LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 1/1 ts. 32
  • ‘Ke ne ka Kokotelela Buka Eno’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ke ne ka Kokotelela Buka Eno’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 1/1 ts. 32

‘Ke ne ka Kokotelela Buka Eno’

Ke seo se kwadilweng ke mosha wa kwa Zimbabwe. Tsala nngwe o ne a na le “Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela,” mme o ne a sa batle go kgaogana nayo go sa kgathalesege go kokotlelwa mo go botlhoko. Lefa go ntse jalo, o bile a mo naya aterese eo a neng a ka reka buka eno kwa go yone a re: “tsamaya o ithekele ya gago” Ka jalo mosha yo a kwala jaana:

“Ga ke na madi, mme tswee tswee, morena, mpolelele tuelo ya yone gore ke kgone go adima mo go rre wa bobedi yo o humileng. Tswee tswee, morena, utlwa thapelo ya me. Abo ke eletsa jang gore o ka nthomelela buka eno. Ke akanya gore ga ke ne ke nna pelo-e-thata go ditsala tsa me fela jaaka mosimanyana yole yo ke mmoneng a e tshotse. Ke tla emela karabo ya gago tsatsi lengwe le lengwe. Ke na le dingwaga di le lesome le bobedi.”

Buka eno e ntse e batliwa tota go dikologa lefatshe. E setse e kwadilwe ka dipuo tse di fetang 40, ebile dibuka tse di batlileng go nna dimilione di le 20 di setse di phasaladitswe.

“Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela” e na le ditlhaka tse dikgolo le ditshwantsho tse dikgolo di le 125, bontsi jwa tsone e le tsa mebalabala. Dipolelo tsa yone tsa Bibela di le 116 di neela mmadi lesedi la gore Bibela e bua kaga eng. Dipolelo tseno di kwadilwe ka tsela eo dilo di diragetseng ka yone mo ditiragalong. O tla fitlhela gore seno se go tswa thuso tota fa o ithuta gore ditiragalo tse di diragetseng pele ga tse dingwe ke dife. Amogela buka e e botlhokwa-tlhokwa eno ka go tlatsa le go romela setlankana seno.

Tswee tswee nthomeleleng buka ya khabara e e thata, e leng “Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela,” eo e dueletsweng poso. Ke romela R2,50.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela