Tlhalefa—Ikaye O le Mmotlana
“Eo o leñ mmōtlana bogolo mo go lona, ke èna eo o leñ mogolo.”—Luke 9:48.
1, 2. (a) Ke bomang bao ba neng ba le gare ga batho ba ba ratilweng segolo ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng, mme ka ntlhayang? (b) Mme, mo go gakgamatsang, ke bothata bofe jo bo iponaditseng kgapetsa gare ga bone?
KE BOMANG bao ba neng ba le gare ga banna ba ba ratwang segolo bao ba kileng ba tshela mo lefatsheng? Kwantle ga pelaelo, mo gare ga bao e ne e le barutwa ba le 12 ba ga Jesu Keresete bao a ba tlhophileng jaaka baaposetoloi. Abo ba ne ba na le ditshiamelo tse dintsi jang fa ba ntse ba tsamaya nae fa a ne a ntse a “tsamaea a ea le metse le metsana eotlhe, a rèra, a bolèla Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo”! (Luke 8:1) Abo ba tshwanetse ba bo ba itumetse jang fa ba reetsa dipuo tsa ga Jesu, tse di etsang Thero ya mo Thabeng, le go bogela go dira ga gagwe dikgakgamatso ka go latelana! Kwantle ga moo, a Jesu gaa ka a nna a ba ruta kwa thoko? Ee, ruri.
2 Mme, mo go gakgamatsang, bao ba ratwang segolo bano gangwe le gape ba ne ba ganetsana kaga yo mogolo kana yo o kwa pele-pele mo go bona. Go ne go se ope yo o neng a batla go ikaya a le mmotlana. A kgaisano e e ntseng jalo e ne ya baka kagiso, kutlwano le boitumelo? A e ne e itumedisa Jehofa Modimo? A e ne e le tsela ya botlhale? Le e seng, ka gobo Jesu o kile a ba raya a reng? Morago ga go baya ngwanyana fa thoko ga gagwe, o ba reile a re: “Leha e le mañ eo o tla cholañ ñwanyana eo ka leina ya me, o chola nna; me leha e le mañ eo o tla ncholañ, o chola èna eo o nthomileñ: ka gonne eo o leñ mmōtlana bogolo mo go lona, ke èna eo o leñ mogolo.”—Luke 9:48.
3. Dikai dingwe tsa batho ba lefatshe tsa go sa rate go ikaya jaaka yo mmotlana ke dife?
3 Ke bomang bao gompieno ka botlhale ba kgotsofalelang go ikaya ba le babotlana? Ba mokawana tota! Ke ka moo go nang le tlhakatlhakano, kgaisano, dikgotlhang le dintwa mo lefatsheng le le onetseng leno mo go kalo-kalo. Merafe le merafe e e golaganeng e ntse e phadisana; mongwe le mongwe o batla go nna kwa godimo, go nna kwa pele-pele, go nna o o nonofileng go gaisa. Ka jalo merafe e imetsa batho ba yone ditlhotlhwa tse di bokete tsa dibetsa. Mme ana khuduego e ntsi jaana mo mokgatlhong wa kgololesego ya basadi o bakwa ke eng fa e se go gana ga maloko a one go ikaya ba le babotlana mo banneng ba bone? Mme a seo ga se seo se tlhorontshang basha ba bantsi ba segompieno gape? Ba phailela boemo jwa ba bagolo mo go bone kwa; ga ba batle go ikaya ba le babotlana mo go ba bagolo mo go bone, e leng batsadi ba bone. A go sa rate go ikaya o le mmotlana mo go tlisitse boitumelo? A go botlhale? Le e seng!
GO ITHUTA MO DIKAING TSA BIBELA
4. Motho wa ntlha wa mogopolo o o ikgodisang ono e ne e le mang, mme ke eng se se bontshang seno?
4 Ntlha ya gore go gana go ikaya o le mmotlana ke boeleele e ka bonwa mo go reng mathata otlhe a a mo lefatsheng a simolotswe ke gobo moengele mongwe gaa ka a batla go ikaya jalo. Go ka tualo jang? Ka gobo moengele yoo, yo o tsentseng batsadi ba rona ba ntlha mo tseleng ya boleo le loso, o senotse maitlhomo a gagwe a boammaaruri mo tekong ya boraro ya kwa nageng eo a e tliseditseng Morwa Modimo. Mo go yone o ne a batla go abela Jesu magosi otlhe a lefatshe fa a ne a ka obamela Satane. Seo se bontshitse eng? Gore Satane o ne a batla go lekana le Jehofa Modimo, gore o ne a sa batle go ikaya a le mmotlana mo go Ene. Seno se ka bonwa fa Jesu a araba Satane, a re: “Tloga u eè koñ, Satana: gonne go kwadilwe, ga twe, U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.” Ereka Satane a ne a sa rate go ikaya a le mmotlana, o ne a ipipa ka ditlhong le ka tlotlologo ebile labofelo o tla nyelediwa.—Math. 4:8-10; Baheb. 2:14.
5. (a) Efa o bontshitse jang gore o ne a sa rate go ikaya a le mmotlana? (b) Ke eng se se bontshang gore Kaine o ikutlwile fela jalo?
5 Gape, a Efa gaa ka a ineela mo dithaelong tsa ga Satane a bo a sa utlwe Modimo ka ntlha ya go sa rate go ikaya a le mmotlana? Satane o mo tlhomamiseditse gore fa a ja leungo le le iditsweng o tla tshwana le Modimo, a kgona go ikatlholela molemo le bosula. (Gen. 3:5) Go sa rata ga Efa go ikaya a le mmotlana go itshupile e le kotsi e kgolo. Mme go tweng ka leitibolo la gagwe? A ga se boammaaruri gore Kaine o bolaile monnawe Abele fela ka ntlha ya gobo a sa ka a ikaya a le mmotlana mo go ene? Ke ka moo go ratiwa ga ga Abele go tenneng Kaine ka teng. Boikutlo jo bo ikgodisang jo jwa mogopolo bo bakile gore Kaine a lelekwe jaaka mmolai wa ntlha wa motho.—Gen. 4:1-16.
6. Go sa rate go ikaya o le mmotlana go bontshitswe jang ke (a) Bomogoloa Josefa ka rre? (b) Arone le Miriame? (c) Kora, Dathane le Abirame?
6 Jaanong go ne go na le bagoloa Josefa ka rre. Ereka rrabone Jakobe a ne a rata Josefa—ka gobo e ne e le morwa wa mosadi wa gagwe yo a mo ratang, Ragele—ba ne ba tlala ka kilo e e bogalaka mo e leng gore ga baa ka ba nna le kagiso go fitlha ba mo tlosa. (Gen. 37:3-35) Fa nako e ntse e tswelela le bone ba bile ba nna le lebaka la go ikotlhaela tiro ya bone. Dingwaga moragonyana le e leng Miriame le Arone ba ne ba tsuololela go ikaya ba le ba babotlana mo go monnaabone, Moshe. Ba ne ba ngongorega jaana: “A rure Yehofa o buile le Moshe a le esi? a le rona gaa bua le rona?” Mme fela jaaka pego e tswelapele go bontsha, Jehofa o ne a reeditse. O ne a sa itumelela boikutlo jwa bone jwa mogopolo le e seng, ka gobo o reile bangongoregi ba babedi bano a re: “Utlwañ yana mahoko a me: . . . motlhanka oa me Moshe, . . . o boikañō mo tluñ ea me eotlhe hèla: Èna ke tla buisanya naè molomo le molomo, . . . ana lo no lo sa boiheleñ go gobolola motlhanka oa me, go gobolola Moshe?” Jehofa Modimo o ne a sa itumela mo e leng gore o ne a itaya Miriame ka lepero. Morago go ne go le Kora, Dathane le Abirame bao ba tsouloletseng go ikaya ba le babotlana mo go masisi thata ba bo ba go bolaelwa.—Dipa. 12:1-15; 16:1-35; 26:9-11.
7, 8. (a) Ke dikgosi dife tse pedi tsa bogologolo tse di hutsafaditsweng ke go sa batle go ikaya ba le babotlana? (b) Re na le dikai dife mo metlheng ya baaposetoloi?
7 Motlhanka yo mongwe wa ga Jehofa Modimo yo o neng a tshwenngwa ke seno e ne e le Kgosi Saulo. Gaa ka a kgona go itshokela go utlwa basadi ba Iseraele ba opela, ba re: “Saulo o bolaile ba makgolo a mashomè ba gagwè, me Dafide o bolaile ba makgolo a makgolo ba gagwè.” Seno sa shakgatsa Saulo mo e leng gore go tloga ka letsatsi leo o ne a “dilola Dafide ka matlhō,” le e leng go mo tsoma jaaka ntša ka maiteko a go mmolaya. Abo Saulo o ne a sulafalelwa ke botshelo jang ka ntlha ya go sa rate go ikaya a le mmotlana mo go Dafide mo ntlheng enō! Ebile abo o ne a swa setlhogo jang nne! (1 Sam. 18:7-9; 31:3-6) Morago ga tla Kgosi Usia. Go atlega ga gagwe ga bosole, moo go neng go le gogolo tota, go ne ga mo dira gore a ikgantshe mo pelong. Ka jalo, ereka a ne a sa tlhole mo go botlhale a kgotsofalela go direla fela jaaka kgosi e e laolang dikgang tsa naga le go ikaya a le mmotlana maloka le baperisiti maloka le kobamelo ya tempele. Jehofa Modimo o ne a iteela Usia bokaka jwa gagwe ka lepero. O sule e ntse e le molepero.—2 Ditih. 26:16-21; Dia. 11:2.
8 Fa re tla mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete re setse re lemogile bothata joo baaposetoloi ba le 12 ba nnileng najo fa Jesu a ne a santse a na nabo, go se ope wa bone yo o neng a batla go ikaya a le mmotlana. Lefa go ntse jalo, a go tlhokomelweng gore ga go sa tlhole go balwa sepe sa mofuta ono kaga bone morago ga fa ba sena go amogela moya o o boitshepo wa Modimo ka Pentekoste. Mme Bakeresete ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba bile ba nna le bothata joo. Go bonala e kete Bakeresete ba kwa Korintha, bobotlana bangwe ba bone, ba ne ba sa kgotsofalele go ikaya ba le babotlana mo go moaposetoloi Paulo. Ebile moaposetoloi Johane o bone go tlhokafala gore a nyatse Dioterafese thata ka ntlha ya go batla ga gagwe gore a nne kwa pele le ka go sa tlotle seo moaposetoloi Johane a neng a tshwanetse go se bolelela Bakeresete morago koo.—2 Bakor. 10:1-11; 12:5-9; 3 Yoh. 9, 10.
BOTHATA BO BAKWA KE ENG?
9. Lebaka le legolo la go sa batle go ikaya o le mmotlana ke lefe?
9 Ke ka ntlhayang fa bothata jono bo nnile gone mo ditiragalong tsotlhe tsa batho, bo sa ame batho ba lefatshe, merafe le batho-ka-bongwe fela mme bo ama le e leng batlhanka ba ga Jehofa Modimo? Ke ka ntlha ya bogagapa jo bo ruilweng. Jaaka re bala go Genesise 8:21: “Go akanya ga pelo ea motho go le boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” Ka ntlha ya moo, “pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata: e mañ eo o ka e itseñ?”—Yer. 17:9.
10-12. Ke dikai dife tse di bontshang gore bothata jono bo tsoga kae ebile ka ntlhayang?
10 Ka kakaretso, basupi ba ga Jehofa ba na le bothata jo bonnye mo go ikayeng ba le babotlana mo go bao kwa ntle ga potso ba leng mo maemong a a kwa godingwana. Mme bothata bo tsoga fa ba tshwanetse go ikaya ba le babotlana gareng ga dithaka tsa bone, e leng gareng ga bao ba batlileng go lekana nabo. Ka sekai, ga go ope wa baaposetoloi ba le 12 yo o nnileng le bothata mo go ikayeng a le mmotlana go Morena wa gagwe, e leng Jesu Keresete. Mme fa go tla mo go ipapiseng le ope wa baaposetoloi ba bangwe, ke moo bothata bo neng bo letse teng. Ope o ne a sa batle go ikaya a le mmotlana mo go botlhe ba bangwe!
11 Go ntse jalo le gompieno, mo phuthegong ya Modimo go ka nna le kgaisano e nnye, kana lefufa le lennye la sesadi le ka bonala, segolo thata magareng a bao ba ka neng ba na le dikabelo kana melemo e e tshwanang. Seno se bonala e nnile kgang gareng ga basadi ba babedi ba Bakeresete mo phuthegong ya kwa Filipi, ba baka moaposetoloi Paulo gore a kwale jaana: “Ke laea Euodia, ke laea Sentuke, gore ba nnè pelo ñwe hèla mo Moreneñ. E, le wèna kea gu rapèla, mmelegayokwe ka nna wa mmanete, ka re, thusa basadi bauō, gonne ba kile ba diha le nna mo Mahokuñ a a Molemō, le . . . ba bañwe badihi ka nna.” (Bafil. 4:2, 3) Tota go lebega e kete bokgaitsadi ba babedi bano e ne e le bareri ba “mahoko a a molemō” ba ba kgonang ebile ba tlhoahetse, mo e leng gore moya wa kgaisano o ne wa tsena mo dipelong tsa bone, o baka kgotlhang.
12 Ka tsela e e tshwanang, ka dinako dingwe go ka nna le bothata gareng ga bakaulengwe bao ba nang le dikabelo tse di tshwanang. Mo phuthegong ya Bokeresete, ka kakaretso, batlhanka ba bodihedi ga ba na bothata mo go ikayeng ba le babotlana mo bagolwaneng; bagolwane mo molebeding wa potologo; balebedi ba potologo mo balebeding ba kgaolo, jalo le jalo. Mme teko e tla mo dithakeng, e kane batlhanka ba bodihedi ba tla rata go ikaya ba le babotlana mo batlhankeng ba bangwe ba bodihedi, bagolwane mo bagolwaneng ba bangwe mo phuthegong e e rileng, jalo le jalo.
BOTLHALE JWA SELEFATSHE, JWA SENAMA, JWA SEDIMONA
13-15. Ke ka ntlhayang fa kgang le lefufa di ka kaiwa e le (a) botlhale jwa selefatshe? (b) botlhale jwa sephologolo?
13 Ereka bantsi ba sa rate go ikaya ba le babotlana ka ntlha ya go sa itekanela ga batho, morutwa Jakobe o ne a bona go tshwanela gore a kwale jaana: “Ha lo na le lehuha ye le galakañ, le kgañ mo peduñ tsa lona, lo se ka loa ipelahatsa, lo se ka loa aketsa boamarure. Botlhale yo, ga se yo bo hologañ kwa godimo, ke yoa selehatshe, yoa senama, yoa sebadimo. Gonne kwa go leñ lehuha le kgañ, go bile go na le tobekanō, le tihō ñwe le ñwe e e mashwe gōna.”—Yak. 3:14-16.
14 Morutwa Jakobe o bolelela ruri tota fa a bua kaga lefufa le kgang e le tsa selefatshe, tsa senama, tsa sedimona! Ke tsa selefatshe, tsa dilo tse di bonalang, letshwao la batho ba ba bogagapa, ba ba sa itekanelang ebile bo farologana le jo bo tswang godimo, jwa selegodimo. Jone boikutlo jo ke jwa senama, ka gobo ke letshwao la diphologolo. Baithuti ba diphologolo mo tikologong ya tsone ya tlholego ba lemogile seo se bidiwang “bosimega” mo diphologolong tse di farologaneng, tse di etsang dikgomo le dikoko, moo dingwe tsa tsone di dipafalelang tse dingwe.
15 Ka sekai, dingwaga di sekae tse di fetileng dikoranta di boletse ka motshameko wa dinkwe di le 12 kwa disorokising mo motseng wa New York. Morago ga fa motshameko o sena go khutla, dinkwe di ne di tabogela tselana e e yang kwa dirobeng tsa tsone fa nkwe e e etelelang pele, Rajah, ka tshoganetso e phamola Ila, nkwe e e namagadi, ka kgokgotso. Ka nako ya fa batlhokomedi ba disorokisi ba ne ba kgona go ka kgaoganya dinkwe tse pedi tseno nkwe e e namagadi e ne e gobetse la go swa. Bothata e ne e le eng? Mo boemong jwa go nna mo bonnong jwa yone fa morago ga Rajah, ka bokaka e ne ya mo eta pele mme ka jalo ya shakgatsa Rajah mo a bileng a mo tlhasela. E ne ya swa ka ntlha ya go sa rate go ikaya e le potlana.
DIKAI TSE DI MOLEMO TSA GA MOSHE, JESU LE PAULO
16. Moshe o tlhomile sekao sefe se se molemo sa go nna yo o ratang go ikaya o le mmotlana?
16 Mongwe wa batlhanka ba bogologolo ba ga Jehofa bao ka mo go tlhomologileng ba ikaileng e le ba babotlana e ne e le Moshe. Abo Jehofa Modimo o mo dirisitse thata jang nne: mo go neeleng Faro bosupi, mo go hutseng dipetso di le 10, mo go kgaoganyeng Lewatle le Lehibidu le mo go neeleng bagaabo metsi ka kgakgamatso! Mme go sa kgathalesege ditshiamelo tsotlhe tseno gammogo le tlotlo eo a e boneng ka tsone, re bala gore “monna eouō, Moshe, a bo a le boikokobeco thata, go heta batho botlhe ba ba neñ ba le mo lehatshiñ.” Ka ntlha ya go rata ga gagwe go ikaya a le mmotlana, Jehofa o ne a mo dira yo mogolo fa pele ga lefatshe, gammogo le fa pele ga bagaabo.—Dipa. 12:3.
17-19. Ke eng se se bontshang gore Jesu o ikaile a le mmotlana (a) pele ga fa a tla lefatsheng? (b) fa a ne a santse a le mo lefatsheng? (c) fa e sale go tsoga ga gagwe le go boela ga gagwe kwa legodimong?
17 Ebile abo Jesu Keresete, Morwa Modimo, ke sekao se se molemo jang mo go ikayeng a le mmotlana! Go farologana le moengele yo o nnileng Satane Diabolo, Lefoko, kana Logos, “eo e rileñ a le mo chwanoñ ea Modimo, a se ka a kaea ha go lekana le Modimo e le se se ka huparèlwañ.” Ka boitumelo o diretse jaaka “tlhōgō ea tihō,” a atamalane thata le Rraagwe mo ditirong tsa popo.—Dia. 8:30; Yoh. 1:1-3, 14; 1 Bakor. 11:3; Bafil. 2:6-8.
18 Fa Jesu a ne a santse a le mo lefatsheng, o ne a tswelapele ka go ikaya a le mmotlana mo go Rraagwe, ka go re, “Rara o mogolo bogolo go nna,” le gore go ne go se ope yo o molemo kwantle ga Modimo fela. (Luke 18:19; Yoh. 14:28) Tota-tota, fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ikaile a le mmotlana mo bathong-ka-ene, a tsaya boemo jwa motlhanka. Jaaka ene ka boene a go umakile: “Hèla yaka Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.” Tota o bile a dira le tiro e e kwa tlase ya go tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao. Mme abo o ne a godisiwa jang nne ka ntlha ya boikokobetso jwa gagwe!—Math. 20:28; Yoh. 13:2-16; Bafil. 2:9-11.
19 Fa e sale Jesu a tsoga a bo a tlhatlogela legodimong, o tswetsepele a ikaya a le mmotlana mo go Jehofa Rraagwe, a ikitlieleditse go ema ka bopelotelele go fitlha Jehofa a baya baba ba gagwe jaaka sebeo sa dinao tsa gagwe. Mme, morago ga puso ya dingwaga tse di sekete, fa Jehofa a sena go baya baba botlhe ba gagwe tlase ga dinao tsa gagwe, “hoñ Morwa ōna le èna ka esi o tla beèwa mo taoloñ ea ōna o o beileñ dilō cotlhe mo taoloñ ea gagwè, gore Modimo o nnè gotlhe mo go cotlhe hèla.”—Pes. 110:1; 1 Bakor. 15:25-28.
20, 21. (a) Moaposetoloi Paulo o ipontshitse jang gore e ne e le moetsi yo o molemo wa ga Jesu Keresete mo dintlheng tseno? (b) Setlhogo se se latelang se tla re bontsha eng se se tla re solegelang molemo?
20 Mo balateding ba ga Keresete, moaposetoloi Paulo segolo-bogolo e ne e le moetsi yo o molemo wa ga Jesu Keresete mo ntlheng eno. O ne a nna motlhanka wa botlhe ka ntlha ya “Mahoko a a Molemō.” Seo eleruri e ne e le go ikaya a le mmotlana. (1 Bakor. 9:19) O ne a ikaya a le mmotlana mo setlhopheng se se laolang se se neng se le mo Jerusalema, mo tirong ya gagwe ya bodiredi, moo a neng a tshwanetse go rera teng, le mo dithutong tsa motheo. (Dit. 15:2; Bagal. 2:7-10) Ka lobaka longwe, o ikutlwile a patelesegile go botsa phuthego ya Bakeresete ya kwa Korintha jaana: “A ke leohile ka go ikokobetsa, gore lona lo golediwè?” Ga go gakgamatse gobo Jehofa Modimo o segofaditse bodiredi jwa ga Paulo mo go humileng jaana!—2 Bakor. 11:7.
21 Jaaka re bone, ereka go sa rate go ikaya o le mmotlana e le boeleele, ntswa go rata go dira jalo e le sesupo sa botlhale, re tla rata go tsaya tsela eno e e botlhale. Gore re dire jalo re tla tlhoka thuso ka ntlha ya go sa itekanela moo re go ruileng. Setlhogo se se latelang se tla supa dithuso tsa go bona seemo se se siameng seno sa mogopolo.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
“Me Arone a leba Miriame, me bōnañ, a bo a le lepero”