Go Rapela Jehofa Gore Re Utlwiwe
“Eo o tlañ Modimoñ o na le go dumèla ha o leeō, ebile e le ōna moduedi wa ba ba o batlañ.”—Baheb. 11:6.
1-3. (a) Boitemogelo jwa mosetsanyana bo re bolelela eng? (b) Go na le thuto efe mo go se go batsadi botlhe?
ENE e le kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Go sa kgathalesege go rotolelwa matlho le kgalemo e e kwa tlase go tswa go mmaagwe, mosetsanyana o ne a tswelapele a le letshwenyo. Mmè he o ile a bolelela rre go tswelapele, mme o ile a dira jalo. Mmogo le morwadie, o ile a kwakwantela kwa kamotshaneng e e kwa morago ga Holo. A lemoga se se neng se tla mo diragalela, mosetsanyana o ile a lela: “Ijoo! Jehofa, thusa tswee tswee!”
2 Nako le nako fa tiragalo eno e anelwa, e tsikinya batho, mme ebile e tshwanetse. Mme a e tshegisa fela, kana a e re bolelela sengwe? Eleruri e re bolelela sengwe. Mosetsanyana o ne a itse leina la Modimo Mmopi, gore ke Jehofa, sengwe seo palo e e potlana thata ya basetsanyana e se itseng. O rutilwe botlhokwa jwa thapelo le gore go ka ikuelwa go Jehofa go bona thuso mo dinakong tsa mathata. Ke boammaaruri, go bonala go tshegisa gore a ka kopa Jehofa go mo sireletsa mo kotlhaong e e mo lebaneng. Mme tota, a kopo e e ntseng jalo e lekanyeditswe fela basetsanyana ba ba sa itseng sepe? Le eseng. Morafe wa Iseraele o ne o dira selo se se tshwanang gangwe le gape, segolo thata mo metlheng ya baatlhodi. Kgapetsa, fa ba ne ba amogela kotlhao e e ba lebaneng, ba ne ba rapela Modimo gore a ba golole.—Baatlh. 2:11-18; 4:1-3, 23, 24; 10:6-16; 11:32, 33.
3 Mo go se go na le thuto go batsadi botlhe ba Bakeresete. Simololang go sa le gale mo botshelong go tsenya tumelo go Jehofa Modimo mo baneng ba lona. Ba thuseng go lemoga le go tlhaloganya gore Jehofa ke motho wa sebele yo o utlwang le go araba dithapelo. Go ruta bana ka thapelo go tswa bonyaneng go tla oketsa mo gontsi mo go nneng ga bone ba ba boifang Modimo fa ba fitlha mo bogolong jwa go ikarabela.—Bapisa Pesalema 22:9, 10; Diane 22:6; 2 Timotheo 3:14, 15.
LEBAKA LA GO AKANYETSA DITHAPELO TSA GAGO
4, 5. (a) Ke dipotso dife mabapi le thapelo tseo re dirang sentle fa re di ipotsa? (b) Ke ka ntlhayang fa dipotso tse di ntseng jalo di le mo nakong?
4 Mme thapelo e tsaya karolo efe mo botshelong jwa gago? O rapela go le kanakang? A gantsi o iphitlhela o tshwaregile thata go ka rapela? Kana, o itlhaganela fela mo dithapelong tsa gago jaaka motšhine, jaaka tiro kana taolo e e tshwanetseng go diriwa? Boleng jwa dithapelo tsa gago ke bofe?
5 Dipotso tse di tlhotlheletsang mogopolo tseno di mo nakong. Tota le eleng gare ga batho bao ba ikayang e le batlhanka ba ga Jehofa go na le batho bao ba sa rapeleng ka metlha. Ba bangwe ba ikutlwa gore dithapelo tsa bone di tlhaela dintlha le boleng jo bo utlwalang. Seno ke sengwe se Mokeresete a sa tshwanelang go se tsaya ga motlhofo, ka gobo boleng jwa dithapelo tsa gagwe bo senola boemo jwa gagwe jwa semoya. Boitekanelo jwa motho jwa semoya, le jone, bo ikaegile segolo mo go nneng ga gagwe yo o tlhagafaletseng khumanego ya gagwe ya semoya mme a bo a dira sengwe kaga yone. (Math. 5:3) Ka nako e e tshwanang, ka go akanyetsa boleng jwa dithapelo tsa gagwe, motho a ka tokafatsa boemo jwa gagwe jwa semoya.
LEBAKA LA GO TLA GA RONA GO JEHOFA KA IKANYO
6. Ka ntlha ya seo Bibela e se umakang go Pesalema 65:2, Bafilipi 4:6 le 1 Bathesalonia 5:17, ke ka ntlhayang re ka rapela Modimo ka ikanyo?
6 Ke ka ntlhayang re ka tla go Jehofa ka ikanyo, re lebelela gore o tla reetsa dithapelo tsa rona? Santlha, ka ntlha ya gore o ikgetholola e le “eo u utlwañ thapèlō” mme gangwe le gape o re laela gore re rapele. (Pes. 65:2) Lefoko la gagwe le na le ditaelo tse di etsang: “Lo rapèlè, gore lo se tsene mo thaeloñ.” (Math. 26:41) “Lo rapèlèlanè.” (Yak. 5:16) “Lo nnèlè rure mo thapeloñ.” (Bar. 12:12) “Lo rapèlèñ ka go bisa go khutla.” (1 Bathes. 5:17) “Lo seke loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō.”—Bafil. 4:6.
7. Bangwe ba banna ba thapelo ba dikao e ne e le bomang?
7 Gape Bibela e neela dikao, tota-tota, ditaolo tse di sa tlhamalalang tsa gore re rapele. Go tswa go Genesise go ya go Tshenolo, rekoto e e tlhotlheleditsweng e tletse ka dikao tsa banna ba thapelo. Re bala ka thapelo ya ga Aberahame go Jehofa. (Gen. 12:8) Go tloga ka nako ya go kolobetswa ga gagwe mo Joredane go ya go go pegiweng ga gagwe mo thupeng ya tlhokofatso, Jesu Keresete o ne a rapela Rraagwe gangwe le gape. (Luke 3:21; 23:46) Tota moaposetoloi Paulo o umaka kgang ya thapelo ka makgetlo a mantsintsi fela mo makwalong a gagwe. Ka go boaboeletsa o re bolelela ka go rapelelela ba bangwe, o kgothaletsa go rapela, kana o kopa ba bangwe gore ba mo rapelele. (Bafil. 1:9-11; Baef. 6:18, 19) Buka ya Tshenolo, eo e kwadilweng ke moaposetoloi Johane, e konela ka dithapelo tse pedi.—Tshen. 22:20, 21.
8. Re ka atamela Modimo ka ikanyo ka ntlha ya kgang efe?
8 Lebaka la bobedi la go kgona ga rona go atamela Jehofa ka ikanyo mo thapelong ke ka gobo leina la gagwe le a akarediwa. Seno se kopanyeletsa le leina kana tumo ya gagwe jaaka “eo u utlwañ thapèlō.” Gape, ereka leina la gagwe le amanngwa le batho ba gagwe, go bonala ekete o a ba tlogela go tla ranolwa mo go phoso ke babogedi jaaka mo go senolang go sa kgone ga ga Jehofa go thusa batlhanka ba gagwe ba matswa-tseleng. Seno se ne se tla tlisetsa leina la gagwe kgobo. Ka gone, go Pesalema 79:9, rea bala: “Re thusè Modimo oa polokō ea rona, ka ntlha ea kgalalèlō ea leina ya gago: me u re gololè; tlhacwa o tlosè dibe tsa rona, ka ntlha ea leina la gago.” Moshe, Joshua, Dafide le Hesekia botlhe ba ile ba rapela ka mo go tshwanang. (Ekes. 32:11, 12; Yosh. 7:8, 9; 2 Dikg. 19:15-19; Pes. 25:11) Le moperofeti Daniele o ne a ikuela ka mafoko ano: ‘Morena, reetsa o dire; o seke wa diega; ka gobo motse wa gago o, le batho ba gago ba bidiwa ka leina la gago.’ (Dan. 9:19) Ee, faele gore tota re sikere leina la ga Jehofa, re ka mo rapela ka motheo oo.
9. Ke ka ntlhayang fa re ka rapela Modimo bakeng sa boutlwelo-botlhoko le boitshwarelo ka ikanyo?
9 Lebaka la boraro la go lebelela gore Jehofa o tla utlwa dithapelo tsa rona ke gore o itse ditekanyetso tsa rona ebile o batla go re thusa. Mopesalema Dafide o ne a bontsha seno ka mo go latelang: “Yaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, le èna o re tloseditse ditlolō tsa rona bokgakala yo bo kalo. Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo yalo. Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.” (Pes. 103:12-14; bona gape le Pesalema 51:5.) Ka gone, fa re tshoganyetswa ke phoso, fa re tlhakatlhakanya dikgang kana re dira phoso e e masisi, re ka rapela Jehofa Modimo mo motheong wa makoa le go tlhoka boitekanelo ga rona.
10. Jaaka go bontshitswe mo kgannyeng ya ga Jobe le ya ga Paulo le ba bangwe, ke ka ntlhayang fa re ka atamela Modimo ka ikanyo?
10 Lebaka le lengwe le legolo la go kgona ga rona go tla go Jehofa ka ikanyo ke gore o tla utlwa dithapelo tsa rona mo motheong wa go nna ga rona baboloka-bothokgami Jobe o rapetse ka botswerere mo motheong one o, a re: “A ke lekañwè mo selekanyoñ sa pègō se se lekalekanyeñ, gore Modimo o tlo o itse thōkgamō ea me.” (Yobe 31:6) Ka mo go tshwanang, Paulo o ile a kopa badumedi-ka-ene gore: “Lo re rapèlèlè: gonne rea tlhōmamisa ha re na le segakolodi se se siameñ, re eletsa go tshela ka go tlhōka macoketsane mo diloñ cotlhe.” (Baheb. 13:18) Ntlha ya gore re tshwanetse go nna ba ba thokgameng go tswa mo boemong jwa Modimo e bonala gape mo go seo moaposetoloi Johane a se kwadileng: “Baratwa, ha pelo tsa rona di sa re nyatse, re na le botlhōkapoihō ntlheñ ea Modimo; Me leha e le eñ se re se lōpañ hèla, re se amogèla mo go ōna ka re bolokile ditaolō tsa ōna, re bile re diha dilō tse di kgatlhañ mo matlhoñ a ōna.”—1 Yoh. 3:21, 22.
RAPELANG KA, ESENG GO, JESU KERESETE
11. Re ka atamela Modimo ka mang fela?
11 Re ka fitlhelela ‘Moutlwa thapelo’ yo mogolo jang? O laotse gore e nne ka Jesu Keresete fela. Go na le Motsereganyi a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, le Moperisiti yo Mogolo a le mongwe fela, eleng Jesu Keresete. (1 Tim. 2:5; Baheb. 7:25, 26) Jesu ka boene o ile a go bontsha ka tlhamalalo fela, ka go re: “Ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna.” (Yoh. 14:6) “Amarure, amarure, kea lo raea, Ha lo lōpa Rara señwe, o tla se lo naea ka leina ya me. . . . lōpañ, me lo tla amogèla, gore boitumèlō yoa lona bo dihalè.”—Yoh. 16:23, 24.
12, 13. (a) Ka ntlha ya seo moaposetoloi Johane le Setefane ba se dirileng, go ka botswa dipotso dife? (b) Mme ke ka ntlhayang fa dikao tsa ga Setefane le moaposetoloi Johane di ka se tsewe jaaka mabaka a go rapela Jesu ka tlhamalalo?
12 Lefa go ntse jalo, batho bangwe ba ka botsa: ‘A re ka se lope dilo le mo go Jesu Keresete gape ka tlhamalalo? A morutwa Setefane gaa bua ka tlhamalalo le Jesu mo thapelong, mme a moaposetoloi Johane gaa dira jalo le ene?’ Ke boammaaruri, Setefane, fa a ne a tloge aa swa, o rile: “Morèna Yesu, amogèla mōea wa me.” (Dit. 7:59) Le moaposetoloi Johane o ile a rapela: “A go nnè yalo: Tla, Morèna Yesu.”—Tshen. 22:20.
13 Lefa go ntse jalo, re dira sentle fa re tlhatlhoba maemo ano. Setefane, ka sekai, o ne a bona ponatshegelo, ka gobo o rile: “Bōnañ, ke bōna magodimo a atlhamologile, le Morwa Motho a eme kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo.” Ka jalo, ereka a bona Jesu mo ponatshegelong, Setefane o ne a ka bua le Morwa Modimo ka tlhamalalo. (Dit. 7:56) Ka mo go tshwanang moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo ya dilo tsa selegodimo. (Tshen. 1:1, 10; 4:1, 2) Fa a santse a bona ponatshegelo e, moaposetoloi o ne a bona Jesu mme a mo utlwa a re: “Eo o tlhōmamisañ dilō tse, a re, Ee: Ke tloga ke tla ka bonakō.” (Tshen. 22:20) Ka ntlha ya moo, Johane o ne a araba seo a sa tswang go se utlwa se bolelwa ke Jesu. Ditiragalo tse di ntseng jalo di bapisiwa le seo se diragetseng fa mmogisi Saulo wa Tareso a ne a ya kwa Damaseko. Jesu Keresete o ile a itshenolela Saulo, a re: “Saulo, Saulo, u mpogisetsañ?” Go tshwana fela le moaposetoloi Johane le Setefane, Saulo o ne a araba Jesu Keresete ka tlhamalalo: “U mañ Morèna?”—Dit. 9:4, 5.
KA TLOTLO E E TSHWANETSENG
14, 15. Fa re rapela, boikutlo, mafoko le modumo wa lentswe di tshwanetse go bontsha eng, mme ka ntlhayang?
14 Fa re atamela Molaodi yo mogolo wa lobopo ka thapelo, gape re tshwanetse go tla go ene ka maitseo a a tshwanetseng. Re ka mo atamela fela ka tlotlo e kgolo go gaisa, boikokobetso le boingotlo jo bogolo. Ntlha ya gore Lefoko la Modimo le re bolelela gore re ka tla go Modimo ka “botlhōkapoihō” ga e kaye gore re ka tlwaelana kana go ipuela fela le Mmopi yo mogolo. (Baheb. 4:16; 1 Yoh. 3:21, 22) Abo go boeleele ebile go sa tshwanela jang go simolola thapelo ka polelo e e etsang: “Dumela, Jehofa!” Re ka tla ka botlhoka-poifo ka ntlha ya tumelo le ikanyo ya rona mo go ikitlieletseng ga gagwe go reetsa le ka ntlha ya go nna ga rona baboloka-bothokgami. Mme re tshwanetse go dira jalo ka boikokobetso, le tlotlo e kgolo.—Bapisa Moreri 5:1, 2.
15 Re seke ra lebala ka gope gore Jehofa Modimo o kwa godimodimo thata go re gaisa. Re kwa tlase mo baengeleng ka nonofo le kgalalelo ka ntlha ya bogone le popego tsa rona tsa selefatshe. (Baheb. 2:7) Go feta moo, re batho ba ba sa itekanelang, ba ba leofang. Ka mo go tshwanetseng, he, re tshwanetse go dirisa mafoko le modumo wa lentswe tse di bontshang gore re tlhaloganya le go anaanela kamano ya rona le Jehofa Modimo, ka gobo o reetsa fela ba ba boingotlo bao ‘ba roromang ka lefoko la gagwe.’ (Isa. 66:2) Abo Jesu Keresete o bontshitse molao-motheo ono sentle jang mo setshwantshong sa gagwe kaga banna ba babedi bao ba ileng kwa tempeleng ya Jerusalema go rapela! Jehofa Modimo gaa ka a reetsa Mofarisai yo o mabela, wa moipegi, mme go bonala a utlwile le go araba thapelo ya mokgethisi yo o boingotlo le yo o ikwatlhaileng.—Luke 18:9-14.
KA TUMELO LE KA BOPELOTELELE
16. Ke Dikwalo dife tse di bontshang botlhokwa jwa tumelo mo thapelong?
16 Patlafalo e nngwe e e botlhokwa ya go utlwiwa ke Jehofa ke go tla go ene ka tumelo. Kgapetsa, boemo jo jwa thapelo re bo tlhokomedisiwa mo Lefokong la Modimo. Jesu o rile: “Ha lo na le tumèlō e e kanañ ka tlhaka ea peo ea mosetara, . . . ga go ketla go dihana le sepè se se tla lo retelèlañ.” (Math. 17:20) Go Bahebera 11:6 re bolelelwa gore, gore re itumedise Modimo sentle ga rea tshwanela fela go nna le tumelo ya gore o gone mme gape ya gore o duela “ba ba o batlañ.” Morutwa Jakobe o kwadile: “Me a a lōpè ka tumèlō, a sa belaele sepè: gonne eo o belaelañ . . . a a se gopole, go re, o tla amogèla señwe mo Moreneñ.”—Yak. 1:6, 7.
17. Dikwalo di neela kgakololo efe faele kaga go nnela ruri mo thapelong?
17 Gore ditopo tsa rona di arabiwe, gape re tshwanetse go nnela ruri mo thapelong. Re tshwanetse go dira thapelo tlwaelo. Bibela e a re laya: “Lo nnele rure mo [tlwaelong ya thapelo].” (Bar. 12:12, The New Testament in Modern English, J. B. Phillips.) Jesu o ile a gatelela ntlha eno ya thapelo gangwe le gape. Mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng, o rile: [Nnang lo lopa,] me lo tla nèwa; [Nnang lo batla,] me lo tla bōna: [Nnang lo kgwanyakgwanya,] me lo tla bulèlwa.”(Math. 7:7) Mo setshwantshong sa gagwe sa motlholagadi yo o boneng tshiamiso mo moatlhoding yo o neng a sa boife Modimo lefa e le go tlotla motho, Jesu ka mo go tshwanang o gateletse botlhokwa jwa go nnela ruri mo thapelong. (Luke 18:1-8) Fa tota re tlhoafaletse dilo tseo re di kopang go Jehofa Modimo, re tla ‘nnela ruri mo thapelong’ le go ‘rapela ka go bisa go khutla.’—Bar. 12:12; 1 Bathes. 5:17.
18. Ke dilo dife tse re sa tshwanelang go di letlelela gore di tshwenyane le go nna ga rona le nako ya go rapela?
18 Mo go amanang gaufi-ufi thata le go nnela ruri mo thapelong ke go nna le nako ya go rapela. Ga rea tshwanela go tshwarega thata go ka rapela. Ke boammaaruri, go na le dilo tse di tlhokegang tsa botshelo—maikarabelo a rona a tsatsi le letsatsi, go ja, go apara, go robala—tseo di tsayang bogolo jwa dioura tsa rona tsa letsatsi tse 24. Mme a gape ga go na dilo tse dingwe tse dintsi tseo di ka tsenelelang mo nakong ya rona go feta jaaka di ne di tshwanetse? Dilo tseno di ka akaretsa go bala koranta, go lebelela seromamowa-sa-ditshwantsho, go tshwarega mo metshamekong le mo mefuteng e mengwe ya boitapoloso. Kwantle ga go anaanela tshiamelo e e botlhokwa ya thapelo tota, re ka iphitlhela re setse re e tlhokomologa ka ntlha ya gore dilo tseo di hupetsa nako ya rona ya go rapela.
DIPAKA TSA THAPELO
19. Dingwe tsa dipaka tse dintsi tseo re nang le tsone tsa go rapela ke dife?
19 Eleruri re na le dipaka tse dintsi tsa thapelo. Gore re ‘rapele ka go bisa go khutla’ go akaretsa go rapela ka dipaka tsotlhe—fa re tsoga mo mosong, fa re robala maitsiboa, pele ga dijo le fa re tlhobaela bosigo. (Bona Pesalema 5:3; 92:1, 2; 119:147-149, 164; 1 Timotheo 4:4, 5.) Re ka lebana le mathata a masisi kana dinako tsa kgatelelo, re ka nna le go sikara maikarabelo a a bokete; re ka ne re biletswa go bua fa pele ga bareetsi ba Bakeresete kana go femela tumelo ya rona fa pele ga basimegi ba semmuso. Eleruri, tseno ke dinako tsa go latlhela ditlhobaelo tsa rona go Jehofa. Ee, “mo ditseleñ cotlhe tsa gago o ipolèlè [Modimo], me o tla siamisa ditselana tsa gago.” (Dia. 3:6) Go feta moo, ka gale fa re amogela tshegofatso e e kgethegileng, segolo thata fa re sa e lebelela kana e eleditswe ka tlhoafalo, eleruri dipelo tsa rona di tshwanetse go leboga Jehofa. Mme, legale, ga re tlhoke mabaka a a kgethegileng. Dipelo tsa rona le megopolo ya rona di ka re tlhotlheletsa go bontsha tebogo ka dinako dipe fela.
20. Go ka tweng ka boemo jwa rona jwa mmele mo thapelong?
20 Ereka dinako tsotlhe di tshwanela thapelo, a mo go kaya gore ga re tlhoke go akanyetsa boemo jwa rona jwa mmele fa re rapela? Ke boammaaruri, Bibela ga e laolele go tsaya boemo jo bo rileng, jaaka go khubama kana go phutha matsogo, fa re rapela. Mme re bala ka batho ba ba rapelang ba ntse ba eme, ba khubame kana ba iname, gape le ka diatla tse di otlolotsweng. (Bona Genesise 24:26, 48; 1 Dikgosi 8:22, 42, 44, 54; Nehemia 2:1-4; Mareko 11:25.) Seno se bontsha gore go tshwanetse, fa go ka kgonega, go tsaya boemo jo bo tlotlang fa re rapela. Ka sekai, kwa dipokanong tsa phuthego re ka ema mme ra oba ditlhogo tsa rona. Go fetola boemo jwa mmele mo go ntseng jalo go ka re thusa gape go tlhoma mogopolo mo thapelong eo e neelwang mo boemong jwa rona. Go lebega ekete go khubama ke boemo jo bo tshwanetseng segolo thata mo dithapelong tsa kwa thoko. (Bapisa Daniele 6:10; Bafilipi 2:9, 10.) Lefa e le gore re ka rapama mo bolaong fa re rapela pele ga fa re robala, re tshwanetse ra tlhokomela go tsaya kaelo ya boaposetoloi tsia ya go nna re ‘thantse,’ re le tlhaga, re ikutlwa fa re rapela.—Baef. 6:18.
21. Go tla go Modimo gore re utlwiwe, re tshwanetse go rapela jang?
21 Eleruri, go rapela Jehofa Modimo ke sengwe seo re tshwanetseng go se tsaya se le masisi. Abo re tshwanetse go itumela jang gobo re kgona go atamela Rraarona wa selegodimo, re ikanya gore o tla re utlwa ka nako epe fela! Legale, mo go ikaega ka go tla ga rona ka tumelo, ka mosele o o tshwanetseng, ka boemo jo bo tshwanetseng jwa mogopolo, mme he le go nnela ruri mo thapelong, re sa tshwarega thata ka gope go ka rapela. Gape, fa lo na le bana, ka bopelotelele ba ruteng botlhokwa jwa thapelo bobedi ka go ba kaela le ka sekao se se molemo.