LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 12/1 ts. 3-5
  • “Kea Rata”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Kea Rata”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘KE RATA GO ETA GAPE’
  • ‘TLAMELANANG’
  • Go Bontsha Gore re Kgatlhegela ba Bangwe ka Namana
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Nna le Kgatlhego ya Sebele mo go ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Utlwela Molepero Botlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Go “Itse Lorato Lwa ga Keresete”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 12/1 ts. 3-5

“Kea Rata”

MOTSE mongwe wa Galilea o ne o setse o utlwile gore Jesu Keresete o fodisitse balwetsi a bo a leleka le badimone. Koo o ne a tlelwa ke monna yo o tletseng lepero.

Molepero yo o ne a wela ka sefatlhogo fa fatshe a bo a simolola go rapela ebile tota a khubame, a re, “Ha u rata u na le thata ea go nntlahatsa.” Bibela e bega gore, “me ea re [Jesu] ka a tlhomoga pelo, a ōtlōlōla lecōgō, a mo ama, a mo raea, a re, Kea rata; ntlahadiwa. Me leperō ya mo tloga ka boheho, a ba a ntlahadiwa.”​—Mar. 1:40-42; Luke 5:12, 13.

Monna su yo o tlhasetsweng ke lepero​—e leng bolwetsi jo bo ferosang dibete jwa metlha eo. Ereka batho ba ne ba tshaba go tshwaetsa ga jone mo go maswe, ka tlwaelo ba ne ba tshaba balepero lefeke. Mme Jesu o ne a dira eng? O ne a otlolola letsogo a bo a ama molepero yono. O ne a sa boife. Bogolo, o ne a tlhomogela monna yono pelo.

Lemororo Jesu a ne a tshwaregile jalo, gaa ise a ke a retelelwe ke go tlhaloganya maikutlo, ditlhokafalo le maemo a batho-ka-bongwe. Go na le dikai tse dintsi tse dintle tse di ntseng jalo tsa fa Jesu a bontsha go kgatlhegela ba bangwe. Nonofo e ya ga Jesu e dira gore re mo rate thata, e a re kgothatsa ebile e a re nitamisa. Ka moo a ikutlwang ka teng kaga batho bao ba tlhokang thuso le e leng gompieno ga go ne go buiwa sentle go gaisa seo a se reileng molepero​—“Kea rata.”

Mo go se, Jesu o ne a phatsimisa botho jwa ga Rraagwe, Jehofa Modimo thatathata. Jaaka Modimo wa bosakhutleng le boitekanelo, o ne a sa tlhaele sepe. Lefa go ntse jalo, o tlhophile go abalana lorato le botlhale jwa gagwe le ba bangwe. Ka gone, kwa legodimong le mo lefatsheng o ne a bopa botshelo jo bo ikutlwang, jo bo botlhale ka kgono ya go rata. Ebile gaa neele dibopiwa tsa gagwe ka bopelotshweu a di akaretsa fela mme o re kgatlhegela thata-thata, a reetsa dithapelo tsa rona le go seka-seka dipelo tsa rona motho-ka-mongwe.​—Bar. 8:26, 27.

Fa balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba kgatlhegela ba bangwe kwantle ga bogagapa, ba supa gore ba etsa Jehofa Modimo le gore ba fitlhelela thato ya Modimo, ka dinako dingwe ebile ba sa go lemoge.

‘KE RATA GO ETA GAPE’

Jesu o laotse barutwa ba gagwe gore ba rere mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo. (Math. 24:14; 28:19, 20; Dit. 1:8) Ereka Basupi ba ga Jehofa ba le masisi thata ka thomo eo, ba etela mojako mongwe le mongwe, ba tlhagafaletse go abalana molaetsa wa Bibela le bao ba tla reetsang.

Bareri ba ba atlegang segolo ke bao ba kgatlhegelang ba bangwe ka pelo yotlhe mo tshimong ya bone. Kgatlhego eo ka tlholego e tla dira gore baboledi ba “mahoko a a molemō” ba reetse batho gore ba tle ba itse kaga bone mo gontsi ka mo go ka kgonegang. Ngaka e e molemo ga e neele molwetsi melemo pele ga fa e tlhatlhoba motho yoo ka kelotlhoko. Fela jalo, fa pelo ya Mokeresete e tletse ka keletso ya go thusa batho, le ene o tla batla go ba itse. Ke fela ka go dira jalo mosupi wa ga Jehofa a tla kgonang go thusa batho-kabongwe ka katlego.

Ka jalo, go ipaakanyetsa mo go gaisang mo tirong ya go rera moo Basupi ba ga Jehofa ba ka go dirang, ga se go boloka dineelano mo tlhogong mme ke go ipaakanya pelo. Fa pelo ya rona e kgatlhegela batho bao re rakanang nabo ka sebele, ga re ne re felelwa ke mafoko. Re tla umaka le go dira dilo tsa go ba thusa mo moyeng.

Go kgatlhegela ba bangwe mo tirelong ya rona go re boloka re akanya kaga batho bao re rakanang nabo, le e leng morago ga fa re sena go tswa mo tlung ya bone. Go re dira gore re batle go eta gape.

Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo Connecticut (United States) o boleletse mmaagwe kaga boitemogelo jwa gagwe tsatsi lengwe fa a ne a rakana le lekgarebe lengwe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. “Ka matlho a mantle a makgaragana ao, o ne a nteba a bo a re, ‘Ga ke dumele mo Modimong,’” o ne a bolelela mmaagwe jalo. “Mme ke bona gore go na le sengwe koo, Mma, ebile ke rata go mo etela gape.”

Mosupi yo o bile a boela. Thuto ya Bibela ya simololwa. Dikgwedi di le thataro moragonyana, lekgarebe leno le ne la simolola go arola mo tirong ya ntlo le ntlo mme ka bonako morago ga moo a kolobediwa jaaka Mokeresete. Gompieno, yo o kileng a bo a sa dumele mo Modimong yono ke mosadi wa molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa.

Ka ntlha ya go etsa Jehofa le Jesu mo go kgatlhegeleng ba bangwe, batho ba tla go rona ebile ba gogelwa boammaaruring jwa Lefoko la Modimo joo re bo rutang.

‘TLAMELANANG’

Seo se bofaganyang barutwa ba ga Jesu mo phuthegong ya Bokeresete ke go kgatlhegelana ga bone ka lorato. (Yoh. 13:35; Bagal. 6:10) Moaposetoloi Paulo o bapisitse phuthego ya Bokeresete le mmele wa motho fa a ne a tlhalosa go tlhokana le go kgatlhegelana gareng ga maloko a yone. O kwadile jaana:

“Leitlhō ga le kake ya raea seatla, ya re, Ga ke gu dihe sepè: le tlhōgō gapè, ga e kake ea raea dinaō, ea re, Ga ke lo dihe sepè. . . . go se nne kgaoganō mo mmediñ; me e le gore ditokololō di tlè di chwanè mo go tlamèlaneñ.”​—1 Bakor. 12:14-25.

Polelwana ya Segerika mo boemong jwa “di chwanè mo go tlamèlaneñ” tota e kaya ‘di tshwanetse go tlhobaelelana.’ (Kingdom Interlinear Translation) Seno se gatelela go kitlana ga kgatlhego eo ditokololo tsa phuthego di tshwanetseng go nna nayo go tse dingwe. Paulo o neela lebaka le le utlwalang la seno, ka go re: “Me kgotsa ha tokololō ñwe e utlwa botlhoko, ditokololō cotlhe di utlwè botlhoko naeō: kgotsa ha tokololō e ñwe e tlotlwa, ditokololō cotlhe di itumèle naeō.”​—1 Bakor. 12:26.

Ka go kgatlhegela ba bangwe, re ntlafatsa bomolemo jwa bone. Re bona gore ba bangwe ba ka kgona go nna molemo mme rea go godisa.

Bibela e re bolelela gore Barenabase o ne a kgatlhegela Johane, yo neng a fana ka Mareko, jaaka monkane wa borongwa. Barenabase o ne a lemoga gore Mareko a ka nna molemo go sa kgathalesege bothata jo a kileng a bo bakela Paulo le Barenabase mo loetong lwa bone lwa ntlha lwa borongwa. Ka ntlha ya moo, Mareko o ne a thusiwa go gola semoyeng gore a nne motlhanka yo o matlhaga-tlhaga wa Modimo. (Dit. 13:5, 13; 15:36-39; 2 Tim. 4:9-11) Mareko labofelo o ne a segofadiwa ke Modimo ka tshiamelo e e tlhomologileng ya go tlhotlhelediwa go kwala buka ya Bibela e e bidiwang ka ene.

Ka mo go tshwanang, mo United States, mogolwane wa Mokeresete o ne a kgatlhegela mosimanyana yo o mo phuthegong. O ne a tle a laletse lekawana leno go tla go mo thusa mo go ageng Holo ya Bogosi, e leng lefelo la borakanelo la phuthego. Fa ba le mo tseleng ya go boela gae, ba ne ba tlwaetse go itima letsapa le go buisana. Mosimanyana yo o setse a godile jaanong mme o direla jaaka molebedi wa potologo. Mme o santse a gakologelwa kgatlhego ya mogolwane yono mo go ene jaaka nngwe ya dilo tse di kwa godimo mo go goleng ga gagwe ga semoya.

Jaaka Bakeresete ba boammaaruri, re ka utlwa tlhase e ntšha ya boipelo le boikaelelo mo botshelong ka go kgatlhegela ba bangwe​—batho bao re abalanang nabo molaetsa wa Bibela, gammogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya mo phuthegong, go akaretsa le basha, bagodi, balwetsi, batlhologadi, masiela le ditokololo tsa malapa a rona. Ka go dira jalo re tla tlatsa matshelo a bone ka boitumelo.

Ka nako e e tshwanang, re ikanya gore Modimo o tla re duela ka ditsela tse dintsi. Fela jaaka Jesu a re tlhomamiseditse: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” (Dit. 20:35) Ka jalo he, a barati botlhe ba sebele ba Modimo ba etse Rraabone wa selegodimo mo go kgatlhegeleng ba bangwe. Jesu o tlhomile sekao sa go dira jalo fa a ne a raya molepero a re, “Kea rata.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela