LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 11/1 ts. 19-25
  • “Cwañ mo go Ena, Lona Batho ba me”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Cwañ mo go Ena, Lona Batho ba me”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO BOELA KWA MOTSENG-MOGOLO YO O KWA SETLHOENG GO BOLELETSWE-PELE
  • Masetlapelo a a Lebaneng le Bo-Rabodumedi Botlhe ba Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Karolo 3—Babelona yo o Maatla—Mmuso o Mogolo wa Lefatshe wa Boraro
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Babelona” yo o sa Bolokesegang o Lebanye le Tshenyego
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Bodumedi Jwa Maaka—Bokhutlo Jwa Jone jo bo Gakgamatsang bo Bonelwa Pele
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 11/1 ts. 19-25

“Cwañ mo go Ena, Lona Batho ba me”

“Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.”—Tshen. 18:4.

1. Pitso ya go tswa go Babilona yo Mogolo e ne ya utlwatswa leng, mme ke ka ntlhayang fa pitso eno e ne e tshwanetse ka nako eo?

“CWAÑ mo go èna, lona batho ba me.” Pitso eo e sale ya utlwatswa fa esale ka 1919, ngwaga oo merafe e e neng e lwa mo ntweng ya lefatshe ya 1914-1918 e ileng ya saena kgolagano ya kagiso. Bodumedi jo bo rulaganntsweng jwa lefatshe bo ile jwa tshegetsa ntwa eo ya kgolokwe. Go tweng ka bao Modimo wa Bibela o ba bitsang “batho ba me”? Bakeresete ba ba kagiso bano ba ne ba tlile tlase ga botlhanka, le eleng kgolegelong, go Babilona yo Mogolo le dinyatsi tsa gagwe tsa sepolotiki tseo di neng di tshwaregile mo Ntweng ya Lefatshe I.

2. Ke pitso efe e e tshwanang e e neng e dirilwe pelenyana ka Jeremia?

2 Pitso ya go ‘tswa mo go ene’ e kwadilwe go Tshenolo 18:4. Go kile ga nna le pitso e e tshwanang pelenyana e e kwadilweng go Yeremia 51:45: “Batho ba me, cwañ mo gare ga gagwè, me a moñwe le moñwe a iphedise botshelō yoa gagwè mo bogaleñ yo bo tukañ yoa ga Yehofa.”

3, 4. (a) Go ya ka Yeremia 50:8-10, ba ne ba tshwanetse go ‘iphedisa’ mo go eng? (b) Ka nako ya go dirafala ga boperofeti jo jwa moragonyana, a Babilona o ne a na le kamano le Jehofa e e tshwanang le ya nako ya puso ya ga Nebukadenesare? Mme ka ntlhayang?

3 A “iphedisè” go tswa kae? Yeremia 50:8-10 e araba ka tlhamalalo: “Kudubitlègañ lo cwè mo gare ga Babelona, lo cwè mo lehatshiñ ya Bakaladea, me lo nnè yaka diphōkō ha pele ga macomane. Gonne, bōnañ, ke tla cosetsa ke ba ke tlhatlosetsa kwa Babelona kokwanō ea merahe e megolo e cwa lehatshiñ ya botsheka: me ba tla mo ikabèla; me a le hoñ o tla gapiwa: . . . Me lehatshe ya Kaladea le tla nna thopō: botlhe ba ba le thopañ ba tla kgora, go bua Yehofa.”

4 Ka nako ya fa mafoko ao a boperofeti a tlaa bo a diragala, Kgosi Nebukadenesare wa Babilona o tlaa bo a sule. Mongwe wa batlhatlhami ba gagwe ba segosi, eleng, Beleshasare, morwa Nabonidase, o tlaa bo a busa mo Bogosing jwa Babilona, ka 539 B.C.E. Ka jalo ka nako eo seo Babilona a neng a se tshwantshetsa ka boperofeti go tloga fa Nebukadenesare a ne a simolola go busa ka 625 B.C.E. se tlaa bo se fetogile. Jehofa o ne a bitsa Nebukadenesare “motlhanka oa me.” (Yer. 27:6) Gape, ka nako ya botshwaro jwa moperofeti wa Mojuda Daniele mo Babilona, Jehofa o nnile a dirisana le Molaodi Nebukadenesare mabapi le ditoro tse pedi tse di botlhokwa. (Dan., dikg. 2 le 4) Le eleng go fitlha ka ngwaga wa 592 B.C.E., ditiro tsa ga Kgosi Nebukadenesare di ne di boleletswe-pele mo boperofeting. (Esek. 29:17-20) Ka jalo bobotlana mo dingwageng tseo Bogosi jwa Babilona tlase ga Nebukadenesare bo ne bo dirisiwa jaaka sedirisiwa sa ga Jehofa go dirafatsa pusoloso ya Gagwe mo bogosing jo bo sa ikanyegeng jwa Juda le merafe e e bapileng. Tiro ya ga Nebukadenesare mo tumalanong le thato ya ga Jehofa e ne e tshwantsha tiro ya ga Jesu Keresete ka nako ya ‘motlha ono wa bokhutlo,’ oo re leng go one jaanong.

5. Go ya ka Isaia 44:28 go ya go 45:7, ka nako ya fa Babilona a wa tiro ya ga Jesu Keresete e ile ya tshwantshediwa-pele ke tiro ya ga mang, mme tlhaloso ya ga Daniele ya mokwalo o o mo loboteng e ne ya dumalana jang le seo Isaia a se boleletseng-pele?

5 Go ya ka Isaia 44:28 go ya go 45:7, ka nako ya fa go wa ga Babilona go ne go atametse, tiro e e neng e tshwantshetsa-pele seo Jesu Keresete yo o galaleditsweng a neng a tla se dira ka nako ya ‘motlha wa bokhutlo’ e ne ya tsweletswa ke Kurose yo Mogolo, mmusi wa Bogosi jwa Bameda le Baperesia. Ka jone bosigo joo Babilona a weleng ka jone ka 539 B.C.E., moperofeti Daniele o ne a ranola mokwalo mo loboteng o o neng wa bonalela Kgosi Beleshasare: “PERESE [lefoko la boraro la mokwalo o o fitlhegileng je le mo palong ya bongwe), bogosi yoa gago bo kgaogancwe, me bo neilwe Bameda le Baperesia.” Polelo ya ga Daniele ya se a se boneng e tswelapele ka go re: “E rile mo bosigoñ youō hèla Beleshasare kgosi ea Sekaladea a bolawa. Me Dario wa Momeda [jaaka monkane wa ga Kurose] a tsaea bogosi.”—Dan. 5:28-31; 9:1, 2.

6. (a) Seo Babilona a se tshwantshitseng mo motlheng wa ga Beleshasare se thadisitswe mo bukeng efe ya Bibela, mme ke eng gompieno? (b) Ke mang yo o tlhomileng Babilona yo wa tshwantshetso, mme seno se akaretsa ditumelo dife?

6 Seo Babilona wa bogologolo a se tshwantshitseng mo malatsing a gagwe a bofelo jaaka nyatsi ya lefatshe se kwadilwe mo bukeng ya Tshenolo jaaka e kwadilwe ke moaposetoloi Johane yo o tlhotlheleditsweng ekane ka 96 C.E., fa marope a Babilona wa bogologolo a ne a santse a eme. Go tswa go seo Johane a se kwadileng go Tshenolo 16:12 go ya go 19:3, go a phepafala gore Babilona yo o latlhilweng wa motlha wa ga Beleshasare o ne a tshwantshetsa bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka jo bo santseng bo eme. Bogosi joo, jo jaanong bo akaretsang ditumelo tsotlhe tsa lefatshe le le latlhilweng, bo simolotswe ke “mocumi eo o nonohileñ [kgatlhanong le] Yehofa.” E ne e le Nimerode, setlogo-tlogolwana sa ga Noa, ebile o agile motse wa Babela fa Nokeng ya Euferatese. (Tshen. 16:12; Gen. 10:8-10) Bogosi jo jaanong bo bidiwang Babilona yo Mogolo bo akaretsa ditumelo tsotlhe “kgatlhanong le Jehofa, NW” ebile jaanong bo mo “motlheñ oa bokhutlō.”—Dan. 12:4.

7. (a) “Batshabi” ba tswile leng mo go Babilona wa bogologolo? (b) Batshabi ba tswa leng go Babilona yo Mogolo, mme ka ntlhayang ka nako eo?

7 Batho ba ga Jehofa ba bilediwa go ‘tswa’ mo bogosing joo jwa bodumedi jwa lefatshe ka bophara, mme kwantle ga tika-tiko epe. Bogosi joo ke jo bo neng bo tshwantshetswa-pele ke Babilona yo Jeremia a neng a bua kaga ene mo dikgaolong 50 le 51. Mo kgannyeng ya bogosi jwa bogologolo jwa Babilona, Bajuda ba ba tshwerweng le bankane ba bone ba ne ba se kitla ba ‘tswa’ go fitlha morago ga fa bo thopiwa ke Bameda le Baperesia ka 539 B.C.E. (Isa. 14:12-17) Lefa go ntse jalo, go tweng ka lekgolo leno la bo-20 la dingwaga? Go tweng ka bao Jehofa gompieno a ba bitsang “batho ba me”? Bano le bone ba laotswe go ‘tswa’ go Babilona yo Mogolo wa segompieno pele a senngwa mo ‘sepitleng se segolo’ se se tlang seo se boleletsweng-pele ke Jesu Keresete. (Math. 24:21, 22; Tshen. 1:1; 7:14, 15) Lebaka la se ke gore bafalodi bano ba tshwanetse go tila go bediwa le go senngwa mmogo le Babilona yo Mogolo, eleng bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka jo bo santseng bo eme.—Tshen. 18:4.

8. Go tswa ga bao ba bidiwang go tswa go Babilona yo Mogolo go tloga ka 1919 go bontsha eng, mme ke mang yo o neng a dirisiwa mo ntlheng e?

8 Ga go ne go nna le go tswa go Babilona yo Mogolo morago ga fa barati ba gagwe ba pele ba sepolotiki ba mo tenegela le go mo nyeletsa. (Tshen. 17:15-18) Batho ba ga Jehofa ba ba ineetseng ba tswile mo go ene fa esale go tloga ka ngwaga wa 1919 C.E. wa morago ga ntwa. Seno se bontshitse gore ka kakanyo nngwe Babilona yo Mogolo o ne a setse a wele. Jang jalo? Ka tsela ya tshwantshetso. Ka 1919 maatla a gagwe a go gatelela batho ba ga Jehofa a ne a kgaotswe. Go tloga foo ga ba ise ba ke ba tlhola ba nna batlhanka ba bodumedi ba Babilona yo Mogolo, jaaka go ne go ntse jalo ka nako ya ntwa ya lefatshe ya 1914-1918. Yo o tlhotlheleditseng Jeremia go bolelela-pele kgololo ya bone jaaka karolo ya boikaelelo jwa gagwe ke ene a tshwanetseng go tlotliwa kaga yone. Yoo ke Jehofa. Boikaelelong joo o dirisitse Kurose yo Mogolwane, eleng Morena Jesu Keresete yo o galaleditsweng. Kurose yo wa sebele o simolotse go busa mo bogosing jwa selegodimo ka 1914, morago ga go fela ga “metlha e shupa” jaaka e boleletswe-pele mo torong ya ga Nebukadenesare. (Dan. 4:1-37) Fa esale ka 1919 Kurose yo Mogolwane yo o busang yo o golotse dikete-kete tsa basenki ba kgololesego ya bodumedi go tswa go Babilona yo Mogolo. Fa ba nna ba ikanyega go bogosi jwa gagwe, o tla ba dibela, a ba sireletsa sentle. Ekane baruti ba La-Bodumedi kana baeteledipele ba ditumelo tse eseng tsa Bokeresete ga ba ne ba ba laola.

GO BOELA KWA MOTSENG-MOGOLO YO O KWA SETLHOENG GO BOLELETSWE-PELE

9, 10. A kgololo ya masalela go tswa go Babilona yo Mogolo ka 1919 e itlhagetse fela, mme Yeremia 50:4, 5, 28 e bontsha gore boitlhomo jwa yone e ne e le bofe?

9 Mme jaanong jaaka dingwaga tse di fetang 60 di setse di fetile, a ope a se akanye gore kgololo ya bodumedi ya masalela a mannye a a nyatsegang a batho ba ga Jehofa e itlhagetse fela. E ne e dirafatsa dipolelelo-pele tsa gagwe tsa Bibela. Mo boperofeting jwa gagwe, jo bo neetsweng ka Jeremia ka 614 B.C.E go bolelela-pele go wa ga Babilona ka 539 B.C.E., rea bala:

10 “E tla re mo metlheñ euō, le ka lobaka louō, go bua Yehofa, bana ba Iseraela ba tla tla, bōnè le bana ba Yuda mmōgō; ba tla ètla ba lela, me ba tla batla Yehofa Modimo oa bōnè. Ba tla botsa kaga Siona [kago ya motse-mogolo kwa setlhoeng] ba lebile gōna, ba re, Tlañ, lo ikōpanye le Yehofa ka kgōlaganō e e sa khutleñ, e e se ketlañ e lebalwa. [Ka boikaelelo bofe?] A lencwe ya ba ba tshabañ ba halola ba cwa lehatshiñ ya Babilona, ba ea go bolèla mo Siona pusholoshō ea ga Yehofa Modimo oa rona, pusholoshō ea tempela ea gagwè.”—Yer. 50:4, 5, 28.

11. A boperofeti jwa ga Jeremia bo supela go Mokgatlho wa Bajuda wa Masione, mme dintlha gompieno di bontsha eng?

11 Seno ga se kaye Mokgatlho wa Masione o o rulagantsweng ke Mojuda wa Mo-Austria Theodor Herzl ka 1897. Jerusalema o o agilweng gompieno ke Bajuda ba o bone ka ntwa ya dibetsa mo Ntweng ya Malatsi a le Marataro ya 1967, le mo setlhoeng sa thaba ya tempele go na le “Dome of the Rock” ya Ma-Iselame e e sa kaeleng tlhokomelo go leina la ga Jehofa. Masalela a boetse ka kagiso go “Siona” ofe fa esale ka 1919?

12. Masalela a boetse go Siona ofe ka kagiso fa esale ka 1919?

12 Ke thaba ya Siona eo moaposetoloi Johane wa Mokeresete a e boneng mo ponong dingwaga di le 26 morago ga fa Jerusalema wa Sejuda o sena go senngwa gotlhelele ke masole a Baroma ka 70 C.E. Mabapi le se, o a kwala: “Me ka leba, me bōnañ, Kwana a bo a eme mo thabeñ ea Siona, a na le batho ba bothousanda ba ba lekgolo le ba mashomè manè le bonè, ba ba kwadilweñ leina ya gagwè, le leina ya ga Rragwè, mo diphatleñ tsa bōnè. . . . me lencwe ye ke le utlwileñ ya bo le nntse yaka ha baharepi ba letsa diharepe tsa bōnè: Me ba ōpèla ekete sehela se sesha ha pele ga setulō [sa Modimo] sa bogosi, le ha pele ga ditshedi tse nnè le bagolwane: me go bo go se motho opè eo o ka ithutañ sehela seuō, ha e se ba ba bothousanda ba le lekgolo le ba mashomè mane le bonè, eboñ ba ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ. . . . Bauō ke ba ba bopèlañ Kwana goñwe le goñwe kwa o eañ gōna. Bauō ba cwa go rèkwa mo bathuñ, gore ba nnè mabucwèla pele a Modimo le a Kwana.”—Tshen. 14:1-4.

13. (a) Ditemana di se kae moragonyana, moaposetoloi Johane o bega eng mabapi le Babilona yo Mogolo? (b) O ile a tshoga ka 1919 ka ntlha ya eng?

13 Mo go kgatlhisang, ditemana di se kae fela morago ga go neela tlhaloso eo, moaposetoloi Johane o kwadile jaana: “Me moengele eo moñwe, e le oa bobedi, a tla moragō ga eouō, a re, Babelona o Mogolo o ole, o ole, o o dihileñ gore merahe eotlhe e nosiwè boyalwa yoa bogale yo bo cosicweñ ke kgokahalō ea gagwè.” (Tshen. 14:8) Go sa kgathalesege go dira kgokahalo ya bodumedi le bo-radipolotiki ba merafe, Babilona yo Mogolo o ne a wa mo go botlhoko ka 1919, faele mabapi le tlhotlheletso le maatla. O ile a tshoga thata fa Kurose yo Mogolwane, Kwana Jesu Keresete, a ne a golola masalela a Baiseraele ba semoya le go ba tsenya mo tirong ya tsosoloso ya semoya.

14. (a) A masalela a a golotsweng a ne a dumalana le polelo ya go re “bodumedi ke matokwane a batho” kana seo se neng se bolelwa kaga lekgotla la Kgolagano ya Merafe e e neng e akanyediwa? (b) Ba ne ba lelalela kwa motseng-mogolo ofe o o kwa setlhoeng?

14 Barukhutlhi bao ka 1919 ba ileng ba bona taolo ya bopolotiki mo Yuropa botlhaba ba ne ba dira go ya ka polelo ya bone, “Bodumedi ke matokwane a batho.” Mme masalela a ga Jehofa, a a neng a sa tswa go gololwa go Babilona yo Mogolo wa bodumedi, ga baa ka ba tsaya tsela eo. Gape, lekgotla la Kgolagano ya Merafe le ne le kopetswe gore le akanyetswe le go amogelwa kwa Kopanong ya Kagiso ya 1919, mme Kgolagano ya Lekgotla la Dikereke tsa Keresete mo Amerika e ne ya le amogela, e le bitsa “pontsho ya sepolotiki ya bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” A masalela a ga Jehofa a ne a akanyetsa go ka tsaya tsela eo? Nnya! Fa ba ne ba tshwere kopano ya kakaretso kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., ka September 1-8, 1919, ba ne ba le senola jaaka bogosi jwa Modimo jwa maitirelo mme ba bolela phatlalatsa gore le ne le tla palelwa. Fa ba sena go gana dipaakanyetso tsotlhe tse di dirilweng ke batho, ba ne ba lelalela kwa thabeng ya Siona ya selegodimo, ka gobo ka tumelo ba ne ba bona Kwana ya Modimo, Jesu Keresete, e eme jaaka Kgosi e e busang.—Tshen. 14:1-3; Baheb. 12:22.

15. Ke ka ntlhayang masalela a ne a lela fa a ne a senka Siona wa semoya, mme ba ne ba simolola go ithuta Bibela go tswa ponong efe e ntšha?

15 Ka jalo ka dikeledi tsa go “lela” ka boitumelo masalela a a golotsweng a ne a tshaba mo go Babilona yo Mogolo mme a batla thaba ya Siona ya semoya, koo Kgosi ya bone ya selegodimo e ntseng e eme e busa fa esale ka bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. Mo tumalanong le boikaelelo jwa bone jwa bolegodimo, ba ne ba simolola go ithuta Bibela go tswa ponong e ntšha, ka gobo jaanong ba ne ba bona tirafatso ya palo e e oketsegang ya dipolelelo-pele tsa Bibela tseo di neng di tlhomamisa bogosi jwa Modimo ka Keresete.

16. Pusoloso eo masalela a e boletseng e ne e ka kaiwa jang jaaka e le “ea tempela ea gagwè,” mme ke ditiro dife tsa “tshiamō” tseo ba neng ba ka di bolela jaaka ekete di setse di diragetse?

16 Ka botlhoka-poifo masalela a a buseditsweng a ne a simolola go bolela “pusholoshō ea ga Yehofa Modimo oa rona, pusholoshō ea tempela ea gagwè.” (Yer. 50:28) Bone ka bobone e ne e le karolo ya tempele ya gagwe ya semoya, tempele ya tshwantshetso e e dirilweng ka Jesu Keresete Lentswe-legolo la Kgokgotsho le maloko a a 144 000 a setlhopha sa tempele tlase ga gagwe. (1 Bakor. 3:16, 17; Baef. 2:19-22) Ka Ntwa ya Lefatshe I masalela a setlhopha sa tempele a ne a tshwariwa makgwakgwa, mme maiteko ano a a bosula a go ba senya a ne a neela Jehofa lebaka le le utlwalang la go ipusolosetsa kgatlhanong le Babilona yo Mogolo le dinyatsi tsa gagwe ka nako e e tshwanetseng. Mme morago o tla wetsa boperofeti jwa ga Jeremia jo boleele kgatlhanong le Babilona. Ka tumelo e kgolo ya gore dikarolo tse dingwe tsa boperofeti jwa ga Jeremia tota di tla diragala, gore go tshwana fela lefa di setse di dirafaditswe, masalela a a buseditsweng a ne a itseela mafoko a ga Yeremia 51:10 mme a re: “Yehofa o ntsheditse tshiamō ea rona kwa ntlè: ntloñ, a re boleleñ mo Siona tihō ea ga Yehofa Modimo oa rona.”

17. Jehofa o etleeleleditse sedirisiwa sa gagwe se se mo nakong tiro efe ya tefetso?

17 Jaaka moipusolosetsi, Jehofa o tshotse sedirisiwa sa gagwe o bile o itsise boikaelelo jwa gagwe jwa go se dirisa ka mafoko ano a ga Yeremia 51:24: “Me Babelona le banni botlhe ba Kaladea ke tla ba lehètsa mo go bōnè boshula yotlhe yoa bōnè yo ba bo dihileñ mo Siona mo ponoñ ea lona, go bua Yehofa.”

18. Ka ntlha ya kgobo yotlhe godimo ga leina la bomodimo, masalela a ka bolela keletso e e siameng go tswa boemong jwa ga mang mabapi le thubako le makgapha a Babilona yo Mogolo?

18 A re gakologelweng kgobo yotlhe eo tsamaiso ya lefatshe ya bodumedi e e tshwanang le ya Babilona e e tliseditseng leina la Modimo o o tshelang le wa boammaaruri, segolo thata ka go bogisa batho ba ba ineetseng bao ba tlotlang le go rwala leina la gagwe. He re ka lemoga sentle gore ke ka ntlhayang boikaelelo jo eleng jwa ga Jehofa jwa go phimola moemedi yoo wa selefatshe yo o dirisitsweng segolo ke moganetsi wa gagwe yo mogolo, eleng Satane Diabolo, bo tshwanetse. Ka jalo bao ba leng mo lefatsheng bao ba emelang Siona wa selegodimo ba amogela fela pono ya dintlha ya ga Jehofa mme ba dumalana le boikaelelo jwa gagwe jo bo umakilweng fa ba re: “Thubakanyō e o e ntihetseñ le nama ea me, a e nnè mo go Babelona; gape go tla bua Yerusalema, a re, a madi a me a nnè mo banniñ ba Kaladea.”—Yer. 51:35.

19. Bolalome jo bo mo dithapelong tse di ntseng jalo jaaka baganetsi ba bo kaya, bo bapisiwa jang le seo Jehofa a se buang, fa a ipuelela go Yeremia 51:36, 37?

19 A moganetsi ope yo o reng dithapelo tse di ntseng jalo tsa Siona le Jerusalema ke tsa bolalome a se akanye gore Jehofa Modimo o tlaa bo a sa siama fa a di araba kgatlhanong le Babilona yo Mogolo wa gompieno. Ga a tlodise matlho bonnete jwa ditiragalo jwa gore o ile a thubakanya baobamedi ba ga Jehofa, le eleng go tsholola madi a bone a a senang molato. Aa ipuelele mo mafokong a ga Yeremia 51:36, 37: “Ke gōna ka mouō Yehofa o bua yana: a re, Ke tla èmèla mahoko a gago mo tshekoñ, ke tla go leheletsa; me ke tla chisa lewatlè ya gagwè [la bo-rakgwebo], ke tla kgadisa mocwedi oa gagwè. Me Babelona o tla nna mekoakoa hèla.”

20. Boemo Jwa dilo jwa gompieno kwa lefelong la Babilona wa bogologolo bo tlhomamisa eng faele kaga ditiro tsa ga Jehofa?

20 Boperofeti jo bo ntseng jalo, jaaka bo boletswe ka 614 B.C.E., kana dingwaga di le 75 pele ga fa Babilona a thopiwa, ka nako eo bo ne bo bonala bo se kitla bo diragala. Ka 614 B.C.E. Babilona o ne a tlhatlogela kwa setlhoeng sa maatla le kgalalelo ya one. Mme gompieno, lefelo leo Babilona wa bogologolo ka boikgantsho a neng a eme fa go lone fa nokeng ya Euferate le tlhomamisa ntlha ya gore Jehofa ga a ka a fosa mo boperofeting. Ke matlapa a sekae fela a ntlha a Babilona a a santseng a setse. Tlhomamiso ya ga Jehofa go batho ba gagwe ba ba sa tshwarwang sentle e nnile boammaaruri. O bile a emela “mahoko” a bone mo tshekong ya lobopo; Jehofa o bile a ba diragaletsa pusoloso ya bomodimo. Ka tshiamo o ne a tlhokomela gore melato e ne e duetswe.

21, 22. Go ya ka Pesalema 137:8, 9, Kurose yo Mogolwane o tla nna le boitumelo bofe mo bogautshwaneng?

21 Mo bogautshwaneng abo tirelo ya semmuso ya ga Kurose wa sebele, eleng Jesu Keresete yo o galaleditsweng, e tla itumedisa jang go tlhokomela gore melato e duetswe sentle le Babilona yo Mogolo gompieno. Baobamedi ba ga Jehofa bao ba bogileng mo diatleng tsa gagwe ba tsaya pono ya bomodimo ya tshiamiso mme ka jalo ba ka kopanela le mopesalema yo o tlhotlheleditsweng ka go re:

22 “Ao! wèna morwadia Babelona, o na le go señwa hèla; go tla nna segō èna eo o tla go duèlañ hèla yaka o dihetse rona. Go tla nna segō èna eo o tla tsaeañ dirathana tsa gago a di phatlakanya mo lehikeñ.”—Pes. 137:8, 9.

23. A mekgatlho ya selefatshe e tla dirisiwa go ribegetsa Babilona yo Mogolo, mme lefa go ntse jalo ke mang yo o tsayang boikarabelo jwa teng?

23 Ka nako e e tshwanetseng baemedi ba selefatshe ba batho ba tla letlelelwa go senya Babilona yo Mogolo. (Tshen. 17:15-18) Jesu Keresete o tla itumelela go tsaya boikarabelo jwa go phimola bogosi joo jwa bodumedi jwa selefatshe. Boperofeti jwa Bibela bo mo tlotla ka go ribegetsa Babilona yo Mogolo ka tshwanelo jaaka Kurose yo Mogolwane. Ene, fa a ne a le mo lefatsheng jaaka motho gammogo le balatedi ba dikgato tsa gagwe o bogile mo diatleng tsa gagwe tse di thubakang.—Tshen. 18:24.

24. (a) Babilona yo Mogolo o ipontsha a le mokaka jang maloka le bobusi? (b) Ke “morwadia” mang, mme ke dilo dife tse di boshula tseo di tla mo tlelang ka bonako, le gone jang?

24 Babilona yo Mogolo e nnile Mokaka yo o mothofaditsweng. (Yer. 50:31, 32) Jaanong ga a kaye Jerusalema kana Siona wa selefatshe oo “Dome of the Rock” ya Iselame e emeng jaaka mmaba wa gagwe, mme thaba ya Siona ya selegodimo, ka gobo Kurose yo Mogolwane o busa koo jaaka Kgosi. Go bontsha bobaba jo bo ntseng jalo, a re: “Ke dutse ke le kgosi mohumagadi.” (Tshen. 18:7) Faele gore o tla bidiwa ‘morwadi’ jaaka Babilona wa bogologolo a ne bidiwa, tota ke morwadia Satane Diabolo. (Yoh. 8:44; Yer. 50:42; 51:33) Dilo tse pedi tse di botlhoko di boleletswe-pele gore di tla tlela seaka se sa bodumedi ka bofefo: “Go latlhègèlwa ke bana le botlhōlagadi.” (Isa. 47:9; Tshen. 18:7, 8; Yer. 50:9) Maloko a phuthego ya gagwe ya bodumedi ekane a tla bolawa mo ‘sepitleng se segolo’ se se tlang kana ba tla mo swela ka go mo itatola, ba sa iphake bodumedi bope gotlhelele. Seno se tla mo dira gore a hutsahale!

25. Fa ope wa rona a sa rate go akarediwa gare ga “dirathana” tsa Babilona tseo di tla phatlakanngwang “mo lehikeñ,” ke eng se re tshwanetseng go se dira kwantle ga tikatiko?

25 A ope wa rona o batla go akarediwa gareng ga “dirathana” tsa bodumedi tsa Babilona yo Mogolo fa nako ya Modimo e e tlhomilweng ya go ba phatlakanya “mo lehikeñ” e tla? Fa re sa batle go akarediwa jalo, segolo thata fa re iphaka go nna gare ga bao Modimo o ba bitsang “batho ba me,” he re direng? Sepe fela faese go sola nako e e santseng e setse molemo le go reetsa taolo e e boutlwelo-botlhoko e e tswang go Modimo ka Lefoko la gagwe: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.”—Tshen. 18:4; Yer. 50:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela