Dumela mo Bogosing!
“Me kaga metlha le dipaka, ba ga echo, ga go batlwe gore lo ka kwalèlwa señwe. Gonne le lona ka losi lo itse sentle ha letsatsi ya Morèna le tla hèla yaka legodu bosigo.”—1 Bathesalonia 5:1, 2.
1, 2. Jehofa o tswetsepele go dirisa Jesu Keresete yo o tsositsweng jang?
JESU KERESETE jaaka “Lehoko,” kana Logos, o dirisitswe ke Rraarona wa selegodimo ka mo go atologileng. (Yoh. 1:1-3; Bakol. 1:16) Mme Jehofa Modimo o tswetse-pele go dirisa Jesu le e leng morago ga loso le tsogo tsa gagwe. Seno se gateletswe sentle ke dikakgelo tse di sedimosetsang tsa ga moaposetoloi Paulo.
2 Moaposetoloi ka tlhamalalo o umakile gore Modimo o ikaeletse go itetlanyetsa dilo tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng, o dira jalo ka madi a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete. (Bakol. 1:18, 20) Seno se dumalana le polelo ya ga moaposetoloi Paulo ya gore Jehofa o rulaganyeditse ‘go sopanyetsa dilo tsotlhe mo go Keresete, e bong dilo tse di kwa magodimong le tse di mo lefatsheng.’ (Baef. 1:10; Bafil. 2:9-11) Mme diphetogo tse di amanang le seno gape di ne di tla akaretsa le go tlhomiwa ga bogosi jwa Modimo jwa Bomesia gammogo le go tla mo go tlhokomelesegang ga ‘letsatsi la ga Jehofa.’ (1 Bathes. 5:1, 2) Dikwalo di senola ka botlalo boemo jwa ga Keresete fa a sale a tlhatlogela kwa legodimong mo go fetang dingwaga di le 1 900 tse di fetileng. Re dira sentle fa re tsepamisa tlhokomelo ya rona mo sebakeng sa gagwe se se botlhokwa mo thulaganyong ya ga Jehofa.
3. Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a itse kaga mafoko a boperofeti a a boletsweng kaga mmuso wa Bogosi?
3 Ereka Jesu a ne a direla jaaka Logos, kana “Lehoko,” pele ga fa a tla mo lefatsheng, o ne a itse sentle kaga mafoko a boperofeti a a kwadilweng kaga mmuso wa Bogosi. Ka jalo, e le motho, Jesu o ne a laleletsa mmadi go dirisa tlhaloganyo fa a tlhatlhanya ka mafoko a ga Daniele a a amanang le ‘motlha wa bokhutlo.’ (Dan. 12:4; Math. 24:15-22) A he re buleng buka ya ga Daniele mme re akanyetseng dilo dingwe tseo Jesu kwantle ga pelaelo a di lemogileng jaaka Logos, kana “Lehoko.” Ka go bo go bonala gore e ne e le Ene yo o dirisitsweng ke Rraarona wa selegodimo go dira gore baperofeti ba metlha ya bogologolo ba kwale jaaka ba dirile.
4. Maloka le mmuso wa Bogosi, re boleletswe eng go Daniele 2:44; 7:13, 14 le 12:1?
4 Fa re lebelela buka ya ga Daniele ka leitlho le le tlhaloganyang, re tlhokomela segolo-bogolo dipolelwana di le tharo tse di kgatlhang. Ya ntlha e fitlhelwa go Daniele 2:44:
“Me e tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”
Polelwana e e amanang le eno e fitlhelwa go Daniele 7:13, 14, eo e reng:
“Me ka leba mo dipōnatshegeloñ tsa bosigo, me, bōnañ, ga tla mo maruñ a legodimo moñwe eo o chwanañ le morwa motho, me a tla hèla kwa go eo mogologolo, me ba mo atametsa ha pele ga gagwè. Me a nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè: pushō ea gagwè ke pushō e e sa khutleñ, e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè ke yo bo se ketlañ bo señwa.”
Labofelo, Daniele 12:1 yone e re:
“Me e tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, kgōsana e kgolo e e èmèlañ bana ba batho ba ga eno: me go tla nna motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo.”
Fano, mo dikarolong di le tharo tsa boperofeti jwa ga Daniele, o bua kaga go tlhongwa ga mmuso wa Bogosi, mme ona o se mo diatleng tsa ope fela fa e se ‘morwa motho,’ kana Mikaele. Dipolelwana tseno ka phepafalo di buwa kaga Keresete Jesu a le mo bolaoding jwa Bogosi.—Tshen. 12:7-10.
5. A go tlhagafalela lobaka lwa nako maloka le go simolola go busa ga mmuso wa Bogosi go ka fa Dikwalong?
5 O tla tlhokomela gore mo dipolelwaneng tse di fa godimo tsa ga Paulo le Daniele go umakiwa lobaka lwa nako lwa gore mmuso wa selegodimo o bonale o bo o laole. Fa re tlhagafalela lobaka lwa nako, he 1 Bathesalonia 5:1 e re tshwanela tota fa e re:
“Me kaga metlha le dipaka, ba ga echo, ga go batlwe gore lo ka kwalèlwa señwe.”
Fa tota re tlhaloganya botlhokwa jo bo tletseng jwa Lefoko la Modimo, bogolo jang fa re ntse re tsenelela mo botennye jwa ‘motlha wa bokhutlo,’ ga re ne re tshoganyediwa. Eleruri re tla nna batho ba ba kelotlhoko kaga ditiragalo tse di amanang le nako ya “bokhutlō yoa lehatshe.” (Math. 24:3) A he re tlhatlhobeng tikologo ya dipolelwana tseno tse tharo tseo di umakilweng ke Daniele maloka le go tlhomiwa ga mmuso wa Bogosi.
MAFOKO A GA DANIELE A A TLHAGISANG
6. Go Daniele 2:40, go tweng kaga “bogosi yoa bonè”?
6 Bontsi jwa rona bo tlwaelane le setshwantsho sa toro se se tlhalosiwang go Daniele kgaolo ya bobedi ebile re itse gore, ka thuso ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa, moperofeti yo o boleletse Kgosi Nebukadenesare gore setshwantsho seno se kaya eng. Se ne se emela go latelana ga magosi a lefatshe, go simolola ka Babilona. Re kgatlhegela thata “bogosi yoa bonè,” joo Daniele a rileng kaga jone:
“Me bogosi yoa bonè bo tla nna thata yaka tshipi: ka tshipi e thubaganya, e henya dilō cotlhe: le yaka tshipi e e thugang dilō tse cotlhe, bo tla thubaganya bo thuga yalo.”—Dan. 2:40.
7. “Bogosi [jo] yoa bonè” ke eng?
7 Bogosi jo jwa seka-tshipi bo itshupa go nna bofe? Mo ditiragalong tsa Bibela, “bogosi yoa bonè,” kana maatla a lefatshe a bone, fa re bala go tloga ka Babilona, ke Mmuso wa Baroma, o engwe pele ke wa Bameda le Baperesia gammogo le wa Bagerika. Fa nako e ntse e tswelela Mmuso wa Baroma o ne wa kgaoganngwa, ka maikaelelo a go laolwa sentle, go nna mmuso wa botlhaba le mmuso wa bophirima. Ka ntlha ya tsogolegelo ya dikoloni tsa Amerika, go ne ga tlhongwa United States of America. Ka ntlha ya mabaka a motheo a botlhokwa dinaga tse pedi tseno di ne tsa bona go siame gore di ka dirisana mmogo ka sesole le ka tse dingwe gore tota-tota di bope Maatla a Lefatshe a Maesimane le Maamerika.
8, 9. Go na le ditshwano dife magareng a Daniele 2:40 le Daniele 7:7?
8 Lefa go ntse jalo, maloka le “bogosi [joo] yoa bonè”—mo boikgethololong jwa jone jwa ntlha jaaka Mmuso wa Baroma—Daniele o re bolelela jaana mo nngweng ya dipolelelo-pele tsa gagwe:
“Moragō ga mouō ka leba mo dipōnatshegeloñ tsa bosigo, me bōnañ, setshedi se señwe sa bonè, e le se se boitshègañ, se se nonohileñ, se le thata e e heteletseñ; me se ne se na le mènō a magolo a tshipi: me sa shuputsa, sa thubaganya, me mo go setseñ sa gataka ka maroo: me se ne se sa chwane le sepè sa ditshedi tse di tsileng pele ga shōna; me sa bo se na le dinaka di le shomè.”—Dan. 7:7.
9 Fa re sekaseka Daniele kgaolo ya bosupa, go tla tlhokomelwa gore moperofeti yo o ntse a thadisa magosi a mane, kana maatla a lefatshe a mane, a a boletsweng mo kgaolong ya bobedi. Mme mo boemong jwa go tlhalosa magosi ao e le dikarolwana tsa setshwantsho, go simolola ka tlhogo ya gauta, o a tlhalosa e le ditshedi. Mo kgaolong ya bosupa, o simolola ka tau (Babilona) a bo a feleletsa ka setshedi se se nonofileng ka mo go sa tlwaelegang se na le meno a tshipi. Ka jalo, ga se go welana gore Daniele 7:7 e tsamaisana gaufi thata le Daniele 2:40. Mo ditemaneng tsoo-pedi, go thuga, go thubaganya le thata e e boitshegang e e keteng ya tshipi ka phepafalo di amana le bogosi jono jwa Roma. Mme potso e santse e le teng: “Bogosi [jo] yoa bonè” bo emela maatla a mabedi a lefatshe jang?
10. ‘Lonaka lo lonnye’ lo simolotse kae?
10 A re tsweleng-pele re bala, go Daniele 7:8:
“Ka akanya dinaka, me bōnañ, ga tlhoga lonaka lo loñwe gare ga cōna, e le lo lonnye, lo di le tharo tsa dinaka tsa pele tsa khumolwa ka mecwe ha pele ga lōna: me bōnañ, mo lonakeñ louō ga bo go le matlhō a a chwanañ le matlhō a motho, le molomo o o buañ dilō tse dikgolo.”
Abo go kgatlhisa jang nne! Bogosi jo jwa bone, e leng Maatla a Lefatshe a Baroma, bo simolola go tlhoga lonaka lo longwe mo tlhogong ya jone ya seka-sebatana. Ebile dinaka di le tharo tsa tse di ntse di le gone di khumolelwa go sutela lonaka lono. Gotlhe mo go kaya eng? A re lebeleleng dintlha tsa ditiragalo.
DITIRAGALO DI TLHOMAMISA TLHAGISO YA GA DANIELE
11. Ke ka ntlhayang fa go kgatlhisa go tlhokomela ka moo Mmuso wa Baroma o diragaditseng ditiragalo tse di tlhalositsweng ke Daniele ka botlalo ka teng?
11 Eleruri ‘ga go batlwe gore re ka kwalelwa sengwe’ ka gobo gotlhe go setse go kwadilwe mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo. Gape, fa tota re le kelotlhoko semoyeng, ditiragalo tsa lobopo lotlhe ga di ne di re tlela jaaka legodu le ka tlela ba ba sa lebelelang. Mme tota re tlhoka go sedimosetswa sentle ka Dikwalo, ebile go a kgatlhisa go tlhokomela ka moo Mmuso wa Baroma o dirafaditseng ditiragalo tse di tlhalositsweng mo diponatshegelong tsa ga Daniele tsa boperofeti ka botlalo ka teng.
12. Bolaodi jwa Roma bo amile British Isles go le kanakang?
12 Roma, go tloga tshimologong ya yone, e ne e le bolaodi jwa sesole tota, ebile e atolositse tlhotlheletso le taolo tsa yone ka bophara. Britani, eo ka nako eo ka motheo e neng e tlhotlhelediwa ke bogosi jwa bomorafe, e nnile karolo ya Mmuso wa Roma, ebile go ralala British Isles go na le ditshupo tsa bolaodi joo. Tseno di akaretsa lobota loo Molaodi Hadrian a lo agileng go kgabaganya karolo ya bokone jwa Engelane.
13, 14. (a) Lantlha, nonofo ya Roma e ne e le ya mofuta ofe? (b) Mme go ne ga diragala eng mo lekgolong la dingwaga la boraro le la bone?
13 Fa Roma a ne a ntse a atlega segolo ebile a ntse a senyegela pele ka ntlha ya botshelo jwa bofafalele jwa setlhopha se se laolang, e ne ya nyelela jaaka bolaodi jwa sesole. Ka nako ya ga Nero gammogo le balaodi ba ba tlhatlhamanang, go wa ga nonofo ya sesole ya Roma go ne go bonala sentle. Mme batsholetsi ba mmuso ono ba ne ba loga leano la gore o nne o tswelepele jaaka mmuso o o laolang dikgang tsa lefatshe ka makgolo-kgolo a dingwaga a a tlang, lefa e ntse e se bolaodi jwa sesole. Seno se dirilwe jang?
14 Fa re tsenelela mo lekgolong la dingwaga la boraro le la bone C.E., go bonala e kete Roma o ne a nna segolo bolaodi jwa bodumedi-dipolotiki, mo godimo ga go nna bolaodi jwa sesole. Ka botswerere, go ne ga tlhongwa thulaganyo eo bopapa ba ba laolang mo Roma ba neng ba kgona go ka tsweletsa taolo ka yone kwa kgakala le ka bophara mo karolong e kgolo ya lefatshe le le agilweng leo le neng le itsiwe ka nako eo. Thulaganyo eno e ne e itsiwe jaaka thulaganyo ya go duela lekgetho la naga, ebile Mmuso o o Boitshepo wa Baroma ka Roma wa Bopapa e le mooko wa one, o ne wa e dirisetsa go laola tsela ya dikgang tsa lefatshe bobotlana ka dingwaga di le 1 000.
15. Bopapa ba ne ba boloka taolo jang ka makgolo a sekae a dingwaga?
15 Kafa tlase ga thulaganyo eo ya go kgethela naga, batho ba bantsi thata ba ne ba tshela jaaka banageng ba le mo botlhokomologing le mo botlhoking jo bo tlhobogilweng. Ka madinyana a ba a bonang, ba ne ba tshwanetse go tshegetsa Barena ba ba ditshwakga ba matlo a borena le a botshabelo go ralala Yuropa, go akaretsa le British Isles. Barena ba bakgethisiwa bano le bone ba ne ba patelesegile go duela lekgetho go kgosi eo ba iphitlhetseng e ba laola. Morago nngwe le nngwe ya dikgosi tseno, e kane mo Engelane, Saxony kana mo dikarolong tse dingwe tsa Yuropa, ka motheo e ne e le batlhanka ka bobone ebile ba ne ba tshwanetse go duela makgetho go bopapa ba kwa Roma. Ka gone, bopapa ba ne ba huma ka bobedi mo matlotlong le mo bolaoding mo lobakeng lo loleele loo, loo gantsi lo bidiwang Metlha ya Lefifi.
16. (a) Daniele o tlhalosa Mmuso o o Boitshepo wa Baroma sentle jang? (b) Go bonwa go tlhoga eng mo tlhogong ya ‘setshedi sa bone,’ e leng Roma?
16 Fa re bapisa le ditiragalo tseno, abo tlhaloso ya boperofeti ya ga Daniele ya bogosi jo bo tshwantshetswang ke dinao tsa tshipi tsa “sechwanchō se segolo” e bonala e tshwanela jang nne! (Dan. 2:31) Ebile abo setshedi se se boitshegang se se thubaganyang le se se thugang sa meno a tshipi seo se bontshitsweng mo go Daniele kgaolo ya bosupa se tshwanela jang nne! Lantlha, se ne sa tlhaselaka Yuropa yotlhe, se fenya sengwe le sengwe se se mo tseleng ya sone ka dikgoka tsa bosole. Morago sa boloka puso ya sone sa bo sa e nitamisa gape ka mekgatlho ya sepolotiki, bodumedi le kgwebo gammogo le ka maano a bonokopela. Mme go tweng kaga go tlhoga ga ‘lonaka lo lonnye’ loo lo bonwang lo tlhoga mo tlhogong ya ‘setshedi sa bone’ se se boitshegang seo se emelang Roma? Mo go diragala leng?
‘LONAKA LO LONNYE’ LOA BONALA
17. Go tlhoga ga ‘lonaka lo lonnye’ go simologile jang?
17 Go fitlha ka ngwaga wa 1533 C.E., bogosi jwa Ma-Britani e ne e ntse e le jwa botlhanka, bo laolwa ke bopapa. Lefa go ntse jalo, ngwaga o o latelang Kgosi Henry VIII o ne a nna tlhogo-kgolo ya Kereke ya Katoliki ya Engelane. O ne a ikgaoganya le Roma mme le bone fela jalo. Jaanong khumo ya British Isles, eo pele bontsi jwa yone bo neng bo tsuntsunyetswa ke Kereke ya Roma Katoliki, e ne e kgobokanyetswa tlase ga botlhogo jwa kgosi ya Engelane e e laolang Kereke ya Katoliki ya Maesemane. (Kereke ya Katoliki ya Engelane e bolokile popego ya Kereke ya Katoliki ya Roma ebile, ka selekanyo se segolo, go ntse go le jalo le gompieno.) Bolaodi jwa Mmuso o o Boitshepo wa Baroma bo ne bo simolola go nyelela, mme ‘lonaka lo lonnye’ lo ne lo tlhoga mo go ona.
18. Britani o ne a le mo boemong bofe ka lobaka lwa ga Kgosigadi Elisabethe I, mme seno se ne se kaya eng go Fora, Netherlands le Spain?
18 Ga feta masome a sekae a dingwaga mme Britani e bo e iphitlhela e laolwa ke Kgosigadi Elisabethe I. Ka nako eno khumo e e kgobokantsweng mo thulaganyong ya go duela lekgetho la naga mo teng ga British Isles e setse e ungwa. Go ne go setse go na le dikepe tsa sesole tseo di nang le bogatlhamela-masisi bongwe. Ka bokhutshwanyane, dikepe tseo tsa Ma-Britani, di kaelwa ke banna ba ba tlotlegang ba ba etsang Drake, Raleigh le Hawkins, di ne tsa thulana le maatla a dikepe a Spain, Netherlands le Fora (tsotlhe di santse di laolwa ke Roma wa melaolao), mme ya di fenya tsotlhe, go akaretsa le Armada ya kwa Spain. Ka ntlha ya moo, Britani e laola lewatle ebile e ipelafatsa ka gone.
19. Ka go bapisa kgaolo ya bobedi le ya bosupa tsa ga Daniele, re bona tirafatso e kgolo ya eng?
19 Daniele 7:8 e reng? Ee, “dinaka” di le tharo di ne di tla khumolwa fa pele ga ‘lonaka lo lonnye’ lo lo tlhogang lo, ebile lo ne lo tla bua “dilō tse dikgolo.” Ka jalo fano, ka go tlhagelela ga Maatla a Lefatshe a Ma-Britani, ao Amerika morago a kopanetseng nao, go diragala boperofeti jo bogolo jono ka botlalo. Maatla a Lefatshe a Maesemane le Maamerika ke letlhogela la Mmuso wa Roma. Ke “ngwana” wa Roma. Ka gone, ka boperofeti le tshwantshiwa le tlhoga mo “tlhogoñ” ya Roma, e leng ‘setshedi sa bone’ sa meno a tshipi. Fa re bapisa kgaolo ya bobedi le ya bosupa tsa ga Daniele, go motlhofo go bona ka moo ‘memo ya tshipi’ e emelang maatla a lefatshe a mabedi a a tlhatlhamanang mme e seng fela bo le bongwe.—Dan. 2:32, 33.
RONA RE FA KAE MO MOSELENG WA NAKO?
20. Re ka latedisisa jang go gola ga ‘memo ya tshipi’ go fitlha mo lekgolong la rona la bo-20?
20 Go ya ka Daniele 2:41-43, re tlhokomela gore magosi a lefatshe a a lemosegang ka phepafalo a tla feta. Jaanong a momo mongwe le mongwe wa ‘memo e mebedi ya tshipi’ o emela maatla a lefatshe a a farologaneng? Nnya, ga go a nna jalo, fela jaaka ‘mabogo a mabedi a selefera’ mo karolong e e fa godimo ya setshwantsho seno a ne a sa emele maatla a mabedi a lefatshe mo metlheng ya fa mmuso wa Bameda le Baperesia o santse o laola. Memo e mebedi eo le tshipi ya dinao di gola mmogo go tswa mo Mmusong wa Baroma, ebile segolo-bogolo go tloga ka lekgolo la dingwaga la bone, fa Constantine a tlogela motse-mogolo wa gagwe wa bophirima wa kwa Roma go tlhoma motsemogolo o mongwe wa botlhaba kwa Constantinople. Mo mebusong e mebedi e e kgaoganeng eno go tlhatloga merafe e e farologaneng e e tshegetsanang, labofelo Maatla a Lefatshe a Maesemane le Maamerika e le one a a gapang bolaodi. Ka nako ya dintwa tse pedi tsa lefatshe tsa lekgolo la rona la dingwaga, “memō” eo e itshupile go tshwana le “tshipi” fa nonofo ya sesole ya Maatla a Lefatshe a Maesemane le Maamerika e ne e thubaganya mephato ya kganetso ya bo ya dirisa dibetsa tsa nuklea mo ntweng lantlha.
21. Labofelo go bonala bokoa bofe kwa botlase-tlaseng jwa setshwantsho seno?
21 Fano, re tla kwa botlase-tlaseng jwa setshwantsho se segolo seno. Bo santse bo emela Maatla a Lefatshe a Maesemane le Maamerika. Mme jaanong bo na le bokoa bongwe. Dinao le menwana ya sone di latlhegetswe ke nonofo e e tletseng e e tshwanang le tshipi ya memo. Ka gobo e dirilwe “ntlha ñwe e ne e le tshipi, ntlha ñwe lecopa.” Daniele o tlhalosa seno, ka go re:
“Me e re ka u bonye tshipi e tlhakanye le lecopa ye le loraga, ba tla itlhakanya le losika loa batho; me ga ba ketla ba ñaparèlana, hèla yaka tshipi e se ke e kgomaragana le lecopa.”—Dan. 2:33, 43.
22. (a) Ke ka ntlhayang fa babusi ba bojammogo le ba bokomonisi fano ba sa tsenngwe mo kgannyeng? (b) Jaanong “losika loa batho” ke bomang, he? (c) Matswela ke afe maloka le “tshipi” le ”lecopa”?
22 A mo go kaya gore babusi ba segompieno ba bojammogo le ba bokamanisi ba tla nna maatla a lefatshe? Nnya, ka gobo boperofeti jwa Bibela ga bo bontshe gore ditlhopha tseo tsa bopolotiki tse di rategang ga di ne di tlhatlogela go busa lefatshe. Karolo ya bofelo ya setshwantsho se se boitshegang seno, jaaka e ntse e atamela botlase-tlase jwa yone fa nako e ntse e ya, e ntse e dirilwe segolo ka tshipi. E santse e le maatla a lefatshe a a tlhogileng mo Mmusong o o Boitshepo wa Baroma. Mme mmuso ono wa seka-tshipi kwa bokhutlong jwa motlha ono o koafatswa ke go tsenelela ga sengwe se se boleta, se e keteng letsopa—e leng mokgatlho o o buelelang gore batho ba nne le moo ba go buang mo dikgannyeng, jaaka ka mekgatlho ya ditiro, ditshupo-kganetso le tse di tshwanang le tseo. “Losika loa batho,” e leng yo go tweng ke motho fela, lo lwela “go latlhela sengwe” mo mokgweng wa go tsamaisa dilo. Seno re se lemoga gompieno, e seng fela mo dinageng tseo tsa Yuropa bophirima tseo lantlha e neng e le karolo ya Mmuso o o Boitshepo wa Baroma, mme mo go tlhomologileng mo mmusong wa Maatla a Lefatshe a Maesemane le Maamerika. Fano ke moo go nyafadiwa ga tiro, diteraeke le dikhuduego tsa ditiro di koafaditseng bolaodi jwa semmuso joo lantlha bo neng bo tshwana le “tshipi” mo go botlhoko. Jaaka badiri ba tlhabana le bolaodi, “losika loa batho” lo leka go kaela ka mo lo tla dirang le go tshela ka teng. A seno se bakile maemo a a sisibetseng magareng a modiri le mmuso? Lefoko la Modimo le re: “Ga ba ketla ba ñaparèlana.”
23. (a) Gore jaanong re fitlhile fa “menwaneng” ya setshwantsho seno go kaya eng? (b) Re ka lebelela gore go tla latela eng? (c) “Mo motlheñ [ono] oa bokhutlō,” re tshwanetse ra tlhotlheletsega go dira eng?
23 Jaanong rona re kae he, mo moseleng wa nako? Kwa bokhutlong jwa Dan 2 temana ya 43 ga go sa tlhole go na le “sechwanchō.” Tota re setse re fitlhile fa “menwaneng”! Re tshela mo motlheng wa fa go tlhamiwa ga mebuso e e dirilweng ke batho go fitlha mo bokhutlong jwa gone mo go botlhoko. Setlhoa sa metlha se re wetse! Daniele o re boleletse gore re lebelele eng. Ee, bogosi jwa ga Keresete joo bo tshwanetseng go busa batho botlhe, e leng “tshilō” e e kabotsweng mo ‘thabeng’ ya bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe, bo gaufi le go itatlhela fa dinaong tsa setshwantsho se se boitshegang seno, bo diga le go thuga thulaganyo yotlhe ya puso ya batho e e gatelelang. Seno se tla tshwaya “motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo.” Me ka bonako go tla latelwa ke lobaka lo lontle go gaisa mo ditiragalong tsotlhe tsa batho, e leng puso ya ga Keresete ya dingwaga di le sekete. A Mokeresete ope wa boammaaruri a ka nna ka boiphapaanyo fela a bo a lebelela ditiragalo tsa “mo motlheñ [ono] oa bokhutlō” ka setu kwantle ga go tlhotlheletsega go tshegetsa mmuso wa Bogosi? Jaanong ke nako ya go bontsha gore re ka fa letlhakoreng la ga mang, la ga Jehofa kana la ga Satane!—Dan. 2:44, 45; 7:14; 12:1, 4.
24. Re tla tswelapele re le batho ba mofuta ofe. mme ka ntlhayang?
24 Fela jaaka 1 Bathesalonia 5:1 e umaka, tota ga go tlhokege gore re kwalelwe sengwe kaga metlha le dipaka! Gotlhe go mo Lefokong la Modimo. Ke kgang fela ya gore ‘re go fate.’ Ka jalo a re direng jaaka Bahebera 10:35-39 e akantsha: “Me ke gōna, se latlheñ choshologō ea lona, e e nañ le tehō e kgolo ea tuèlō. Gonne lo chwanetse go dihana le bopelotelele, gore e tle e re lo sena go diha go rata ga Modimo, lo bo lo amogèlè polèlō ea choloheco. Gonne go santse go le lobakanyana, me eo o tlañ o tla tla, me ga a ketla a dièga. Me mosiami oa me o tla tshela ka tumèlō: me ga a ikgogona, mōea oa me o tla bo o sena kgatlhègō mo go èna. Me ga re ba bōnè ba ba ikgogonèlañ kwa tatlhegoñ; me re ba bōnè ba ba nañ le tumèlō e e isañ polokoñ ea mōea.” A re nneng le tumelo e e nnelang ruri, e e re tlhotlheletsang mo Bogosing!
[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 17]
DITSHWANTSHO MO DIPOLELELONG-PELE TSA GA DANIELE TSA MAGOSI
Setshwantsho se segolo
Ditshedi tse nne tse dikgolo
BABILONIA
go tloga ka 625 B.C.E.
BAMEDA LE BAPERESIA
go tloga ka 539 B.C.E.
BAGERIKA
go tloga ka 331 B.C.E.
BAROMA
go tloga ka 30 B.C.E.
MAESEMANE LE MAAMERIKA
go tloga ka 1763 C.E.
MEKGATLHO E E RATEGANG YA BALWELA-PHETOGO
Lonaka lo lonnye loa bonala
Molaodi Constantine (312-337 C.E.) o tlhoma motse-mogolo wa botlhaba, go ntse go na le Roma oo Maatla a Maesemane le Maamerika a tswang mo go ona
Henry VIII o ikgaoganya le Roma (1534 C.E.)
Go tloga ka lobaka lwa ga Elisabethe I (1558-1603 C.E.), Britani o simolola go ‘khumola dinaka tse tharo’ tsa Spain, Netherlands mme labofelo Fora