“Lo Se Ka Loa Tlhobaediwa ke Sepè”
“Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō.”—Bafil. 4:6.
1. Re ka re Jehofa ke “Modimo oa kagishō” ka ntlha ya mabaka afe a Dikwalo?
JEHOFA ke “Modimo oa kagishō.” (Bafil. 4:9) Gaa utlwe tlhobaelo epe e e hutsafatsang, lefa e le go sa iketla ga tlhaloganyo kana go boifa. Ga go sepe—le eleng ditiro tse di maswe tsa baikepi—se se ka amogang Modimo thethebalo kana tsa mo dira gore a se ka a itekanela. Dinonofo tsa gagwe ka metlha di mo tekatekanong e e itekanetseng. Ka sekai, Jehofa ka go tlhotlhelediwa ke lorato, o “tlhabisetsa ba ba molemō le ba ba boshula letsatsi ya gagwè.” (Math. 5:44, 45; 1 Yoh. 4:8) Gaa ke a sokamisa tshiamiso. (Gen. 18:25) Botlhale jwa Modimo jo bo ka se keng jwa bapisiwa bo mo kgonisa go ‘bona bokhutlo esale tshimologo’ le go dirisana le tiragalo nngwe le nngwe. Gape, thata ya gagwe e e senang tekanyo, e e iseng e ke e dirisiwe botlhaswa, ka metlha e dirafatsa thato ya gagwe e e siameng.—Yobe 12:13; Isa. 40:26; 46:9, 10.
2. Baobamedi ba ga Jehofa ba tshwanetse go mo leba jang?
2 “Modimo [o] oa kagishō” o o sa bapisiweng o tshwanetse go lebiwa jang ke bao ba leng mo lelapeng la lobopo lotlhe la baobamedi ba gagwe? (Bapisa Baefesia 3:14, 15.) Ereka Rraabone wa selegodimo a kgona go dirisana le boemo bongwe le bongwe, babaki ba ga Jehofa ba na le mabaka a a utlwalang a go ritibala. Ba ka ikutlwa ba bolokesegile tota mo kamanong ya bone le ene.
A Mme Tota Ga Ba Na Ditlhobaelo Gotlhelele?
3. Ke ka ntlhayang fa go sa gakgamatse fa batlhanka ba ga Jehofa ba ka tlhobaela go se go ne ne?
3 Legale, mo ga go reye gore ba ba “ratañ Yehofa” ga ba na ditlhobaelo gotlhelele. (Pes. 97:10) Ba goditse Adame ka go sa itekanela ebile ba tshwanetse go tshela le ditlogolwana tse dingwe tse di leofang tsa monna yoo wa ntlha. (1 Dikg. 8:46; Bar. 5:12) “Malatsi a dinyaga” tsa bone aa hutsafatsa, ebile batho botlhe ba ba sa itekanelang ba ‘malatsi mannye, ba tletse khuduego.’ (Yobe 14:1; Pes. 90:10) Ka jalo ga go gakgamatse gore batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go tlhobaela go se go ne ne.
4. Ke dikwalo dife tse di bontshang gore ke ka ntlhayang fa batho ba ba boifang Modimo ba se kitla ba nna ba sa tlhobaele gotlhelele?
4 Ka sekai, go ka nna le khuduego ya maikutlo, fela jaaka basadi ba ga Esau ba Mahita e ne e le “kutlwishō botlhoko mo peduñ” tsa batsadi ba gagwe ba ba boifang Modimo eleng Isake le Rebeka. (Gen. 26:34, 35) Bolwetsi bo bakela batlhanka ba Modimo tlhobaelo e e rileng gompieno, fela jaaka e ka bo e dirile mo matshelong a Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba etsang Timotheo le Terofimo. (1 Tim. 5:23; 2 Tim. 4:20) Fela jaaka “mosiami Lote,” babaki ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba hutsafadiwa ke tsela ya bopepe ya baikepi. (2 Pet. 2:7) Ka dinako dingwe, bangwe ba ba ineetseng go Jehofa ba patelesega go tshela ka dijo tse di motlhofonyana, mo tota go ba tlhobaetsang. (Bafil. 4:12) Gape fela jaaka moaposetoloi Paulo, banna ba bantsi ba Bakeresete ba motlha wa rona ba tlhobaelela badumedi mmogo. (2 Bakor. 11:28) Mo go tsotlhe tseno, oketsa mathata a a farologaneng ao a tlhorontshang batho ba ba boifang Modimo ka bongwe ebile go ka lemogiwa ka bofefo gore ga jaanong ba ka se ka ba tshela kwantle ga ditlhobaelo gotlhelele.
5. (a) Batho ba ga Jehofa ba na le thuso efe e e kgethegileng mo go dirisaneng le ditlhobaelo? (b) Lefoko “kagiso” le kaya eng jaaka le dirisiwa mo Dikwalong?
5 Lefa go ntse jalo, batlhanka ba ga Jehofa ba na le thuso ya bomodimo mo go dirisaneng le ditlhobaelo tsotlhe tsa bone—eleng thuso e e botlhokwa tota e e sa bonweng ke ope yo o tlhaelang semoyeng. (Bapisa Yude 17-21.) Jehofa ga se “Modimo oa kagishō” fela, mme, mo go itumedisang, gape ke “Modimo [o o neelang kagiso, NW].” (Bar. 15:33) Mo Dikwalong, lefoko “kagiso” le kaya mo gontsi thata go na le botlhoka-kgotlhano. Gare ga dilo tse dingwe, le kaya ‘botswelopele, boitumelo, katlego le molemo wa mofuta mongwe le mongwe.’ (Gen. 41:16; Mar. 5:34; Luke 1:79) Eleruri, go nna le kagiso e e akaretsang gotlhe e e ntseng jalo go tshwanetse go khutlisa kana go fokotsa ditlhobaelo tsa botshelo.
6. Re tshwanetse go dira eng fa re eletsa go bona le go boloka kagiso e e neelwang ke Modimo?
6 Mme gore motho a bone le go boloka kagiso eno e e neelwang ke Modimo, o tshwanetse go rata Jehofa le Lefoko la gagwe mo go boteng. Mo go akaretsa go rata Modimo, go boloka ditaelo tsa ona, go dumela mo leineng la Morwa wa ona eleng Jesu Keresete, le go rata ba bangwe. (1 Yoh. 3:19-24; 5:2-4) Legale, gore re boloke ditaolō tsa Modimo re tshwanetse ra di itse. Mo go tlhoka gore re ithute Dikwalo tsatsi le letsatsi. (Yosh. 1:8) Mme, kwantle ga pelaelo, fa re ntse re dirisa nako e ntsi mo Lefokong la Modimo, re tla bopa go le ‘tlhologelelwa’ mo go oketsegileng. Mme mo morago go tla re tlisetsa kagiso e kgolwane ya pelo le mogopolo.—1 Pet. 2:1-3.
Rre Yo o Lorato wa Ditiro tsa Bonatla
7. Kitso e e tokafaditsweng ya Lefoko la Modimo e ama kamano ya rona le ona jang, mme e re golola jang mo ditlhobaelong?
7 Kitso ya rona e e tokafaditsweng ya Lefoko la Modimo e tla re gogela gaufi thata le Mogodimodimo, fa fela re mo atamela ka boikokobetso jwa bongwana gammogo le keletso e e tswang kwa botennyeng jwa pelo ya go nna le “botlhale yo bo cwañ kwa godimo.” (Yak. 3:17, 18) Re tla lemoga ntlha ya gore Jehofa ke “Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” (Ekes. 34:6) Re tla utlwisisa ka botlalo tota gore o “molemō, [ebile o] iketleeditse go ichwarèla.” (Pes. 86:5) Ereka re sa itekanela ebile re le baleofi, re tla eta re fosa, mme re na le tlhomamiso eno: “Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo yalo. Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.” (Pes. 103:13, 14) Abo seno se imolola dipelo le megopolo ya rona ka tlhobaelo eo e ka bong e re pinelela jang nne! Gape tiro ya lorato e e ka se keng ya tlhaloganngwa ke motho ke fa Jehofa a ne a baakanyetsa thekololo, e e dirilweng ka Morwa wa gagwe yo o rategang “gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yoh. 3:16; 1 Tim. 2:5, 6.
8, 9. (a) Ke dikwalo dife tse di bolelang gore Jehofa ke Modiri wa ‘ditiro tsa bonatla’? (b) Ke ka ntlhayang fa o ka umaka gore ditiro tsa Modimo tsa nako e e fetileng di supa gore batho ba ona ba ka lebelela gore o ba thuse mo go dirisaneng le ditlhobaelo tsa botshelo?
8 Gape Rraarona wa selegodimo ke Modiri wa ‘ditiro tsa bonatla.’ (Pes. 106:1, 2; 145:4, 11, 12) Fa Moshe a ne a rapela Modimo ka kokotlelo, o ne a re: “Ao! Yehofa Modimo, u simolotse go shupetsa motlhanka oa gago bogolo yoa gago, le lecōgō ya gago ye le thata, gonne go na le ohe modimo kwa legodimoñ kgotsa mo lehatshiñ, o o ka dihañ kaha ditihoñ tsa gago, le kaha ditihoñ tsa gago tsa nonohō?” (Dute. 3:23, 24) Moshe o ne a ka gakologelwa ka moo Jehofa ka nonofo a golotseng batho ba Gagwe mo botlhankeng jwa Egepeto mme a ba tshedisa fa go omileng mo Lewatleng le Lehibidu. (Ekes. 12:29-42; 14:5-31) Gape, moperofeti yo o ne a bone le ditiro tsa ga Jehofa mo go direng gore Baiseraele ba fenye Baamora, bao ba neng ba le tlase ga dikgosi Sihone le Oge. Go feta moo, ereka Jehofa a ne a tlhabanela Baiseraele, Moshe o ne a ikantse gore Modimo o ne o tla menola magosi a mangwe a baba mme o neele batho ba Ona lefatshe la tsholofetso. (Dute. 3:1-22) Ee, ebile Modimo o dirile fela jalo, ka gobo ke Motshegetsi wa Ditsholofetso. (Yosh. 23:1-5) Mme ba ba “ratañ Yehofa” ba tshwanetse go ikutlwa jang fa ba akanyetsa go ikanyega ga Modimo gammogo le ditiro tsa gagwe tsa kgololo? A batho ba gagwe gompieno ba na le motheo wa tlhobaelo e e hutsafatsang? Le eseng, ka gobo Jehofa o a ikanyega, ebile o “itse go golola badumedi mo thaeloñ.”—2 Pet. 2:5-9.
9 Legale, ditiro tsa Modimo tse di direlwang bao ba ineetseng go ona ka botlalo ga dia lekanyediwa fela go ditiro tsa kgololo. Lefa go ntse jalo, ditiro tse di ntseng jalo di supa gore “Yehofa ga a ketla a latlha batho ba gagwè.” (Pes. 94:14) Ka jalo re ka ikanya gore o tla ba thusa go dirisana le ditlhobaelo tsa botshelo.
‘Itsise Modimo Ditōpō tsa Gago’
10. Go ya ka mafoko a ga moaposetoloi Paulo go Bafilipi 4:6, 7, re ka thatafatsa sebofo sa rona le “Modimo oa kagishō” jang?
10 Motho yo o ithutang Lefoko la Modimo ka pelo yotlhe o tla gogelwa gaufi-ufi le Jehofa. Go ntse fela jalo le ka go tlhatlhanya ka ditsela tse di lorato tsa ga Rre wa selegodimo gammogo le ditiro tsa gagwe tsa bonatla tseo a di diretseng bao ba mo direlang ka boikanyegi. Mme go santse go na le tsela e nngwe ya go nitamisa sebofo sa rona le “Modimo oa kagishō.” Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o bontshitse seno fa a ne a kgothatsa badumedi-kaene ka go re: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hètañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.” Mo go felela ka thethebalo e e newang ke Modimo e e ka se keng ya tlhaloganngwa ke motho.—Bafil. 4:6, 7.
11. O ka neela dikao dife tsa mo Bibeleng tse di supang gore Jehofa ke yo o “utlwañ thapèlō”?
11 Bogologolo pele ga fa Paulo a kwala mafoko ao, Jehofa o ne a setse a itshupile gore ke ‘Moutlwa-thapelo’ yo o lorato, yo o ikanyegang. (Pes. 65:2) Baobamedi ba gagwe ba ne ba ka latlhela ditlhobaelo tsa bone tse di farologaneng mo go ene, ba ikantse gore ditōpō tsa bone di tla reediwa. Go tshwantsha: Thapelo ya ga Eliesere motlhanka wa ga Aberahame e arabilwe fa a ne a atlega go bonela morwa wa morena wa gagwe, eleng Isake, mosadi. (Gen. 15:2; 24:10-27, 62-67) Hana wa moopa o ne a “rapèla” a ntse a lela ka lobaka loleele mme a neelwa morwa, eleng Samuele, yoo ka tebogo a mo “reboletseñ Yehofa; ka lobaka lotlhe loa go tshela ga gagwè.” (1 Sam. 1:4-28) Kgosi Hesekia yo o neng a le gaufi le go swa o ne a kokotlela Jehofa a lela mo go botlhoko mme a fodisiwa. (2 Dikg. 20:1-11) Nehemia o ne a ikitsa go ja le go rapela ka malatsi a le mantsi—mme ka nakwana e e thata tota o ne a lopa “Modimo oa legodimo” ka tidimalo—ka matswela a a itumedisang a go ka newa tetla ya segosi ya go aga Jerusalema e e rutlilweng sesha. (Neh. 1:1–2:8) Kwa tempeleng Ana yo o ikanyegang o ne a neela tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare “ka go ikitsa go ya, le ka mekokotlèlō” me a duelwa ka go nna gone fa ngwana Jesu a ne a tlisiwa koo. (Luke 2:36-38) Mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa selefatshe jwa ga Keresete, o ne a rapela Jehofa mme Rraagwe wa selegodimo o ne a mo nonofisetsa go nwa “senwèlō” seo a neng a se rulaganyeditswe.—Math. 26:36-47.
12. Ke ka ntlhayang fa batlhanka ba ga Jehofa ba ka mo rapela ka ikanyo fa ba utlwa tlhobaelo e e rileng?
12 Akanyetsa gape le dithapelo tse dingwe tse dintsi tse di kwadilweng mo Dikwalong—eleng tseo tsa boipolelo, pako, malebogo. Mme o botse: A batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ga baa tshwanela go retologela kwa go ene ka thapelo ekane ba itumetse, baa leboga, ba hutsafetse kana baa tlhobaela? Eleruri ba tshwanetse, ba ikantse gore Rraabone wa selegodimo o reetsa ditōpō le dipolelo tsa bone tse di ikokobeditseng le go tswa mo pelong.
13. Ke ka ntlhayang fa moaposetoloi Paulo a ne a ka kgothaletsa Bakeresete-ka-ene gore ba se ka ba tlhobaediwa “ke sepè”?
13 Pele ga fa Paulo a gakolola Bakeresete ka ene gore ba itsise Modimo ditōpō tsa bone, moaposetoloi yo o kgothaditse ka go re: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè.” (Bafil. 4:6) Fa a dira jaana, o ne a boeletsa kgakololo ya ga Jesu, yo o rileng: “Se tlhobaeleleñ botshelō yoa lona” le “lo se ka loa tlhobaèlèla pele se lo tla se buañ.” (Math. 6:25; Mar. 13:11) Moaposetoloi yo o ne a itse gore Rre wa selegodimo o ne a tla tlhokomela baobamedi ba gagwe le gore ba ne ba tla thusiwa ke moya wa ga Jehofa o o boitshepo mo go direng sengwe le sengwe seo se neng se amogelwa ke Modimo.
14. Mo thapelong, “ditōpō” ke eng?
14 Ereka re lemoga gore Jehofa ke yo o “utlwañ thapèlō,” rona bao re tshelang botshelo jwa poifomodimo gompieno re ka reetsa kgakololo ya ga Paulo ka tsholofelo: “Me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō.” Gantsi dithapelo tsa rona ke “ditōpō.” Ke gore di akaretsa go kopa dilo tse di tlhamaletseng. Eliesere le Hana e ne e le bangwe ba batho ba ba ikanyegang bao ditōpō tsa bone tse di tlhamaletseng di reeditsweng ke Modimo, ebile Jesu o bontshitse gore go lopa Modimo ka mokgwa o o tlhamaletseng go siame. Ka sekai, Keresete o boleletse barutwa ba gagwe gore ba kope Rara ba re: “Re neè ka letsatsi leñwe le leñwe seyō sa letsatsi.”—Luke 11:2, 3.
15. (a) Mabapi le thapelo, “kokotlèlō” e kaya eng? (b) Bahebera 5:7 e re rutang kaga dithapelo tsa ga Jesu Keresete?
15 Go na le dikgang tse dintsi tse di ka bakang tlhobaelo e kgolo, mme ka dinako dingwe “kokotlèlō” e ka tlhokega. Lefoko leno le gatelela tlhokafalo le tōpō e e ikokobeditseng le e e tswang pelong. Ka jalo ga se fela kgang ya go bua le Modimo mo thapelong ya kakaretso ka go mo obamela. Ka dinako dingwe ditōpō le mekokotlelo di tlhokega ka bobedi. Re bala ka Keresete gore, “mo metlheñ ea gagwè a le mo nameñ, a sena go isa merapèlō [ditōpō] le mekokotlèlō e e nañ le selèlō se se tona le dikeledi kwa go èna eo o nonohileñ go mo golola mo loshuñ, me [a] utlwiwa ka ntlha ea go boiha Modimo ga gagwè.” (Baheb. 5:7) Ka Jesu a ne a lemoga ditlhokafalo tse di sa kakeng tsa lobiwa, o ne lopa Rraagwe go tswa pelong, a mo kokotlela ka pelo yotlhe. Go feta moo, Keresete o ne a lopa Jehofa ditōpō tse di tlhamaletseng.—Yoh. 17:9, 10, 15-21.
16. Mokeresete a ka amega jang fa dithapelo tsa gagwe di arabiwa?
16 Fa ditōpō tse di tlhamaletseng tsa Mokeresete gammogo le dithapelo tse di tswang pelong di arabiwa, o itse gore Modimo o na le ene. Temogo eno ya thuso ya bomodimo e ka tlhotlheletsa karabelo e e tshwanang le ya ga Jobe, yo o ileng a goa jaana morago ga go itshokela thaelo: “Ke ne ke utlwile kaga gago [Jehofa Modimo] ka kutlō ea tsèbè: me yanoñ matlhō a me aa gu bōna.” (Yobe 42:5) Le rona fela jaaka Jobe, ka matlho a go tlhaloganya, ka tumelo le ka kanaanelo re ka leba ditirisano tsa ga Jehofa le rona mme re ka ‘mmona’ ka tsela e re iseng re ke re mmone ka yone. Abo go nna gaufi-ufi le Rraarona wa selegodimo mo go ntseng jaana go re tlisetsa kagiso ya pelo le mogopolo e kgolo jang!
“Di na le Tebogō”
17. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go ntshetsa Jehofa malebogo mo thapelong?
17 Paulo o kgothaleditse badumedi-kaene gore ba itsise Modimo ditōpō tsa bone ka thapelo le kokotlelo “di na le tebogō.” (Bafil. 4:6) Eleruri mabaka a mantsi thata a gore re leboge re bo re bake Mogodimodimo. (1 Ditih. 29:10-13) Jesu o tlhometse balatedi ba gagwe sekao fa a ne a lebogela dijo le senkgwe le beine tse di tshwantshetsang tseo di dirisiwang mo Sejong sa Morena sa Maitsiboa. (Math. 15:36; 26:26, 27; Luke 22:19, 20) Kwantle ga go leboga Modimo jalo, re tshwanetse go ‘ntshetsa Jehofa malebogo’ ka ntlha ya “ditihō tsa gagwè tse di gakgamatsañ mo baneñ ba batho,” ka ntlha ya ‘dikatlholo tsa gagwe tse di siameng,’ le ka ntlha ya dilo tse dingwe gape tse dintsi. (Pes. 33:2-5; 92:1, 2; 100:4, 5; 107:1, 8, 15, 21, 31; 119:62) Abo go tshwanetse jang go lebogela Modimo Lefoko la ona la boammaaruri le le sa bapisiweng! Mme abo re tshwanetse go leboga jang ka ntlha ya setlhabelo sa Morwa wa ona se se re kgonisitseng go letlana le Jehofa!—Bar. 5:6-11.
18. Fa re dira thato ya Modimo ka boikanyegi, ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go tlhobaela mo go kalo-kalo?
18 Gape ba ba “ratañ Yehofa” ba ka mo leboga, ka gobo o ba tlhokomela tota. Moaposetoloi Petere o kwadile jaana: “Ke gōna ikokobeletseñ ha tlhatse ga lecōgō ye le nonohileñ ya Modimo, gore o tlo o lo goletsè mo lobakeñ lo e leñ lōna; Lo nntse lo latlhèla tlhobaèlō eotlhe ea lona mo go ōna, ka oa lo babalèla.” (1 Pet. 5:6, 7) Ka gone ka bobedi Petere le Paulo ba kgothaleditse badumedi-ka-bone gore ba se ka ba tlhobaediwa ke sepe mme ba latlhele ditlhobaelo tsotlhe tsa bone mo go Jehofa. Mme abo kgakololo eo e tshwanela jang nne! Ga go na sepe se Mogodimodimo a ka retelelwang ke go se direla kana go se laolela bao ba ineetseng go ena ka pelo yotlhe. (Mar. 10:27; 12:29, 30) Ba ba ikanyegang ba ka itshokela sengwe le sengwe se Modimo o se letlelelang ka gobo o ba neela ‘nonofo ya dilo tsotlhe.’ (Bafil. 4:13; 1 Bakor. 10:13) Ka lebaka le le utlwalang, mopesalema Dafide o rile: “Pitikèla tsela ea gago mo go Yehofa; u bo u mo ikanyè, me o tla go dihatsa.” (Pes. 37:5) Ee, ka boikanyegi dira thato ya Modimo mme ga go ne go tlhokega gore o tlalelwe o bo o tlhobaele mo gogolo. Bogolo, go na le lebaka le le utlwalang la go nna le kagiso ya kafa gare, le eleng gare ga pitlagano le tlhakatlhakano. Mme kagiso eo e kgolo mo go kana-kang?