Go Itshola Sentle—A Ruri Go Ka Kgonega?
RE TSHELA mo lefatsheng le le tladikilweng ka go rata dikobo, ebile seno se amile basha gammogo le bagodi. O ka nna wa ikutlwa fela jaaka lekau lengwe le le rileng: “Sengwe le sengwe se se re dikologileng se tlotlomatsa go rata dikobo. Go tlwaelegile fela jaaka go hema le go robala. Nako nngwe le nngwe fa o re o bala makasine, kana o bulela TV, ke dikobo fela. Fa o le kwa lebenkeleng, o kgweetsa koloi ya gago, o le kwa tirong, o le kwa sekolong—ga re ke tsone fela! Tsela eo batho ba tsamayang ka yone, eo ba buang ka yone le go apara ka yone ka metlha e tlhokomedisa ka mmele wa motho le dikobo. Ke tsone tse di tswang kwa pele mo motlotlong.” Dipalo tsa bosheng di bontsha gore, lefatshe ka bophara, basha ba bantsi go gaisa leng pele—tota le ba ba iseng ba fitlhe mo dingwageng tsa bolesome—ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.
GREAT BRITAIN: “Mosetsana a le mongwe mo basetsaneng ba le bararo yo o tsenang mo dingwageng tsa bo-masome a mabedi e santse e le kgarebana mme a le mongwe mo go ba le bane o letse le mosimane pele a ka nna 16,” tshekatsheko ya 1980 e senola jalo.
CANADA: “Bo-mmabana ba ba sa nyalwang ba dingwaga tsa bolesome ba setse ba aname jaaka ‘bolwetsi,’” go umaka jalo pego ya mmuso ya 1979.
UNITED STATES: ‘Makawana a le mane mo go a le matlhano le makgarebe a le mabedi mo go a le mararo ba tlhakanetse dikobo pele ga ba nna 19,’ go bontsha jalo tlhotlhomiso ya 1981.
JAPANE: Mo ditoropong tse dingwe ‘bommabana ba ba sa nyalwang ba ba gaufi le go wetsa dingwaga tsa bolesome le ba ba simololang tsa bo-masome a mabedi ba oketsegile ga masome a marataro magareng a 1970 le 1979.”
FORA: “Go feta sephatlo sa basetsana ba Fora ba ba tsenang sekolo ba ipolela gore ba tlhakanela dikobo ka metlha,” go bontsha jalo tshekatsheko ya 1980.
“Go Ima ga Bana ba Dingwaga tsa Bolesome ke Bothata jwa Lefatshe jo bo Golang,” go bua jalo setlhogo sa bosheng mo koranteng ya Brazil Herald. Setlhogo seo se umakile dikoketsego tseo mo England, Wales, East Germany le Russia. Mo e ka nnang 85% ya balwetsi botlhe ba malwetsi a thobalano ba ba begilweng ke basha fela. Malwetsi ao a setse a ama lefatshe ka bophara.
Lefa go ntse jalo ga se basha botlhe ba ba dumetseng polelwana ya go re “Boitsheko bo dira tshenyo.” Ba bantsi ba konetse ka go re ba tla leta go fitlhela ba nyala pele ga fa ba ka ipelela go tlhakanela dikobo. Mme ga go motlhofo gore ba nne ba bolokile boitsheko jwa bone le ‘go ithiba mo boakeng,’ jaaka Bibela e laola. (1 Bathes. 4:3) Ba ka ipotsa jaana ka tshwanelo: ‘A go na le maatla ape a a ka thusang motho gore a itshokele lekhubu le le tsubutlang jaana la boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong?’
Ee, a teng. Bosupi jo bo gakgamatsang jwa maatla ano bo ile jwa bonwa dingwaga di le 2 000 tse di fetileng ka nako ya longwe lwa dipaka tsa maitsholo a a bodileng mo go maswe-maswe mo ditiragalong tse di kwadilweng.
“Maitsholo a Bobatana a Kwa Roma”
Mopalamente wa Moroma ebong Seneca e ne e le mmogedi wa maemo a mo lefatsheng la Roma ka nako ya fa Bokeresete bo simologa. O dumetse ka go re: ‘Tsatsi lengwe le lengwe keletso ya go dira bosula e a gola. Boikepo bo setse bo laola dipelo tsa botlhe mo e leng gore ba ba sa bo direng baa welwa—ga ba sa tlhola ba le teng.’ Juvenal, yo le ene a tshedileng mo lobakeng lo, o kwala ka “maitsholo a bobatana a kwa Roma.”
“Ba helecwe ke maikutlō” ke ka moo mokwadi wa Bibela a tlhalositseng batho ba motlha wa gagwe ka teng. (Baef. 4:19) Go tlhakanela dikobo mo go sa tshwanelang go ne go lejwa jaaka patelesego. Ra-ditiragalo wa bogologolo Lampridius a re mo lobakeng loo monna yo o sa nyalang o ne a patelesegile go nna le mosetsana yo a neng a ka tlhakanela nae dikobo ka metlha, “ka go bo go ne go sa kgonege gore o ne a ka nna a sena mosetsana.” Mme botshelo jo bo maswe-maswe jo bo ne bo tlhotlhelediwa ke eng?
‘Fa modimo o Gokafala, go Reng Nna ke sa Gokafale?’
Medimo ya Baroma, ba bontsi jwa yone e tserweng mo Magerikeng, e ne e lebiwa jaaka metlhala ya boitsholo. Mme abo ba ne ba itshwere maswe jang ne! Venus le Flora e ne e le diaka tse di senang ditlhong le e seng, Bacchus e le letagwa, Mercury e ne e le mokgothosi wa mo ditseleng tse dikgolo mme Apollo e ne e le mohepisi wa basadi ba bantsi. Tota le Jupiter, e leng modimo yo mogolo le o o botlhale go gaisa yotlhe ga twe o gokafetse le basadi ba le 59!
Dikai tseno di amile batho jang? Nngwe ya diterama tsa motlha oo e bua ka lekau leo le ipotsang gore a le ka gokafala le mosetsana yo montle kana le seka la gokafala nae. A bo a bona setshwantsho sa ga Jupiter a hepisa mosadi. “Fa modimo o dira jalo, go reng nna ke sa dire jalo, nna mothonyana fela?” a akanya jalo, mme “ka jalo ka bona gore ke gokafale.” Terama eno e ne e senola botshelo jwa sebele, ka go bo Seneca o ile a kwala gore boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong bo ne bo sa tlhola bo tlhabisa motho ditlhong “fa a ne a bona gore medimo e ne e sa mo gaise ka gope.” Kwa ntle ga pelaelo batlhotlheletsi ba ba sa bonaleng ba ba tlhotlheletsang dikgopolo tseno tsa medimo e ne e le “bomorwa Modimo” bao ba tsuolotseng mo motlheng wa ga Noa, ba fologela mo lefatsheng gore ba nne le dikamano tse di maswe le barwadi ba batho. Lemororo baeletsa-dikamano bano ba ne ba boela kwa lefelong la moya, ba nnile ba tswelapele ka go tladika batho ka boikutlo jwa boitsholo jo bo maswe.—Gen. 6:1-4; Yude 6, 7.
“Lefelo la go Bapatsa Mmele”
Mokwadi wa lekgolo la bobedi la dingwaga Athenagoras o bolela gore bangwe ka dinako tseo ba ne ba tlhomile “lefelo la go bapatsa mmele, ebile ba tlhomile le mafelo a botlhabisa-ditlhong a gore basha ba direle sengwe le sengwe sa boikgotsofatso jo bo maswe teng.” Mo ‘lefelong’ leno le le neng le “rekisetsa” botlhe go tlhakanela dikobo mo go sa tshwanelang, go ne go na le holo ya diterama. Dikgang tsa diterama tseno di ne di bua thata ka botshelo jwa medimo jwa lorato lo lo maswe. Batshameki ba tsone gantsi ba ne ba apara “diaparo tse di senolang mmele” tseo o neng o ka re motho o maponapona. Gape, mo dipoteng tsa magae le tsa ditempele, gantsi mo botlhe ba bonang teng, go ne go na le ditshwantsho tsa “bopepe jo bo sa tlhalosiweng,” ka dinako tse dingwe ebile go bontshiwa le batho ba tlhakanetse dikobo. Medimo e e itsholang maswe e e setilweng, gantsi e dirilwe e le maponapona, e ne e bonwa ke botlhe tota le ke bana. Gape, dibuka tse di nang le matlhapa otlhe le ditlhaloso tsotlhe tse di tlhapatsang go gaisa tse di kileng tsa kwadiwa di ne di balwa ke basha ga motlhofo fela. Megopolo e ne e leswefatswa go tloga mo bonyaneng ka go bala, kana ka gore ba bangwe ba ba balele, kaga maitlhapediso a medimo le medimogadi.
Mo godimo ga seno akanya ka mafelo a a tumileng a a neng a tlhapela botlhe, a a neng a dirisiwa ke bontsintsi ebile a tlhalosiwa e le “matlo a go bapatsa mmele a a bidiwang ka leina le le tlotlegang”; dikamore tsa boitshedilelo, moo makau le banna ba ba godileng ba neng ba itshidila ba le maponapona, mo di bileng tsa nna mongobo wa bosodoma; gammogo le meletlo, eo gantsi e neng e le maitlhapediso a a tlhotlheletsang go tlhakanela dikobo. Boemo bo nnile fela jaaka jo bo tlhalositsweng ke lekwalo la ga moaposetoloi Paulo le a le kwaletseng Bakeresete ba Baroma. Fa a ne a bua ka bao ba ‘direlang se se bopilweng bogolo go Mmopi’ ebile ba ne ba latela maitsholo a a neng a le masha ka nako eo, o ne a kwala a re: “Ke gōna ka mouō, Modimo o ba leseleditseñ ba inèla mo dithatoñ tse di tlhabisañ ditlhoñ: gonne mokgwa o e leñ oa tlhōlègō, basadi ba bōnè ba o hetola o e señ oa tlhōlègō: Hèla yaka banna le bōnè ba khutlèla mosadi go tlhōla ba diha ka èna yaka mokgwa oa tlhōlègō, me ba gakalèlana mo dikgatlhegoñ tsa bōnè, banna ba diha le banna ba bañwe mo go tlhabisañ ditlhoñ.” (Bar. 1:24-27) Tlhaloso ya ga Paulo e ne e opile kgomo lonaka ka mo go tsitsibanyang, ka go bo go senyega ga maitsholo a lefatshe la Bagerika le Baroma go bakile ditlwaelo tse di maswe-maswe mo ditiragalong—banna ba bagolwane ba gobolola basimanyana ka go tlhakanela dikobo. Tlwaelo eno e e maswe e ile ya galalediwa ke maboko le diterama, ya ba ya tshwaetsa batho botlhe.
Fa o ne o tshela ka nako eo, mme gongwe le gongwe kwa o neng o leba teng o ne o bona maswe a maitsholo, abo o ne o tla retelelwa jang ne gore o nne o itshekile! Ee, gore makau le makgarebe a bo a nnile a itshekile ruri go ka bo go tlhokile nonofo ya boitsholo le go tsepama mo molaong. Lefa go ntse jalo, mo gare ga dilo tsotlhe tse, ebile ekete ke kgakgamatso, bangwe ba bile ba bontsha boitsheko jono.
Kgakgamatso ya Boitsholo
Morago ga fa moaposetoloi Paulo a sena go umaka mofuta wa batho ba ba itshotseng maswe bao ba neng ba tletse mo motseng wa bogologolo wa Korintha—bagokahadi, baboaka, basodoma, le bangwe ba mothale oo—o ne a kwala mo lekwalong la gagwe le le neng le ya go Bakeresete ba phuthego ya koo, a re: “Me bañwe ba Iona ba kile ba ne ba nntse yalo: me loa tlhapisiwa.” (1 Bakor. 6:9-11) Dithuto tsa Bokeresete jwa sebele di ne di neela nonofo ya boitsholo mo e leng gore balatedi ba jone ba ne ba ka fetoga ba bo ba nna ba itshotse sentle kafa dikobong.
“Ka gongwe sesupo se se bonalang thata sa thuto ya Bokeresete e ne e le go gatelela boitsheko,” ga konela jalo William Sanger mo bukeng ya gagwe ya The History of Prostitution, eo e tlotlang thata ka maitsholo a batho ba bogologolo. O oketsa ka go re: “Mo tshimologong fela, mafelo a Bakeresete a ne a ipolela ka tshwanelo fa ba itshekile mo matshelong a bone.” Botumo joo bo bakilwe ke eng? Ka thuso ya Modimo ba kgonne go etsa ‘setshwantsho’ se se botoka go na le sa medimo e e tlhapetsweng ke dikobo.
‘Setshwantsho’ se se Botoka
Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola ka go re, “Me lo apere motho eo mosha, eo o nntseñ a shahalediwa mo kicoñ [ya boammaaruri] kaha sechwanoñ sa eo o mo tlhodileñ.” (Bakol. 3:10) Bakeresete ka kitso e e tswang mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng le mo dithutong le mo sekaong sa ga Jesu Keresete, e leng Morwa Modimo, ba ile ba kgona go nna le ‘kitso ya boammaaruri’ kaga dinonofo tsa Modimo wa boammaaruri, Jehofa. ‘Setshwantsho’ sa gagwe se ne se farologane thata-thata le sa medimo ya Baroma.
Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba bona Mmopi wa bone e le Rraabone wa selegodimo yo o neng a ba rata ebile a ba tlamela. (1 Pet. 5:6, 7) Ba ile ba ithuta ka moo ka metlha a neng a dira ka tekatekano, tshiamo le kutlwelo-botlhoko ka teng. O ne a itshekile ebile a le boitshepo. (Dute. 32:4; 1 Pet. 1:15, 16) Ba ile ba tlhotlhelediwa ke dinonofo tsa gagwe, mme ba lwela go latela kgakololo e e tlhotlheleditsweng, e e reng: “Nnañ baetsi ba Modimo, yaka bana ba ba ratègañ.” (Baef. 5:1) Ba ile ba bona Modimo jaaka o ne o senolwa ka Keresete e le tsala e e gone ka metlha yotlhe. Ba ne ba ka mo rata. Boikutlo jwa lorato lwa sebele bo ne jwa tlala ka dipelo tsa bone mme jwa ba tlhotlheletsa go dira ditiro tsa Bokeresete.
Modimo o ile wa thusa Bakeresete bano ba pele ka moya wa ona o o boitshepo, o o ba neileng ‘nonofo e e bogolo jo bo leng bogolo thata.’ Gape, kwa dipokanong tsa bone tsa bodumedi ba ne ba gakololwa ka tlhokafalo ya go nna ba itshekile. Ka go nna ba kgomaretse bankane ba bone mo bokaulengweng jwa Bokeresete ba ile ba kgona go nna ba ikanyega. (2 Bakor. 4:7; Baheb. 10:24-26) “Rona bao pele re neng re ipelela kgokafalo, jaanong re lwela boitsheko,” go buile jalo Justin Martyr wa lekgolo la bobedi la dingwaga yo o rileng e ne e le Mokeresete. Mme gone, go lwela boitsheko jwa boitsholo mo go ntseng jalo go ne go se motlhofo.
Ntwa ya Tsatsi le Letsatsi
Ga rea tshwanela go lebala gore Bakeresete ba pele ba ne ba tshela mo lefatsheng la maitsholo a a maswe-maswe. Bangwe bao e nnileng Bakeresete e ne e le “ba ntlo ea ga Kaesare.” (Bafil. 4:22) Ka nako eo, Nero e ne e le ene Kaesare, mme ebile maitsholo a gagwe a a maswe a itsege gotlhe. O ne a tle a rulaganye boitloso-bodutu jo bo maswe go gaisa. O bile a “nyala” lekawana “ka dithulaganyo tsotlhe tsa lenyalo le le tlwaelegileng.”a Mme bao “ba ntlo” ya gagwe ba e neng e le Bakeresete (ka gongwe e le maotlana a mmuso) ba ne ba nna ba itshekile go sa kgathalesege tikologo ya bone.
Bakeresete mo Roma ba ne ba sotlwa le go gatelelwa ke dithaka tsa bone. Ka sekai, Seneca o senola pono e e neng e tlwaelegile ka nako eo fa a kwala a re: “Ope yo o senang dinyatsi o a nyadiwa.” “Boitsheko ke sesupo fela sa boseng-pila.” Ba bangwe ba begiwa ba ngongorega ba re: ‘Abo e ne e le mosadi jang ne! A gapa maikutlo, a kgatlha tota! Abo mothaka yole o ne a le mosha jang ne! Aa ja mokaragana, a sa kgotsofale! Jaanong ba fetogile Bakeresete—a matlhomolapelo!’
Mme barutwa bao ba pele ba ne ba sa tlhoke go tlhomogelwa pelo. Ba ne ba ka kwakwanta ka boitlotlo. Ba ne ba na le digakolodi tse di phepa. Jaaka “bana ba lesedi” ba ne ba anamisa molaetsa wa bone o o itshekileng kwa kgakala le fa gaufi kwa ntle ga ditlhong dipe. (Baef. 5:8) A o ne o ka bo o sa re ke tshiamelo go bo o kgethololwa o le mongwe wa “mafika” a boitsholo mo lewatleng leo la loraga? Tsela ya bone ya botshelo e e neng e kgotsofatsa tota e ne e farologana thata le ya batho ba ditšhaba ‘bao ba neng ba sa itse Modimo mme ba ineela mo dithatong tse di maswe’ tse di ba gobaditseng.—1 Bathes. 4:5.
Ka sekai, mo lekgolong leo la dingwaga, botshelo jwa ba bantsi bo ne bo sena bokao. Ba ne ba kadimeditse senwelo se se tagang sa boipelo sa bo sa kgala—ba fetsa tsela nngwe le nngwe ya boipelo. Go ne go sa sala bontle bope, lefa e le monate ope—tota lefa e le kgotsofalo epe. Go ya ka dibuka tsa ga Juvenal, mosodoma mongwe, yo o ileng a tlogelwa ke moratwa wa gagwe fa a setse a godile, o ne a lela ka go re: “Tota nka leba kae jaanong morago ga dingwaga tsotlhe tse di sentsweng jaana le ditsholofelo tse di swabisitsweng jaana? Bosha jwa botshelo bo tloga bo nyelela, nako ya rona e e hutsafatsang mo lefatsheng e a fela: Lefa ree nwa, lefa re ntse re reka mekgabo e e maphatsiphatsi le dinkgisa-monate le basetsana, botsofe bo ntse bo a re kukunela, go sa kgathalesege tseo.” Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba ba ikanyegang bao ga ba ise ba ko ba welwe ke go swaba le bohutsana.
Lefa lemororo balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go lwa tsatsi le letsatsi gore ba ipoloke ba le phepa mo maitsholong, kagiso ya bone ya mogopolo e ne e duela tota. Boitsholo jo bontle jwa kafa dikobong bo ne bo kgonega.
A re bona nonofo ya boitsholo e e tshwanang le eo gompieno? Ee. Basha ba bantsi-ntsi lefatshe ka bophara ba tla go bolelela gore boitsholo jo bontle jwa kafa dikobong bo a kgonega. Bano ke basha ba ba kopanelang le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Go sa kgathalesege ditlhotlheletso tse di senyang maitsholo mo boitloso-bodutung le mo botshelong jwa maitiso jwa batho gompieno—bo sa farologane ka gope le jwa Baroma ba bogologolo—basha bano, jaaka setlhopha, ba tlhomologa jaaka dikao tse di phatsimang tsa boitsheko.
Lefa go ntse jalo basha bangwe bao ba kopanelang le diphuthego tseno tsa Bakeresete ba na le mathata mo ntlheng eno. Tota le bao ba godiseditsweng mo magaeng a Bokeresete ka dinako dingwe ba latlhegelwa ke go lemoga maitsholo a Bibela. Basha ba Bakeresete ba ka boloka boitsholo jo bo tshwanang le jwa Bakeresete ba sebele ba lekgolo la ntlha jang—go sa kgathalesege dikgoreletsi tse dikgolo jaana? Batsadi ba bone ba ka ba thusa jang? Ditlhogo tse pedi tse di latelang di tlhametswe go neela thuso ee atlegang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Annals (IX, 37) ya ga Tacitus e leng ra-ditiragalo tsa Roma.