Kakabalo ya Mopapa kaga Afrika
Fa Mopapa John Paul II a ne a etetse Afrika bosheng jaana, bothata bo le bongwe jo a neng a tshwanetse go dirisana le jone e ne e le jwa gore Kereke ya gagwe e dirile mo go kana-kang mo go itumalanyeng le dingwao tsa lenyalo tsa lefelo leo. “Mo dikarolong tse dintsi tsa Afrika,” go bega “Times” ya kwa New York, “baperisiti le babishopo ba nyetse lefufa. Ra-bodumedi wa kwa Belgium yo o nnang mo motseng-mogolo maloba o dumetse gore e ne e se go nyala lefufa tota-tota mme, jaaka kereke e kaya, ke ‘bogadingwana.’ Fa manyalo a lefufa a akaretsa moruti, o ne a rialo, a ne a sa ketekwe ka gope.” Ra-bodumedi yo gape o rile: “Mongwe le mongwe o lemoga gore ga go a tshwanela gore moperisiti a nne le basadi, ka jalo ga go na modiro.”
Mo letlhakoreng je lengwe, mopapa o ntse a buelela bokgope ka maatla. Mo phapaanong, maiphako a baeteledipele ba Kereke bobedi mo Afrika le mo Taolong ya Bopapa ba fapaane le dithuto tsa ga Keresete le Bibela. Bao ba nyetseng lefufa le bao ba tshelang mmogo kwantle ga molemo wa lenyalo ba dira kgokahalo le/kana boaka. Ba ne ba tshwanetse go ntshiwa mo phuthegong—kwantle ga pelaelo ba ne ba se kitla ba nna mo boemong jwa boperisiti kana bobishopo. Ebile, Bibela ya Katoliki ya “Douay” e re: “Go tshwanetse ka jalo ka mo-bishopo go nna yo o senang molato, monna wa mosadi a le mongwe”—go sa tlhokafale gore a nne kgope.—1 Tim. 3:2, 12; 4:3; Math. 19:9; 1 Bakor. 5:9-13.