“Lona Merahe, Itumeleñ Le Batho ba Gagwè”
1. Ke ka ntlhayang fa Bajuda ba ba santseng ba boloka molao wa ga Moshe ba sa nne “batho ba gagwè” bao ditšhaba tsotlhe di lalediwang go ‘itumela’ nabo?
“BATHO BA GAGWÈ” ke bomang bao ditšhaba tsotlhe di lalediwang go ‘itumela’ nabo? (Bar. 15:10) Ga ya ka ya nna Bajuda. Bajuda ba tlholego bao ba santseng ba leka go boloka molao wa ga Moshe ba nnile ba ilwa le go bogisiwa mo lobakeng lwa dingwaga di le 1 900 go tloga ka ngwaga wa 70 C.E., e leng ngwaga wa go senngwa ga Jerusalema wa bogologolo ke mephato ya Baroma e laolwa ke Molaodi Tito. Mo go gakgamatsang, tota le Bajuda ba tlholego ka bobone ga baa ka ba itumela le “batho ba gagwè,” e leng batho ba ga Jehofa. Kwa bokhutlong jwa pina e e tlhotlheleditsweng e e opetsweng ka ngwaga wa 1473 B.C.E., ke moperofeti Moshe wa Mojuda yo o opetseng jaana: “Lona merahe, itumeleñ le batho ba gagwè; gonne o tla lehetsa madi a batlhanka ba gagwè, o tla ipusholosa mo babeñ ba gagwè, me o tla dihèla lehatshe ya gagwè, le batho ba gagwè, teohololō.”—Dute. 32:43.
2. Go tlolaganyediwa ga barutwa ba ga Jesu go tswa “mo thateñ ea lehihi . . . [go ya] mo bogosiñ yoa Morwa loratō loa ōna” go simolotse leng?
2 Ka nako ya fa Paulo a ne a tsopola mo mafokong ao a ga Moshe a bo a a dirisa, e kane ka 56 C.E., Jesu o ne a setse a sule, a tsositswe ebile a tlhatlhoseditswe legodimong bogologolo pele ga moo, ka 33 C.E. Ka jalo go tloga ka Pentekoste ya ngwaga oo go ya pele, “batho ba gagwè,” e leng batho ba ga Jehofa, e ne e le barutwa ba ga Jesu Keresete ba ba ineetseng, ba kolobediwa, ba bo ba tsalwa ka moya. Dingwaga di sekae moragonyana, e kane ka 60-61 C.E., Paulo o ne a kwalela maloko a “batho” ba ga Jehofa kwa Kolosa mme a re: “Lo nntse lo ntshetsa Rara [Jehofa] malebogō, èna eo o re chwaneditseñ, gore re nnè baabedwi ba boshwa yoa baitshepi mo lesediñ; eo o re golotseñ a re ntsha mo thateñ ea lehihi, me a re tlolagantshetsa mo bogosiñ yoa Morwa loratō loa ōna.” (Bakol. 1:12, 13) Go tlolagantshediwa jalo go simolotse ka letsatsi la Sejuda la Pentekoste (Sivane 6) ya 33 C.E., morago ga fa Jesu a sena go boela legodimong.
3. Ka go tlolaganyediwa jalo mo bogosing jwa semoya jwa Morwa Modimo yo o rategang, ba ne ba fetoga eng mo boemong jwa ga Kgosi eo?
3 Ka lone letsatsi leo, Rre wa selegodimo o ne a dirisa Morwa wa gagwe wa segosi Jesu Keresete yo o galaleditsweng go tshololela moya wa gagwe o o boitshepo lantlha mo barutweng ba ba letileng kwa Jerusalema, e kane ba le 120. Ka jalo ba ne ba tlolaganyediwa go tswa mo taolong ya lefifi la selefatshe go ya mo bogosing jwa semoya jwa Morwa Modimo yo o rategang, Jesu Keresete, “lesedi ya lehatshe.” (Yoh. 8:12) Bogosi joo jwa semoya bo ne jwa tlhongwa ke Jehofa Modimo, mme mo go jone Jesu Keresete jaaka Kgosi ya semoya o ne a direla jaaka tona-kgolo ya ga Jehofa ya puso. Mo go direng bodiredi jo o dirisa barutwa ba gagwe ba ba tsetsweng ka moya jaaka “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete.” (2 Bakor. 5:20) Go ya ka English Revised Version, ke “barongwa ka jalo ba ba emelang Keresete.” “Baroñwa” ba ba ntseng jalo eleruri ba na le bodiredi, tirelo ya semmuso.
4. (a) Ka jalo bao e leng “batho” ba Modimo bao merafe e tshwanetseng go ‘itumela’ nabo ke bomang? (b) Merafe ya Baditšhaba e tshwanetse go galaleletsa Modimo eng?
4 Merafe yotlhe e e seng ya Baiserale ba semoya e tshwanetse go ‘itumela’ le barongwa bone bao. E itumelela eng? Modiredi wa borongwa Paulo wa Mokeresete o a araba fa a kwalela phuthego ya kwa Roma a re: “Keresete o ntshicwe modihedi oa ba bogwera [Bajuda ba tlholego] go shupa boamarure yoa Modimo, gore a tlè a tlhōmamise dipolèlō tsa choloheco tse di neilweñ borara, le gore Badichaba ba galaleletsè Modimo kutlwèlō botlhoko ea ōna.” (Bar. 15:8, 9a) Kutlwelo-botlhoko ya Modimo go “merahe” ya Baditšhaba e ne e le efe?
5. (a) “Kutlwèlō botlhoko” eo ya Modimo go Baditšhaba ba ba sa rupang e ne e le eng? (b) “Kutlwèlō botlhoko” eo e simolotse leng le gone ka bomang, ba amogelwa mo go eng?
5 Kutlwelo-botlhoko ya Modimo morago koo mo lekgolong la ntlha la metlha ya rona e e tlwaelegileng e ne e ntse jaana: Jehofa Modimo o ne a letlelela Baditšhaba ba ba sa rupang go tlhakanela mo ‘ditsholofetsong’ tseo a di solofeditseng borraago-mogolo Bajuda ba ba rupileng. Kaga ba e seng Bajuda ba ba sa rupang, mo go simolotse ka ngwaga wa 36 C.E., fa molaodi wa mophato wa Baroma Korenelio le lelapa la gagwe le ditsala kwa Kaesarea ba ne ba amogela tirelo ya ga moaposetoloi Petere mme ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo ba bo ba kolobediwa. (Dit. kga. 10) Gore e kane Korenelio le lelapa la gagwe ba tlogile kwa Kaesarea ba boela kwa Italy go nna maloko a phuthego ya kwa Roma, eo go fitlha ka nako eo e neng e na le badumedi ba Bajuda gongwe le “ba dichaba ba ba ineetseñ mo Seyudeñ,” ga re itse. (Dit. 2:1-10) Mme go tloga moo go ya pele Modimo o bontshitse “kutlwèlō botlhoko” mo go Baditšhaba ba ba dumetseng ba bo ba kolobediwa, ka go ba amogela mo “bogosiñ” jwa semoya jwa Morwa wa gagwe yo o rategang, go sa kgathalesege gore ga baa rupa.
6. (a) Mo motlheng wa ga Paulo “kutlwèlō botlhoko” ya Modimo e ne e akaretsa go letlelela merafe go nna maloko a eng? (b) Ke ka ntlhayang fa bakopanedi bano ba “kutlwèlō botlhoko” ya Modimo ba sa arole mo ditirelong tsa mebuso ya lefatshe?
