“Dichaba di Tla Sailèla” Kwa Kobamelong e e Tshedisang
1, 2. (a) Fa Johane a ne a bona ponatshegelo e e tlhalosiwang go Tshenolo 7:9-17, tempele ya kwa Jerusalema e ne e ntse jang? (b) “Boidiidi yo bogolo yoa batho” bo kgetholotswe kae ebile leng, mme batla-kopanong ba ne ba arabela jang?
FA BUKA ya bofelo ya Bibela, Tshenolo, e ne e kwalwa ke moaposetoloi Johane wa Mojuda yo o nnileng Mokeresete, e ka ne e le ka ngwaga wa 96 C.E., tempele ya kwa Jerusalema e ne e sentswe ke masole a Baroma a laolwa ke Molaodi Tito. Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Johane go Tshenolo 7:9-17 o tlhalosa “boidiidi” jo bo senang palo jo bo tswang mo bathong botlhe, merafe yotlhe, ditso tsotlhe le dipuo tsotlhe, ebile ba ne ba bonwa ba direla Modimo o o mo setulong sa ona sa bogosi tirelo e e boitshepo mo lwapeng lwa tempele ya Iona. Kwantle ga potso, go ne go kaiwa tempele ya semoya ya ga Jehofa Modimo.
2 Basupi ba ga Jehofa le batho ba dipelo dintle ba ne ba itumetse tota ka 1935 fa bao ba “boidiidi” jwa merafe-rafe jo bo senang palo ba ne ba kgethololwa e le “dinku” tse di tlhalositsweng mo setshwantshong sa ga Jesu sa dinku le dipodi. (Math. 25:31-46) Ee, ba ne ba kgethololwa e ntse e le tsone “dinku di sele” tse di umakilweng mo setshwantshong sa ga Jesu sa Modisa yo o Molemo. (Yoh. 10:16; bona buka The Harp of God, e e phasaladitsweng ka 1921, ditsebe 338, serapa 577; gape le, tokololo ya The Watch Tower ya October 15, 1923, tsebe 310, tlase ga setlhogwana “Two Classes.”) Go kgethololwa ga bao e leng ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa Tshenolo 7:9-17 go diragetse kwa kopanong ya May 30–June 3, 1935, kwa Washington, D.C., U.S.A., ka tlhaloso e e mo nakong ya setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi. Letsatsi (Matlhatso) le le latelang motlotlo oo go ne ga kolobediwa batla-kopanong ba le 840 ba kaelwa ke kutlwisiso ya bone e ntšha go ya ka tlhaloso ya setshwantsho sa ga Jesu.
3. Mika 4:2 e simolotse go dirafala leng, mme bao ba arolang mo tirafatsong ya yone ba ne ba lebile Jerusalema ofe?
3 “Dinku di sele” tse di ineetseng le go kolobediwa di arola le bonnake ba semoya ba ga Kgosi Jesu Keresete mo go rereng “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” gotlhe, e leng “mo lehatshiñ go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Math. 24:14) Mika 4:2 e ne ya simolola tirafatso ya yone ka tsela e. Yone e re: “Me merahe e le mentsi e tla hitlha, e re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, le kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakoba; o tla re ruta ditsela tsa ōna, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa ōna: gonne molaō o tla cwa mo Siona, le lehoko ya ga Yehofa mo Yerusalema.” “Dinku di sele” tsa “boidiidi yo bogolo yoa batho” di ne tsa senka “molaō” o o thailweng mo Bibeleng le “lehoko ya ga Jehofa” ka basupi ba gagwe ba ba tloditsweng, Baiseraele ba semoya, kwa Jerusalema o Mosha o o mo Thabeng ya Siona ya selegodimo, e seng kwa Jerusalema wa selefatshe o o neng o thopilwe ke mephato ya Maesimane ka nako eo.
4. Mika 4:3, 4 e ne ya simolola go dirafala go bomang ka nako eo?
4 Tirafatso ya Mika 4:3, 4, ga ya ka ya dirafala mo merafeng ya lefatshe eo e neng e kokoanya dibetsa tsa Ntwa ya Lefatshe II mme e dirafetse go “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa merafe-rafe ya seka-dinku. Mika 4:3, 4 e re: “Me [Jehofa] o tla atlhola ha gare ga dichaba di le dintsi, o tla kgalemèla merahe e e thata e e kwa kgakala; me ba tla thula dichaka tsa bōnè dithipa tse di segañ mabèlè: morahe ga o ketla o èkèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè. Me moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.”
5. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, ba ne ba tsaya kemo efe, mme, ka tshwantshetso, ba ntse ba dutse jang?
5 Basupi ka botlhoka-poifo, ebile ba sa roromisiwe ke ope wa lefatshe leno, tota le morago ga fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go faga ka September 1, 1939, ba ne ba bolela le go phasalatsa boitlhaodi jwa bone maloka le merafe yotlhe e e tlhabanang. (Bona tokololo ya The Watchtower ya November 1, 1939, e e nang le setlhogo se segolo se se reng “Neutrality.”) Ba nnile ba itlhaotse fela jalo fa e sale. Gantsi mo go kaile gore ba tswalelwe mo dikampong tsa pogiso, kana mo dikgolegelong, kana ba bolawa, e le ba ba sa rateng bagaabo. Ba gana go nna ba lefatshe leno, fela jaaka Jesu Keresete a ganne go dira jalo. Ka tshwanelo, he, go tshwanetswe ga lebelelwa gore Basupi ba agisanye mo diphuthegong tsa bone, ba agile mmogo jaaka bana ba monna. (Pes. 133) Ka tshwantshetso, mongwe le mongwe o “dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè,” ka polokesego, fela jaaka Baiseraele ka nako ya puso ya kagiso ya dingwaga di le 40 ya ga Kgosi Solomone, morwa Dafide. (1 Dikg. 4:25) Mo lobakeng lo lwa “bokhutlō yoa lehatshe,” ka kagiso ba rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi . . . mo lehatshiñ yeotlhe.”—Math. 24:3, 14.
BAFALODI BA HARA-MAGEDONA BA TSWELEDISA KOBAMELO YA BOAMMAARURI
6, 7. Tokololo ya The Watch Tower ya December 15, 1928, e rileng maloka le Mika 5:6-9 kaga gore e ne e tshwanetse ya dirafala jang?
6 Ka jalo Basupi ba lapolosa ditšhaba tsotlhe. Go ntse fela jaaka go boleletswepele go Mika 5:6-9: “Me [Jehofa] o tla re golola mo Moasirieñ [maatla a lefatshe a Asiria], mogañ o tlañ mo lehatshiñ ya rona, le mogañ o gatañ mo teñ ga molelwane oa rona. Le masalèla a ga Yakoba a tla nna mo gare ga dichaba di le dintsi, yaka monyō o o cwañ kwa go Yehofa, yaka medupe mo boyañeñ; e e sa diegeleñ motho, leha e le go leta bana ba batho. Me masalèla a ga Yakoba a tla nna mo merahiñ, mo gare ga dichaba di le dintsi, yaka tau mo gare ga diphōlōhōlō tsa sekgwa, yaka ledumedi mo macomaneñ a dinku: e ea reñ e ralala, e be e gatake, e gagole, me go bo go sena opè eo o gololañ. A seatla sa gago se cholelediwè godimo ga baba ba gago, me a baba botlhe ba gago ba kgaolwè.”
7 Fa setlhogo “Molaodi yo o Tswang mo Bethelehema,” mo tokololong ya The Watchtower ya December 15, 1928, se bua ka seno se rile:
Seno se ka kaiwa e le pontsho ya gore bangwe ba masalela ba tla bo ba le mo lefatsheng tota le morago ga fa Hara-Magedona e sena go Iowa mme ka nako eo ba tla bo ba santse ba na le tiro mo leineng la Morena gore ba mmake le go mo galaletsa. Batho, ba ba tla bong ba raletse matshwenyego a magolo le a a hutsafatsang, ba tla bo ba sa tlhole ba ikanya batho go ba thusa kana go solofela bana ba batho gore ba ba namole le go ba gomotsa mme ba tla ikanya Morena ba bo ba utlwa Lefoko la gagwe ka boitumelo. Dibopiwa dingwe di tla nna le tshiamelo, jaaka baemedi le barongwa ba Morena, ya go isetsa batho molaetsa wa kagiso.
