LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 8/15 ts. 22-27
  • Ruta Ngwana wa Gago go Tlhagolela Poifo Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruta Ngwana wa Gago go Tlhagolela Poifo Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Puisano ya Pelo
  • Godisa Kotlo ya Semoya
  • “Dira Jehofa wa Mmatota”
  • Kotlhao e e Lorato e a Tlhokafala
  • Fa Bothata bo Tlhagoga
  • Tiro e e Bokete​—Mme E A Duela!
  • Batsadi, Fitlhelelang Pelo ya Ngwana wa Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Thusa Ngwana wa Gago go Itshokela Kutlobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Teng
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 8/15 ts. 22-27

Ruta Ngwana wa Gago go Tlhagolela Poifo Modimo

“Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.”​—DIANE 22:6.

1. Go tshwanetse ga fitlhelelwa eng go thapisa ngwana ka katlego, mme ka baka lang?

MOTSHAMEKI mongwe wa diserekisi a re o leka go ruta morwawe boranyane jwa go tlolela kwa godimo a lemoga fa a na le bothata jwa go tlola dikota tse di phakalegilweng. “Fa fela o ne o ka latlhela pelo ya gago go pota dikota tse ka kwa,” o ne a akantsha jalo, “mmele wa gago le one o ne o tla latela.” Ka mo go tshwanang, bao ba ‘thapisang’ ngwana wa bone go tlhagolela poifo Modimo ba tshwanetse go tlhotlheletsa pelo. Seno se bokete segolo bogolo mo dingwageng tsa bolesome.​—Diane 4:23.

2. Ke ka baka lang fa dingwaga tsa bolesome di le bokete, mme batsadi ba ka thusa jang?

2 “Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng go ne go se thata go bona gore go ne go diragalang moteng ga dipelo tsa basimane ba me,” go boletse jalo rre mongwe wa Mokeresete mo Jeremane. “Mme seo se ne sa fetoga jaaka tsokotsego ya legadima ka bofefo fela fa ba ne ba tsena mo bokaung le mo bokgarebeng.” Ka nako eno ya phetogo go ya bogoding, dikeletso tse dintsi tse disha le tse di gogomosang, di tlhotlhelediwa ke diphetogo tsa mmele le diela-tlhotlheletso, di ama pelo ya motho yo monana. Legale gantsinyana thata dingwaga tse di jalo di a tle di senngwe ke diphoso tse di botlhoko. Le eleng Jobe wa moikanyegi o ne a hutsafadiwa ke “maikèpō a bokau [jwa gagwe].” (Yobe 13:26) Dikgatelelo tsa maikutlo di ka tsala “boimèlèsègō mo peduñ” ya motho yo monana. Diane 12:25 e re seno se tla dira gore pelo ‘e inamisiwe: me lefoko je le molemo le e ipedise.’ O ka thusa jang ngwana wa gago ka puisano e e molemo mo dingwageng tseno tse di boima?

Puisano ya Pelo

3, 4. (a) Ditsela tsa go gakolola tsa ga Elihu le “ditsala” tse tharo tsa ga Jobe di ne di farologana jang? (b) Ke eng se se tla kgoreletsang puisano ya pelo?

3 Akanyetsa phapaang mo ditseleng tsa kgakololo tsa ga Elihu le tsa “ditsala” tse tharo tsa ga Jobe. Seno se tla phepafatsa se se ka godisang kana se ka se keng se godise puisano. Elihu e ne e le moreetsi yo o molemo. Fa ba bangwe ba ne ba sala ba iphaphile, le ka motlha ba sa dumele makoa a eleng a bone a botho, o ne a re: “Bōna, nna ke ntlheñ ea Modimo, hèla yaka wèna: le nna ke bopilwe ka lecopa.” O ne a kgothaletsa Jobe go ‘fetola,’ go bua go tswa pelong ya gagwe, e seng go rerisega. (Yobe 33:5-7) Mo letlhakoreng le lengwe, “ditsala” tse tharo di ne tsa itshema di utlwela Jobe botlhoko le go mo gomotsa, mme ba ne ba reetsa ka megopolo e e tlang e feditswe go le gale. “Utlwañ yana kganetsanyō ea me, lo reetsè kganèlèlō tsa dipounama tsa me,” go ne ga ipobola Jobe jalo kwantle ga matswela. (Yobe 13:6) Ee, katamelo ya bone e ne ya godisa sekgoreletsi.

4 Fa a se kelotlhoko, motsadi a ka godisa dikgoreletsi tse di tshwanang ka mo go tshwanang kwantle ga go go lemoga. Ka jalo sekegela ngwana wa gago tsebe. (Diane 18:13) Akanyetsa ka kelotlhoko thata kafa phetolo ya gago e tla tlang ka teng. “Go na le go bua ka kgakgabuèlō yaka ditlhabō tsa putlèla: me loleme loa motho eo o botlhale ke phodishō.” (Diane 12:18) Go boammaaruri, ka dinako tse dingwe boikutlo kana le mafoko a monana a ka nna a kgopisa. Mme gakologelwa, kafa morago ga ‘phomesegelo ya puo’ e e ntseng jalo go ka nna ga bo go le pelo e e imetsweng ke phereetsego ya boikutlo. Ka botlhale dirisa loleme lwa gago go fodisa.​—Yobe 6:2, 3.

5. (a) Ke eng se se tla thusang motsadi go ga maikaelelo a pelo ya ngwana? (b) Go lebisa go dikgatiso tsa Mokgatlho go ka thusa jang?

5 Theetso e e kelotlhoko, mo go akareletsang dipotso tse di botlhale, di tla goga ngwana mme di go dire gore go nne motlhofo gore a bue kaga seo se mo tshwenyang. (Diane 20:5) “Makgetlo a mantsi morwaake o ka simolola puisano ka nako e go bonalang e sa tshwanela mme a bue seele se le sengwe fela kana tse pedi ka gongwe ka ga tiragalo nngwe kwa sekolong,” go ne ga tlhalosa jalo mmè mongwe wa ngwana wa dingwaga tse 18. “Mme go mo go nna gore ke ‘ge’ ka bonolo seo se leng mo pelong ya gagwe ka dipotso tse di jaaka, ‘Go tswa foo go ne ga diragalang?’ Kana, ‘O ne wa ikutlwa jang kaga gone?’ Kana, ‘O ne wa dirang kana wa reng?’ Seno ke sone se a neng a se batla, mme o ne a rarologa ka bothata jwa gagwe. Mme seno se ne sa tsaya nako e ntsi!” Tsaya nako e e ntseng jalo le ngwana wa gago! Ka dinako tse dingwe fa lo ntse lo tsamaya mosepele o moleele kana lo itapolositse mmogo fela, dira gore o itse se se mo tlhaloganyong ya gagwe. Batsadi ba bantsi ba ile ba fitlhela gore, ka go lebisa go boikitsiso joo bo neetsweng mo dingwageng tse di fetileng mo dikgatisong tsa Watch Tower Society, ba thusiwa go tlhaloganya banana ba bone botoka le go nna le dipuisano tse di mosola le bone. Ka ntlha ya gone moo, puisano ya go lebanwe difatlhego ya pelo e ile ya oketsega magareng ga maloko a lelapa. Lefa go ntse jalo, go tlhagolela poifo Modimo go tlhoka mo go fetang puisano e e molemo fela.

Godisa Kotlo ya Semoya

6, 7. Mmaagwe Timotheo o ne a fitlhelela eng, mme batsadi ba ka mo etsa jang?

6 Mmaagwe Timotheo o ne a se mololo fela malebana le dikgang tsa semoya tse di neng di raya botshelo go morwawe. Go ne ga kwalwa jaana kaga gagwe: “Le yaka dikwalō tse di boitshèpō u sa le u di itse mo bonyaneñ yoa gago, e le tse di nonohileñ go gu tlhalehisetsa polokoñ.” (2 Timotheo 3:15) Ka mo go tshwanang gompieno, batsadi bao bana ba bone ba tlhagolelang poifo Modimo ba amegile thata thata kaga kotlo ya semoya ya bana ba bone. Ba ba ruta gore ba dire thuto ya botho ba sa le babotlana thata.

7 A o ile wa tlhomamisega gore ngwana wa gago a nne le dikwalo tsa gagwe tsa Bibela le go baakanyetsa dipokano tsa phuthego? A o mo kgothaletsa thata thata go rulaganyetsa nako go epela kwa teng mo mahumong a Lefoko ja Modimo? (Diane 2:1-5; 1 Yohane 2:14) Fa a le kwa dipokanong, a o bapa le ene go mmaakanyetsa ka kgothatso ya mogopolo​—le ya pelo—​e seng go kgarakgatshega? A o kgothalediwa go tlhakanela? (Bahebera 10:23-25) A o tshwarelela mo thutong ya ka metlha ya lelapa e e baakanyetsang ka kitso e e tlhokafalelang ditlhokafalo tsa ngwana wa gago tse di rileng? Akanyetsa dipotso tseno.​—Diane 24:5.

“Dira Jehofa wa Mmatota”

8. Duteronome 11:18, 19 e bontsha gore poifo Modimo e tshwanetse ya simologa kae, mme batsadi ba ka dirisa seno jang mo ngwaneng gompieno?

8 Lefa go ntse jalo, go tlatsa boboko ka mabaka fela go ka nna ga tlogela pelo le segakolodi di sa kgongwa. Go tlhagolela segakolodi se se molemo, ngwana wa gago o tshwanetse go bona Jehofa e le motho yo o nang le kgatlhego e e nonofileng le e kgolo mo go ene le mo go se a se dirang. Mme santlha lorato lwa ga Jehofa le tshwanetse go tlatsa pelo ya gago le go go tlhotlheletsa go bua ka tlhokomelo e e lorato le bogolo jwa gagwe ka metlha. O tshwanetse go rata le go tshela ka boammaaruri. Fa a ne a bodiwa ka bana ba gagwe, bao ka bobedi e leng baefangedi ba nako e e tletseng, gore ba ne ba tlhagolela lorato lo lo nonofileng lo lo ntseng jalo la Modimo jang, mmabana mongwe mo Ennyelane o ne a tlhalosa ka go re: “Ke ka go buisana le bone kafa Jehofa e leng wa mmatota ka teng. O nthusitse fela thata mo go neng go se na ka tsela epe fa e se go dira Jehofa wa mmatota go bone. Sengwe le sengwe se ikgarile go mo dikologa.” Ruta ngwana wa gago, le wena, go bua le Jehofa go “rapèla ka metlha eotlhe mo Moeeñ, ka thapelo eotlhe le kokotlèlō.” (Baefesia 6:18) A ngwana wa gago a utlwe dithapelo tsa gago tse di tlhoafetseng, tse di tswang mo pelong le go tlotla le ene ka bomosola jwa tsa gagwe.​—Duteronome 11:1, 2, 18, 19; Diane 20:7.

9. Batsadi ba ka dirisa dikao tse di tshelang jang go thapisa segakolodi sa ngwana?

9 Segakolodi sa bonana se ka tlhotlhelediwa fela thata ke dikao tsa mmatota tse di tshelang. (Bapisa 1 Bakorintha 8:10.) Nako le nako o ka nna wa utlwa kaga bangwe bao ba bogang ka ntlha ya go roba melao ya Modimo. Kwantle ga go pega molato, tlotla ka dikao tse di ntseng jalo le ngwana wa gago, ka gone o mo thusa go anaanela mafoko a ga moaposetoloi Paulo: “Ga lo ka ke loa tsietsa Modimo. Lo tla roba se lo se jadileng.” (Bagalatia 6:7, Beck) Ka sekao se se tsepameng, tlotlang mmogo ditiragalo tse di tlhotlheletsang tsa Efangedi ya botshelo jwa ga Jesu. O tla bo o thusa ngwana wa gago go bona “mogopolo oa ga Keresete.” (1 Bakorintha 2:16) Mme o tshwanetse go dira gore dipego tseo di tshele! Kgothaletsa ngwana go tshwantsha dipono tseo di gwetlhang mme le go akanyetsa ka tsela e e botswerere thata e Jesu a neng a dirisana le dikgang ka yone. Kgetha boikitsiso go tswa dikgatisong tse di ikaegileng ka Bibela tseo di tlhalosang botshelo jwa ga Jesu le dinonofo tsa gagwe tsa botho, mme go oketsa motswako dirisa tseno nako le nako mo thutong ya gago ya lelapa.a

10. O ka thusa ngwana wa gago jang “go itse loratō loa ga Keresete”?

10 Ngwana wa gago o tla lekela go etsa sekao sa ga Jesu le ene. Ke fela ka go dira jalo ka boitemogelo jwa mmatota mosha a tla itseng “loratō loa ga Keresete lo lo hetañ kicō.” (Baefesia 3:19) Ka gone, mo kgothaletse go etsa ka tlhoafalo e kgolwane thata go ila boikepo ga ga Jesu, go rata ga gagwe batho, go tlhagafalela ga gagwe kobamelo ya ga Rraagwe, kutlwelo botlhoko ya gagwe le bopelonamagadi jwa gagwe, le boiketleeletso jwa gagwe go emelana le ditshotlo. (Bahebera 1:9; Mareko 6:34; Yohane 4:34; Luke 23:34; 1 Petere 2:23) Ka bothitho akgola ngwana wa gago fa a arabela. O tshwanetse go bona gore, lemororo re sa itekanela, fa re latela motlhala wa Morena ka tlhoafalo re tla itumela thata le go re digakolodi tsa rona di tla nna podimatseba thata. Le rona gape re atamela Modimo thata, ereka jaana Jesu a bontsha botho jwa ga Rraagwe. (Yohane 14:6-10) Ka metlha gakolola ngwana wa gago ka go tseela kwa godimo kamano eno. Jaaka mmè mongwe wa Mokeresete wa bana ba bane yo o neng a atlega a ne a re: “Monna wa me le ka motlha ga a ke a tlodisa letsatsi a sa tlamparela mongwe le mongwe wa basimane mme a ba bolelele kafa a ba ratang ka teng le kafa a itseng Jehofa gore o itumetse ka teng ka ntlha ya boitshwaro jwa bone. ‘Jehofa o a lo rata,’ a rialo. ‘Lo se ka lwa mo swabisa.’”​—Diane 27:11.

Kotlhao e e Lorato e a Tlhokafala

11. Ke ka baka lang fa ngwana mongwe le mongwe a tlhoka kotlhao?

11 Go sa kgathalesege go bo a ile a rutwa ke Modimo “le mo bokauñ yoa [gagwe],” Dafide o ne a sa ntse a ka ipobola, “U se ka ua gakologèlwa maleo a me a yale ke sa le lekau, leha e le ditlolo tsa me.” (Pesalema 71:5, 17; 25:7) Ee, ngwana mongwe le mongwe o na le ‘boeleele jo bo bofeletsweng mo pelong ya gagwe.’ Mme “thupa ya kotlhao e bo lelekela kgakala mo go ene.” (Diane 22:15) “Thupa” eno ya taolo ya botsadi ga ntsi e ka nna ka lefoko la kgalemo kana thibelo e e nonofileng. Jalo fa pelo e e boferefere ya ngwana wa gago e eletsa sengwe se se kotsi, go tlhokafala gore o tiise fela o re nnyaa!​—Yeremia 17:9; Diane 29:17, 19, 21.

12, 13. O ka dira gore kotlhao e nne le matswela jang?

12 Mo go otlhaeng, segolo bogolo fa go tlhoka thupa, latela motlhala wa ga Jehofa yo o ‘kgalemelang go ya kafa go se se siameng.’ Isaia 28:26-29 e bontsha gore o tshwana le molemi yo o dirisang temogo mo go lekanyetseng gore ke sedirisiwa sefe se se tla nnang mosola mo go photheng mefuta e e farologaneng ya ditlhaka tsa mabele le gore o tla photha ka lobaka lo lo kae, e seng ‘go gatakela ruri fela.’ Jalo ipotse: A thibelo e ya utlwala mo leseding la dingwaga tsa ngwanake le kgatelopele ya gagwe go ya bogoding? A kotlhao e tsamaelana le bomasisi jwa tiro e e bosula gammogo le go tsepama e seng fela ka ntlha ya maikutlo a me? A mme ngwana eleruri o itse gore ke ka baka lang fa a otlhaiwa?​—Yobe 6:24.

13 Dithibelo tse di se nang tlhaloganyo kana kotlhao e e sa tlhomamang di tla kgopisa kana di gakatse ngwana.b (Baefesia 6:4; Bakolosa 3:21) Legale tsepamo e e lorato e tla sireletsa ngwana wa gago mo maemong a a ka senyang dithuto tsotlhe tse di molemo tseo o ileng wa di boloka mo pelong ya gagwe. Seno se botlhokwa segolo bogolo malebana le balekane ba gagwe. (Diane 13:20; 28:7) Mme go tweng fa e le gore e ka re morago ga boiteko jo jotlhe jwa gago ngwana wa gago a tsena mo mathateng tota?

Fa Bothata bo Tlhagoga

14. Ke ka baka lang fa motsadi a sa tshwanela go itlhoboga ka pele fa ngwana a kopanyelediwa mo bothateng jo bo masisi?

14 Kutlo botlhoko e e maswabi e dirile gore batsadi bangwe ba tlhoboge ka bofefo ngwana yo o fosang. E re ntswa Jehofa a ne a neela kotlhao le kgalemelo tse di tshwanelang, o ne a se bofefo go tlhoboga tšhaba ya Iseraele ya bogologolo eo ka nako nngwe e neng e le ‘morwa’ wa gagwe. (Hosea 11:1; 2 Ditihalō 36:15, 16; Pesalema 78:37, 38; Nehemia 9:16, 17) Fela jaaka baithuthuntshi ba bogologolo ba ne ba kgona gore ba fape dintho le go sidila go swanyega fa motabogi a ne a gobala, batsadi jaanong ba tshwanetse go lekela go tsholetsa “mabogo a a lepeletseñ . . . go re se se tlhotsañ se se ka sa lokologa, me bogolo se tlè se sidilègè.”​—Bahebera 12:12, 13.

15. Motsadi o ka dirisa Bagalatia 6:1 jang mo go gapeng ngwana yo o fosang?

15 Go tlhamalatsa ngwana yo o “tlhotsañ” semoyeng le go itsa boemo jwa gagwe gore bo se nnele maswe pele go tlhoka go sokolola go akanya ga ngwana. “Leha motho [kana ngwana] a chwerwe mo tloloñ ñwe,” go ne ga gakolola Paulo jalo, “lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō.” (Bagalatia 6:1) Lefoko la Segerika le le fetoletsweng fano go ‘sokolola’ e ne e le lereo la tsa kalafi le le neng le dirisiwa mo motlheng wa ga Paulo go ‘kitlanya marapo.’ Eleruri motlhala ono o o botlhoko o ne o tlhoka botswerere jo bo maneneketso jwa go itsa lerapo le le robegileng go golafala botshelo jotlhe. Motheo wa lefoko le le tshwanang o ranoletswe “tlhamaganya” (ditloa) le ‘go mamatlelela.’ (Mareko 1:19; 1 Bathesalonia 3:10) Go “tlhamaganya” pelo ya monana, lekela ka ‘botswerere jwa go ruta’ go mo fitlhelela. Go na le fela le go lwa ka puo, latela kakantsho ya Bibela e e botlhokwa-tlhokwa: “Nna bonōlō . . . [o le] boiphapaanyō, [o] le boikokobeco, [o] shokolola ba ba ikgantshañ; e tle e re kgotsa Modimo oa ba naea boikwatlhaō.”​—2 Timotheo 2:24-26; 3:16; 4:2.

16. (a) Ke dipaakanyo dife tse di ka tshwanelwang ke go dirwa mo go gapeng ngwana yo o fosang? (b) Ke eng seo ngwana a tshwanetseng go se tlhalosediwa sentle?

16 Go sokolola go akanya ga ngwana mo go phoso thata go tlhoka gore motsadi a godise maiteko a gagwe a go thapisa. Motsadi o tlhoka go dira diphetogo mo mokgweng wa gagwe wa botshelo go neela tlhokomelo e e tlhokafalang. Mo papisong e e bontshang boiteko jo bo tshwanetseng go gapa “moleohi a le mohwe hèla,” Jesu o tlhalosa ka mosadi yo a neng a batla a latlha sengwe le sengwe go batla ledi la gagwe le le latlhegileng. (Luke 15:7-10) Ngwana yo o rutetsweng mo bomodimong a ka fekeediwa fela thata ke maikutlo a boitlhobogo le a molato fa boleo jwa gagwe bo senoga, jalo motsadi a ka tlhoka go tiisetsa ngwana lorato lwa gagwe. Thusa ngwana go bona gore boitshwaro jwa gagwe ke jone bo sa ratiweng, eseng ene, le gore boitshwaro jono bo ka baakanngwa.​—Yude 23.

17, 18. (a) Rre mongwe o ne a tsosolosa morwawe jang? (b) Ke eng se gantsi se tlisang katlego?

17 Rre mongwe, yo morwawe a neng a otlhaelwa boitshwaro jo bo sa siamang ke phuthego, o ne a simolola go tsamaya dikgala tse ditelele le ene makgetlo a le mantsinyana mo bekeng, ba kopanela dipuisano tse ditelele, tse di iketlileng. O ne a kgetha gape dikgatiso tse di tsamaelanang le Bibela tse di neng di dirisana le ditlhokafalo tse di papametseng tsa morwawe. Rre o ne a ithuta tseno le ene, mme mo godimo ga moo a dira gore mosimanyana a tlhakanele mo thutong eo rre o neng a e tshwara le lelapa lotlhe. Motsadi o ne a baakanya tiro ya boikarabelo jwa gagwe jaaka mogolwane wa phuthego go neela morwawe tlhokomelo e e feletseng ya boikutlo le tlhaloganyo e o a neng a e tlhoka. Mosimane o ne a tsosolosiwa.

18 Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe morwa kana morweetsana a ka tsuologa fela thata, le eleng go ‘nyatsa kutlo.’c (Diane 30:17) Ka boitumelo, maemo a a ntseng jalo a a feteletseng ga a kalo mo bathong ba Modimo. Abo go kgothatsa go itse gore, mo maemong a mantsi-ntsi, fa batsadi​—lemororo ba sa mpampetse boitshwaro jo bo phoso—​ba sa itlhoboge ka pele mo ngwaneng mme ka bopelotelele ba leka go mo fitlhelela, matswela e ka nna a a molemo!

Tiro e e Bokete​—Mme E A Duela!

19. Lo ka etsa sekao sa ga Maria jang mo go tlhokomeleng lelapa la lona?

19 Go godisa bana, segolo bogolo mo “metlheñ [eno] ya bohèlō,” ke namane e tona ya tiro. Batsadi bao ba tsayang boikarabelo jono ka bomasisi ba tshwanetswe go akgolwa eleruri! Tswelelang ka go seka seka mekgele ya lona. Le ka motlha se letleleleng tlhobaelo ya go baakanyetsa ka “dilō tse dintsi” tsa sebopego sa dilo tse di bonalang go baratiwa ba lona go le itsa go ngangatlela dipaka tse di molemo-lemo tsa semoya le bone. Gakologelwa gore, Jesu o ne a bolelela Maratha go re ga go batlwe “dilō di le dintsi; go batlwa selō se le señwe hèla.” Ee, dijo tse di lekanetseng fela di ne di siame. Tshwana le Maria, yo o neng a ipelela nako e e molemo ya semoya le Jesu. Tlhophang “kabelo e e molemō” ya lelapa la lona ka go tlhakanela mo ditirong tsa semoya jaaka lelapa.​—Luke 10:38-42.

20. Ke dituelo dife tse di letetseng batsadi ba Bakeresete ba ba atlegang?

20 Dingwaga morago ga go thusa bana ba gagwe ba barataro ka katlego go rata Jehofa, motsadi mongwe o ne a amogela karatanyana ya malebo go tswa go mongwe wa bone. E ne ya balega jaana bontlhanngwe: “Mma, ke go rata tota, ke go rata ka lorato lo ke tlhokang mafoko a go lo tlhalosa. Ke go lebogela go bo o nneile kaelo le lesedi . . . O nneile tsholofelo e e di gaisang tsotlhe mo lefatsheng mme eo ke boammaaruri. Ke go lebogela go bo o bolokile botshelo jwa me.” Abo mmè yoo a ile a ipela jang ne! Jaaka Diane 23:24, 25 e tlhalosa: “O ka ipelafatsa ka morwa [kana morwadi] yo o botlhale. A rrago le mmago ba ipelafatse ka wena; itumedise mmago jalo.” (Today’s English Version) Ka thuso ya ga Jehofa, ekete boitumelo joo e ka nna jwa lona!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go utlwa tlhaloso ya botshelo jwa ga Jesu jwa selefatshe, bona setlhogo “Get a Firm Hold on the Real Life,” mo go Watchtower, ya January 1, 1973. Setlhogo “Prove Yourselves to Be True Disciples of Christ,” go Watchtower, ya July 1, 1977, se akanyetsa dinonofo tse dintsi tsa botho tsa gagwe, jaaka go dira Aid to Bible Understanding (e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.), ditsebe 927-32.

b Thuto ya patlisiso e e kopanyeletsang banana ba le 417 e e neng ya gatisiwa go makasine wa Adolescence e ne ya feleletsa ka go re: “Legae le le leng bogale thata le gogela kwa tsietsegong mme go tswa foo mo bodipeng, fa lelapa le le se nang melelwane le gogela kwa tsietsegong, ka go sa itse se ditebelelo tsa botsadi e leng sone, tseo go tswa foo di gogelang kwa bodipeng, mo go batleng mekgwa e sele.”

c Bona “Questions From Readers” go Watchtower, ya May 1, 1960, ditsebe 287-8.

Wa reng?

◻ Motsadi a ka tokafatsa jang puisano ya pelo le ngwana?

◻ Ke eng se se tla thusang ngwana go tlhagolela segakolodi se se molemo?

◻ Ke eng se se tla dirang gore kotlhao e nne le matswela?

◻ Ngwana yo o fosang o ka tsosolosiwa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Theetso e e kelotlhoko, le eleng fa e na le makgwere, e tla kgothaletsa puisano e e tswang mo pelong

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Eleruri ke kgwetlho go tlhomamisetsa ngwana lorato lwa gago le go fitlhelela pelo ya gagwe fa a fositse mo go masisi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela