Tirelo e e Boitshepo Jaaka Lelapa
“Ke a lo rapèla . . . gore lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō [e e boitshepo] e e lo lebanyeñ.”—Bar. 12:1.
1, 2. (a) Gore lelapa la Bokeresete le tsweletse ‘tirelo e e boitshepo’ e e amogelesegang, ke dipatlafalo dife tseo le lebaneng le tsone? (b) Umaka mangwe a mathata ao a ka tshwenyanang le ‘tirelo e e boitshepo’ ya lelapa la Bokeresete.
MO PHUTHEGONG ya Bokeresete lelapa le tsewa jaaka karolo ya motheo. Fa go na le lorato, kagiso le bongwefela mo sedikong sa lelapa le go thanyetsa botlhokwa jwa go direla Jehofa ‘tirelo e e boitshepo,’ ke gone lelapa e ka nnang thuso e e molemo mo phuthegong ya Bokeresete. (Bar. 12:1) Kgwetlho ke go aga le go tshegetsa bongwe joo jwa lelapa.
2 Go na le dilo di le dintsi tseo di kgoreletsang katlego ya malapa a Bokeresete mo motlheng wa rona. Ka sekai, monna le mosadi gantsi ba bona go tlhokega gore ba bereke e le gore ba tle ba amogele madi a a lekanetseng go tlamela lelapa. Fa go ntse jaana, malapa a ka sekamela mo go aroganeng. Ka dinako dingwe, ka ntlha ya kgogo e e sa lekalekaneng ya tsamaiso eno ya dilo, lelapa le ka aroganngwa ke go eletsa go tshela go fetisa ka moo le ka kgonang ka teng, bogolo go go reetsa kgakololo ya Bibela ya go ritibalela “diyō le diaparō” tsa bona. (1 Tim. 6:8) Moya wa boitaolo le wa gore mongwe le mongwe a eletse go dira se a se ratang, bogolo go go dira mmogo, gape ke a mangwe a mabaka a a kgaoganyang malapa go na le go a kopanya mmogo. Lefa tlhotlheletso e ka nna efe, go na le tsela eo, fa e latetswe, e ka nnang thuso e kgolo thata go lelapa la Bokeresete.
3. Go akantshiwa tsela efe?
3 Tsela eno e tlhalositswe mo polelong e e dirilweng mo Therong ya kwa Thabeng. Morena Jesu o ne a re: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” (Math. 6:33) Puisano eno e tla nna kaga tsela eo. Ga e kitla e dirisana le dintlha tsa legae tsa botshelo jwa lelapa mme e tla tlotla mekgwa e e tlhamaletseng eo lelapa le ka e latelang mo go batleng pele Bogosi le mo go tswelediseng dilo tseo di felelang ka lelapa le le itumedisang, le le lorato, e leng leo le ka neelang Modimo ‘tirelo e e boitshepo’ ka katlego.
“Batlañ Pele Bogosi”
4. Re tlhoka go rutiwa gore re ka itumedisa Modimo jang ka ntlha ya boemo bofe jo bo ruilweng? (Yer. 10:23)
4 Fa sengwe se tla pele mo botshelong jwa motho, jalo ke sa botlhokwa-tlhokwa. Jesu o ne a re: “Ha motho moñwe a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, a tseè mokgōrō oa gagwè ka malatsi aotlhe, me a ntshalè moragō.” (Luke 9:23) Go nna molatedi wa boammaaruri wa ga Jesu le go iitatola go tlhokega gore motho ruri a ‘batle pele Bogosi.’ Ka ntlha ya ditshekamelo tsa rona tsa go sa itekanela ga mogopolo le pelo go tswa botsalong go ya pele ka ntlha ya sebe se se ruilweng, re tshwanetse go rutiwa rotlhe ka seo se lebeletsweng mo go rona gore re tle re itumedise Modimo. (Gen. 8:21; Bar. 5:12) Re tshwanetse go rutiwa go ‘batla pele Bogosi,’ ka gonne, fa re ne re tlogeletswe fela, rotlhe re ne re tla batla pele dikeletso tsa rona tsa botho. Ka jalo Jehofa o re neetse kaelo e e tlang go rona ka Lefoko la gagwe ebile o neela kgogo e e siameng.
5. Go Duteronome 6:6-9, thulaganyo ya go ruta e Jehofa a e thadiseditseng Baiseraele ba bogologolo e ne e tseneletse go le kana-kang?
5 Jehofa o laetse batho ba gagwe ba ba itshenketsweng, e leng Baiseraele ba bogologolo, gore ba rute bana ba bone melao le ditaelo tsa gagwe. Ba ne ba tshwanetse go boeletsa dithuto tseo fa ba ne ba le mo gae, fa ba ne ba tswile, fa ba rapame le fa ba dira. (Dute. 6:6-9) Taolo eo e ntse e tshwanela malapa a gompieno mo go neeleng Modimo ‘tirelo e e boitshepo.’ Fa re setse re rutilwe go ‘batla pele Bogosi,’ re ithuta go sikara maikarabelo. Bongwe jwa maikarabelo ano ke go abalana.
Go Abalana
6. (a) Fano re bua ka go abalana gofe segolo-bogolo? (b) Boikarabelo jwa batsadi mo go abeng bo bogolo go le kana-kang? (c) Moaposetoloi Paulo o umakile kgoreletso efe go 2 Bakorintha 2:14-16, mme seno se ka bakela ba bangwe boemo bofe?
6 Fano ga re rate go tsenelela mo bokaong jwa go abalana dilo tse di bonalang, tse legale di leng botlhokwa mo go boneng boitumelo jwa boammaaruri. (Dit. 20:35) Re tla tlotla thata ka go nna le seabe mo go neeleng ba bangwe sebaka sa go nna le tsholofelo eo Bakeresete ba nang le yone mo bogosing jwa Modimo. Nngwe ya dinonofo tseo motsadi a ka di jalang mo ngwaneng wa gagwe ke keletso ya go abalana “Mahoko a a Molemō” a Bogosi le ba bangwe. Go tloga bonyaneng bana ba ka rutiwa go nna le seabe mo go bueng le ba bangwe ka “Mafoko a a Molemō” a Bogosi. (Math. 24:14) Seno se tlhoka boiteko jo bogolo mo batsading gonne mofuta wa molaetsa o wa Bogosi ke o o sa amogelesegeng ga motlhofo kana o o sa eletsegeng go ba bantsi bao ba o tlisediwang. Ke ka go bo Satane, e leng “modimo oa lehatshe yeno,” o foufaditse megopolo ya batho gore “lesedi ya Mahoko a a Molemō a kgalalèlō ea ga Keresete le se ka ya ba phatsimela.” (2 Bakor. 4:4) Moaposetoloi Paulo o kile a umaka sengwe ka go wetsa ga rona boikarabelo jono gammogo le diphelelo tsa jone. O ne a re: “Modimo . . . o utlwatsa ka rona lonkō loa kicō ea [ga Keresete] mo maheloñ aotlhe. Gonne re lonkō lo lo monate loa ga Keresete mo Modimoñ, mo go ba ba bolokwañ, le mo go ba ba latlhègañ; Mo go ba bañwe e le lonkō loa losho lo isa loshuñ; me mo go ba bañwe e le lonkō loa botshelō lo isa botsheloñ.” (2 Bakor. 2:14-16) Bothata ke gore batho ba bantsi ba leba molaetsa ono wa botlhokwa-tlhokwa jaaka sengwe se se bolayang, se se sa amogelesegeng go bone. Go nna le seabe mo go anamiseng molaetsa ono go batho ba ba ntseng jalo go ka nna thata ebile go ka nyemisa mooko.
7. Ke kgothatso efe eo bana ba e tlhokang e le gore ba ka tswelela ka seo ba se ithutang?
7 Seno se dira gore karolo ya batsadi ba Bakeresete e nne ya botlhokwa tota mo go thapiseng bana ba bone gore ba nne le seabe mo ‘tirelong eno e e boitshepo.’ Tirelo e e ntseng jalo e anamisa ‘kitso ya ga Keresete,’ eo e leng lebaka la boipelo go ba se bakae, mme e ganwa gotlhelele ke ba bantsi. Batsadi ba na le sebaka le patelesego tsa go simolola go thapisa bana ba bone go sa le gale mo botshelong gore ba tlhomele le go etleetsegela go nna le seabe mo ‘tirelong eno e e boitshepo,’ ba anamisetsa molaetsa kaga Keresete le kaga Bogosi kwa go ba bangwe. Bana ba tlhoka thuso e kgolo gore ba lemoge gore, tota lefa bontsi bo leba molaetsa o o galalelang wa Modimo jaaka o o isang losong, baboledi ba bannye ba “Mahoko a a Molemō” ga baa tshwanela go latlhegelwa ke boipelo le tlhoafalo. Lefa e le go repisa seatla le go emisa go nna le seabe mo go neeleng Jehofa ‘tirelo e e boitshepo.’—1 Bakor. 9:16, 17.
8. (a) Sekao sa batsadi mo go direng ‘tirelo e e boitshepo’ se botlhokwa go le kana-kang? (b) Ke ka ntlhayang fa go le molemo ka batsadi gore ba ithapisetse bana ba bone jalo?
8 Jalo go bonala ka bonako fela, gore batsadi ba na le boikarabelo jo bogolo le jo bo nnelang ruri jwa go bontsha tlhoafalo le boineelo tseo ba nang natso ka matshelo a bona ka go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go bolela ka Bogosi. Go dira le bana ba bone mo tirelong ya Bogosi e tshwanetse ya nna karolo ya botshelo jwa bone jwa gale, ba sa romele bana ba bone gore ba tlhokomelwe ke ba bangwe ka dinako tsotlhe. Ga go ope o sele yo o ka ba sikarelelang boikarabelo jono. Go tlhoma sekao se se molemo ke tsela e e molemo ya go jala mekgele le maitlhomo a a siameng mo baneng. Gakologelwa kaelo ya Dikwalo: “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.” (Dia. 22:6) Gore rre kana mmè ba neele thuto e e siameng, kana ka bobedi fa go kgonega, ba tshwanetse go dira le bana ba bone. Ba tshwanetse go nna le seabe mo ‘tirelong e e boitshepo’ jaaka lelapa.
9. Umaka matswela a mabedi a a molemo a a tlang ka go dira tirelo e e boitshepo ya Bogosi.
9 Go abela ba bangwe “Mahoko a a Molemō” jaana go na le matswela a a molemo, ntle le go naya motho kgotsofalo ya go itse gore o dira seo Jehofa a se laetseng. E neela bana ba gago mekgele e e siameng eo ba ka e lekelang mo botshelong. Go kobisana le mekgele e e lolea ga bontsi jwa basha ga go ba tlisetse boitumelo jwa sebele le jo bo nnelang ruri. Go latela mokgele o o itumedisang Jehofa go tlisa poifo-Modimo e e kgotsofatsang, e leng mokgele wa botlhokwatlhokwa go feta yotlhe. Fa lefatshe ka kakaretso le ntse le senka kgotsofalo, malapa a a boifang Modimo mo phuthegong ya Bokeresete a e bona motlhofo fela, fa fela ba ka e tshwara. Go na le ditsela tse dintsi tsa go bona kgotsofalo.—Baef. 5:15, 16.
Tirelo ya Bobulatsela
10. Tirelo ya bobulatsela e ka kgothalediwa jang mo lelapeng la Bokeresete, mme ka molemo ofe?
10 Mo ngwageng wa tirelo wa 1980 Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba ba fetang 137 000 ba ne ba tsenela mofuta mongwe wa tirelo e e tletseng, e leng tirelo ya bobulatsela. Mongwe le mongwe wa bone o ne a bona kgotsofalo e kgolo mo go nneng le seabe se se tletseng jalo mo go boleleng ka Bogosi. Mofuta ono wa ‘tirelo e e boitshepo’ o ba tliseditse masego a magolo a a tswang go Jehofa. Ka dinako dingwe, maloko a lelapa a ka rulaganya gore mongwe wa bone a tsenele tirelo ya bobulatsela jwa nako e e tletseng. Go ka nna ga tlhokega gore mongwe le mongwe a ntshe setlhabelo ka tsela nngwe, mme matsapa ao a duela tota. A lo kile lwa akanyetsa kgonego ya gore mongwe wa lelapa la Iona a nne le seabe mo temeng eno ya ‘tirelo e e boitshepo’? Batho ba bantsi ba ba sa nyalang le banyalani bao ba simololang tirelo ya bobulatsela, sa ntlha jaaka babulatsela ba ba thusang, morago jaaka babulatsela ba ba tlwaelegileng kana ba ba kgethegileng, ba fitlhela gore ba ka kgona go oketsa tirelo ya bone mo ditemeng tse dingwe tsa ‘tirelo e e boitshepo.’
Tirelo ya Borongwa
11. (a) Ba bantsi ba tseneletse ditirelo dife gape tsa ‘tirelo e e boitshepo’? (b) Seno se itshupile molemo ofe mo go tswelediseng ‘tirelo e e boitshepo’?
11 Go feta dingwaga di le 38 Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gilead se ntse se dira, se ruta le go tlhomelela batho go ya kwa ditshimong di sele koo ba kgonneng go ‘batla pele Bogosi.’ Bo-rre le bo-mmè ba bantsi ba Bakeresete ba ile ba ikitlieletsa go latlhegelwa ke boipelo jwa go aga le bana ba bone, mme ba ba kgothaleditse go atolosa tirelo ya bone mme ka go dira jalo ba thuse ba bangwe kwa mafatsheng a sele. Dikete tsa bakaulengwe le bokgaitsadi baba sa nyalang, gammogo le banyalani, ba segofaditswe ka tshiamelo ya go dira tirelo ya borongwa mo mafatsheng a sele. Ba humisitswe ka masego a mantsi mo mofuteng oo wa ‘tirelo e e boitshepo’ ebile ba nnile didirisiwa tsa go anamisa “Mahoko a a Molemō” kwa mafelong a a kgakala a lefatshe. Go fitlhela le gompieno go santse go na le baalogi ba setlhopha sa ntlha sa Sekolo sa Gilead ba ba direlang mo mafatsheng a sele, ebile gantsi ba nna motheo o o tiileng wa tiro eo e simolotsweng masome a dingwaga a a fetileng. Fa lo ntse lo dira ‘tirelo e e boitshepo’ jaaka lelapa, a lo ka kgona go kgothatsa mongwe wa bana ba Iona gore a akanyetse tema eno ya tirelo?—Mal. 3:10.
Tirelo ya Bethele
12. Bethele e ka nna le seabe sefe mo ‘tirelong e e boitshepo’ ya malapa a mangwe?
12 Go ralala lefatshe lotlhe mo diofising tsa makala a Mokgatlho wa Watch Tower go na le magae a Bethele moo makau le makgarebe a a ineetseng ka botlalo ba ka direlang Mmopi wa bone mo malatsing a bosha jwa bone. (Mor. 12:1) Mofuta ono wa ‘tirelo e e boitshepo’ gape o tlisetsa bao ba o tshwanelegelang maipelo a mantsi, ereka ba kgona go direla bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone bao ba leng mo tirelong ya go rera le go ruta. Malapa a mantsi a segofaditswe ka tshiamelo ya go nna le bana kana ba-losika ba ba direlang kwa magaeng a Bethele. Lefa tema eno ya tirelo ya nako e e tletseng e sa dumelele motho go nna le seabe mo tirelong ya boboledi go lekana le tiro eo babulatsela kana barongwa ba e dirang, mme gone bao ba direlang mo Bethele ba nna le seabe mo go boleleng ka ntlo le ntlo le mo go anamiseng molaetsa wa Bogosi. (Dit. 20:20) Go feta moo, ba neela ditirelo tse di botlhokwa tseo di thusang go boloka tirelo e ntse e tswelela-pele lefatshe ka bophara.
O Tla Dirang
13. Malapa a Bokeresete a ntse a bulegetswe ke sebaka sefe?
13 Paulo, mo lekwalong la gagwe le le yang kwa phuthegong ya Korintha, o ne a kwala gore o ne a sa ntse a tlhola-tlhotse mo Efeso gonne ‘kgoro e kgolo e go nang le tiro mo go yone e ne e bulegile.’ (1 Bakor. 16:9) Fa pele ga batho ba ga Jehofa gompieno go ntse go bulegile kgoro e kgolo ya tiro, e leng ‘tirelo e e boitshepo.’ Re tshela mo metlheng ya go wela ga dipolelelo-pele tse dintsi tsa Bibela tseo di buang kaga ‘motlha wa bokhutlo’ fa mafoko a a molemo a Bogosi a tshwanetswe go rerwa mo lefatsheng lotlhe go nna tshupo. (Dan. 12:4: Math. 24:14) Malapa a Bokeresete a Basupi ba ga Jehofa a tla dira eng? Ba tshwanetse go potlaka, gonne lobaka lo lekanyeditswe. Ba na le tsotlhe, gonne Jehofa o ba neetse Lefoko la gagwe Bibela le dikgatiso tse di neetsweng ke “motlhanka eo o boikanō le eo o botlhale” gore di solegele ba ba boifang Modimo molemo. (Mat. 24:45-47) Malapa a gone, mme Jehofa o ntse a oketsa dikete mo go bao ba nang le seabe mo go boleleng ka Bogosi.—Bapisa Isaia 60:22.
14. (a) Ke dipotso dife tse di lebaneng tseo malapa a ka ipotsang tsone? (b) Go tla jang gore re akanyediwe re tshwanela go nna le seabe mo ‘tirelong e e boitshepo’?
14 Jalo dipotso ke tse: O dirang? A o tshwara sebaka se o nang le sone jaanong, bobedi jaaka lelapa le jaaka motho-ka-mongwe, gore o neele Mmopi ‘tirelo e e boitshepo’? A o kgothaletsa ba bangwe go dira jalo? A lelapa la Iona ke lengwe la ao a neelang bosupi jwa gore a theilwe mo motheong o o nitameng, ao a eletsang go ntsha maungo a Bogosi? Fa Paulo a ne a bua ka go nna lonko lo lo monate lo lo yang ka bobedi go bao ba bolokwang le mo go ba ba latlhegang, o ne a tswelela ka go re: “Me emañ eo o lekanyeñ dilō tse? Gonne ga re etse ba bantsi, ba ba bapalañ ka lehoko ya Modimo: me re bua mo go Keresete yaka e le . . . ka bopeloephèpa.”—2 Bakor. 2:16, 17.
15, 16. (a) Ba bangwe ba ka kgona jang go oketsa seabe sa bone mo go tswelediseng dikgatlhego tsa Bogosi? (b) Ditshegofatso tsa go oketsa ‘tirelo e e boitshepo’ ke dife?
15 Ka go godisa lorato, kagiso le bongwefela mo lelapeng, ka go neela botlhokwa jwa ntlha mo go ‘batleng pele Bogosi,’ ka go nna fa fatshe le go bala tlhotlhwa, malapa a Bakeresete a ka fitlhela gore ruri a tla kgona go oketsa seabe sa bone seo ba nang le sone mo go tswelediseng molaetsa wa botlhokwatlhokwa oo o kileng wa bolelwa mo lefatsheng leno, e leng “Mahoko a a Molemō” a bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng. Ruri Jehofa o tla ba segofaletsa matsapa a bone a bongwefela, mme gaa ke a oketsa ditshegofatso tse a di neelang ka bohutsana.—Dia. 10:22.
16 Ke ka ntlhayang fa lo sa nne fa fatshe jaaka lelapa mme lo akanyetse seo lo se dirang le seo lo ka se dirang? Kwa ntle ga pelaelo boikanyego bo tla pateletsa bontsi jwa rona go dumela gore ka maitekonyana a a oketsegileng re ka oketsa seabe seo lelapa la rona le nang naso mo ‘tirelong e e boitshepo’ ya ga Jehofa. Gakologelwang gore Jehofa gaa re lope go feta ka mo go tshwanetseng. Go mo rata ga rona, go rata lelapa la rona le go rata setho ka kakaretso go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go itlhatlhoba le go konela seo re ka se dirang. Akanya ka mefuta e e farologaneng ya ‘tirelo e e boitshepo,’ e leng tirelo ya gago e e tlotlegang jaaka morutwa wa ga Keresete. (2 Bakor. 4:7) Isa kgang eno go Jehofa ka thapelo, o kopa kaelo le thuso tsa gagwe malebana le maiteko a o a dirang. Ditshegofatso di dintsi jaanong ka kgotsofalo ya poifo Modimo, mme isagwe e tshotse tsholofetso ya botshelo jo e leng botshelo ruri, mo tsamaisong e ntšha ya Modimo.—Mat. 25:34; 1 Tim. 6:6, 17-19.
DINTLHA TSEO LELAPA LE KA BUISANANG KA TSONE
• Kwa ntle ga go itirisetsa mafoko a ga Jesu go Mathaio 6:33, ke ka ntlhayang fa malapa a tshwanetse go amega kaga go dirisa mafoko ao ba le mmogo?
• O ka nna le seabe se segolwane jang mo thulaganyong ya lelapa ya go ruta bana go abela ba bangwe molaetsa wa Bogosi?
• Lo akanya ka diphetogo dife tse di ka thusang mo lelapeng la Iona gore bana ba tle ba nne le seabe se segolwane mo tirong eno?
• Ke dikarolo dife tse di kgethegileng tsa ‘tirelo e e boitshepo’ tseo di ka nnang mekgele e e utlwalang go wena kana go bangwe ba lelapa la Iona?
• Lelapa la Iona le ka dira mmogo jang gore bobotlana a le mongwe wa Iona a fitlhelele mokgele oo?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Basha ba bantsi ba ba ipelelang ‘tirelo e e boitshepo’ le lelapa la bone ba bone boitumelo mo go direleng jaaka badihedi ba babulatsela ba nako e e tletseng