Itirele Leina le le Molemo Jaanong!
“Se seatla sa gago se se bōnañ go se diha, u se dihè hèla ka nonohō ea gago; gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ, kwa u eañ gōna.”—Mor. 9:10.
1. Re tshwanetse go itirela leina le le molemo le Modimo ka nako efe?
GO TWENG fa bangwe ba re, ‘Gone fa bokhutlo bo sa tle fa ke santse ke tshela, he? Go ralala makgolo a dingwaga batho ba ne ba ntse ba akanya gore bokhutlo bo tla tla ba santse ba tshela mme ga boa ka jwa tla’? Go sa kgathalesege gore ditebelelo tsa bone ga dia ka tsa diragala, lobaka lwa go tshela lwa bontsi jwa bone e ne e ntse e le nako ya go itirela leina le le molemo le Modimo, ya go dumela mo Morweng wa Modimo, gore ba tle ba tsosediwe mo botshelong jo bo sa khutleng “mo letsatsiñ ya bohèlō.” (Yoh. 6:40; 11:24) Moaposetoloi Paulo bogologolo pele ga ‘metlha eno ya bofelo’ o ne a ka re: “Go tloga hano ke setse ke beecwe serwalō sa tshiamō.” Ka nako nngwe le nngwe eo motho a tshelang ka yone, ke nako ya gagwe ya gore a itirele leina le le molemo, ekane bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi kana bo kgakala-kgakala.—2 Tim. 4:8; Baheb. 11:4-38.
2. (a) A go na le sengwe se re ka se tsayang mo pakeng ya go swa, ekane dilo tse di bonalang kana dipe fela? (b) Ka jalo, ke kgakololo efe e e tshwanetseng?
2 “Yaka a dule mo sebopeloñ sa ga mmagwè, o tla ba a tloga yaka a tsile a sa ikatèga, me a se ketla a tsaea sepè kaga letsapa ya gagwè, se o ka tsamaeañ ka shōna a se chotse mo seatleñ.” (Mor. 5:15) Faele kaga dilo tse di bonalang, ga go sepe seo moswi a “ka tsamaeañ ka shōna a se chotse mo seatleñ.” Le fa go ntse jalo, botshelo jono bo siametse gore a ka itseela selo se le sengwe fela sa botlhokwa jo bo sa feleng—leina le le molemo le Modimo. Fa mongwe le mongwe wa rona a santse a tshela, ke yone nako ya go itirela leina le le molemo le Modimo. Sola nako eo molemo! E rekolole! “Se seatla sa gago se se bōnañ go se diha, u se dihè hèla ka nonohō ea gago; gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ kwa u eañ gōna.” Segolo thata jaanong, eleng kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, fa bontsi jwa bao ba tshelang bo ka tshogana bo sa bone loso, ke nako ya gore re dire seo diatla tsa rona di se bonang go ka se dira ka moo re ka kgonang mo tirong ya Bokeresete.—Mor. 9:10.
3. Go tlhokega kitso efe ya boammaaruri. mme e ka fitlhelela eng?
3 Fa re batla go itirela leina le le molemo le Modimo re tshwanetse go akanyetsa dikarolo tse pedi: se se sa siamang le se se siameng. Re tshwanetse ra emisa go dira se se sa siamang mme ra simolola go dira se se siameng. Re ka dira seno jang? Mogopolo o tshwanetse go kopanyelediwa. Paulo o rile, “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahacō yoa pelo [megopolo] tsa lona.” (Bar. 12:2) O boeletsa tsela ya go dira jalo gape go Baefesia 4:23: “Lo shahadiwè mo moeeñ oa pelo [megopolo] tsa lona.” Mme moya oo o kgethololwa go Bakolosa 3:9, 10: “Lo apotse motho oa bogologolo le ditihō tsa gagwè, Me lo apere motho eo mosha, eo o nntseñ a shahalediwa mo kicoñ [ya boammaaruri] kaha sechwanoñ sa eo o mo tlhodileñ.” Moya o o tlhotlheletsang mogopolo wa gago, o o shafatsang mogopolo wa gago o bo o go gogela kwa go ratweng ke Modimo ke kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Ona Bibela.
4. Ke ka ntlhayang fa go emisa fela go dira bosula go sa lekana, mme go tshwanetse ga dirwa eng gape?
4 Go ititaa sehuba fela o re ga o ne o dira dilo tse di sa siamang ga go thuse ka metlha. Go tweng fa o ka atlega ka go sa di dire ka lobakanyana? O ntse o sa sireletsega. Jesu o bontshitse seno ka setshwantsho. Moya o o maswe o ne o dule mo mothong, eleng “mo tluñ” ya ona, mme moragonyana wa boa. Erile o fitlhela ntlo e sena ope, o ne wa fudugela mo mothong yo gammogo le meya e mengwe gape e le supa, “me go hèle go behile mo mothuñ eo go heta ga ntlha.” (Math. 12:43-45) Go ntsha moya o o maswe mo ntlung eo go ne go sa lekana; go ne go tlhokega gore e tladiwe ka dilo tse di molemo gore meya e e maswe e retelelwe ke go tsena gape. Ga go a lekana fela gore re emise go dira se se sa siamang re bo re tlogela go le lolea—re tshwanetse go simolola go dira se se siameng. Kgoreletsa go dira bosula ka go tshwarega mo go direng molemo. Jakobe o rile, “Tlhabanañ le diabolo, me o tla lo tshaba. Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamèla.” (Yak. 4:7, 8) Fa o ntse fela wa bo o laletsa Satane; go tlatsa megopolo ka dinnete ke tshireletso.—Bafil. 4:8, 9.
GO TLHOKEGA GA KGOGO
5. Ke ka ntlhayang fa bantsi ba retelelwa ke go bala Bibela, mme bothata jo bo ne jwa rarabololelwa monna mongwe wa makgolo a dingwaga a le 19 a a fetileng jang?
5 Gompieno mo ditemeng tsa bodumedi le tsa dithuto tsa batho go na le matswakabele a dikgopolo tse di ganetsanang tsa dilo tse di siameng le tse di sa siamang. Fa bangwe ba ntse ba hukutsa, ba leka go bala Bibela mme ba bona e le thata. Ga se bone ba ntlha ba go itemogela selo se. Makgolo a dingwaga a le 19 a a fetileng monna mongwe wa Mo-Ethiopia o ne a palame mo kareng, a bala buka ya Isaia. “Me Filipo [wa moefangele] a tabogèla kwa go èna, me a mo utlwa a bala mo go Isaia moperofeti, me a re, A u tlhaloganya se u se balañ? Me a re, Nka tlhaloganya yañ, ha moñwe a sa nkgoge?” Mme Filipo a pagama mo kareng a tsamaya nae a ntse a mo tlhalosetsa.—Dit. 8:26-35; 21:8.
6. Re ka lebelela go fitlhela ‘Bo-Filipo’ ba segompieno kae, mme eseng kae?
6 ‘Bo-Filipo’ ba gompieno ba ba tshwanelegelang go goga ba bangwe gore ba tlhomamise tsela ya go itirela leina le le molemo le Modimo go tswa Bibeleng ba kae? Ga ba mo madumeding a a tlhomamisitsweng sentle, a a tlotliwang, a melaolao a La-Bodumedi, jaaka mongwe a ne a ka lebelela. Filipo e ne e se mokwaledi yo o tlotlegang kana Mofarisai, mme e ne e le mongwe wa Bakeresete ba ba sotlwang, ba ba gobololwang, ba ba bogisiwang. Dithuto tsa ditiragalo di re ruta gore ditsamaiso tsa bodumedi tse di tlhomamisitsweng le go amogelwa gantsi di tsiediwa ke dithuto tsa batho ebile di bonwe molato wa go timola mafoko a Modimo.
7. (a) Iseraele wa bogologolo o ne a timola Lefoko la Modimo ka tsela efe? (b) Dikereke tsa segompieno le maloko a dikereke mo go La-Bodumedi a editse Iseraele go le kanakang, e le gore ba tlola dikwalo dife?
7 Morafe wa Iseraele o ne o na le molao wa ga Jehofa, mme ba timotse kobamelo ya bone ka go e oketsa ka kobamelo ya Baale ya thobalano, e e neng e dirwa mo masimong lè mo mafelong a a tlotlometseng. Ditihalo tsa Bobedi 33:17 e umaka motswako ono, ka go re: “Leha go nntse yalo batho ba hèla ba isa ditlhabèlō mo maheloñ a a tlotlometseñ, me ea bo e le go isetsa Yehofa Modimo oa bōnè hèla.” Go tswaka boammaaruri le maaka mo go ntseng jaana ke seo Eliya a gwetlhileng Iseraele ka sone, a re: “Lo tla akabala ha gare ga maikutlō a le mabedi ka lobaka lo lo kaee? E re ha Yehofa e le ene Modimo, eañ naè: me ha e le Baale, hoñ lo eeñ naè.” (1 Dikg. 18:21) Dikereke tse dintsi le maloko a mantsi a dikereke gompieno a letlelela dibuka tsa thobalano, dibaesekopo tsa thobalano e e sa tshwanelang, thobalano ya pele ga lenyalo, boaka le bosodoma—le eleng go ya ntlheng ya go kgothaletsa dilo tseno tse Modimo o di iletsang ebile ba tswelapele ba di dira.—Bar. 1:26, 27, 32; 1 Bakor. 6:9, 10; Tshen. 21:8.
8. Erile fa morafe wa Juda o ne o tswa kwa botshwarong jwa Babilona, o ne wa timola le go dira Lefoko la Modimo lefela ka tsela efe e ntsha?
8 Juda o ne a tshwarwa a isiwa kwa Babilona ka ntlha ya masula a a ntseng jalo. Fa a boela morago, o ne a timola Lefoko la Modimo gape—mme jaanong eseng ka kobamelo ya thobalano, fela ka go tsenyeletsa mekgwa le dithuto tsa batho. Jesu o ne a nyaletsa baeteledipele ba bone ba bodumedi, eleng bakwadi le Bafarisai, selo se, a re: “Ke goreñ ha le lona lo tlola molaō oa Modimo ka ntlha ea mekgwa ea lona? Baitimokanyi ke lona, Isaia o boletse sentle kaga lona, a re, Chaba e, e ntlotla ka dipounama; me dipelo tsa bōnè di kgakala le nna. Me ba nkōbamèlèla lehèla, ka ea tle e re ba ruta, dithuto tsa bōnè e be e le dipolèlō tsa batho hèla.”—Math. 15:3, 7-9.
9. Paulo o bapisitse barekisi ba beine ba ba tsietsang le borabodumedi ba ba sa ikanyegeng ka tsela efe e e maatla?
9 Paulo o ne a bolela gore ba latlhile go kgotlhela Lefoko la Modimo ka dithuto tsa batho fa a ne a re: “Me re baketse dilō tse di hitlhegileñ tsa ditlhoñ, re sa tsamaee mo boherehereñ, re sa chware lehoko ya Modimo ka tsieco.” Barekisi ba beine ba ba tsietsang mo metlheng eo ba ne ba oketsa beine ya bone ka bojalwa jo bo sa loang kana tota le ka metsi gore ba e ntsifatse mme ba bone madi a a oketsegileng. Ka mo go tshwanang, bo-rabodumedi ba oketsa Lefoko la Modimo ka mekgwa le dithuto tsa batho go le dira gore le natefele batho ba lefatshe. Mme eseng Paulo! O boletse gore, “Ga re etse ba bantsi, ba ba bapalañ ka lehoko ya Modimo: me re bua mo go Keresete yaka e le ka bopeloephèpha, yaka e le ka Modimo, yaka e le mo ponoñ ea Modimo.”—2 Bakor. 4:2; 2:17.
10. Moaposetoloi Paulo o neetse tlhagiso efe, mme e itshupile jang gore e ne e se modumo fela?
10 Paulo o tlhagisitse gore Bokeresete bo ne bo tla tenega, ebile mo lekgolong la dingwaga la bone C.E. bo ne bo timotswe gotlhelele ke Molaodi wa Moroma Constantine. (Dit. 20:29, 30) Ka ntlha ya moo dithuto tsa bodimona tseo di simolotsweng kwa Egepeto le Babilona di ne tsa tsenyeletswa mo Bokereseteng—tharo-nngwe, moya o o sa sweng, molelo wa dihele, pakatori, dithapelo tsa baswi, go dirisa di-rosari le tse dingwe. Dithuto tseno ga di yo mo Bibeleng, mme di tsentswe mo melaong ya dikereke tse go tweng ke tsa Bokeresete. Di ntse di le teng le gompieno. Go feta moo, dikereke tsa segompieno tsa La-Bodumedi di ntse di timola Lefoko la Modimo le eleng go feta: ba okeditse lonyatso lo logolo loo lo lekang go supa gore Bibela ga e a tlhotlhelediwa, le kakanyo e e seng ya boitseanape ya thuto-tlhagelelo eo e ganang gore Modimo ke Mmopi wa legodimo le lefatshe gammogo le botshelo!
11. Ke dinonofo le ditumelo dife tse di farologaneng tseo di tshwayang ‘Bo-Filipo’ ba segompieno jaaka basupatsela ba ba molemo?
11 Ke bomang he, ba eleng ‘Bo-Filipo’ ba motlha wa gompieno bao eleng bagogi ba sebele? Bao ba dumelang gore Bibela ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo; bao ba le tsayang jaaka lebone la dinao tsa bone le lebone la tsela ya bone; bao ba sa oketseng sepe lefa e le go ntsha sepe mo go lone; bao ba letlelelang Modimo le Lefoko la ona go nna boammaaruri lemororo ba dira gore ‘motho mongwe le mongwe a fitlhelwe a le maaka’; le bao ba dirang ka natla mo go ‘rereng mafoko ano a a molemo a bogosi mo lefatsheng lotlhe jaaka tshupo’ phatlalatsa. (2 Tim. 3:16; Pes. 119:105; Dute. 4:2; Bar. 3:4; Math. 24:14) Ba dirisa Bibela jaaka motswedi wa bone, mme ba kgothaletsa bareetsi ba bone go ba lotolotsa, ba sa ba duma-dumele fela, mme ba dumela Lefoko la Modimo. (Dit. 17:11) Gore o tle o kgone go itirela leina le Modimo, o tshwanetse go ikaelela go nna mosupatsela yo o ntseng jalo yo o ikanyegang, ‘o ntse o ikeetleditse ka metlha yotlhe go fetola motho mongwe le mongwe yo o go botsang kaga tsholofelo e e mo go wena, gore, e tswa kae? Lefa go ntse jalo e nne ka boikokobetso le poifo.’ Kana, jaaka Paulo a umakile: “Lo itse kaha lo chwanetseñ go hetola moñwe le moñwe ka gōna.”—1 Pet. 3:15; Bakol. 4:6.
BATHO BAO RE TSHWANETSENG GO NNA BONE
12. Ke eng se se kayang mo gontsi mo go wena go na le go ithuta fela Lefoko la Modimo le go le rerela ba bangwe?
12 Fa re batla go itirela leina le le molemo le Modimo ga go a lekana fela go ithuta le go itse dikarabo. Re tshwanetse ra dirisa kitso eno mo go rona pele. Gore re tle re solegelwe molemo ka borona re tshwanetse go e tsaya e le ya rona. Fela jaaka monna wa mo Iseraeleng wa bogologolo mo tlung ya khutsafalelo, re tshwanetse go ‘e baya mo pelong.’ (Mor. 7:2) “Ka re, wèna eo u rutañ eo moñwe, a u bile ga u ithute? wèna eo u rèrañ gore motho a se ka a ucwa, a u bile ua ucwa? Wèna eo u reñ motho a se ka a diha boaka, a u bile u diha boaka?” Tota le moaposetoloi Paulo o kile a re: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rèrèla ba bangwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.” (Bar. 2:21, 22; 1 Bakor. 9:27) Ke selo sa motheo go na le seo re se dirang. Ke, Re ntse jang? “Motho eo o sa bōnaleñ oa pelo” o ntse jang? “Lona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ?”—1 Pet. 3:4; 2 Pet. 3:11.
13. Jehofa o ne a baakanya go akanya ga ga Samuele jang maloka le go atlhola batho?
13 Seo re leng sone ga se bonwe ka ponalo ya rona. Moperofeti Samuele o ne a rometswe kwa go Jese go tlotsa mongwe wa barwa ba gagwe gore e nne kgosi ya Iseraele. Samuele o ne a kgatlhiwa ke morwa wa ntlha yo o kwenneng mo mmeleng, me Jehofa a raya Samuele a re: “U se ka ua leba sehatlhōgō sa gagwè, leha e le go gola ga gagwè; gonne ke mo gannè: ka go bo Yehofa ga a bone yaka motho a bōna: gonne motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.”—1 Sam. 16:7.
14. Go neelwa dikai dife tse di oketsegileng tsa go bontsha gore diponalo di a tsietsa, mme selo sa botlhokwa ke eng?
14 Bokafantle bo a tsietsa. Jesu o rile bakwadi le Bafarisai ba ne ba lebega ba siame kafa ntle, mme ba ne ba le maswe kafa gare. (Math. 23:3, 27, 28) Bajuda ba motlha wa ga Paulo ba ne ba akanya gore pontsho ya kafa ntle ya go rupa e ne e ka ba boloka, mme Paulo o rile: “Gonne eo e leñ Moyuda ka bokahantlè hèla, e be e se èna; le go rupa mo go leñ kaha ntlè, eboñ mo nameñ hèla, e be e se gōna; Me Moyuda tōta ke eo e leñ èna mo teñ; le go rupa ke ga pelo.” (Bar. 2:28, 29) Ebile Paulo o kwadile dilo tse dikgolo tseo a neng a di fitlhelela, mme a oketsa ka go re, “Me ha ke sena loratō, ga go nthuse sepè.” Sengwe le sengwe seo re se dirang gore re itirele leina le le molemo le Modimo se tshwanetse go tlhotlhelediwa ke lorato lo lo tswang pelong. “Nna Yehofa ke hukutsa pelo.”— 1 Bakor. 13:1-3; Yer. 17:10.
15. Re tshwanetse ra bo re le batho ba mofuta ofe?
15 Ka jalo re tshwanetse ra nna batho ba mofuta ofe? Moaposetoloi o neela lenaane le eketeng lea boitshega la dilo tse di laoletsweng le dilo tse di iditsweng:
“A loratō lo nnè hèla lo sena boitimokanyō. ilañ se se boshula; ñaparèlañ se se molemō. Mo go rateñ bakauleñwe lo nnè lo ratanè ka loratō lo lo pepetletsañ; mo tloloñ, a moñwe a beè eo moñwe kwa pele; Mo tlhōahaloñ lo se ka loa nna bochwakga; lo nnè lo tukè mo moeeñ; lo dihèlè Morèna; Lo itumèlè mo choloheloñ; lo nnè pelotelele mo pitlaganoñ; lo nnèlè rure mo thapeloñ; Lo abèlè go tlhōka ga baitshepi; lo tlwaèlè go chola baeñ. Segōhatsañ ba ba lo bogisañ; segōhatsañ, me lo se ka loa hutsa. Itumeleñ le ba ba itumèlañ; lo lelè le ba ba lelañ. Lo nnè pelo ñwe hèla, moñwe le moñwe kaga eo moñwe. Lo se ka loa tlhōma pelo tsa lona mo diloñ tse dikgolo, me lo ikokobeletsè dilō tse di kwa tlhatse. Lo se ka loa ikgopola ha lo le botlhale. Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. Akanyañ dilō tse di tlotlègañ mo matlhoñ a batho botlhe. Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona. Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale; gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna. Lo se ka loa heñwa ke boshula, me henyañ boshula ka molemō.”—Bar. 12:9-19, 21.
16. Re tshwanetse go tila eng, mme re tshwanetse go senka eng?
16 Oo ke mofuta wa batho bao re neng re tshwanetse go nna bone! Go ka bo go boitshega tota fa kutlwelo-botlhoko ya Modimo e ne e se gone moo re tlhaelang teng ka ntlha ya makoa a rona. Motswedi o mogolo wa thuso ke o: kopanela le batho ba ba nang le mekgele e e tshwanang le ya gago. “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” Ikeheng mmuso o o akafalang wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka oo o timolang Lefoko la Modimo. “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.” Segakolodi sa gagwe se babogile mo a sa tlholeng a ikutlwa molato lemororo dibe tsa gagwe di fitlha kwa legodimong. Fela jaaka go ntse ka seaka sa sebele, go ntse fela jalo kaga gagwe: “Tsela ea mosadi eo o seaka e nntse yalo; o tla a ye, me a iphomole molomo, me a re, Ga kea diha boikèpō bopè.” Ka gone, ke ga botlhokwa gore re bone nonofo ka go kopanela le bao ba senkang go itirela leina le le molemo le Modimo, ‘re sa bakele go phuthega ga rona, jaaka mokgwa wa bangwe.’—Dia. 13:20; 1 Bakor. 15:33; Tshen. 18:4; Dia. 30:20; Baheb. 10:25.
KE NAKO YA GAGO JAANONG!
17, 18. Re tshwanetse go tlhoma megopolo ya rona mo go eng, mme ke ka ntlhayang fa seno se sa tshwanela go beelwa nako e e tlang?
17 Fa bokhutlo jwa tsamaiso e e bosula eno ya ga Satane bo ntse bo atamela, a re tlhomeng mogopolo mo go nneng ‘batho bao re tshwanetseng re ka bo re le bone,’ mo go shafatseng megopolo ya rona, mo go apoleng botho jwa bogologolo mme re apara jo bosha, le mo go itireleng leina le le molemo le Modimo ‘gore letsatsi la loso lwa rona le gaise letsatsi la botsalo jwa rona.’ (Mor. 7:1) Kana, kaga bao ba solofelang go rua paradaise ya selefatshe, gore letsatsi leo la loso le se tshogane la tla gotlhelele!
18 Mme ka gongwe o akanya gore bokhutlo bo tshwanetse bo ka bo setse bo tlile jaanong. A o akanya gore Morena o diegile mo go tleng ga gagwe? A o simolola go repisa seatla mo tirong e e botlhokwa ya go bolela bogosi jwa Modimo, kana le eleng go tseelegelwa mo boitsholong jo bo maswe? Go sa kgathalesege gore bokhutlo bo tla leng, eno ke nako ya gore seatla sa gago se dire seo se se bonang go ka se dira fa o ntse o itirela leina le le molemo. Mongwe le mongwe wa rona a ka nna a nyelela ka moso. Re tshwana le sethunya se se swabang, mouwane o o apogang, moriti o o fetang. (Yobe 14:1, 2; Yak. 4:14) Moreri 9:12 e tlhagisa jaana: “Gonne le motho ga a itse motlha wa gagwè: yaka ditlhapi tse di chwarwañ ka lotloa lo lo boshula, le yaka dinōnyane tse di chwarwañ ka mutlwane, bana ba batho ba chwarwa yalo ka mutlwane mo motlheñ o o boshula, mogañ o ba wèlañ ka choganeco.”
19, 20. (a) Mo godimo ga go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo phepa jaanong, go tlhokega eng gape? (b) Ke ka ntlhayang fa go potlakile gore re tseye kgato jaanong?
19 Re tshwanetse go dira mo go oketsegileng bogolo go lekawana leo le tsileng kwa go Jesu le mmotsa ka moo le ka bonang botshelo jo bo sa khutleng ka teng. Go bonala ekete o ne a tshela botshelo jwa boitsholo jo bontle, mme moo go ne go sa lekana. Jesu o okeditse ka go mo raya a re: “U ntshalè moragō.” Jesu ke ene sekao. (Math. 19:16-22; 1 Pet. 2:21) Gaa ka a dirisa maemo a Modimo a boitsholo mo botshelong jwa gagwe fela; gape o boleletse ba bangwe “Mahoko a a Molemō a bogosi.” O ne a re, “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” O ne a “tlhatlologanya metse le metsana eotlhe, a èta a ruta mo matluñ a bōnè a thutō, a rèra Mahoko a a Molemō a bogosi.” (Math. 4:17; 9:35) Fa batho ba ne ba batla go tlhola le ene ka lobakanyana ba bo ba leka go mo kganela gore a ba tlogele, o rile: “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.” Erile a bona matshwititshwiti a batho ba ba neng ba “patikegile ba gasagasame” semoyeng o ne a “ba tlhomogèla pelo, ka ba nntse yaka dinku tse di senañ modisa: me a simolola go ba ruta dilō di le dintsi.” (Luke 4:43; Math. 9:36; Mar. 6:34) O ne a romela baaposetoloi ba gagwe gore ba ye go rera, a ba laela jaana: “Me lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse.”—Math. 10:7, 8.
20 Jaanong re tshela mo metlheng ya bofelo e e tlhokofatsang ya tsamaiso eno ya Satane. “Lobaka lo khutshahetse.” Go potlakile thata gore re rere “Mahoko a a Molemō.” (1 Bakor. 7:29; 9:16) Jaanong ke lobaka lo lo boleletsweng-pele lwa gore ‘mafoko a a molemo ano a bogosi a rerwe mo lefatsheng lotlhe go nna tshupo, pele bokhutlo bo tla.’ (Math. 24:14) Lefa Jehofa a ka khutlisa tsamaiso eno e e bosula ka nako epe fela, o se ka wa ba wa lebala seno: JAANONG fa o santse o tshela; JAANONG pele ga fa o ka tsewa ke loso lwa tshoganetso; JAANONG ke nako ya gago ya gore o arole mo go rereng “Mahoko a a Molemō” le go itirela leina le le molemo le Modimo!
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Nako nngwe le nngwe eo motho a tshelang mo go yona, ke nako ya gagwe ya go itirela leina le le molemo