Dikopano tsa Kgaolo tsa “Boikanyegi jwa Bogosi”
ABO boikanyegi bo welwa jang nne! Babusiwa ba bontsha botlhoka-boikanyegi ka go tsietsa ka makgetho a bone; banyalani baa tsietsana; bathapiwa ba tsietsa bathapi ba bone ka ditsela tse dintsi-ntsi; bo-rabodumedi ba tsietsa mo go utlweng Modimo ka boitimokanyi jwa bone. Ka jalo, abo tlhomamiso ya gore Jehofa Modimo, godimo ga botlhe, ke Yo o ikanyegang e gomotsa jang nne!—Yer. 3:12; Tshen. 15:4; 16:5, bapisa NW
Jaaka baetsi ba Modimo le rona re batla go bontsha boikanyegi, mme segolo thata re batla go ikanyega go Jehofa Modimo le bogosi jwa gagwe. Fa re ikanyega go Jehofa ga a ne a re latlha.—Pes. 18:25; 37:28; Bar. 8:35-39.
Satane le lefatshe la gagwe ba batla go re hepisetsa go dira ditiro tsa botlhoka-boikanyegi, mme ka jalo re tlhoka thuso yotlhe eo re ka e bonang gore re nne re ikanyega. Ke dikai dife tse dintsi tsa bao ba tseelegileng, kana, le eleng mo go maswe go gaisa, ba ba kgaotsweng, mme e se dikai tsa botlhoka-boikanyegi?
Gore re thusege mo go lebaneng le kgwetlho ya go ikanyega go Jehofa le bogosi jwa gagwe ka katlego, ebile mo tumalanong le temana ya rona ya ngwaga, eleng Pesalema 145:10, 11, setlhogo “Boikanyegi jwa Bogosi” se tlhophetswe dikopano tsa rona tsa kgaolo tsa 1981/82. Re ka ikanya gore dikopano tsa rona tsa “Boikanyegi jwa Bogosi” di tla kgothatsa, di tsibosa semoyeng ebile di itumedisa fela jaaka dikopano tsa ngogola tsa “Lorato lwa Bomodimo.” Go tla nna le dipuo tse di agelelang, tseo di simololang ka Labone mo mosong mme di tswelapele ka malatsi otlhe a le mane, tseo ope a sa tshwanelang go di fosa.
DIKOPANO TSA KGAOLO TSA 1981 MO AFRIKA BORWA
December 24-27: Bloemfontein, Kanyamazane, Klerksdorp, Maseru, Seshego
December 31-January 3: Gaborone, New Brighton, Newcastle, Saulsville, Umlazi, Umtata, Wattville