LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 1/1 ts. 3-8
  • Letsatsi la go Atlholwa ga Medimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letsatsi la go Atlholwa ga Medimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MEDIMO YA MAAKA E IKARABELELA MAEMO
  • Batlhanka ba ga Jehofa Ba na Le Tsholofelo ya Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Re Tla Tsamaya mo Leineng la ga Jehofa ka Bosakhutleng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Buka ya Bibela ya bo 33—Mika
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jehofa o Lebeletse Eng mo go Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 1/1 ts. 3-8

Letsatsi la go Atlholwa ga Medimo

“Ana Modimo o o chwanañ nau ko ohe?”—Mika 7:18.

1. Lemororo bogone jwa ga Jehofa bo ganelwa, bontsi jwa batho bo dumela mo go eng jaaka matlhale a a gaisang batho?

GOMPIENO batho ba bantsi ba re: ‘Ga go na Modimo!’ Lefa lebaka e ka nna lefe la go rialo ga bone, Bibela e re: “Seeleele mo peduñ ea shōna, se rile, Ga go na Modimo opè.” (Pes. 14:1) Lefa ba bantsi ba ganela bogone jwa ga Jehofa, bontsi jwa setho bo dumela mo medimong e e senang palo. Mo India fela Ma-Hindu a dumela mo medimong e e didikadike tse dintsi-ntsi.

2. Mo motlheng ono wa fa bomodimo jwa tsotlhe tse go tweng ke medimo bo setse bo sekwasekwa, Moatlhodi ke mang?

2 Bibela e itse gore go na le ba bantsi bao go tweng ke medimo kana bao ba itirang medimo. Pesalema 82:1, 6 e re: “Modimo o eme mo phuthegoñ ea ōna Modimo; o atlhola ha gare ga medimo. Ke rile, Lo medimo, lotlhe lo bomorwa mogodimodimo.” Pesalema 97:1, 7 le yone e re: “Yehofa oa busa; . . . a go tlhaywè ke ditlhoñ bōnè botlhe ba ba dihèlañ dichwanchō tse di setilweñ, ba ba ipelahatsañ ka medimo ea disètwa; ōbamèlañ èna, Iona medimo eotlhe.” Dilo tsotlhe tseo batho ba di obamelang di setse di tlhatlhobilwe gore a ke medimo tota. Letsatsi la go atlholwa ga tsone le tlile. Jehofa o a atlhola.

3. Mo lekgolong la bofera-bobedi la dingwaga B.C.E., ke leina la moperofeti ofe wa Mojuda leo le neng le gwetlha medimo yotlhe ya lefatshe, mme ka ntlhayang?

3 Mo lekgolong la boferabobedi pele ga Metlha ya rona e e Tlwaelegileng, go ne go na le moperofeti yoo leina la gagwè tota e neng e le kgwetlho go medimo yotlhe ya lefatshe. Leina la gagwè, e leng Mika, le kaya gore “Ke mang yo o tshwanang le Jah?” ke gore, yo o tshwanang le Jehofa.—Mika 1:1; Yer. 26:18.

4. Mika le buka ya gagwè ya boperofeti ba tshwarana le potso efe e e gwetlhang tsotlhe tse go tweng ke medimo?

4 Ka go ipapisa le batho ba merafe ya Baditšhaba, moperofeti Mika o a ipuelela a bo a buelela ba bangwe ba ba ikanyegang jaaka ene fa a re: “Gonne batho ba dichaba cotlhe ba tla sepela moñwe le moñwe ka leina ya modimo oa gagwè, me rona re tla sepela ka leina ya ga Yehofa Modimo oa rona, ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Mika 4:5) Ka mo go tshwanetseng tota go ya kwa bokhutlong jwa buka ya gagwè ya boperofeti Mika o ne a tlhagisa potso e e gwetlhang e e reng, “Ana Modimo o o chwanañ nau ko ohe, o o ichwarèlañ boikèpō, o iphapaanya le tlolō ea masalèla a boshwa yoa ōna?”—Mika 7:8.

5. Go ya ka Mika 1:2-4, Jehofa o bulela bomang tsheko ya gagwè, kaga kgang efe?

5 Kgang ya bomodimo ke ya go akanyediwa lefatshe ka bophara, ebile Jehofa o bulela batho botlhe tsheko ya gagwè, bogolo jang bao ba iphakang go nna baemedi ba gagwè mo lefatsheng. Ntlha eno e bonala sentle mo tsopolong ya mafoko a gagwè, go Mika 1:2-4: “Utlwañ, Iona dichaba, lotlhe hèla; a u ko o reetse, wèna lehatshe, le cotlhe tse di mo go yeōna; me lo mmè Yehofa Modimo a nnè moshupi kaga Iona, Yehofa a le mo tempeleñ ea gagwè e e boitshèpō. Gonne, bōnañ, Yehofa o cwa mo heloñ ga gagwè, me o tla gata mahelo a a godimo a lehatshe. Me dithaba di tla tlhapolosiwa ha tlhatse ga gagwè, le melapō e tla tsetseregana, yaka makgaha ha pele ga molelō, yaka metse a a thèlègañ kaha maphōthōphōthō.”

6. Go Mika 1:12; 2:3, 4; 4:10, Jehofa o tlhalosa bokao jwa dikapuo tse di boitshegang tseo jang?

6 Mo bosuping jwa gagwè jo bo oketsegileng, Jehofa o tlhalosa bokao jwa dikapuo tse di boifisang tseo ka go re:

“Ka gonne boshula bo hologile kwa go Yehofa bo tsile kgōroñ ea Yerusalema.” (Mika 1:12) “Ke gōna ka mouō, go bua Yehofa: a re, Bōnañ, ke akanyetsa losika lo boshula boñwe, yo lo se ketlang lo ichomola dithamo tsa Iona mo go yōna, le gōna ga lo ketla lo sepela lo gwanta; ka e tla bo e le motlha o o boshula. E tla re ka tsatsi leuō ba tla lo tlhabeleletsa sechwanchō, ba hutsahala ka selelō se se khutsañ, ba re, Re gapelecwe rure: o hetola kabèlō ea batho ba me: o e tlosa yañ mo go nna!” (Mika 2:3, 4) “U nnè botlhoko, me u leke go belega, Wèna morwadia Siona, yaka mosadi eo o mo pelegoñ; gonne yanoñ . . . u tla hitlha le kwa Babelona.”—Mika 4:10.

7. Jaaka re bala mabaka ao Jehofa a a neelang a go bo a tsaya kgato e e gagametseng jalo, re tshwanetse ra nna re akantse ka setshwani sefe sa segompieno, mme segolo-bogolo maloka le dilo dife tse di bosula?

7 Fa re sekaseka mabaka ao Jehofa a a bontshitseng a gore a tseye kgato e e ntseng jalo, a re akanyeng ka La-Bodumedi la segompieno, ka go bo ke setshwani sa Iseraele yo o sa ikanyegeng wa motlha wa ga Mika. Fa Jehofa a tswelapele go neela bosupi jwa phatlalatsa, o tlhalosa jaana: “Cotlhe tse ke ka ntlha ea tlolō ea ga Yakoba, le ka ntlha ea maleō a ba ntlo ea Iseraela.” Mo maleong ao Jehofa o umaka kobamelo mo ‘mafelong a a tlotlometseng’ mo boemong jwa kwa tempeleng mo Jerusalema, le kobamelo ya bone ya “dichwanchō tse di setilweñ.”—Mika 1:5-7.

8, 9. (a) Go ya ka Mika 2:1, 2; 3:1-3, Baiseraele ba ne ba bogisa Baiseraele-ka-bone jang? (b) Mika o ne a direla jaaka mosupi yo o bonalang wa ga mang, mme a dirisa eng?

8 Kwantle ga tseo, Jehofa o umaka “ba ba akanyetsañ boikèpō,” le “ba ba dihañ boshula ba le mo malaoñ a bōnè.” O oketsa ka go re: “E tle e re bosa bo sele, ba bo dihe, ka go mo thateñ ea seatla sa bōnè. Me ba eletsa matlhagare, ba a tsee hèla; le matlo, me ba a tlose: me ba patike monna le ba ntlo ea gagwè, eboñ monna le boshwa yoa gagwè.” (Mika 2:1, 2) “A ga se tihō ea Iona go itse katlholō? Ba lo ilañ molemō, lo rata boshula; ba lo khumolotsañ lotlalō le nama mo marapoñ a bōnè; ba ba bileñ baa ya nama ea batho ba me: me ba ba cwatolotsa letlalo, ba ba roba marapō: E, ba ba remaganya, yaka ekete go tseñwa mo pitseñ, le yaka nama e e mo teñ ga pitsa e tona.”—Mika 3:1-3.

9 Ka mafoko a a ntseng jalo Molaodi Morena Jehofa o nnile “moshupi” kaga bogosi jwa bogologolo jwa Juda. Moperofeti wa gagwè Mika o ne a tshwanetse go direla jaaka mosupi wa Gagwè yo o bonalang, mme seno se ne se mo tlhoka bopelokgale jo bogolo, ee, nonofo e kgolo ya semoya. Mme Mika o ne a nonofetse go ka dira tiro eno. Jang jalo? O re bolelela ka mafoko ano: “Me nna rure, ke tletse nonohō ka mōea oa ga Yehofa, le katlholō, le bonatla, go kakanyetsa Yakoba tlolō ea gagwè, le Iseraela boleo yoa gagwè.”—Mika 3:8.

10. Iseraele o ne a gobolola Modimo ka boone jang, mme, jaaka sekai go rona, Mika e ne e se legatlapa la semoya ka mokgwa mang?

10 One moya wa ga Jehofa oo o neng wa nonotsha Mika go bolela molaetsa o o bokete wa katlholo o ne wa mo tlhotlheleletsa go kwala molaetsa o o botlhoko ono o o tswang go Modimo wa boammaaruri. Mika o ne a na le sengwe seo baperofeti ba maaka, baboni le baitseanape ba motlha oo ba neng ba sena sone, mme jalo o ne a tshotse “karabō” ya ga Jehofa ya mathata a bomorafe, ebong “tlolō” ya ga Jakobo le “boleo” jwa ba ntlo ya Iseraele. Mika ka boene o ne a lemoga tshiamo, mo e leng gore o ne a lemoga gore batho baabo ba ne ba sa direle Modimo ka tshiamo, ka bogwadi ba tlola molao wa Modimo ba bo ba roba kgolagano ya bomorafe le one ka motsereganyi Moshe. Jaaka sekao se se molemo sa basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba gompieno, Mika e ne e se legatlapa mo bodumeding, mme o ne a na le nonofo ya semoya a bua puo-phaa fa bobe e le bobe!

MEDIMO YA MAAKA E IKARABELELA MAEMO

11. Ke bomang ba ba ikarabelelang maemo a a bosula a boitsholo le a bodumedi mo Iseraeleng wa bogologolo le gompieno mo go La-Bodumedi?

11 Jehofa wa masomosomo o ne a sa ikarabelele maemo a a bosula mo morafeng wa Iseraele wa bogologolo. Lefa e le gore o ikarabelela maemo a a bosula mo boitsholong le mo bodumeding mo teng ga setshwani sa segompieno sa Iseraele, e leng La-Bodumedi. Ba ba neng ba ikarabelela mo motlheng wa ga Mika, mme ba santse ba ikarabelela, e ne e le “modimo oa lehatshe yeno,” e leng Satane Diabolo, gammogo le medimo yotlhe ya badimona e e amanang nae. (Math. 4:3, 4:2 Bakor. 4:4) Mo tumalanong le seno go kwadilwe jaana: “Batho ba dichaba cotlhe ba tla sepela moñwe le moñwe ka leina ya modimo oa gagwè.” (Mika 4:5) “Go na le e e bidiwañ medimo, kwa legodimoñ le mo lehatshiñ; yaka go na le medimo e le mentsi, le barena ba le bantsi.” (1 Bakor. 8:5) Medimo yotlhe eno ya maaka e sentse, go ntse go lekane.

12. Jehofa jaanong o tla diragatsa katlholo e e bonalang go medimo yotlhe eo ya maaka jang?

12 Lefa go ntse jalo, nako e setse e tletse Jehofa Modimo Mothatayotlhe gore a tlise botlhe mo tshekong le go khutlisa mekgwa yotlhe ya bone ya kobamelo ka ditempele, baperisiti, medimo ya disetwa le ditirelo le ditlhabelo. Jehofa o ne a tlhalosa boikaelelo jwa gagwè jo bo sa fetogeng jwa go direla Iseraele wa bogologolo wa tshwantshetso jalo ka moperofeti wa gagwè Mika, fa a re: “Ke tla kgaola ke tlosa boloi mo seatleñ sa gago; me ga u ketla u tlhōla u diha le bashwabi ba ditihō: me ke tla kgaola ke tlosa dichwanchō tsa gago tse di setilweñ, le maywè a a emeñ motloutlō a gago mo gare ga gago; me ga u ketla u tlhōla u ōbamela tihō ea diatla tsa gago. Me ke tla khumola ke tlosa medimako ea gago mo gare ga gago, ke tla senya metse ea gago. Me ke tla dihatsa pusholoshō ka bogale le mo meraheñ e e sekañ ea reetsa.”—Mika 5:12-15.

13. Tshenolo ya medimo ya maaka e kgolo go gaisa e sale ya dirwa go tloga leng. mme ke ka ntlhayang fa seno se akaretsa le La-Bodumedi?

13 Mo dingwageng di le 100 tse di fetileng go nnile le tshenolo ya medimo ya maaka ya lefatshe leno, le e leng ya La-Bodumedi. Tshenolo eno ga e lekane le epe mo ditiragalong tsa merafe fa e sale Jerusalema e senngwa ke Ba-Babilona ka ngwaga wa 607 B.C.E., kana e ka ne e le dingwaga di le 109 morago ga fa moperofeti Mika a wetsa go kwala boperofeti jwa gagwè. Seno se akareleditse le tshenolo ya modimo wa La-Bodumedi, o go tweng ke Tharo-nngwe, ka go katla tlhogo go twe ke medimo e le meraro go o le mongwe mme e nnile teng mmogo, e lekana, ebile e tshela mmogo ka bosakhutleng. Tharo-nngwe eno ya modimo mo dinakong dingwe e tshwantshiwa ka mmele wa motho o na le ditlhogo di le tharo kana tlhogo e na le difatlhogo di le tharo. Go dirisiwa ga ditshwantsho tse di itiretsweng mo kobamelong ya bodumedi go ka lemogiwa sentle mo ditempeleng, le mo dikerekeng tse dikgolo le tse dinnye tsa La-Bodumedi.

14. (a) Ke bomang ba ba mo lefatsheng bao ka mo go tlhomologileng ba nnileng le seabe mo tirong eno ya go senola? (b) Setlhopha seno sa ga Mika se itseetse leina la “basupi ba ga Jehofa” leng ebile jang, e le gore ba tsaya boikarabelo bofe?

14 Mo nakong eno ya go atlholwa ga medimo yotlhe ya maaka ya lefatshe leno, ke bomang ba ba ntseng ba dira tiro ya go senola? Ke Bakeresete ba ba ineetseng le go kolobediwa, bao ba tloditsweng ka moya wa ga Jehofa Modimo ka Jesu Keresete. Jaaka setlhopha, ba ne ba tshwantshetswa-pele ke moperofeti wa ga Jehofa Mika. Ditiro tse di tshwanang le tsa ga Mika di ntse di tsweleditswe go fitlha le gompieno, segolo-bogolo fa e sale ka bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe I ka 1918 C.E. Ka nako eo setlhopha sa ga Mika ka boikaelelo se ne sa tsena mo seraleng sa morago ga ntwa mme ka mo go tlhomologileng se ne sa direla jaaka mosupi wa Modimo wa ga Mika kaga bosula jwa ditsamaiso tsa ditirelo tsa medimo ya disetwa tsa La-Bodumedi le boheitane. Ka mabaka a a utlwalang setlhopa seno sa ga Mika, fa se ne se kopana mmogo mo kopanong ya merafe-rafe kwa Columbus, Ohio, ka 1931, se ne sa amogela boikaelelo joo ka jone ba ipeletseng go nna “basupi ba ga Jehofa” mme ba ikana gore ba tla rwala boikarabelo jo jwa go nna basupi ba Gagwè. Ka go latela sekao seo, diphuthego tsa Bakeresete ba ba ineetseng lefatshe ka bophara, bao ba itemogileng gore ke “Iseraela oa Modimo” ba ne ba dumalana botlhe le boikaelelo joo jwa 1931 mme ba ne ba ipitsa ka leina le le theilweng mo Bibeleng la “basupi ba ga Jehofa.” (Isa. 43:10-12; Bagal. 6:16) Lemororo leina leno le ne la gwetlhwa ke La-Bodumedi, le ne la kgomarela!

15. (a) Mosupi yo mogolo go gaisa wa ga Jehofa ke mang, go ya ka mafoko a gagwè? (b) Ka jalo Satane o ne a tla leka go direla mosupi yo eng fa a le mo lefatsheng?

15 Barwadi bao ba leina le lesha leno ba ne ba tlhaloganya gore moeteledipele wa bone, Jesu Keresete, e ne e le yo mogolo go gaisa mo basuping ba ga Jehofa, ebile e ntse e le ene. Mo bukeng ya bofelo ya Bibela, e leng Tshenolo eo Jehofa Modimo a dirisitseng Jesu Keresete yo o galaleditsweng go e neela moaposetoloi Johane yo o neng a godile, Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ipolela a re: “Eo o leñ Amen, eo o leñ moshupi eo o boikanō le boamarure, tshimologō ea lobopō loa Modimo, o bua dilō tse.” (Tshen. 3:14) Jaaka Rraagwe, Jehofa, Morena Jesu o neela bosupi kaga maemo a a hutsafatsang mo Iseraeleng wa motlha wa gagwè, a a neng a tshwana le a a tlhalositsweng ke Mika. Ka mo go tlhomologileng, Jesu ke ene yoo jaanong Jehofa a mo dirisang mo motlheng ono wa go atlholwa ga medimo yotlhe ya maaka. Ga go gakgamatse, he, gore Satane Diabolo, jaaka “modimo oa lehatshe yeno,” o ne a tla batla go bolaya Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo fa a ne a le mo lefatsheng. O bone gore paka e e molemo ya go dira seno e ne e tla nna fa Morwa yo wa Modimo a tsalwa. Ga go na pelaelo ya gore, go tswa mo boperofeting jwa Mika 5:2, Satane Diabolo o ne a itse gore o ne a tla tsalelwa kae.

16. Mika 5:2 e bontshitse jang koo Mesia a neng a tla tsalelwa teng?

16 Mika 5:2 e balega jaana: “Me wèna Bethe-lehema Eferata, eo o leñ mmòtlana mo go makgolo kgolo a Yuda, mo go wèna go tla ncwèla moñwe eo o tla nnañ molaodi oa Iseraela; eo macō a gagwè a saleñ a nna a bogologolo, eboñ ka go senañ tshimologō.”

17. (a) Diteng tsa Mika 5:2 di bontsha gore tsalo e e solofeditsweng e ne e tshwanetse go diragala morago ga tiragalo efe? (b) Fa lobaka lwa tsalo lo ne lo tsile, lekgarebana la Mojuda le iphitlhetse kae, mme go diragetse jang?

17 Go ya ka seo ditemana tse di dikologileng Mika 5:2 di se bontshang, boperofeti jo bo ne bo tshwanetse go dirafadiwa morago ga fa Bajuda ba ne ba setse ba boile kwa botshwarong jwa dingwaga tse 70 kwa lefatsheng la Babilona. (Tlhokomela Mika 1:16; 4:10.) Mme tota e ne e le dingwaga di le 535 morago ga fa Bajuda ba ba golotsweng ba sena go boela lefatsheng la Juda, moo motsana wa Bethelehema o neng wa tsosolosiwa. Ka nako e e tshwanetseng Jehofa o ne a romela moengele wa gagwè kwa Mojudeng wa lekgarebana wa losika lwa ga Kgosi Dafide go mmolelela gore o ne a tla belega Mesia, Keresete yo o solofeditsweng. Jalo ka nako e e tshwanetseng ya go belega Maria a iphitlhela a le mo motseng oo a tsaletsweng mo go one wa Bethelehema, a tlile go kwadisa go ya ka molao wa ga Kaesare Aguseto. Koo, e ka ne e le mo bogareng jwa kgwedi ya Sejuda ya bosupa, Tishri, kana e ka ne e le mo tshimologong ya October, Morwa wa leitibolo wa ga Maria o ne a tsholwa mme a bidiwa Jesu, fela jaaka moengele a ne a laetse. Gore Satane Diabolo o ne a kgatlhegela tsalo e e gakgamatsang eno go supiwa ke lebaka la gore baobamedi ba gagwè, e leng balepi ba dinaledi ba baheitane, ba ne ba kgatlhegela kgang eno thata. Ra-ditiragalo, e leng moaposetoloi Mathaio, o kwala ka seno jaana:

18. Mo tumalanong le maano a gagwè a a bosula, Satane o ne a tlhokomedisa Kgosi Heroda wa Judea ka botsalo jwa ga Jesu jang?

18 “Me yana e rile Yesu a tsalèlwa mo Bethelehema oa Yudea mo metlheñ ea kgosi Heroda, . . . kgosi Heroda a huduèga, le motse otlhe wa Yerusalema naè. Me a phutha baperisiti ba bagolo botlhe, le bakwaledi ba batho, a ba botsa kwa go tulweñ Keresete o tla tsalèlwa gōna. Me ba mo raea, ba re, Mo Bethelehema oa Yudea: gonne go kwadilwe yalo ke moperofeti, a re, Me wèna Bethelehema, lehatshe ya Juda, ga u mmōtlana gopè mo magosaneñ a Yuda: gonne mo go wèna go tla cwa molaodi, eo o tla nnañ modisa oa batho ba me ba Iseraela.”—Math. 2:1-6.

19. Ke ka ntlhayang fa go bolaya bana ba kwa Bethelehema, mo go neng go laotswe ke Kgosi Heroda, go ne ga retelelwa?

19 Jalo Kgosi Heroda a romela balepi ba dinaledi kwa Bethelehema. Mme erile balepi bano ba sa tle go mmegela gore o ne a ka bona kae Jesu yo o neng a sa tswa go tsalwa, Kgosi Heroda a romela masole a gagwè kwa Bethelehema mme ba bolaya basimanyana botlhe ba dingwaga di le pedi go ya kwa tlase. Mme Maria le monna wa gagwè, Josefa, ba ne ba setse ba tlhagisitswe ebile ba ne ba tloga Bethelehema ba tshabela kwa Egepeto go boloka ngwana Jesu a ntse a tshela. Ga go pelaelo ya gore Kgosi Heroda yo o lefufa, yo o lwelang bogosi o ne a tlhotlheleditswe ke modimo wa gagwè, Satane Diabolo, noga ya tshwantshetso eo tlhogo ya yone e neng e tla kgobiwa ke “losika” lwa “mosadi” wa Modimo. (Gen. 3:15) Ka jalo ga go a retelelwa Kgosi Heroda fela mme gape le mmusi yo o sa bonaleng wa medimo yotlhe ya badimona.—Math. 2:7-18.

20. Satane le medimo ya gagwè ya badimona ba ne ba tshwanelwa ke go atlholwa ke mang, mme, mo lobakeng lo lwa katlholo, Satane le baegele ba gagwè ba setse ba dirilwe eng?

20 Go lekalekanya dilo, Satane Diabolo le medimo yotlhe ya gagwè ya badimona ba tshwanelwa ke go atlholwa ke yo ba neng ba senka go mmolaya. Seno se setse se simolotse, go tloga kwa bokhutlong jwa “metlha ea Badichaba” ka 1914, Badichaba bao Satane Diabolo e leng modimo wa bone. (Luke 21:24; 2 Bakor. 4:4) Mo tumalanong le mafoko a Modimo a a go Genesise 3:15, boperofeti jwa ga Mika 5:1 bo boleletse-pele jaana: “Ba tla kanya kgosi ea Iseraela mo lesameñ ka thupa,” ke gore, Jesu Keresete. Mme ka jaanong motlha wa go atlholwa ga medimo o setse o simolotse, Mikaele moengele yo mogolo, yo leina la gagwè le kayang “Ke mang yo o tshwanang le Modimo?”, o tlhabane le Satane Diabolo le baengele ba gagwè ba badimona mme a ba leleka kwa legodimong.

21. Ka nako ya ntwa ya kwa legodimong, go ne go diragala eng mo lefatsheng, mme Keresete o tla laola setho sotlhe kwantle ga go tshwenngwa ke Satane le medimo e mengwe ya badimona leng?

21 Ntwa eo ya mo magodimong a a sa bonaleng e ne ya welana le go Iowa ga ntwa ya ntlha ya lefatshe mo ditiragalong tsa batho ka 1914 go ya go 1918. Fa e sale Diabolo yo o swabileng le medimo e mengwe ya badimona ba tswalelwa mo tikologong ya lefatshe la rona le le potlana, eleruri e nnile nako e e kgethegileng ya ‘go latlhega ga lefatshe le lewatle.’ (Tshen. 12:7-12) Letsatsi leno la go atlholwa ga medimo yotlhe ya maaka le tla tswelela go fitlha “[ntwa] ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona e khutla mme Satane le medimo e mengwe yotlhe ya badimona ba latlhelwa mo moleting o o senang bolekeletso ka dingwaga di le 1 000 tsa puso ya ga Keresete. (Tshen. 16:14-16; 20:1-3) Jalo Mmusi yo o galaleditsweng yo o tswang Bethelehema, Jesu Keresete, o tla busa setho sotlhe kwantle ga go tshwenngwa ke medimo yotlhe ya maaka mme o tla ruta ditshika tsotlhe tsa lefatshe kobamelo e e neelang botshelo ya Modimo o le mongwe wa boammaaruri le o o tshelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela