Kobamelo ya Modimo Osi wa Boammaaruri e Setse e Ntse e Tsholediwa
1, 2. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, kobamelo ya Modimo osi wa boammaaruri e ne ya wela tlase jang, mme Mika 3:12 e bontshitse seno jang?
NTWA YA LEFATSHE I e ne e le nako ya lefifi leo setho se iseng se ke se le bone. E ne ekete babusi ba lefifi ba ne ba setse ba fekeeditse lobopo lotlhe. E ne ekete “kgōsana ea lehatshe” e ne e setse e fentse. (Yoh. 14:30) Erile mmuso wa gagwe wa bodumedi jwa maaka, go akaretsa le La-Bodumedi, ka borata-naga o ne o tshekaganyetsa kafa merafeng ya bontwa-dumela, batho botlhe ba bodumedi ba ne ba gatelelwa tota. Ka jalo, le e leng kobamelo ya Modimo osi wa boammaaruri le o o tshelang e ne ya wela tlase. Batshegetsi ba yone ba ne ba bogisiwa le go thibelwa, le e leng go isiwa kgolegong. Maemo a bone a ne a hutsafatsa, fela jaaka ao a tlhalositsweng go Mika 3:12:
2 “Siona o tla leñwa yaka lotlhagare, Yerusalema o tla nna mekoakoa hèla, le thaba ea ntlo [tempele] e tla nna yaka mahelō a a goletseñ godimo a sekgwa”—jaaka tshimo e e tlogetsweng e khurumeditswe ke mofoka o o lekanang le ditlhare ka ntlha ya lobaka lo loleele jalo.
3. Baobamedi ba Modimo wa boammaaruri ba ne ba ineela mo kutlwisisong efe ya dilo, mme go ya ka boperofeti ba ne ba santse ba saletswe ke eng pele “bokhutlō” bo tla?
3 Go ne go lebega ekete bokhutlo bo ne bo setse bo tlile—e leng jwa tsamaiso yotlhe ya dilo mo lefatsheng. Baobamedi ba Modimo wa Bibela ba ne ba ineela mo kutlwisisong eo ya dilo, ka ba ne ba “ilwa ke merahe eotlhe.” (Math. 24:9) Lefa go ntse jalo, ba ne ba tsene fela mo lobakeng lwa “bokhutlō yoa lehatshe.” Ba ne ba santse ba na le tiro e ntsi ya go boloka botshelo eo ba neng ba tshwanetse go e dira pele ba tsena mo go feleng ga lobaka lwa “bokhutlō yoa lehatshe.” Fela jaaka Mmusi yo mogolo yo o tswang Bethelehema a ne a boleletse-pele, “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Math. 24:3, 14) Boperofeti jwa ga Mika bo ne bo dumalana le seo, lemororo Mika a ne a bo kwadile makgolo-kgolo a dingwaga pele ga moo.
4. Morago ga fa Mika 4:1-4 e sena go tlhalosa thopefatso e e tla tlelang Jerusalema le lefatshe la Juda, e bolelela pele phetogo efe e e tla galaletsang Jehofa?
4 Morago ga fa Mika a sena go tlhalosa gore lefatshe la Juda le motse-mogolo wa lone, Jerusalema (kana Sione), di ne di tla ropefadiwa jang ke Ba-Babilona, o ne a tswelela ka go re: “Me mo metlheñ ea moragō go tla dihala, go re, thaba ea ntlo [tempele] ea ga Yehofa e tla tlhōmamisiwa mo tlhoreñ tsa dithaba, e tla golediwa mo godimo ga makhubu: me dichaba di tla sailèla kwa go eōna. Me merahe e le mentsi e tla hitlha, e re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, le kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakoba; o tla re ruta ditsela tsa ōna, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa ōna: gonne molaō o tla cwa mo Siona, le lehoko ya ga Yehofa mo Yerusalema. Me o tla atlhola ha gare ga dichaba di le dintsi, o tla kgalemèla merahe e e thata e e kwa kgakala; me ba tla thula dichaka tsa bōnè megoma, le marumō a bōnè dithipa tse di segañ mabèlè: morahe ga o ketla o èkèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè. Me moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.”—Mika 4:1-4.
5. Gompieno, ke kago efe e e kwa setlhoeng sa thaba ya ntlo ya ga Jehofa, mme a e diragatsa Mika 4:1-4?
5 Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I Jerusalema wa selefatshe o ne wa thopiwa ke mephato ya masole a Maesimane a laolwa ke Molaodi Allenby, mme lekgotla la Kgolagano ya Merafe le ne la dumalana le seno ka go neela Great Britain taolo mo kgaolong eo, gore e tswelele go fitlha ka 1948. Erile taolo eno e khutla, ga latela ntwa magareng a Bajuda le Ma-Arabia, ebile gompieno tota le morafe wa Baiseraele o agile mo motseng wa dithako wa Jerusalema. Mme a tempele ya kobamelo ya ga Jehofa e kwa godimo ga tlhora ya thaba koo go neng go le ntlo ya kobamelo ya ga Jehofa go fitlha ka 70 C.E.? Nnya, mme go eme “Dome of the Rock” ya go obamela modimo wa Mahomede, Allah, mme batho ba merafe e le mentsi ba e etela jaaka kgogedi ya baeti. Ga go ne go ganediwa le e seng gore seno ga ya ka ya nna tiragatso ya boperofeti jwa Mika 4:1-4.
6. Lefa go ntse jalo, ke ka ntlhayang fa Mika 4:1-4 e dirafala, mme ke ka ntlhayang fa Jerusalema wa selefatshe o sa akarelediwe mo tirafatsong eno?
6 Lefa go ntse jalo, boperofeti joo bo ntse bo diragala fa e sale ka ngwaga wa 1919 morago ga ntwa. Jang jalo? Ka gonne go akarediwa Jerusalema o o kwa godingwana. A re gakologelweng ka moo Jesu Keresete jaaka Mmusi go tswa Bethelehema a ne a tsena mo Jerusalema a palame esele jaaka mofenyi ka teng, ka Nisane 9, 33 C.E., mme a bo a sa amogelwe jaaka Kgosi. Morago ga malatsi a le mabedi, ka Nisan 11, o ne a ikutlwa a ka hutsafalela Jerusalema oo wa selefatshe, a re: “Ke ratile gantsintsi yañ go phutha bana ba gago, hèla yaka koko e tle e phuthe mamphorwana a eōna mo diphukeñ tsa eōna, me lo ganne! Bōnañ, ntlo [tempele] ea Iona lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.” (Math. 23:37, 38) Morago ga malatsi a le mararo, ka Nisan 14, Jesu o ne a nna moswela-tumelo mo Calvary kafa ntle ga Jerusalema. Ka nako eo, Jehofa Modimo o ne a latlha tempele eo lemororo e ne e kgakoletswe ene. E ne e sa tlhole e le lefelo la gagwe la kobamelo e e amogelwang. Go senngwa ga yone ka 70 C.E. go tlhomamisitse ntlha eo!
7. Jerusalema wa selegodimo o simolotse leng go nna mmaago barutwa ba ga Jesu, mme Paulo o bua kaga seno jang?
7 Malatsi a le masome a mane morago ga tsogo ya ga Jesu o ne a tlhatlogela gape kwa legodimong mme malatsi a le 10 moragonyana, ka letsatsi la Pentekoste, o ne a gorometsa moya o o boitshepo mo barutweng ba gagwe ba ba neng ba letile mo Jerusalema wa selefatshe. Jerusalema o mosha, Jerusalema wa selegodimo, o ne wa nna mmaabone ka tiragalo eo. Maloka le seno, moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwala mo lekwalong la gagwe le le yang kwa diphuthegong tsa kwa Galatia, a re: “Me Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla.” (Bagal. 4:26) Moragonyana, fa a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera ka kakaretso, moaposetoloi ene yo o ne a kwala jaana: “Me Iona lo tsile mo thabeñ ea Siona, le mo motsiñ oa Modimo o o tshedileñ, mo Yerusalema oa selegodimo, le mo mashomōshomoñ a a senañ palo a baengele, Mo picoñ e kgolo ea botlhe hèla, le mo phuthegoñ ea batsalwa pele ba ba kwadilweñ kwa legodimoñ, le mo Modimoñ Moatlhodi oa botlhe.” (Baheb. 12:22, 23) Mika 4:1-4 e perofesa ka Jerusalema ono o Mosha, Jerusalema wa semoya, o o mo Thabeng ya Siona ya semoya. Boperofeti jwa ga Mika bo dirafadiwa go Jerusalema ono wa semoya gompieno!
8. Fa e sale ka 1914, kobamelo ya Modimo osi wa boammaaruri e goleditswe go le kana-kang maloka le lefatshe?
8 Fa e sale ka dingwaga tsa ntwa tsa 1914-1918 kobamelo ya Modimo oo kobamelo ya ona e neng e tlhola e direlwa mo “tluñ,” kana mo tempeleng, e e neng e eme mo godimo ga nngwe ya dithaba tsa Jerusalema wa bogologolo, e ntse e golediwa. Kobamelo eno ya ga Jehofa e ‘tlhomamisitswe mo tlhoreng tsa dithaba’ moo go neng go eme ditempele tsa medimo ya maaka kana di santse di eme teng. Ka gone kobamelo ya Modimo osi wa boammaaruri o o tshelang e ‘goleditswe mo godimo ga makhubu.’
9. Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, boemo jwa go tsholetsa kobamelo ya ga Jehofa bo ne jwa bulega jang. mme Mika 2:12, 13 e ne ya reng maloka le seno?
9 Kobamelo ya ga Jehofa jaaka Modimo Mogodimodimo e ne ya tsholeletswa kwa godimodimo, segolo-bogolo fa Ntwa ya Lefatshe I e sena go khutla ka dikgakologo tsa 1918. Go ne go le jalo jang? Ka gonne, santlha mo lobakeng lwa morago ga ntwa, baobamedi ba ga Jehofa ba ne ba ka gololwa mo boemong jwa kgatelelo, jwa go gasagasama le jwa go kgoreletsega jo bo neng bo tshwana le boemo jwa batshwarwa ba Bajuda ka 607-537 B.C.E. Boperofeti jwa ga Mika bo boleletse-pele go phuthiwa gape ga Baiseraele ba semoya le go bulega ga tsela ya gore ba falole mo botlhankeng joo jwa Sebabilona, ka go re: “Wèna Yakoba, rure ke tla gu phutha, gotlhe hèla, rure ke tla phutha masalela a Iseraela; ke tla ba baea mmōgō yaka dinku tsa Bosera: yaka lecomane mo gare ga bohulō yoa yeōna, ba tla cosa modumō o mogolo ka ntlha ea bontsi yoa batho. Mothobi o ba eteletse pele: ba thobile, me ba hetetse kwa kgoroñ, ba dule ka eōna: me kgosi e ba eteletse pele, le Yehofa o kwa tlhogoñ ea bōnè.”—Mika 2:12, 13.
10. “Kgosi” e e mo boperofeting jwa ga Mika e ne e le mang, mme o ne a ‘thoba’ jang mme leng ebile a thobisa bomang?
10 Fa Baiseraele, ka 537 B.C.E., ba ne ba tswa mo Babilona kafa taolong ya mofenyi wa Moperesia, Kurose yo Mogolo, go ne go se kgosi ya motho ya ntlo ya ga Dafide ya segosi e e ba eteletseng pele. Sedekia, kgosi ya bofelo ya ga Dafide go busa kwa Jerusalema wa bogologolo, o ne a sa bolo go swa, a boloketswe kwa Babilona. Jalo, go bonala gore boperofeti jwa ga Mika bo tshwanetse jwa bo bo na le tiriso ya semoya. Jalo “kgosi” eo ke mang? Ke Kgosi e e neng e tla tlhongwa kafa letsogong le legolo la Modimo kwa magodimong kwa bokhutlong jwa “metlha ea Badichaba” (kana, “metlha e e laoletsweng merafe”) mo dikgakologong tsa 1914 C.E. (Luke 21:24; Pes. 110:1, 2) Yo e ne e le “Kgosi” e kgolo go Kurose mofenyi wa Babilona. E ne e le “Kgosi” e e neng e sa tswa go tlhongwa, Jesu Keresete. Ke ene a nnileng “mothobi” wa Baiseraele ba semoya ba ba gateletsweng, “masalèla” a Iseraele kana Jakobo wa semoya. Jalo erile ka ngwaga wa 1919 morago ga ntwa Jesu Keresete yo o galaleditsweng a nna “mothobi” wa barutwa ba gagwe ba ba ineetseng le go kolobediwa bao ba nnileng ba “ilwa ke merahe eotlhe” ka ntlha ya leina la gagwe ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I.—Math. 24:9.
11, 12. Ke mang yo o neng a le kwa tlhogong ya masalela fa ba ne ba tswela kwa kgololesegong, mme ba ne ba obamela taolo efe ya gagwe?
11 Barutwa bao ba ba golotsweng ba ne ba etleetsegetse go mo latela jaaka Kgosi ya bone e e tlhomilweng kafa letsogong le legolo la ga Jehofa. O ne a ba ‘etelela pele’ gore ba falole ka “kgōrō” eo a neng a e butse. O ne a ba isa kgololesegong ya sebele ya Bokeresete. Ba ne ba dira jalo “Yehofa [a le] kwa tlhogoñ ea bōnè,” ka gonne Jehofa e ne e le Kgosi e e ikarabelelang go tswa ga bone go ya kgololesegong. Ke ene yo o neng a bitsa baobamedi ba gagwe ba ba neng ba tshwanetse mo Babilona wa bodumedi, a re:
12 “Cwañ mo go èna, Iona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.”—Tshen. 18:4; Yer. 50:8, 9; Isa. 48:20.
LEINA LA MODIMO OSI WA BOAMMAARURI KWA PELE!
13. Go ne go tlile lobaka lwa gore Modimo osi wa boammaaruri o itirele eng, mme tokololo ya The Watch Tower ya November 15, 1919, e ne ya bontsha seno jang?
13 Jehofa o ne a simolola go itirela leina ka nako eo. Ka tshwanelo leina la gagwe la simolola go tlhagelela, lone le le legolo mo go la Morwa wa gagwe yo o galaleditsweng Jesu Keresete. Ka sekai, The Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, mo tokololong ya yone ya November 15, 1919, e gatisitse setlhogo sa ntlha sa lenaane la ditlhogo le le neng le bidiwa “Isaiah’s Rhapsody,” (Leboko la ga Isaia), mme mo Karolong I e ne ya tswelela ka go re:
Mo ditemaneng tseno tsa ntlha tse di lesome le bongwe tsa kgaolo ya bo-masome a mane re neilwe ditshwantsho di le tharo kaga Jehofa: sa ntlha, o tshwantshiwa e le Mogomotsi morago ga pogisego e telele; sa bobedi, o bontshiwa e le Yo o Boammaaruri, yo lefoko la gagwe le nnelang ruri fa tsotlhe di retelelwa; sa boraro, e le Modisa yo o etelelang batho ba gagwe ka tlhokomelo ya borre.
Lebaka la bobedi la kgomotsego le mo mafokong ano, “Boikèpō yoa gagwè bo ichwarecwe.” Modimo ka botlhale jwa gagwe o bone gore dingwaga tse di masome a supa tsa go gobololwa ga Bajuda jaaka morafe di ne di tla lekanela go duelela gore tshekamelo eo ba e bontshitseng mo dingwageng tse di makgolo-kgolo ya go obamela medimo ya disetwa, le medimo e sele go na le Jehofa, e phimolwe mo dibukeng tsa tshiamiso ya bomodimo.
. . . Mme re itse gore Jehofa o ne a se kitla a ba otlhaela lesidi. Gaa a ke a tlodisa bosula matlho. . . .
. . . Dikakantsho [kaga leina la pampiri e e phasaladitsweng ke Mokgatlho] di lemositse ntlha ya gore lefoko la Se-Yidishi la “lencwe” ka gangwe fela le ne le tla tlhaloganngwa ke Bajuda e le le le kayang molaetsa o o kgethegileng o o tswang go Jehofa.
Eleruri setlhopha sepe fela seo Jehofa a tla se dirisetsang boikaelelo jo bo tsholetsegileng e le baruaboswa-mmogo le Keresete ba tlhoka go siamisiwa thata-thata pele ga fa ba dirwa gore ba ‘tshwanele boswa jwa baitshepi ba lesedi.’
. . . Mme jaaka tlhomamiso e e tletseng ya go dirafala ga dilo tse di solofeditsweng fa godimo Jehofa o kwala leina la gagwe, kana o kana sekano sa gagwe—“lehoko ya Modimo oa rona le tla èma ka bosakhutleñ,” go sa kgathalesege dikgopi, tsa sebele kana tsa kgopolo fela.—Tsebe 343, serapa 5; tsebe 344, dirapa 5-7; tsebe 345, serapa 4; tsebe 346, serapa 4.
14. Gape, buka ya The Harp of God, e e phasaladitsweng ka 1921, e ne ya baya leina la Modimo kwa pele jang?
14 Gape, mo bukeng ya ntlha e e phasaladitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society morago ga Ntwa ya Lefatshe I, e leng The Harp of God, e e golotsweng ka 1921, mo tsebeng 2 ketapele e re: “Jehofa o nnile le leano le legolo pele ga fa a thaya lefatshe; mme go ne go se ope yo itseng kaga lone. Mo dingwageng tse di dikete tse nne tsa ntlha tsa ditiragalo tsa batho leano la Modimo e ne e le sephiri.”
15. Morago ga dingwaga di le supa, batla-kopanong ya merafe-rafe ya kwa Detroit, Michigan, ba ne ba amogela boikaelelo joo e leng boipolelo jo bo emelang mang?
15 Kwa kopanong ya merafe-rafe e e tshwaretsweng kwa Detroit, Michigan, ka July 30–August 6, 1928, dikete-kete tse di neng di tlile ka bongwe jwa pelo ba ne ba amogela boikaelelo jo bo reng “Boipolelo kgatlhong le Satane jo bo emelang Jehofa,” jo bo neetsweng ke mookamedi wa nako eo wa Mokgatlho wa Watch Tower. Bona Watch Tower ya September 15, 1928, ditsebe 278, 279.
16. Tiragalo e e tlisang phetogo e diragetse jang morago ga dingwaga di le tharo kwa kopanong ya merafe-rafe ya kwa Columbus, Ohio?
16 Lefa go ntse jalo, tiragalo e e tlisang phetogo e diragetse ka 1931. E ne e le ka Sontaga, July 26, fa dikete-kete tsa ba ba neng ba tlile kopanong ya merafe-rafe ya kwa Columbus, Ohio, ba ne ba amogela boikaelelo jo bo reng “Leina le Lesha.” Ka boikaelelo jo baobamedi bao ba ba ineetseng le go kolobediwa ba Modimo Mogodimodimo ba ne ba ipitsa ka leina le le thailweng mo Dikwalong, ke gore, “Basupi ba ga Jehofa.”—Isa 43:10, 12.
17. Fa batla-kopanong ba ne ba amogela leina le lesha jalo, ba ne ba dirang, mme morago ga foo diphuthego go dikologa lefatshe di ne tsa dira eng, ka boikarabelo bofe?
17 Ka tsela eo Bakeresete bao ba ne ba kgapela maina otlhe a a kgobang ao ba neng ba a pharilwe ke La-Bodumedi kwa thoko mme ba amogela leina le le tlotlegang leo Bibela e e Boitshepo e bontshitseng gore le ba siametse. Morago ga kopano ya kwa Columbus boikaelelo jo bo amogetsweng koo bo ne jwa neelwa diphuthego tsotlhe tsa barutwa botlhe ba ba ineetseng le go kolobediwa ba Morena Jesu Keresete go dikologa lefatshe, ka dipuo tsa bone tse di farologaneng. Diphuthego tsotlhe tse di amogetseng boikaelelo joo di ne di begela ntlo-kgolo ya Watch Tower Bible and Tract Society. Mongwe le mongwe yo o neng a tsaya kgato eo o ne a itshikarisa boikarabelo jo bogolo fa pele ga Jehofa. Ba ne ba tla di gama ba sa di tlhapela fa ba ka bo ba reteletswe ke go tshelela leina le lesha leo. Go le tlotla go ne go tla godisa leina la Modimo.—Tokololo ya The Watch Tower ya September 15, 1931, ditsebe 278, 279.
18. A La-Bodumedi le Bojuda di dirile jalo le tsone, mme ka jalo Modimo o dirisitse bomang mo tirafatsong ya Mika 4:1-4?
18 A ditiragalo tsa lefatshe fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe I di bega gore lekoko lepe la La-Bodumedi kana la Bojuda le kile la tsaya kgato e e tshwanang le ya Basupi bao ba ga Jehofa? Nnya, ka gone, Jehofa o diragaditse boperofeti jo bo boletsweng go Mika 4:1-4 ka bone Basupi bao. Jalo ruri-ruri kobamelo ya Modimo osi o o tshelang wa boammaaruri e setse e tlhomamisitswe, jaaka ekete “mo tlhoreñ tsa dithaba,” ka gore e bontshitswe e le kgolo go gaisa mofuta ope wa kobamelo. E “tlhōmamisicwe” ka go tsetsepela mme ka jalo ga e kitla e digwa mo boemong jwa yone jo bo tlotlometseng. Basupi ba ga Jehofa ba e naya seriti, mme jalo, ka tshwantshetso, e ‘goleditswe mo godimo ga makhubu.’
19. Go golediwa ga kobamelo ya bomodimo, jaaka ekete “mo godimo ga makhubu,” go dirile gore e bonalele bomang, mme, mo tumalanong le seno, go ne ga neelwa puo efe e e boifisang kwa Los Angeles, California, ka 1918?
19 Go golediwa mo ga kobamelo ya Modimo osi o o tshelang wa boammaaruri, mo go dirang gore e bonale go tswa kgakala, go ne go direlwa gore go solegele batho ba merafe le ba mefuta yotlhe molemo. Ka jalo, ka Sontaga, February 24, 1918, mookamedi wa nako eo wa Watch Tower Bible and Tract Society, ka kaelo ya bomodimo, o ne a neela puo e e phasaladitsweng thata mo Los Angeles, California, U.S.A. Setlhogo sa gagwe e ne e le se se boifisang mme se ne se dumalana le bokao jwa metlha ya mekubukubu jaaka e ne e lejwa kafa boemong jwa Bibela. Setlhogo se ne se re “Didikadike tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa.” Setlhogo seno se ne se thailwe mo thutong ya Bibela ya gore go ne go tla nna le bafalodi ba “sepitla se segolo” seo tsamaiso e e hutsitsweng eno ya dilo e neng e tla khutla ka sone. (Tshen 7:9, 14) Bafalodi ba ba rategang bao ba ne ba tla tsenngwa mo Motlheng wa Dingwaga tse di Sekete tlase ga bogosi jwa ga Keresete. Ka mmuso oo ba ne ba ka gapa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le dirilweng paradaise.
20. Ka 1923, go ne ga tlotliwa setshwantsho sefe sa ga Jesu kwa kopanong ya Los Angeles, mme e ne ya dirisiwa jang?
20 Morago ga dingwaga di le tlhano kopano e nngwe e ne ya tshwarelwa gone mo motseng oo wa Los Angeles, ka August 18-26, 1923, mme ka Matlhatso, August 25, mookamedi wa Mokgatlho o ne a bua ka setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi. Ereka setshwantsho seno e le bontlhanngwe jwa boperofeti jwa ga Jesu kaga “seshupō” se se tshwayang “bokhutlō yoa lehatshe,” sebui se ne sa se dirisetsa ‘metlha ya morago’; o ne a se tlhalosa se diragala pele ga dingwaga tse di sekete. Ke bomang, he, ba ba emelwang ke “dinku” tseo di direlang “bonnake” ba semoya ba ga Kgosi molemo go ya ka moo ba tlhokang ka teng? Ebu, ke ba go tweng ke ‘ba ba pelo dintle’ bao ba tla duelwang ka go falola go senngwa ga tsamaiso ya dilo ya jaanong mme ba tsenngwa ba sa amega mo tsamaisong ya dilo ya dingwaga tse di sekete tlase ga bogosi jwa ga Keresete! (Bona tokololo ya The Watch Tower ya November 1, 1923, tsebe 326; gape le ya October 15, tsebe 307.) “Dinku” tseo tsa tshwantshetso gompieno ke “batho” bao ba sailelang kwa tempeleng ya semoya ya kobamelo ya ga Jehofa, eo e emelwang ke masalela a “bonnake” ba ga Keresete, e leng Baiseraele ba semoya.—Mika 4:1; Math. 24:3; 25:31-46.