Letlelelang Modimo go Tsena mo Lenyalong la Lona
“Mogala o o dikala ditharo ga o ko o kgaoga ka bonakō.”—Mor. 4:12.
1. Ke molao-motheo ofe o o umakilweng go Pesalema 127:1 oo o ka dirisetswang lenyalo?
GO TLHOKEGA ga gore Jehofa Modimo a nne mo tirong nngwe le nngwe ya rona go gatelelwa gangwe le gape mo Dikwalong. Ka gone re bala jaana go Pesalema 127:1: “Ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla: ha Yehofa a sa dise motse, molebedi o cogèla lehèla hèla.” Ditiragalo tse dileele tsa morafe wa Baiseraele di tlhomamisa boammaaruri jwa molao-motheo oo. Fa Baiseraele ba ne ba letlelela Modimo go tsena mo dikgannyeng tsa bone ka go mo ineela ka botlalo, maiteko a bone a go itshireletsa mo babeng ba bone a ne a atlega. Mme fa ba ne ba lesa kobamelo ya gagwe e e itshekileng ba latela medimo e sele, balebedi ba bone ba ne ba disetsa metse ya bone lefela fela. Molao-motheo ono o ntse o dira mo go atlegiseng lenyalo.
NEO YA BOPELOTSHWEU YA LENYALO
2. Ke ka ntlhayang fa lenyalo le ka kaiwa e le neo ya bopelotshweu?
2 Lefoko la Modimo le re bolelela gore ke Monei wa “nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe se se tletseñ.” (Yak. 1:17) Neo ya lenyalo, e leng tshegofatso e e pelotshweu, e tshwanetse go akarediwa gareng ga dineo tse di molemo le tse di itekanetseng tseo. Abo e na le kgono e ntsi jang ya go itumedisa! Eleruri ke nngwe ya ditshegofatso tse dikgolo go gaisa tseo Mmopi a di neileng setho. Ga go gakgamatse gore fa labofelo Efa a ne a neelwa Adame, Adame o ne a ponyega jaana: “Yana eo, ke lesapō ya marapō a me, le nama ea nama ea me; o tla bidiwa Mosadi, ka a ntshicwe mo Monneñ”!—Gen. 2:23.
3. Ra-molao mongwe o kile a reng kaga neo ya Modimo ya lenyalo?
3 Adame o ne a ka itumelela go segofadiwa ka molekane yo o lorato, mongwe wa mofuta wa gagwe yoo a neng a ka tlotla nae, a dira nae, a loga maano nae—e ne e le motlatsi wa gagwe yo o itekanetseng! Gape, maipelo a mo lenyalong eleruri ke bosupi jwa botlhale le lorato tsa Mmopi wa rona. Ra-molao I. Linton o supile sentle ka moo Modimo o bopileng monna le mosadi ka teng jaaka bosupi jwa gore motho o ne a sa itlhagela fela. Linton o kwadile jaana:
“Bopelonomi le botswerere jo bo sa khutleng tsa Modimo o o umakileng gore go ne go se molemo ka monna gore a nne kgope, fa a ne a tsenya go rata mosadi mo pelong ya monna le go rata monna mo pelong ya mosadi, fa a ne a ba dira gore ba tshwane jaana ka mogopolo, ka mmele le ka maikutlo gore e nne bankane ntswa ba farologane gore ba tle ba kgone go tlatsana le go gamaregisana, ka metlha di tlhotlheleditse tebogo ya me le go go tlotla jaaka bosupi jo bo sa belaesegeng jwa thulaganyo ya popo; ebile kagiso le boitumelo tse di tlhogang mo kamanong ya lenyalo fa Modimo o le mo go lone di neetse lesedi lengwe kaga maatla a a botswerere a Modimo a go tshedisa boitumelo.” (A Lawyer Examines the Bible) Elatlhoko, “fa Modimo o le mo go lone.” Mo go ka nna jalo fa re letlelela Modimo gore o tsene mo lenyalong la rona.
4. Ke ka ntlhayang fa go ka twe neo ya lenyalo ke bosupi jwa go sa tlhaole batho ga Modimo?
4 Neo le tshegofatso eno ya lenyalo gape ke bosupi jwa go sa tlhaole batho ga Modimo le tshiamo ya ona. Jang jalo? Ka gobo maipelo ano a lenyalo, fa Modimo o le mo go lone, gaa ikaega ka dilo tsa selefatshe tse di etsang khumo, thuto e e kwa godingwana, nonofo e kgolo ya mmele kana bontle jwa popego le jwa seemo. Le gone ditshegofatso tsa lenyalo ga dia lekanyediwa lotso kana morafe ope, ebile ga di ikaege ka boemo bope jwa loapi. E kane banyalani ba tshela kwa go maruru-ruru kana kwa go mogote-gote ga go kaye sepe.
GO LETLELELA MODIMO GORE O TSENE MO LENYALONG LA LONA
5, 6. Go nna le Modimo mo lenyalong la rona go akaretsa le eng?
5 Solomone o kwadile jaana: “Batho go nna babedi go molemō bogolo go a le moñwè hèla; ka gonne ba bōna tuèlō e e molemō ka letsapa ya bōnè. . . . Mogala o o dikala ditharo ga o ko o kgaoga ka bonakō.” (Mor. 4:9, 12) Lenyalo le ka tshwantshwanngwa le mogala o o bofang banyalani mmogo mme, fa re letlelela Modimo go tsena mo go lona, eleruri ke ‘mogala o o dikala ditharo o o se kitlang o kgaoga ka bonako.’ Go letlelela Modimo gore o tsene mo lenyalong la lona go kaya eng? Ka tlhamalalo, balekane ba lenyalo ba amega ka go tlaleletsa mo maipelong le mo menateng ya yo mongwe, mo go kgotsofatseng ditlhokafalo tsa yo mongwe. Monna o amega ka go itumedisa mosadi wa gagwe le go mo leretsa boipelo, boiketlo le polokesego, mme mosadi o amega ka go tlhokomela ditlhokafalo tsa monna wa gagwe le go mo itumedisa thata ka mo a ka kgonang ka teng, fela jaaka moaposetoloi Paulo a tlhokomela. (1 Bakor. 7:33, 34) Go letlelela Modimo gore o tsene mo lenyalong la lona go kaya gore lo amege ka go fitlhelela dipatlafalo tsa ona tsa banyalani. Ka bokhutswanyane, ke tse: “Basadi ba lo nyecweñ, ineeleñ mo banneñ ba lona, yaka go chwanetse mo Moreneñ. Banna, ratañ basadi ba lona, me lo se ka loa ba ñañalèla.”—Bakol. 3:18, 19.
6 Go feta moo, go letlelela Modimo gore o tsene mo lenyalong la rona go kaya gore bankane ba babedi ba nne le kamano e e bothito ya botho le Jehofa Modimo, ba sa tlhokomologe go rapela mmogo le e seng. Abalanang nae maipelo a lona, matlhoko a lona, maswabi a lona, diteko tsa lona. Amegang ka go mo kgatlha le go mo ipedisa jaaka Motho. Go Pesalema 147:11 re bala jaana: “Yehofa o kgatlhèga mo go ba ba mmoihañ.” Mme go Diane 27:11 Modimo o re bolelela gore ka go tlhalefa re ka ipedisa pelo ya ona. Ka jalo ga re batle go amega fela ka dipatlafalo tsa ona go rona, mme gape kaga ka moo o ikutlwang ka teng kaga tsela eo re di fitlhelelang ka yone. Go letlelela Modimo gore o tsene mo lenyalong la rona go tla le nitamisa thata go bo go re tlhomamisetsa katlego le boitumelo. Ee, jalo e tla bo e le “mogala o o dikala di tharo [o o se ketlang] o kgaoga ka bonakō.”—Mor. 4:12.
PATLAFALO YA BOPELONOMI
7. Ke ka ntlhayang fa bopelonomi bo tlhokafalela gore re dire gore Modimo o tsene mo lenyalong la rona?
7 Gare ga dilo tsotlhe tseo Modimo o di batlang mo dibopiweng tsotlhe tsa gagwe tsa selefatshe, mme seo se nang le bokao jo bo kgethegileng go banyalani, ke gore ba nne pelonomi mongwe go yo mongwe. Jehofa Modimo ka boene o re tlhomela sekao, fela jaaka Lefoko la gagwe le re tlhomamisetsa gore “èna o pelonomi mo go ba ba sa lebogeñ, le mo go ba ba boshula.” (Luke 6:35) Tota-tota, mo Lefokong la gagwe, go ya ka New World Translation, re bala kaga “bopelonomi [jwa gagwe] jo bo sa tshwanelang” go feta ga lekgolo, mme re bala kaga “bopelonomi [jwa gagwe] jo bo lorato” e kane palo eo e menagane sebedi. Go nna le Modimo o o pelonomi ono mo lenyalong la rona re tshwanetse go reetsa kgakololo e e go Bakolosa 3:12: “Lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele.”
8. Nngwe ya ditsela tse di motlhofo-tlhofo le tsa motheo-theo tseo banyalani ba ka nnang pelonomi mongwe go yo mongwe ka tsone ke efe?
8 Re ka bontsha balekane ba rona bopelonomi jang mme ka gone re letlelela Modimo go nna mo lenyalong la rona? Go nna pelonomi go kaya go tlamela ditlhokafalo tsa yo mongwe. Go kaya go nna yo o akanyang, o akanyetsa katlego ya yo mongwe. Ereka, ka kakaretso, re sa rate go nna re le bosi, nngwe ya ditsela tsa motheo le tse di motlhofo-tlhofo eo mo go yone rona, jaaka banyalani, re ka nnang pelonomi go yo mongwe ke ka go abalana bogone jwa rona, bokopano jwa rona. Ka go nna mmogo fela, re ka agelelana, re dira gore yo mongwe a ikutlwe a tlhokega le go anaanelwa. Mo lenyalong le lengwe le le thubegileng morago ga dingwaga tse dintsi mosadi o ne a tlwaetse go ya go ikhutsa ka lobaka lo loleele a kgaogane le monna wa gagwe.
9, 10. (a) Ke dilo dife tse dingwe tseo banna le basadi ba Bakeresete ba ka di dirang mmogo? (b) Banyalani ba ka bontshana bopelonomi ka ditsela dife gape?
9 Go nna mmogo fela go molemo, mme mo go molemo bogolo ke go dira dilo tse dintsi ka mo go ka kgonegang lo le mmogo. A lo bala Bibela ka motheo wa botho? Ke ka ntlhayang o sa balele mogatso? A lo ipaakanyetsa dipokano tsa Bokeresete? Fa e le gore goa utlwala, ke ka ntlhayang lo sa ipaakanyetse dithuto mmogo? A wena, monna, o na le puo mo thulaganyong? Ke ka ntlhayang fa o sa e boeletse mosadi wa gago e kete ke bareetsi? Nnang mmogo kwa dipokanong, gammogo le ka dinako tse dingwe. Arolang mmogo mo tirong ya Bokeresete ya go rera. Tsotlhe tse ke ditsela tse dingwe tseo mo go tsone re ka bontshang bopelonomi, re ka kitlanyang lenyalo la rona le go letlelela Modimo gore o nne mo lenyalong la rona.
10 Gape ke bopelonomi ka banyalani fa ba buisana, ba letlelela yo mongwe gore a itse se se mo pelong le mo mogopolong. Ee, mo ga go kaye fela go abalana boikitsiso kana dikakanyo mme gape go kaya go arolelana ka moo lo ikutlwang ka teng ka dilo. Akanyetsa go umaka dilo tse di agelelang mo motlotlong wa gago, mo tumalanong le seane seno: “Loleme loa motho eo o botlhale ke phodishō.” (Dia. 12:18) Banyalani ga se ba nama e le nngwefela, mme gape ba tshwanetse go nna ba mogopolo o le mongwe le pelo e le nngwe, fela jaaka Jesu a rapeletse gore balatedi ba gagwe ba nne bangwefela. (Yoh. 17:21) Puisano e a patelesega gore lo bone bongwefela joo.
11. Banyalani ba tshwanetse go latela kgakololo efe ya Dikwalo fa go na le dikgopisano?
11 Segolo thata ke bopelonomi fa lo buisana ka dilo fa go nnile le go tlhoka kutlwano kana dikgopisano. Jesu o umakile molao-motheo maloka le dikamano tsa batho oo banyalani gantsi ba ikgobatsang ka go o tlodisa matlho kana go o tlhokomologa. A o ikutlwa gore o ne o tshwerwe makgwakgwa kana o foseditswe ka tsela nngwe? He ka boikutlo jwa Mathaio 18:15 nna pelokgale gore o buisane ka kgang eno ka nako e e tshwanetseng, o dira jalo ka tsela ya bopelonomi le ya botlhale. O ka nna wa ithuta mo go Kgosigadi Esethere, yo ka botlhale a siamisitseng monna wa gagwe pele a mo rolela kgang e e bokete. (Esethere 5:1-8; 7:1-10) Kana, a go bonala e kete ke wena yo o kgopisitseng moratwa wa gago? He o seka wa go tlhokomologa, mme ka boingotlo, ka bopelonomi le ka botlhale tlotla kgang eno ka boikutlo jwa Mathaio 5:23, 24. Ka gone kagiso, kutlwano le boitumelo di tla busediwa.
12. Go ka tweng ka tlhokafalo ya gore monkane yo mongwe wa lenyalo a reetse fa yo mongwe a bua?
12 Lefa go ntse jalo, bopelonomi ga bo akaretse fela go bua, go tlotla, mme gape le go reetsa ka tlotlo. Go raya go tlhwaya tsebe fa monkane yo mongwe a bua. Go bolelelwa ruri fa go twe go reetsa ke botswerere. Ga re batle go reetsa fela gore re tle re tlhaloganye bokao jwa mafoko mme gape gore re tle re lemoge boikutlo joo a buiwang ka jone. Go feta moo, gore re nne bareetsi ba ba molemo re tshwanetse ra elatlhoko seo se sa buiwang. Ee, banna le basadi ba ba nyetseng ba tshwanetse go nna bareetsi ba ba molemo. Ke bopelo-e-thata fa o sa reetse sentle fa monkane wa gago a bua. Ke boammaaruri, ka dinako dingwe go ka nna le bothata jo bonnye ka gobo yo o buang a ka tswa a akanyetsa godimo bogolo go gore tota wa bo a leka go bua. Fa seno se bonala e le bothata, he itlwaetseng go simolola dikakgelo tsa lona ka go bitsa ka tlhamalalo, jaaka “Mokapelo,” “Rantleru,” “Manku.”
13. Bakeresete ba tshwanetse go bontsha nonofo efe gape gore ba tle ba letlelele Modimo gore o tsene mo lenyalong la bone?
13 Gape, nngwe ya ditsela tse di molemo tseo banyalani ba ka bontshanang bopelonomi ke ka go reetsa tlhagiso ya boaposetoloi, e e reng: “Lo nnè pelonomi moñwe mo go eo moñwe, le pelonamagadi, lo ichwarèlane, hèla yaka Modimo le ōna o ichwaretse lona mo go Keresete.” (Baef. 4:32) Mme mo go itshwarelaneng lo se ka lwa dira jalo ka go ngunanguna, mme “eo o utlwèlañ batho botlhoko, a a go dihè ka pelo e e thamileñ.” (Bar. 12:8) Go dira jalo ke go letlelela Modimo gore o nne mo lenyalong la lona, ka gobo re bala gore o “ichwarèla ka botlalō.” (Isa. 55:7) Fa re itshwarela monkane wa rona fa a leofa, go motlhofo go lebelela gore re tla itshwarelwa fa re leofa. Tota go ne go bolelelwa ruri fa go twe ‘lenyalo le le itumedisang ke bokopano jwa baitshwaredi ba babedi.’
GO IKANYEGA MONGWE MO GO YO MONGWE
14. Nngwe ya ditsela tse di molemo tsa gore banyalani ba bontshane molemo ka tsone ke efe?
14 Lefoko la Modimo le bontsha gore Mokwadi wa lone yo mogolo gape ke Modimo o o siameng, o o thokgameng. Le re kaga Jehofa: “Lehikwè, tihō ea gagwè e itekanetse: gonne ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō; Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō, ōna o o tekatekanyō, o tshiamō.” (Dute. 32:4) Gore re tle re letlelele Modimo mo lenyalong la rona gape re tshwanetse ra siama, re ikanyega mongwe mo go yo mongwe. Ka motheo seno se kaya go dirisa Molao wa Sekaelo, o o reng: “Me hèla yaka lo rata batho ba lo dihèla, le lona lo ba dihèlè hèla yalo.”—Luke 6:31.
15. Banna le basadi ba tshwanetse go amega thata mo ntlheng efe kaga go ikanyega mongwe go yo mongwe, mme ke maemo afe a a ratang go dira gore seno se ketefale?
15 Boikanyegi bo akaretsa dilo di le dintsi. Kwantle ga potso, bo akaretsa dikgang tsa madi, tseo di ka tlisetsang ka bobedi banna le basadi ba ba nyetseng kgwetlho. Lefa go ntse jalo, bo akaretsa le dilo tse di botlhokwa-tlhokwa thata, segolo-bogolo dikgatlhego tsa kafa dikobong. Go motlhofo gore monna a letlelele gore dikgatlhego tsa gagwe di kaile-kaile, segolo ka ntlha ya dithaelo tsotlhe tse di mo tlhaselang tsatsi le letsatsi, ka bobedi go tswa mo bathong ba ba boikepo le ditsela tse di bosula tsa boikitsiso. Fela jaaka Jehofa Modimo a batla gore batlhanka ba gagwe ba mo ineele ka botlalo—“leina ya gagwè [ga twe] Kelehuha”—ka jalo banna le basadi ba ba nyetseng ba na le tshwanelo ya go ka ineelwa ka botlalo kaga dikgatlhego tsa kafa dikobong, ebile ba patelesegile go ineela jalo le bone. (Ekes. 34:14) Diane 5:15-20 e na le kgakololo e e sosologileng, e e maatla le e tsepameng go banna mo ntlheng eno. Mo letlhakoreng je lengwe, basadi ba tshwanetse go tlhokomela gore ba reetse kgakololo ya ga Paulo go 1 Bakorintha 7:3-5 mme ba sa dirise tshwanelo ya lenyalo jaaka sedirisiwa sa go bona seo ba se batlang mo diaparong, jalo le jalo.
LORATO LO LO SENG BOGAGAPA—“A·GAʹPE”
16. Ke mang yo o tlhomelang banyalani sekao sa go bontsha lorato lwa a·gaʹpe, mme ke ka ntlhayang fa lo le botlhokwa?
16 Jehofa Modimo ke mothofatso ya lorato lo lo nang le melao-metheo, lo lo seng bogagapa, e leng a·gaʹpe ka Segerika. Ke ka moo re balang gore ‘Modimo ke lorato.’ Ka jalo go letlelela Modimo gore o tsene mo lenyalong la rona go tlhokafala gore go se nne fela le lorato lo lo thailweng mo kgogelanong ya tlholego, e leng kgatlhego ya kafa dikobong (eʹros), le lorato lo lo thailweng mo bongwefeleng jwa mogopolo le boikutlo (phi·liʹa), me gape go tlhokafala le lorato lo lo seng bogagapa lwa melao-metheo. Lorato lono lo tla kitlanya lenyalo, tota lefa mefuta e mengwe e mebedi ya lorato e ka nyelela.—1 Yoh. 4:8, bapisa NW.
17. Tlhaloso ya ga Paulo ya lenyalo e sedimosa maitlamo a lenyalo jang?
17 Moaposetoloi Paulo go 1 Bakorintha 13:4-8 o tlhalosa sentle ka moo lorato lo ipontshang ka teng, ka go re: “Loratō lo ichōka ka pelotelele, lo pelonomi; loratō ga lo pelotshètlha; loratō ga lo ko lo ikgantsha, ga lo mabela, Ga lo ko lo diha kaha go sa chwanèlañ, ga lo ko lo ipatlèla hèla, ga lo ko lo gakatsèga, ga lo ko lo akanya boshula; Ga lo itumelele tshiamololō; me lo itumèlèla boamarure; Lo ichōkèla dilō cotlhe, lo dumèla dilō cotlhe, lo sholohèla dilō cotlhe, lo iphapaanya le dilō cotlhe. Loratō ga lo ko lo tlhaèla gopè.” Ka ntlha ya mafoko ao a ga Paulo, ga re ne re tila konelo ya gore go nna Mokeresete yo o molemo go kaya go nna molekane yo o molemo wa lenyalo. Mo phapaanong, go retelelwa mo lenyalong go belaetsa gore mongwe tota ke Mokeresete. Mathata a mo lenyalong a tshwanetse go lebiwa jaaka dikgwetlho tsa go tlhagolela maungo a moya, lorato e le lo logolo mo go ona. (Bagal. 5:22, 23) Mme gakologelwang, “LORATŌ GA LO KO LO TLHAÈLA GOPÈ”!
18, 19. (a) Lorato lwa A·gaʹpe lo tlhoka gore mosadi a direng? (b) Lorato lwa A·gaʹpe lo tla dira gore monna a tshware mosadi wa gagwe jang?
18 Lorato lwa melao-metheo, lo lo seng bogagapa lo tlhoka gore mosadi a direng? Lo tlhoka gore a lemoge monna wa gagwe jaaka tlhogo. (Baef. 5:22-24) Mo ka metlha go ka ne go se motlhofo, mme lorato lo tla mo thusa; lo tla mo tlhofofaletsa gore a beye dikgatlhego tsa monna wa gagwe fa pele ga tsa gagwe. Ka sekai, go na le basadi ba ba lorato bao ka go itse gore banna ba bone ba tshwanetse go ja dijo dijo tse di rileng, ba bo ba sa apeye dijo tseo banna ba bone ba ka sekeng ba di ja nabo. Ba itse gore go dira jalo tota ga go ba ketefaletse ka gope, mme tota, ebile go ka ne go le botoka thata mo go bone.
19 Lorato lo lo seng bogagapa lo tlhoka gore monna a direng? Lo tlhoka gore a reetse kgakololo eno: “Banna, ratañ basadi ba lona, hèla yaka Keresete le èna a ratile phuthègō, me a intshetsa eōna: Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebelè ea bōnè.” (Baef. 5:25, 28) Abo seno se tlhoka mo gontsi jang mo monneng! Fela jaaka a tlhokomela mmele wa gagwe sentle ka dijo, diaparo, tshireletso, boikhutso, boitapoloso, le dikgatlhego tsa semoya, o tshwanetse go tlhokomela mosadi wa gagwe fela jalo. Fela jaaka a seka a rata go itlhabisa ditlhong fa pele ga ba bangwe, gaa tshwanela go tlhabisa mosadi wa gagwe ditlhong fa pele ga ba bangwe. Go mo rata jaaka mmele wa gagwe go tla akaretsa le go tshela nae kafa kitsong, a le pelonomi le go mo akanyetsa mo dikarolong tsa sephiri tsa lenyalo. Go seka ga ba ga diragala gore a latofadiwe ka gore o gobolotse mosadi wa gagwe.—1 Pet. 3:7.
20, 21. (a) Modimo o tla bonala gore o mo lenyalong la lona fa lo dirisa melao-metheo efe gape ya Dikwalo? (b) Go tla ithutiwa setlhogo sefe se se latelang, mme ka ntlhayang?
20 Abo seemo sa lenyalo se na le dipaka tse dintsi jang tsa go itumedisa! Jesu o rile “go aba, go lesegō bogolo go go amogèla,” mme gape molao-motheo ono o dira le mo banyalaning. (Dit. 20:35) Abo banna le basadi ba ba nyetseng ba na le dipaka tse dintsi jang tsa go aba, e leng go ikaba ka bobone, nako ya bone, tlhokomelo ya bone, megopolo ya bone, maikutlo a bone, go aba dilo tse di bonalang! Mme gape molao-motheo ono o a dira mo kamanong ya bone: “Eo o yalañ ka boñoma, o tla rōba ga boñoma: me eo o yalañ ka bogolo, o tla rōba ga bogolo.” Lona reetsang fela kgakololo eno mme lo tla letlelela Modimo gore o tsene mo lenyalong la lona.—2 Bakor. 9:6.
21 Lefa go ntse jalo gangwe le gape tota le Bakeresete ba ba nyetseng bao ba reng ba ineetse baa tlhaela mo ntlheng eno. Ka ntlha ya seno go tlhokega gore re buisane ka tlhamalalo ka setlhogo se se latelang: “Modimo wa Lorato O Ila Tlhalo.”