Re Tla Falola Jang?
“Lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:36
1. Ka ntlhayang go umaka lefoko “tshaba” ka gale go tsosa maikutlo, mme se se ka tshwantshediwa jang?
TSHABA! Ka gale leo ke lefoko le le tsosang maikutlo. Ga re le dirise kwantle lefa go na le kotsi ya sebele mme go tlhokafala kgato e e potlakileng. Ka motlhala, morago ga pokano ya Bokeresete kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, ka lebaka lengwe re ka nna makgabe a dipapetla go boela kwa gae. Mme ga re kake ra bolela gore re a tshaba, kwantle lefa re ile ra bona mosi o kua ka tshoganyetso. Kana akanyetsa setshwantsho se sengwe: A re re gongwe re bona ntlo e kupa molelo mme re bo re tabogela kwa go yone. Koo kwa boalong jo bo kwa godimo go na le mosadi yo o tshogileng la go swa a tshotse ngwana mo mabogong a gagwe! O kwa godimo thata go ka itigela fa fatshe mme go tla nna diphatsa thata go usa ngwana. Go na le tsholofelo efe? Banna ba molelo ba tshwanetse go fitlhelela batho bano ka sepalamo, kana ba tshwanetse go dirisa kgoro ya go falola molelo ka pelepele.
2. Ke mabaka afe a a kopanyelediwang mo phalolong?
2 Tota, ka gale go na le sebopego se se fetang se le sengwe sa polelo ya go falola. Go na le mabaka a le mararo a magolo: (1) sebaka kana seemo se se bopèlang seo re tshwanetseng go se tshabela ka boikutlo jwa potlako; (2) tlhokafalo ya lefelo la botshabelo koo re ka yang teng gore re bone tshireletso le polokesego; mme (3) tlhokafalo ya go tlhokomela ditaelo tsa mongwe yoo o okametseng tlalelo ya rona, yoo o ka baakanyetsang ka lefelo la polokego mme a ikitlieleditse go re thusa go goroga koo. Motho yo o ntseng jalo ke wa botlhokwa thata.
“MOGOLODI”
3. (a) Mokwalo o o fa godimo wa Pesalema 18 o ka re gopotsa eng? (b) Ke mabaka afe ao a gatelelwang go Pesalema 18:1-6?
3 Jehofa Modimo ke Mogolodi yo o senang monkane. Tswee tswee phutholola Pesalema 18 mme o tlhokomele gore mokwalo o o fa godimo o re e ne ya tlhamiwa ke Dafide “ka letsatsi ye Yehofa o mo golotseñ mo mabogoñ a baba ba gagwè botlhe hèla ka yeōna, le mo lecogoñ ea ga Saule.” Go umaka fela kgosi ya ntlha ya motho ya Iseraele, Saulo, go ka re gopotsa sentle kafa Dafide gantsi a ileng a tshwanelwa ke go utlwa loso lo mo gotoletse matlho. Antsaana, ka makgetlo a le mararo kgosi e ile ya leka go phololetsa Dafide mo lomoteng ka lerumo! (1 Sam. 18:11; 19:10) Morago ga foo, ka dingwaga di le mokawana Dafide o ile a nna a tshaba, Saulo a mo tsometse ruri. (1 Sam. 26:20) Re gopotse se, re ka gakologelwa boteng jwa boikutlo joo ka jone Dafide a ileng a bua mafoko a a bulang a Pesalema 18, koo re balang: “Kea go rata, Yehofa, thata ea me. Yehofa ke lehika ya me, le kagō ea me ea phemèlō, le mogolodi oa me; Modimo oa me, lehika ya me ye le thata, ke tla ikanya mo go ōna; thèbè ea me, le lonaka loa polokō ea me, le kagō ea me e e godileñ ea tlhabanèlō. Ke tla bitsa Yehofa eo o chwanecweñ ke go bakwa: yalo ke tla bolokwa mo babeñ ba me. Dikgōlè tsa losho a di ne di ntsentsè gare, le merwalèla ea boikèpō e ne ea mpoihisa. . . . Mo pitlaganoñ ea me ka bitsa Yehofa, ka goèla Modimoñ oa me: a utlwa lencwe ya me a le mo tempeleñ ea gagwè e e boitshèpō, me selelō sa me ha pele ga gagwè sa mo tsèna ka ditsèbè.”—Dite. 1-6.
4. Jehofa o neelwa sereto sefe se sentle, mme Pesalema 18 e gatelela jang tshwanelo ya sone?
4 A sereto se sentle le se se gomotsang seo se neetsweng Jehofa—“mogolodi.” A Jehofa Modimo o ile a itshupa go nna jalo tota? Eleruri o dirile, gonne morago ga go tlhalosa ditiro tsa nonofo tsa ga Jehofa, Dafide o tsweletse ka go re: “A nkgolola mo mmabeñ oa me eo o thata, le mo go ba ba nkidileñ, ka gonne ba ne ba le thata bobe mo go nna. Ba ne ba nkwèla godimo mo letsatsiñ ya tatlhègō ea me: me Yehofa ea nna èna seichwarèlèlō sa me. A nntshetsa kwa heloñ ha go atlhameñ; a nkgolola, ka go bo a itumèla thata mo go nna.”—Pes. 18:17-19.
5, 6. (a) Ke jang Pesalema 37 e thusang batho ba ga Jehofa go mo ikanya jaaka “mogolodi”? (b) Boikutlo jwa potlako bo sedifadiwa jang go Pesalema 70?
5 Ka makgetlo a le mantsi mo Dipesalemeng Dafide o ile a dirisa setlhogo se se tshwanang. Go Dipesalema di le nne, o bitsa Jehofa “mogolodi oa me.” (Pes. 18:2; 40:17; 70:5; 144:2) Ha rona, jaaka Basupi ba ga Jehofa, re bua le ba bangwe kaga dinonofo tsa ga Jehofa tse dintle le maikaelelo, gantsi re supela mo dikarolong tsa Pesalema 37. Mme jaanong tlhokomela tigelo ya yone e ntle: “Polokō ea basiami e cwa mo go Yehofa: ke èna kagō ea bōnè e e thata ea phemèlō mo motlheñ oa khuduègō. Yehofa oa ba thusa, oa ba halodisa: o ba halodisa mo baikepiñ, a ba boloke, ka go bo ba tshabetse mo go èna.” (Dite. 39, 40) Abo mafoko ano a tshwanetse go tlhotlheletsa batho ba ga Jehofa jang gore ba mo ikanye!
6 Pesalema 70 ka tlhamalalo e bontsha boikutlo jwa potlako. E ne e le ha Dafide a ne a ikutlwa a tlhoka thuso fela thata mo a ileng a bo a kokotlela: “Akoha, Modimo, u nkgololè; a ko u akohèlè go nthusa, Yehofa. . . . ke humanegile, kea tlhōka; a ko u nkakohèlè, Modimo; wèna u thushō ea me, le mogolodi oa me; Yehofa, u se ka ua dièga gopè.”—Pes. 70:1, 5.
7. Re ka rapela Jehofa ka boikutlo bofe jo bo tshwanetseng ha re tlhoka thuso ka potlako?
7 A o kile wa ikutlwa ka tsela eo? Go a gomotsa ebile go thatafatsa tumelo go itse gore rona, jaaka batlhanka ba ga Jehofa re ka nna le tsholofelo ya gore o tla ‘akofela’ go re thusa. O itse ditlhokafalo tsa rona le go di kgotsofatsa. Rraarona wa selegodimo o o lorato eleruri ke “mogolodi” fa fela re tlhoka kgololo. Ka dinako tse dingwe, jaaka Dafide, re lemoga gore ditlhaelo tsa rona di re tsentse mo seemong se se maswe. Mme, jaaka Dafide, re ka atamela Jehofa ka ikanyo, gongwe ka “mōea o o phatlogileñ,” re solofela gore O tla utlwa le go arabela thapelo ya rona. Re ka kokotlela, le eleng jaaka Dafide a dirile: “Modimo, bopa pelo e e itshekileñ mo go nna; u bo u shahatsè mōea o o siameñ mo teñ ga me.”—Pes. 51:10, 17.
8. Ke karolo efe eo Jesu Keresete a nang le yone mo go amogeleng ga rona ‘thuso ka nako e e tshwanetseng’?
8 Lebaka le lengwe go le gakologelwa ke gore Modimo wa rona o baakanyeditse ka Moperisiti yo Mogolo yoo o ‘ka utlwanang le makoa a rona’ le yoo re ka atamelang ‘setulo sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa tshwanelang ka ene, gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa tshwanelang jo bo tla re thusang ka nako e e tshwanetseng.’ Eleruri re mo ntshetsa malebogo ka Moperisiti yo yo Mogolo, yo o utlwelang botlhoko, Jesu Keresete, yoo, a kaelwa ke Rraagwe, a ka re ‘gololang’ kana go baakanyetsa ka tsela ya phalolo go tswa kgolegong ya semoya.—Baheb. 2:15; 4:15, 16.
9. (a) Jesu o ile a bua ka “go halola” leng fela? (b) Ke dilo dife di le pedi tseo di tshwanetsweng go elwatlhoko ha go tshabiwa?
9 Go ya ka direkoto tsa Efangele, Jesu Keresete, Dafide yo Mogolo, o ile a umaka lefoko go “halola” gangwe fela. Ha a ne a tlotla “bokhutlō yoa lehatshe,” o ile a kgothatsa barutwa ba gagwe: “Lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Modimo.” (Luke 21:36; Math. 24:3) Lefa go ntse jalo, pele re tlhatlhoba polelo eo ka botlalo, re tla boeletsa dipolelo dingwe tse di tsosang maikutlo tsa phalolo tse di kwadilweng mo Dikwalong tsa Sehebera, re tlhokomela dithuto dingwe tsa botlhokwa tseo re tshwanetseng go di ithuta le go di dirisa mo go rona. Ha re le mo kotsing, ka tlhomamo go na le dikgato tse di tlhokegang tse re tshwanetseng go di tsaya le dilo tse di rileng tse re tshwanetseng go di tila e le gore re ka atlega mo go faloleng. Seno re tla se bona jaaka re akanyetsa se se diragetseng mo ditiragalong.
GO FALOLA MORWALELA
10, 11. Phalolo e ne e ikaegile ka eng go Noa le lelapa la gagwe, mme ke leng phalolo e retelang?
10 Polelo ya ntlha go akanyediwa e tsosa maikutlo tota, gonne e kopanyeletsa phediso ya baikepi mo kgolokweng ya lefatshe. A go ne go tla falola ope? Gakologelwa, Jehofa o rile go Noa: “Nna, ke tlisa morwalèla oa metse mo lehatshiñ go senya nama eotlhe e mōea oa botshelō o mo go eōna, go e tlosa ha tlhatse ga legodimo; dilō cotlhe tse di mo lehatshiñ di tla shwa.” (Gen. 6:17) Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a setse a neetse Noa ditaelo tse di tletseng tsa go aga araka. Go latela tlhagiso kaga morwalela wa lefatshe ka bophara, Modimo o ile wa bolelela Noa seo ene le lelapa la gagwe ba neng ba tshwanetse go se dira e le gore bone, gammogo le dibopiwa tse dingwe tse di tshelang, ba ka tshedisiwa le go falola go sa ribegediwe ke morwalela oo o o senyang.
11 Phalolo e ne e ikaegile ka eng? Se se supiwa ka bophepa ke mafoko ano: “Noa a diha yalo: mo go cotlhe tse Modimo o di mo laoletseñ, a diha hèla yalo.” (Gen. 6:22) Ha Modimo o ntsha ditaolo kana dikaelo tse di tlhamaletseng, kutlo e e senang pelaelo e a tlhokega. Fa go ka tlhokomologwa kaelo kana tlhagiso ka tsela epe fela, phalolo e a retela. He phelelo e tla tshwana le eo e diragaletseng lelapa lotlhe la motho mo motlheng wa ga Noa. Jesu o rile ka boikutlo jwa bone le matswela a jone: “Ba sa [tseye tsia], morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe.” (Math. 24:39) Phalolo e ile ya retelela batho ba ba ntseng jalo ka gobo ga baa ka ba dumela seemo se se bopèlang mme ba seka ba tlhokomela ditaelo dipe tsa phalolo tse di neetsweng ke “mogolodi” ka Noa.
12. Go ya ka 1 Petere 3:20, “batho ba ba hèrañ mebedi” ba falotse jang mo motlheng wa ga Noa?
12 Mo polelong e, go na le ntlha e nngwe gape e e tlhomologileng thata. “Batho ba ba hèrañ mebedi” bao ba falotse jang? Elatlhoko thata karabo ya ga moaposetoloi Petere. Ba ‘bolokilwe ka metsi.’ (1 Pet. 3:20) Ba ne ba le mo morwaleleng oo mme ga baa ka ba gololwa ka go tlosiwa mo lefatsheng, ka sekai, ba tseelwa kwa ngweding. Jaaka re tla bona, se se tshwanang e ka nna boammaaruri mo go bao ba direlang Jehofa gompieno.
PHALOLO YA GA LOTE MO SODOMA
13. Go tsile jang gore Lote a age mo Sodoma?
13 Se se latelang, a re akanyetseng phalolo ya ga Lote mo Sodoma. A re ikgakololeng go re go tsile jang. Ka ntlha ya mafulo a a tlhaelang a matlhape a bone, Aberahame o ile a neela Lote paka ya go tlhopha gore a ka ya ntlheng efe. “Lote a itebalebèla lobala lotlhe loa Yoredane: me Lote a ètèla ntlheñ ea botlhabatsatsi: . . . Lote èna a aga mo metsiñ ea lobala, me a nna a hudusa mogope oa gagwè go ea go hitlha kwa Sodoma. Me yana banna ba Sodoma e ne e le baikepi le baleohi mo go golo thata ha pele ga Yehofa.” Lote eleruri o tshwanetse a bo a ne a itse kaga tumo eo e e maswe ya banni ba Sodoma. Mme fela kgaolo eo e ne e lebega e ka humisa, gonne lobala lo ne “lo na le metse sentlè ntlheñ cotlhe, . . . lo nntse yaka tshimo ea ga Yehofa.”—Gen. 13:5-13.
14. Ha tlhagiso e e potlakileng e ne e neelwa, itshwaro e nnile efe ya: (a) bagwe ba ga Lote? (b) Lote ka boene ka makgetlo a le mabedi? (c) mosadi wa gagwe?
14 Ka nako e e tshwanetseng, baengele ba le babedi, ba ba itirileng batho, ba tla mo Sodoma le go bolelela Lote kaga phetso ya ga Jehofa ya go “senya motse o.” Kontle ga go jewa ke modia-dia, Lote a tlhagisa bao e neng e tla nna bagwe ba gagwe. Mme a ba ile ba lemoga seemo se se bopèlang le tlhokafalo ya tshabo e e potlakileng, eleng le lengwe la mabaka a magolo gore motho a falole ka katlego? Nnya, “me mo go bagwè ba gagwè [Lote] ea ne ekete ke motho eo o shotlañ.” (Gen. 19:12-14) Ka maphakela, “baengele ba akohisa Lote,” ba solofetse gore o tla potlaka. Karabo ya gagwe e nnile efe? “A dièga.” Mme “Yehofa a mo utlwèla botlhoko,” ka go dira gore baengele ba ntshe Lote, mosadi wa gagwe le bomorwadie ba le babedi mo motseng. Mme ba kgothadiwa ka mafoko ano: “Tshaba u iphedisè: se gadimè, . . . tshabèla kwa thabeñ, u tlo u se ka ua nyelediwa.” Karabelo ya ga Lote e nnile efe gape? “Lote a ba raea, a re, Nya, Morèna oa me, a go se nnè yalo; . . . Bōna yana, motse o, o gauhi, go ka tshabèlwa kwa go ōna, e bile o mmonye: a u ko u mmè ke tshabèlè gōna (a ga o monnye?) me mōea oa me o tla tshela.” Ka mautlwelo-botlhoko a ga Jehofa, kopo ya ga Lote ya reediwa mme a tshabela kwa motseng wa Soara. Mme go tweng kaga mosadi wa ga Lote? A tlhokomologa ditaelo tse di tlhamaletseng ka boomo. “Mosadi oa gagwè a gadima a le ha moragō ga gagwè, me a cwa motlhōbōlōkō oa lecwae.”—Gen. 19:15-26.
15. (a) A e ne e le ka ntlha ya tshiamo ya gagwe Lote a ileng a falola phediso? (b) Phalolo ya ga Lote e ka tsosa dipotso dife tsa botho?
15 Re ithutang mo go sotlhe se? A go ne go ikaegile gotlhelele mo go Lote go falola ka katlego? Nnya, gonne ditōpō tsa boikanyego tsa ga Aberahame tsa kutlwelo-botlhoko gape di nnile le karolo. (Gen. 18:20-33) Ka ntlha ya moo, “ea re Modimo o senya metse ea lobala, Modimo oa gopola Aberahame, me oa ntsha Lote mo gare ga thibegecō.” (Gen. 19:29) Gape, Modimo wa golola Lote ka gobo, jaaka monna wa “mosiami,” o ne a sa utlwane gotlhelele le boitshwaro jwa boikepo jwa “baikepi” bao a neng a agile gareng ga bone. (2 Pet. 2:7) Lefa go le jalo, Lote o bonala a na a digile dibete mo go tsweng mo Sodoma, kwa dikgatlhego tse dingwe tsa gagwe di neng di le gone. O ile a bo a tshwanelwa ke go kgothadiwa le eleng go tshwarwa ka letsogo gore a tswe. (Gen. 19:16) Fa re akanyetsa phalolo ya ga Lote, re dira sentle go ipotsa: A eleruri ga re utlwane le baikepi? Mme go falola, a re ikitlieleditse go baya kgatelelo e kgolo mo dikgatlhegong tsa semoya go na le melemong e eketeng e gone ya dilo tse di bonalang?—Math. 6:33.
16. Go na le phapaano efe mo dikarabelong tsa ga Lote le Aberahame?
16 Mo phapaanong le boikutlo jwa go gana go tshaba ka bonako, akanyetsa seo se diragetseng ha “Modimo o no o leka Aberahame” le go mmolelela go ntsha morwa wa gagwe yo o rategang Isake setlhabelo. Ke boammaaruri, ntlha ya go falola e ne e sa kopanyelediwe. Mme fela Aberahame o ile a arabela jang? A o ile a diega? Kana a o ile a dira kopo ya gore ekete go ka dirwa setlhabelo ka selo se sengwe? Nnya! “Aberahame a phakèla ka moshō” mme ka bonako a simolola leeto la malatsi a le mararo, Isake a bapile nae. A bo a fitlha mo ntlheng ya go “ntsha lecōgō a tsaea thipa, a re o bolaea morwawè,” ha Modimo o tsenelela e le gore Isake a ka bolokwa a tshela.—Gen. 22:1-14.
17. (a) Mo go akanyetseng dikgang tse di tswang go tlotliwa, ke thuto efe eo e tshwanetsweng go tseelwa pelong? (b) Ke mafoko afe a ga Jesu a re thusang, jaaka balatedi ba gagwe, go lekalekanya boemo jwa rona maloka le tsamaiso ya jaanong ya dilo?
17 Mono go na le thuto eo re tshwanetseng go e tseela pelong. A re se lateleleng tsela ya tshiamo ka tsela fela ya go ikgolola, re ritibadiwa ke go tila boitshwaro jo bo maswe. Le ka motlha re se diege le go bona gore re ka atamela go le kana-kang mo losing lwa tsamaiso e ya dilo e e boikepo, re tsalana le yone le go leka go bona melemo yotlhe ya yone le “boikgatlho” jotlhe joo re ka bo kgonang. Gore balatedi ba ga Jesu ba ne ba sa tshwanela go nna le boikutlo jwa lefatshe go phepafaditswe ha Keresete a ne a rapela Modimo a re: “Ke ba neile lehoko ya gago; me lehatshe ya ba ila, ka go bo ba se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.”—Yoh. 17:14.
KAFA RE KA ATLEGANG MO PHALOLONG
18. Jesu o ile a golaganya dipolelo tsa ga Noa le Lote jang, mme a se se a dira go rona gompieno?
18 Mo pakeng e nngwe, Jesu o ile a golaganya dipolelo kaga Noa le Lote, a bolela gore e ne e le tsa boperofeti jwa ‘malatsi a a tlang a Morwa Motho.’ Lemororo di nnile le tirafatso mo losikeng lwa motlha wa ga Jesu, di na le tirafatso e kgolo mo motlheng wa rona, mo “motlheñ [ono] oa bokhutlō.” (Luke 17:26-33; Dan. 12:1-4) Mo “metlheñ ea ga Lote,” go ya ka polelo ya Bibela, batho ba ne ba sa je fela le go nwa, jaaka mo motlheng wa ga Noa, gape ba ne ba reka, ba rekisa, ba tlhoma le go aga. Abo go tshwana jang le gompieno, go hupediwa ga motlhofo jaana ka botlalo mo dikgannyeng tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo! Eleruri, dikgatelelo tse di bosula tse di nnang gone ka ntlha ya dilo tse di etsang tlhatlogo-ditlhotlhwa le bomorafe, gammogo le dithaelo tsa “go itirela maratwa-e-pelo” le go tuma mo lefatsheng le, di dikgolo go feta pele.
19. Mo boperofeting jo bogolo jwa gagwe mo lefatsheng, ke kgolo efe eo Jesu a ileng a e neela jaaka seemo se se bopèlang, se se latetsweng ke tao efe?
19 Akanyetsa, jaanong, boperofeti jo bogolo jwa ga Jesu, joo bo tlhalosang kgolo ya dilo eo e neng e tla diragala mo motlheng wa rona, go felela ka seemo se se bopèlang thata le go nna kotsi seo se neng se tla re tlama gore re falole mo go sona. O boletse gore go tla nna le “pitlaganō ea merahe, e rarañwa . . . le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tla tlañ mo lehatshiñ.” Se se ne se tla felela mo ‘sepitleng se segolo,’ ha ‘magodimo le lefatshe’ tsa ga Satane di tla bo di tlosiwa. (Luke 21:10-33; Math. 24:21; 2 Pet. 3:7) Mme he ga tla tao e e mo nakong: “Me lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru: Gonne le tla wèla yalo botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ yeotlhe hèla. Me lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:34-36.
20. (a) Noa o ile a “sepela le Modimo” jang ka dinako tsotlhe? (b) Ka mo go tshwanang, re tshwanetse go elatlhoko go dira eng?
20 Ke jang, he, re ka falolang? Eseng ka go tlosiwa mo seemong sa kgaratlhano. Bogolo, re tshwanetse go etsa sekao sa ga Noa, yoo o ileng a tlhokomela go ikokobeletsa go aga araka mme morago, gammogo le lelapa la gagwe, a tsena ka mo teng ga paakanyetso eo ya bomodimo, eleng araka. Go kgabaganya dingwaga tseo tse di bokete, o ile a boloka kemo ya kamogelo fa pele ga Jehofa. “Noa a sepela le Modimo.” (Gen. 6:9) Jaaka Noa, re tshwanetse go lemoga gore go na le seemo se se bopèlang seo re tshwanetseng go tshaba mo go sone ka boikutlo jwa potlako. Gape, jaaka monna wa tumelo, re tshwanetse go tlhokomela go ikokobeletsa “mogolodi,” re dumalana le ditaelo tsa bomodimo mo metlheng eno e e diphatsa. Mo letlhakoreng je lengwe, re tshwanetse go tila boikgotsofatso mo go ritibatseng dikeletso tsa rona ka go fetelela kana go imahadiwa ke ditlhodiego tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi, tseo di felelang ka boikutlo jwa go otsela le go diega. Ka gone re ka latlhegelwa ha letsatsi leo le tla jaaka seru sa tshoganyetso. Mo letlhakoreng je lengwe, re tshwanetse ka dinako tsotlhe re tlhagafale le go lebelela ka tsela ya semoya, ka thapelo re ya go Modimo ka ditōpō tse di ikanyegang. Ga go a tshwanela go nna le pelaelo epe mo megopolong ya rona tebang le gore ke letlhakore lefe leo re leng mo go lona—eleng letlhakore ja bogosi jwa Modimo kafa tlase ga Kgosi ya jone, Keresete Jesu.—Math. 6:31-34.
21. Re kgothalediwa go boloka kemo efe ya kamogelo ka dinako tsotlhe?
21 Go a re tlama gore re senke go boloka kemo ya kamogelo fa pele ga Morwa wa motho, Jesu Keresete, go kgabaganya metlha eno e e tlhokofatsang. Go dira se go ka nna ga leka, mme ga go kake ga ketefala go feta kafa re ka go itshokelang ka teng fa re lebelela le go utlwa. Moaposetoloi Paulo o a re tlhomamisetsa: “Modimo o boikañō o o se ketlañ o lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona; me o tla re mo thaeloñ o lo baakanyetse kgōrō ea phalolō le eōna (eseng go tshabela seemo, mme) gore lo tlè lo bōnè go e ichokèla.” Ka gone, re tshwanetse go tlhagolela boitshoko, gore re se fenngwe ke dithaelo le diteko e le gore re ka “èma,” re ikanyegile, mo ‘bokhutlong jo jwa tsamaiso ya dilo.’—1 Bakor. 10:11-13; Math. 24:3.
22. Re tshwanetse go leba kae gore re bone kgogo ya go falola, mme ka ntlhayang?
22 Lefa go ntse jalo, a go na le mo go oketsegileng mo go ka umakiwang go araba dipotso tseno: Re tla falola jang? Re tla tshabela kae? Ee, go teng, mme, mo ntlheng e, a re tlhatlhobeng Lefoko la Modimo wa rona, Jehofa, ka mo go oketsegileng, yoo o itseng ditlhokafalo tsa rona mme a tla re babalela jaaka ka boikokobetso re senka kgogo ya gagwe.—1 Pet. 5:6, 7.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Noa le lelapa la gagwe ba ile ba tlhokomela tlhagiso ya Modimo
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Go tlhokomela tlhagiso ya baengele mo motlheng wa ga Lote