LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 11/1 ts. 9-18
  • Go Gatela-pele Morago ga go bona “Tumèlō”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Gatela-pele Morago ga go bona “Tumèlō”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo—Khumo
  • Go Gatela-pele mo Kitsong ya Modimo le Keresete
  • Letlelela ‘Thata ya Bomodimo’ go Go Dirisa
  • Ditsholofetso tsa Modimo—Tlhotlheletso ya go Gatela-pele
  • Go Tlhokega mo Gontsi go na le Tumelo
  • Botlhokwa jwa go Dira Botswelopele
  • Amogela Ditsholofetso tsa Modimo ka go Supa Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A re Ngapareleng Tumelo ya Rona e e Botlhokwatlhokwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Buka ya Bibela ya bo 61—2 Petere
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Go Tshelela Tlhopho ya Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 11/1 ts. 9-18

Go Gatela-pele Morago ga go bona “Tumèlō”

“Mo tumeloñ ea lona lo tsenyè go diha molemō, le mo go diheñ molemō ga lona lo tsenyè kicō; le mo kicoñ ea lona lo tsenyè boikgapō; le mo boikgapoñ yoa lona lo tsenyè pelotelele; le mo peloteleleñ yoa lona lo tsenyè poihōmodimo; Le mo poihoñmodimo ea lona lo tsenyè go rata bakauleñwe: le mo go rateñ bakauleñwe lo tsenyè loratō.”—2 Pet. 1:5-7.

1. Ke eng seo tota se dirang khumo go nna e e tlhwatlhwakgolo, mme seno se ka tshwantshwa jang?

KHUMO e e tlhwatlhwa-kgolo e e bolokilweng ga e na mosola ope. E farologana go le gonnye thata le leje le le khurumeditsweng ke mmu. Mme khumo eno e na le bokgoni jwa go ka solegela mung wa yone le eleng ba bangwe molemo. E ka dirisiwa go thusa balwetsi le batlhoki, kana e ka bolokiwa ka botlhale gore e rokotse. Faele gore ke madi a mantsi thata, e ka dira diphatlha-tiro mme ka gone e thusa ba bantsi go ka bona botshelo. Eleruri, fa khumo e dirisiwa ka tsela e e thusang, e nna tlhwatlhwa-kgolo bogolo.

2. Go ya ka 2 Petere 1:1, Bakeresete ba bone thoto efe e e botlhokwa?

2 Khumo ya semoya e e tshotsweng ke batlhanka ba Modimo e na le eleng bokgoni jo bogolo jwa go dira molemo. Mo lekwalong la gagwe la bobedi go Bakeresete, moaposetoloi o bua ka khumo eno e e botlhokwa, a simolola ka mafoko ano: “Ke nna Simona Petero, motlhanka le moaposetoloi wa ga Yesu Keresete; ke kwalèla ba ba bonyeñ tumèlo e e tlhokègañ le e e nntseñ yaka ea rona, mo tshiamoñ ea Modimo oa rona le Mmoloki Yesu Keresete.” (2 Pet. 1:1) “Tumèlō,” ke gore, tumelo e e tlhokegang bakeng sa botshelo jo bo sa khutleng, e ne e le khumo e e tlhwatlhwa-kgolo e e neng e tshotswe ke bao moaposetoloi a neng a ba kwalela.

Tumelo—Khumo

3. Ke ka ntlhayang fa Petere a ne a ka tlhalosa tumelo ya bao a neng a ba kwalela jaaka e le “e e tlhokègañ le e e nntseñ yaka ya rona”?

3 Tumelo eno e ne e se thoto ya ga Petere le baaposetoloi ba bangwe ba le bosi kana ya botlhe bao le bone e neng e le Bajuda ba ba fetogileng Bakeresete. E ne e le ya setlhopha sotlhe sa badumedi, bobedi Bajuda le ba eseng Bajuda. Modimo Mogodimodimo o ba kgonisitse go bona tumelo e. Ka molaetsa wa “Mahoko a a Molemō” a a neng a rerwa, o ne a gogela batho kwa go ene ka Morwa wa gagwe. (Yoh. 6:44) O ne a bula dipelo tsa batho ka bongwe, a ba dira gore ba arabele go “lehoko,” kana molaetsa wa gagwe.—Dit. 16:14; Bar. 10:8.

4. Tumelo e bonwa jang “mo tshiamoñ ea Modimo oa rona le Mmoloki Yesu Keresete”?

4 Jaaka moaposetoloi Petere a tlhokometse, tumelo eno e ne e bonwa “mo tshiamoñ ea Modimo oa rona le Mmoloki Yesu Keresete.” Mothatayotlhe o ne a kgonisa batho ba ditso tsotlhe, merafe le mebala go amogela thoto e e tlhwatlhwakgolo e. Ka go sa bontshe bomang-mang jaana fa a itshwarela maleo mo motheong wa setlhabelo sa Morwa wa gagwe le go amogela ba ba ikwatlhayang jaaka batho ba gagwe, Jehofa Modimo o bontshitse tshiamo ya gagwe, tekatekano ya gagwe, botlhoka-kgethololo jwa gagwe. Ke ntlha yone eo Petere a e umakileng ka nako ya fa a ne a tlisa “mahoko a a molemō” go molaodi wa mophato wa Italy Korenelio le ba-losika ba gagwe le ditsala tsa gagwe tse di gaufi. “Amarure,” moaposetoloi a rialo, “kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” (Dit. 10:34, 35) Mmoloki wa rona Jesu Keresete o bontsha moya oo wa botlhoka-kgethololo. O neetse botshelo jwa gagwe bakeng sa batho gongwe le gongwe.—1 Tim. 2:5, 6.

Go Gatela-pele mo Kitsong ya Modimo le Keresete

5. Morago ga go bona tumelo, re nna le boikarabelo bofe, mme ke eng se se tlhokegang mo go bo direng?

5 Morago ga go ‘bona tumelo,’ barutwa ba ga Jesu Keresete ba tla tlase ga boikarabelo jwa botho jwa go fetogela gaufi-ufi thata go thato ya Modimo ka bone. Kitso ya boammaaruri e tlaa re thusa go dira seno. Moaposetoloi Petere o gateletse botlhokwa jwa kitso ya boammaaruri, e e tletseng kana e e feletseng, ka go re: “Tshegohacō e nnè le lona, le kagishō e le totahalèlè mo kicoñ ea Modimo le ea ga Yesu Morèna oa rona.”—2 Pet. 1:2.

6. (a) Ke eng se se kaiwang ke go nna le ‘kitso ya boammaaruri ya Modimo le ya ga Jesu’? (b) Go tla jang gore re nne le kitso eo?

6 Go nna ga rona le ‘kitso ya boammaaruri ya Modimo le ya ga Jesu Morena wa rona’ go kaya go ba itse jaaka batho—dinonofo, ditsela le ditirisano tsa bone—le go etsa sekao sa bone se se itekanetseng. (Bapisa Yeremia 22:15, 16; Mathaio 7:21-23; 1 Yohane 2:3-6; 3:5, 6.) Ka kgatelo-pele ya rona mo go ithuteng le go diriseng melao-metheo ya Lefoko la Modimo, re kgona go itse Rara le Morwa wa gagwe mo go botoka bogolo. Seno se felela mo go ipeleleng ga rona bopelonomi jo bo sa tshwanelang le kagiso go ya selekanyong se segolo bogolo.

7. ‘Bopelonomi jo bo sa tshwanelang’ bo totafadiwa jang ke ‘kitso ya boammaaruri ya Modimo le ya ga Jesu’?

7 Re tla tswelapele go amogela thuso le kgogo ya bomodimo fa fela re dira se se itumedisang Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Ereka re le baleofi, ga re na tshwanelo epe ka borona. Ka jalo sengwe le sengwe seo Mmopi wa rona a se re direlang ke pontsho ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang. Lefa go ntse jalo, go nna ga rona baamogedi ba bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa bomodimo go ikaegile mo go lweleng ga rona go tshwana le Rraarona wa selegodimo le Morwa wa gagwe. Fa seno e le boammaaruri kaga rona, re tla atamela Jehofa Modimo ka ikanyo e e tletseng ya gore o tla araba ditopo tsa rona. Moaposetoloi wa Mokeresete Johane o umakile:

“Me leha e le eñ se re se lōpañ hèla, re se amogèla mo go ōna ka re bolokile ditaolō tsa ōna, re bile re diha dilō tse di kgatlhañ mo matlhoñ a ōna. Me e ke eōna taolō ea ōna, gore re dumèlè mo ineñ ya Morwa ōna Yesu Keresete, le go ratana, hèla yaka o re neile taolō. Me eo o bolokañ ditaolō tsa ōna o nnèla rure mo go ōna, le ōna mo go èna. Me rea itse ka gōna mo ha o nnetse rure mo go rona, ka Mōea o o o re neileñ.”—1 Yoh. 3:22-24.

8. “Kagishō” e totahadiwa jang ke ‘kitso ya boammaaruri ya Modimo le ya ga Jesu’?

8 Fa re na le, eseng kitsonyana fela, mme kitso e e tletseng le e e itekanedisitsweng ya Rraarona wa selegodimo le Morwa wa gagwe, re kgona go bona ka phepafalo seo se itumedisang mo ponong ya bone. Re nna mo bokopanong le mo kagisong le bone, re ipelela bogaufi le bone jaaka ditsala tsa bone. Ka ntlha ya moo, botswelopele jwa rona mo go itseng Jehofa Modimo le Morwa wa gagwe ka botlalo mo go oketsegileng bo isa boipelong jwa kagiso e e okeditsweng. Go ntse jalo ka ntlha ya go tila ga rona maikutlo, dipuo le ditiro tse di farologanang le sekao sa Modimo wa rona le Morena wa rona Jesu Keresete.

9. Go leofa go na le phelelo efe mo kagisong ya rona le Modimo?

9 Mo letlhakoreng je lengwe, ka go leofa, re tla bo re senya kagiso ya rona le Mogodimodimo, ka re tla bo re dira kgatlhanong le thato ya gagwe. Ke fela boitshwarelo jwa Modimo, jo bo thailweng mo boikwatlhaong jwa rona jwa pelo yotlhe le tumelo mo melemong e e letlanyang ya setlhabelo sa ga Keresete, jo bo tla busetsang kagiso gape.—1 Yoh. 2:1, 2.

Letlelela ‘Thata ya Bomodimo’ go Go Dirisa

10. Ke eng se se ka re thusang go ipelela bopelonomi jo bo sa tshwanelang le kagiso ka selekanyo se se oketsegileng?

10 Jehofa Modimo le Jesu Keresete, legale, ba batla gore re ipelele bopelonomi jo bo sa tshwanelang le kagiso ka selekanyo se se oketsegileng. Ka jalo, re tshwanetse go dirisana-mmogo le bone ka go dira ka natla go ba itse mo go botoka. Tsela e nngwe eo re ka dirang seno ka yone ke ka go anaanela seo Jehofa Modimo, ka Morwa wa gagwe, a se re diretseng. Moaposetoloi Petere o kwadile: “Thata ea gagwè ea semodimo e re neile dilō cotlhe tse e leñ tsa botshelō le tsa poihōmodimo, ka go itse èna eo o re biditseñ ka kgalalèlō ea gagwè le molemō oa gagwè; Mo e leñ gōna kaha o re neileñ dipolèlō tsa ōna tsa choloheco tse di tlhokègañ le tse dikgolo thata ka gōna; gore lo tlè lo nnè baabedwi ba tlhōlègō ea semodimo ka cōna, lo sena go halola mo seboduñ se se mo lehatshiñ ka dithatō tsa batho.”—2 Pet. 1:3, 4.

11, 12. (a) Ke ka ntlhayang fa ‘thata ya bomodimo’ e amanngwa le ‘kitso ya boammaaruri’? (b) Seno se tshwantshiwa jang mo kgannyeng ya Bakeresete ba kwa Thesalonia?

11 Tlhokomela gore Petere o kopantse ‘thata ya bomodimo’ le “go itse.” Mo go tshwanetse bogolo, ka gobo Lefoko kana molaetsa wa Modimo, eleng “Mahoko a a Molemō,” maloka le Morwa wa gagwe, le ka nna le tlhotlheletso e e maatla mo matshelong a batho. Seno se ka bontshiwa sentle mo go seo moaposetoloi Paulo a se kwaletseng Bathesalonia: “Yaka Mahoko a a Molemō a rona a se ka a tla mo go lona ka puō hèla, me a tla le ka nonohō.” (1 Bathes. 1:5) Go rerwa ga “mahoko a a molemō” kwa Thesalonia go ne ga nna le matswela. E ne e se kgang ya go re motho a utlwe fela mafoko mme a bo a sa dire sepe, ke gore, e ne e se kgang ya “puō hèla.” Bathesalonia bao ba amogetseng Bokeresete ba ne ba tlhotlhelediwa go dira, ba bontsha gore “mahoko a a molemō” a dirisitse maatla. Bakeresete bano ba nnile sekao go badumedi ba bangwe mo go itshokeleng pogiso ka boikanyegi ka ntlha ya tshiamo le mo go tsweleng-pele go neeleng mongwe le mongwe bosupi kaga “mahoko a a molemō.”

12 Ereka Thesalonia e ne e le boema-kepe, badumedi ba ne ba kopana le bo-radikepe, barekisi le ba bangwe ba ba tswang mafelong a a kwa kgakala. Bakeresete ba Thesalonia ba ne ba sola dipaka tsa bone molemo go abalana “mahoko a a molemō” le ba bangwe. Ka ntlha ya moo, go ne ga buiwa ka tumelo ya bone kgakala le ka bophara. Fa Paulo le bankane ba gagwe ba ne ba bolela le go ruta boammaaruri phatlalatsa mo metseng e mengwe, ba ne ba bolelelwa kaga Bakeresete ba mo Thesalonia. A akgela kaga se, moaposetoloi o kwadile:

“Gonne lehoko ya Morèna ya cwa mo go lona ya tumèla, e señ kwa Makedonia le Akaia go le gosi, me tumèlō ea lona ntlheñ ea Modimo e cwetse ntlheñ cotlhe; yalo re bo re sa tlhole re na le go bua sepè. Gonne le bōnè ka bosi ba bolèla kaga rona, go tsèna ga rona mo go lona, kaha go ne go nntse ka gōna; le kaha lo kgaoganyeñ le medimo ya disètwa ka gōna, me loa shokologèla mo Modimoñ, go dihèla Modimo o o tshedileñ le o o boamarure, Le go lebèlèla Morwa ōna go cwa legodimoñ, eo Modimo o mo cositseñ mo bashwiñ, eboñ Yesu, eo o re gololañ mo bogaleñ yo bo tlañ.”—1 Bathes. 1:8-10.

13. Rona ka borona re itemogetse phelelo ya ‘thata ya bomodimo’ go rona jang, mme ka jalo re tshwanetse go tswelapele re dira eng?

13 Ka mo go tshwanang, rona badumedi gompieno re utlwile ‘thata ya bomodimo’ e dira mo go rona ka ntlha ya go amogela ga rona “mahoko a a molemō,” lefoko kana molaetsa wa Modimo. “Mahoko a a molemō” ao a re dirile gore re dire diphetogo mo matshelong a rona, go itumalanya le thato ya bomodimo. Gape re tlhotlheleditswe go bolelela ba bangwe “mahoko a a molemō.” Thata ya bomodimo eo e dirisiwang ka ‘kitso ya boammaaruri’ e e mo ‘mafokong a a molemo’ e re neile sengwe le sengwe seo re se tlhokang bakeng sa ‘botshelo le poifomodimo.’ Ka gone, ka ntlha ya thata ya bomodimo, re kgona go tshela botshelo jo bo thokgameng, ka tebelelo ya bosakhutleng. Mme re tshwanetse go tswelapele re letlelela thata ya bomodimo go re thusa go nna ba ba jaaka Keresete bogolo mo boitshwarong le tirong.

14. Jehofa Modimo o bitsa jang ‘ka kgalalelo le molemo’?

14 Mokgwa oo Jehofa Modimo a biletsang kana a gogelang batho kwa go ene ka one o tshwanetse go direla jaaka kgothatso e e maatla ya go dira botswelopele mo botshelong jwa Bokeresete. Moaposetoloi Petere o ile a supela go “go itse [kitso ya boammaaruri ya] èna eo o re biditseñ ka kgalalèlō ea gagwè le molemō oa gagwè.” Jehofa Modimo o dira go ‘bitsa’ kana go ‘goga’ ka Morwa wa gagwe. ‘Kgalalelo le molemo’ go batho di bonala segolo mo go Jesu Keresete. Moaposetoloi Johane wa Mokeresete o kwadile jaana maloka le Morwa yo: “Me Lehoko a tla a nna nama, me a aga mo go rona, me ra bōna kgalalèlō ea gagwè, ekete kgalalèlō ea eo o tsecweñ a le esi a cwa kwa go Rara, a tletse tshegōhaco le boamarure.” (Yoh. 1:14) Mo botshelong jwa ga Morena Jesu Keresete, Johane le baaposetoloi ba bangwe ba bone kgalalelo, lesedi, phatsimo e e neng e ka bontshwa fela ke yo o neng a tshwana gotlhelele le Rara wa selegodimo. Go feta moo, moaposetoloi Johane, gammogo le Jakobe le Petere, ba ne ba bogela phetogo-mmele ya ga Jesu Keresete. Ka nako eo “sehatlhōgō sa gagwè sa phatsima yaka letsatsi, le diaparō tsa gagwè tsa nna dichweu yaka lesedi.” (Math. 17:2) Fela jaaka kgalalelo e gokaganngwa le Morwa Modimo, go ntse fela jalo ka molemo. Jesu Keresete o ne a le molemo ka mo go tlhomologileng, motho wa boitshwaro jo bo gaisang. Le eleng Judase Isekariota wa mooki o ile a dumela: “Ke leohile, ka ke okile motho eo o senañ molatō.” (Math. 27:4) Ka jalo Jehofa o ntse a bitsa ka ‘kgalalelo le molemo’ tse di bontshiwang go Morwa.

Ditsholofetso tsa Modimo—Tlhotlheletso ya go Gatela-pele

15. Ke ka ntlhayang fa ditsholofetso tse di neilweng ke Modimo e le “tse di tlhokègañ le tse dikgolo thata”?

15 Paakanyetso e ntle ya Modimo ya poloko jaaka e senolwa ke “mahoko a a molemō” e neetse Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ‘ditsholofetso tse di tlhokegang le tse dikgolo thata.’ Ditsholofetso tseno di ne di le botlhokwa kana di le tlhwatlhwa-kgolo mo go neeleng kgomotso, kgothatso le maatla a tshegetso mo go lebaneng le kilo ya lefatshe. Fa re akanyetsa gore badumedi bao Petere a ba kwaletseng ba ne ba lebile pele go aroleng mo kgalalelong ya ga Keresete jaaka baruaboswa-mmogo mo bogosing jwa gagwe, re tshwanetse go dumalana le moaposetoloi ka go re ba amogetse ‘ditsholofetso tse dikgolo thata.’—2 Pet. 1:4a.

16, 17. Ditsholofetso tsa bomodimo di na le phelelo efe mo badumeding?

16 Ditsholofetso tseno di diretse badumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga eng? Karabo ya ga Petere ke go re: “Gore lo tlè lo nnè baabedwi ba tlhōlègō ea semodimo ka cōna, lo sena go halola mo seboduñ se se mo lehatshiñ ka dithatō tsa batho.” (2 Pet. 1:4b) Ka mantswe a mangwe, ditsholofetso tsa Modimo di neetse motheo wa go nna ga bone “baabedwi ba tlhōlègō ea semodimo.” Tsholofelo ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le gore ba kopanele le Jesu Keresete mo bogosing jwa selegodimo le go tshwana le ene. (Bar. 8:17) Ereka Morwa e le “marañ a kgalalèlō ea ōna, le sechwano sebele sa bomodimo yoa ōna,” bao ba nnang jaaka Jesu Keresete ba tshwana gape le Rara. (Baheb. 1:3) Moaposetoloi Johane o kwadile: “Baratwa, yanoñ re bana ba Modimo, me ga go e se go bōnatshiwe kaha re tla nnah ka gōna. Rea itse gore, ha a bōnatshiwa re tla chwana naè; gonne re tla mmōna hèla yaka a nntse. Me moñwe le moñwe eo o nañ le cholohèlō euō e tlhomilwe mo go èna, oa itshekisa, hèla yaka èna a le boitshèkō.”—1 Yoh. 3:2, 3.

17 Ka gone, ka go arola mo kgalalelong ya Morwa Modimo, Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya e nna baabedwi ba “tlhōlègō ea semodimo.” Tsholofelo eno e kgolo e e theilweng mo ditsholofetsong tse di tlhomamisegileng tsa Modimo e ne e ba neela tlhotlheletso e kgolo ya go dira bojotlhe jwa bone go tlosa maswe otlhe a selefatshe. Moaposetoloi Petere o ne a dira ntlha e e tshwanang kaga go nna phepa, ka gobo o bontshitse gore “baabedwi ba tlhōlègō ea semodimo” ba ile ba “halola mo seboduñ se se mo lehatshiñ ka dithatō tsa batho.” “Dithatō tsa batho,” eleng go eletsa seo motho eseng sa gagwe, ke motswedi wa leswe la lefatshe. Badumedi ba falotse mo lesweng leno fa ba ne ba iponaletsa sedirisiwa sa Modimo sa poloko ba bo ba tlhoafalela go fetogela boemong jwa bomodimo jwa boitshepo, bophepa kana boitsheko. Jaaka go ne go ntse ka badumedi ba lekgolo la ntlha, ditsholofetso tse di mo Dikwalong di ka re tlhotlheletsa go tswelapele re iitshepisa.

Go Tlhokega mo Gontsi go na le Tumelo

18, 19. Morago ga go bona tumelo, ke eng se re tshwanetseng ra bo re se dira mo tumalanong le 2 Petere 1:5-7, mme ka ntlhayang?

18 Batlhanka botlhe ba boammaaruri ba Modimo gompieno ba bone molemo mo thateng ya bomodimo e e tlileng ka “mahoko a a molemō” ebile e tswa mo ditsholofetsong tse dintle tse di amanang le one. Ke ka moo re nang le lebaka le le utlwalang la go itshupa re le batho bao ba bontshang botho jwa Bokeresete ebile re tlhagafaletse go thusa ba bangwe, segolo thata semoyeng. Moaposetoloi Petere o ne a tlhotlheletsa: “E, ka ntlha ea gōna mouō, le lona lo ko lo oketse ka tlhoahalō, ke gore, mo tumeloñ ea lona lo tsenyè go diha molemō, le mo go diheñ molemō ga lona lo tsenyè kicō; le mo kicoñ ea lona lo tsenyè boikgapō; le mo boikgapoñ yoa lona lo tsenyè pelotelele; le mo peloteleleñ yoa lona lo tsenyè poihōmodimo; le mo poihoñmodimo ea lona lo tsenyè go rata bakauleñwe: le mo go rateñ bakauleñwe lo tsenyè lorato.”—2 Pet. 1:5-7.

19 Ga rea tshwanela go kgotsofalela go nna le tumelo fela. Bogolo, mo karabelong kana ka ntlha ya go amogela ga rona kgono ya go nna le tumelo go tswa go Rara wa selegodimo, re tshwanetse go batla go godisa dinonofo tse dingwe tse di molemo tseo di supang gore re na le tumelo. Moaposetoloi Petere o tlhotlheleditse gore re ‘oketse ka tlhoafalo,’ re dira bojotlhe jwa rona ka tlhaga, mo go nneng segolo jaaka Morwa Modimo.

20. Go tsenya molemo mo tumelong ya rona go kaya eng?

20 Go tsenya molemo mo tumelong ya rona go ne go tla kaya gore re tla lwela go nna batho ba ba boitsholo jo bo gaisang fa re etsa sekao sa rona, eleng Keresete. Molemo kana boitsholo jo bo gaisang jo bo ntseng jalo, ke nonofo e e tlhomameng. Yo o nang le yone ga a ikehe fela mo go utlwiseng batho ka ene botlhoko mme gape o senka go dira molemo, a arabela ditlhokafalong tsa ba bangwe tsa semoya, tsa senama le tsa maikutlo. Molemo tota ke bomolemo jo bo tlhaga. Ka gone botshelo jwa motho yo o molemo ga bo bonwe fela ka go ikeha dilo tse di sa siamang, jaaka boitsholo jo bo sa siamang jwa bonna le bosadi, makgapha, botlhoka-ikanyego le mekgwa e mengwe e e ganetswang ke Dikwalo. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Bafarisai ba ne ba ikgantsha ka gore e ne e se “baikgagapeledi, le basiamolodi, le ba boaka.” (Luke 18:11) Mme ba ne ba se molemo, ka gobo ba ne ba nyatsa batho ba ba kwa tlase ebile ba sa bontshe kutlwelo-botlhoko, tlhomogelo-pelo kana kamego.—Mar. 3:1-6; Yoh. 7:47-49.

21. Ke ka ntlhayang go le botlhokwa go gola mo kitsong?

21 Kwantle ga kitso, molemo o o bontshitsweng mo go Jesu Keresete ga o ne o nna gone. Kitso e a tlhokega go farologanya se se siameng mo go se se bosula. (Baheb. 5:14) E tlhokega gape mo go atlholeleng gore molemo o o tlhomameng o ka bontshiwa jang mo boemong jo bo rileng. (Bafil. 1:9, 10) Mo phapaanong le ‘bodumela-tsotlhe,’ tumelo e e thailweng ka nitamo ga e reketlisiwe ke kitso. Ka jalo, go nna ga rona ba ba tlhagafaletseng go dirisa Dikwalo tse di Boitshepo go tla nitamisa tumelo ya rona jaaka re tswelapele go gola mo go itseng Jehofa Modimo le Morwa wa gagwe.

22. (a) Ke ka ntlhayang fa kitso e le botlhokwa mo go tlhagoleleng boikgapo? (b) Go na le kamano efe gareng ga boikgapo le bopelotelele?

22 Kitso eno e direla go re thibela mo go ineeleng mo dikeletsong tsa boleo, mo go nneng ba ba feteletsang le ba ba senang boikgapo mo boitsholong kana ka ditsela tse dingwe re nna molato wa go retelelwa mo go masisi mo go bontsheng setshwano sa bomodimo mo boikutlong, lefokong le tirong. Ee, kitso e okeletsa mo go nneng ga rona le boikgapo, go laola kana go tshwara ditomo tsa botho jwa gago, kgato kana puo. Ka go tswelapele re dirisa boikgapo, re tla nna le nonofo e e tlhokegang ya bopelotelele. Fa re le tlase ga dikgatelelo tsa lefatshe mo maikarabelong a tsatsi le letsatsi, pogisong kana dithaelong tsa boipelo kana tsa dithoto tsa dilo tse di bonalang, ga re ne re kgotsofatsa dikeletso tsa rona ka motsotswana re tlogela boemo jwa rona jaaka batlhanka ba Modimo le Keresete mme re tla dirisa boikgapo.

23. (a) Bopelotelele bo nna gone jang? (b) Poifomodimo ke eng, mme e ipontsha jang?

23 Thata ya kafa teng eo bopelotelele bo e tlisang e ka re thusa gape mo go ganeng go ineeleng mo dikeletsong tsa boleo, mo go latoleng tumelo ya rona fa re le tlase ga pogiso, kana go nna ba ba tshwaregileng thata mo maikarabelong a tsatsi le letsatsi, boipelong kana dithotong tse di bonalang. Bopelotelele jo bo tswa mo go ikaegeng go Mogodimodimo bakeng sa thata le kgogo. (Bapisa Bafilipi 4:12, 13; Yakobe 1:2-8.) Poifomodimo, kana tlotlo, e tshwanetse go tsenngwa mo bopeloteleleng. Tlotlo e e ntseng jalo e kgetholola tsela yotlhe ya botshelo ya Mokeresete wa sebele. E ipontsha mo go utlweng Mmopi ka mo go feletseng le mo tlotlong e e tshwanetseng gammogo le kamego go batho ba ba dirilweng mo setshwanong sa Modimo.—1 Tim. 5:4.

24. Ke ka ntlhayang fa go se kitla go nna le tlotlo epe kwantle ga go rata bakaulengwe?

24 Kwantle ga go rata bakaulengwe, ga go ne go nna poifomodimo, kana tlotlo epe. Moaposetoloi Johane o umakile: “Ha motho a re, Ke rata Modimo, me a ila mogagabō, o maaka: gonne eo o sa rateñ mogagabō eo o mmōnañ ka matlhō, ga a kake a rata Modimo o a e señ a o bone.” (1 Yoh. 4:20) Ka ntlha ya moo, re tshwanetse go dira ka natla mo go godiseng lorato lo lo boteng go badumedi ka rona, ka gone re ‘tsenya go rata bakaulengwe mo poifong-modimo ya rona.’

25. Lorato lo tshwanetse go bontshwa go bomang, mme ka ntlhayang?

25 Lorato ke nonofo e e tlhomologileng e e tshwanetseng go bonala segolo mo matshelong a rona. Mofuta o wa lorato ga o a tshwanela go lekanyetswa go bakaulengwe ba rona ba Bakeresete fela. Lefa re ntse re rata bakaulengwe ba rona ba semoya, lorato gape lo tshwanetse go bontshiwa setho sotlhe. Lorato lo ga lo ikaege kaga gore motho o na le boitsholo jo bo ntseng jang. Jaaka lorato lwa Modimo go setho, lo bontshiwa le eleng mo babeng. Mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng, Jesu Keresete o rile:

“Lo utlwile ha go tulwe, Rata oa ga eno, me u ilè mmaba oa gago: Me nna ke lo raea, ke re, Ratañ baba ba lona, lo rapèlèlè ba ba lo bogisañ; gore lo nnè bana ba Rra eno eo o kwa legodimoñ; gonne èna o tlhabisetsa ba ba molemō le ba ba boshula letsatsi ya gagwè, a nesetse basiami ie basiamolodi pula. Ha e bo ne ne lo rata ba ba lo ratañ, lo bo lo na le tuèlō ehe? Bakgethisi le bōnè a ga ba dihe yalo? Le gōna ha lo dumedisa ba ga lona ba le bosi, lo bo lo dihañ bogolo go ba bañwe? Badichaba le bōnè a ga ba dihe yalo? Ke gōna lo tla nnañ boitekanèlō, yaka Rra eno eo o kwa legodimoñ a le boitekanèlō.”—Math. 5:43-48.

26, 27. Go tla diragala eng fa re tsenya ditlhokafalo tseo Petere a di umakileng mo tumelong ya rona?

26 Phelelo ke efe fa molemo, kitso, boikgapo, bopelotelele, poifomodimo, go rata bakaulengwe le lorato di tsenngwa mo tumelong? Moaposetoloi Petere o a araba: “Gonne ha dilō tse e le tsa lona, me ha di bile di totile, dia bo di lo diha gore lo se nne bobodu, leha e le botlhōka louñō, mo kicoñ ea Morèna oa rona Yesu Keresete.”—2 Pet. 1:8.

27 Ee, phelelo ke go tlhagafala le go ungwa. Fa re tsenya mo tumelong ya rona ditlhokafalo tse moaposetoloi a di umakileng ebile re di dira karolo ya rona go ya ntlheng ya go penologa, re tla bo re sa ema, re se bobodu, kana re sule semoyeng. Kgatelo-pele ya rona ya semoya e tla tswelapele. Re tlaa bo re bontsha maungo a botho jo bo jaaka jwa ga Keresete le go bolelela ba bangwe “mahoko a a molemō.” Fa re na le dinonofo tsa bomodimo mo dipelong tsa rona, tota e le karolo ya rona, re tla tlhotlhelediwa go akanya, go bua le go dira ka tsela e e amogelwang ke Modimo.—Bapisa Luke 6:43-45.

Botlhokwa jwa go Dira Botswelopele

28. Boemo jwa yoo a ipolelang go nna Mokeresete ke bofe fa a retelelwa ke go dira botswelopele jwa semoya?

28 Faele gore motho a ka retelelwa ke go dira kgatelopele jaaka Mokeresete, o tla nna boemong jwa kotsi e e diphatsa ya semoya. Moaposetoloi Petere o rile kaga yo o ntseng jalo: “Gonne eo o tlhokileñ dilō tse [tse di umakilweng fa godimo], o houhetse, o bōna hèla se se ha gauhi, ka a lebetse go tlhapisiwa ga gagwè mo dibiñ tsa bogologolo.”—2 Pet. 1:9.

29. Ke ka ntlhayang fa motho yo o senang maungo a botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete a foufetse ka boomo?

29 Motho yo o palelwang ke go dira botswelopele jwa semoya, yo boipolelo jwa gagwe jwa tumelo bo tlhaelang maungo a botho jo bo jaaka jwa ga Keresete, o foufetse semoyeng. Gaa bone gore go nna Mokeresete go kaya eng. Bofofu jo ke jwa ka boomo, ka gobo go amogela ga gagwe “mahoko a a molemō,” go ne go mo tlhoka gore a tswelepele go dira gore a tshwane le Morena wa gagwe segolo, eleng Keresete.

30. ‘Go tlhapisiwa mo dibeng’ go tshwanetse ga tlhotlheletsa Mokeresete go dira eng?

30 Motho eo o ntseng jalo gape a kane a lebetse ntlha ya gore o phepafaditswe mo dibeng tsa gagwe mo motheong wa madi a ga Jesu a a tsholotsweng. Mo tumalanong le go tlhatswiwa mo a go amogetseng ka nako ya fa a ne a nna Mokeresete yo o kolobeditsweng, a kabo a tswetsepele ka go dira ka natla mo go nneng a ntse a le phepa, tota-tota, mo go fetogeleng boemong jwa bomodimo jwa boitsheko ka selekanyo se segolwane. Go palelwa ga gagwe mo ntlheng e go ka isa tenegong ga motlhofo, go ganeng setlhabelo sa Morwa Modimo gotlhelele.

31, 32. Mo ponong ya kotsi e e diphatsa e e nnang gone ka ntlha ya go retelelwa ke go gatela-pele jaaka Bakeresete, ke kgakololo efe ya ga Petere e e tshwanetseng go reediwa?

31 Ereka go na le kotsi ya semoya mo go palelweng ke go dira botswelopele jaaka Mokeresete, re dira sentle fa re iteka ka natla mo go direng ditokafatso mo go bontsheng setshwano sa bomodimo. A akgela mo go se, Petere o rile: “Ke gōna ba ga echo, lo tlhōahalèlè bogolo go rurehatsa go bidiwa ga lona le go itshenkèlwa ga lona; gonne ha lo diha dilō tse, ga lo ketla lo kgocwa gopè: Gonne yalo lo tla nèwa go tsèna ka megolokwane e megolo mo bogosiñ yo bo sa khutleñ yoa Morèna oa rona le Moreboloki Yesu Keresete.”—2 Pet. 1:10, 11.

32 Eleruri, botlhe bao ba ‘biditsweng le go itshenkelwa’ ke Modimo go nna batho ba ona ba tshwanetse go dira bojotlhe go nna ba ntse jalo. Makwalo a ga Petere a a tlhotlheleditsweng a bontshitse gore, ka go tswelapele ba tsenya dinonofo tse di jaaka tsa ga Keresete mo tumelong ya bone, ga ba kitla ba retelelwa ke go fitlhelela mokgele wa tumelo ya bone—eleng poloko. Ga ba ne ba thibelwa ke sepe mo go tseneng mo “bogosiñ yo bo sa khutleñ” jwa ga Jesu Keresete. Ba tla tsena mo bogosing joo ka “megolokwane e megolo.”

33. Go tsena ga Mokeresete mo bogosing “ka megolokwane e megolo” go kane go akaretsa eng?

33 E tla nna go tsena mo go galalelang, ka dinonofo tsa bone tse di jaaka tsa ga Keresete di phatsima tota. Lefa go ntse jalo, polelo “megolokwane e megolo” e ka kaela gape go selekanyo se segolo go gaisa sa tshegofatso eo e tla ipelelwang ke bao ba itekileng ka natla tota mo tshianong ya botshelo.—Bafil. 3:14.

34. Selekanyo se segolo sa tshegofatso se ka tshwantshwa jang?

34 Pharologano gare ga botshelo le botshelo jo bo nang le masego a a kgethegileng e ka tshwantshwa ka bakgweetsi ba babedi ba dikepe. Mongwe ka botlhale a ka kgweetsa sekepe go ralala setsuatsue, a fitlhisa sekepe fa losing ka polokesego. Mme mokgweetsi yo mongwe a ka thubegelwa ke sekepe mo setsuatsueng sone seo, a boloka botshelo jwa gagwe fela. Lefa lemororo bakgweetsi ba babedi bano ba falotse ka matshelo a bone, yo sekepe sa gagwe se sa thubegang eleruri o tla ipelela boitumelo jo bogolo le tlotlo.—Bapisa 1 Bakorintha 3:12-15.

35. Lefa lemororo botshelo Jo bo sa khutleng e le mpho go tswa go Modimo, ke ka ntlhayang fa maiteko a botho a tlhokega mo go bo boneng?

35 Lefa lemororo botshelo e le mpho ya mahala go tswa go Modimo, go batlega gore re bontshe keletso ya rona ya pelo yotlhe ya mpho eno ka go dira bojotlhe jwa rona go itumedisa Rraarona wa selegodimo. Ke mpho, ka gobo rona batho ba ba leofang re ne re se kitla re e bona ka tshwanelo ya rona. Mme re ka palelwa ke go e bona fa tsela ya rona ya botshelo e sa bontshe ka gope gore eleruri re anaanela le go batla mpho e. A re tlhagafaleleng go nna ba ba jaaka Keresete tota mo boikutlong, puong le kgatong. He, ka thuso ya bomodimo, re ka tlhomamisega go atlega, re sa latlhegelwe ke botshelo lefa e le masego ape a a oketsegileng ao Rraarona wa selegodimo a ka a re nayang ka ntlha ya go nna ba ba ungwang.

36. Jaaka Petere a bontshitse, ke dintlha dife tse di sa tloseng go tlhoka ga rona dikgopodiso?

36 Ka jalo, re dira sentle fa re ikgakolola botlhokwa jwa boikanyegi. Ke seo moaposetoloi Petere a neng a batla gore se dirwe ke babadi ba lekwalo la gagwe la bobedi. O ile a kwala:

“Me ka re, ke tla bo ke nntse ke iketleeleditse go lo gopodisa dilō tse, leha lo di itse, lo bile lo tlhōmame mo boamarureñ yo bo mo go lona. Me ke ithaea, ke re, go siame, ha ke sa nntse ke le mo motlaaganeñ o, go nna ke lo tlhagahatsa ka go lo gopodisa; Ke nntse ke itse ha go apola motlaagana oa me go tla ka boheho, hèla yaka Morèna oa rona Yesu Keresete a kile a nkitsise. E, ke tla tlhōahalèla gore e tle e re ke sena go tloga, lo salè lo nntse lo na le kaha lo ka ikgakololañ kaga dilō tse ka gōna, ka motlha moñwe le moñwe.” (2 Pet. 1:12-15)

Fela jaaka bao Petere a lebisitseng mafoko a gagwe go bone mo lekgolong la ntlha la dingwaga, re ka itse botlhokwa jwa go rera “mahoko a a molemō” le go dira ditokafatso mo go bontsheng botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Re ka nna re tlhomame mo boammaaruring jwa Bokeresete go ya bokgakaleng joo re tlaa bong re bo itsile. Lefa go ntse jalo, segolo thata fa re lebane le dithaelo kana dikganetso tsa barutisi ba maaka ba ba botlhale, eleruri re tlhoka dikgopodiso tseo Petere a di kwadileng.

37. Petere e ne e le sekao se se molemo jang mo go neeleng dikgopodiso?

37 Ke ga botlhokwa go rona go gakologelwa gore ke ka ntlhayang a kwadile dikgopodiso tseno. Moaposetoloi o ne a itse gore o ne a tloga aa swa, ka gobo Jesu Keresete ka boene o mmoleletse gore o ne a tlaa swa loso lwa moswela-tumelo. (Yoh. 21:18, 19) Tebelelo e ga ya ka ya ngodiisa Petere. Mme o ne a ikaeletse go dirisetsa nako e e setseng mo go nitamiseng bakaulengwe ba gagwe, go ba kgothaletsa go nna ba ba tlhagafetseng le ba ba ungwang. Ka gone, le eleng morago ga loso lwa gagwe, ba ne ba ka bona kgothatso mo dikgopodisong tsa gagwe le go di dirisa mo go agelaneng.

38. Re tshwanetse ra bo re dira eng ka dikgopodiso tse di thadisitsweng mo makwalong a ga Petere?

38 A le rona ka mo go tshwanang re bone kgothatso mo makwalong a ga Petere mme re nitamise ba bangwe ka go kaela tlhokomelo mo dikgopodisong tsa gagwe. A re tsweleng-pele go bolela “mahoko a a molemō” he, jaaka re letile go dirafala ga ditsholofetso tsa ga Jehofa tse dintle ka ikanyo, le go tswelapele re dira kgatelopele mo go nneng mo go oketsegileng jaaka Rraarona wa selegodimo le morwa wa gagwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Mo tumeloñ ea lona lo tsenyè go diha molemō, le mo go diheñ molemō ga lona lo tsenyè kicō”

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

“Mo peloteleleñ yoa lona lo tsenyè poihomodimo”

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

“Mo poihoñmodimo ea lona lo tsenyè go rata bakauleñwe”

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

‘Fa dilo tse di le mo go lona, di tla lo dira gore lo se nne bobodu, lefa e le botlhoka leungo’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela