Itirele Leina le le Molemo le Modimo
“Leina ye le molemō le gaisa setlōlō se se tlhokègañ; le letsatsi ya losho le gaisa letsatsi ye motho o tsecweñ ka yeōna.”—Mor. 7:1.
1. Mongwe le mongwe o itirela eng, mme ka dinako dingwe a se direla ba bangwe?
MONGWE LE MONGWE o oketsa sengwe mo go seo a se dirang, le eleng le fa a sa dire sepe. Monna o betla dikika tse dintle, mme ka jalo a itirele leina le lentle la mmetli yo o setswerere. Mosadi o dira dijo tse di balolang, mme ka jalo a itirele leina la seapei. Motho wa boraro ene gaa dire sepe, mme o itirela leina la setshwakga. Mongwe le mongwe o itirela leina. Ebile ka dinako dingwe re direla ba bangwe maina. Saulo le bankane ba gagwe ba diretse Dafide leina le le bosula ka kgobololo ya bone. Dafide o diretse Modimo leina le le molemo ka Dipesalema tsa gagwe. Jehofa o kgonisitse Dafide go itirela leina le le molemo. Bangwe bao ba iphakang go emela Modimo ba o direla leina le le bosula ka maaka a bone a bodumedi le ditiro tsa bone tse di maswe. Baobamedi ba boammaaruri ba direla Modimo leina le le molemo ka mafoko a bone le ditiro tsa bone, mme ka go dira jalo ba itirela leina le le molemo le Jehofa Modimo.—Pes. 64:1-6; 1 Ditih. 17:8; Esek. 36:20-23.
2. Go na le polelo efe e eketeng e a gakgamatsa go Moreri, mme ke kgakololo efe e e latelang?
2 Go na le temana nngwe mo bukeng ya Bibela ya Moreri eo e ka bonalang e gakgamatsa babadi bangwe: “Leina ye le molemō le gaisa setlōlō se se tlhokègañ; le letsatsi ya loshō le gaisa letsatsi ye motho o tsecweñ ka yeōna.” Mo go ka diragala jang? Loso lo ka gaisa botshelo jang? Fa go ne go ka twe o tlhophe, a o ne o ka se tlhophe go simolola botshelo jwa gago bogolo go go atamela bokhutlo jwa jone? A re baleng temana eno gape, gammogo le ditemana tse di e latelang:
“Leina ye le molemō le gaisa setlōlō se se tlhokègañ; le letsatsi ya loshō le gaisa letsatsi ye motho o tsecweñ ka yeōna. Go molemō go tsèna mo tluñ ea khutsahalèlō bogolo go go tsèna mo tluñ ea ditlhapèlō: gonne mouō ke gōna bokhutlō yoa batho botlhe; me motshedi o tla go baea mo peduñ. Bohutsana bo molemō bogolo go ditshègō: gonne pelo e itumedisiwa ke sehatlhōgō se se tlhontseñ. Dipelo tsa ba ba botlhale di mo tluñ ea khutsahalèlō; me pelo tsa dieleele di mo tluñ ea ditlhapèlō. Go molemō mo mothuñ go utlwa kgalèmō ea ba ba botlhale, bogolo go go utlwa pina ea dieleele. Gonne yaka thathanyègō ea mitlwa ha tlhatse ga pitsa, ditshègō tsa seeleele di nntse yalo: se le shōna ke boithamakō.”—Mor. 7:1-6.
3. (a) Fano go tlotliwa ngwao efe ya bogologolo ya kwa Iseraeleng, mme ntlha e e nametsang segolo ka nako e e ntseng jalo ke efe? (b) Re itse jang gore leina le le umakilweng fano ke le le molemo?
3 A seno se tlhalosa kgang e e gakgamatsang ya go re letsatsi la loso lwa gago le gaisa letsatsi la botsalo jwa gago? Ee, fa o itse gore mafoko ao a builwe go diragala eng ebile kae. A bua kaga ngwao ya Iseraele wa bogologolo. Fa mung wa ntlo a tlhokofaletswe ke yo a mo ratang, ntlo ya bone e ne e nna ntlo ya khutsafalelo. E ne e le tlwaelo ya gore ditsala le baagelani ba tle go tshedisa. Ntlha e e nametsang go gaisa e ne e tla nna ya gore letsatsi la loso lwa moratwa yono le ne le tla gaisa letsatsi la botsalo jwa gagwe—fa a itiretse leina ye le molemo le Modimo. Ke boammaaruri gore ka Sehebera sa ntlha temana ya ntlha ya kgaolo eno e re fela “leina” go na le “leina ye le molemō.” Lefa go ntse jalo, go tshwanetse ga tlhaloganngwa gore leina le le umakwang fano ke le le molemo. Go ntse fela jalo ka Diane 22:1: “Leina ye le molemō le chwanetse go itshenkelwa bogolo go dikhumō tse dikgolo.” Dithanolo tse dingwe di tsenya letlhalosi “molemō” go bontsha mofuta wa leina le le kaiwang, fela jaaka ya Setswana. Tota leina leno le tshwanetse go nna le le molemo, ka bobedi mo seaneng seno le go Moreri 7:1; go seng jalo, dipolelo tseno di ka bo di sa utlwale.
4. Re ka nna le eng mo pakeng ya go swa mme re ne re sena naso fa re tsalwa, mme ka ntlhayang?
4 Fa re ntse re tshela, re itirela maina—maina a a molemo kana maina a a bosula. Fa re tlhalefile fa pele ga Jehofa, re itirela leina le le molemo le Modimo. Mme go tsaya lobaka. Ka letsatsi la botsalo jwa rona ga re ise re tshele ka mo go lekaneng go ka itirela leina lepe gotlhelele. Go feta moo, re tsalelwa mo boleong jwa ga Adame ebile re atlholetswe loso. (Bar. 5:12) Ka gone, fa dingwaga moragonyana, ka letsatsi la loso lwa rona, re itiretse leina le le molemo le Modimo re tla bo re na le sengwe seo re neng re sena naso ka letsatsi la botsalo jwa rona. Re na le leina leo Modimo o tla le gakologelwang fa a tsosetsa baswi botshelong mo bogosing jwa ga Keresete. “E segō kgakologèlō ea mosiami: me leina ya moikepi le tla bōla.”—Dia. 10:7.
BAHUTSAFADI BA BONA MOLEMO
5. Mohutsafadi a ka tlhatlhanya ka eng fa a ntse a le mo tlung ya khutsafalelo?
5 Mme fa Moiseraele wa bogologolo a ne a ya kwa tlung ya khutsafalelo go ya go gomotsa ba ba swetsweng, le ene o ne a bona molemo. Akanyetsa seno fa re bala gape dingwe tsa ditemana tseno. “Go molemō go tsèna mo tluñ ea khutsahalèlō bogolo go go tsèna mo tluñ ea ditlhapèlō: gonne mouō ke gōna bokhutlō yoa batho botlhe; me motshedi o tla go baea mo peduñ.” (Mor. 7:2) Gaa tlhomogele ba ba swetsweng pelo ka bopelonomi fela, mo boemong jwa go tswelapele ka botlhogo-e-thata a ntse a itlhapedisa, mme gape o tlhatlhanya ka ntlha ya gore mo tlung eno mongwe o tlhokofetse, gore go tlwaelegile, gore loso lo tlela mongwe le mongwe, le gore le ene le tla mo tlela. Fa letsatsi leo la loso lwa gagwe le tla, a le tla gaisa letsatsi la botsalo jwa gagwe? A o tla bo a ne a le botlhale mo botshelong jwa gagwe, mo eleng gore ka letsatsi la loso lwa gagwe o tla bo a itiretse leina le le molemo le Modimo? Batshedi ba tshwanetse go go tsaya tsia, fa go santse go na le nako ya go fetoga, ka gobo leina le le molemo ga le ne le kgonwa go dirwa mo metsotswaneng ya boikwatlhao jwa fa diphateng tsa loso.
6. Mo lobakeng lono, ke ka ntlhayang fa khutsafalo e gaisa setshego?
6 Polelo eno e tswelapele ka go re, “Bohutsana bo molemō bogolo go ditshègō: gonne pelo e e itumedisiwa ke sehatlhōgō se se tlhontseñ.” (Mor. 7:3) Bogolo go go senya nako ka maitlhapediso, go botoka go tlhatlhoba botshelo jwa gago, o lebane le diphoso tse di dirilweng mo nakong e e fetileng di bo di go hutsafatse. Go tla tokafatsa pelo ya gago go bo go go tlhotlheleletsa go fetola mekgwa ya gago le go simolola go itshwara ka botlhale, bogolo go go itshega-tshegela fela mo botshelong jwa gago jaaka seiaie se se senang boikarabelo. “Dipelo tsa ba ba botlhale di mo tluñ ea khutsahalèlō; me pelo tsa dieleele di mo tluñ ea ditlhapèlō.”—Mor. 7:4.
7. (a) Khutsafalo eno e ka dira gore mohutsafadi a nne mo seemong sefe sa mogopolo? (b) Ke ka ntlhayang fa setshego sa dieleele se tshwantshwanngwa le go thathanyega ga mmitlwa kafa tlase ga pitsa?
7 Gape, “go molemō mo mothuñ go utlwa kgalèmō ea ba ba botlhale, bogolo go go utlwa pina ea dieleele.” (Mor. 7:5) Go rakana le loso, fela jaaka kwa phitlhong, ke boitemogelo jo bo thethebatsang ebile bo tshwanetse jwa dira gore motho a akanye ka tsela ya gagwe ya botshelo. Gape go ka ba ga mmaya mo seemong sa mogopolo sa gore a reetse bagakolodi ba ba botlhale. Kgakololo, le eleng fa e neelwa ka bopelonomi, e bokete go itshokelwa, mme e botoka bogolo go go reetsa pina kana “pako ya dieleele.” (The New English Bible) Go utlwa le go tsayatsia dikgalemo tse di botlhale tse di fitlhelwang mo Bibeleng go tla re kgonisa go itirela leina le le molemo le Modimo. Go ja nako ya rona ka go reetsa go balabala ga boeleele ke boithamako: “Gonne yaka thathanyègō ea mitlwa ha tlhatse ga pitsa, ditshègō tsa seeleele di nntse yalo: se le shōna ke boithamakō.” (Mor. 7:6) Go tlhatlega pitsa ka mmitlwa ke matsapa fela. Kgabo e lakasela ka go thathanyega mo go tlhodiang, mme e bo e tima ka bofefo fa mmitlwa e nna melora. Mmitlwa ga e a lekanela go dira gore molelo o nnele ruri go fitlhela nama e butswa. Go sha mo go thathanyegang ga go thuse sepe fela jaaka setshego sa seeleele. Ga di fitlhelele mosola o o nnelang ruri.
POLELO E E GAKGAMATSANG LE ELENG GO FETA
8. Ereka re na le tlhaloganyo e e boteng, jaanong re lemoga thuto efe?
8 Jaanong he, ka kutlwisiso e e boteng eno, re boela kwa polelong ele ya go re “letsatsi ya losho le gaisa letsatsi ye motho o tsecweñ ka yeōna.” Re lemoga gore ga e sa tlhole e gakgamatsa mme ke thuto e e maatla ya ka moo re tshwanetseng go tshela matshelo a rona ka teng gore re itirele leina le le molemo le Modimo. Ka jalo letsatsi la loso lwa rona le tla gaisa letsatsi la botsalo jwa rona. Legale, ke gore fa letsatsi la loso lwa rona le ka tshogana le tla. ‘Lo raya jang?’ bangwe ba ka botsa. ‘Fa letsatsi la loso lwa rona le ka tshogana le tla? Lo raya gore go ka diragala gore le se tle? Ebu, eo ke polelo e e gakgamatsang le eleng go feta ya gore loso lo gaisa botsalo!’
9. Matlho a gago a bona maemo afe, mme tota-tota a ne a tshwanetse go bona eng?
9 Gape, ke kgang ya go utlwisisa metlha eo re tshelang mo go yone. A o na le matlho a a bonang, a a bogale tota? Eleruri o bona gore metlha eno e botlhoko ebile e bokete, gore batho ba bantsi ke baithati le baipegi, gore manyalo aa wa le malapa a a senyega, le gore go tsietsa le go bua maaka le ditlolo-molao tsa bothubaki ke ntletse-ntletse, le eleng gore ba bantsi bao ba iphakang go nna Bakeresete ba itshupa e le baitimokanyi. Mme a matlho a gago a bona seo dilo tseno di se kayang? Timotheo wa Bobedi 3:1-5, 13 e re bolelela gore di kaya eng:
“Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, ba sena loratō loa tlholègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; E le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse: le bōnè bauō o kgaoganè nabo. Me batho ba ba boshula le batsietsi ba tla nna ba shulahalèla pele hèla ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa.”
10. Ditsebe tsa gago di utlwa eng, mme di tshwanetse go lemoga eng gape?
10 A o na le ditsebe tse di utlwang, o le tsebe-ntlha tota? Eleruri o utlwile kaga dintwa, ditlala, dithoromo tsa lefatshe le dikgogodi tseo di tlhorontshitseng lefatshe go tloga ka 1914. O itse kaga boitsholo jo bo maswe joo bo tlhokofatsang lefatshe lotlhe. Ebile o utlwile kaga thero ya lefatshe ka bophara ya mafoko a a molemo a bogosi jwa ga Keresete a rerwa ke Basupi ba ga Jehofa, le kaga makhubu a pogiso ao a ba phashameditseng ka ntlha ya go bolela gore bogosi joo jwa dingwaga tse di sekete bo fa mojako. Mme a ditsebe tsa gago di utlwa bokao jwa dilo tseno? A di go lemosa boammaaruri jwa gore dilo tseno di ne di boleletswe-pele ke Jesu jaaka sesupo sa bokhutlo, fa barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa ba re, “Re bolèlèlè, go re, dilō tse di tla dihala leñ? Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?”—Math. 24:3.
11. Banyatsi ba reng, mme ka jalo ba itira eng?
11 A pelo ya gago e tsibolwa ke bokao jwa dilo tsotlhe tseno, kana a e thatafaditswe ke borekhu jo bo go dirang gore o re, “Dilo tsotlhe tseno ga di simolole jaanong”? Banyatsi le bone ke karolo e nngwe ya sesupo sa gore re mo “metlheñ ea bohèlō.” Bogone jwa bone bo boleletswe-pele go 2 Petere 3:3, 4: “Lo nntse lo itse mo pele, go re, mo metlheñ ea bohèlō bashotli ba tla tla ka chotlō, ba tsamaea kaha dithatoñ tsa bōnè, Ba re, Polèlō ea cholohècō ea go tla ga gagwè e kae? gonne e sale ka borara ba robala, dilō cotlhe di santse di nntse yaka di nntse di nntse le mo tshimologoñ ea popō.”
SENGWE SE SESHA
12. Ke eng seo jaanong se leng sesha mo ditiragalong tsa lefatshe?
12 Lefa go ntse jalo, eleruri pelo ya gago e tsiboswa ke ntlha ya gore fa o akanyetsa kgotlelo ya naletsana yotlhe eno ya rona o lemoga gore ‘dilo tsotlhe ga DIA nna jaaka di ne di ntse di ntse mo tshimologong ya popo.’ Batho ga ba ise ba ke ba nne le nonofo e e kana-kana ya go senya lefatshe leno jaaka naletsana e e ka agiwang. Jaanong ba na le nonofo eo, ebile ba e dirisetsa go dira fela jalo! Baitseanape ba neile bo-ramadirelo boranyane jo bo neng go twe ke lesego go setho sotlhe, mme lesego leo e nnile phutso, ka le kgotlela tikologo ya rona, ebile malwetsi a a bolayang a phasalala le lefatshe. Moya o re o hemang ke botlhole, mmu o o medisang dijalo tsa rona o na le botlhole, dinoka tse dintsi le matsha ao a re nayang metsi a a nowang dia kgala, ebile mawatle e nna bodutelo jwa metsi a a maswe mo lefatsheng!
13. Banyatsi ga ba kgone go kaya karolo efe ya sesupo ba re, “Ga e simolole jaanong”?
13 A pelo ya gago e lemoga gore nonofo ya lefatshe ya go tshedisa e mo kotsing, gore seno ga se ise se ke se diragale, le gore banyatsi ga ba ne ba re se a ipoapoeletsa? Ba ka nna ba rialo, mme ntlha ke gore go senya mo ga lefatshe go ne go boleletswe-pele jaaka karolo ya sesupo sa ‘metlha ya bofelo.’ Buka ya Bibela ya Tshenolo e senotse seno ekane makgolo a dingwaga a le 19 a a fetileng, go kgaolo 11, temana 18, ka go re: “Me dichaba tsa tlala bogale, me bogale yoa gago yoa tla, le lobaka loa bashwi go atlholwa, le lobaka loa go naea baperofeti batlhanka ba gago tuèlō ea bōnè, le baitshepi, le ba ba boihañ leina ya gago, bannye le bagolo; le loa go senya ba ba senyañ lehatshe.”
14. Ke ka ntlhayang fa bontsi jwa motlha wa ga Jesu, mme jaanong le bontsi jwa motlha wa rona, bo retelelwa ke go tsaya tlhagiso eno tsia?
14 Fa matlho a gago a le bogale tota, ebile o le tsebe-ntlha tota, gape pelo ya gago e sena borekhu, o tla tlhaloganya gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” le gore bokhutlo jwa tsamaiso e e bosula eno ya dilo bo a atamela. Mme bontsi jwa batho ga bo tlhaloganye seno, fela jaaka bontsi jwa motlha wa ga Jesu bo sa ka jwa tlhaloganya molaetsa wa gagwe o o tlhagisang. Seo a se ba boleletseng ka nako eo, fa a ne a tsopola boperofeti jwa ga Isaia, se dira go batho ba gompieno:
“Leha ba lebile, ga ba bone, leha ba utlwa, ga ba utlwe, le gōna ga ba tlhaloganye. Me polèlèlō pele ea ga Isaia e ba dihaletse, e e rileñ, Go utlwa lo tla nna lo utlwa, me ga lo ketla lo tlhaloganya gopè; le go leba lo tla nna lo leba, me ga lo ketla lo bona gopè: Gonne dipelo tsa batho ba di akotse, ba kabetse ditsèbè, ba ipuduladitse matlhō; e se re kgotsa ba lemoga ka matlhō, ba utlwa ka ditsèbè, ba tlhaloganya ka pelo, me ba shokologa gapè, me ka ba hodisa.”—Math. 13:13-15.
15. Ke bomang bao jaanong ba ka ipelang, mme ba lebeletse tsholofelo efe?
15 Jesu o okeleditse barutwa ba gagwe mafoko ano mo temaneng e e latelang: “Me matlhō a lona a segō, gonne aa bōna; le ditsèbè tsa lona, gonne dia utlwa.” Bao gompieno ba nang le matlho le ditsebe le dipelo tseo di bonang le go utlwa le go tlhaloganya gore re tshela “mo metlheñ ea bohèlō” ba ka itumela eleruri. Ba bolelelwa gore, “Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.” (Luke 21:28) Bangwe ba bao ba tshelang “mo metlheñ ea bohèlō” ba ka tshogana ba sa lebane le letsatsi la loso lwa bone. Jesu o bapisitse lobaka lono le motlha wa ga Noa. Fela jaaka Noa le lelapa la gagwe ba bolokilwe ka morwalela o o sentseng baikepi, ka jalo gompieno bao ba leng botlhale mme ba itirela leina le le molemo le Modimo ga ba ne ba bona loso fa Jehofa Modimo a senya tsamaiso e e bosula eno ya dilo ka ntwa ya gagwe ya Hara-Magedona. Ka jalo ga se go ijesa dijo tsa ditoro go umaka gore bangwe ba ka tshogana ba sa bone letsatsi la loso lwa bone. Bogolo, ke go bontsha tsholofelo e e tswang mo Modimong.
16, 17. Batho ba itlhokomolosa eng, mme ke eng se re tshwanetseng go se dira jaanong?
16 Mo Iseraeleng wa bogologolo, mongwe o ne a ka kaya gore o ne a tla itirela leina le le molemo le Modimo ka nako e e setseng ya botshelo jwa gagwe jwa tlholego. O itlhokomolosa ntlha ya gore a ka nna a swa ka moso. O itse gore ba bangwe ba tla swa, mme eseng ene. Ba bangwe ba babotlana mo go ene ba tla swa, mme eseng ene. Ene ka metlha o bona a santse a saletswe ke dingwaganyana di sekae. Go bua jalo ke phoso ya batho, e e kotsi tota. Go ka bo go ntse jalo le eleng go motho wa mo Iseraeleng wa bogologolo, mme ke kotsi e kgolo thata-thata go rona gompieno. Ga re tshele mo metlheng e e siameng, moo re neng re ka lebelela go tshela lobaka lwa rona lo lo tlwaelegileng lwa dingwaga di le 70 kana le eleng di le 80. Re “mo metlheñ ea bohèlō.” Loso lwa tsamaiso ya dilo lo a atamela. Re patelesegile go tsaya-tsia mafoko a Baefesia 5:15-17, a a reng: “Ke gōna, lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; Ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e, e boshula. Ke gōna se nneñ boeleele, me lo tlhaloganyè go rata ga Morèna, go re, ke eñ.”
17 Jaanong ke nako e e tshwanetseng, eleng fa o santse o tshela, pele ga letsatsi la loso lwa gago, gore o itirele leina le le molemo le Modimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Letsatsi la loso le gaisa letsatsi la botsalo—go ka diragala jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Letsatsi la loso le gaisa seno jang?