Dithuso tsa Gore Re Ikaye Re le Babotlana
1. Ke boikitsiso bofe jwa Dikwalo jo bo akanyeditsweng jo bo ka re thusang go ikaya re le babotlana?
RE TLA thusiwa ke eng gore re ikaye re le babotlana? Eleruri tsotlhe tse di ithutilweng mo setlhogong se se fetileng kaga maungo a a bosula a a tlisiwang ke go sa dire jalo di tshwanetse go direla jaaka dikai tse di re tlhagisetsang go ikaya re le babotlana. Eleruri ga re batle go latlhegelwa mo go senkeng botshelo, a ga go jalo? Mo letlhakoreng je lengwe, dikai tsotlhe tse di molemo tsa Dikwalo tsa bao tota ba ikaileng ba le babotlana le dituelo tseo ba di amogetseng di tshwanetse go re rotloeletsa go batla go tshwana nabo.
2, 3. (a) Kamano e e molemo le Jehofa e ka re thusa jang gore re ikaye re le babotlana? (b) Ke ka ntlhayang fa boingotlo bo ka re thusa?
2 Lemororo go ka ne go sa ka ga tla mogopolong wa bangwe, nngwe ya dithuso tse dikgolo mo ntlheng eno ke go nna le kamano e e molemo le Jehofa Modimo, o mo ikanya ka botlalo. Ka go dira jalo, ga re ne re amega ka mo go sa tlhokafaleng fa re fosa, re tlotlololwa kana re tlhokomologiwa. Ee, re batla go ‘ikanya Jehofa ka pelo yotlhe ya rona, re sa ikaega ka tlhaloganyo ya rona fela. Fa mo ditseleng tsotlhe tsa rona re mo ipolela, o tla siamisa ditselana tsa rona.’ (Dia. 3:5, 6) Gape morago re tla ikanya gore o tla dira gore ditiro tsotlhe tsa gagwe di dirisane mmogo go re direla molemo.—Bar. 8:28.
3 Gape go tlhokega boingotlo gore re ikaye re le babotlana. Mme ke ka ntlhayang re sa tshwanela go bo re batla go nna boingotlo? Re bolelelwa jaana: “Go bo go le molemō go nna boikokobeco le bakgōbaladi, bogolo go go kgaogana thopō le babelahadi.” Tsela ya boikgogomoso e tla itshenya ka boyone: “Boikgodishō bo tlo bo ètèlèle tshenyègō pele, le boipègō yoa pelo pele ga go wa.” Go feta moo, boikgogomoso bo dira gore Modimo o tlhabane le rona, fela jaaka re bala: “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, me ba ba ikokobetsañ o ba nee tshegōhaco.” Moaposetoloi Petere o umaka ntlha e e tshwanang le ya ga morutwa Jakobe, ka go re: “Lotlhe lo itlamè ka boikokobeco, go tla lo dihèlana.” Ee, re tshwanetse go ikaya re le ba babotlana—ka go bo “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, me ba ba ikokobetsañ o ba nee tshegōhaco.”—Dia. 16:18, 19; Yak. 4:6; 1 Pet. 5:5; bapisa Baroma 12:16.
MOLAO-MOTHEO WA BOTLHOGO
4, 5. (a) Go lemoga ga rona molao-motheo wa botlhogo go ka thusa jang mo ntlheng eno? (b) Seno se ka tshwantshiwa sentle jang?
4 Thuso e nngwe ya rona ke go lemoga molao-motheo wa botlhogo. Fa fela go na le tiro e e tshwanetseng go dirwa eo e tlhokang batho ba ba setlhotshwana go tshwanetse ga nna le yo o etelelang pele a bo a dira ditshwetso tsa bofelo go seng jalo go tla tobekana, go diriwa ka maikaelelo a a tlhakatlhakaneng. Ka mafoko a mangwe, go tlhokega thulaganyo. Thulaganyo ya batho ba bantsi e ka bapisiwa le mmele wa motho. Abo mebele ya rona e na le ditokololo tse dintsi ebile di farologane jang nne, mme lefa go ntse jalo tsotlhe di kaelwa ke tlhogo e le nngwe! Ditokololo tse dingwe e ka nna tse di tlotlometseng, tse di botlhokwa thata bogolo go tse dingwe, mme fela jaaka moaposetoloi a bontsha sentle jaana, ga go tokololo epe e e ka rayang e nngwe e re, “Ga ke gu dihe sepè.” Tsotlhe dia tlhokafala. Fa re latela sekaelo seno, a ga rea tshwanela go ritibalela go nna le seabe mo phitlhelelong ya boikaelelo jwa phuthego?—1 Bakor. 12:21.
5 Botlhokwa jwa go lemoga molao-motheo wa botlhogo gape bo ka tshwantshwanngwa sentle ka khwaere ya diletso. Mo khwaereng e kgolo ya diletso go ka nna diopedi tsa dikgeleke di le 100 mme lefa go ntse jalo mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go ikaya a le mmotlana. Le e leng moopedisi o tshwanetse go ikaya a le mmotlana, ka gobo o tshwanetse go tlhalosa mmino jaaka motlhami a ne a ikaeletse gore o nne jalo. Gape diopedi tsotlhe tse di mo khwaereng di tshwanetse go ikokobeletsa moopedisi, ba le babotlana maloka le ene. Ga go felele moo, mme mo karolwaneng nngwe le nngwe, moo go nang le baopedi ba ba setlhotshwana ba tshameka seletso sengwe, go na le “setulo sa ntlha,” mme baopedi botlhe ba ba mo karolong eo ba tshwanetse go latela mokgwa wa gagwe gaufi thata ka mo ba ka kgonang. Ka jalo mo dirankureng tsa ntlha go na le moetapele. Ke fela ka thulaganyo eo go ka lediwang mmino o montle, o o tsamaisanang. Ee, go lemoga molao-motheo wa botlhogo go ka re thusa gore re ikaye re le babotlana.
BOIKUTLO JWA MOGOPOLO O O LEKALEKANENG GAMMOGO LE MOYA O O BOITSHEPO WA MODIMO
6, 7. Boikutlo jwa mogopolo o o tlhomameng bo ka thusa ka ditsela dife maloka le go ikaya re le ba babotlana?
6 Go nna le boikutlo jwa mogopolo o o lekalekaneng gape go tla re thusa mo ntlheng eno. Moaposetoloi Paulo o re gakolola jaana: “Gonne ke raea moñwe le moñwe mo go lona, ka tshegōhaco e ke e neilweñ, ka re, A se ka a ikgopola bogolo go chwanèlō ea gagwè ea go ikgopola; me a a ikgopolè ka tekanō, kaha Modimo o abetseñ moñwe le moñwe selekanyō sa tumèlō ka gōna.” (Bar. 12:3) Fa re iteba ka tshosologo, re sa letlelele gore boikgogomoso kana go ikgatlhegela go fatlhe go dira jalo, re ka bona mabaka a mantsi a gore re ikaye re le babotlana. Jang jalo?
7 Mongwe le mongwe wa rona o ikitse thata go gaisa go itsiwe ke ba bangwe. Re tshwanetse ra kgona go bona ka moo re tlhaelang ka teng mo go nneng bao re tshwanetseng go nna bona le mo go direng seo re neng re tshwanetse go se dira go gaisa ka moo ba bangwe ba neng ba ka re itse ka teng. Fela jaaka Paulo a ne a lela: “Se ke se ratañ, ga se se ke se dihañ; me se ke se ilañ, ke shōna se ke se dihañ.” (Bar. 7:15) Kwa ntle ga moo, jaaka Bakeresete re patelesegile gore re se ka ra atlhola ba bangwe setlhogo mme re tshwanetse go itshokela go sa itekanela ga bone ebile re sa ba belaele. Mme kwantle ga pelaelo ka kutlo-botlhoko re lemoga makoa a rona le moo boitlhomo jo bo phoso bo ka neng bo re tlhotlheleditse. Ka jalo ka baka la yone ntlha eno re tshwanetse go rata go ikaya re le babotlana mo go ba bangwe. Ga go tsela-pedi: Go nna le boikutlo jwa mogopolo o o lekalekaneng go tla re thusa mo dintlheng tseno.—2 Tim. 1:7.
8. Go lemoga nonofo ya moya o o boitshepo wa Modimo go ka re thusa jang mo go ikayeng re le babotlana?
8 Temogo e e molemo ya nonofo ya moya o o boitshepo wa Modimo gape e tla re thusa go ikaya re le babotlana. Go sa kgathalesege dikabelo kana diphitlhelelo tsa ona tsa tlholego, sa botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa ke moya o o boitshepo wa Modimo. (Seka. 4:6) Moya oo o o boitshepo o kgonisitse Bakeresete ba pele gore ba atlege mo go kalo-kalo mo tirelong ya bone mo e leng gore baba ba bone ba ne ba ngongoregela gore ba ‘tshelepantse lefatshe.’ (Dit. 17:6) Ba kgonne go bua ka tshosologo fa ba araba baganetsi ba bone ba bodumedi ka ntlha ya moya wa Modimo, lemororo ka tlholego ba ne ba sa rutega ebile e le batho fela. (Dit. 4:13, 29-31) Go lemoga gore bakaulengwe botlhe ba rona ba na le moya o o boitshepo wa Modimo go tla re thusa go ikaya re le babotlana mo go bone tota lefa re ka ba gaisa mo dikgonong dingwe go ya ka pono ya selefatshe. Seno se tshwanetse go re tlhofofaletsa go utlwa kgakololo eno: “Mo tlotloñ, a moñwe a beè eo moñwe kwa pele.”—Bar. 12:10.
9. Go lemoga botlhokwa jo bogolo jwa bogosi jwa ga Jehofa go tshwanetse ga nna le phelelo efe mo go rona?
9 Ka jalo, a re lemoga botlhokwa jwa bogosi jwa ga Jehofa Modimo? Fa re bo lemoga re tla iketleeleletsa go baya dikgatlhego tsa jone kwa pele mo matshelong a rona. Go dira jalo go tla re thusa gape gore re ikaye re le babotlana. Ke ka ntlhayang fa go ka tualo? Ka gobo fa re lemoga gore tiro ya bogosi eo rotlhe re tshwaraganeng nayo ke selo sa botlhokwa mme e seng rona, he ga re ne re ikutlwa re tshwenyegile ka mo go sa tlhokofaleng fa go diragala gore re tlodisiwe matlho maloka le tshiamelo ya tirelo eo re ka bong re e eleditse. Re tshwanetse go kaya tiro ya Modimo e le masisi, e seng rona. Re se lebaleng gore go na le dikarolo tse di lekanyeditsweng fela mo dipokanong tse di farologaneng tsa phuthego, dikarolo tse di lekanyeditsweng fela mo thulaganyong ya kopano ya potologo, dikarolo tse di lekanyeditsweng fela mo thulaganyong ya kopano ya kgaolo. Ka jalo go tla tlogelwa bangwe ba rona. Fa go ka nna jalo ka rona, a re ipeleng le bakaulengwe ba ba nang le ditshiamelo tseo bogolo go go ba tswela pelo. A re nneng le boikutlo jwa mogopolo jwa mopesalema yo o rileng: “Gonne letsatsi le le leñwe hèla mo malwapeñ a gago, le gaisa malatsi a makgolo a leshomè. Ke rata ka nna molebedi oa kgōrō mo tluñ ea Modimo bogolo go go aga mo megopiñ ea boikèpō.” Ee, go botoka thata go nna yo mmotlana mo phuthegong ya ga Jehofa bogolo go go nna yo mogolo mo phuthegong e e hutsitsweng, e e bosula ya ga Satane.—Pes. 84:10.
MAELE
10. Fa re ikaya re le babotlana re ka sireletsega mo matlhabisa-ditlhong afe?
10 Lefoko la Modimo Bibela le na le maele a mantsi. Ka sekai, e bontsha botlhale jwa go dirisa didirisiwa tse di looditsweng gore motho a se ka a ikitlimanya bogolo ka mo go sa tlhokafaleng. (Mor. 10:10) Gape e neela maele kaga go ikaya re le babotlana. Jesu ke ene a umakileng ntlha eno, jaaka re bala go Luke 14:8-11: “E re ha moñwe a gu laleditse modihō oa nyalō, u se ka ua dula mo mannoñ a a kwa pele; e se re kgotsa moñwe eo o tlotlègañ bogolo go wèna a ba a laledicwe ke èna; Me eo o gu laleditseñ naè a tla, a gu raea, a re, Shutèla monna eo; me hoñ u simolole go tsaea setulō se se kwa moragōragō ka ditlhoñ. Me e re ha u laledicwe, u eè u tseè setulō se se kwa moragōragō; gore, e tle e re eo o gu laleditseñ a tla, a gu reè, a re, Tsala, dulèla kwa pele; hoñ u tla dihana le tlotlō ha pele ga ba ba dutseñ baa ya nau. Gonne moñwe le moñwe eo o ikgodisañ o tla ñōtlahadiwa; me eo o iñōtlohatsah o tla godisiwa.”
11. (a) Ke ka ntlhayang fa go ikaya re le babotlana go ka dira gore re nne le dikamano tse di molemo le ba bangwe? (b) Boemo jo jwa mogopolo bo thusa gape jang mo dikarolong tse dingwe?
11 Go ka nna ga twe go leka go nna le dikamano tse di molemo le ba bangwe le gona ke maele. Go ikaya o le mmotlana ke tsela e le nngwe ya go fitlhelela mokgele o o eletsegang oo. Go amega ka melemo ya gago ke ga tlholego, mme fa re tlhobaeleletse go gaisa ba bangwe rea ba kgoreletsa. Mme fa re ikaya re le babotlana ga re bōpèle boemo jwa ba bangwe, ga re ba dire gore ba ikutlwe ba sa bolokesega kana ba ikutlwe ba le babotlana. Ga re ba dire gore ba itshireletse. Ka ntlha ya moo, ba tla re bontsha botsalano le lorato ka mo go oketsegileng. Go feta moo, go ikaya re le babotlana go tla re thusa go tila go ikgagamaletsa go gaisa ba bangwe. Seno se tla re thusa gore re se dumele go dira dilo tse di leng ka kwa ga dikgono tsa rona; go tla re thusa gore re se ‘ithwese morwalo o o tla re imelang,” jaaka maele a umaka. Kana, jaaka Jesu a go tlhalositse sentle thata, ke botlhale go bala tlhotlhwa. Go feta moo, maele a tla re thusa gore re se solofetse mo gontsi go na le moo re ka go kgonang.—Luke 14:28.
12. Go ikaya re le babotlana go ka thusa jang mo sedikong sa lelapa?
12 Maele a a re thusang go ikaya re le babotlana gape a dira le mo sedikong sa lelapa. Ka sekai, mosadi yo o botlhale o tla kgotsofalela go nna mo boemong jwa mothusi, le go ikokobeletsa monna wa gagwe, a itse gore seno se baka kagiso mo lelapeng ebile se tlhotlheletsa boitumelo. Fa a ikitlieleditse go nna mo boemong joo o gapa kamego le lorato tsa monna wa gagwe, ebile o mo dira gore a rate go mo direla dilo. Mme ke eng se se neng se ka itumedisa mosadi bogolo go gaisa go ratiwa ke monna wa gagwe mo go kalo mo e leng gore ka metlha o mmontsha kanaanelo le kamego, ka mafoko le ka ditiro? Mo ntlheng eno, e ntse e le maele gape ka monna gore a dumele moo mosadi wa gagwe a mo gaisang teng mme a kgotsofalele go tsaya boemo jo bo kwa tlase, a mo neela temogo e e ntseng jalo tlase ga botlhogo jwa gagwe. Seno se tla nna le phelelo e e molemo fela jalo mo go ene.
LORATO LO LO SENG BOGAGAPA KE THUSO E KGOLO GO GAISA
13, 14. Mo ntlheng eno, lorato lo lo senang bogagapa lo thusitse jang (a) Jonathane? (b) Jesu Keresete?
13 A kamego le lorato lo lo seng bogagapa di tla re thusa gore re ikaye re le babotlana? Ee, ebile tseno di gaisa tsotlhe! Sekao se se molemo ke Jonathane, morwa Kgosi Saulo. Re bala gore, fa Dafide a sena go bolaya seganka Goliathe, “mōea oa ga Yonathane oa logakana le mōea oa ga Dafide, me Yonathane a mo rata yaka a ithata.” (1 Sam. 18:1) Fa nako e ntse e tswelela, Jonathane o ne a simolola go lemoga gore Jehofa gaa tlhopha ene mme o tlhophile Dafide gore a nne motlhatlhami wa ga Saulo jaaka kgosi ya Iseraele. Mme ka ntlha ya lorato lwa gagwe go Dafide, a sa mo tswele pelo, Jonathane o rile: “U se ka ua boiha: gonne seatla sa ga rrè, Saule, ga se ketla se gu chwara; me u tla nna kgosi ea Iseraela, me ke tla bo ke rulaganye nau.”—1 Sam. 23:17.
14 Abo Jesu Keresete le ene ke sekao se se molemo jang! Jesu o rile: “Ke rata Rara.” Ka ntlha ya lorato loo, Jesu le ka motsotswana gaa ise a ke a akanyetse go lekana le Rraagwe, mme ka gale o ne a itse gore Jehofa Modimo ke tlhogo ya gagwe. (Yoh. 14:31; 1 Bakor. 11:3; Bafil. 2:6) Go feta moo, ka ntlha ya lorato lo logolo lwa ga Keresete go balatedi ba dikgato tsa gagwe ba ba tloditsweng, o ne a ikitlieleditse go ba swela. (Baef. 5:25) Sekao sa ga Jesu sa boingotlo le lorato eleruri se tshwanetse go re thusa gore re ikaye re le ba babotlana.
15. Moaposetoloi Paulo o neetse sekao sefe se se molemo sa go ikaya a le mmotlana?
15 Re setse re lemogile gore moaposetoloi Paulo o ikaile a le mmotlana go Bakeresete-ka-ene. Ka ntlhayang? E ne e le ka ntlha ya gobo a ba rata thata. Ka gone, fa a ne a kwalela Bakeresete-ka-ene kwa Roma, o ne a sa tlhologelelwa fela go ba nitamisa mo tumelong mme gape o ne a tlhologeletswe gore ba nitamise tumelo ya gagwe ka go kgothatsana. (Bar. 1:8-12) Mafoko a gagwe go bakaulengwe ba kwa Korintha a ntse a na le bosupi jo bo tshwanang: “Molomo oa rona o lo atlhametse, lona Bakorintha, pelo ea rona e pitlologile. Ga loa pitlagañwa ke rona, me lo pitlaganye mo loratoñ loa rona ka losi. Me yana le lona pitlologañ, gore e tlè e nnè tebogō ea kaha ke lo dihetseñ ka gōne; ke bua yaka ha ke bua le bana ba me.” (2 Bakor. 6:11-13) Tlhokomela dipolelo tse di tshwanang maloka le Bakeresete ba kwa Filipi le ba kwa Thesalonika.—Bafil. 1:8; 4:1; 1 Bathes. 2:7, 8.
16, 17. (a) Go ka tweng ka dikai tsa segompieno tsa go ikaya o le mmotlana? (b) Lorato lo ka thusa jang mo ntlheng eno?
16 A gare na dikai tse dintsi tse di molemo tsa seno mo metlheng ya segompieno? Eleruri go na le ba bantsi ba ba mo maemong a boikarabelo bao ba tlhomang dikao tse di molemo mo go ikayeng ba le babotlana. Ka boingotlo ba direla bakaulengwe ba bone ba ba tlhokang thuso. Seno se bonala segolo-bogolo kwa dipokanong tsa rona tse dikgolwane. Koo, go sa kgathalesege dikabelo kana maemo a tlholego mo phuthegong, botlhe baa ‘semelela ba bo ba thabunyela’ mo tirong.
17 Kwantle ga potso, lorato lo lo seng bogagapa lo tla re thusa go ikaya re le babotlana. Ee, ‘lorato ga lo ko lo ikgantsha, ga lo mabela, ga lo ko lo ipatlela dikgatlhego tsa lone fela.’ Ga lo a amega ka mo go sa tlhokafaleng kaga go amogela tshwanelo ya lone. (1 Bakor. 13:4, 5) Eleruri lorato lo ka re thusa, ka gobo lo tla re tlhotlheletsa gore re ‘se ipatlele molemo fela, me re batlele bagarona molemo.’ (1 Bakor. 10:24) Fela jaaka Paulo a boleletse Bakeresete ba Bagalatia, a re: “Lo nnè batlhanka, moñwe oa eo moñwe, mo loratoñ.” Go nna batlhanka mongwe wa yo mongwe eleruri go tlhoka gore mongwe le mongwe wa rona a ikaye a le mmotlana!—Bagal. 5:13.
18. Kgang eno ya go ikaya o le mmotlana e ka sobokanngwa sentle jang?
18 Ka phepafalo pego ya Bibela, gammogo le ditiragalo tsa lefatshe tsa bogologolo le tsa segompieno, di supa gore go ikaya o le mmotlana ke tsela ya botlhale. E baka gore re nne le dikamano tse di molemo le Jehofa Modimo, le Bakeresete-ka-rona gammogo le maloko a malapa a rona. Go feta moo, ke tsela ya go segofala ka gobo go kaya go abela ba bangwe melemo le tlotlomalo, ebile “go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” (Dit. 20:35) Gape go na le dithuso tse dintsi tsa go re tlhotlheletsa gore re ikaye re le babotlana: go etsa dikao tsa Bibela, go lemoga molao-motheo wa botlhogo, go nna le boikutlo jwa mogopolo o o lekalekaneng, go latela dikgogo tsa moya o o boitshepo wa Modimo, go tsaya maele tsiya le go bontsha lorato lo lo senang bogagapa. A ka metlha re akanyetseng gore go ikaya re le babotlana ke tshiamelo, ke lesego, go solegela ba bangwe gammogo le rona molemo, mme segolo go tlisetsa Jehofa pako.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Fa mongwe le mongwe e ka bo e le moopedisi, khwaere e ka bo e le kae?