LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 7/1 ts. 9-15
  • Tshabelang Kwa Bogosing jwa Modimo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tshabelang Kwa Bogosing jwa Modimo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO FALOLA GO BABILONA
  • TSHABELANG MOTSENG WA MODIMO—SIONE
  • Re Tla Falola Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Buka ya Bibela ya bo 58—Bahebera
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Itise mo go Tlhokeng Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • “Cwañ mo go Ena, Lona Batho ba me”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 7/1 ts. 9-15

Tshabelang Kwa Bogosing jwa Modimo!

1. Mo lekwalong la ga Paulo go Bahebera, go ka elwatlhoko eng maloka le phalolo?

MOAPOSETOLOI Paulo, mo makwalong a gagwe go ya go Bahebera, o na le dilo dingwe tsa botlhokwa go di bolela mabapi le phalolo. O akaretsa dintlha di le pedi: dilo tse di tshwanetsweng go elwatlhoko le dilo tse di tshwanetsweng go tilwa. Mo go tshegetseng kgang ya gagwe, gangwe le gape o tsopola go tswa Dikwalong tsa Sehebera, tseo babadi ba gagwe ba nako eo​—Bajuda bao ba neng ba fetogile Bakeresete​—ba neng ba tshwanetse ba bo ba tlwaelane natso.

2. Paulo o ile a bapisa Morwa Modimo le baengele jang, se se gogela phetsong efe?

2 Mo kgaolong ya ntlha ya Bahebera, Paulo o gatelela boemo jo bo kwa godimo jwa Morwa Modimo mo baengeleng. Mme morago moaposetoloi o re: “Ke gōna, [rona Bakeresete] re chwanetseñ go tlhōkōmèla segolo thata dilō tse di utlwilweñ, e se re kgotsa ra di katogèlèla koñ. Ka gonne ha lehoko ye le builweñ ka baengele le hitlhecwe le le tlhōmamō, . . . Ana rona re tla halola yañ, ha re tlhokomologa polokō e e kalō? e e rileñ e sena go bolèlwa ka Morèna [wa rona Jesu Keresete], . . .”​—Baheb. 2:1-4.

3. (a) Tsholofelo ya poloko ka Keresete Jesu e molemo go na le tsholofelo efe, mme ka ditsela dife? (b) Ke eng se se tsamaisanang le “cholohelo e e gaisañ”? (c) Go na le tlhokafalo efe, ekane ditsholofelo tsa rona ke tsa selegodimo kana selefatshe?

3 Tsholofelo ya poloko e e neetsweng ka Jesu Keresete e molemo thata ebile e kgolo go na le eo e neetsweng ka Molao wa go “tlhōñwa ke baengele” kwa Thabeng ya Sinai. (Bagal. 3:19) E molemo gonne e thailwe “go kgōlaganō e e molemō bogolo, e e theilweñ mo dipoleloñ tsa choloheco tse di molemō bogolo,” setlhabelo se se molemo thata (se se dirilweng “gañwe hèla,” se neela “cholohèlō e e gaisañ”) le boperisiti jo bogolo, jo bo tshwanang le jole jwa ga Melekisedeke. (Baheb. 7:15-25; 8:6; 9:23-28) Lefa go ntse jalo, “cholohèlō [eno] e e gaisañ” e tsamaisana le boikarabelo jo bogolo. Ka gone, go na le tlhokafalo ya go tlhokomela segolo thata le go elatlhoko gore re tile tlhokomologo epe, gore re ‘katogele kgakala.’ Mme lemororo mono go ne go tlotliwa poloko ya selegodimo, maikarabelo a a tshwanang a godimo ga bao ba nang le tsholofelo ya selefatshe kafa tlase ga bogosi jwa Modimo.

4. Go kayang go katogela kgakala, mme se se ka dira jang go Bakeresete?

4 Go tlhokega boiteko jo bo kana-kang go simolola go katogela kgakala? Ga go na boiteko bope. Fa re le mo nokeng, ekane re mo mokorong kana mo metsing, re sutisiwa fela ke metsi ka phefo. Go a tshwana mo botshelong jwa sebele. Fa rona, jaaka Bakeresete, re simolola go katogela kgakala, re fokwa ke ditlhotlheletso dipe fela tseo di ka fokelang ntlheng ya rona, ekane di tswa ditshekamelong tse di ruilweng tsa kafa teng kana go tswa kwa ntle. Re simolola go latlhegelwa ke melemo ya semoya. Se se ka tswelela ka bonya mme se tshwanetswe go lebelwa. Ha go sa nna jalo, re ka iphitlhela re sa tlhole re ‘tshwere botshelo jwa sebele’ mme re ka nna mo kotsing ya go latlhegelwa ke botshelo gotlhelele. (1 Tim. 6:19) Jaaka Paulo a tlhalositse, re ka falola jang matswela a bofelo a a senyang fa boikutlo jo jwa go tlhokomologa le tsela di sa tsenngwa leitlho?

5. Ke kgatlhano le boemo bofe jo bo kotsi jwa pelo joo mafoko a a tswelelang a ga Paulo go ya go Bakeresete ba Bahebera a bo re phaphamisetsang?

5 Ka mafoko a a tswelelang a ga moaposetoloi go Bakeresete ba Bahebera, re phaphamisediwa go bona tsela e e kotsi thata. O kwadile jaana: “Lo itisè, ba ga echo, e se re kgotsa go bo go ka nna le mo go moñwe oa lona pelo e e boshula, e e sa dumeleñ, ea go kgaogana le Modimo o o tshedileñ: Me lo laanè ka malatsi aotlhe, ka go sa nntse go ka twe, Gompiyeno; gore opè oa lona a se ka a kgwaraladiwa ke tsieco ea boleo.”​—Baheb. 3:12, 13.

6. (a) Go kayang “go kgaogana” le mongwe? (b) Ke eng se se bakang “go kgaogana le Modimo o o tshedileñ,” mme se ka tilwa jang?

6 Go simolola go katogela kgakala ga go tlhoke boiteko bope; mme go simolola “go kgaogana” le mongwe go kopanyeletsa go tsaya kgato e e tlhamaletseng. Lemororo re santse re lebane le motho mo boitekong jwa go bona kamogelo ya gagwe, lefa go le jalo re ka simolola go boela kwa morago kana go kata ka morago go tswa mo go ene ka go tsaya dikgato tse di boelang kwa morago. Ka ntlhayang ope fela a ka simolola “go kgaogana le Modimo o o tshedileñ”? Karabo ke: Ka ntata ya tlhaelo ya tumelo. Jaaka mo ditemaneng tse di potologileng di bontsha, Paulo o ne a sa bue kaga tumelo e e bokoa eo e nnileng gone ka ntlha ya kitso e e tlhaelang kana kutlwisiso eo eseng yone. Bogolo, o ne a tsopola tlhagiso, “se ikgwaralatseñ pelo.” Ke seo se dirilweng ke Baiseraele ba nama mo nageng, lemororo ba ne ba ile ba bona “ditihō tsa ga [Jehofa] ka dinyaga di mashomè manè,” ba ne ba ile ba ipelela dipaakanyetso tsa kgakgamatso tsa gagwe tsa ka metlha yotlhe le tshireletso. (Baheb. 3:7-11) Ka gone, Bakeresete botlhe ba boammaaruri gompieno ba tshwanetse go tswelapele go thusana le go kgothatsana e le gore ba ka tila go tsaya dikgato tse di boelang kwa morago ka ntata ya go “kgwaraladiwa ke tsieco ea boleo.” Re tshwanetse go kgothatsana go boloka tumelo ya rona e tshela. Jang? Ka ditiro tsa tumelo. Gakologelwa, Aberahame o ile a tsaya kgato ka kutlo mo tumelong kafa tlase ga teko e e botlhoko mme ka gone “a bidiwa tsala ea Modimo.” Le rona, jaaka basupi ba ga Jehofa, re tla fenya fa fela “re tshegetsa tshimologō ea boikanyō yoa rona go ea ka tlhōmamō kwa bokhutloñ.”​—Baheb. 3:13, 14; Yak. 2:21-26.

7. Go ya bokhutlong jwa lekwalo la gagwe go Bahebera, Paulo o bontsha jang gore boikarabelo jo bo mahetleng a Bakeresete bo bogolo go na le joo bo neng bo beilwe go Baiseraele ba nama?

7 Go ya ntlheng ya bokhutlo jwa lekwalo la gagwe go Bahebera, Paulo o tswelela ka puisano e e tshwanang jaaka a dirile go Bahebera 2:1-4. O bontsha boikarabelo jo bogolo jo bo mo mahetleng a Bakeresete, jaaka bo bapisiwa le Baiseraele ba bogologolo ba nama. Lefa go ntse jalo, o dirisa le eleng tlhaloso e e thatanyana ka go re: “Gonne ha bauō ba se ka ba halola yale, ka ba gana eo o tlhagisañ a le mo lehatshiñ, bogolo thata rona ga re ketla re halola, ba re hularèlañ èna eo o tlhagisañ a le kwa legodimoñ.”​—Baheb. 12:25.

8, 9. (a) Ke eng se se kopanyelediwang mo go hulareleng mongwe, mme, mo dikgannyeng tsa semoya, go ka gogela matsweleng afe? (b) Ke jang ebile ke ka ntlhayang re tshwanetseng go tseela ditlhagiso tseno pelong? (c) Go tla diragalang fa re amogela kotlhao ya bomodimo?

8 Go hularela mongwe go raya go naya yo o ntseng jalo mokwatla ka boomo mme gantsi go supa go gana. Se e nnile boikutlo le tsela eo e tserweng ke Baiseraele ba nama jaaka morafe go fitlha fela mo motlheng wa ga Malaki, ha Jehofa a ne a ba bolelela: “E sa le ka metlha ea borra eno lo nntse lo hapogile ditaeō tsa me hèla, ga loa di tshegetsa.” (Mal. 3:7) Mme fa Mokeresete wa motlodiwa, Moiseraele wa semoya, a tsaya dikgato tseno tse di tswelelang tse di bosula, phelelo e tla nna efe? Go na le kotsi e e masisi ya gore o tla wela mo seemong sa bao Paulo a kwadileng ka bone: “Kaga bōnè ba ba kileñ ba bōnesiwa, . . . Me ha ba tlogile ba tenèga; bauō, go reteletse rure go ba shahaletsa gapè kwa boikwatlhaoñ.” (Baheb. 6:4-6) Legale, ke Jehofa Modimo le Keresete Jesu ba le bosi ba ka tlhomamisang fa motho a gorogile mo ntlheng eo go ka retelang ka ene go shahalediwa gape kwa boikwatlhaong.

9 Re tshwanetse go tseela ditlhagiso tseno kwa pelong. Tatlhegelo ya tumelo e ka simolola ka go itetla ga rona go sa anaanele dilo, go bontsha moya wa botlhokomologi, tota re katogela kgakala ka go sa ipone. Kgato kana boikutlo e le nngwe eo eseng yone e ka gogela go e nngwe ga motlhofo fela go fitlha re le kwa kgakala thata, mme re iphitlhela re wele go pota ka kwa ga ntlha ya go rarabologelwa. Pele ga seo se diragala Jehofa kwantle ga pelaelo o re neela kotlhao nngwe, eo Paulo a buang kaga yone mo lekwalong le le tshwanang mme eleng kgakololo eo ka botlhale re tshwanetseng go e amogela. Paulo o kwaletse Bakeresete ba Bahebera go re: “Lo bile lo lebetse taeō e e buañ le lona yaka bana, e re, Morwaaka, se nyatse koatlhaō ea ga Yehofa, u bo u se ñodiege ha u kgalemèlwa ke èna; Gonne eo Yehofa o mo ratañ oa tla a mo oatlhaee, a kgwathise ñwana moñwe le moñwe eo o mo amogèlañ. . . . Mo bakeñ lono, ekete koatlhaō eotlhe e nntse yaka ekete ga e na boitumèdishō, ha e se tlhokohaco hèla: leha go nntse yalo, ea re kwa moragō, ba ba e rutintshicweñ, e ba uñwèle louñō loa kagishō, eboñ louñō loa tshiamō.”​—Baheb. 12:5-11.

10. Ka ntlhayang le ka motlha re sa tshwanela go tlhaetsa bakaulengwe ba rona ba semoya matlho kana go ba tsaya ka tsela eo eseng yone kana le eleng rona ka borona?

10 Go tswa metlhaleng e e fa godimo, re se konele ka gore Paulo o ne a tlhaetsa bakaulengwe ba gagwe ba semoya matlho kana go ba leba ka mo go sa tshwanelang. Le rona gompieno re se itlhaetse kana go tlhaetsa ba bangwe matlho mo phuthegong ka tsela e e tshwanang. Le eleng morago ga gore moaposetoloi a bolelele Bakeresete bao ba Bahebera gore ba ne ba “kabetse ditsèbè” mme ba ne ba ‘tshwanetswe ke mashi, eseng dijo tse di loileng’​—mme morago ga go utlwatsa tlhagiso kaga bao ba ileng ba wa go pota ka kwa ga boikwatlhao—​o re: “Me baratwa, leha re bua yana, re sholohetse dilō tse di molemō bogolo go tseuō kaga lona, le dilō tse di pataganyeñ le polokō.” Paulo he o neela kgothatso e e molemo ya gore ba nne “baetsi ba bōnè ba ba ruileñ dipolèlō tsa choloheco ka tumelo le ka bopelotelele.”​—Baheb. 5:11, 12; 6:4-6, 9-12.

GO FALOLA GO BABILONA

11. Ke boperofeti bofe joo Daniele a ileng a tlhotlhelediwa go bolelela-pele phalolo ya batho ba Modimo mo go jone?

11 Ntlha-kgolo mo phalolong epe fela ke go tshaba mo lefelong le le tshosang kana seemo mme go dirwa jalo ka boikutlo jwa potlako. A go na le tlhokafalo epe ya go tsaya kgato e e ntseng jalo gompieno? Ee, e teng. A a amanang ka tlhamalalo le seemo se se tlhokofatsang seo Bakeresete jaanong ba iphitlhelang mo go sone ke mafoko ano ao moperofeti Daniele a ileng a tlhotlhelediwa go a kwala: “Me e tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, kgōsana e kgolo e e èmèlañ bana ba batho ba ga eno: me go tla nna motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo: me mo motlheñ ouō batho ba ga eno ba tla gololwa, moñwe le moñwe eo o tla hitlhèlwañ a kwadilwe mo lokwaloñ.” (Dan. 12:1) Ee, batho ba ga bo Daniele​—tota batho ba Modimo​—ba ne ba tla falola. A tlhomamiso e ntle jang nne!

12. (a) Jesu o ile a ama boperofeti joo jwa ga Daniele leng? (b) Mikaele o ile a ema ka dinao le go bontsha nonofo ya gagwe leng ebile mo boemong jwa bomang?

12 A supela tirisong e kgolo mo motlheng wa rona, “motlheñ oa bokhutlō,” Jesu o ile a ama mafoko ao ha a ne a neela boperofeti jwa gagwe jo bogolo jo bo kwadilweng go Mathaio kgaolo 24. O rile: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” (Dan. 12:4; Math. 24:21) Esale go tswa ka 1914 C.E. Jesu Keresete e nnile kgosana ya selegodimo, eleng Mikaele, yoo o ileng a ema ka dinao le go bontsha nonofo ya gagwe mo boemong jwa batho ba Modimo ba gompieno. Mme bone ke bomang? Eseng Baiseraele ba nama, mme masalela a Baiseraele ba semoya bao “go rupa [ga bone] ga pelo, mo go emeñ mo moeeñ, e señ mo ditlhakeñ tsa lokwalō.”​—Bar. 2:29.

13. Masalela a Baiseraele ba semoya a ile a bilediwa go tshaba go Babilona yo Mogolo go tswa leng, mme boemo jwa bone pele ga nako eo e ne e le bofe?

13 Lefa go ntse jalo, bogolo-bogolo esale go tswa ka 1919 C.E. masalela a gagwe a a ikanyegang le go itshekisiwa a ile a utlwa pitso: “Heè, heè, tshabañ, lo cwè lehatshiñ ya botsheka, . . . Heè Siona, wèna eo u agileñ le morwadia Babelona iphalodisè.” (Seka. 2:6, 7; Yer. 51:45) Pele ga ngwaga oo le ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, masalela ano a ne a le mo botshwarong go Babilona yo Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka.

14. (a) Ke bomang bao ba ‘kwadilweng mo lokwalong’? (b) A ba bangwe ba falola phediso mme, ha go ntse jalo, ke bomang?

14 Jaaka Daniele a ile a bolelelwa, mongwe le mongwe wa masalela o ‘fitlhelwa a kwadilwe mo lokwalong.’ Ke bontlhanngwe jwa ‘phuthego ya batsalwa-pele ba ba kwadilweng kwa legodimong.’ (Baheb. 12:23; bona gape Malaki 3:16.) Ba ba okeleditsweng mo phalolong e ya phediso ya baikepi, ke “boidiidi yo bogolo yoa batho” eseng Iseraele wa semoya, mme fela bao eleng “baeñ” ka papiso. Me, bano le bone, ba “rata leina ya ga Yehofa” ebile ba fetogile batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ka ditebelelo dife? Jehofa o a arabela, a re: “Ke tla ba lere mo thabeñ ea me e e boitshèpō, ke ba yesa monate mo tluñ ea me ea thapèlō.” Bano ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba neela Modimo tirelo e e boitshepo mo tempeleng ya ona. Ba falola “mo pitlaganoñ e kgolo” le go gogelwa “kwa mecwediñ ea metse a botshelō.”​—Isa. 56:6, 7; Tshen. 7:9-17.

15. Ke tlhagiso efe ya bofelo eo e neelwang kaga go tshaba go Babilona yo Mogolo?

15 Gore re tlhomamise dipolelelo-pele tse di fa godimo, re bala ka mo go oketsegileng mo bukeng ya boperofeti ya bofelo ya Bibela, e e kwaletsweng batho ba Modimo gompieno. E neela tlhagiso ya bofelo malebana le Babilona yo Mogolo, mmuso wa bodumedi jwa maaka, mo mafokong ano: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè: Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè. . . . Ke gōna ka mouō dipecō tsa gagwè di tla tlañ ka letsatsi le le leñwe hèla, . . . me o tla hisediwa rure ka molelō; gonne go thata Morèna Modimo o o mo atlhotseñ.”​—Tshen. 18:4-8.

16. (a) Ka ntlhayang go ka bolelwa gore go santse go na le nako ya go falola phediso ya Babilona yo Mogolo? (b) O ka balelwa jang mo go bao Modimo o ba bitsang “batho ba me”?

16 Go santse go na le nako ya go tshaba! Tlhagiso ya go tshaba e ntse e utlwadiwa ka maatla le bophepa. Ke molaetsa o o potlakileng oo o bolelwang ke Basupi ba ga Jehofa. Ka nako e ga se ntlo fela e shang. Bogolo, “motse” otlhe o tla tshubiwa. Gangwe fela fa molelo oo o ka simololwa, go tla nna morago ga nako thata go tshaba. Bao eleng Ba-Babilona mo pelong ga ba mme ga ba kake ba arabela tlhagiso. Mme go santse go na le paka ka ba bangwe go bontsha gore pelo tsa bone di batla go direla Jehofa Modimo ka boikanyegi bogosing jwa gagwe kafa tlase ga Keresete Jesu. Ka gone ba santse ba na le nako ya go bontsha gore ba ka tshwanelwa ke go balwa gareng ga bao Modimo o ba bitsang “batho ba me.” Bano ba lalediwa go fetoga “dinku di sele,” tseo di dirang bontlhanngwe jwa “lecomane le le leñwe hèla, [tlase ga] modisa a le moñwe hèla.” (Yoh. 10:16) Ka boitumelo, ka go direla Jehofa go tswa pelong le ka boikanyegi bogosing jwa gagwe le wena, gape, o ka balelwa bathong ba Modimo.

TSHABELANG MOTSENG WA MODIMO—SIONE

17. Ke paakanyetso efe eo Jehofa a e diretseng bao ba falolang?

17 Jaaka go umakilwe pelenyana, ga se fela kgang ya go tshaba mo lefelong kana seemong kwa go nang le kotsi e kgolo. Gape ke kgang ya go batla lefelo la polokesego le go ya go lona. A “mogolodi” yo mogolo o tlametse ka se? A o ile a tlhagisa batho ba gagwe go tshaba mo ‘motseng’ oo o tlogang o jewa ke molelo, e le fela go ba tlogela ba kaila-kaila mo nageng? Tlhokomela karabo e e neetsweng mo Lefokong la gagwe: “Go tla dihala, go re, leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya ga Yehofa o tla gololwa; gonne mo thabeñ ea Siona le mo Yerusalema go tla nna ba ba halolañ, yaka Yehofa a buile, le mo masaleleñ go tla nna bōnè ba Yehofa o ba bitsañ.”​—Yoele 2:32.

18. Ke jang motse-mogolo wa Iseraele wa bogologolo o nang le setshwani sa ona sa segompieno?

18 Ka jalo Bibela e bolela ka metse e le mebedi​—oo re tshwanetseng go tshaba mo go ona le oo re tshwanetseng go bona boitshubelo mo go ona gammogo le ba bangwe ba bantsi. Motse-mogolo wa Iseraele, gantsi o ne o buiwa jaaka Sione, kana Jerusalema, o tshwantshetsa “Yerusalema oa selegodimo,” eleng bogosi jwa selegodimo jwa Modimo, oo o emelwang mo lefatsheng ke masalela a setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” seo Jesu a buileng ka sone go Mathaio 24:45-47. (Baheb. 12:22) Jehofa o tlhotlheleditse batlhanka ba gagwe ba bantsi ba ba ikanyegang ba bogologolo go neela mafoko ano a kgothatso le kgogo go botlhe bao ba tshabelang kwa bogosing jwa gagwe.

19, 20. Ke kgogo le kgothatso dife tseo di neetsweng ka Isaia (a) go Isaia 2:2-4, le (b) go Isaia 26:1-4?

19 Isaia e ne e le yo mongwe wa batlhanka ba ba ikanyegang bano, mme o ile a bolelela-pele nako e ipedisang thata, ka mafoko ano: “Dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, . . . me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè: gonne mo Siona go tla cwa molaō, le lehoko ya ga Yehofa le tla cwa Yerusalema.” Kafa tlase ga molao oo le lefoko leo ba ne ba tla ithuta kafa ba neng ba ka tshela ka kagiso ka teng mme ba se “ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”​—Isa. 2:2-4; bona gape Sefania 2:3.

20 Moragonyana mo boperofeting jwa gagwe, Isaia o ile a tlhotlhelediwa go neela dintlha tse di oketsegileng tebang le kafa se se neng se tla fitlhelelwa ka teng, a re: “Mo letsatsiñ yeuō sehela se, se tla ōpèlwa mo lehatshiñ ya Yuda, go twe, Re na le motse o o thata; polokō o tla e tlhōma, gore e nnè dithakō le diphemèlō. Bulañ dikgōrō, gore morahe o o siameñ, o o tshegetsañ boamarure o tsènè. Èna eo pelo ea gagwè e ikaegileñ mo go wèna, u tla mo nnisa mo kagishoñ e e tlhōmameñ; ka a ikantse mo go wèna. Ikanyeñ mo go Yehofa ka bosakhutleñ; gonne mo go MORÈNA YEHOFA ga go na lehika ya bosaeeñkae.”​—Isa. 26:1-4.

21. Ke jang paradaise ya semoya e tlhalosiwang ka tsela e e laletsang go Isaia 61:4-11?

21 Go ya ntlheng ya bofelo jwa boperofeti jwa gagwe, le go pitlolosa ponatshegelo ya gagwe go akaretsa lefatshe lotlhe la Sione, Isaia o tlhalositse paradaise ya semoya e e tsosolositsweng sesha ka bontle kwa botlhe ba ba falotseng ba neng ba tla bona tiro e e jesang monate mo go ‘ageng gape marope a magologolo.’ Ga se gore fela Baiseraele ba semoya ba ne ba tla etelela tiro pele, mme gape go tlhalositswe gore “baeñ ba tla èma ba hudisa macomane a lona, ba dichaba ba tla nna balemedi ba lona le babaakanyetsi ba lona ba mafine.” Dipolelelo-pele tse di ntseng jalo di bua ka phepafalo, eseng ka ‘go tswa ka ‘tshoba la mogodu’ mme fela ka kgololo e e feletseng. Ka gone, rotlhe re ka kopanela ka boipelo le masalela a “motlhanka” wa motlodiwa yo o ikanyegang wa ga Jehofa tlhalosong e ya pako: “Ke tla itumèla thata mo go Yehofa, mōea oa me o tla ipela mo Modimoñ oa me.”​—Isa. 61:4-11.

22. (a) Mo selekanyong sa botho, ke paakanyetso efe eo e diretsweng go falola? (b) Go bona mosola wa se, ke karolo efe eo re tshwanetseng go nna le yone?

22 Lemororo o ka dumela gore seo re se akanyeditseng go fitlha fa se ntse fela jalo ka batho ba Modimo ka kakaretso, gongwe o ntse o ipotsa kafa se go amang ka teng wena ka bowena. A o tlhoka go falola mo bothateng bo le bongwe kana a a oketsegileng a botho? Ke mang yo o sa go tlhokeng? Polelo ya bogologolo e boammaaruri gore, go bua ka tsela e e tlwaelegileng, botshelo bo tshwana fela le loeto lo lokhutshwane go tswa bolaong jwa ngwana go ya lebitleng. A ga go na phalolo epe mo botshwarong jwa sebe le loso? Ka mo go kgatlhisang, ka bobedi di bolelwa jaaka dikgosi, mme ka bobedi di tla senngwa. (Bar. 5:14; 6:12) Mo go kwaleleng Bakeresete-ka-ene, moaposetoloi Paulo o tlhalosa kafa tsela ya go tshaba e butsweng ka teng, ka gore, “ka ntlha ea thèkololō e e mo go Keresete Yesu.” Gonne ke “eo Modimo o mmeileñ go nna seletlanyō, ka tumèlō, ka madi a gagwè.” (Bar. 3:24, 25) Ee, ka go bontsha tumelo mo setlhabelong se se letlanyang, re ka tla mo kamogelong ya Modimo. Rea dumela, re santse re sa itekanela mme ka tsatsi le letsatsi re tlhoka go kopa boitshwarelo jwa dibe tsa rona. Mme ditshekamelo tsa rona tsa sebe ga di a tshwanela go itaola mo matshelong a rona. Paulo o kwadile jaana: “Boleo bo se laole mo mmediñ ea lona o o nañ le go shwa, . . . Gonne boleo ga bo ketla bo nna le taolō mo go lona.” Go re thusa mo ntlheng e, Modimo o baakanyeditse ka thuso ka Lefoko la ona le batlhanka ba ona ba ba ikanyegang, gammogo le ka moya wa ona o o boitshepo.​—Bar. 6:12-14; 8:11; Yak. 5:14, 15.

23. Ke tebelelo efe e kgolo e e letseng fa pele ga rona, mme kafa tlase ga bogosi jwa ga mang?

23 Gape, ka kwa ga ‘metlha eno e e tlhokofatsang’ le ha ‘tsamaiso ya dilo’ ya ga Satane e tla bo e lerilwe mo bokhutlong jwa yone jo bo feletseng, a tebelelo e e galalelang eo e tla bulegang fa pele ga rona! (2 Tim. 3:1; 2 Bakor. 4:4) Sebe le loso ga di kitla di tlhola di busa jaaka dikgosi. Mo boemong jwa moo, go falolela mo kgololesegong e e tletseng ya go ya go ile go tla bo go feletse. Ha barua-boswa mmogo le Keresete ba tsena mo tuelong ya bone ya selegodimo, ka nako eo “lobopō [setho] le lona lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.” Keresete Jesu “o na le go busa hèla, a ba a tla a tsamaee a bee baba botlhe ba gagwè ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè. Mmaba oa bohèlō eo o tla nyèlèdiwañ ke losho.” A boipelo jo bo kwa pele ga bafalodi botlhe ba ba ikanyegang​—go bao ba tshabelang kwa bogosing jwa Modimo! Pako yotlhe le malebogo di ya kwa go Jehofa, “mogolodi” yo mogolo!​—Bar. 8:19-21; 1 Bakor. 15:25, 26.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela