LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 12/1 ts. 6-12
  • “Cholanañ”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Cholanañ”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TSHOLANO E E TSHWANANG LE YA GA KERESETE
  • GO TSWA GO MMETLI GO YA GO “MODIHEDI”
  • “Lona Merahe, Itumeleñ Le Batho ba Gagwè”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Amogelanang
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • Amogelanang
    Opelelang Jehofa
  • Buka ya Bibela ya bo 45—Baroma
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 12/1 ts. 6-12

“Cholanañ”

“Me ke gōna cholanañ hèla yaka Keresete le èna a lo chotse, go tla lo nna kgalaleco ea Modimo.”​—Bar. 15:7.

1. (a) Go setse go amogetswe maloko a makae mo lekgotleng la Merafe e e Kopaneng? (b) Le reteletswe ke go tlhagisa eng, mme ka jalo go ntse go boifiwa eng?

GO FITLHA jaanong lekgotla la Merafe e e Kopaneng le setse le amogetse merafe e le 154. Ga se ditokololo tsotlhe tse di nang le kgopolo ya bopolotiki e e tshwanang. Ebile ba na le boikutlo jwa bobaba, mme fa ba le mo lekgotleng la Merafe e Kopaneng ke “bo-meno masweu.” Ba bonala e kete ba tlhaloganya boammaaruri jwa seo mmoki wa Mo-Amerika a se umakileng: “Fa re utlwana​—rea ema. Fa re kgaogana—​rea wa.” Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le iphaka go nna lekgotla la kagiso le polokesego tsa lefatshe. Mme, morago ga dingwaga tsotlhe tse go tloga ka Ntwa ya Lefatshe II e e khutlileng ka 1945, ga le ise le tlhagise se ra-dipolotiki wa Mo-Amerika Wendell Wilkie a se buileng, “Lefatshe le le lengwe, mmuso o le mongwe.” Ka jalo go tlhasela ga Ntwa ya ya Boraro ya Lefatshe ka dibetsa tsa nuklea go ntse go boifiwa thata-thata.

2. Tota le mo gare ga morafe, ke dilo dife tse di ka dirang gore moagi yo mongwe a se amogelwe ke baagi-ka-ene?

2 Tota le mo morafeng o o leng leloko la lekgotla la Merafe e e Kopaneng, baagi ba ona ba ka nna ba se amogele baagi-ka-bone mo setlhopheng sa bone sa maitiso. Botlhaodi ke jone bo laolang. Bahumi ga ba tsholane le bahumanegi. Maloko a bodumedi bo le bongwe gaa tsholane le a bodumedi bo sele. Balatedi ba setlhopha se le sengwe sa bopolotiki ba gana go tsholana le ba setlhopha sa bopolotiki sa kganetso. Batho ba ba rutegileng thata ba tlodisa bao ba nang le thuto e e potlana kana bao ba senang nayo gotlhelele matlho. Mmala wa letlalo la motho o ka mo dira gore a se amogelwe ke ba mmala o sele wa letlalo. Gore o wa lotso lofe go ka dira kgotlhang. Ga go kamogelo ya kakaretso, e e tshwanang ya motho-ka-mongwe mo motheong wa go nna leloko-mmogo la lelapa le legolo la batho. Ka jalo, dilo tse motho a sa di rateng gammogo le dikilano di supa moo motho a ka amogelwang teng.

3. (a) La-Bodumedi le balelwa jang mo dilong tse di fa godimo? (b) A lekgotla la Merafe e e Kopaneng le itshupile le gaisa lekgotla la Kgolagano ya Merafe mo go nneng pontsho ya bogosi jwa Modimo ka Keresete?

3 La-Bodumedi le lone le akarediwa mo go tsotlhe tseo, tota lefa le gopolelwa go nna mokgatlo wa merafe ya Bokeresete. Ereka e le ya Bokeresete ka leina fela, gangwe le gape e tlotse seo se boleletsweng-pele ke Isaia 2:4: “Me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.” Mo go La-Bodumedi batho ba e leng Bakeresete ka leina fela ka ntlha ya borata-naga ba tla lwela letlhakore la morafe wa bone gore ba bo ba swe kana go swe ba ba tlhabanang nabo. Ga ba bone lebaka lepe le le utlwalang la go itumelela lekgotla la Merafe e e Kopaneng, tota lefa morago ka kgwedi ya December ya 1918 Kgolagano ya Lekgotla la Dikereke tsa Keresete mo Amerika e biditse lekgotla la Kgolagano ya Merafe leo le neng le santse le buelelwa e re ke “pontsho ya bopolotiki ya bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Eleruri lekgotla la Merafe e e Kopaneng ga le a itshupa go nna pontsho ya bogosi jwa Modimo ka Keresete.

4. Paulo, jaaka mongwe yo o tsopotsweng mo dipolelelong-pele tsa ga Isaia, o rileng kaga “dilō tse di kwadilweñ galè”?

4 Lefa go ntse jalo, mafoko a a tsopotsweng fa godimo kaga merafe gore ga e ekelane tšhaka ebile e se kitla e tlhola e ithuta tlhabano gope a diragadiwa mo go bao ba leng baetsi ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete. Morwa yo o bonolo yo wa Modimo o tsopotse gantsi mo dipolelelong-pele tsa ga Isaia tseo di neng di kwadilwe bogologolo. O dirile jalo gore a rute balatedi ba gagwe. Mongwe wa balatedi bao, moaposetoloi Paulo, o kwaletse barutwa ba ga Keresete mo Roma mo lekgolong la ntlha la dingwaga a bo a ba gakolola jaana: “Ka gonne dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.”​—Bar. 15:4.

5. Maloka le boitshoko, ke mang yo o neetseng Paulo le Bakeresete-mmogo sekao se se molemo-lemo?

5 Fela jaaka dilo tse di kwadilweng gale mo Dikwalong tse di Boitshepo di kaile, Jesu o itshoketse kgobo le pogiso le e leng go isa losong lo lo ditlhong mo koteng jaaka legolegwa la bopolotiki. Mo go itshokeng ga gagwe mo go kalo-kalo o nnile sekao se se itekanetseng go barutwa ba gagwe seo se neng se tla ba nitamisetsa gore ba itshoke ka boikanyegi go isa kwa bokhutlong.

6. (a) Ke eng se se bontshang gore Jesu, fa a ne a le mo koteng, o ne a santse a solofetse tsholofelo ya gagwe, mme o ne a nitamisediwa go itshoka jang? (b) Fela jaaka Jesu, ke eng se se leng boammaaruri ka balatedi ba gagwe kaga tsholofelo le boitshoko?

6 Ereka Jesu a itshokile ka tlhomamo go isa bokhutlong jwa tirelo ya gagwe ya selefatshe, o ne a ntse a solofetse tsholofelo ya gagwe eo a e neilweng ke Modimo. Ka gone, o ne a ka raya legodu le le kutlwelo-botlhoko le le neng le kokotetswe gaufi le ene, a re: “Amarure, kea gu raea, u tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno.” (Luke 23:43) Mo dioureng tse di botlhoko tseo tsa fa Jesu a le mo koteng ya tlhokofatso, o ne a gomotsega thata ka go ikgakolola dilo tse di “kwadilweñ galè” tseo di neng di bua kaga gagwe, mme ka gone o ile a nonotshiwa segolo. Balatedi ba gagwe ba ba mo ineetseng ba ba bogang dikgobo tse di koelelwang mo go Jehofa Modimo le Jesu Keresete le bone fela jalo ba ntse ba ngaparetse tsholofelo ya bone e e tlhotlheleditsweng ka Dikwalo kaga isagwe. Le bone gape ba gomotsega thata ka Dikwalo tse di “kwadilweñ galè.” Tsholofelo ya bone, e e theilweng mo Dikwalong tse di ikanngwang go gaisa, “ga e tlhabise ditlhoñ.”​—Bar. 5:5.

7. Phuthego yotlhe e tshwanetse go nna le boikutlo jwa mogopolo jwa ga mang, mme seno se ama go galaletsa ga bone Modimo jang?

7 Selo se re tshwanetseng go se dira ke go nna le seemo sa mogopolo seo Jesu Keresete a neng a na naso mo dipogisegong tsotlhe tsa gagwe mo lefatsheng la bobaba. Mo tumalanong le seno moaposetoloi Paulo o tlhamile thapelo eno: “Me yana a Modimo oa pelotelele, le oa kgomoco, o lo neè gore go nnè pelo e le ñwe hèla mo go lona kaha sekaoñ sa ga Keresete Jesu: Gore lo galaletsè Modimo le Rra Morèna oa rona Jesu Keresete ka boñwe hèla yoa pelo, le ka molomo o le moñwe hèla.” (Bar. 15:5, 6) Ka go aga boikutlo jo bo ntseng jalo jwa mogopolo kafa sekaong sa Motlhoma-sekao wa rona, Jesu Keresete, re tla nna re ntse re le bongwefela jaaka phuthego ya barutwa ba gagwe. Fa setlhopha se na le boikutlo jo bo tshwanang, se bua ka go tshwana. Ka jalo go bonala e kete “molomo o le moñwe hèla” o ne o buelela phuthego yotlhe ka maatla le kgatelelo tse di kgolwane. Mo go tshwanetse segolo. Go baka Modimo le Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete ka bongwefela go ka se ka ga gatelelwa thata go feta fano. Re tshwanetse ra nyalanya mantswe a rona maloka le Yo o tshwanetseng go galalediwa. Go seng jalo moutlwi a ka katlega tlhogo kaga molaetsa oo a tshwanetseng go o utlwa.

TSHOLANO E E TSHWANANG LE YA GA KERESETE

8. Bongwefela jwa phuthego ya kwa Roma eo Paulo a e kwaletseng lekwalo bo ne bo ka kgorelediwa ke eng?

8 Mo makgotleng kana mo mekgatlhong e mentsi ya tsamaiso eno ya dilo batho ba bantsi ba ka nna ba sekamela mo go sa tsholeng batla-bosheng ka ntlha ya botlhaodi jwa bomorafe kana jwa lo tso. Go farologana ga selekanyo sa thuto go ka nna le tlhotlheletso, kana go ka ne go na le ditumelo tse di sa tshwaneng. Mo Roma wa bogologolo wa lekgolo la ntlha la metlha ya rona e e tlwaelegileng go ka bo go ne go na le mabaka a tlholego a a bakileng dilo tse di kgaoganyang tseo.

9. Phuthego ya Baroma ka nako eo e ne e na le bomang, mme dipharologano mo go tlhopheng bankane ga batho-kabongwe di ka ne di bakilwe ke eng?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a ise a fitlhe kwa Roma, e leng motse wa semmuso moo go neng go agile merafe-rafe, mme ka a ne a solofetse go ya koo mo bogautshwaneng, o ne a kwalela phuthego ya koo lekwalo le le tlhotlheleditsweng. Morago ga gore Paulo a tlhokomedise go atamelesega ga ga Jesu Keresete jaaka sekao se se itekanetseng, o ne a tswelela ka go re: “Me ke gōna cholanañ. hèla yaka Keresete le èna a lo chotse, go tla lo nna kgalaleco ea Modimo.” (Bar. 15:7) Ka gobo, ‘botlhe ba ba leng kwa Roma, baratwa ba Modimo, ba ba biditsweng go nna baitshepi,’ ba ne ba akaretsa Bajuda ba tlholego ba ba rupileng le Baditšhaba kana bao e seng Bajuda ba ba sa rupang, bagololesegi le batlhanka. (Bar. 1:7; 3:1-6; Bafil. 4:22) Jalo mo gare ga Bakeresete bao ba Roma go ne go na le dipharologano tsa ditumelo tsa pele le maemo a mo motseng, tsotlhe tseno e le gore di tlhagisa dikgopolo le maikutlo a segakolodi a a farologaneng. Seno le sone se ka bo se bakile gore motho a itlhophele ditsala.

10. Jesu o tlhomile jang sekaelo sa ka moo re tshwanetseng go tsholana ka teng, mme mokgele wa go dira jalo e ne e le eng?

10 Fa Paulo a kgaphela tsotlhe tseo kwa thoko, o ile a ba kgothatsa botlhe gore ba ‘tsholane,’ ba dira jalo ka bothito, ka pelotshweu, ka bopelo-e-phepa, ka temogo ya sebele ya Mokeresete-mmogo, modumedi-mmogo. Go ne go na le sekaelo se se itekanetseng sa go ka latelwa mo ntlheng eo, ka gobo Paulo a re ba dire jalo “hèla yaka Keresete le èna a lo chotse.” Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, a gaa ka a re: “Me eo o tlañ mo go nna, ga nketla ke mo kgoromeletsa ntlè gopè”? (Yoh. 6:37) Ee! Ereka e ne e le motho yo o itekanetseng, o ne a ka re katoga ka ntlha ya go sa itekanela le go leofa ga rona. Mme gaa ka a dira jalo. Ka ntlhayang? Paulo o a tlhalosa, ka go oketsa ka mafoko ano: “Go tla lo nna kgalaleco ea Modimo.” Fa Keresete a ne a tshola botlhe ba ba neng ba mo dumela, o galaleditse Modimo, ka gobo go godisitse bopelonamagadi jwa Modimo le keletso ya one ya gore batho botlhe ba bolokege ka setlhabelo sa thekololo sa Morwa wa one Jesu Keresete. Go ne go le fela jaaka Jesu ka boene a umakile: “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”​—Yoh. 3:16.

11. Ke ka ntlhayang fa go amogela batla-bosheng mo go bothito jalo go isa go bakeng Modimo, mme jalo Jesu yo o tsogileng o ne a raya barutwa ba gagwe mo Galilea gore ba direng?

11 Le rona, he, jaaka baetsi ba ga Jesu Keresete, fa re tshola basenki botlhe mo phuthegong go sa kgathalesege lotso, mmala, bodumedi jwa pele, maemo mo motseng kana thuto ya selefatshe, mo go galaletsa Modimo. Botlhe bao ba tshotsweng jalo ba nna le pono e e molemo kaga Jehofa Modimo. Fa Jesu yo o tsositsweng a ne a bontsha go ikitlieletsa ga gagwe go amogela badumedi botlhe ba boammaaruri mo phuthegong eo a neng a le Tlhogo ya yone ya semoya, o boleletse barutwa ba gagwe mo “Galilea oa merahe” gore ba dire eng, ka go re: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.”​—Isa. 9:1; Math. 28:16-20.

12. (a) Go nna le mokgele wa go galaletsa Modimo fa re tshola ba bangwe go dira gore re ikutlwe jang? (b) Go ya ga rona ka ntlo le ntlo go phimola jang go latofadiwa ga Modimo ka molato wa madi?

12 Fa re amogela botlhe ba ba tlang kwantle ga go ba tlhaola, re tlhotlheletsega tota fa re gakologelwa gore re dira jalo ‘go tla re nna kgalaletso ya Modimo.’ Go dira gore baamogelwa ba lemoge bopelotshweu jo bo bothito jwa Modimo le gore ba o galaletse ka bobone. Fa re tswela kwa ntle ga dipota tsa mafelo a rona a dipokano mme re ya ka ntlo le ntlo re bolelela botlhe ba re rakanang nabo mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo, re bontsha gore re tsholana “hèla yaka Keresete le èna a [re] chotse, go tla [re] nna kgalaleco ea Modimo.” Tsela eno e felela ka go galalediwa ga Modimo o re leng basupi ba ona go sa kgathalesege gore bao re buisanang nabo ba amogela molaetsa wa Bogosi kana nnya. Bao ba amogelang molaetsa wa Bogosi le bone la bofelo ba tla kopanela mo go galaletseng Modimo o o ba romeletseng barongwa ba Bogosi. Bao ba sa amogeleng molaetsa wa rona wa poloko o o tswang go Modimo ka nako nngwe ya isagwe ba tla lemoga gore Jehofa Modimo o ne a ba akantse a bo a ba romelela basupi ba gagwe ba ba ikanyegang, gore ba tlhoke lebaka la go tshwaya Modimo phoso. (Esek. 33:33) Ka jalo Modimo o nna a ntse a gololesegile mo molatong wa madi a bone.

GO TSWA GO MMETLI GO YA GO “MODIHEDI”

13. Ke ka ntlhayang fa Modimo o ka se ke wa latofadiwa ka go tlhaola batho fa o ne o neela batho ba ba potlana mo lefatsheng lotlhe melemo ya ntlha?

13 Lefa go ntse jalo, ke bomang bao ba neng ba na le paka ya go ikamogelela molemo mo paakanyetsong ya Modimo? E ne e le batho bao re boneng Bibela e e Boitshepo ka bone. E ne e le Bajuda ba tlholego. Jalo he, a Modimo o ne o sa tlhaole batho, segolo fa re gakologelwa gore palo ya bao e seng Bajuda e ne e feta ya Bajuda ba ba rupileng kgakala le e leng dingwaga di le 1 900 tse di fetileng? Fa re okola fela, go ka nna ga lebega jalo. Mme Modimo o ne o tshwanetse go simolola golo gongwe, mme o simolotse ka bao a ba solofeditseng ka mo go kgethegileng ka borraabo-mogolo, e leng Bajuda ba ba rupileng. Lefa go ntse jalo, melemo ya bofelo ya fa Modimo o ne o latela tsela eno e ne e sa lekanyediwa Bajuda kana Bahebera ba tlholego fela. Ka jalo a go na le motheo o o utlwalang wa go ngongoregela seo? Ga o teng le e seng!

14. Ka gone, Morwa Modimo go tswa legodimong o ne a patelesegile go nna motho wa mofuta mang, mme batho ba mofuta wa gagwe ba ne ba mo amogela jang?

14 A re se lebaleng gore Modimo o solofeditse batho ba ba tshwanelang ditsholofetso tse di sa robegeng maloka le ditlogolwana tsa bone tsa tlholego, e leng Bajuda. Ka jalo Morwa Modimo o ne a tshwanelwa ke go tla mo lefatsheng go tswa legodimong gore a tle a diragatse ditsholofetso tseo tsa ga Rraagwe wa selegodimo. Seno sa mo pateletsa gore a tsalwe jaaka leloko la lotso lo lo neng lo ilwa ke meraferafe, e leng batho bao Modimo a dirileng kgolagano ya bomorafe nabo. Lefa go ntse jalo, lefa e ne e le Mojuda, Morwa yo wa Modimo gaa ka a amogelwa ke bontsi jwa Bajuda-ka-ene, fela jaaka mokwadi wa ditiragalo tsa selefatshe tsa Morwa Modimo a umaka: “O naa tla mo ga gabō, me ba e neñ e le ba ga gabō ba se ka ba mo chola.”​—Yoh. 1:11.

15. Jesu o ne a dira tiro ya mofuta mang kwa Nasaretha, mme a mo go direng jalo o ne a direla jaaka “modihedi oa ba bogwera”?

15 Ka jalo moaposetoloi wa Mojuda Paulo o kwaletse phuthego ya Bakeresete mo Roma, bao e neng e se Bajuda ba tlholego botlhe, a re: “Gonne ka re, Keresete o ntshitswe modihedi oa ba bogwera go shupa boamarure yoa Modimo, gore a tlè a tlhōmamisè dipolèlō tsa choloheco tse di neilweñ borara, le gore Badichaba ba galaleletsè Modimo kutlwèlō botlhoko ea ōna.” (Bar. 15:8, 9a) Fa Jesu yo o golang a ne a le kwa Nasaretha wa Galilea, mo lelapeng la ga rraagwe yo o mo godisitseng, e leng Josefa wa Mojuda yo o rupileng, o ne a ithuta go betla. Ka go tsalelwa mo morafeng wa Bajuda Jesu e ne e se wa lelapa la boperisiti kana wa lotso lwa Balefi ba tempele. Ka tlholego o ne a ka se tsene mo maemong a bodiredi mo tempeleng ya Jerusalema. Mme a Jesu Morwa Modimo o ne a tlile mo lefatsheng fela go tla go direla le go swa e le mmetli? Nnya! Ka jalo fa a ne a nna “modihedi oa ba bogwera” go ne go kaya se segolo thata go gaisa go nna ga gagwe mmetli fela jaaka Josefa rraagwe yo o mo godisitseng.

16. Gore Jesu a tle a direle batho ba ba fetang ba Nasaretha jaaka mmetli, o ne a dira eng gape?

16 Fa Jesu a ka bo a ne a tshetse botshelo jwa gagwe e ntse e le mmetli mo Nasaretha, eleruri a ka bo a sa kgona go dira bodiredi jwa gagwe jo bo boleletsweng-pele. Ka jalo Rraagwe wa selegodimo Jehofa Modimo o dirile gore a simolole sengwe se sele, gore a tle a nne “modihedi oa ba bogwera,” e seng fela wa batho ba motse wa Nasaretha, mme wa morafe otlhe. Ka jalo, fa a ne a le bogolo jwa dingwaga di le 30 o ne a tlogelela ruri tiro ya go betla.

17. Re tshwanetse go bapisa tiro ya ga Jesu ya morago ga fa a sena go kolobediwa le go tlodiwa le tirelo ya moperisiti yo mogolo wa Mojuda kwa tempeleng jang?

17 Jesu o ne a simolola tiro efe morago ga go kolobediwa ke Johane Mokolobetsi wa Molefi, le go kolobediwa ka moya o o boitshepo wa Modimo? A e ne e le tiro e e potlana mo go ya baperisiti le ya Balefi ba tempele, bao e neng e le “badihedi” ba sebele ba Modimo mo Jerusalema? Eleruri mongwe le mongwe yo o tlwaelaneng le ditiragalo tseo o tla dumela gore o simolotse tirelo ya semmuso, e leng “bodihedi,” mme e seng fela boithutelo jwa bodumedi. Fela jaaka Bibela ya English Revised Version e tlhalosa: “Keresete o diretswe modiredi wa go rupela boammaaruri jwa Modimo, gore a tle a tlhomamise ditsholofetso tse di neilweng borara.” (Bar. 15:8) Ka mo go sa latolegeng o ne a dira tirelo ya bomorafe, a le mo boemong jwa modiredi, a sa laolelwa ke motho mme a laoletswe ke Modimo, Molaodi wa Lobopo. Seo Jesu a se dirileng morago ga go fetola tiro ya gagwe mo lefatsheng e ne e le sa botlhokwa-tlhokwa thata bogolo go tirelo ya bodumedi ya moperisiti yo mogolo wa Mojuda kwa Jerusalema.

18. Lemororo morafe ope wa selefatshe o ne o sa kaye Jesu e le “modihedi,” go tlile jang gore a nne “modihedi oa ba bogwera”?

18 Fela jaaka Jesu a ne a ka se dire tirelo epe ya bodumedi mo tempeleng ya kwa Jerusalema me ka jalo a gaisana le baperisiti le Balefi koo, ruri-ruri o ne a ka se ka a dira ditirelo tsa bodumedi mo tempeleng epe e sele ya merafe eo e seng ya Bajuda a le kwa Athena, mo Roma, kana golo gongwe fela. Mme o ne a patelesega go nna “modihedi oa ba bogwera” ka ntlha ya boammaaruri jwa Modimo. Jang jalo? Ka gobo o ne a tshwanetse go ‘tlhomamisa ditsholofetso tse Modimo o di solofeditseng borraabo-mogolo,’ ba Bahebera, e seng ba Baditšhaba. Ka sekai, ‘rraabo-mogolo’ Aberahame o bone barwa ba bantsi ka basadi ba bararo, mme Modimo o tlhophile morwa yo o esi wa ga Aberahame ka mosadi wa gagwe wa ntlha, Sara, e leng Isake, gore a amogele tsholofetso ya ga Aberahame. Isake le ene o ne a nna le barwa ba mafatlha, mme Modimo o tlhophile lefatlha le lennye, Jakobe, yo moragonyana a ileng a bidiwa Iseraele, gore a fetisetse tsholofetso ya ga Aberahame kaga “losika” loo merafe yotlhe ya lefatshe e neng e tla segofadiwa ka lone. Fa nako e ntse e tswelela barwa ba ga Jakobe ba le 12 ba tsala ditso di le 12 tsa Iseraele, bao jaaka morafe Modimo o dirileng kgolagano ya bomorafe nabo ka moperofeti Moshe e le motsereganyi.

19. Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a sa tsalelwa mo lotsong lwa Lefi, mme ke mang yo o mo amogetseng mo lefatsheng, ebile kae?

19 Moragonyana, fa morafe wa Iseraele o sena go itlhophela go nna le kgosi ya motho jaaka moemedi yo o bonalang wa ga Jehofa, O ne a dira tsholofetso ya Gagwe ya segosi go Kgosi Dafide wa lotso lwa Juda. Ka jalo, Mesia kana Keresete yo o solofeditsweng, o ne a tshwanetse go tla mo losikeng lwa ga Dafide. Seno se tlhalosa ntlha ya gobo Jesu a tsaletswe mo motseng oo Dafide a tsaletsweng mo go one wa Bethelehema, jaaka moruaboswa wa ga Dafide ka go tsalwa ke lekgarebana la Mojuda, Maria. Baengele ba legodimo ba ne ba itumelela go tla ga gagwe mo lefatsheng. Ka jalo Morwa wa Modimo go tswa legodimong o ne a ka se tile go tsalwa e le Mojuda. Ditsholofetso tse di sa robegeng tsa Modimo Rraagwe di ne di tshwanetse go tlhomamisiwa kana go godisiwa. Modimo o no o sa itetle go supiwa e le moaki.

20. Lemororo Jesu e ne e le mongwe wa “ba bogwera,” batho ba merafe e e seng ya Bajuda ba ne ba letetswe ke eng, mme ka ntlhayang?

20 Jesu o ne a itumelela go dirisana le Rraagwe wa selegodimo thata. Ka jalo, o ‘ne tota a nna modihedi wa ba bogwera.’ O ne a rupile jaaka yo mongwe wa bone. Bajuda ba ba rupileng ba ne ba bontshiwa kamogelo e e kgethegileng ka dingwaga di le tharo le sephatlo morago ga loso le tsogo tsa ga Jesu. Mme Baditšhaba ba ba sa rupang, kana ba e seng Bajuda, ba ne ba santse ba tla amogelwa mo phuthegong ya selegodimo ya ga Jehofa. Seno se ne se tla bo se tlhomamisa gore Jehofa gaa tlole ditsholofetso tse a di solofetsang batho.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela