Go roba mo “motlheñ oa bokhutlō”
“Thōbō ke bokhutlō yoa lehatshe.”—Math. 13:39.
1. Ke ka ntlhayang fa “thōbō” e e boleletsweng-pele ke Jesu e le lebaka le le gabedi la boipelo?
THOBO e e motlele gantsi ke lebaka la boipelo le ditebogo. Ke lobaka lwa go kotula maungo a tiro e e lobaka, e e bokete. Thobo e e boleletsweng-pele mo setshwantshong sa ga Keresete sa “mabèlè” le “mohoka” e ne e tla neela setho sotlhe lebaka le le gabedi la go ipela. Ka ntlhayang? Ga se fela ka ntlha ya gore go tla kaya go phutha palo e e tlhokegang ya “bana ba bogosi,” kana “baitshepi,” gore ba kopanele le Keresete mo ‘pusong ya gagwe e e sa khutleng,’ ka gone go tlhomamisa gore lefatshe le tla nna le puso e e molemo, mme gape ka ntlha ya gore “thōbō” eno ka boyone e ne e tla nna sesupo sa gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa lefatshe’ ebile re le fa mathuding a thulaganyo e ntšha e e siameng.—Dan. 7:14, 27; Math. 13:38, 39; 2 Pet. 3:13.
“SYNTEʹLEIA” LE “TELOS”
2. Ke ka ntlhayang fa lefoko la Segerika synteʹleia le ranolwa botoka ka “konelo” bogolo go “bokhutlo,” mme ka jalo synteʹleia e amana le lobaka lofe lo lo umakilweng go Daniele?
2 Jesu gaa ka a kaya gore “thōbō” ke “bokhutlō yoa lehatshe” jaaka dithanolo dingwe tsa Bibela di batla gore re dumele jalo. (Bibela ya Setswana; American Standard Version; The Jerusalem Bible) Dithanolo tseo ga di farologanye mafoko a mabedi a Segerika synteʹleia, le telos. Fa Expository Dictionary of New Testament Words” ya ga W. E. Vine e tlhalosa synteʹleia, e re: “Lefoko leno ga le kaye bokhutlo, mme le kaya go tlhatlogela ga ditiragalo kwa setlhoeng se se tlhophilweng.” Ka jalo fa Jesu a ne a re “bokhutlō [synteʹleia] yoa lehatshe,” o ne a bua ka lobaka lwa tiro loo lo neng lo tla nna le tshimologo le bokhutlo. Go ya ka Mathaio 13:30, Jesu o ne a bua ka ‘motlha wa thobo,’ kwantle ga potso a bua kaga lobaka lwa nako, lobaka loo moperofeti Daniele a buileng ka lone e le ‘motlha wa bokhutlo.’ (Dan. 12:4) Mo go kgatlhisang, fa baranodi ba Bibela ya Segerika ya Septuagint Version ba ne ba ranola temana eno mo go Daniele, ba dirisitse lefoko synteʹleia.
3. ‘Motlha wa thobo’ o amana le eng, mme lefoko la Segerika telos le kayang go Mathio 24:14?
3 Lefoko lone leno le dirisiwa go Mathaio 24:3, moo barutwa ba boditseng Jesu jaana: “Re bolèlèlè, gore, dilō tse di tla dihala leñ? le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlo [synteʹleia] yoa lehatshe?” Ka jalo ‘motlha wa thobo’ o amana le bogone jo bo sa bonaleng jwa ga Keresete jaaka Morobi. Erile Jesu a araba potso ya barutwa ba gagwe, o ne a umaka dintwa tsa merafe-rafe, tlhaelo ya dijo, dikgogodi, dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, boikepo le poifo ya kakaretso. (Bapisa dipego tse di tshwanang go Mathaio 24, Mareko 13 le Luke 21.) Morago, fa a bontsha gore ‘motlha wa thobo’ o ne o tla khutla, o okeditse ka go re: “Me Mahoko a a Molemo a, a bogosi, a tla rerwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlo [telos] bo tla tlañ.” (Math. 24:14) Lefoko telos le kaya “bokhutlo,” “ka tlhaloganyo ya khutliso, kgaogo . . . karolo ya bofelo, tshwetso, konelo bogolo jang ya dilo tsa bofelo, pono ya bofelo mo motshamekong wa lobopo.”a
4. “Konelo,” kana ‘motlha wa bokhutlo,’ e simolotse leng, mme jalo go ka tweng ka “thōbō”?
4 Dintlha tsa ditiragalo tsa segompieno fa e sale ka 1914, e le gore di diragatsa boperofeti jwa Bibela, di bontsha gore tsamaiso ya jaanong ya dilo e setse e tsene mo “motlheñ oa bokhutlo” kana mo ‘konelong’ [synteʹleia]. Fa re tsopola gape W. E. Vine, re bona “go tlhatlogela ga ditiragalo kwa setlhoeng se se tlhophilweng” kana kwa bokhutlong [telos]. Ka jalo, “thōbō” ya setshwantsho sa ga Jesu e tshwanetse ya bo e simolotse; tota-tota, e tshwanetse ya bo e ela go khutla. A ditiragalo tse di boleletsweng-pele mo setshwantshong sotlhe di bonetse go tloga ka 1914?
“MABÈLÈ A LEHATSHE A OMELETSE”
5. Ka motlha wa thobo, “Morwa Motho” o ne a tla laolela baengele go dira eng?
5 Fa Jesu a tswelapele ka go tlhalosa “sechwanchō sa mohoka mo tshimoñ,” o rile: “Thōbō ke bokhutlō yoa lehatshe; barobi ke baengele. Me ke gōna yaka mohoka o phuthwa, o hisiwa ka molelō; go tla nna hèla yalo mo bokhutloñ yoa lehatshe. Morwa Motho o tla roma baengele ba gagwe, me ba tla tlhōpha mo bogosiñ yoa gagwè dilō cotlhe tse di kgopisañ; le ba ba ikepañ; me ba tla ba latlhèla mo bokepishoñ yoa molelō: go tla nna selelō le phuranyō ea mènō gōna.”—Math. 13:39-42.
6. “Mabèlè” a ne a leselelwa go gola gare ga bomang?
6 “Barobi,” kana baengele, ba tla romelwa ke “Morwa Motho” kwa “bokhutloñ yoa lehatshe,” gore ba khumole “dilō cotlhe tse di kgopisañ, le ba ba ikepañ” gare ga “bana [ba sebele] ba bogosi.” Jaaka setlhogo se se fetileng se bontshitse, go jala ga ga Diabolo “mohoka” mo bosigong go feletse ka botenegi jo bo rulagantsweng, Bokeresete jwa maaka bo laolwa ke baeteledi-pele ba bodumedi ba ba setlhogo bao ba nnileng setlhopha sa “monna oa boleo,” yo o boleletsweng-pele ke moaposetoloi Paulo. (2 Bathes. 2:3-12) “Mabèlè” a boammaaruri a ne a tlogelelwa go gola mmogo le “mohoka” oo go fitlhelela mo “motlheñ oa bokhutlō.” Ka nako eo “Morwa Motho” o ne a tla laola “barobi” ba gagwe gore ba kgaoganye “bana ba bogosi” le “bana ba eo o boshula.”
7. Ke boperofeti bofe jo bo tshwanang joo bo re thusang go kgetholola motlha wa thobo?
7 Tiro eno ya go kgaoganya e simolotse leng? Boperofeti jo bo kgatlhang jo bo tsamaisanang le jo bo re thusa gore re se etsaetsege kaga gore go tla diragala leng. Bo balega jaana: “Me ka leba, me bōnañ, leru ye leshweu; me mo leruñ ka bōna moñwe a dutse, a chwana le Morwa Motho, a rwele serwalō sa gouda mo tlhogoñ, me a chotse thipa e e bogale ea mabèlè ka seatla. Me moengele eo moñwe a cwa mo tempeleñ, a tlhaeleletsa èna eo o dutseñ mo leruñ ka lencwe ye legolo, a re, Ntshetsa thipa ea gago kwa ntlè, u segè: gonne lobaka loa go sega lo tsile; gonne mabèlè a lehatshe a omeletse. Me eo o dutseñ mo leruñ a latlhèla thipa ea gagwè mo lehatshiñ; me lehatshe ya rōywa.”—Tshen. 14:14-16.
8. “Morwa Motho” o tshwantshiwa jang go Tshenolo 14:14, mme ka jalo thobo e tshwanetse ya bo e simolotse morago ga tiragalo efe?
8 Fano re bona “Morwa Motho,” e leng Jesu Keresete, e se mojadi eo o jalang “peo e e molemō mo tshimoñ ea gagwè” me e le kgosi e e rwesitsweng serwalo sa bogosi a theogela mo ‘thobong ya lefatshe.’ Go dula ga gagwe mo lerung go tshwantshetsa bogone jwa gagwe jo bo sa bonaleng. (Dit. 1:9-11; Tshen. 1:7) Ka jalo, “thōbō” e tshwanetse go diragala ka nako ya bogone jwa ga Keresete, morago ga fa a sena go rweswa serwalo sa bogosi le go amogela “pushō, le kgalalèlō, le bogosi” go tswa go Jehofa, e leng “eo mogologolo.” (Dan. 7:13, 14) Ka jalo thobo eno e simolotse ka nako nngwe morago ga 1914, e leng ngwaga o o tshwaileng go simolola ga ‘motlha wa bokhutlo,’ kana “bokhutlō yoa lehatshe.”
9. Tiro ya go kgaoganya e simolotse leng?
9 Morwa motho o ‘rometse baengele ba gagwe’ leng, morago ga 1914, gore ba kgaoganye “bana ba bogosi” mo ‘baneng ba yo o bosula,’ e leng “mabèlè” a maaka, ke gore, “ba ba ikepañ” ebile ba akaretsa le “monna oa boleo,” e leng baeteledi-pele ba bodumedi ba Bokeresete jwa boitimokanyo? Karabo e tshwanetse go dumalana le dinnete, mme tsone di bontsha gore e ne e le ka 1919 fa “bana ba bogosi” ba ba tsetsweng le go tlodiwa ka moya, bao ba emelwang ke “mabèlè,” ba simolola go gololwa mo ‘mofokeng,’ kana Bakeresete ba maaka, bao ba neng ba tletsetletse mo tshimong ya bodumedi ya setho. “Mabèlè a lehatshe” a ne a omeletse e bile lobaka lo ne lo tlile lwa gore “Morwa Motho” a tsenye thipa ya gagwe, a sege. Setshwantsho seno se senola gore o dirile seno ka “barobi” ba gagwe, e leng baengele.
MOFOKA O O PHUTHELWANG GO FISIWA
10. Ke ka ntlhayang fa go ne go le thata go kgetholola “mabèlè” a boammaaruri go ralala makgolo-kgolo a dingwaga, mme go farologanya “mabèlè” mo ‘mofokeng’ sentle go kgonagetse go tloga leng?
10 Jesu mo ‘setshwantshong sa gagwe sa mofoka mo tshimong,’ o rile: “Mo motlheñ oa thōbō ke tla raea barobi, ke re, Phuthañ mohoka pele, lo o bōhè diñata go tla lo o hisa.” (Math. 13:30) Mo makgolo-kgolong a dingwaga “mabèlè,” kana “bana [ba sebele] ba bogosi,” ba ne ba sa bonale sentle mo ‘mofokeng’ wa tsietso, kana Bakeresete ba batenegi, bao ba neng ba iphaka gore ba na le tsholofelo ya selegodimo jaaka barua-boswa ba Bogosi. Pharologanyo e e bonalang sentle gare ga “mabèlè” le “mohoka” e ne ya tla fela morago ga 1919, fa Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya tota ba ne ba gololwa go tswa go Babilona yo Mogolo, e leng bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka jwa ga Diabolo.
11. Ke bomang ba ba akarediwang mo ‘mofokeng,’ mme ba bofilwe dingatana jang?
11 “Mohoka” wa tshwantshetso o akaretsa Bakeresete botlhe ba baitimokanyi, go sa tlogelwe batenegi bape ba motlha wa segompieno bao ba rutang “dilō cotlhe tse di kgopisañ,” gammogo le “ba ba ikepañ.” Mo go ne go tla akaretsa le ‘motlhanka yo o bosula,’ ‘makgarebana a a dieleele’ le “motlhanka eo o boshula le bochwakga.” (Math. 24:48-51; 25:1-12, 14-30) Go ‘bofiwa dingata’ ga bone gore ba fisiwe ga go emele go phuthiwa ga bone ka ditlhopha tsa dikereke tse di farologaneng gammogo le makoko a La-Bodumedi, ka go bo go ka seke ga ba ga twe baengele ba ikarabelela ditsamaiso tsa dikereke tseo tsa botenegi. Gape, go bofiwa dingata go diragala mo ‘motlheng wa thobo, kwa “motlheñ oa bokhutlō,” lemororo ditumelo tse dintsi tsa Bokeresete jwa boitimokanyi di nnile gone ka makgolokgolo a dingwaga. Go bofiwa ga “mohoka” dingata go kaya gore fa e sale ka 1919 tiro ya go kgaoganya gare ga Bakeresete ba sebele le ba maaka e phepafetse bogolo, ka bobedi mo megopolong ya batho le ka go farologanngwa ga mmatota. “Mohoka,” kana “bana ba eo o boshula,” baa ‘bofiwa’ ka go bo baengele ba batla go tlhomamisega gore ga ba boele mo ‘mabeleng,’ kana mo ‘baneng ba sebele ba bogosi.’
12. ‘Bokepiso jwa molelo’ bo tshwantshetsa eng, mme “mohoka” o tla latlhelwa leng mo go jone?
12 Fa Jesu a bua kaga gore baengele ba ne ba tla dira eng ka “mohoka” fa ba setse ba o bofile, o okeditse jaana: “Ba tla ba latlhèla mo bokepishoñ yoa molelō: go tla nna selelō le phuranyō ea mènō gōna.” (Math. 13:42) Gakologelwang gore re ithuta setshwantsho. Fa “mabèlè” le “mohoka” e le tsa tshwantshetso, go ntse fela jalo ka ‘bokepiso jwa molelo,’ “selelō” gammogo le “phuranyō ea menō.” Mathaio 25:41, 46 e bontsha gore ‘molelo o o sa khutleng’ o tshwantshetsa ‘petso e e sa khutleng,’ mme Tshenolo (20:14; 21:8) e re “bodiba yoa molèlō” bo kaya “losho loa bobedi,” e leng tshenyo e go seng tsholofelo ya tsogo. Ka jalo “mohoka” o ya tshenyegong.
13. Bao ba tshwantshetswang ke mofoka ba ledile le go phuranya meno leng ebile jang, mme ba tla lela segolo leng?
13 Ereka ‘bokepiso jwa molelo’ bo tshwantshetsa tshenyo e e tletseng, “selelō le phuranyō ea mènō” tsa “mohoka” di tshwanetse go diragala pele ga fa ba senngwa. Ka masome-some a dingwaga jaanong, Bakeresete ba boitimokanyi, mme bogolo jang “monna oa boleo”—ba ledile tota ka ntlha ya gore “bana ba bogosi,” e leng basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa, ba ntse ba ba kgobotletsa ka dinnete tsa Dikwalo tse di utlwisang botlhoko, di ba senola gore tota ke eng: “bana ba eo o boshula.” (Math. 13:38; Tshen., dikg. 8, 9b) Baruti ba batenegi ba phurantse meno a bone kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa e seng fela fa ba bolela “ñwaga o o lebosegañ” wa ga Jehofa mme gape le fa ba bolela “letsatsi ya pusholoshō” ya gagwe. (Isa. 61:1, 2) Lefa go ntse jalo, “mohoka” otlhe o tla lela tota le go phuranya meno tota fa “Morwa Motho” a tla kgantele go o senya mmogo le lefatshe lotlhe la ga Satane.—Math. 24:30.
‘BASIAMI BA BETLAMA JAAKA LETSATSI’
14. “Mabèlè” a phuthelwa kae, mme “basiami” bao ba dirang?
14 Morago ga fa “Morwa Motho” a sena go laela “barobi” gore ba bofe “mohoka” dingata gore o senngwe, o neela baengele ba gagwe taolo e nngwe gape, e e reng: “Me mabèlè lo a phuthèlè mo bobolokeloñ yoa me.” (Math. 13:30) Ebile Jesu b ne a konela tlhaloso ya gagwe ya setshwantsho seno ka gore: “Hoñ basiami ba tla betlama yaka letsatsi mo bogosiñ yoa ga Rrabō. Eo o nañ le ditsèbè a a utlwè.”—Math. 13:43.
15, 16. (a) Ke ka ntlhayang fa “basiami” ba sa betlame kwa legodimong? (b) “Basiami” ba betlama kae ebile jang, mme ba phuthelwa kae?
15 Tshenolo 21:23 e bua jaana kaga mmuso wa Bogosi jwa selegodimo, Jerusalema o Mosha, e re: “Me motse ga o batle gore letsatsi le o phatsimèlè, leha e le kgwedi: gonne kgalalèlō ea Modimo e ne e o bonesa, le lampa ea ōna ke Kwana.” Ka jalo bogosi joo jwa selegodimo ga bo ikaege ka lesedi la “bana [ba ba tsositsweng] ba bogosi.” Lesedi la bomodimo le le galalelang ke ntletse-ntletse. Abo go farologana jang le merafe e e mo lefatsheng! (Baef. 4:17, 18; 5:8) Fa Paulo a tlhalosa seo Jehofa a se direlang “bana ba bogosi” fa ba santse ba le mo lefatsheng, o kwala jaana: “Eo o re golotseñ a re ntsha mo thateñ ea lehihi, me a re tlolagantshetsa mo bogosiñ yoa Morwa loratō loa ōna.”—Bakol. 1:13.
16 Ka gone, go betlama ga “basiami” jaaka “letsatsi mo bogosiñ yoa ga Rrabō” go kaya boemo jo bo sedimoseditsweng le tirelo e e galalelang ya Bakeresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng, moo ba “bonalañ . . . yaka masedi mo lehatshiñ.” (Bafil. 2:15; Math. 5:14) ‘Bobolokelo’ jo ba phuthetsweng mo go jone go ka twe ke ‘bogosi jwa ga Rraabo,’ ka go bo phuthego ya Bokeresete ke phuthego ya bolegodimo, e e lemogang bobusi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe. Ke phuthego e e phepa, ka go bo baengele ba phutha “dilō eotlhe tse di kgopisañ, le ba ba ikepañ” mo go yone.—Math. 13:30, 41, 43.
“MABÈLÈ A LEHATSHE” A NTSE A ROBELWA-PELE
17. Go rojwa “bana ba bogosi” ba le bakae, mme ke ka ntlhayang fa tiro ya go phutha e ntse e tswelapele?
17 Gotlhe mo go go ama jang? Gakologelwa gore Jesu o konetse setshwantsho seno ka mafoko ano: “Eo o nañ le ditsèbè a a utlwè.” (Math. 13:43) Ke boammaaruri, setshwantsho seno se tshwantsha go phuthiwa ga palo e e tletseng ya “bana ba bogosi” bao ba tlhokafalelang go dira mmuso wa selegodimo wa ga Keresete. Yone kgaolo eo (14) ya Tshenolo, e e buang ka “mabèlè a lehatshe” e senola palo ya bao ba robilweng jalo gore ba tie ba buse le “Kwana” mo “Thabeñ ea Siona” ya selegodimo e le ba le 144 000. Mme kgaolo eo e oketsa jaana: “Bao ba cwa go rekwa mo bathuñ, gore ba nnè mabucwèla pele a Modimo le a Kwana.” (Tshen. 14:1-4) Go rojwa ga “mabucwèla pele” go ne go tla bontsha gore go ne go na le maungo a a tshwanetseng go phuthiwa moragonyana jaaka a tshwantsheditswe ke go phuthiwa ga maungo a mangwe kwa bokhutlong jwa ngwaga wa letsema. Ka jalo go phuthiwa go tswelapele, ebile go a go ama.
18. Mo godimo ga go roba “bana ba bogosi,” go diragala tiro efe gape ya go kgaoganya?
18 Go rojwa ga “bana ba bogosi” go ne ga akofa go tloga ka 1919 go fitlha mo tshimologong ya bo-1930. Ereka Bakeresete ba ba ikanyegang bano ba ba tloditsweng ba ne ba ‘betlamisa lesedi la bone,” ba bangwe gape ba bantsi bao ba nang le ditsebe tsa go utlwa ba ne ba itetlelela go kgaoganngwa mo ‘mofokeng,’ kana Bakeresete ba baitimokanyi ba ba mo dikerekeng le mo makokong a La-Bodumedi. (Math. 5:16) Tiro eno ya go kgaoganya e ne e boleletswe-pele ke Jesu mo boperofeting jwa gagwe kaga “bokhutlo yoa lehatshe.” (Math., dikg. 24, 25) O rile: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molema. Me bauō [dipodi] ba tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ; me basiami ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.”—Math. 25:31-33, 46.
19. Ka lobaka lwa Modimo lo lo tshwanetseng, masalela a setlhopha sa “mabèlè” gammogo le “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba tla diragalelwa ke eng?
19 Ka gone, jaaka go rojwa ga setlhopha sa “mabèlè” sa Bakeresete ba ba tloditsweng go ntse go atamela bokhutlo, go phuthiwa ga “dinku” go ntse go tswelapele. Ka nako ya Modimo e e tshwanetseng masalela a setlhopha sa “mabèlè” a tla wetsa botshelo jwa bone jwa selefatshe ba bo ba kopanela le “Morwa Motho” jaaka karolo ya bogosi kana mmuso wa gagwe wa selegodimo. Ba tla “nèwa bogosi” le botlhe ba “baitshepi” ba le 144 000. (Dan. 7:18, 22, 27) Fa e le kaga “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku” tse di ntseng di phuthiwa, ba tla falola “sepitla se segolo” seo se tla tshwayang bokhutlo (telos) jwa tsamaiso ya jaanong ya bosatane ya dilo mme ba tla nna karolo ya “batho, merahe le dipuō” bao ba tla direlang “Morwa Motho” mo lefatsheng, tlase ga ‘puso e e sa khutleng’ kana bogosi jwa selegodimo.—Tshen. 7:4, 9, 10, 14; Dan. 7:13, 14.
20. Lebaka la gore thobo e setse e ntse e tswetse-pele thata le supa eng; mme jalo o tshwanetse go dira eng, ebile ka ntlhayang?
20 O eme kae maloka le tirafatso ya setshwantsho sa “mabèlè” le “mohoka”? Ntlha ya gore “thōbō” ya “bana ba bogosi” e setse e tswetse-pele thata e supa gore “bokhutlo [synteʹleia] yoa lehatshe” bo ela go khutla (telos). Boikutlo jwa gago maloka le “bonnake” ba ba tloditsweng ba ga Keresete ba seka-mabele le ka moo o ba tshwarang ka teng go tla tlhomamisa gore o tla tsena mo “pecoñ e e sa khutleñ” kana o amogela “botshelō yo bo sa khutleñ.” (Math. 25:34-46) Itshupe o ikanyega go setlhopha se se tloditsweng sa “mabèlè,” e leng “motlhanka eo boikañō le eo o botlhale,” eo Keresete a mo tlhophetseng go aba “diyō [tsa semoya] ka dipaka tse e leñ cōna.” (Math. 24:45) Tlhagafala mo tirong ya go phutha, ka go bo gakologelwa, “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rerwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlo [telos] bo tla tlañ,” “me eo o ichokelañ bokhutlo [telos] èna eouō o tla bolokwa.”—Math. 24:13, 14.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a A Greek-English Lexicon of the New Testament and Other Early Christian Literature, W. Bauer, e ranotswe ke W. F. Arndt le F. W. Gingrich.
b Bona dikgaolo 16 le 17 tsa buka “Then Is Finished the Mystery of God,” e e phasaladitsweng ka 1969 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.