6 Ka tsela eno “merahe,” e kane Basamaria ba ba rupileng, Baegepeto ba ba rupileng, kana Baditšhaba ba ba sa rupang, ba ne ba newa molemo wa go nna maloko a ‘losika lwa ga Aberahame,’ loo ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla itshegofatsang ka lone. (Gen. 12:3; 22:15-18; Bagal. 3:3-29) Lemororo ga jaanong bano ba le mo bogosing jwa semoya jwa Morwa wa lorato lwa Modimo, botlhe ba ba itshupang ba ikanyega go isa losong lwa bone lwa selefatshe ba tla tsosediwa mo bogosing jwa Modimo kwa legodimong. Koo ba tla busa le Keresete ka dingwaga di le 1 000, go segofatsa ditshika tsotlhe tsa lefatshe. (Tshen. 20:4-6) Kgabagareng, fa ba santse ba le mo nameng mo lefatsheng, ba na le “bodihedi” jwa go nna “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete,” ba tshwaregile mo “tiheloñ ya thutō ea lehoko” kaga bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete. Ka ntlha ya seo ba ka se kgone go nna ditona tsa mebuso ya bopolotiki ya lefatshe leno le le busiwang ke Diabolo.—Dit. 6:4.
GO LEBOGA PHATLALATSA MO MERAFENG
7. “Baroñwa” bano ba ema kae maloka le dikgotlhang tsa lefatshe leno, mme ke ka ntlhayang fa ba ntse ba itumela ebile ba laleletsa ba bangwe go kopanela nabo mo go se?
7 “Baroñwa” ba Bogosi ba itlhaola gotlhelele mo dikgannyeng tsa lefatshe. Baa itse gore “metlha ea Badichaba,” kana ‘metlha e e laoletsweng merafe,’ e khutlile mo tshimologong ya dikgakologo tsa 1914, mo kgweding ya boraro ya Ntwa ya Lefatshe I. (Luke 21:24) Ka nako eo tetlelelo ya merafe ya Baditšhaba ya go busa lefatshe e ne ya khutla. Merafe eo ya lefatshe, go akaretsa le La-Bodumedi, ka botlhogo-e-thata e ganne go amogela ntlha eo. Ka jalo ba ganetsa le go bogisa basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa bao ba tlhokomedisang ntlha eo. Dipogiso tsotlhe tseo di ntse fela jaaka di boleletswe-pele mo boperofeting jwa Bibela. Go sa kgathalesege tsotlhe tseo, “baroñwa” ba bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng ba ntse ba itumela. Ba laleletsa batho ba merafe yotlhe gore ba itumele nabo le go kopanela nabo mo go itsiseng bogosi jo o bo sikarisitseng Jesu Keresete.
8. (a) “Boidiidi yo bogolo yoa batho” ba merafe yotlhe bo nnile jwa kokoanyetswa kafa letlhakoreng la bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng go tloga leng? (b) Ke eng se ba se lemogang sentle mme ba ka rata go ipelela boitemogelo bofe jwa kutlwelo-botlhoko?
8 Go tloga ka letlhabula la 1935 (May) “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba merafe yotlhe bo simolotse go itumela le batho ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ka moya, bao e neng e le barua-boswa ba bogosi jwa gagwe jwa selegodimo. Batho ba ba itumedisitsweng bao ba leng ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba merafe yotlhe ba kgatlhegetse thata go nna babusiwa ba bogosi jwa Modimo jwa dingwaga tse di sekete ka Keresete. (Tshen. 7:9-17; 22:17) Ba lemoga sentle gore kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914 “bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa [ga Jehofa] Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè: me o tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Tshen. 11:15) Ba lemoga gore ba tshela mo nakong ya go tswa mo mebusong ya bopolotiki e e hutsitsweng ya lefatshe leno go kgabaganyetsa kafa bogosing jwa ga Mesia kana Keresete wa Modimo jwa dingwaga tse di sekete. Ba rata thata go ka tshela go kgabaganya lobaka lo lwa phetogo mme, ba sa swe, ba tsena mo thulaganyong eo e ntšha, tlase ga bogosi joo jwa Bomesia. Jehofa Modimo o tla bo a ba bontshitse “kutlwèlō botlhoko” e kgolo ka go dira seno.
9. (a) Bao e leng ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba arabetse taletso efe, mme ba bontshitse seno jang? (b) Jaaka ba seka-dinku, ba diretse “bonnake” ba semoya ba ga Keresete molemo jang mo bokhutlong jono jwa tsamaiso ya dilo?
9 Ee, ebile e nnile “kutlwèlō botlhoko” e e sa tlwaelegang ya ga Jehofa gore “mahoko a a molemō a, a bogosi” a nnile a “rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe,” a bo a ba fitlhelela. (Math. 24:14) Go tloga ka letlhabula la 1935 bao e leng ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba sotse “kutlwèlō botlhoko” ya ga Jehofa molemo ba bo ba arabela taletso ya go ineela go Jehofa Modimo ka Keresete ebile ba bontshitse boineelo jwa bone ka kolobetso ya metsi. Setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi, jaaka se kwadilwe go Mathaio 25:31-46, se bontsha gore ba tshwanetse go direla baitshenkedwi ba gagwe, “bonnake” ba gagwe ba semoya molemo, jaanong mo nakong eno ya “bokhutlō yoa lehatshe.” (Math. 24:3, 31) Seno se akaretsa le go thusa ga bone “bonnake” ba ga Keresete ba semoya mo go rereng “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” go ya go fitlha kwa ‘sepitleng se segolo’ se se tlang, se se e seng se ke se nne teng. (Math. 24:14-22) Ereka ba dirisana le masalela a “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete,” ba bona boemo jo bosha.
10. “Boidiidi yo bogolo yoa batho” bo tsene mo boemong bofe jo bosha, mme bo neetse tirelo efe mmogo le “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete”?
10 “Boidiidi yo bogolo yoa batho” ba seka-dinku ba ba kokoanyeditsweng kafa letsogong le legolo la ga Keresete la kamogelo ba direla mo boemong jwa baemedi ba ga Keresete mo tirelong e e boitshepo ya bogosi jwa gagwe. Ba sikarisitswe “bodihedi” jwa go direla dikgatlhego tsa mmuso wa segosi, e leng “bogosi yoa legodimo.” Ka go direla sentle jalo le “baroñwa” ba Bogosi, ba bontsha tebogo ya bone go Jehofa.
BOITUMELO JWA MERAFE BO BOLELETSWE-PELE
11. Yo Dafide a rileng o tla opelela leina la gagwe ke mang, mme o mo tlhalosa jang?
11 Moaposetoloi Paulo o tsopola go tswa go mopesalema, e leng Kgosi Dafide, fa a bolela ka moo merafe e tla ‘galaleletsang Modimo kutlwelo-botlhoko ya ona’ ka teng, jaaka Paulo a tswelapele ka go re: “Yaka go kwadilwe, ga twe: Ke gōna ke tla gu bakañ mo go Badichaba, me ke tla ōpèlèla leina ya gago.” (Pes. 18:49; 2 Sam. 22:50; Bar. 15:9b) Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a tlhalosa gore yo a neng a tla opelela leina la gagwe ke mang, fa a oketsa ka mafoko ano a a digelang: “O naea kgosi ea gagwè kgololō e kgolo: me o ichupa bopelonomi mo go motlodiwa oa gagwè, mo go Dafide le losika loa gagwè ka bosakhutleñ.”—2 Sam. 22:51.
12. (a) Jesu, fa a ne a le motho mo lefatsheng, o ne a ‘baka Jehofa phatlalatsa’ jang mo merafeng? (b) Jesu yo o tsositsweng o ne a bolelela barutwa ba gagwe seo ba tshwanetseng go se dira jaaka “baroñwa” ba gagwe a le mo kgaolong efe?
12 Dafide yo Mogolwane, e leng Jesu Keresete, gaa ka a leboga le go baka Jehofa Modimo thata mo merafeng ya Baditšhaba fa a ne a le mo lefatsheng jaaka motho yo o itekanetseng. O ne a rerile Bogosi go se gonene go Basamaria le go mosadi wa Serofonika yo a golotseng morwadie mo ledimoneng. Gape, o rerile thata a le kwa Isaia 9:1 e go bitsang “Galilea oa merahe.” Mo kgaolong eo o ne a dira Kaperenaume, e e gaufi le Lewatle la Galilea, lefelo-legolo la go rera ga gagwe ka Bogosi. (Math. 4:12-15) Morago ga tsogo ya gagwe mo baswing e ne e le kwa “Galilea oa merahe” fa a ne a raya barutwa ba gagwe ba “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete,” a re: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō; lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.”—Math. 28:19, 20.
13. (a) Barutwa ba ba neng ba letile mo Jerusalema ba ne ba rongwa jang ebile ka letsatsi lefe mo tirelong ya bone ya borongwa? (b) Ba simolotse kae go ‘baka Jehofa phatlalatsa’ mo merafeng?
13 Malatsi a se makae morago ga fa Jesu yo o tsositsweng a sena go neela barutwa ba gagwe ba ba kolobeditsweng thomo eo, ga tla letsatsi la Pentekoste ya 33 C.E. Mo maphakeleng a letsatsi leo Jesu yo o galaleditsweng o ne a gorometsa moya o o boitshepo wa ga Jehofa Modimo godimo ga barutwa ba ka ne ba le 120 kwa Jerusalema. Ka ntlha ya go rera ga bone tsatsi leo, Bajuda le basokologela-Sejudeng ba ka ne ba le 3 000 ba ne ba amogela mafoko a a molemo a Bogosi mme ba kolobediwa mo metsing. Moragonyana baamogedi bano ba moya o o boitshepo ba ne ba kopanela mo tirong ya borongwa jaaka ba ba emelang Keresete. Morago ga go simolola ga dipogiso mo Jerusalema bangwe ba ne ba simolola go ‘baka Jehofa phatlalatsa’ mo Basamarieng mme moragonyana gape mo Baditšhabeng ba ba sa rupang ba Baroma le ba bangwe. Fa batho ba merafe yotlhe ba utlwa Jehofa a bolelwa le go bakwa phatlalatsa mo go bone, ba ne ba ka bitsa leina la gagwe ka Keresete gore ba bone poloko ya kutlwelo-botlhoko.
14. Moaposetoloi Paulo gape o ne a tsopola eng go Duteronome 32:43, mme ka jalo bao e leng ba batho ba ga Jehofa ba ne ba tshwanetse go dira eng kaga moo?
14 Moaposetoloi Paulo o tsopola boperofeti jo bo oketsegileng go tshegetsa kgang ya gagwe, ka go re: “O bile a re gapè, Lona Badichaba, itumeleñ le batho ba gagwè.” (Bar. 15:10; Dute 32:43) Lefa go ntse jalo, batho ba merafe yotlhe ba ne ba ka itumela le “batho” ba ga Jehofa jang fa ba ise ba utlwe kaga gagwe? Ka jalo bao e leng “batho ba gagwè” ba ne ba tshwanetse go ba rerela ka bogosi jwa Bomesia.—Bar. 10:13-15.
15. Tsopolo ya ga Paulo go tswa go Pesalema 117:1 e tshwanetse go dirafadiwa ka kgato efe ebile ke mang gore merafe e tle e arabele?
15 Moaposetoloi Paulo o neela tshegetso e e oketsegileng ya Dikwalo ka go umaka seo Jehofa a se buileng ka mmueledi wa Gagwe yo o tlhotlheleditsweng, a re: “Gapè, Bakañ Yehofa, lona lotlhe Badichaba; me a batho botlhe ba mmakè.” (Bar. 15:11; Pes. 117:1) Ee, go motlhofo go bua jalo, mme merafe, batho le ditso tsotlhe di ka dira jalo jang fa re sa ba bolelele kaga Jehofa le go tlhalosa gore ke ka ntlhayang a tshwanetse go bakwa? Ka ntlha ya moo, go rerwa ga merafe-rafe kaga bogosi jwa gagwe ka Keresete go tshwanetse ga dirwa. Jo ke jone “bodihedi” jo bo abetsweng masalela a baruaboswa jwa Bogosi gammogo le “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa badiri-ka-bone.
16. Tsopolo ya ga Paulo go tswa go Isaia 11:10 maloka le “mocwe oa ga Yese” e tshwanetse go dirafadiwa jang?
16 Moaposetoloi Paulo o tsopola mosupi wa bone gore a tshegetse kgang ya gagwe, a re: “Gapè, Isaia a re, Go tla nna mocwe oa ga Yese, le eo o tla cogañ a tla go busa Badichaba; Badichaba ba tla sholohèla mo go èna.” (Bar. 15:12; Isa. 11:10) Jese wa Bethelehema e ne e le rraagwe Dafide, yoo Modimo o mo laoletseng go nna kgosi mo ditsong di le 12 tsa Iseraele. Dafide ka boene o ne a ka se nne “mocwe” wa botshelo go rraagwe wa nama. Ka jalo “mocwe [wa boammaaruri] oa Yese” e ne e tshwanetse go nna Jesu Keresete, yo o tsaletsweng mo Bethelehema le mo lotsong lwa segosi lwa Juda, e leng lotso lwa ga Jese. Jesu o tla nna “mocwe” o o neelang botshelo go rraagwe-mogolo wa selefatshe Jese ka go mo tsosa mo baswing gammogo le morwa wa gagwe Dafide ka nako ya puso ya gagwe ya dingwaga tse di sekete.—Tshen. 22:16.
17. Jalo “mocwe oa ga Yese” oo merafe e ka solofelang mo go one ke mang?
17 Dafide o ne a “busa Badichaba” morago ga go fenngwa ga merafe eo e neng e se ya Bajuda eo e neng e tlogetswe mo Lefatsheng la Tsholofetso. Lefa go ntse jalo, Dafide o ntse a sule fa e sale go tloga ka 1037 B.C.E., mme batho ba merafe ba ka se solofele mo go ene. Ka boitumelo jaanong ba solofela mo pusong ya ga Dafide yo Mogolwane, Jesu Keresete, e leng “mocwe oa ga Dafide, le lotsalō loa gagwè.” (Tshen. 22:16) Go solofela ga bone mo go ene, e leng Dafide wa sebele, ga go ne go itshupa go nna ga lefela, kana mo go sa lebanang.
18. Ke bomang mo merafeng yotlhe ba ba setseng ba solofetse mo Molaoding yo o solofeditsweng yoo, mme o setse a busa bomang?
18 Go tloga ka 1935 “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba ba makgolo a dikete ba ba tswang mo merafeng, ditsong, bathong le dipuong tsotlhe ba solofetse mo go Molaodi yo o se kitlang a ba swabisa. Ba supa seno ka go utlwa taelo ya gagwe ya go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, . . . mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Math. 24:14) Tsholofelo kaga baswi ba merafe yotlhe ba ba suleng fa e sale boleo jo bo bolayang bo tsenelela setho e mo Kgosing ya selegodimo e e busang jaanong, e leng Jesu Keresete. Ebile fa a sale a tlhongwa mo setulong sa bogosi kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914, o setse a busa batho ba merafe yotlhe ba ba dumelang le go solofela. O santse a tla busa ba bantsi-ntsi go feta bano morago ga go tsosiwa ga botlhe ba ba rekolotsweng ba setho.
19. Ka jalo a go na le lebaka la gore badumedi ba merafe yotlhe ba totafalele mo tsholofelong fa nako e ntse e tsamaya? le gore ba itumele?
19 A go na le lebaka he, la gore batho botlhe ba merafe ba ‘itumele’ le “batho” ba ga Jehofa, e leng Baiseraele ba semoya? Ee, mabaka otlhe a a leng teng mo lefatsheng! Abo tshegofatso e ntle eo Paulo a tswalang ditsopolo tsa gagwe mo boperofeting ka yone e tshwanela jang nne fano! Gonne a re: “Me yana a Modimo oa cholohèlō o lo tlatsè boitumèlō le kagishō mo go dumeleñ, gore lo tōtahalèlè mo choloheloñ, ka thata ea Mōea o o Boitshèpō.” (Bar. 15:13) Kwantle ga kganetso epe thapelo e e tlhotlheleditsweng eo e dirafadiwa mo basuping botlhe ba ga Jehofa mo dikhutlong tsotlhe tsa kgolokwe eno. Go dirafala ga dipolelelo-pele tsa Bibela go bontsha gore tsholofelo ya rona e e galalelang tota e gaufi le go lemogiwa. “Itumeleñ”!
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Molaodi wa mophato wa Baroma Koronelio le lelapa le ditsala tsa gagwe kwa Kaesarea ba bone molemo mo tirelong ya ga Petere