Tshimo e e melang mabele le mofoka
“Re phuthololèlè sechwanchō sa mohoka mo tshimoñ.”—Math. 13:36.
1, 2. (a) Maloka le go jala, go ka ikanngwa melao-metheo efe? (b) Ke setshwantsho sefe se se thailweng mo melaometheong eno e mebedi?
“LETSEMA LE THŌBŌ” ke nngwe ya ditikologo tseo Jehofa Modimo o itheileng mo pelong a re ga di kitla di khutla “ka metlha eotlhe lehatshe le sa nntse le leeō.” (Gen. 8:21, 22) Moaposetoloi Paulo o ne a umaka molao-motheo o o amanang le seno, fa a ne a kwala a re: “Se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.”—Bagal. 6:7.
2 Ka ntlha ya dintlha tseno tsa motheo, molemi mongwe yo o neng a fufulelwa a jala mabele a a molemo ka nako ya letsema o ne a ikantse gore ka letlha le le siameng go tla nna le thobo. Gore go roba go ne go tla latela go jala. Ka mo go tshwanang, erile badiri ba gagwe ba mo itsise moragonyana gore tshimo ya gagwe e ne e sa mele mabele fela mme gape le mofoka, o ne a itse gore o tšabeditswe ke mongwe. O ne a itse gore o jetse eng: mabele, e seng mofoka. Tiragalo e ntšha eno e ne e tlhoka gore go jewe boko. Bathapiwa ba gagwe ba akantsha gore go theogelwe ka yone nako eo. Ba ne ba batla go khumola mofoka ka yone nako eo, mme molemi yo o botlhale yono a timola tlhagafalo ya bone. O ne a ba bolelela gore ba iketle, a boifa gore ba ka gobatsa mabele fa ba ntse ba khumola mofoka. A di mme di mele mmogo. Lobaka lwa thobo e tla nna nako e e siametseng go arola mabele tota mo go a maaka.
3. Jesu o ne a tshwantsha ditiragalo dife tse di botlhokwa maloka le bogosi, mme tiro ya go kgaoganya e ne e tla nna bontlhanngwe jwa eng?
3 Setshwantsho seno se dirisitswe ke Jesu Keresete gore a bontshe ditiragalo tse di rileng tseo di neng di tla diragala mo tirong eo a neng a e simolotse mo lefatsheng. Tiro eo ya go jala e ne e direlwa go ntsha thobo e e tlhokegang ya Bakeresete ba boammaaruri gore ba dire nae kwa mmusong wa selegodimo o o itsiweng jaaka “bogosi yoa magodimo.” Ka gone o ne a bolelela-pele gore mmaba wa gagwe Satane Diabolo o ne a tla tshwenyana le go jala ga gagwe. Tshimo e ne e se kitla e ntsha thobo e e eleditsweng ya Bakeresete ba seka-mabele, ba boammaaruri, mme gape e ne e tla ntsha Bakeresete ba baitimokanyi ba seka-mofoka. Boo-babedi ba ne ba tla letlelelwa go gola mmogo go fitlhela lobaka lwa thobo, fa tiro ya go kgaoganya e ne e tla simolola. Go feta moo, tiro eno ya go kgaoganya e ne e tla nna karolo e nngwe gape ya ‘metlha ya bofelo,’ e leng “bokhutlō yoa lehatshe.”—Math. 13:24-30, 36-43; bapisa Mathaio 24:3; 2 Timotheo 3:1.
4. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go kgatlhegela setshwantsho seno?
4 A o kgatlhegela go bona bokhutlo jwa tsamaiso e e bosula eno? A wena ka bowena o tla amiwa ke matswela a tiro eno ya thobo? Mme, a go ka tshogana gore setshwantsho sa ga Jesu se neela sekopololo sa go tlhaloganya ditiragalo tsa Bokeresete go ralala makgolo-kgolo a dingwaga? A re boneng.
SETSHWANTSHO SA MABELE LE MOFOKA
5, 6. (a) Ke ka ntlhayang fa polelwana “bogosi yoa magodimo” mo setshwantshong seno e se kitla e kaya mmuso wa selegodimo wa ga Keresete? (b) He ditshwantsho tsa bogosi di bua kaga eng ebile di tshwantsha eng?
5 Mo dintshing tsa Lewatle la Galilea, gautshwane le fa tlung ya fa Jesu a neng a nna gone, o ne a bolelela barutwa ba gagwe le matshwititshwiti a batho ba ba ratang go itse ka setshwantsho seno, a re: “Bogosi yoa legodimo bo chwantshiwa le motho eo o kileñ a yala peo e e molemō mo tshimoñ ea gagwè: Me e rile go robecwe, mmaba oa gagwè a tla a yala mohoka le ōna mo mabeleñ, mme a tsamaea. Me e rile mogwañ o gola, me go tsala, hoñ mohoka le ōna oa bōnala.”—Math. 13:24-26.
6 Fa re kgabodisa matlho mo ditshwantshong tse dingwe tsa bogosi go Mathaio kgaolo 13 go re thusa go lemoga gore polelwana “bogosi yoa magodimo” jaaka e dirisiwa mo ditshwantshong tseno ga e ne e kaya mmuso kana bogosi jwa ga Mesia jo bo tletseng kwa magodimong. A mongwe a ka akanya ka “mohoka,” “boshula” jo bo tshwanang le sebediso (Mat 13 temana 33; 1 Bakor. 5:8) kana batho ba bapisiwang le “ditlhapi” tse di bosula, tse di sa jegeng (Mat 13 ditemana 47-50) di kopanela le Keresete mo bogosing jwa gagwe jwa selegodimo? Le e seng! Ka gone, ditshwantsho tseno di tshwanetse tsa bo di bua kaga ditiragalo tse di molemo le tse di bosula maloka le go tlhophiwa ga bankane ba nako e e tlang ba ga Keresete mo ‘bogosing jwa Modimo.’ Segolo-setonna, setshwantsho sa mabele le mofoka se tshwantsha boemo jo bo mo go bao ba leng mo lefatsheng mme ba iphaka gore ba bileditswe go busa le Keresete mo bogosing jwa gagwe. Boemo jono bo ne bo tla letlelelwa ka lobakanyana, pele ga fa bo khutlisiwa kwa ‘thobong’ ya tshwantshetso.
7, 8. (a) “Morwa Motho” ke mang? (b) Ke boperofeti bofe jo bongwe gape jo bo umakang “Morwa Motho” le bao ba emelwang ke “peo e e molemō”?
7 Jesu ka boene moragonyana o tlhalositse bokao jwa tshwantshetso jwa “muñ oa tshimō” kana “moyadi,” “tshimō” ya gagwe, “peo e e molemō,” “mmaba” le “mohoka.” Pego eno e balega jaana: “Hoñ Yesu a tlogèla machutichuti a batho, a tsena mo tluñ: me barutwa ba gagwè ba tla kwa go èna, ba re, Re phuthololèlè sechwanchō sa mohoka mo tshimoñ. Me a ba hetola; a re, Moyadi oa peo e e molemō ke Morwa motho; Tshimō ke lehatshe; peo e e molemō bōnè, ke bana ba bogosi; me mohoka ke bana ba eo o boshula; mmaba eo o ba yadileñ ke diabolo.”—Math. 13:38-39.
8 Jesu o ne a ipolela gore ke “Morwa Motho.” (Math. 8:20; 25:31; 26:64) Ka mo go kgatlhisang, Jesu ka boperofeti o biditswe “morwa motho” mo ponatshegelong e e amogetsweng ke Daniele e e maloka le Bogosi. Boperofeti joo bo re: “Me [“morwa motho”] a nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō, ba mo dihèlè: pushō ea gagwè ke pushō e e sa khutleñ, e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè ke yo bo se ketlañ bo señwa.” Go bontsha gore Morwa motho o ne a tla nna le bankane ba ba busang nae, ponatshegelo eno ya boperofeti gape e re: “Me bogosi le pushō, le bogolo yoa magosi a a tlhatse ga legodimo yeotlhe, bo tla nèwa ba ga bōnè baitshepi ba Mogodimodimo: bogosi yoa gagwè ke bogosi yo bo sa khutleñ, le dipushō cotlhe di tla mo dihèla di inèla mo go èna.”—Dan. 7:13, 14, 27.
GO JALA “PEO E E MOLEMŌ”
9. “Tshimō” ke eng, mme ke ka ntlhayang fa Jesu a jetse “peo e e molemō” mo go yona?
9 Jesu, e leng “muñ oa tshimō” mo setshwantshong seno, o jala “peo e e molemō mo tshimoñ ea gagwè” ka mokgele wa go roba palo e e tlhokegang ya “baitshepi” bao, kana “bana ba bogosi” go tswa mo lefatsheng. “Tshimō” eno e tlhalosiwa e le “lehatshe [Segerika, koʹsmos]” e leng lefatshe la batho. Go tloga ka lobaka lwa tirelo ya ga Jesu mo lefatsheng go ya pele, batho e nnile “temō,” e leng tshimo ya bodumedi ya paka ya go jala le go tlhagolela “peo e e molemō,” kana “bana ba bogosi.” (1 Bakor. 3:9) Jesu ka tlhagafalo o lemile karolo ya Sejuda ya “tshimō” ka nako ya dingwaga tse tharo le sephatlo tsa tirelo ya gagwe ya selefatshe. (Math. 9:35-38) Morago, go tloga ka Pentekoste ya 33 C.E. go ya pele, o ne a jala “peo e e molemō,” lantlha mo Bajudeng, mme labofelo mo lefatsheng, kana mo ‘tshimong’ yotlhe.—Dit. 1:8.
10. Tiro ya go jala gare ga Bajuda le basokologela-bojudeng e ne ya atlega jang?
10 Fa Jesu a tlhalosa “peo e e molemō,” o rile: “Bōnè, ke bana ba bogosi.” Ba ntlha ba “bana [bano] ba bogosi” ba ba tsetsweng ba bo ba tlodiwa ka moya e ne e le baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Keresete le barutwa ba bangwe ba ka ne ba le lekgolo, banna le basadi, bao ba amogetseng neo ya moya o o boitshepo ka Pentekoste ya 33 C.E. mo Jerusalema. (Dit. 1:13-15; 2:1-4) Mo tsatsing jeo, ba bangwe ba ka ne ba le 3 000, Bajuda le basokologela-bojudeng, ba ne ba okediwa mo phuthegong ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhongwa. (Dit. 2:5-11, 41) Jehofa o ne a segofatsa tiro eno ya go jala mme a nna a “ba ōketsa ka go tlhōmagana ga malatsi, ka ba ba bolokwañ,” mo e leng gore ka bonako “palo ea banna [ka gongwe go sa balelwe basadi] ea tloga ea nna e ka ne e le makgolo a mashomè matlhano.” Moragonyana, pego e oketsa ka go re: “Badumedi ba oketsègèla Morèna bogolo, bontsi yoa banna le basadi.” (Dit. 2:47; 4:4; 5:14) Tiro ya go jala e ne e tswelapele ka bofefo mo gare ga Bajuda le basokologela-bojudeng.
11. Go jala go atlegile jang gare ga Basamaria le ba e seng Bajuda?
11 Morago ga fa Mojadi Jesu a sena go rulaganyetsa gore dipeo di jalwe mo Basamarieng (Dit., kga. 8), ka moya o o boitshepo wa Modimo, o ne a atolosetsa tiro ya go jala go ba e seng Bajuda kana Baditšhaba ba ba sa rupang. (Dit., kga. 10; 13:1-5, 46, 47) Mo masomeng a sekae a dingwaga diphuthego tsa Bokeresete di ne di setse di tlhomilwe go tloga mo Afrika Bokone go ya kwa Lewatleng le Lentsho le go tloga mo Babilonia go ya kwa Italy, fa go sa fetela kwa bophirima thata. (Dit. 2:5-11; 1 Pet. 5:13; Bar. 15:24; Bakol. 1:5, 6, 23) Ka ntlha ya go jala mo go tlhagafetseng, ‘mogwang o no o gola, mme o tsala.’—Math. 13:26.
GO JALA MOFOKA
12, 13. “Mmaba” ke mang, mme o jetse jang mofoka fa go santse “go robecwe”?
12 Mme sekhukhuni se ne se theogetse. Setshwantsho sa ga Jesu se ne se tlhagisitse jaana: “Me erile go robecwe, mmaba oa gagwè [wa ga Mojadi] a tla a yala mohoka le ōna mo mabeleñ, me a tsamaea. Me erile mogwañ o gola, me go tsala, hoñ mohoka le ōna oa bōnala.” (Math. 13:25, 26) Jesu o tlhalositse gore “mmaba oa gagwè” ke “diabolo,” ene yo o neng a tla dira tshenyo ya gagwe go santse “go robecwe.” Mo Bibeleng “boroko” bo ka tshwantshetsa loso kana go otsela ga semoya. (Math. 9:24; Bar. 13:11; 1 Bathes. 5:6) Morago ga fa Paulo a sena go bua ka ‘go wetsa sebaka sa gagwe sa tshianelo,’ o ne a bolelela bagolwane ba kwa phuthegong ya Bokeresete ya kwa Efeso, a re: “Kea itse ha e tla re ke sena go tsamaea go tla tsèna mo go Iona diphiri tse di setlhogo, tse di sa rekegeleñ lecomane; Le mo go Iona ka losi go tla coga banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshadisa barutwa morago. Me ke gōna disañ.”—Dit. 20:24-31.
13 Dintlha tsa ditiragalo di bontsha gore go ne go santse “go robecwe” fa Satane “a tla a yala mohoka le ōna mo mabeleñ.” Erile baaposetoloi, bao ka setlhopha ba neng ba direla jaaka “se se kganetseñ” botenegi, ba simolola go robala mo losong, bagolwane ba bantsi ba Bakeresete ba ne ba retelelwa ke go nna ba ‘disitse.’ (2 Bathes. 2:3, 6-8) Erile ba otsela semoyeng, ga baa ka ba sireletsa “bana ba bogosi” mo ‘diphiring tse di setlhogo’ tseo di neng tsa simolola go itswakanya nabo. Bano e ne e le “mohoka” o o jadilweng gare ga “peo e e molemō.” Erile Johane, e leng moaposetoloi yo o suleng labofelo, a bua ka bokhutlo jwa lobaka lwa boaposetoloi joo bo neng bo atamela, o kwadile jaana: “Ke nakō ea bohèlō: me yaka lo kile loa utlwa ha moganetsa Keresete a tla, le gompieno go setse go cogile baganetsa Keresete ba le bantsi; me re itse ka gōna le e le nakō ea bohèlō. Ba dule mo go rona, me ea bo e ne e se ba rona; gonne ha e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba santse ba na le rona: me ba cwa, gore ba tlè ba bōnatshiwè kaha ba señ ba rona botlhe ka gōna.”—1 Yoh. 2:18, 19.
14. Go neetswe tshedimosetso efe kaga mofuta wa mofoka o o kaiwang mo setshwantshong sa ga Jesu?
14 Jesu o rile: “Mohoka ke bana ba eo o boshula.” (Math. 13:38) Mo bukeng ya ga H. B. Tristram Natural History of the Bible, o akgela kaga mofuta wa mofoka o o umakiwang mo setshwantshong seno. O kwala jaana: “Mefoka (zizania) e tshwana le zawân ya Se-Arabia, moo leina la Segerika le tsewang teng, e leng Lolium temulentum, kana Tlhogo-kgolwane. . . . Ke mofuta wa lesereng, ebile ke mofuta o le osi wa bojang oo dipeo tsa ona di leng botlhole. Lefoko zawân le tswa go zân, e leng ‘go tlhatsa,’ mme fa o jele tlhogokgolwane o tshwarwa ke go feroga dibete, go idibala, go tsholola madi, moo gantsi go felelang ka loso. Sejalo seno, seo se nang le matlhare a a sepharana go feta majang a mantsi a naga, se tshwana le mabele kana korong gotlhelele go fitlhela seako se tlhagelela.”
15. (a) A “mohoka” ke “mabèlè” a a fetogileng? (b) Ka jalo, “Morwa Motho” gaa na molato wa eng?
15 Go tshwanetswe ga lemogiwa gore “mohoka” ga se sebopego se se fetogileng sa mabele, jaaka Baithuta Molao wa Sejudaa le ba bangwe ba kile ba dumela jalo. Peo ya mabele ga e ke e iphetola mofoka. Mo go tla bo go ganetsana le molao o o sa fetogeng wa ga Jehofa: “A lehatshe le tlhogè boyañ, morōgō o o tsalañ peo, le setlhare sa louñō, se se uñwañ kaha losikeñ loa shōna.” (Gen. 1:11, 12) Nnete eno ya boitseanape e golola “Morwa Motho,” Jesu Keresete, e leng “moyadi,” mo maikarabelong ape a seo se diragalang mo ‘tshimong ya gagwe.’ “Peo e e molemō” eo a e jetseng e ne e se kitla e nna thobo ya mofoka. E ne e tla ntsha “mabèlè” fela, kana “bana [ba sebele] ba bogosi.” Seo moragonyana se diragetseng mo ‘tshimong’ ya gagwe e ne e le matswela a fa mmaba wa gagwe a jala “mohoka,” kana “bana ba eo o boshula” ka boomo le ka lefufa.
16. Setshwantsho sa “mabèlè” le “mohoka” se thusa jang mo ditiragalong?
16 Ka gone, setshwantsho sa ga Jesu sa “mabèlè” le “mohoka” se thusa thata mo go tlhaloseng ditiragalo tsa Bokeresete go ralala makgolo a dingwaga. Dintlha tsa ditiragalo di bontsha gore morago ga loso lwa baaposetoloi Satane o ne a tsenyeletsa mofoka, e leng “diphiri tse di setlhogo” le “baganetsa Keresete” ba bantsi mo diphuthegong tsa Bakeresete ba boammaaruri, fela jaaka Jesu, Paulo, Johane le Jude ba boleletse-pele. (Dit. 20:29; 2 Pet. 2:1-3; 1 Yoh. 2:18; Yude 4) Go ntse fela jaaka Jesu a umakile: “E rile mogwañ o gola, me go tsala, hoñ mohoka le ōna oa bōnala.”—Math. 13:26.
17. “Mohoka” o no wa bonala leng segolo-bogolo?
17 “Mohoka” ono o ne wa bonala segolobogolo ka lekgolo la dingwaga la bobedi le la boraro, moo bao go tweng ke borara ba kereke ba neng ba simolola go ruta dithuto tse di seng tsa Dikwalo tse di etsang go sa swe ga moya, molelo wa dihele le tharo-nngwe. Bontsi jwa banna bano e ne e le bora-matlhale fela bogolo go balebedi ba boammaaruri ba Bakeresete ba ba ikanyegang mo dithutong tsa Bibela. Setlhoa se tlile go sale mo lekgolong la bone la dingwaga, fa Molaodi Constantine wa moheitane a ne a tswakanya Bokeresete jo jwa botenegi le bodumedi jwa boheitane jwa Roma. Bokeresete jo bo ntseng jalo jwa boitimokanyi, ka methale ya jone ya Roma Katoliki, Orthodox ya Russia, Orthodox ya Magerika le Boganetsa-Katoliki, bo tlhagisitse moswantlha wa “mohoka” e seng fela go ralala makgolo a dingwaga mme gape go fitlha le mo nakong ya jaanong.
“LESAÑ, LO MMÈ GO GOLE MMŌGŌ”
18. Go ya ka setshwantsho sa ga Jesu, go santse go na le ditiragalo dife tse dingwe gape?
18 Boemo jono bo bile tota jwa hutsafatsa “batlhanka” ba “Morwa Motho.” Setshwantsho sa ga Jesu se tswelapele ka go re: “Me batlhanka ba re, Ha e le yalo, a u rata ra ea ra o phutha? Me a re, Nya; me e se tlo ea re kgotsa ka lo phutha mohoka, loa o khumolèla le mabèlè. Lesañ, lo mmè go golè mmōgō go ea thoboñ: me e tla re mo motlheñ oa thōbō ke tla raea barobi, ke re, Phuthañ mohoka pele, lo o bōhè diñata go tla lo o hisa: me mabèlè lo a phuthèlè mo bobolokèloñ yoa me.”—Math. 13:27-30.
19. Ke ka ntlhayang fa “batlhanka ba muñ oa tshimō” ba ne ba hutsafetse?
19 Fa e le gore “batlhanka” ba ba tshwenyegileng bano (Mat 13 temana 27) e ntse e le “barobi” (Mat 13 temana 30) Jesu gaa tlhalose. Fa e le bone, mo go ne go tla raya gore baengele ba ne ba hutsafaditswe ke kgolo e e motlele ya “mohoka” mo tshimong ya Morena wa bone. (Math. 13:39) “Batlhanka” bano ba ne ba botsa fa ba ne ba ka khumola mofoka, o o tshwantshetsang “bana ba eo o boshula,” ka yone nako eo. (Math. 13:38) Ba ne ba boifa gore Bakeresete bano ba baitimokanyi, kana “mohoka” bao ka bopelompe ba jetsweng ke “mmaba,” Diabolo, ba ne ba ka hupetsa “mabèlè” a boammaaruri, e leng bana ba sebele ba “bogosi.”
20. “Muñ oa tshimō” o ne a araba “batlhanka” ba gagwe jang, mme ditiragalo di tlhomamisa seno jang?
20 Mme “muñ oa tshimō,” e leng “Morwa Motho,” gaa ka a letlelela “batlhanka” ba gagwe go ya go phutha “mohoka,” kana Bakeresete ba baitimokanyi, ba o kgaoganya le “mabèlè,” e leng Bakeresete ba boammaaruri. O rile: “Lesañ, lo mmè go golè mmōgō go ea thoboñ.” Mme ga diragala jalo gore Bokeresete jwa boammaaruri le jwa maaka bo gole mmogo mo ‘tshimong,’ kana mo ‘lefatsheng’ la batho. Go sa kgathalesege seo, ‘motlha wa thobo’ o no o tshwanetse go tla. Leng? Mme o go ama jang?
[Ntlha e e kwa tlase]
a “Buka ya Molao wa Sejuda ya Jerusalema e tsopola ntlha ya gore mofero o bidiwa zunim ka go bo ke matswela a go mezannota (‘go akafala’) ga korong, ke gore, e fetola dipopego tsa yone e bo e nna mofero.”—Encyclopædia Judaica, Volume 15, column 810.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Tlhogokgolwane
Mabele a boammaaruri