LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 6/1 ts. 13
  • GO LEMOGA DIKGANG

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • GO LEMOGA DIKGANG
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Rata go Nna Kgosi
  • A Bodumedi mo Dipolotiking ke Tsela ya Modimo?
  • A Bodumedi bo Molato?
    Tsogang!—2011
  • Johane Mokolobetsi E ne E le Mang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Johane o Batla go Itse Gore a Jesu ke Mesia
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 6/1 ts. 13

Go Lemoga Dikgang

O Rata go Nna Kgosi

• Go ya ka lekwalo la Mokgatlho wa Dikoranta, fa Mopapa John Paul II a ne a etetse Brazil ngogola “kwantle ga pelaelo o ne a ntse a kokoroga jaaka phikoko fa boidiidi bo mmoka-mokileng bo ntse bo re ‘Kgosi, kgosi, kgosi, John Paul ke kgosi ya rona.’” Mme erile Jesu Keresete, yo John Paul a iphakang go nna moemedi wa gagwe, a ne a lebane le boemo jo bo ntseng jaana o ne a dira mo go farologaneng. Fa matshwititshwiti a ne a bona dikgakgamatso tseo Jesu a neng a di dira, a ne a mo tswela pelo, ka go re, “Yo eleruri ke Moperofeti yo o tshwanetseng go tla mo lefatsheng,” mme Jesu o lemogile gore boikaelelo jwa matshwititshwiti ao e ne e le go “mo dira kgosi.” Mme bogolo go ‘go kokoroga’ fela jaaka bo-radipolotiki ba dira ka ntlha ya go tswelwa pelo mo go ntseng jalo, Bibela e re “o ne a siela gape kwa thabeng, a le esi fela.”​—Johane 6:14, 15, Phetolelo ya “Catholic Confraternity.”

Fa moaposetoloi Paulo a ne a bontsha gore ga go ope yo o na a ka nna le boemo jwa segosi mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a bontsha pharologano e kgolo gareng ga bao ba lekang go dira jalo le baaposetoloi ba boammaaruri, ka go re: “ke eletsa lo ka bo lo le dikgosi tsa sebele, mme re ka bo re le dikgosi le lona! Mme mo boemong jwa moo, ke bona ekete, Modimo o beile rona baaposetoloi [go akaretsa le Petere] kwa morago mo moralong wa batho ba gagwe, mmogo le banna ba ba atlholetsweng loso . . . lo batlotlegi, re batho fela . . . re berekela go tshela ga rona ka diatla tsa rona. . . . Re tshwariwa jaaka matlakala a lefatshe, go fitlha le gompieno, jaaka malele a lefatshe.” A o akanya gore tlhaloso eno ya Dikwalo ya baaposetoloi ba ga Keresete e bo ntshiwa ke boikutlo jwa bao ba iphakang go nna batlhatlhami ba bone?​—1 Bakor. 4:8-11, “Jerusalem Bible” ya Katoliki.

A Bodumedi mo Dipolotiking ke Tsela ya Modimo?

• “Commercial Appeal” ya mo Memphis, kwa Tennessee, e tlhokomedisa gore fa Moruti yo o itsegeng wa Mo-Baptist Adrian Rogers a ne a bodiwa kaga boemo jwa gagwe “kaga kgang ya gore baruti ba tsene mo dipolotiking,” o ne a araba ka go re: “Ga ke dumele gore Modimo tota o laodisitse mmuso mme morago a bo a bolelela batho ba gagwe gore ba tswe mo go ona.” O rile: “Re tla nna re bona baruti ba bantsi ba tsepama mo dikgannyeng tsa bopolotiki le go emela batho ba bo-ntlhopheng ba sepolotiki, ebile ke akanya gore ba tshwanetse.”

Mme ga go moo Jesu a kileng a kgothaletsa balatedi ba gagwe go tsena mo dipolotiking, mo boemong jwa moo a re: “[Ga] se ba lehatshe, hèla yaka le nna ke se oa lehatshe.” Gape, Satane Diabolo o ne a re o naya Jesu “magosi aotlhe a lehatshe.” Mme Jesu o ganne mpho eo, lemororo a ka ne a dirile molemo go gaisa lepolotiki lepe fa a ka bo a busitse. Mme ka tlhamalalo, Jesu o ne a lemoga gore, fela jaaka Bibela e umaka, Diabolo ke “modimo oa lehatshe yeno.”​—Luke 4:5-8; 2 Bakor. 4:4.

Fa e ka bo e ne e le boikaelelo jwa Modimo gore a tlise kagiso le katlego ka tsamaiso eno ya dilo ya sepolotiki, ya kgwebo le e e maaka, a ka bo a sa bolo go dira jalo. Mme seo ga se boikaelelo jwa gagwe. Mo boemong jwa moo, o tla nyeletsa ditsamaiso tseo a bo a tlisa “lehatshe ye lesha” [mokgatlho o mosha wa batho] moo go tla “agañ tshiamō mo go” lona.​—2 Pet. 3:12, 13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela