Modimo wa Lorato O Ila Tlhalo
“Lo itisè mo moeeñ oa lona, me a go se nne opè eo o dihèlañ mosadi oa bokau yoa gagwè ka bonoñwane. Gonne [nna Jehofa] ke ila tlhalō.”—Mal. 2:15, 16.
1, 2. (a) Ke tsela efe e e nyatsegang e bosheng jaana e tserweng ke mongwe yo e neng e le mogolwane? (b) Dintlha tse di latelang di neelelwa go tlhabana le tlwaelo efe?
MONNA yo o neng a sa bolo go nna mogolwane wa phuthego ya Bokeresete ka dingwaga-ngwaga o ne a simolola go nna le mathata mo lenyalong la gagwe. O ne a akafala le mosadi wa lefatshe, a akanya gore mosadi wa gagwe o ne a tla mo tlhala mme a bo a gololesegile go nyala modumedi-ka-ene. Mo go mo gakgamaditseng, mosadi wa gagwe o ne a iketleeleditse go mo itshwarela le go letlana nae. Mme, ka a ikemiseditse go gololesega, o ne a tlhala ka molao a bo a nyala mosadi yo mongwe fa tlhalo e sena go wediwa. Lefa go ntse jalo, o ne a kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete ka ntlha ya go dira jalo.
2 Abo re eletsa jang gore tsela e e tsitsibanyang eo e ka ne e le yone fela mo go bao ba iphakang ba ineetse go Jehofa! Mme, ka maswabi, ga go a nna jalo. Tota-tota, go ntse go bonala gore bangwe ba itshenkela boipelo jo bo bogagapa kana go tswa ga motlhofo mo boemong jwa lenyalo jo bo sa itumediseng bogolo go go ngaparela melao-metheo ya Bibela le go leba go Jehofa Modimo ka thapelo, go bala Lefoko la gagwe le go kopa thuso mo balebeding ba mo diphuthegong. Go solofelwa gore seo se buisanngwang fano se tla dira gore Bakeresete ba ba ineetseng ba sireletse megopolo ya bone mo kgannyeng eno le go dira gore bape ba ba akanyetsang go tsaya tsela e e bogagapa eo ba sekaseke dintlha gape.
3. Fa e le kaga tlhalo, boikutlo jwa lefatshe ka kakaretso ke bofe?
3 Lemororo tlwaelo eno e tshwanetse go hutsafalelwa le go ilwa, tota ga ya tshwanela go re gakgamatsa ka ntlha ya tsotlhe tseo re di bonang mo lefatsheng gompieno. Ga go potso kaga gore banyalani ba ba oketsegileng ba ntse ba tlhalana. Mo dinageng tse di etsang United States le Russia, lenyalo le le lengwe mo manyalong a mararo le felela ka tlhalo, mme mo dinageng tse dingwe karolelano e batlile e nna lenyalo le le lengwe mo go a mabedi. Dinaga dingwe di na le tlhalano ya “ga go molato,” eo kwantle ga pelaelo e tlhotlheletsang go oketsega ga ditlhalano. Ruri, palo ya ditlhalano e ka bo e le kgolo tota fa e ka bo e se ka ntlha ya gore banna le basadi ba ba oketsegileng ba nna mmogo kwantle ga go nyalana. Ka sekai, dipego di senola gore mo Brazil fela banna le basadi ba ba fetang dimilione di le nne ba tshela jalo.
KA MOO JEHOFA A LEBANG TLHALO KA TENG
4, 5. (a) Jehofa o leba tlhalo e e bonongwane jang? (b) Jesu o ne a itlhalosa jang mo kgannyeng ya tlhalo?
4 Jehofa Modimo o leba tlhalo jang? A o e dilola fela jaaka baruti ba La-Bodumedi ba dira? Le e seng! Re bala jaana go Malaki 2:15, 16: “Lo itisè mo moeeñ oa lona, me a go se nne opè eo o dihèlañ mosadi oa bokau yoa gagwè ka bonoñwane. Gonne ke ila tlhalō, go bua Yehofa, Modimo oa Iseraela, . . . me ke gōna lo itisè mo moeeñ, gore lo se dihe ka bonoñwane.” Jesu Keresete o ne a bua kakanyo e e tshwanang. Fa baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ba ne ba mmotsa kaga bokafa-molaong jwa tlhalo, Jesu o arabile jaana: “A ga lo e se lo ko lo bale ha eo o ba dihileñ mo tshimologoñ a ba dihile nona le tshadi, A ba a re, Ke gōna ka mouō, motho o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, a ñaparèla mosadi oa gagwè; me bobedi yo bo tla nna nama e le ñwe hèla? Yalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, me ke nama ñwe hèla. Ke gōna se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.”—Math. 19:4-6.
5 Erile fa Bafarisai bao ba arabiwa jalo, ba botsa jaana: “Me e le hoñ Moshe a ba a reñ ha a laola, gore go ntshiwè lokwalō loa tlhalō, me go tlhalwè mosadi?” Jesu a araba, a re: “Moshe a lo leseletsa go tlhala basadi ba lona ka ntlha ea bothata yoa dipelo tsa lona: me go cwa kwa tshimologoñ ga goa nna yalo. Le nna ke lo raea, ke re, Leha e le mañ eo o tla tlhalañ mosadi oa gagwè, ha e se ka ntlha ea boaka, me a nyala eo moñwe, o diha boaka: le eo o mo nyalañ a sena go tlhalwa o diha boaka.” (Math. 19:7-9) Dikwalo tseno di re bolelela eng? Gore Jehofa Modimo le Jesu Keresete ga ba kaye go tlolwa ga melao ya Modimo kaga lenyalo le tlhalo go le gonnye. Tlhalo e gagolaka se Jehofa Modimo a se kopantseng. O leba lenyalo e le sebofo sa lobaka lotlhe lwa botshelo.
6. Molao wa ga Moshe o ne o reng kaga boaka?
6 Ke ka moo taolo ya bosupa ya Ditaolo di le Lesome e rileng: “U se ka ua diha boaka.” (Ekes. 20:14) Go feta moo, molao wa ga Moshe o ne o batla gore Baiseraele ba kgobotletse monna yo o akafetseng le mosadi wa monna yo mongwe, gammogo le ene mosadi yoo. (Lefi. 20:10) Mo go tshwanelang tota, go Bahebera 13:4 moaposetoloi Paulo o tlhagisa gore Jehofa Modimo o tla atlhola diaka le bagokahadi.
7. Ke ka ntlhayang fa boaka bo nyatsega thata go feta kgokahalo?
7 Tota-tota, boaka bo masisi go gaisa kgokahalo, eo e tlhalosiwang e le go kopanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang. Mme boaka bo na le ntlha e e oketsegileng ya go tlola, go roba, go timola sebofo sa lenyalo. Ka gone lefoko la boaka ka Sejeremane ke ehebruch, leo fa le ranolwa ka tlhamalalo, le kayang go kgaola kgole ya lenyalo.
KE KA NTLHAYANG FA JEHOFA A ILA TLHALO?
8, 9. (a) Lebaka le le lengwe la gobo Modimo o ila tlhalo e e bonongwane ke lefe? (b) Le lengwe gape la go e ila jalo ke lefe?
8 Jehofa o ila tlhalo ya mabaka a e seng a Dikwalo ka gobo, santlha-ntlha, ke go mo leofela. Lenyalo le simolotswe ke ene mme ka jalo ope yo o thulanang le thato ya gagwe maloka le lone tota o leofela Modimo. Gore boaka ke go leofela Modimo go ka bonwa mo go seo Josefa a se boleletseng mosadi wa ga Potifaro fa a ne a leka go mo hepisetsa go akafala nae: “Kana hoñ boshula yo bogolo yo, ke ka bo diha yañ, ke leohèla Modimo?” (Gen. 39:9) Mme Kgosi Dafide o ne a raya Jehofa a reng fa a ne a bontsha gore o ikwatlhaetse boleo jwa gagwe jwa go akafala le mosadi wa ga Uria? “Ke wèna, wèna wesi eo ke gu leohetseñ, ka diha se se boshula mo ponoñ ea gago.”—Pes. 51:4.a
9 Lebaka le lengwe la gobo Jehofa a ila tlhalo ke gore o kgatlhegela tshiamiso, gaa rate matšabetsi. Ka sekai, go Yakobe 5:1-6 Lefoko la gagwe le nyatsa thata-thata bahumi bao ba gatelelang badiredi ba bone. Tlhalo (e e seng ya mabaka a Dikwalo) e kane ka metlha go raya go direla monkane wa gago bonongwane, fela jaaka Modimo o boletse ka moperofeti wa gagwe Malaki. E gobatsa molekane yo o senang molato. Fela jaaka mo molaong wa Moshe Jehofa Modimo gangwe le gape o boletse gore o thusa lesiela le motlholagadi ba ba gateletsweng, le gore o ne a tla otlhaya bao ba neng ba ba gobolola, ka jalo Jehofa Modimo o tla atlhola bao ba dirisang go dutla ga molao gore ba latlhe bankane ba bone gore ba tle ba nyale ba bangwe.—Dute. 10:17, 18; 27:19.
10. Ke ka ntlhayang fa go ka twe seaka ke mofafalele?
10 Tota-tota, seaka go ka twe se fetoga mofafalele. Mofafalele? Ee, mofafalele ke motho yo o tshelelang fela boipelo le boikgotsofatso. Motho yo o gogang motsoko, lemororo a itse ka botlalo gore o kotsi jang, go ka twe ke mofafalele. (Luke 8:14; Tito 3:3) Ka gone bao ba eteletsang maipelo ao tlhalo le go nyala o sele di ka a tlisang fa pele ga boineelo jwa bone jwa go itumedisa Jehofa Modimo go ka twe ke bafafalele. Eleruri ke barati ba dikgatlhego bogolo go barati ba Modimo.—2 Tim. 3:1, 2, 4.
11. Kwantle ga gore motlhadi yo o akafalang o leofela Modimo, o leofela mang gape?
11 Mo godimo ga gore seaka se se tlhalang se leofele Jehofa Modimo le molekane wa sone, gape o leofela phuthego eo a kopanelang nayo, ka gobo o memeya leina la yone le le molemo. Gape o leofela batho ba ba mo phuthegong eo ka sekai sa gagwe se se bosula. Ka gone mo phuthegong ya New York City mosadi yo o neng a tlotlega o ne a tsaya tsela e e phoso eno mme ka bonako morago ga moo basadi ba babedi ba basha ba ne ba nonofela go latela sekao sa gagwe. Ke ka lebaka le le utlwalang fa Paulo a tlhagisa kaga go kgopisa ba bangwe.—Bafil. 1:9, 10.
12. Mokeresete mongwe le mongwe yo o nyetseng o tshwanetse go ipotsa dipotso dife tse di hukutsang moya?
12 Bibela e phepafatsa ka moo Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba ikutlwang ka teng kaga tlhalo. Baa e ila! Mme wena o ikutlwa jang ka yone? O leba tshimologo e e boitshepo ya lenyalo jang? A o e leba jaaka Modimo, kana, fela jaaka lefatshe ka kakaretso, o itetleletse go tlhotlhelediwa ke mosenya-lenyalo yo o botlhale yoo, e leng Satane Diabolo? A e kete o dumelela boitshwaro jwa bao ba tlotseng melao ya lenyalo, boaka le tlhalo? A o gare ga bao, ka go fephelega le ba bong jo bo fapaaneng, o tshamekang ka boitsholo jo bo maswe jwa bonna le bosadi? (Math. 5:28; 15:19) A o disa pelo ya gago mo dintlheng tseno, kana a o sekamela go kopanela mo maitlhapedisong a e seng one?—Dia. 4:23.
13. Ke eng se se bontshang gore boferefere le tlhalo di batlile di tsamaisana ka metlha?
13 Go tlhala le boaka gantsi ke bankane mmogo. Segolo thata moo tlhalo ya semolao e bonwang kwantle ga boaka jwa ope wa banyalani, yo o senang molato a ka raelesega thata gore a nne ‘yo o diriIweng seaka.’ (Math. 5:32) Ebile ga go belaesege gore fa mongwe wa banyalani a akafala gaa ne a nna le segakolodi se se phepa le Jehofa Modimo. Se ka phepafala jang ka se bakilwe ke tsietso, fela jaaka re bala: “Leitlhō la mogokahadi le tle le lebèlèle lotlatlana, a re, Ga go leitlhō lepè ye le tla mpōnañ: me a ikgakise sehatlhōgō.” (Yobe 24:15) Gore boaka bo dira mongwe leferefere jang go ka bonwa mo boitemogelong jo bo anetsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno.
14. Mafoko a a go Pesalema 36:1-4 a tshwanela motlhadi yo o akafalang sentle jang?
14 Gore re tle re lebe tlhalo e e akafalang ka tshwanelo re thusiwa ke mafoko a ga Dafide go Pesalema 36:1-4: “Tlolō ea moikepi e bua mo peduñ ea me, ea re, Ga go na poihō ea Modimo ha pele ga matlhō a gagwè. Gonne o iphora mo maitlhoñ a gagwè, a re, Boikèpō yoa gagwè ga bo ketla bo lemogwa, bo ilwa. Mahoko a molomo oa gagwè ke boikèpō le tsieco hèla; o baketse go nna botlhale le go diha molemō. O loga maanō a boikèpō mo bolaoñ yoa gagwè; o ipaea mo tseleñ e e señ molemō; ga a heretlhwe ke boshula.” Abo tlhaloso eo e tshwanela motlhadi yo o akafalang jang nne!
15. Bao ba tlhalang ka go akafala ba bo ba nyala gape ba tshwanetse go akanyetsa melao-metheo efe ya Dikwalo ka masisi?
15 Gangwe le gape bao ba akafetseng ba tlhadile bankane ba bone, e re ba sena go nyala gape, ba bo ba kgaolwa, mme ba bo ba busediwa fela morago ga ngwaga kana lobakanyana. Go bonala sentle gore bagoIwane ba ba dirisanang le dikgetsi tseo ba thaile dikatlholo tsa bone mo go seo Lefoko la Modimo le se buang kaga go utlwela botlhoko. Ke boammaaruri, Jehofa Modimo o boutlwelo-botlhoko mme le bagoIwane le bone ba tshwanetse go nna jalo. Lefa go ntse jalo, kaga monna kana mosadi ope fela yo ka boferefere a rulagantseng dikgato tse di ntseng jalo gore ba tle ba nyalane go ka twe fela gore lefa bagolwane ba ba buseditse, ga baa felela foo. Bagolwane ba ka thaya katlholo ya bone fela mo boikwatlhaong jo bo bonalang, mme ga ba kgone go bala pelo ka botlalo. Ka ba sa kgone go lemoga boitlhomo, ba ka busetsa banyalani bano ba ba nyalaneng gape. Mme a banyalani bao ba se lebale mafoko a ga Paulo a gore “Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” (Baheb. 13:4) Katlholo ya bofelo mo dikgetsing tsotlhe tseo e mo diatleng tsa ga Jehofa Modimo, yoo o itseng maemo otlhe. Ene o bala pelo, fela jaaka Yeremia 17:9, 10 e umaka. O itse gore boitlhomo ke bofe ebile o bona boferefere kana toga-maano epe ya batho ba ba tlolang molao wa gagwe wa lenyalo. Ee, “dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.” Eleruri dikwalo tse di ntseng jalo di tshwanetse go re dira gore re eme go se gonene re akanye.—Baheb. 4:13.
16. Ke ka ntlhayang fa monkane yo o seng molato a ka tlhopha gore a se tlhale yo o molato?
16 Lefa go ntse jalo, mo ntlheng eno go tshwanetse ga lemogiwa gore molao wa Modimo ga o kaye gore monkane yo o seng molato a tlhale. Maemo a ka nna a dira gore go siamele yo o seng molato gore a ka itshwarela yo o molato, segolo-bogolo fa yoo a le boingotlo a bile a ikwatlhaya ka pelo yotlhe. Ke boammaaruri, go sa ikanyege ga monkane wa motho go ka mo tlhabisa ditlhong—monkane wa motho yoo o batlile boipelo le kgotsofalo golo gongwe. Mme basadi le bommè ba bantsi ba ba lorato ba itshoketse monna yo o bogagapa tota le yo o sa ikanyegeng fela ka ntlha ya bana ba gagwe.
MABAKA LE DIKALAFI
17. Lebaka le lengwe la gobo ba bangwe ba ile ba tlhala ka go akafala ba bo ba nyala gape e ka nna lefe?
17 Ke ka ntlhayang fa ba bangwe ba fenngwa ke teko ya go tshegetsa bothokgami ka go nna ba ikanyega mo kgolaganong ya bone ya lenyalo? Kwantle ga pelaelo go na le mabaka a le mmalwa. A lebaka le lengwe e ka nna gore basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ga ba boife pogisego epe ya bosakhutleng, ba itse gore ga go na dihele tse di tukang? Moruti mongwe wa Luthere o kile a bolelela Mosupi mongwe yo mosha gore fa a sa dumele mo diheleng tse di tukang o ne a tla dira masula otlhe. Kwantle ga pelaelo ba bantsi ba ba mo La-Bodumedi ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Rona jaaka Bakeresete ba sebele, re gololesegile mo go boifeng pogisego e e sa khutleng, mme ga re batle go ‘fetola kgololesego ya rona sebaka sa nama go itirela,’ a ga go jalo?—Bagal. 5:13.
18. Ke maemo afe a a dirang gore go tlhokege gore re nne re itisitse ka metlha mo kgannyeng ya megopolo le ditiro tsa mongwe maloka le thobalano?
18 Gompieno, lefatshe le setse le tsenwa kaga tsa kafa dikobong. Go lala le batho ba ba farologaneng e setse e le tiragalo ya tsatsi le letsatsi. Ga go pelaelo ya gore boikepo bo a ntsifala. (Math. 24:12) Mokeresete o hepisediwa mo tekong kwa a dirang gone, ka a moka-mokilwe ke batho ba ba sa laolweng ke melao-metheo ya Bibela ebile ba ka ne ba le bantle go lejwa. Ka jalo motho o tshwanetse go nna a itisitse, a ikgapa ebile bokopano jwa gagwe le ba bong jo bo fapaaneng, fa e se mogatse, e nne kaga tiro fela. Gape tse di tshwanetseng tsa itisiwa ke metswedi ya boikitsiso—dikoranta, dimakasine, thelebishene le dibaesekopo. Tota-tota, o seke wa laleletsa bagokahadi, diaka le ba ba ntseng jalo mo tlung ya gago ka TV. Le gone re seka ra tlodisa matlho ntlha ya gore go itlhapedisa ka dijo le dino tse di turu go ka dira gore Mokeresete, segolo mokaulengwe, a tsogelwe ga motlhofo. Itlwaetse boikgapo mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo! “Lo ileñ boshula.” “Ilañ se se boshula.”—Pes. 97:10; Bar. 12:9.
19. Bao lenyalo la bone le sa ba kgotsofatseng ka sengwe ba tshwanetse go leba dikgang jang?
19 Mme gape, e ka nna ya nna gore bankane bangwe ba lenyalo ga baa ka ba atlhola sentle-ntle fa ba tlhophana. Ba ka fitlhela gore ga ba tshwanelane jaaka ba ne ba ka rata, kana ba ka ne ba swabisitswe ke dikarolo tsa sephiri tsa lenyalo. Fa go ntse jalo, ke kgang ya go sola boemo joo molemo, ka gone ba tlotla le go godisa thulaganyo ya ga Jehofa. Bibela e akgola motho “eo ea reñ a ikutlwisitse botlhoko ka go ikana ga gagwè, a se ke a hetoge.” (Pes. 15:4) Fa re e tlhofofatsa, go raya go ja moretologa ka sukiri. Seno se gopotsa ka mogolwane yo o neng a itsege thata ebile a ratwa thata ke bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. O ne a nyetse pele ga fa a nna Mosupi mme mosadi wa gagwe yo o sa dumeleng o dirile gotlhe gore a mo tlhorontshe. Fa a ne a bodiwa ka gone, o rile, “O ntirile monna tota.” Gore a mo itshokele, o ne a tshwanelwa ke go ithuta gore a nne pelotelele le go ikgapa. Ebile o ne a kgotsofalela go itse gore o ne a reetsa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo.—1 Bakor. 7:12-16.
20. Maemo mangwe a a ka okeletsang gore yo mongwe a tlhale monkane wa gagwe ka go akafala ke afe?
20 Lefa go ntse jalo, go bonala gore ka dinako dingwe tlhalo ka mabaka a boaka e ka bo e fapositswe fa monkane yo “o seng molato” a ka bo a bontshitse kamego, botlhale, lorato le kutlwisiso ka mo go oketsegileng. Mosadi ka iketlo a ka nna a ngotla go akanyetsa go itumedisa monna wa gagwe mo mmeleng, mo mogopolong, mo maikutlong, mo bontlafatsong le mo moyeng, jalo go mo dira gore a lebe golo gongwe gore a bone kgotsofalo mo go dingwe tsa dikarolo tseno. Ka jalo erile fa mosadi wa modiredi wa nako e e tletseng a ne a ntse a gana go mo neela tshwanelo ya lenyalo, go ne ga dira gore monna yo a retologele kwa go kgaitsadia mosadi gore a ikgotsofatse. Legale, go sa kgathalesege gore mosadi o reteletswe go le kana-kang mo ntlheng eno, monna ga a letlelelwe le e seng gore a dire boaka.
21. (a) Ke ka ntlhayang fa go le phoso go tlhala monkane wa gago ka bonongwane? (b) Mme, maloka le tlhalo e e bonongwane, go ka tweng ka Basupi ba ga Jehofa ka kakaretso?
21 Eleruri Modimo wa lorato o ila tlhalo ka mabaka a a utlwalang. Tlhalo e e bonongwane ke go leofela Modimo, monkane wa gago, phuthego ya Bokeresete eo o kopanelang nayo gammogo le batho ba ba mo go yone, ka kgato eno e ka nna ya dira gore ba bangwe ba kgopege. Mme abo go molemo jang gore Basupi ba ga Jehofa ka kakaretso ga se batho ba ba sekametseng kafa go tlhaleng! Ba itsiwe e le batho bao ka tlhoafalo ba lwelang go dirisa kgakololo ya Modimo maloka le lenyalo. Seno se ba dira batho ba ba itumetseng segolo. Mme manyalo a bone a a kitlaneng, a a itumedisang gantsi a lemogiwa ke ba bangwe, a gogela ba bangwe mo boammaaruring.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dafide gape o leofetse Uria, mme boleo jwa gagwe go Modimo bo ne bo le bogolo mo e leng gore boleo jwa gagwe go Uria bo bonetse e se sepe fa bo bapisiwa.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Tlhalo e e seng ya Dikwalo ke go leofela ba bangwe
Jehofa
Batho-ka-bongwe
Molekane
Phuthego