Go Jala ka Mokgele wa go Bona Bogosi jwa Modimo
1. Mosetsana wa sekolo o ile a re molaodi yo o botsang ke wa bogosi bofe, mme a karabo ya gagwe e ne e ka seka ya akanyediwa?
MOLAODI wa naga ya Yuropa Bogare o ne a tlhatlhoba sekolo sa batlhanka ba gagwe. O ile a botsa setlhopha sa sekolo dipotso di le mmalwa. Jaaka kgang e tswelela, o ile a botsa mosetsanyana mongwe kaga “bogosi jwa dijalo” le “bogosi jwa diphologolo” mme a itumelela dikarabo tsa gagwe. Morago ga mo, o ile a mmotsa: “Nna ke wa bogosi bofe?” A lebeletse karabo ya gore, “Bogosi jwa diphologolo,” o ile a itsheka dikeledi fa a utlwa mosetsanyana a araba ka gore: “Bogosi jwa Modimo.” Lefa lemororo kereke eo molaodi a neng a e tsena e ne e akanya gore karabo ya mosetsanyana e ne e siame gammogo le e e tlotlang, a e ne e le wa Bogosi jwa Modimo? A mmusi yo wa sepolotiki wa mmuso wa lefatshe eleruri o ne a letleletswe mo “bogosing jwa Modimo”? Ke kgang e e ka akanyetswang!
2. (a) Go amogelwa mo bogosing jwa Modimo ke go ya boemong bofe jwa mmuso? (b) Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba bontshitse jang gore ba ne ba sa jale ka mokgele wa go bona bogosi joo?
2 Go amogelwa mo bogosing jwa Modimo ke tlotlo e kgolo go gaisa tsotlhe eo e ka abelwang motho ope mo lefatsheng. Bogosi jwa Modimo ke bogosi jo bo gaisang mebuso yotlhe. Ke one mmuso o Mosimolodi wa Bokeresete a neng a rera ka one mo Botlhaba Gare. Ditiragalo di re kaga Jesu Keresete: “Me yana, e rile Yohane [Mokolobetsi] a se na go golègwa [ka ngwaga wa 30 C.E.], Jesu a tla mo Galilea, a rèra Mahoko a a Molemō a Modimo, a re, Lobaka lo hitlhile, e bile bogosi yoa Modimo bo atametse: ikwatlhaeeñ lo dumèlè Mahoko a a Molemō.” (pego ya ga Mareko, kgao. 1, ditem. 14 le 15) Lefa go ntse jalo, bontsi jo bo phikanyang jwa batho ba Bajuda ga bo a ka jwa ikwatlhaya le go nna le tumelo. Mo go makgapha, ba ne ba dira gore Jesu a bolawe jaaka mmaba wa molaodi wa Moroma, eleng Kaesare. Ka tshwantshetso, ga baa ka ba jala ka mokgele wa go bona bogosi jwa Modimo. Mme ke bomang ba rona bao ba dirang jalo? Re ka itse jang? Re tla bona.
3. Barutwa ba ga Jesu ba ile ba botsa kaga setshwantsho sefe se se neetsweng bareetsi ba ba neng ba le fa losing lwa lewatle, mme o ile a reng kaga tsebe?
3 Bontsi jwa rona gompieno bo rata dipapiso tsa dilo. Jesu Keresete o ile a tuma ka go dira dipapiso kana go bolela ditshwantsho. Jaaka moreri yo o tsamatsamayang, o ne a na le bareetsi ba bantsi. Ka motlha mongwe, a le mo mokorong mo lewatleng la Galilea, o ne a ruta batho ba le fa losing lwa lewatle. O ne a neela setshwantsho sa mefuta e le mene ya mmu wa temo. Kwa thoko, barutwa ba gagwe ba ba gaufi-ufi ba ne ba mmotsa kaga bokao jwa sone. Morago ga go tlhalosa le go dira dikakgelo tse di oketsegileng, o ile a re, le eleng go bankane ba ba gaufi bano: “Ha motho leha e le mañ a na le ditsèbè go utlwa, a a utlwè.” (Mar. 4:1-23) Faele gore ke ba bakae ba bareetsi ba fa losing lwa lewatle bao ba neng ba na le ditsebe tse di ntseng jalo, ga re itse. Mme Jesu o ne a lebeletse gore barutwa ba gagwe bao a neng a ba tlhalosetsa ba nne le ditsebe tse di utlwang. Ka ditsebe tse di ntseng jalo seo ba se utlwileng mo go ene se ne se tla bona bonno jwa leruri mo teng ga bone le go ba neela tshedimosetso. Ke bomang ba rona gompieno bao ba nang le mofuta o o ntseng jalo wa ditsebe tse di utlwang? Di tla re thusa mo go jaleng sentle ka mokgele wa go bona bogosi jwa Modimo.
4. Ke ga botlhokwa bofe gore motho a nne le ‘tsebe e e utlwang,’ mme ke ka ntlhayang re sa batle go nna jaaka mmu o o fa thoko ga tsela?
4 Fa re sena “ditsèbè go utlwa,” ga re ne re elatlhoko seo Jesu Keresete a neng a se ruta. Go elatlhoko go botlhokwa, ka gobo mokwadi wa Bibela Mareko o tswelapele go bega: “Me a ba raea, a re, Lo tlhōkōmèlè se lo se utlwañ.” (Mar. 4:24) Re seke ra ba ra tshwana le mofuta wa ntlha wa mmu mo setshwantshong sa ga Jesu. E ne e le mmu o o fa thoko ga tsela. O ne o katisegile thata mo eleng gore ga o a ka wa letlelela gore peo e tsene, mme wa e tlogela e senoletswe dinonyane go e sela le go e ja. (Mar. 4:4, 15) Ga re batle gore Satane Diabolo, ka baemedi ba gagwe, a tlose boammaaruri jwa Bokeresete mo go rona ka ntlha ya go sa tlhokomele ga rona. Mo go ne go tla senola tlhaelo ya tlotlo ya seo Morutisi, eleng Jesu Keresete, a neng a le sone ebile a leng sone mo thulaganyong ya Modimo.
5. Morago ga go neela kgakololo ya go tlhokomela, Jesu o ile a reng kaga go lekanya le go amogela?
5 Go na le polelo ya gore se re se tsentseng mo nkgong ke sone se re tlaa se ntshang gape. Jesu o bontshitse molemo oo re neng re tla o bona ka go tlhwaela seo a neng a se bua tsebe. O dirile seno ka go oketsa mafoko ano mo kgakololong ya gagwe kaga tlhokomelo: “Selekanyō se lo lekanyañ ka shōna, lo tla lekanyediwa ka shōne hèla: me lo tla okelediwa. Gonne eo o nañ le señwe, èna o tla nèwa; me eo o senañ sepè, le se o nañ nashō o tla se tseèlwa.”—Mar. 4:24, 25.
6. Faele kaga go mo lekanyetsa kgatlhego le tlhokomelo, a Jesu o ile a solofetsa go lekalekanya melato fela fa a busa?
6 Ka ntlha ya moo, faele gore re lekanyetsa Jesu Keresete kgatlhego le tlhokomelo tse dinnye, ga re ne re lebelela gore a re nee mo gontsi, bobotlana mo go seo a se buelang kgogo ya rona le molemo wa rona. Mme fa re bontsha gore re mo anaanela jaaka Morutisi wa rona le gore re mo abela selekanyo sa rona se segolo sa tlhokomelo, he o tla arabela ka go re neela selekanyo se se lekanang sa boikitsiso le tshedimosetso. Lefa go ntse jalo, mo ntlheng e gaa re neye fela ka go lekalekanya dilo le go duela melato. Bogolo, mo bopelotshweung jwa gagwe le go ya ka kgono ya gagwe, o tla re abela mo gontsi go na le moo re neng re go lebeletse. Ka gone rea humisiwa ebile re kgona bogolo go abalana le ba bangwe letlotlo la rona, re ba abela go tlhaloganya dilo.
7, 8. Mafoko a ga Jesu a a fa godimo a ile a itshupa a le boammaaruri jang mo kgannyeng ya barutwa ba gagwe ba ba gaufi-ufi, mme ka ntlhayang?
7 Morutwa yo o amogelesegang o tshwanetse go nna le boingotlo le boikitlieletso jwa go ithuta, ee, tlotlo ya sebele ya Morutisi wa gagwe le kanaanelo ya seo a se rutang. Fa a ntse jalo, o tla abelwa mo gontsi. Ka sekai, morago ga puo ya ga Jesu a le mo mokorong, barutwa ba gagwe ba ba gaufi-ufi ga baa ka ba tlogela kgang eno jaaka ya kgatlhego e e fetang. Ba bolokile setshwantsho sa gagwe mo mogopolong. Moragonyana, kwa thoko, ba ne ba mo kopa gore a tlhalose. Ka ntlha ya maiteko a bone a a oketsegileng a go ithuta seo dithuto tsa gagwe di se kayang, ba ile ba abelwa mo gontsi bogolo go bareetsi bao ba fa losing lwa lewatle. Ga baa ka ba ngodiisiwa ke kakgelo ya ga Jesu ya pelenyana: “A ga lo itse sechwanchō se? Me lo tla itse yañ dichwanchō cotlhe?” (Mar. 4:13) Ke jone boemo joo bontsi jwa bareetsi ba fa losing lwa lewatle bo nnetseng ruri mo go jone. Mme baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba na le tlhotlheletso ya go ithuta le go tlhaloganya. Ka jalo, ba ne ba itshwenya go kopa mo go oketsegileng go na le thadiso ya dilo fela. Ka jalo ba ne ba abelwa mo gontsi go na le mo ba neng ba go lebeletse. Mo kgannyeng ya bone, mafoko a ga Jesu a ne a nna boammaaruri:
8 “Lona lo neilwe bosaitsiweñ yoa bogōsi yoa Modimo: me bōnè ba ba kwa ntlè, dilō cotlhe ba di dihèlwa ka dichwanchō.”—Mar. 4:11.
9, 10. Go ne ga diragala eng kaga ba ba kwa ntle, mme ka ntlhayang?
9 Batho ba kwa ntle ba ne ba nna ba ntse ba kgotsofaletse thadiso fela ya dilo e e neng e dirilwe mo ditshwantshong. Ba ne ba tlhaela tlhotlheletso ya go ithuta dilo tsa sebele tsa ditshwantsho tseo. Ka gone ga baa ka ba bona tlhaloganyo epe ya ditshwantsho. Ba ne ba sa batle go tsaya kgato ka ntlha ya seo ditshwantsho di neng di se ruta. Ka jalo ba ne ba tila boikarabelo jo bogolwane jo bo tlang ka go tlhaloganya. Ba sa itshwenye ka go batla bogosi jwa Modimo pele, ba ne ba anaanela dilo tse di bonalang bogolo go dilo tsa semoya, eleng “bosaitsiweñ yoa bogosi yoa Modimo.”
10 Ka go sa sekamele mo go tlampareleng sebaka se ba se buletsweng ke ditshwantsho tsa ga Jesu, batho ba kwa ntle, tota-tota, ba ne ba latlhegelwa ke tsotlhe. Seo ba neng ba na le sone ka ntlha ya go tlwaelana le dipapiso, kana ditshwantsho, tsa ga Jesu ba ne ba se tseelwa. Satane Diabolo o ne a se tlosa mo go bone ka tiriso ya baemedi ba batho kana ka dikitso tsa masaitsiweng. Lesedi leo ba ka neng ba bo ba nnile le lone ka go utlwa ditshwantsho tsa ga Jesu le ne la khurumediwa ke lefifi. Lesedi la boammaaruri, eleng go gatela-pele ka kwa ga dilo tseo ba ka neng ba di tlhalogantse mo ditshwantshong tsa ga Jesu, le ne la ba tlogela mo lefitshwanyaneng, ba setse fela ka kitso ya motheo ya dilo tsa Bibela. Ka jalo ba ne ba apaapa jaaka difofu.
SETSHWANTSHO SA MONNA YO O LATLHELANG PEO
11. Go ya ka Mareko 4:26-29, Jesu o ile a neela setshwantsho sefe morago ga moo?
11 Mo pontshong ya dintlha tse di fa godimo, Mareko 4:26-29 e a bega: “Me [Jesu] a re, Bogosi yoa Modimo bo nntse yana, bo nntse yaka ha motho a ka bo a latlhèla peo mo mbuñ; me a rōbale, a coge bosigo le motshegare, me peo e ka mela, ea gola, me èna a sa itse kaha e golañ ka gōna. Lehatshe lea ikuñwisa ka yeōsi; e re pele go cwe mogwañ; hoñ go cwe seakō, me moragō mabèlè a a tletseñ mo seakoñ. Me ea re ha mabèlè a budule, motho a akohe a tsenye thipa ka go bo go rōba go hitlhile.”a
12. Bangwe ba diithuti tsa Bibela ba akanya gore setshwantsho seno se ruta eng mabapi le bogosi jwa Modimo?
12 Mo setshwantshong sa ga Jesu sa pelenyana seo a se neetseng a le mo mokorong, o ile a tlhalosa mojadi yo peo ya gagwe e wetseng mo mefuteng e le mene ya mmu. (Mar. 4:1-9) A mojadi yoo e ne e ntse e le ene molatlhedi yo wa peo mo setshwantshong se sa moragonyana? Diithuti tse dintsi tsa Bibela di akanya jalo. Ba akanya gore motho yo o latlhelang peo ka bophara gape o tshwantsha mmoledi yo o kwa pele-pele wa bogosi jwa Modimo, eleng, Jesu Keresete. Mo motheong o ba kaya gore “peo” e emela maloko a setlhopha sa Bogosi sa selegodimo. Ka gone setshwantsho sotlhe se bontsha go gola ga setlhopha sa Bogosi go tloga go 3 000 ka letsatsi la Pentekoste la 33 C.E. go ya palong e e tletseng ya 144 000. (Tshen. 14:1) Ka gone, jaanong re tshwanetse ra bo re le mo nakong ya “go rōba” ga maloko a bofelo a baruaboswa ba bogosi jwa Modimo. Lefa go ntse jalo, tlhaloso e e ntseng jalo ya setshwantsho sa ga Jesu e tsena mo mathateng a magolo a le mmalwa. Ekane e le afe?
13. Jesu Keresete o simolotse leng go aga phuthego ya gagwe e e tsetsweng ka moya, mme o ne a le mo boemong bofe ka nako eo?
13 Mme kana, setshwantsho se re monna yo o latlhelang peo ‘o a robala bosigo mme a tsoge motshegare.’ Tlhaloso e e ntseng jalo e ka tshwanela Jesu Keresete yo o galaleditsweng jang fa a sale a simolola go aga phuthego ya gagwe e e tsetsweng ka moya ka letsatsi la Pentekoste? Ga e tshwanele le eseng! Petere wa Ntlha 3:18 e bua kaga Jesu jaaka yo o ileng “a bolawa mo nameñ, me a rudisiwa mo moeeñ,” mo eleng gore ga e sa tlhole e le monna yo o itekanetseng yo a kileng a bo a le ene mo lefatsheng. Fa esale go tloga fa Modimo Mothatayotlhe a tsosa Jesu mo baswing ka Sontaga, Nisane 16, 33 C.E., Morwa Modimo yo o godisitsweng ke “marañ a kgalalèlō ea ōna, le sechwanō sebele sa bomodimo yoa ōna.”—Baheb. 1:3.
14. Faele mabapi le go robala bosigo, ke ka ntlhayang fa monna yo o latlhelang peo mo mmung a ka seka a emela Jesu Keresete yo o galaleditsweng?
14 Fa go ntse jalo, go tweng he? Mme kana, Pesalema 121:1-4 e re: “Thusō ea me e cwa kwa go Yehofa, eo o dihileñ legodimo le lehatshe. Ga a ketla a leseletsa lonaō loa gago go tshikiñwa: eo o gu dibèlañ ga a ketla a ōtsèla. Bōna, eo o dibèlañ Iseraela ga a ketla a ōtsèla, leha e le go rōbala.” (Tlhokomela gape le Yeremia 1:12.) Jesu Keresete yo o galaleditsweng kafa letsogong le legolo la Modimo o ne a ka robala jang, he, ka gale fa letsatsi le phirima mo Botlhaba Gare jaaka motho mo lefatsheng? Ga a sa tlhole a tlhoka boroko jwa bosigo jwa selefatshe gore a itekanelele tiro ya dioura tsa motshegare. Ebu, mo eleng dingwaga di le 1 000 go motho go tshwana fela le letsatsi go Jesu Keresete yo o tshwanang le Modimo! (Pes. 90:4; 2 Pet. 3:8) Ka ntlha ya lebaka le le losi, monna yo o latlhelang peo mo mmung o ne a se kitla a emela Jesu Keresete yo o galaleditsweng le yo o nang le bosasweng.b
15. Ke eng se se bontshang faele gore Morwa Modimo yo o kileng a tshela pele ga go nna motho o ne a itse kaga go gola ga peo le kaga ka moo mmu o ungwang ka boone ka teng?
15 Ntlha e nngwe gape e e tshwanetseng go tlhokomelwa ke ya gore setshwantsho sa ga Jesu Keresete se tswelapele go re: “Me peo e ka mela, ea gola, me èna a sa itse kaha e golañ ka gōna. Lehatshe lea ikuñwisa ka yeōsi.” (Mar. 4:27, 28) He, faele gore peo e e melang e be e gola e emela phuthego ya Bokeresete mo go goleng ga yone go tswa go maloko a le potlana go ya go a le mantsi, go kaya gore mojadi gaa itse gore e ntse e gola jang gore e nne ba le 144 000. Mme Jesu Keresete yo o kileng a tshela pele ga go nna motho e ne e le modiri-mmogo le Jehofa Modimo ka letsatsi la boraro la popo, fa lefatshe le ne “ya tlhōga boyañ, morōgō o o tsalañ peo kaha losikeñ loa ōna, le setlhare se se unwañ louñō, lo peo ea shōna e mo teñ ga lone, kaha losikeñ loa shōna.” (Gen. 1:12) Ka gone Morwa Modimo yo o kileng a tshela pele ga go nna motho o ile a bontsha kitso e e tletseng ya go gola ga dijalo le ya ka moo mmu o ungwang ka teng ka boone.
16. Ke ponatshegelo efe mo bukeng ya bofelo ya Bibela eo e bontshang gore ekane Jesu Keresete o a otsela kana o robetse faele kaga go gola ga diphuthego tsa Bokeresete?
16 Lefa go ntse jalo, faele kaga go gola ga phuthego, buka ya bofelo ya Bibela, Tshenolo, e e kwadilweng dingwaga di le 63 morago ga fa Jesu a tlhatlogela kwa legodimong ka Labone, lyyar 25, 33 C.E. (May 12, 33 C.E.), e tshwantsha Jesu Keresete e le yo o tsamayang gare ga ditlhomo di le supa tsa dipone tseo di emelang diphuthego di le supa mo Asia Minor. A na le matlho a a jaaka “kgabo ea molelō,” o tshwanetse a bo a thantse tota jaaka a tlhatlhoba boemo jwa semoya jwa diphuthego tse dikgolo tseno tse supa. Ka jalo gaa tshwantshiwe jaaka yo o otselang kana yo o robetseng faele kaga go gola ga diphuthego. O tshwanetse a bo a itsile ka moo diphuthego tseo di godileng ka teng go ya boemong jwa semoya joo a tlhalosang gore di mo go jone.—Tshen. 1:14; 2:18.
17. Ke ponatshegelo efe e e tlhalositsweng go Tshenolo 5:6 e e bontshang gore ekane Jesu Keresete yo o galaleditsweng o ne a ka emelwa ke monna yo o latlhelang peo mo mmung a bo a robala bosigo?
17 Faele kaga go tlhatloga le go bonala ga ga Jesu mo ponalong ya selegodimo ya Modimo, o tshwantshiwa jaaka kwana e e sa tswang go tlhabiwa, mme gape a tshela a na le “matlhō a shupa, a e leñ Meōea e shupa ea Modimo, e e romilweñ mo lehatshiñ yeotlhe.” (Tshen. 5:6) Go na le go akantsha go otsela kana go robala, ponatshegelo e e ntseng jalo e e menaganeng ga supa ya Morwa Modimo e ne e tla kaya boemo jwa go nna a thantse ebile a utlwa tsotlhe, ka metlha yotlhe. Ka tlhamalalo, he, Jesu Keresete yo o galaleditsweng o ne a se kitla a emelwa ke monna yo o latlhelang peo mo mmung a bo a robala bosigo ebile a sa itse gore kgolo ya seo a se jadileng e diragala jang.
18. Ke mang he yo ka mo go utlwalang a emelwang ke monna yo o mo setshwantshong?
18 Monna yo o mo sethwantshong o emela mang, he? Mareko mokwadi wa Efangele o kaela molemi yo tlhokomelong ya rona fela morago ga fa Jesu a sena go gakolola barutwa ba gagwe ba ba gaufiufi go elatlhoko seo ba se utlwang. Selekanyo se se rileng sa tlhokomelo se ne se tshwanetse go lefetswa ka dituelo tse di lekanang, ebile go oketswa mo gontsi. Ka jalo, ka mo go utlwalang, monna yo o mo setshwantshong o emela motho mongwe le mongwe yo o ipolelang go nna morutwa wa ga Jesu Keresete, eleng Moreri yo o kwa pele-pele wa bogosi jwa Modimo.
DIKAROLO TSE DI SUPANG TSA SETSHWANTSHO
19, 20. Ke dilo dife tse pedi tse dikgolo tseo di akaretsang setshwantsho sotlhe, mme ka jalo ke ntlha efe e e dirwang ke setshwantsho seno, mme ka mokgele ofe, bontsi kana boleng?
19 Jesu o simolotse setshwantsho ka gore: “[Ka gone] bogosi yoa Modimo bo nntse yana, bo nntse yaka ha motho a ka bo a latlhèla peo mo mbuñ.”—Mar. 4:26.
20 Re tlhokomela dilo tse pedi tse dikgolo tseo di akaretsang setshwantsho sotlhe. Santlha, ke go jalwa ga peo maloka le bogosi jwa Modimo, mme, sa bobedi, ke go robiwa, kana go kotulwa, ga loungo lo lo tswang mo peong e e jadilweng. Ka jalo ntlha ke gore, fela jaaka go ne go na le go jalwa ga peo, go tshwanetse ga lebelelwa go roba, kana go kotula. E nngwe e tlamegile go latela e nngwe. Bonnete jo bo masisi ke gore seo motho a se jalang maloka le bogosi jwa Modimo se isa go seo a tla se robang, kana a se kotula. Bogolo go bontsi, boleng jwa seo a se kotulang ke jone jo bo leng botlhokwa!
21. A Jesu o ile a tlhaola mofuta wa peo kana mofuta wa mmu oo e latlhelwang mo go one, mme lefa go ntse jalo go tsoga potso efe faele kaga peo?
21 Jesu gaa ka a tlhaola mofuta wa peo kana mofuta wa mmu o o akarediwang mo go jaleng. O rile: “Me ea re ha mabèlè a budule, motho a akohe a tsenye thipa ka go bo go rōba go hitlhile.” (Mar. 4:29) Bajuda bao Jesu a ba neetseng setshwantsho seno ba ne ba na le dithobo di le tharo mo ngwageng wa temo. Ya ntlha e diragetse fela morago ga modiro wa Tlolagahyo wa dikgakologo, fa moperesiti yo mogolo a ne a neela ngata ya thobo ya barele kwa tempeleng ya Jerusalema ka Nisane 16. Malatsi a le masome a matlhano go tswa foo, moperisiti yo mogolo o ne a neela mabutswapele a thobo ya korong kwa tempeleng mme morago ga moo thobo eno e ne e tswelapele. Thobo ya boraro e ne e diragala kwa bokhutlong jwa selemo mme e ne e gopolwa ka modiro wa go rora, kana wa diobo (metlaagana), o o neng o simolola ka letsatsi la bo-15 la kgwedi ya sejuda ya bosupa, eleng Tishri. (Ekes. 23:14-17) Faele kaga gore mo setshwantshong go ne go kaiwa nako efe ya thobo mo go tseno ga go a umakiwa. Mme, go sa kgathalesege gore go ne go jalwa peo efe, e emela eng?
22. Fa peo e sa emele maloko a phuthego ya Bokeresete, e emela eng, mme a go gola ga “peo” e e ntseng jalo ga go laolesege?
22 Setshwantsho sa ga Jesu se re peo e e jadilweng e ile ya mela ya bo ya gola mme ya butswa gore e nne mabele a a tletseng mo seakong. Re tlhokometse gore peo e e jadilweng ga e emele maloko a phuthego ya Bokeresete. Jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha, peo e e latlhelwang mo mmung e emela dipeo tsa dinonofo tsa botho, maikutlo le dikgono tsa tirelo tsa mojadi maloka le bogosi jwa Modimo. O tshwanetse go batlela tseno menontsha jaaka mo mmung. Go gola ga dipopego tseno tsa botho go ya bogolong le go butsweng gore di robiwe go ka iketlo. Ke selo se re tshwanetseng go se tlhokomela, ka gobo ga se gore ga se laolesege.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bapisa dintlha tse di latelang le The Watchtower ya December 1, 1950, tsebe 492, dirapa 34 le 35.
b Bona All the Parables of the Bible ka Lockyer, tsebe 252, serapa 8; gape le, The Pulpit Commentary mo go Mareko ka Spence le Excell, Bolumo I, ditsebe 159 le 205.
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
“Bogosi yoa Modimo bo nntse yana, bo nntse yaka ha motho a ka bo a latlhèla peo mo mmuñ; me a rōbale, a cogè bosigo le motshegare, me peo e ka mela, ea gola.”—Mar. 4:26, 27.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Motho mongwe le mongwe yo o ipolelang go nna morutwa wa ga Jesu Keresete o jala peo ya dinonofo tsa botho, maikutlo le dikgono tsa tirelo maloka le Bogosi jwa Modimo