LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 12/1 ts. 28-30
  • “Ga se Molato Wa Me”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ga se Molato Wa Me”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BOSETLHOGO LE GO DIRA BOSULA DI TLISA KGETHOLOLO
  • FA THUSO E E TSHWANETSENG E SA NEELWE
  • FA GO NA LE KGATELELO
  • TLHOKAFALO YA LORATO LE BOIKANYO
  • KGANG E E MASISI
  • O Se Nne le Seabe mo Maleong a ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ke ka Ntlha Yang o Bega se se Bosula?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ke Molato wa ga Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Bagolwane Sokololang Ba Bangwe ka Moya wa Bonolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 12/1 ts. 28-30

“Ga se Molato Wa Me”

A KA metlha o ka dira polelo eo? Batho ba amiwa ke mafoko le ditiro tsa ba bangwe. Ka nako nngwe, ka tshwanelo ba ka galefa, kana ba ka nwela mo khutsafalong e kgolo, ka ntlha ya ditiro kana go akgela ga bankane ba bone.

Ka gongwe o nnile le maitemogelo a a ntseng jalo. Lefa go le jalo, a o tlhomamisegile gore ga o a ka wa nna le boikarabelo mo go galefeng, go hutsafaleng kana mo go bogeng ga ba bangwe? Eleruri, a ka metlha o ka re, “Ga se molato wa me”?

BOSETLHOGO LE GO DIRA BOSULA DI TLISA KGETHOLOLO

Ka tlwaelo, batho-ka-bongwe ba eletsa go nna le bokopano jo bo rileng jo bo itumedisang le batho-ka-bone. Tota-tota, batho bangwe gantsi ba ikutlwa ba bogisega thata fa ba bangwe ba ba tlhokomologa. Ba ka nna ba akanya gore bao ba bonalang ekete ba ba tila ga ba akanyetse kana ga ba na lorato.

Lefa go le jalo molato o kane o se mo ditsaleng tsa “motlhobogiwa” gotlhelele. Seane se se tlhotlheleditsweng sea kaya: “Motho eo o boutlwèlō botlhoko o itihèla mōea oa gagwè molemō: me eo o selalome o ichwenya nama ea gagwè.” Ee, re ka ikutlwisa botlhoko fa re le kgagautlo le setlhogo go ba bangwe. Labofelo bao re ba tsholang botlhaswa ba ka nna ba se rate bokopano jwa rona, lefa e le gore ba re “tlhokomologa” fela ka ntlha ya gore ga ba tlhole ba batla go utlwa botlhoko ka ntlha ya bosetlhogo jwa rona.

Re ka kgethololwa gape ka ntlha ya boitshwaro jwa rona jo bo maswe. Mo Iseraeleng wa bogologolo, ditlhogo tsa malapa tse di ne di sa dirisane le melao ya Modimo ba ne ba ka tlisa kgethololo godimo ga malapa a bone. Ka sekai, Akane o utsweditse Modimo ka go ikabela, ka mo go sa tshwanelang, kobo ya Sebabilona, dishekele di le 200 tsa selefera le kgapetla ya gauda. Mme fa go dira bosula ga ga Akane go ne go senolwa, ‘Jehofa a mo kgetholola,’ mme ene le balapa la gagwe ba kgobotlediwa go fitlha baa swa. (Yosh. kga. 7) Gompieno, tlhogo ya lelapa la Bokeresete le ba bangwe ba lelapa la gagwe ba ka akaretswa mo go direng bosula mo go felelang ka gore ba kgaolwe mo phuthegong ya Bokeresete. Tota-tota, motho yoo yo ka boene a tlolang lefoko la Modimo le go tlogelela go dira bosula jo bo masisi mo lelapeng la gagwe ‘o tshwenya ntlo ya gagwe.’ (Dia. 11:29) Ene, mme gongwe le ba bangwe mo lelapeng, ba kgethololwa ka tshwanelo ke Bakeresete ba ba boikanyego, ka go sa ba akaretse mo bokopanong jwa bona jaaka badira-bosula ba ba sa ikwatlhaeng. (1 Bakor. 5:11-13) A lebane le phelelo e e ntseng jalo ya go dira bosula, motho yoo a ka seke a re, “Ga se molato wa me!”

FA THUSO E E TSHWANETSENG E SA NEELWE

Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse, legale, go leka go thusa badumedimmogo bao ka go sa lemogeng ba tsayang kgato e e phoso. Moaposetoloi o baya dikgang ka tsela e: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa.” (Bagal. 6:1) Lefa go le jalo, fa bagolwane ba phuthego ba tlhaela go neela thuso ya semoya fa go tshwanetse, a ga ba ikarabelele gotlhelele fa yo o leofang labofelo a ineela mo thaelong?

Kafa letlhakoreng je lengwe, go le gontsi go ikaegile ka moo thuso e neelwang. Paulo o rile bao ba nang le ditshwanelo tsa semoya ba tshwanetse go sokolola yo o leofang “ka mōea oa bonōlō.” Mme a ko o re mogolwane ga neele kgakololo ka bonolo, mme, ka ntlha ya mo, yo o gakololwang o hutsafala thata, a galefe kana ka mokgwa mongwe a ngale. Ka ntlha ya go tsholwa makgwakgwa, yo o leofang ga a ne a ‘sokololwa,’ mme a ka nna a nnela ruri mo tseleng e e bosula. Tlase ga maemo a a jalo, a mogolwane yo o senang bopelonomi yo eleruri a ka re, “Ga se molato wa me!”?​—Bapisa Luke 17:1, 2; 2 Bakor. 6:3.

FA GO NA LE KGATELELO

He, gape, go tweng fa motho yo o nang le bolaodi godimo ga ba bangwe a itshupa go nna yo o gatelelang? Ka ntlha ya ditirisano tse di makgwakgwa le bone, ba bangwe ba ka go fitlhela go retela go bona kagiso ya mogopolo mme tota ba ka, tshwanela go dira maiteko a magolo go laola moya wa bone. Se ga se gakgamatse, gonne re a bolelelwa mo Dikwalong: “Gonne boikgagapèlèlō [kgatelelo] bo hetola motho eo o botlhale seeleele.”​—Mor. 7:7.

Eleruri, kgatelelo e e tswelelang e ka dira le eleng motho yo o botlhale go dira boatla. Ka sekai, a ka nna a latlhegelwa ke boikgapo mme a dira sengwe se se bosula. Fa a ka dira jalo, a mogateledi a ka fapoga boikarabelo jotlhe mme a re, “Ga se molato wa me”?

Mo lethakoreng je lengwe, Moreri 7:7 e ka kaya kgatelelo eo yo o botlhale ka boene a ka tlhakanelang mo go yone, a dira mo phapaanong le tlotlo ya botho mme a itire ekete ga a bone kopo ya ba ba gateletsweng. A ka nna a dira boeleele ka go letlelela moya wa kgatelelo go busa mo go ene mme a ka ipona jaaka monaya-thuso yo mogolo yo o nang le tshwanelo ya go fedisa mongwe le mongwe yo o ka lekang go nyatsa mekgwa ya gagwe. (Bapisa 2 Ditihalo 16:10.) Mme kgopolo e e phoso ya mogateledi eleruri ga e mo dire yo o senang molato.

TLHOKAFALO YA LORATO LE BOIKANYO

Ka tlholego, kgang ya go nna molato e amana le dikarolo tse dintsi tsa botshelo. Ka sekai, akanyetsa bokopano jwa lenyalo. Lorato, bonolo le kamego mongwe go yo mongwe ke tse di botlhokwa go bona boitumelo mo lenyalong. Mme go tweng fa molekane wa lenyalo a palelwa ke go bontsha dinonofo tse? Mme go tweng fa ene, eleng monna kana mosadi, a ka gana go neela ditshwanelo tsa lenyalo ka boomo le ka go tatalala?

Tlase ga kgatelelo ya go gana mo go jalo, mo go senang lorato, bonolo le kamego ya boammaaruri, molekane yo o gannweng a ka ineela mo thaelong mme a gokafala. Fa seo se ka diragala, a molekane yo o senang lorato a ka latola boikarabelo jotlhe ka go re, “Ga se molato wa me”? Legoka!

E ne e le go thibela dilo tse di jalo fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala: “Lo se ka loa ikgogonèlana [mo ditshwanelong tsa lenyalo], ha e se ka go dumalana ka sebaka, gore lo tlè lo ineèlè mo thapeloñ, me lo itse go ba lo kōpana gapè, gore Satane a se bone kgōrō ea go lo raèla ka go retelèlwa ga lona ke go ichōka.”​—1 Bakor. 7:1-5.

Ekane Mokeresete o dirisana le leloko la lelapa la gagwe kana mongwe wa kwantle, o tshwanetse go dira ka tsela e e tlhotlheletsang boikanyo. Motho yo o nang le go ikaelela go diragatsa maikaelelo a gagwe go sa kgathalesege botswelopele jwa ba bangwe a ka raelesega go ineela ditogamaanong tse di bosula, a akanya gore phelelo e e eletswang e dira gore sengwe le sengwe se se dirisiwang go e bona se siame. Mme ke eng seo ka gale se diragalang fa ba bangwe ba bona gore molekane o na ‘le loleme lo lo tsietso mo molomong wa gagwe’? (Mika 6:12) Ba na le go se tlhole ba ikanya motho yo o bosula yoo ka nako e e tlang mme ba ka nnela kgakajana le ene. Eleruri o tla fitlhela seno se kgobera maikutlo. Mme fa a ka lebisa kgang mo go ene, a a ka re, “Ga se molato wa me”?

KGANG E E MASISI

Bao ba tshwerweng ke motho yo o nang le loleme lwa tsietso ba ka nna ba seka ba lemoga ka gale seo a se dirileng. Mme go na le Mongwe yo ka gale a itseng, le gona o baya molato mo o tshwanetseng. Rea tlhomamisediwa mo Dikwalong: “Gonne eo o logwadi ke mohedisa pelo mo go Yehofa: me leōma ya gagwè le na le eo o thōkgameñ.” (Dia. 3:32) Ke boammaaruri mongwe yo o tsietso mo mafokong le ditirong a ka itsietsa ka boene, le eleng go akanya gore o siame go ka dirisa loleme lwa gagwe lo lo boferefere le go ineela mo mekgweng e e belaetsang. Fa go le jalo, batho-ka-ene ba ka nna ba seka ba nna le bosupi jo bo lekaneng gore ba “mo ōmanyè.” (Luke 17:3) Mme fa motho yo o ntseng jalo a sa siamise ditsela tsa gagwe, fa pele ga Modimo boemo jwa gagwe bo tlhobogilwe. Jehofa o kaya mongwe yo o tsietso a le makgapha, mme mothokgami ke ena fela a ipelelang katamalano e e fa gaufi le Modimo.

Kwa bokhutlong, he, botlhe ba tla ikarabela go Mogodimodimo. (Bar. 14:10-12) Seno se gatelela botlhokwa jwa go ineela mo kgogong ya moya wa Modimo le Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, re ntse re nnetse ruri mo thapelong bakeng sa thuso ya gore re ikgogone mo bosetlhogong, go direng bosula, go tlhokeng boikarabelo, mo mekgweng e e gatelelang, mo ditirisanong tse di senang lorato le mo go sa ikanyegeng. Ee, mo maemong a mantsi, motho ga a ne a kgona ka gale go faposa boikarabelo fela ka gore, “Ga se molato wa me!”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela