Masetlapelo a a Lebaneng le Bo-Rabodumedi Botlhe ba Lefatshe
1. Batho ba bodumedi ba lekanyetswa go nna ba bakae, mme go wa ga bogosi joo jwa bodumedi go tla nna le phelelo efe mo merafeng?
PALO ya batho ba bodumedi ba lefatshe lotlhe e a phikanya. World Almanac ya 1980 e e baya e le kana ka 2 511 417 750. Mo gare ga bano e balela bao ba iphakang go nna Bakeresete, Bajuda, Mamoselamo, Ma-Buddha, Ma-Hindu, le ba bangwe. Fa bogosi joo jwa bodumedi jo bo kgaoganeng kafa teng bo wa, bo tla gakgamatsa bontsi jwa setho se se setseng. Modumo wa go thubaganngwa ga one o boleletswe-pele mo mafokong ano: “Lehatshe lea roroma ka modumō oa go gapiwa ga Babelona, le kgayayègō e utlwala mo merahiñ.” “A modumō oa kgayayègō o o cwañ Babelona, le oa thubakanyō e kgolo o o cwañ lehatshiñ ya Bakaladea! Gonne Yehofa o thopa Babelona, o senya mo go èna kodu e kgolo, gore e cwè mo go èna; me dintèlō tsa bōnè di haologa yaka metse a le mantsi, modumō oa kodu ea bōnè oa cwa: Gonne mothopi o tsile mo go èna, eboñ mo go Babelona, me digañka tsa gagwè di chwerwe, mara a bōnè a rōbagancwe: gonne Yehofa ke Modimo oa diteheco, rure o tla lehetsa.”—Yer. 50:46; 51:54-56.
2. (a) Babilona wa bogologolo o ne a bua le merafe ka mofuta ofe wa “kodu,” mme “kodu” ya gagwe e ile ya timiwa jang? (b) Tshenolo e bontsha setshwani sa gagwe sa segompieno se pagame eng, mme se tla mo dira eng?
2 Tirafatso ya seno e tla nna tiragalo e e fetolang lefatshe, e go iseng go ke go utlwiwe epe e e tshwanang le yone. (Yer. 51:2, 60, 64) Jaaka Maatla a Boraro a Lefatshe a ditiragalo tsa bogologolo, Babilona o ne a bua ka “kodu e kgolo” ya taolo. Mme ka 539 B.C.E. “modumō” wa gagwe o ile wa nwediwa ke dintelo tsa batseneledi ba ba fenyang. Setshwani sa gagwe sa motlha wa segompieno, Babilona yo Mogolo, o buile le eleng ka “kodu” e e bodipa bogolo. Lefatshe lotlhe le ntse le reeditse. Buka ya Bibela ya Tshenolo, kgaolo 17, e mmontsha a ipharile ka boatla mo godimo ga sebata sa ditlhogo di le supa, mme sebata seno se se bohibidu jo bo letlhololo sone se tshwantsha mokgatlho wa lefatshe. Ditlhogo tsa sone di le supa di tshwantsha maatla a lefatshe a le supa ka tatelano ya one go fitlha go Maatla a Lefatshe a Maesemane le Maamerika a gompieno. (Tshen. 17:1-6) Dinaka tse some tsa sebata “ke dikgosi di shomè.” (Tshen. 17:12) Tlhogo ya boraro ya tse supa e ne e tshwantshetsa Bogosi jwa Babilona mme ya bone e ne e tshwantshetsa Bogosi jwa Bameda le Baperesia. Babilona yo Mogolo wa bodumedi o akafetse le maatla a lefatshe otlhe a le supa. O lekile go ba palama botlhe jaaka mohumagadi wa bone. Ba nwele motswako wa bodumedi o o mo senwelong sa gagwe sa gauta. Fa a sena go ba lapisa, labofelo ba tla mo ila mme ba mo thankgole mo mekokotlong ya bone.
3. (a) Jehofa o ile a bolela gore o tla dirisa eng kgatlhanong le setshwantshi sa bogologolo sa Babilona yo Mogolo, mme go tswa kae? (b) Ke ka ntlhayang fa Bameda ba ne ba tlhagisiwa ka mo go tlhomologileng jaana?
3 Go oketsa ntlha e e dumalanang le go tswa ga rona go Babilona yo Mogolo ka bonako, Jehofa o bolela boikaelelo jwa gagwe jwa go tlisetsa setshwani sa gagwe sa bogologolo “kokwanō ea merahe e megolo e cwa lehatshiñ ya botsheka” go mo tlhasela. Ereka “kokwanō” e ne e tshwanetse go nna masole a a kopaneng tlase ga taolo e le nngwe, e ne e ka bidiwa “morahe o o cwañ ntlheñ ea botsheka.” (Yer. 50:3, 8, 9) Boperofeti bo ne jwa bolelelaruri fa bo ne bo bolelela-pele gore “dikgosi tsa Bameda” ka mo go tlhomologileng di ne di tla nna gare ga “kokwanō” ya merafe. (Yer. 51:11) Baperesia ga baa ka ba umakiwa jaaka ba ba leng gare ga phuthego. Ba ne ba sa lebalwa ka phoso, ka gobo Kurose yo Mogolo, yo o neng a nna molaodi-mogolo wa “kokwanō” eno, o ne a na le madi a Semeda. Erile a sena go fenya bogosi jwa Bameda, o ne a tsenya segolo masole a Bameda mo mophatong wa gagwe. Kurose o ne a busa morago ga motlha wa ga Jeremia.
4. Morago ga go wa ga Babilona, ke mang yo lantlha a simolotseng go busa mo motseng oo, mme Daniele o boleletse-ruri jang faele kaga gore ke mang yo o tla nnang kwa godimo mo Bogosing jwa Bameda le Baperesia?
4 Ka nako ya fa Babilona a wa ka 539 B.C.E., Dario wa Momeda o ne a simolola go busa koo a le dingwaga di le 62. (Dan. 5:30, 31) Mabapi le Bogosi jwa Bameda le Baperesia, Daniele 8:3 e ne e boleletse-ruri mo go bontsheng gore karolo ya Baperesia e ne e tlaa tla kwa setlhoeng morago ga moo. E ne e le Kurose wa Moperesia yo o laotseng go boela ga Bajuda ba ba tshwerweng kwa nageng ya bone.—Esere 1:1-4.
5. (a) Jehofa o amanngwa le ntlha efe faele kaga ditiro tsa phediso? (b) O ne a bolela gore o tla dirisa mang jaaka molamu wa gagwe mo go phatlakanyeng merafe le magosi?
5 Fela jaaka Jerusalema a ne a senngwa pelenyana ka 607 B.C.E., Babilona le ene o ne a tshwanetse go senngwa go tswa “ntlheñ ea botsheka.” (Esek. 1:4; 9:2; Yer. 50:41; 51:48) Faele kaga ntlha, Pesalema 75:6, 7 e bonala e amanya Modimo le ya bokone fa e re: “Gonne go choletsèga ga go cwe kwa botlhabatsatsi, leha e le kwa bophirimatsatsi, leha e le kwa borwa. Me moatlhodi ke Modimo: o isa moñwe tlhase, me o choletse eo moñwe.” Kgosi Nebukadenesare wa Babilona o ile a tlela Jerusalema le kgosi ya gagwe e e tsuololang, Sedekia, ka 609 B.C.E., kafa ntlheng ya bokone. Dingwaga tse pedi moragonyana “monni oa Siona” o ne a ka bua: “Nebukadenesara kgosi ea Babelona . . . o nkomeditse yaka kgogèla.” (Yer. 51:34, 35) Faele kaga kamano ya ga Jehofa Modimo le tshenyo ya Jerusalema, Jeremia o mo tsopola jaaka yo morago ka 614 B.C.E. a buang mafoko a a latelang mabapi le Nebukadenesare jaaka sedirisiwa sa gagwe sa polao: “Ke wèna molamu oa me, le dibolaō tsa me tsa ntwa: me ke tla thubaganya merahe [eleng Juda, Egepeto, Moaba, Amona, Edoma, le e mengwe] ka wèna; ke tla senya magosi ka wèna; . . . ke tla thubaganya balaodi le balaodisiwa ka wèna.”—Yer. 51:20-23.
6. Morago ga mafoko a a fa godimo, Jehofa o ne a bolela gore o tla lefetsa baagi ba Kaladea eng?
6 Morago ga foo, go tla diragalang, Wena Jehofa? “Me Babelona [eseng Nebukadenesare] le banni botlhe ba Kaladea ke tla ba lehetsa mo go bōnè boshula yotlhe yoa bōnè yo ba bo dihileñ mo Siona [kana Jerusalema] mo ponoñ ea lona.”—Yer. 51:24, 59, 60.
7. Jehofa o ne a tsosa kgoo efe ya ntwa kgatlhanong le Babilona ka 614 B.C.E, mme ke bomang ba ba ileng ba arabela?
7 Mo metlheng ya ga Nebukadenesare le batlhatlhami ba gagwe, Bogosi jwa Bameda bo ne bo le kafa moseja ga Noka ya Tigrise kafa botlhaba le bokone jwa Bogosi jwa Babilona. Go dirafatsa boperofeti, Kurose yo Mogolo, a na le kgosi Dario wa Momeda, ba ne ba tlela lefatshe la Bakaladea le motse-mogolo wa lone, Babilona, kafa ntlheng ya bokone. Basenyi bano ba Babilona ba ne ba arabela pitso ya ga Jehofa ya ntwa e e neng e setse e ntshitswe ka 614 B.C.E.:
“Tlhōmañ mokgèlè mo lehatshiñ, letsañ lonaka mo merahiñ, lo mmaakanyetseñ merahe, lo mmiletseñ magosi a Ararata, le Minni, le Ashekenasa [kwa bokone]: mo laoleleñ kgōsana ea tlhabanō; tlhatlosañ dipitse di nnè yaka tsiè molomi. Mmaakanyetseng merahe go tlhabana naè, dikgosi tsa Bameda, le balaodi ba gōna, le balaodisiwa botlhe ba gōna, le lehatshe yeotlhe ya mmushō oa gagwè. Me lehatshe lea roroma, le mo botlhokuñ: gonne maikaèlèlō a ga Yehofa kaga Babelona a eme, a go diha lehatshe ya Babelona chwahalō, le sena monni.”—Yer. 51:27-29.
8. Jehofa o baakanyetsa mang tirelo kgatlhanong le Babilona yo Mogolo, mme phediso ya gagwe e tla leng? Morago ga kgololo ya bomang?
8 Jehofa o ne a tswelapele go ‘baakanyetsa’ Kurose yo Mogolo wa Moperesia tirelo ya gagwe ya bosole kgatlhanong le Babilona wa bogologolo. Mafoko a ga Jehofa go Isaia 44:28 go ya go 45:7 a umaka Kurose ka leina la gagwe jaaka “motho oa me eo o disañ” le jaaka “motlodiwa.” O ne a tshwantshetsa “Modisa” yo Mogolwane wa ga Jehofa, eleng Jesu Keresete, yo Jehofa a senyang seo Babilona wa bogologolo a neng a se tshwantshetsa ka ene, eleng Babilona yo Mogolo, bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka. Jehofa o setse a golotse batho ba gagwe ba ba ineetseng mo bokgobeng jwa Babilona yo Mogolo yo o laolang, ka Kurose wa gagwe yo Mogolwane fa esale ka 1919 go ya pele. Go senngwa ga gagwe gotlhelele mo ‘sepitleng se segolo’ se se tlang seo se boleletsweng-pele go Tshenolo 7:13, 14 go tlaa tla ka ene Kurose yo Mogolwane yo.
GO PALELWA GA “MEDIMO” LE “MEDIMO EA SESADI”
9. Babilona wa bogologolo o ne a na le medimo efe, mme tsela eo e arabetseng go masetlapelo a a mo wetseng ka yone e ne e bontshetsa eng pele faele kaga Babilona yo Mogolo mo ‘sepitleng se segolo’?
9 Babilona wa bogologolo o ne a na le medimo ya gagwe, e e etsang Bele, Merodake, Sukotha-benothe, Nebo, modimo wa sesadi Ashetorothe, le ba bangwe kwantle ga baperisiti ba dingaka. (Yer. 50:2; 51:44; 2 Dikg. 17:30; Isa. 46:1, 2) Ke ka ntlhayang e sa ka ya golola Babilona wa bogologolo? Karabo ke gore disetwa tseo e ne e se medimo. (1 Bakor. 8:5, 6) Go palelwa ga yone go bontshetsa-pele gore Babilona yo Mogolo ga a ne a gololwa ke medimo ya gagwe mo masetlapelong ao a rulaganyeditsweng go mo wela mo ‘sepitleng se segolo.’ Medimo le medimo ya sesadi e motlele mo go ene. Mo Bohindung, go begiwa gore go na le medimo e le 330 000 000, go akaretsa le tharo-nngwe ya Brahma, Vishnu le Siva. (The Americana, tsebe 196, kgatiso ya 1929) Mme he go nne le medimo ya ditso tsa Maafrika le ya baobamela-meya, le ya Ma-Buddha le ya balatedi ba ga Confucious, go sa lebalwe “Modimo-boraro” wa La-Bodumedi. Ga e na nonofo ya go boloka.
10. Mo kgaisanong e e tlang ya bomodimo, ke mang yo o tla itshupang go nna Modimo tota?
10 Mo tshupong e e tlang ya Bomodimo, Jehofa Modimo Mothatayotlhe o tla lebana le medimo le medimo ya sesadi yotlhe ya bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka jwa Babilona. Satane Diabolo, eleng modimo yo o sa bonaleng wa tsamaiso e ya dilo, ga a ne a kgona go supa gore medimo yotlhe ya Babilona yo Mogolo ke yone e go ka lebelelwang go yone bakeng sa poloko. (Baef. 2:2; 2 Bakor. 4:4) Ke Jehofa fela yo o tla nnang a fentse jaaka Modimo yo o tshelang le wa boammaaruri, Mmoloki, mo lebaleng la kgaisano.
11. Jehofa o dirisa mang ka tlhamalalo mo go senyeng Babilona yo Mogolo, mme Tshenolo 17:11 e reng kaga moemedi yoo?
11 Mo ‘kgaisanong ya medimo’ e e tlang, Jehofa ga a ne a dirisa Kurose wa gagwe yo Mogolwane, eleng Jesu Keresete, ka tlhamalalo go ribegetsa Babilona yo Mogolo. O tla letlelela baemedi ba ba bonalang ba Maatla a Bofera-bobedi a Lefatshe a ditiragalo tsa Bibela go galefela Babilona yo Mogolo. Maatla ao a lefatshe a morago ke sedirisiwa seo merafe ya lefatshe e se dirileng le go se dirisa fa esale ka 1919 mo go lekeng go boloka kagiso ya lefatshe le polokesego, seo jaanong eleng lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Mokgatlho o o dirilweng ke batho ona jaanong o na le “kokwanō” ya merafe e le 152. O tshwantshitswe jaaka sebata sa mmala o o bohibidu jo bo letlhololo ka ditlhogo di supa le dinaka di le 10 kwa godimo, seo Tshenolo 17:11 e reng kaga sone: “Le shōna ka shosi ke kgosi ñwe ea bohèra mebedi, me ke eoo ra cōna [ditlhogo] tse shupa; me e ea tatlhegoñ.” Pele ga tshenyo ya sone mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona, o letlelela Maatla ano a Lefatshe a Bofera-bobedi go iponela phenyo e e gakgamatsang, mme eseng kgatlhanong le ene.—Tshen. 16:14, 16.
12. Fa se sale se buelelwa go nna gone ka 1919, “sebatana” se nnile sa laolwa ke mang, mme go ya ka Tshenolo 17:15-17, “sebatana” se tla dira mopalami wa sone eng?
12 Fa esale sebata seo sa tshwantshetso sa mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se buelelwa go nna gone ka ngwaga wa morago ga ntwa wa 1919, se letleletse “seaka” sa bodumedi, eleng Babilona yo Mogolo, go palama mo mokokotlong wa sone jaaka kgosigadi go se laola. (Tshen. 17:18) Ka nako ya “sepitla se segolo” le ka oura ya Modimo ya teng, letshwao la go simolola le ka bonwa mo mafokong a gagwe go Tshenolo 17:15-17: “Metse a [wena Johane] u a bonyeñ, kwa seaka se dutseñ gōna, ke dichaba, le boidiidi yoa batho, le merahe, le dipuō. Me dinaka tse shomè tse o di bonyeñ, le shōna sebatana, di tla ila seaka seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō. Gonne Modimo o gakolotse dipelo tsa cōna go tla di diha maikutlō a ōna, le gore di nnè boikutlō bo le boñwe hèla, di bè di neè sebatana bogosi yoa cōna, go tlo go tsamaeè mahoko a Modimo a dihalè.”
13, 14. (a) Jehofa, go ya ka kitsetso-pele ya gagwe, o letlelela gore ditlhopha tsa bopolotiki di dire “seaka” eng? (b) Ka bonako fela morago ga moo, bafenyi bao ba gagwe ba tla dira eng kaga Basupi ba ga Jehofa, mme tsela ya bone e tla felela jang?
13 Jaaka go boleletswe-pele jalo, merafe e e kopanetseng le sone e neile maatla a go kganela ntwa lantlha go lekgotla la Kgolagano ya Merafe mme morago go motlhatlhami wa lone, eleng lekgotla la Merafe e e Kopaneng, gore go bolokwe kagiso ya lefatshe le polokesego. Jehofa ga a ba tlhotlheletsa go dira jalo, mme, ka go akanyetsa-pele, o bontshitse kitsetso-pele ya gagwe mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng. O boleletse-pele gape gore merafe yone eo, e kopane jaaka “kokwanō,” e tla lapisiwa ke mokgweleo oo wa moitaletsi wa merafe-rafe mo dikgannyeng tsa sepolotiki, eleng seaka Babilona yo Mogolo. Fa a thankgolwa mo mokokotlong wa setlhopha seo sa merafe-rafe se se bolokang kagiso mme labofelo a fisiwa ka molelo, basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ga ba ne ba boifisiwa ke ‘masetlapelo’ ao go ene. Go tswa Lefokong la Modimo ba itse gore, mo lefatsheng, ba emela “Morèna oa barèna, le Kgosi ea dikgosi” ya selegodimo, eleng Jesu Keresete, le gore, ka ntlha ya mo, bafenyi ba Babilona yo Mogolo ba tla retologela go bone jaaka sekgoreletsi sa bofelo se se setseng sa go busa ga bone lefatshe lotlhe. Basupi ba ga Jehofa ba itsiseditswe-pele kaga se mo boperofeting jwa Tshenolo 17:13, 14:
14 “Dikgosi [tse di emelwang mo lekgotleng la Merafe e e Kopaneng] tse, di maikutlō a le mañwe hèla, me di naea sebatana thata ea cōna le taolō. Tse, di tla tlhabana le Kwana, me Kwana o tla di henya, gonne ke èna Morèna oa Barèna, le Kgosi ea dikgosi; le bōnè ba o nan nabo, ba tla henya, e le ba ba bidicweñ, ba itshenkecwe, ba boikaño.”
15, 16. (a) Tota-tota, kgotlhano eo ya bofelo ya bolaodi jwa lefatshe e kaya eng? (b) Moaposetoloi o re neela ponelo-pele efe ya tiragalo e, mme ka diphelelo dife?
15 Go tshwarega mo ntweng mo go kaya ‘ntwa ea letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ mo boemong jwa lefatshe jo bo bidiwang Hara-Magedona. (Tshen. 16:13-16) Tlase ga tshireletso ya ga Jehofa basupi ba gagwe mo lefatsheng ba tla bogela “ntwa” e e tlhalositsweng go Tshenolo 19:11-21. Mo ponelong-pele ya kgotlhano e ya bofelo kaga dikgang tsa bolaodi jwa lefatshe, moaposetoloi Johane wa Mokeresete o tlhalosa phelelo ya ntwa, fa a kwala:
16 “Me ka bōna sebatana, le dikgosi tsa lehatshe, le dintwa tsa cōna, di kokoanetse èna eo o pagameñ pitse [molaola-ntwa wa ga Jehofa, Jesu Keresete] le ntwa ea gagwè [ya baengele ba selegodimo], go tlhabana naè. Me sebatana sa chwarwa, se na le moperofeti eo eseñ èna [Maatla a lefatshe a Maesemane le Maamerika], eo o dihileñ dichupō mo ponoñ ea shōna, tse o tsieditseñ ka cōna ba ba chwailweñ lochwaō loa sebatana, le ba ba ōbamèlañ sechwanchō sa shōna [eleng lekgotla la Merafe e e Kopaneng]: me ka bobedi yoa bōnè ba latlhèlwa ba sa tshedile, mo bodibeñ yoa molelō, yo bo shañ ka sulefura: Me ba bañwe ba bōnè ba bolawa ka chaka ea eo o pagameñ pitse, eboñ ka chaka e e cwañ mo ganoñ ya gagwè: me dinōnyane cotlhe [tse di umakilweng mo ditemaneng 17, 18] tsa kgora nama ea bōnè.”
17. Masetlapelo ano godimo ga ditlhopha tsa sepolotiki tse di sa dumeleng Modimo a wetsa eng, mme morago ditlhopha tse di sa bonaleng di tla diragalelwa ke eng?
17 Phediso eo ya ditlhopha tsotlhe tse di sa dumeleng mo Modimong tsa tsamaiso eno ya dilo e e laolwang ke Diabolo e tla wetsa “sepitla se segolo” se se umakilweng go Tshenolo 7:14. Mo go tla latelwa ke go bofiwa le go latlhelwa mo moleteng ga molaodi wa lefatshe yo o sa bonaleng, eleng Satane Diabolo, le baengele botlhe ba gagwe ba badimona ka dingwaga di le 1 000 tse di latelang.—Tshen. 20:1-3.
18. Lefoko la Modimo le bontsha eng faele kaga gore ntwa eo ya dintwa tsotlhe e tla tlogela lefatshe la rona le sena baagi gotlhelele?
18 A ntwa eo ya dintwa tsotlhe kwa Hara-Magedona e tla tlogela lefatshe le sena botshelo jwa batho gotlhelele? Bokhutlo jwa lefatshe la bogologolo la motlha wa ga Noa ka morwalela ga lea ka la nyeletsa baagi botlhe ba lefatshe, ka gobo bafalodi ba le bofera-bobedi ba batho ba ne ba ralala morwalela oo wa lefatshe ka bophara. (2 Pet. 2:5) Modimo wa ga Noa, Jehofa, o ne a bopela lefatshe “go uñwa [kana, go agiwa].” (Isa. 45:18) Ka moperofeti Isaia, Jehofa o ne a bolelela mofenyi wa Moperesia pele, eleng Kurose yo Mogolo, ka leina la gagwe, mme mogolodi yo wa Baiseraele ba ba tshwerweng o ne a emisiwa go tshwantshwa Mogolodi yo Mogolwane, eleng Jesu Keresete. Mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” e e tlang kwa Hara-Magedona, Jesu Keresete o tla fenya baba botlhe ba selefatshe ba ga Jehofa le ba batho ba gagwe, a bolaya baba bao ba bogosi jwa Modimo. Jesu Keresete ga a ne a letlelela go latlhegelwa ke tokololo nngwe le nngwe ya masalela a balatedi ba gagwe ba ba tsetsweng le go tlodiwa ka moya ba ba santseng ba le mo lefatsheng, ka gobo fa go ntse jalo bogosi jwa Modimo bo tlaa bo bo sa fenya gotlhelele. Go feta moo, go tweng ka “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa bankane ba ba ikanyegang ba masalela a a tloditsweng? Tshenolo 7:9-15 e umaka ka tlhamalalo gore “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo tla falola “sepitla se segolo” seo se tla nnang kwa setlhoeng kwa Hara-Magedona.
KITSISO YA ‘MASETLAPELO’ A A TLANG E A NEELWA
19, 20. (a) Pele ga masetlapelo ao a lefatshe, ke mang yo o tshwanetseng go neelwa kitsiso? (b) Jehofa o ne a bontsha go neelwa mo ga kitsiso jang mo motlheng wa ga Jeremia?
19 Masetlapelo a lefatshe a fela fa pele! Kitsiso ya seno e tshwanetse go neelwa motho yo o laolang lefatshe yoo, eleng Babilona yo Mogolo. Go neelwa ga gagwe kitsiso go ne ga tshwantshiwa kwa morago kwa mo motlheng wa ga moperofeti Jeremia, ee, morago ka 614 B.C.E. O re bolelela jaana kaga se:
20 “Lehoko ye Yeremia moperofeti o le laoletseñ Seraia morwa Neria, morwa Mahaseia, yale ka a ea Babelona le Sedekia kgosi ea Yuda, ka ñwaga oa bonè oa pushō ea gagwè. Me yana Seraia ea bo e le molebedi eo mogolo oa matlwana. Me Yeremia a kwala mo lokwaloñ boshula yotlhe yo bo tla tlañ mo Babelona, eboñ mahoko aotlhe a a kwadilweñ kaga Babelona. Me Yeremia a raea Seraia, a re, Mogañ u hitlhañ mo Babelona, hoñ o bōnè gore u balè mahoko aotlhe a, Me u re, Yehofa, aitse u buile kaga helō ha, go go kgaola, gore go se age opè gōna, leha e le motho leha e le kgomo, ha e se gore go shwahalè hèla ka bosakhutleñ. Me go tla dihala, gore, ha u sena go wetsa go bala lokwalō lo, u bōhèlè lencwè mo go lona, me u le latlhèlè mo gare ga Euferatese: Me u re, Babelona o tla nwèla hèla yalo, me ga a ketla a tlhōla a biloga ka ntlha ea boshula yo ke tla bo tlisañ mo go èna: me ba tla bo ba lapile.”—Yer. 51:59-64.
21, 22. Kgato eo ya ga Seraia e ne ya etsiwa jang ka boperofeti mo bukeng ya Tshenolo, mme ka mafoko afe a a tsamaisanang le yone?
21 Seo Seraia, monnawe Baruke, morwa Neria, a neng a laotswe go se dira gore a tshwantshe go ribegetswa ga Babilona wa bogologolo se kwadilwe mo bukeng ya Tshenolo. Mokwadi, moapostoloi Johane wa Mokeresete, lantlha o tlhalosa go senngwa ga “seaka” sa bodumedi sa merafe-rafe, Babilona yo Mogolo, mme morago o tswelapele ka go re:
22 “Me moengele moñwe eo o thata a tsaea lencwè, ekete lolwala lo logolo, me a le thabuetsa mo lewatleñ a re, Babelona, motse o mogolo, o tla pirigañwa yalo ka piriganyō e kgolo, me ga o ketla o tlhōla o bōnwa gopè. . . . le lencwe ya monyadi le ya monyadwi ga le ketla le tlhōla le utlwala mo go wèna gopè: gonne babapatsi ba ba mo go wèna e ne e le dikgosana tsa lehatshe; Gonne merahe eotlhe e ne e tsiediwa ke boloi yoa gagwè. Me ga hitlhèlwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go ōna, le a botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ.”—Tshen. 18:21-24.
23. (a) Ke ka ntlhayang fa boitumelo jwa bafenyi ba Babilona yo Mogolo e tla nna jwa nakwana fela? (b) Ka jalo morago ba tlaa leka go dira eng, mme ka diphelelo dife?
23 Boitumelo jo “dikgosi’’ kana babusi ba sepolotiki ba tla nnang le jone morago ga go thabuetsa Babilona yo Mogolo mo lewatleng la phediso bo tla nna bokhutshwane. Ba tlaa bo ba santse ba tshwenngwa ke bafalodi ba ba setseng ba Modimo yo o tshelang Jehofa, bano e le masalela a a tloditsweng a setlhopha sa ga Jeremia gammogo le bankane ba bone ba ba ikanyegang, eleng “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo bonetsweng-pele ke moaposetoloi Johane. Bano ba tla tshwanelwa ke go tlosiwa tseleng. Fa babusi bao ba sepolotiki ba leka go nyeletsa kobamelo yotlhe mo lefatsheng ka go ama masalela le bankane ba bone, go tlaa tshwana fela le fa ba ama Morena wa bone wa selegodimo, Jesu Keresete, Kurose yo Mogolwane. Seno se tla kaya go lwa le ene kwa Hara-Magedona. Ntwa e e tla kubugang ka nako eo e tla nna kgolo go gaisa ntwa ya marang eo merafe jaanong e lekang go e thibela mo go bone, ka gobo go tswa mo sebakeng se se sa bonaleng Jesu Keresete le mophato wa gagwe wa baengele ba selegodimo o tla senya batlhasedi bano ba ba bokaka ba Basupi ba ga Jehofa.
24. Ke bomang ba ba tla nnang le tshiamelo ya go bogela ‘ntwa eo ya letsatsi le legolo,’ ebile ba sa tseye karolo mo go yone, mme ka boikutlo bofe?
24 Abo e tla nna tshiamelo e kgolo jang go nna mmogedi wa ‘ntwa eo ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ kwa Hara-Magedona! Ba le tlase ga tshireletso ya gagwe ebile ba sa tseye karolo mo ntweng, masalela a setlhopha sa ga Jeremia le bankane ba bone ba ba ineetseng ba tla ipelela tshiamelo eo gone mo lefatsheng mo, eleng patlelo ya ntwa. Ka gone go bolela ga bone “letsatsi ya pusholoshō ea Modimo oa rona” go tla duelwa ka botlalo; go tlaa bo go sa direlwa mahala. (Isa. 61:2) Ke mang yo o tla lekanyang bogolo jwa boitumelo jwa bone ka nako eo, gammogo le joo jwa baengele botlhe ba ba boitshepo ba legodimo tlase ga Keresete?
25. (a) “Boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa bafalodi bo tla tsenngwa mo sebakeng sefe morago ga ‘ntwa’ eo? (b) Tebelelo ya dilo tseo tse dikgolo e tshwanetse go neela batho ba ga Jehofa tlhotlheletso efe jaanong?
25 Di tsabakela ka boitumelo, dikao tseno tse di tshelang tsa maatla a a bolokang a ga Jehofa di tla kwakwantela mo tsamaisong e ntšha ya dilo mo lefatsheng le le phepafaditsweng. Sebaka sa go simolola go aga paradaise ya kgolokwe gape se tla bulega ka nako eo, se ipelelwa ke “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo ikanyegang ka bosakhutleng. Tebelelo ya dilo tsotlhe tse dintle tseno e tshwanetse go neela tlhotlheletso efe go botlhe bao ba eletsang go balelwa gare ga “batho ba me,” eleng batho ba ga Jehofa? Tlhotlheletso ya go reetsa taolo ya gagwe e e ntseng e goeletswa ya go “cwa” mo go Babilona yo Mogolo yo o bokaka kwantle ga tika-tiko epe, mme morago ba ngaparele boitlhaodi jotlhe jwa Bokeresete go dinyatsi tsotlhe tsa gagwe tsa sepolotiki, ka go sa itatole ba tsholetsa bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete go ya letsatsing le le galalelang la phenyo!
(Ke bokhutlo jwa tatelano ya dithuto tsa boporofeti jwa ga Jeremia.)
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Seaka sa bodumedi, Babilona yo Mogolo, o tla tloga a thankgolwa mo mokokotlong wa sebata