Masalela a Morena, go ya ka boperofeti jo, ba tswelela ba fenya ka thata ya ga Jehofa. Tau ke kgosi ya diphologolo tsa naga, ebile ga go epe e e ka lebanang nayo. Matsomane a dinku gaa na nonofo mo ledumeding le le kwenneng mo gare ga one. Moperofeti o tlhalosa masalela a a ikanyegang a Modimo jalo. Bano ba tla bo ba le gare ga merafe ya batho ba bantsi ba nonofile ebile ba le matlhagatlhaga mo leineng la Morena gore ba thuse bao ba tlhokang thuso le go ba supetsa mokgwa wa Modimo wa go senya bao ba ganetsang.—Tsebe 376, dirapa 35, 36.
8. Fa tokololo ya The Watch Tower e atolosa kgang eno, e ne ya tswelela ka go reng?
8 Fa tokololo ya The Watch Tower ya March 15, 1929, tsebe 88, serapa 41, e atolosa kgang eno, e tswetsepele ka go re:
Tota le boidiidi jo bogolo jwa batho bo tshwanetse go gogelwa kwa metsweding ya metsi a botshelo. (Tshen. 7:17) Morena a ka nna a dirisetsa masalela go ba thusa jalo. Go tla nna le ba bangwe gape bao ba tla ngotlofatswang ke Hara-Magedona, mme ba tla bo ba etleegetse go reetsa. Morago ga Hara-magedona Morena a ka nna a dirisetsa masalela a mangwe go neela bosupi le go thusa bao ba tlhokang go rutiwa, mme seno ba ka se dira tota le pele ga fa ba tseelwa kwa malwapeng a kgalalelo e e sa khutleng. Go tlhomamisegile gore tiro ya masalela jaanong ke go bolela mafoko a a molemo jaaka basupi ba ba tlhophilweng ka tshwanelo ba Modimo.
9. Lefa go ntse jalo, a masalela a ne a tshwanelwa ke go leta go fitlha Jehofa a fenya kwa Hara-Magedona pele ga fa ba ka tshwana le “monyō” le “ledumedi” mo bathong ba merafe?
9 Legale, masalela a Baiseraele ba semoya gaa ka a tshwanelwa ke go leta go fitlha morago ga “[ntwa] ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona gore ba tle ba nne “monyō” o o lapolosang batho ba ba batlang go obamela “Modimo oa ga Yakoba” kwa tempeleng ya semoya. (Tshen. 16:14, 16) Nnya, masalela gaa ka a tshwanelwa ke go leta go fitlha morago ga fa Jehofa a fentse kwa tlhoreng ya ntwa eo ya bofelo pele ga fa ba ka tshwana le “ledumedi” mo gare ga merafe. Fela jaaka moperofeti Isaia fa a ne a bona ponatshegelo ya ga Jehofa kwa tempeleng ya Gagwe, ba arabile potso ya ga Jehofa e e reng, “E mañ eo o tla re èlañ?” Ka bonako morago ga bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe 1 ka 1918, ba rile: “Ke hano, roma nna.” Ka go obamela taolo ya bomodimo, e e reng “Ea,” ba ile kwa bathong ba merafe yotlhe.
10. Masalela a nnile jaaka tau mo merafeng fa a bolela molaetsa ofe wa ga Jehofa?
10 Ka gone ba rerile molaetsa wa bogosi jo bo tlhomamisitsweng joo bo tla segofatsang setlhopha sa “dinku” le joo bo tla bolayang setlhopha sa “dipodi.” (Math. 25:31-46) Fa ba bolela “letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona” ba nnile jaaka ditau ka bopelokgale, ba gakolola baganetsi ba bogosi jo bo tlhomamisitsweng jwa Modimo gore ba tla bolawa kwa Hara-Magedona ke Kgosi-Motlhabani wa ga Jehofa, Jesu Keresete, e leng “Tau, eo o leñ oa locō loa Yuda.”—Isa. 61:1-3; Tshen. 5:5.
11. Ke ka ntlhayang fa “seatla” sa masalela a a tloditsweng se ntse se tsholeleditswe godimo ga baba ba bone, mme matswela a seno a nnile afe kaga makala a Mokgatlho gammogo le palo ya “dinku” tse di phuthiwang?
11 Ka tsela eno “seatla” sa bone sa go dirisa Lefoko la Modimo ka botlhaga se ntse se tsholeleditswe “godimo” ka go fenya baganetsi botlhe bao ba lwelang go hupetsa molaetsa wa Bogosi. Baganetsi bao ba itsisitswe kaga phenyo le tshenyo e e tlang ka Hara-Magedona, fa ba tla bo ba ‘kgaolwa’ ka bosakhutleng. (Mika 5:9) Kafa letlhakoreng je lengwe ja kgang eno, baitsesi ba ba tloditsweng bao ba bogosi jwa Modimo ba nnile jaaka “monyō” o o lapolosang go batho ba seka-dinku bao ba ikutlwileng jaaka ‘bojang’ jo bo tshubegileng, jo bo omeletseng. Ereka Jehofa a ntse a tsholeditse seatla sa bone, se ntse se tsholeleditswe godimo ga baba ba bone mo dingwageng tsotlhe fa e sale ditlhogo tse di tsopotsweng fa godimo go tswa mo ditokololong tsa The Watch Tower tsa 1928 le 1929 di gatisiwa. Go supa seno, makala a mafatshe a sele a Watch Tower Bible and Tract Society a setse a le 97, otlhe a direla “masalèla” a a tloditsweng. Gape, “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba “dinku di sele” tsa Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete, bo ntse bo oketsega go fitlha le gompieno. Gore labofelo ba tla nna bakae Tshenolo 7:9-17 ga e bontshe.
12. Tiro ya masalela a a tloditsweng gammogo le bankane ba bone ba seka-dinku e tla tswelapele go fitlha go gololwa eng, mme ka ntlhayang?
12 Ditiro tsa masalela a a tloditsweng gammogo le bankane ba bone ba seka-dinku di tshwanetse go tswelapele go fitlhela “baengele ba le banè” ba ba emeng kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe ba laolelwa go lesa diphefo di le nne tseo di tla dirang “sepitla se segolo.” Mo sepitleng seo bao ba ntseng ba gana molaetsa wa Bogosi ba tla ‘kgaolwa,’ ba bolawa. Ka nako eo palo ya bofelo e e tlhokafalelang go feleletsa babusi-mmogo le Jesu Keresete ba le 144 000 ba tla bo ba setse ba ‘tshwailwe’ mo diphatleng tsa bone. (Tshen. 7:1-8, 14) Bankane ba bone ba seka-dinku bao ba tswileng mo merafeng yotlhe go ya go batla “ntlo” ya semoya ya ga Jehofa ebile ba ineeletse go “sepela mo ditselaneñ tsa ōna” ba tla sujwa ka nako ya “sepitla se segolo.” (Mika 4:1-4) Ka jalo ba tla falola ba le mo lefatsheng ba falolela mo pusong ya dingwaga tse di sekete ya ga Jesu Keresete gammogo le baruaboswa-mmogo le ene.
13. Ke masalela a makae a a tloditsweng a a tla falolang Hara-Magedona, mme ba tla nna ba tshwana le eng mo gare ga ba ba falotseng nabo?
13 Fa e le gore ke masalela a makae a baruaboswa-mmogo le Keresete a a tla falolang le bone go ralala “[ntwa] ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona ga re itse, lefa e le gore ba tla nna lobaka lo lokae morago ga moo. Mme lefa e ka nna lobaka lo lokae, ba tla tswelela ba tshwana le “monyō” go “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba “dinku di sele.” Bano ga ba kitla ba opisa masalela tlhogo, ka go bo “dinku di sele” di setse di dirilwe “lecomane le leñwe hèla” le masalela a a mo “sakeñ” jeo Modisa yo o Molemo a tsentseng “lecomanyane” mo go lone. (Yoh. 10:16; Luke 12:32) Ka jalo masalela gaa ne a tshwana le tau e e gagolakang mo gare ga dinku tse di senang boitshireletso fa ba le gare ga “boidiidi yo bogolo yoa batho.”
14. Ka lobaka loo, Sione wa selegodimo o tla tshwana le phologolo efe e gatakang, mme “lonaka” lwa yone lo tla nna thata go le kana-kang mo babeng?
14 Masalela gaa ne a tlhabana mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona. Fela jaaka Baiseraele mo metlheng ya ga Kgosi Jehoshafate, ba tla ema fela ba bogela poloko ya ga Jehofa ka “Tau, eo o leñ oa locō loa Yuda,” Jesu Keresete. (2 Ditih. 20:17) Ka lobaka loo Jehofa Modimo Mothatayotlhe o tla dira “lonaka” lwa Sione wa selegodimo tshipi mme, jaaka poo, o tla gataka baba ba Modimo jaaka ekete mo bophothelong. Ruri o “tla thubaganya dichaba di le dintsi” go di nyeletsa. (Mika 4:13) Sengwe le sengwe seo se setseng morago ga go senngwa ga bone se tla dirisiwa ke bafalodi ba Hara-Magedona.
SEO SE TLHOKWANG JAANONG MO LEFATSHENG LE LE BODILENG
15. A fa motho a fitlhelela patlafalo ya Modimo e e thadisitsweng go Mika 6:8 go mo letlelela gore a nne a nne mo go La-Bodumedi kana nnya? Mme ka ntlhayang?
15 Mika 7:2, 6 e ne e bua kaga La-Bodumedi, e leng setshwani sa segompieno sa Iseraele yo o sa ikanyegeng, fa e re: “Motho eo o moetsa Modimo o hedile o dule mo lehatshiñ, me ga go na opè eo o thōkgameñ mo bathuñ: . . . baba ba monna e be e le batho ba ntlo ea gagwè.” Tota le bao ba itshemang Bakeresete bao e leng bontlhanngwe jwa La-Bodumedi la segompieno ba tshwanetse go dira eng gore ba falole diphelelo tsa boemo jo bo bodileng jo? A ba dire ditlhabelo tse di bonalang ntswa ba santse ba le bontlhanngwe jwa thulaganyo e e bodileng ya bodumedi? Nnya! Mo boemong jwa moo, ba tshwanetse go dira mo tumalanong le seo se boletsweng go Mika 6:8: “O gu shupeditse se se molemō motho ke wèna: gapè Yehofa o lōpañ mo go wèna, ha e se gore u dihè ka tshiamō, le go rata boutlwèlō botlhoko, le go sepela ka boikokobeco le Modimo oa gago?” Gore motho a diragatse patlafalo eno ya bomodimo o tla tshwanelwa ke go tswa tota le mo La-Bodumedi, ka go bo lea aka fa le re ke Bokeresete. Go bola ga lone ga bodumedi le ga boitsholo go supa seno. Motho yo o nnang mo go lone a leka go le sokolola ga a ne a atlega. Le atlholetswe go senngwa ke Modimo yo le iphakang go mo direla.
16, 17. (a) Motho gompieno o tshwanetse go kopanela le batho bafe, mme ebile o tshwanetse go tlhopha Modimo ofe? (b) Fa motho yoo a opela sefela sa ga Moshe le sa ga Kwana, o tlotlomatsa Modimo ofe?
16 Ntlo ya La-Bodumedi ya kobamelo e tla thubiwa fela jaaka tempele ya kwa Jerusalema mo motlheng wa ga Mika e ne ya senngwa ka 607 B.C.E. Ka jalo, gore motho yo o mo go La-Bodumedi, fela jaaka motho mongwe le mongwe yo o mo bogosing jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka, a tle a ‘sepele ka boikokobetso le Modimo wa gagwe,’ o tshwanetse go kopanela le batho ba merafe yotlhe bao jaanong ba sailelang kwa “thabeñ ea ga Yehofa, le kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakoba.” Motho yoo o tshwanetse go amogela dithuto tsa ga Jehofa tse di tswang mo thabeng ya selegodimo ya Sione a bo a tsamaya mo tseleng eo a e supang jaanong. Mo ga go kaye gore o nne mosokologela-bojudeng. Go kaya gore o nne morutwa wa Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa le go nna mosupi fela jaaka ene. Ga tweng? A nne mosupi wa ga Jehofa yo o ineetseng le go kolobediwa? Ee! Go kaya gore motho a tlhophe tlhopho e e mo go Mika 4:5: “Gonne batho ba dichaba cotlhe ba tla sepela moñwe le moñwe ka leina ya modimo oa gagwè, me rona re tla sepela ka leina ya ga Yehofa Modimo oa rona, ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” Motho o tshwanetse go kopanela mo go opeleng “sehela sa ga Moshe motlhanka oa Modimo, le sehela sa ga Kwana,” a re:
17 “Ditihō tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamaco, Morèna, Modimo, Mothataeotlhe; ditsela tsa gago di tshiamō le boamarure, Kgosi ea metlha. Morèna, emañ eo o se ketlañ a boiha a galaletsa leina ya gago? gonne u boitshèpō u le wesi: gonne merahe eotlhe e tla tla e ōbamèla ha pele ga gago; gonne ditihō tsa gago tsa tshiamō di bōnadicwe.”—Tshen. 15:3, 4.
18. Ke ka ntlhayang fa potso e e digelang gammogo le karabo ya ga Mika e tshwanela kaga Jehofa?
18 Ka boikanyegi, Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsotlhe tseo a re di solofeditseng, tse di etsang e e solofeditsweng tlhogo ya lotso Aberahame gammogo le setlogolwana sa gagwe, Jakobo, kana Iseraele, le e leng go ya selekanyong sa go segofatsa ditshika le merafe yotlhe ya lefatshe ka Morwa wa Ona, Jesu Keresete. Ka go dira jalo, Jehofa ka boene o direla jaaka Aberahame wa sebele, e leng Aberahame yo Mogolwane. Ereka a ikanyegile mo go rona kwantle ga phapogo go fitlha jaanong, re ka itseela mafoko a a digelang a ga Mika re bo re re:
“Ana Modimo o o chwanañ nau ko ohe, o o ichwarèlañ boikèpō, o iphapaanye le tlolō ea masalèla a boshwa yoa ōna? ga o tshegetse bogale yoa ōna ka bosakhutleñ, ka o rata boutlwèlō botlhoko. O tla retologa, o tla re tlhomogèla pelo; o tla gata maikèpō a rona ka dinaō: me u tla latlhèla maleo aotlhe a bōnè mo boteñeñ yoa lewatlè. U tla tlhōmamisetsa Yakobe boamarure, le Aberahame boutlwèlō botlhoko, yo u bo ikanetseñ borra echo mo metlheñ ea bogologolo.”—Mika 7:18-20.
19. Modimo o o sa bapisiweng ke mang, mme re tla tsholetsa kobamelo ya ga mang go ralala ‘metlha ya morago’?
19 Ga go na Modimo o o tshwanang le Molaodi Morena Jehofa, Modimo le Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete. A re tsholetseng kobamelo ya gagwe e e itshekileng, gone jaanong, “mo motlheñ oa moragō,” gape le ka bosakhutleng.
tla nna ba ntse ba tshwana le eng mo gare ga ba ba falotseng nabo?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
“Dichaba di tla sailèla” kwa kobamelong e e tshedisang