna wa mofuta ono, ba kaele go bagolwane gore ba bone thuso ya moya. Ka go dira jalo o tla bo o ba bontsha lorato lwa sebele ebile gongwe o sireletsa ba bangwe mo phuthegong. Ke boammaaruri, batho ba bangwe ba lefatshe ba boitsholo jo bo maswe ba ka go sotla ka boemo jwa gago jo bo itshekileng. Mme, akanya fela! A o tla letla batho bao e leng “batlhanka ba sebodu”—ee, batlhanka ba dikgatlhego tsa bone—ba go dire gore o tlhabiwe ke ditlhong? (2 Pet. 2:19) Ke mang yo o nang le nonofo e kgolwane—a ke mosadi (kana monna) wa boitsholo jo bo maswe, jo bo repileng, ‘yo o latelang dinyatsi tsa gagwe,’ kana lekgarebana le le itshekileng le le ka reng ka nonofo ya boitsholo jwa gagwe, “Nna ke lorakō” (Sehela 8:10; bapisa Hosea 2:7.) Ke mang mo go lona yo o ka ratang go latlhegelwa ke boitlotlo mme ‘a nee basele tlotlo ya gagwe ga motlhofo’?—Dia. 5:9; Yude 4, 8-13.

19. (a) Ke mang yo o ‘beileng mmele wa gagwe mo taolong’—a ke baratani ba ba tlhalosiwang go Sehela sa Dihela, kana Amenone? (b) Diphelelo e nnile dife?

19 Ka go laola mmele wa gago, o o fenya, o tla kgona go leba kwa morago o sena maswabi ape. Akanya ka boipelo jwa mosetsana wa Moshulema le lekau la gagwe la modisa fa kwa bofelong ba ne ba nyalana. Ka thuso ya ba bangwe, le ka maiteko a bone ka bobone, ba ile ba fenya dikeletso tsa bone tsa mmele mme ba nna ba itshekile. Lefa ba ne ba bua mafoko a lorato, ga baa ka ba itshola maswe pele ba nyalana, ka go dira jalo ba ngotla boitumelo joo ba neng ba tla bo ipelela morago ga go dira dipaakanyo mo lenyalong. Abo go farologane jang ne le Amenone yo o neng a gotetse mme a palelwa ke go leta mo ‘mmele wa gagwe o bileng wa mo laola’ gore a dire boitsholo jo bo maswe!—Sehela 2:16; 4:16; 5:1; 2 Sam. 13:1, 2, 10-16.

Aga Kamano ya Gago le Modimo

20. (a) Go ka diragala eng fa motho a se na kamano ya botho le Modimo? (b) Go ne go tlhaela eng mo bathong ba boitsholo jo bo maswe ba ba tlhalosiwang ke Paulo go Baroma kgaolo ya ntlha?

20 “Ga ke ise ke ko ke age kamano ya botho le Jehofa,” ga ipolela jalo lekgarebe lengwe la dingwaga di le 22 le le godiseditsweng mo lelapeng la Bokeresete. “Modimo e ne e se motho wa sebele go nna. Ke akanya gore ke lone lebaka le le ntirileng gore ke se tshwenyege le e seng fa ke ne ke gokafala.” Boemo jwa gagwe bo ne bo tshwana le jwa batho ba ba neng ba sa itshole sentle ba ba tlhalositsweng ke Paulo. Bano “ba itsile Modimo”; ba ‘itsile molao wa gagwe sentle,’ mme ba ne ba tlhoka ‘kitso ya boammaaruri.’b (Bar. 1:21, 28, 32) “Kitso le tlwaelano tse di boteng, le tse di gaufi thata”c tseno, e leng kitso ya botho, eo e neng e ka bo e godisitswe, e ne e tlhaela. A wena, jaaka mosha, o na le ‘kitso eno ya boammaaruri ya botho’? O tlhoka go ithuta Lefoko la Modimo ka bowena ka metlha gore o tle o anaanele dinonofo tsa Modimo. Gopola kafa ‘kitso eo ya boammaaruri’ e nitamisitseng Bakeresete ba pele ka teng. Mme go tlhokega mo go fetang go itse buka fela.

21, 22. Ke eng se se tla agang kamano e e nonofileng, ya botho le Modimo?

21 Dithapelo tse di tswang pelong di aga bogaufi le Modimo. Mosetsana mongwe wa Mokeresete, yo o ileng a rareetswa ke boitsholo jo bo maswe mme morago a boa, o ne a re:

“Tsela e le nngwe fela ya go boloka kamano eo ya botho ke ka dithapelo, e seng tsa seomodiro fela mme e le tse di pumpunyegang kwa botennye jwa pelo. Fa ke bolelela Jehofa seo ke se utlwang kafa gare mme ke ntse ke buisana nae ka metlha, ke lemoga gore ke Motho wa sebele ebile o kgatlhegela botshelo jwa me. Kamano ya me le ene ke selo sa botlhokwa-tlhokwa mo lefatsheng.”

22 A dithapelo tsa gago di mahehe fela jalo? A o dira go dumalana le tsone? Gape, ka go nna ‘modiri-mmogo le Modimo,’ o dira tiro ya go rera, dikgatlhego tsa gago le maitlhomo a gago a tla tshwana le a Modimo. Seno ka bosone se tla aga bogaufi le Modimo. Gakologelwa, ke wena fela yo o ka kgonang go aga kamano eno ya botho le Modimo.—1 Bakor. 3:9.

23. (a) A go lwa le boitsholo jo bo maswe go tla tswelelela ruri? (b) Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go ikemisetsa go dira letsapa lepe gore o itumedise Jehofa?

23 Ke boammaaruri, basha ga baa le bona gompieno. Go nna o ikanyegile ke ntwa ya tsatsi le letsatsi. Lefa go ntse jalo, fa o ka feta fela “lobaka loa go nyala,” ntwa e ka tlhofofala. Le gone, ntwa eno ga e kitla e tswelelela ruri. Ka bonako Satane, e leng motlhotlheletsi yo mogolo wa boitsholo yo bo maswe jo bo tlhasetseng jo, o tla fedisiwa. Mo tsamaisong e ntšha ya Modimo eo e leng gaufi jaana, go tla nna le tikologo e e siameng eo e tla dirang gore tsela ya rona e nne motlhofo thata-thata. Akanya ka ditshegofatso tsa tsamaiso eo e ntšha. Ruri o dumelana le maikutlo a mosadi mongwe yo mosha, yo o neng a re: “Ke akanya ka dilo tsotlhe tseo Jehofa a di ntiretseng le tse a di ntsholofeditseng. Gaa ise a ntlhoboge. O ntshegofaditse ka ditsela tse dintsi thata. Kea itse gore o mpatlela tse di molemo fela, ebile ke batla go mo itumedisa. Botshelo jo bo sa khutleng bo tshwanela letsapa lepe le le direlwang Jehofa.”—Bar. 16:20; 2 Pet. 3:13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Baithuti bangwe ba rile mokgwa o o tlwaetsweng wa go gotetsana ka go amana dirwe tsa sephiri, ke lengwe la mabaka a magolo a go kgaola dipeelelano. Ditshekatsheko di bontsha gore bobotlana peeletsano e le nngwe mo go tse tharo ga e felele ka lenyalo.

b Mo temaneng ya 21 Paulo o dirisa lefoko la Segerika gnoʹsis, fa mo temaneng ya 28 a dirisa e·piʹgno·sis, leo e leng lefoko le le nonofileng bogolo. Le raya kitso e e tseneletseng le e e molemo thata.

c E tlhalosiwa jalo ke moithuta-Segerika Dr. Richard C. Trench mo bukeng ya Synonyms of the New Testament.

A o ka araba dipotso tseno fa go boelediwa?

• Thato ya Modimo ka Bakeresete kaga maitsholo a tsa kafa dikobong ke efe?

• Ke ka ntlhayang fa “bomashwè” jwa go tlhakanela dikobo bo tlhokofatsa batho ba ba sa nyalanang?

• Basha ba Bakeresete ba tshwanetse go leba thuso e e theilweng mo Bibeleng eo ba e newang ke batsadi ba bone ba ba boifang Modimo jang?

• Ke ditlhokomediso dife tseo mosimane le mosetsana ba Bakeresete ba tshwanetseng go di tlhokomela fa ba ipaakanyeletsa lenyalo?

• Kamano e e nonofileng ya botho le Jehofa Modimo e ka godisiwa jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela