LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 12/1 ts. 21-27
  • Go Roba Maungo a a Tshwanetseng Bogosi jwa Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Roba Maungo a a Tshwanetseng Bogosi jwa Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KAROLO EO RE GODISETSANG DIPOPEGO TSA RONA MO GO YONE
  • ‘Modimo ke Ene yo o Godisang’!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Jala ka Mokgele wa go Bona Bogosi jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Tshimo e e melang mabele le mofoka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • “Basiami ba Tla Phatsima Thata Fela Jaaka Letsatsi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 12/1 ts. 21-27

Go Roba Maungo a a Tshwanetseng Bogosi jwa Modimo

1. Go Yeremia 4:3, 4, Jehofa o ile a kaela tlhokomelo go eng?

GO Yeremia 4:3, 4, Jehofa o rile: “Lemañ lehatshe ya lona thobu, me lo se ka loa yala mo mitlweñ. Ithupisetseñ Yehofa, lo tlosè molomo oa pelo tsa lona, lona banna ba Yuda le banni ba Yerusalema: carahalō ea me e ka tla ea cwa yaka molelō, ea tuka mo go sa kakeñ ga tiñwa ke opè, ka ntlha ea boshula yoa ditihō tsa lona.” Jehofa o ne a kaela tlhokomelo go boemo jwa pelo jo bo bosula jwa batho ba gagwe ba kgolagano.

2. Setshwantsho sa peo e e welang mo mmung o o nang le mmitlwa se bontsha jang gore re tshwanetse go tlhokomela kaga tikologo eo re dirang go jala ga rona ga semoya mo go yone?

2 Ka mo go tshwanang, Jesu Keresete mo setshwantshong o bontshitse matswela a a swabisang a go jala mo mmitlweng. Bobedi go Mathaio 13:1-9 le go Mareko 4:1-9 o bontshitse ka moo nngwe ya peo e e latlhetsweng ka seatla sa mojadi e wetseng mo dikarolong tse di nang le dipeo tsa mmitlwa. Ga go a ka ga nna le matswela ape mo dikarolong tseo, ka gobo mmitlwa e ne ya tlhoga mme ya hupetsa dijalo tsa mabele mme ga go a ka ga robiwa mabele ape. (Luke 8:4-8) Seno se bontsha gore re tshwanetse go tlhokomela kaga tikologo eo re jalang semoyeng mo go yone.

3. Mo setshwantshong go Mareko 4:26-29, peo e emela eng, mme Bakeresete ba tshwanetse go tlhagolela eng maloka le botho jwa bone gompieno fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshwanetse go dira?

3 Mo setshwantshong sa mojadi le peo, jaaka se anetswe go Mareko 4:26-29, peo e emela dinonofo tsa botho. Jesu o boleletse Bajuda bao ba ganneng setshwantsho sa mojadi le tse dingwe gore: “Bogosi yoa Modimo lo tla bo tlosediwa, mme bo tla nèwa morahe o o tla ntshañ mauñō a yeōna.” (Math. 21:43, 45, 46) Go ya ka seno, go na le “mauñō” a bogosi jwa Modimo. (Luke 3:8) Go na le loungo loo lo tsamaelanang le maungo ao a bogosi loo lo bidiwang “louñō loa Mōea,” eleng, “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō.” (Bagal. 5:22, 23) Morago koo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete bao moaposetoloi Paulo a ba kwaletseng ba ne ba tshwanetse go jala “peo” ya dinonofo tsa Bokeresete tseo di tlhokang go nontshiwa, fela jaaka Bakeresete gompieno ba tshwanetse go dira jalo maloka le bogosi jwa Modimo. Dinonofo tseno tsa botho di tshwanetse go godisetswa go butsweng le go feleleng mo go tletseng.​—Seka. 8:12; Yak. 3:18.

4. “Peo” ya dinonofo tsa Bokeresete tsa botho e tlhoka eng go otliwa?

4 Fa di setse di budule sentle e tla bo e le nako e e siametseng go di roba. Mme mojadi wa Mokeresete o tshwanetse go tlhopha go jala “peo” kae ka tsholofelo ya go roba thobo e e eleditsweng labofelo? O batla gore peo ya gagwe e nne le kamogelo ya Modimo, gore a kaiwe a tshwanelegela kamogelo maloka le bogosi jwa Modimo. Fela jaaka peo ya tlholego e tlhoka mmu, ka jalo peo ya dinonofo tsa Bokeresete tsa botho, eleng “louñō loa Mōea,” e tlhoka tikologo.​—Dia. 18:1.

5. Go kotula thobo e e lebeletsweng, go tshwanetse ga tlhokomelwa thata kaga eng, jaaka go gateletswe go Luke 8:14?

5 Gakologelwa setshwantsho sa ga Jesu kaga mefuta e mene ya mmu eo peo ya mojadi e wetseng mo go yone. (Mar. 4:3-20; Luke 8:5-15) Setshwantsho seno se bontsha ka moo tlhokomelo le tlhopho e e tshwanetseng di tshwanetseng go diriwa ka teng faele kaga tikologo ya peo faele gore thobo e e lebeletsweng e tla kotulwa. Fela jaaka Jesu a tlhalositse kaga peo e e mo tikologong ya mmitlwa: “Me tse di wetseñ mo mitlweñ, ke ba ba utlwileñ, me ba re ba nntse ba cwèlèla pele ba hupediwè ke ditlhodiègō, le mahumō, le ditlhapèlō tsa botshelō yono, me ba se ke ba uñwe louñō lopè lo lo itekanetseñ.”​—Luke 8:14.

6. Go Bagalatia 5:7-9, Paulo o ile a kaela tlhokomelo jang go phelelo ya tikologo e e sa siamang?

6 Mo tumalanong le seno, moaposetoloi Paulo o ne a elatlhoko maloka le Bakeresete ba mo Galatia bao a ba kwaletseng kaga “louñō loa Mōea,” go ba tlhagisa gore ba ne ba sentswe ke tikologo e e sa siamang. O rile: “Lo kile loa nna loa siana sentlè; e mañ eo o lo kgoreleditseñ gore lo se utlwe boamarure? Kgakololō e ga ea cwa mo go eo o lo bitsañ. Sebedishō se le sennye se tle se bidise boupe yotlhe.” (Bagal. 5:7-9; Math. 13:33) Bakeresete bao ba Bagalatia ba ne ba tlhotlhelediwa ke Balatela-sejuda bao dipelo tsa bone di neng di sa amege go ya Bokereseteng jo bo tletseng, bao ditsebe tsa bone di neng di sa utlwe le bao matlho a bone a neng a kgomaretswe ke bubi. (Math. 13:14, 15; Bagal. 5:10) Bankane ba ba kgoreletsang jalo ba tshwanetse go tilwa, ba tlogelwe.

7. Paulo o ile a bontsha kamego e e tshwanang jang ka phelelo ya tikologo e e sa siamang go Bakeresete mo Korintha?

7 Moaposetoloi Paulo o ile a boifa gape gore phuthego ya Bakorintha le yone ekane e sa tlhagolele “louñō loa Mōea,” ka gobo o ile a ba kwalela jaana: “Gonne kea boiha, gore e se re kgotsa motlha moñwe, ha ke hitlha, ke lo hitlhèle lo sa nna yaka nka bo ke rata; me le nna ka hitlhèlwa ke nntse kaha lo sa rateñ ka gōna; ka re, E se re kgotsa motlha moñwe ga nna kgañ, le lehuha, le magale, le dikgaoganō, le ditshèbō, le go loma tsèbè, le dipudulogō, le dikhuduègō.” (2 Bakor. 12:20) Morago ga go tsopola bao ba reng, “A re yeñ, re nweñ, gonne re coga re shwa ka moshō,” Paulo, ka lebaka le le utlwalang tota, o ne a ka tlhagisa jaana: “Lo se ke loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.”​—1 Bakor. 15:32, 33.

8. Ke ka ntlhayang fa go gola ga dinonofo tsa botho go tlaa tswelapele lefa Mokeresete a robala, mme ke ka ntlhayang a ka sekeng a tlhomamisega fa a atlhola go ya ka kgolo ya ntlha?

8 Fela jaaka mmu, oo peo e welang mo go one ebile o na le maatla a a neetsweng ke Modimo a go nontsha ekane mabele kana mmitlwa, tikologo eo Mokeresete a tlhophang go tlhagolela dinonofo tsa botho mo go yone e tla mo ama ekane mo go molemo kana mo go bosula. Tota lefa a robetse a ntse a le mo tikologong e e ntseng jalo, molao wa tlhotlheletso ya tikologo ka go sa fetoge o tla tswelapele go dira mo go ene go fitlhela semela se letlelela gore thipa e tsenngwe mo go sone ka gobo nako ya go roba ga botho e tlile. Mo ntlheng eno, Jesu o rile: “Lehatshe le ikuñwisa ka yeosi [ka iketlo]; e re pele go cwe mogwañ; hoñ go cwe seakō, me moragō mabèlè a a tletseñ mo seakoñ.” (Mar. 4:28) Go mojadi kgolo ga e lemosege ebile e diragala ka maatla a a sa kgoneng go ka a tlhaloganya. Kgolo e tla tswelapele ka iketlo lefa e ka sekamela ntlheng efe le efe, lantlha jaaka mogwang, morago jaaka seako, mme labofelo jaaka mabele a a tletseng mo seakong.

9. Setshwantsho sa mabele le mofoka se tshwantsha jang go sa tlhomama maloka le matswela a bofelo a go jala mo tikologong e e rileng?

9 Fa peo lantlha e mela e bo e ntsha mogwang, mojadi ga a ne a tlhomama sentle kaga seo a tla se robang, fa a lebelela ponalo ya dilo. Ka nako eo ya kgato ya kgolo e e saleng ntšha ga a ne a tlhomama sentle gore go tlhoga eng; o gakologelwa fela mofuta wa peo oo a o jetseng. Go tshwantshwa: Mo setshwantshong sa ga Jesu sa mabele le mofoka, go Mathaio 13:26-30, o rile:

“Me e rile mogwañ o gola, me go tsala, hoñ mohoka le ōna oa bōnala. Me batlhanka ba muñ oa tshimō ba tla, ba mo raea, ba re, Morèna, a ga ua yala peo e e molemō mo tshimoñ ea gago? me yana e bile e chotse mohoka kae? Me a ba raea, a re, Ke mmaba eo o ntihileñ yalo. Me batlhanka ba re, Ha e le yalo, a u rata ra ea ra o phutha? Me a re, Nya; e se tlo ea re kgotsa ka lo phutha mohoka, loa o khumolèla le mabèlè. Lesañ, lo mmè go golè mmōgō go ea thoboñ: Me e tla re mo motlheñ oa thōbō ke tla raea barobi, ke re, Phuthañ mohoka pele, lo o bōhè diñata go tla lo o hisa: me mabèlè lo a phuthèlè mo bobolokèloñ yoa me.”

10. Re tla lemoga leng kwantle ga phoso phelelo ya go jala mo tikologong epe fela e e neetsweng?

10 Ka jalo morago ga fa re sena go jala dipeo tsa dipopego tsa rona tsa botho, seo se tlhogang jaaka mogwang lantlha se kane se sa lemosege gore mmu o ntshitse eng. Ke fela moragonyana, fa dijalo di gola di bo di ungwa, moo go se kitlang go nna le phoso kaga gore mmu o ntsheditse motho yo o neng a jala moo eng.

11. Kwantle ga dipopego tsa kafa ntle tsa mmu, ke eng seo gape se leng botlhokwa mo go tlhomamiseng boleng jwa selo se se jadilweng mo mmung o o ntseng jalo?

11 Mmu ke karolo e e botlhokwa mo go seo se kotulwang labofelo. Jesu o rile: “Lehatshe [eseng Modimo] lea ikuñwisa ka yeosi [ka iketlo]; e re pele go cwe mogwañ; me go cwe seakō, me moragō mabèlè a a tletseñ mo seakoñ.” (Mar. 4:28) Mo setshwantshong sa mefuta e le mene ya mmu, Jesu o ile a tlhalosa fela dipopego tsa kafa ntle tsa mefuta eo ya mmu. Mme dipopego tsa mmu tsa go nontsha le tsone ke tsa botlhokwa mo go tlhomamiseng boleng jwa seo se ungwang, jaaka fa mmu o le bodila, o le letswai, kana o tshelwa monontsha o o sa boleng kana monontsha wa mosutelo.

12. Ka jalo, mmu o emela eng?

12 Ereka mmu o na le karolo e e botlhokwa jalo mo kgannyeng ya go tlhoga le boleng jwa gone, o emela tikologo ya bokopano, boitshwaro le ya bodumedi eo re godisetsang dipeo tsa dipopego tsa rona tsa botho mo go yone mme, mo go tlwaelegileng, e akaretsa batho.a Seno ke sengwe se se tshwanetseng go tlhophiwa sentle.

KAROLO EO RE GODISETSANG DIPOPEGO TSA RONA MO GO YONE

13. Tota le eleng mo phuthegong ya Bokeresete, a go kane go na le tikokologo e e sa tlhotlheletseng kgolo e e tshwanetseng ya Bokeresete?

13 Le eleng mo phuthegong ya Bokeresete go ka nna le tikologo kana bokopano joo bo sa thuseng segolo semoyeng. Bangwe bao ba sa tswang go tswa lefatsheng le go bontsha boineelo jwa bone go Modimo ka kolobetso ya metsi ba ka sekamela mo go tliseng sengwe se se santseng se ba kgomaretse mo phuthegong​—eleng selekanyo sa bolefatshe. A re gakologelweng gore moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego ya Bokeresete fa a ne a re: “Ke lo kwaletse mo lokwaloñ loa me [lwa pele], ka re, Lo se ka loa nna le bokopanō le baakahadi; . . . Me gompiyeno ke lo kwalèla, go re, e tle e re ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moōbamedi oa medimo ea disètwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re, Eo o nntseñ yalo, nya, lo se ka loa tlwaèlana naè, leha e le go ya naè.”​—1 Bakor. 5:9-11.

14. Go Bagalatia 6:7, 8, Paulo o tlhagisa Bakeresete jang kgatlhanong le go jalela ntlheng e e sa siamang?

14 Gape, moaposetoloi ene yo o ile a kwalela diphuthego tsa mo kgaolong ya Roma ya Galatia mo Asia Minor jaana: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ. Gonne eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ; me eo yalèlañ Mōea o tla rōba botshelō yo bo sa khutleñ yo bo cwañ mo Mōeeñ.” (Bagal. 6:7, 8) Yo o ipolelang go nna Mokeresete a kane a jalela nama ya gagwe e e sa itekanelang ka go batla go godisa dinonofo tsa gagwe tsa botho mo tikologong ya selefatshe eo e kgotsofatsang nama ya gagwe e e sa itekanelang.

15. Ka jalo, ke dipotso dife tse di tsogang maloka le go senka tikologo ya rona mo phuthegong ya Bokeresete?

15 Gompieno, mo phuthegong, a re gogelwa mo malokong a a santseng a kgomaretswe ke bolefatshe? Ba itswakanya le lone kgapetsa-kgapetsa ebile ba batla go nna le maloko a mangwe gore ba ikutlwe ba na le selekanyo sa gore ba siametse go ka itswakanya jalo gangwe le gape. A re letlelela tikologo ya rona ya bokopano kana bankane ba rona mo teng ga phuthego gore ba re kgoreletse mo go sianeng sentle mo tshianong ya botshelo jo bo sa khutleng? A re letlelela gore maloko a phuthego a a santseng a sekametse mo lefatsheng a re kgone gore re tseye tsela eo ba e tsayang, ka ntlha ya gore go itumedisa nama ya rona e e sa itekanelang?

16. Gore re kgatlhantshe letsatsi la diteko ka katlego, ke eng se re tshwanetseng go se akanyetsa kaga tikologo eo re tsamaelang mo go yone?

16 Lantlha diphelelo tsa tsela eo re ineetseng mo go yone di kane di sa lemosege kaga gore labofelo re tla nna Bakeresete ba ba ntseng jang bao re iphakang go nna bone. Seno se ntse jalo ka ntlha ya gore ‘mmu’ kana tikologo eo re tlhophang go ikopanya le yone o tla ungwa ka iketlo. “Mogwañ” o lebega o sena kotsi epe go babogedi, o se diphatsa gope. Bosigo rea robala mme re tsoge motshegare, mme go gola ga dipopego tsa rona tsa botho go gatela-pele kwantle ga go kgaotsa, faele gore go diragala jang ga re itse. Go tatalalela ga rona mo tseleng eno e e gololesegileng ebile e le motlhofo, ya boitaolo go tla re isa matsweleng a a sekang a tilwa, eleng, dipopego tsa botho tse di godileng sentle ka ntlha ya tikologo e e jaaka mmu, eo re itetleletseng go ka otliwa mo go yone. A seo re tla se robang ka go tsenya thipa se tla re thusa go lebana le diteko tsa letsatsi la ikarabelo ka katlego?

17. Ke eng se re sa tshwanelang go se lebala maloka le tikologo eo re jalang dipeo tsa dipopego tsa rona tsa botho?

17 A re se lebaleng gore, jaaka ‘mmu,’ tikologo eo dipeo tsa dipopego tsa rona tsa botho di jalwang le go nontshiwa mo go yone e tla ama go gola ga rona. E ka re dira mofuta wa maemo a a tlase a selo sa sebele, selo seo se neng se lebeletswe fa re ne re simolola go jala.

18. Re newa setshwantsho sefe sa bokopano jo bo sa siamang go Dipalo 11:4-34?

18 Sekai sa ditiragalo sa phelelo ya bankane ba ba sa siamang le eleng gare ga batho ba ga Jehofa se neetswe mo nageng ya Sinai mo motlheng wa ga Moshe. Re gakologelwa “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” joo bo tswileng mo Egepeto le Baiseraele jwa bo jwa tshela Lewatle le Lehibidu. (Ekes. 12:38) Moperofeti Moshe o re bolelela jaana kaga setlhopha seno sa ba eseng Baiseraele:

“Me bontsi yo bo tlhakatlhakanyeñ yo bo mo go bōnè [eleng Baiseraele], yoa ineèla mo dikelecoñ: Me bana ba Iseraela ba lela gapè, me ba re, E mañ eo o tla re naeañ nama ra e ya? Re gakologèlwa ditlhapi tse re ne re di ya hèla mo Egepeto eseñ ka sepè; makatane, le magapu, le boleke, le booie, le gareleke: me gompiyeno mōea oa rona o omeletse hèla; ga gōna sepè: ga re na sepè se re se sholohetseñ, ha e se selō se go tweñ mana hèla. . . . Me leina ya helō hoñ ya bidiwa, ga twe, Kiborotha-hataafa [leo le kayang Mafelo a Poloko ya ba ba Eleditseng ka Bohula].”​—Dipalo 11:4-34; bona gape le 1 Bakorintha 10:1-6, 10, 11.

19. Boitemogelo jwa Baiseraele le “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” mo nageng bo bontsha jang gore ga re ne re kaya gore Modimo o ikarabelela matswela a a bosula a a tswang mo tikologong ya rona e re e tlhophileng?

19 Ka gone “bontsi yoa batho yo bo tlhakatlhakanyeñ” joo bo ile jwa tlhotlheletsa Baiseraele. Ereka ba ne ba sa kgotsofalele paakanyetso ya ga Jehofa ya senkgwe se se tswang legodimong, ba ne ba retologa mo dipelong tsa bone ka ntlha ya go eletsa dilo tse ba kileng ba di ipelela mo lefatsheng leo la medimo ya disetwa ka bohula. (Pes. 105:40) Ba dirile dimpa tsa bone modimo wa bone, ka gobo ba tlile ka keletso e e bohula ya menate ya dilo tse di bonalang tsa Egepeto yo o neng a laolwa ke badimona. (Bafil. 3:19) Ka jalo ba ile ba tshwaetsa Baiseraele ka keletso e e ntseng jalo ya dijo. Jaanong ba ile ba itshupa go nna bankane ba ba bosula ba batho ba ga Jehofa ba ba tlhophilweng Iseraele. Sekao seno sa ditiragalo se direla jaaka tlhagiso e e molemo go rona gompieno. Ga re ne re dira gore Modimo o ikarabelele diphelelo tse di bosula tseo re di robang mo tikologong e e bosula eo re e tlhophang.

20. Ke eng se se nang le boikarabelo go seo re se bonang mo tseleng eo re e tlhophang go na le Modimo?

20 Faele gore ga re kgone go akaretsa Modimo mo ditshwantshong tsa mefuta e mene ya mmu le mabele le mofoka, a go a utlwala, go tlhomame, go akaretsa Modimo ka boone mo tirafatsong ya Mareko 4:26-29? Ka kakaretso, “lehatshe le tle le ntshe go kukunya ga yeōna” ebile “tshimō e tle e tlhagise diyalō tsa eōna.” (Isa. 61:11) Ka jalo, he, matokwane (“tse ditala”), hashish, motsoko, le merogo e e jalelwang go dira opium, di tla tlhoga mo mmung o o lemilweng fela jaaka mabele a dira. Ka tlhamalalo, he, thobo eo e kotulwang e ikaegile kaga seo mojadi a se jalang gammogo le gore o latlhela peo mo mofuteng ofe wa mmu.

21. Ke setshwantsho sefe sa kwa Holland seo se bontshang gore tikologo eo peo e e iphitlhelang mo go yone e ama dikgang?

21 Tikologo eo peo e iphitlhelang mo go yone e ama dikgang. A re se keng ra lebala gore ga se gore mefuta yotlhe ya mmu e na le dipopego tsa menontsha tse di tshwanang. O mongwe o bodila, o mongwe o letswai, jalo le jalo. Ka ntlha ya mo erile fa Ma-Datšhe a ne a batla go kgatha lefatshe go tswa mo Lewatleng la Borwa, ba ile ba aga dipota mme ba boloka metsi a letswai mo didibeng. Morago ba ne ba goga metsi ao a lewatle, ba tlogela karolo ya lefatshe e e boalo-tlase. Mme lefatshe le le kgathilweng jalo le ne le na le letswai la lewatle. Le ne le sa siamela go ka jalela mabele a a jewang ka gangwe fela. Ka jalo lantlha ba ne ba tshwanetse go siamisa mmu ka go jala lotlhaka lo lo neng lo mela sentle mo mmung wa letswai. Seno se ne sa ntsha letswai mo mmung. Mme morago ba ne ba jala mabele ka dithobo tse dintle.

22. Gantsi re tlamegile go jala peo ya dinonofo tsa rona tsa botho kae, mme ke eng se se tlhomamisegileng faele kaga matswela a seno?

22 Go ntse fela jalo ka dipopego tsa rona tsa botho: re tlamegile go di jala golo gongwe, gantsi ke mo tikologong eo re e tlhophang. Re tlamegile go kgatlhana le go roba kana go kotula. A seo re se robang se tla tshwanela kamano e e amogelesegang le bogosi jwa Modimo? Tikologo kana bokopano joo re bo senkang ka metlha e tla nna le tlhotlheletso e kgolo mo go seo. Le eleng mo gare ga phuthego ya Bokeresete re ka senka bokopano jwa bonkane le batho ba ba kolobeditsweng bao ba santseng ba kgomaretse dilo tsa lefatshe, mme ba sa utlwe go tsunetswa gope ga segakolodi kaga go di tsenya mo phuthegong. Botho jwa rona jwa Bokeresete gammogo le boitsholo eleruri di tla amiwa ke dilo tse di ntseng jalo tse di tshwaetsang.

23. Ke eng se se tla tlhomamisang boitumelo jwa rona jwa bofelo bogolo go ponalo ya dilo kwa tshimologong?

23 Go gola ga Mokeresete yo o tshwaeditsweng mo ntlheng ya selefatshe go tla nna ka iketlo, selekanyo sa go katoga tsela ya Bokeresete lantlha se le sennye thata go ka lemogiwa. Go tshwana le go tlhagelela ga “mogwañ” go tswa mo peong. Mme nako ya go roba labofelo e tla bontsha kwantle ga phoso seo re se godisitseng, ka gobo go tla bo go na le matswela a a tlaa duelwang. Fa labofelo Bokeresete jwa boammaaruri bo le josi bo tla bo bo kgona go lebana le teko, motho mongwe le mongwe o tla tshwanelwa ke go tsenya thipa ya gagwe le go kokoanya seo a godileng go nna sone. A seo a se robang se tla mo tlogela a sena tsholofelo, a senotswe jaaka yo o maaka go maiphako a gagwe a Bokeresete? Go sego Mokeresete yoo a nang le mabaka a Dikwalo a go kgotsofalela seo thiba ya gagwe e se robang.​—Bapisa Pesalema 126:5, 6.

24. A boitshepo jwa rona jwa botho bo tla nyeletsa phelelo ya tikologo eo re ipayang mo go yone ka metlha?

24 Ka iketlo re golela ekane mo ntlheng e kana ele, ekane mo tseleng ya selefatshe kana mo tseleng ya semoya. A go hutsahale rona fa re iphora kana re letlelela ba bangwe gore ba re fore ka go akanya gore re ka nna le ditsala tse di bosula kwantle ga go senya mekgwa ya rona ya Bokeresete e e mosola. (1 Bakor. 15:33) Ga re ne re sotla Modimo ka go leka go nyeletsa molao wa gagwe wa gore, jaaka fela go na le go jala, ka jalo go tshwanetse ga nna le go kotula le wa gore mo re jalang gone go tla ama seo re se kotulang. O tlhagisa ka gore boitshepo jwa rona jwa botho ga bo ne bo ikgotlha fela ka bojone bo bo bo dira ba bangwe go nna boitshepo. Bogolo, kamano ya rona e e sa lebelwang ya ka metlha le batho ba ba leswe ba selefatshe e tlaa felela mo go nneng ga rona leswe le rona.​—Hag. 2:10-14.

25. Go ya ka Bagalatia 5:19-24, ke eng seo se tla re bolokang mo kamanong e e tshwanetseng le bogosi jwa Modimo?

25 Ka kakanyetso-pele ya Dikwalo re ka tlhomamisa matswela a tsela ya rona. A re lekela mo go nneng le kamano e e tswelang-pele ya kagiso le bogosi jwa Modimo? “Ditihō tsa nama” ga di ne di re fitlhisa koo! Mo letlhakoreng je lengwe, go na le “louñō loa Mōea,” me ka go lo tlhagolela ga re ne re ineela mo dikeletsong le ditirong tsa nama. Go latela ga rona tsela e e kelotlhoko eno mo go kgotsofatsang go tlaa felela ka go roba ga rona maungo a a tshwanetseng bogosi jwa Modimo ka Keresete.​—Bagal. 5:19-24.

26. Ke tsela efe e re tla e duelelwang ka thobo ya dinonofo tsa botho tse di amogelwang?

26 Bogosi jwa Modimo, jo bo sa bolong go rapelelwa ke barutwa ba ga Keresete, jaanong bo tloge bo tla kgatlhanong le mebuso yotlhe ya baba phemelong ya bolaodi jwa gagwe jwa lobopo. Maloka le bogosi joo, go na le nako ya botho ya thobo e e fa pele ga mongwe le mongwe wa rona. Tlhokomelo e kgolo go gaisa e tshwanetse go dirwa mabapi le ‘mmu’ wa tikologo eo re jalang dipeo tsa dipopego tsa botho jwa rona mo go one. Bokopano jwa rona jwa bonkane, boitapoloso, boitsholo le bodumedi bo tshwanetse go nna jwa bao ba ratang bogosi jwa Modimo ka Keresete lantlha, labofelo le ka dinako tsotlhe. Go neela ga rona kakanyetso-pele go seo re se jalang, le gore kae, ebile ka gale ka mokgele wa go bona bogosi jwa Modimo go tla duelwa ka go roba mo go letlotlo ga maungo a botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete jo bo buduleng le jo bo tlhagafetseng. Abo Jehofa Modimo o tla itumelela seno mo gogolo jang! O tla re bontsha kamogelo ya gagwe e e sa bapisiweng gammogo le masego otlhe ao kamogelo ya gagwe e isang go one.

27. Ke eng se se tla dirang gore re bone tirafatso e e rategang ya setshwantsho go Mareko 4:26-29?

27 Ka jalo, tlase ga potlako e e golang ya metlha, re dira sentle ka go reetsa kgakololo e e mo nakong: “Me a re gopolaneñ re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō; re se ka ra bakèla go phuthèga ga rona, yaka mokgwa oa ba bañwe, me re laelanè; me bogolo thata ka lo bōna motlha o atamèla.” (Baheb. 10:24, 25) Seno se tla felela ka go bona ga rona tirafatso e e rategang ya setshwantsho se se khutshwane mme se le maatla sa mojadi le mofoka, go Mareko 4:26-29. Ka nako eo re tla itemogelela ‘boitumelo jwa thobo.’ Ka boitumelo jo bogolo re tla lemoga ka botlalo gore “eo o yalèlañ Mōea o tla rōba botshelō yo bo sa khutleñ yo bo cwañ mo Mōeeñ.”​—Bagal. 6:8; Isa. 9:3.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Seno se tshwana le seo Jesu Keresete a se buileng mo setshwantshong sa gagwe sa mabele le mofoka, gore “tshimō” e ne e le lefatshe la batho. (Math. 13:38) Ke fano fela, go Mareko 4:26-28, moo ‘mmu’ o go jalwang mo go one, go na le go nna lefatshe ka bophara, e nna fela kamano le bokopano tseo motho a nang le tsone le batho ba bangwe. ‘Mmu’ ga o emele “pelō” ya motho, jaaka go Mathaio 13:19 le Luke 8:12, 15.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Fela jaaka mmu oo peo e welang mo go one, tikologo eo Mokeresete a tlhophang go godisa dinonofo tsa botho mo go yone e tla mo ama ekane e le molemong kana bosuleng

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

“Lehatshe lea ikuñwisa ka yeosi; . . . Me ea re ha mabèlè a budule, motho a akohe a tsenye thipa ka go bo go rōba go hitlhile.”​—Mar. 4:28, 29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela