Tsholofelo ya Lobopo—Re Emetse Tiragatso ya Yone
“Ka cholohèlō ea go re, lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.”—Bar. 8:20, 21.
1, 2. Re farologana jang le batho ba lefatshe bao ba solofelang “kgatlhanong le tsholofelo” mo boemong jwa lobopo lwa batho?
TSHOLOFELO ya setho e bonala e sena motheo! Batho ba bantsi ba akanya jalo.
2 Lefa go ntse jalo go na le bao ba “solofelang kgatlhanong le tsholofelo.” Ke go re, ba nna ba solofetse ntle le motheo ope wa go lebelela tirafatso. Lefa go ntse jalo, re bao ba solofelang ka motheo o o tiileng wa go emela tiragatso ya tsholofelo ya rona e e galalelang. Mo go se re tshwana le monna mongwe wa bogologolo.
3. Mo ntlheng e, re tshwana le mang, mme tsholofelo e e thailweng sentle ya tlhogo ya lotso eo ya bogologolo e ne ya diragadiwa jang?
3 Monna yoo e ne e le wa Botlhaba a bidiwa Aberahame, yoo lantlha a tshetseng moo gompieno go bidiwang Iraq. A dumela mo tsholofelong e e kgethegileng eo a neng a e solofeditswe, o ne a ya mo tikologong ya lefelo le le bidiwang Beresheba, kwa bokone jwa seodi sa Sinai. Mo kgannyeng ya ga Aberahame, tsholofelo ya merafe mengwe e ile ya gokaganngwa le go belegwa ga morwa ka mosadi wa gagwe Sara. O ne a tshetse dingwaga di le 99, mme mosadi wa gagwe di le 89. Jaaka gale, botsofe jo bo feteletseng bo tshwanetse gobo bo ne bo fedisitse ditsholofelo tsa bone tsa go belega morwa. Mme Aberahame o ne a solofeditswe ke motho yo o neng a se kitla a tlhaela mo ditsholofetsong tsa gagwe, ke gore, Modimo wa gagwe, Jehofa. Aberahame he o ne a dira eng? O ne a kgomarela tsholofelo ya gagwe eo a neng a e neetswe ke Modimo. Polelo ya ditiragalo ya Bibela e re: “Eo e rileñ cholohèlō e seeō a dumèla mo choloheloñ, gore a tlè a nnè rra merahe e le mentsi, kaha lehokuñ ye le kileñ ya buiwa [ke Modimo] ga twe, Losika loa gago lo tla nna yalo.” (Bar. 4:18) Tsholofelo ya ga Aberahame ga ya ka ya swabisiwa, gonne, ka kgakgamatso, o ne a nna le morwa wa gagwe ka mosadi wa gagwe Sara. Merafe e dule mo pelegong e!
4. (a) Lobopo lotlhe lwa batho lo gokagantswe le eng, eseng fela mabapi le baagi ba jaanong ba ba tshelang mme le go ya bokgakaleng bofe kwa morago? (b) Ke dipotso dife tse di tsogang mabapi le monna wa ntlha fa a ne a kaila-kaila a le esi mo legaeng la gagwe la selefatshe?
4 Gompieno lobopo lotlhe lwa batho lo gokagantswe le tsholofelo e e neetsweng ke Modimo! E amana, eseng fela le baagi ba lefatshe ba ba tshelang gompieno, mme le lobopo lotlhe lwa batho go ya morago kwa lotsalong lwa ntlha lwa motho wa ntlha mo lefatsheng, Adame. Tlotlong ya mmopi wa gagwe, motho yoo wa ntlha o nnile gone a itekanetse gotlhelele mo mmeleng le mo tlhaloganyong. O ne a beilwe mo legaeng la selefatshe le le itekanetseng, eleng tshimo ya Edena, ka dipaakanyetso tsotlhe go tsweletsa botshelo jo bo itekanetseng jwa batho ka boitumelo. Mmopi wa gagwe, Rraagwe wa selegodimo, e ne e le monkane wa gagwe, a bua le ene ka metlha go tswa sebakeng se se sa bonaleng. Go feta moo, a dikologilwe ke diphologolo tsotlhe tsa lefatshe, dinonyane le ditlhapi mo tshimong ya Edena, Adame o ne a na le mo gontsi go mo ntsha bodutu. Mme ke ka ntlhayang Rraagwe Adame wa selegodimo a neng a mmeile mo Paradaiseng e e itumedisang jaana? Go nna rra-sekgwa wa motsamaya-nosi kana molemi? O ne a tshwanetse go tshela le go ipelela bomolemo jotlhe mo diatleng tsa Monei-Botshelo wa gagwe ka lobaka lo lo kae?
5. Dikarabo tsa dipotso tseo di ne di ikaegile ka mang, mme Adame yo o itekanetseng o ne a ka boloka kgakololo efe e e tlhamaletseng mo mogopolong?
5 Adame o ne a tlhagisitswe gore gotlhe mo go ne go ikaegile ka ene! Ka kgakologelo ya gagwe e e itekanetseng, Adame o ne a se kitla a lebala kgakololo eo Rraagwe wa selegodimo o e mo neetseng: “U ka ya hèla setlhare señwe le señwe sa tshimo ka go rata: Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.”—Gen. 2:16, 17.
6. Taolo eo ya bomodimo e ne ya bulela setho eng, mme bana ba ga Adame ba ne ba tla nna gone jang?
6 Taolo eo ya bomodimo e ne ya bulela Adame tsela ya go tshela ka bosakhutleng, fa seo e ne e le thato ya Modimo ka ene. Jaaka polelo moragonyana e bontsha, Adame o ne a tshela dingwaga di le 930, mme a kabo a tshedile ka bosakhutleng. O ikarabelela go swa ga rona gompieno. Jaaka rotlhe re ka lemoga, motho yoo wa ntlha mo lefatsheng o nnile le lotsalo; go seng jalo, re kabo re se fano. Mme e ne e se ka tsela ya go tsala e e maswe eo baseka-seki ba boitseanape gompieno ba e bitsang boithwalo jo bo senang bokopano, jaaka go diragala ka dijalo tse dingwe. Bogolo, fela jaaka dinonyane le diphologolo tsa lefatshe, Modimo o ne a mmopela mothusi wa monamagadi, mosadi, ka go ntsha logopo mo letlhakoreng la ga Adame go mmopa ka lone. Fa o ne o nyadisa monna wa ntlha le mosadi wa ntlha mo lefatsheng, Modimo o ne o ba beetse tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise. O ne a ba segofatsa mme a ba bolelela gore ba tsale kafa mofuteng wa bone go tlala lefatshe lotlhe, leo paradaise ya bone e neng e tla tsharololwang mo go lone.—Gen. 2:18-24; 1:26-28.
7. Adame le Efa ba ne ba sa lebelela boemo bofe jwa dikgang tsa batho gore bo diragale, mme ke ka ntlhayang fa molato wa go senyega ga dikgang tsa batho o sa tshwanela go pegwa godimo ga noga?
7 Pono ya setho sotlhe ka nako eo e ne e solofetsa thata. Adame le Efa ba ne ba sa lebelela go bona lotsalo lwa bone lo “hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō” ka ntlha ya boemo jo re iphitlhelang mo go jone gompieno jwa mmele, boitshwaro le leago. Go ja ga loungo lwa setlhare sa molemo le bosula ka go tlhoka-kutlo go ka ne go bonetse jaaka sengwe se se potlana fela, mme ke gone mo go ikarabetseng mo boemong jwa gompieno. Fa ba ne baa ja ka go leofa, lantlha Efa mme morago Adame, ba ne ba thubaganya tsholofelo eo ba neng ba e neilwe ke Modimo gotlhelele, fa ba ne ba santse ba sena bana. Fa Modimo o ne o sa ka wa tsenelela ka mokgwa mongwe, rona gompieno re ka bo re le boitlhobogong gotlhelele. Ke boammaaruri, noga mo Edena e ne e akarediwa mo tiragalong ya dilo, mme a re se pegeng molato otlhe mo segagabing seo. Mo boemong jwa moo, Bibela e re supetsa motlhotlheletsi wa noga eo yo o botlhale wa moya yo o sa bonaleng. E ne e le mang? Moengele wa selegodimo, yo o neng a ikitlieleditse go faposa Adame le Efa mo go direng Jehofa Modimo tsholofelo ya bone.
8. Efa o ne a tsiediwa go dira eng, mme ke ka ntlhayang fa rona gompieno re sa iphitlhele mo tshimong ya Edena ya ntlha?
8 Mologa-maano yoo wa motsuolodi yo o dirisitseng noga go bua o tsieditse Efa go leka go itira jaaka Modimo. Ka ntlha ya moo, o ne a tla ikagela tsholofelo eo a e itlhophetseng. Go fitlha ka nako eo monna wa gagwe Adame e ne e le moperofeti wa Modimo go ene. Adame o dirile jaaka molomo wa Modimo mo go mmoleleleng taolo ya Modimo ya go se je loungo lo lo ileditsweng. Mme morago ga go ikaelela go itira modimogadi ka go ja loungo lo lo ileditsweng, o diretse jaaka moperofeti wa sesadi wa noga ka go dirisa lentswe la gagwe le lentle mo go kgoneng Adame go tlhakanela nae mo tlolo-molaong. Labofelo, ka mabaka a go tlontlolola Modimo, Adame o ‘reeditse lentswe la mosadi wa gagwe,’ moperofeti wa sesadi wa maaka. (Gen. 3:17) Ka jalo, Jehofa Modimo o ne a dira katlholo e e tshwanetseng ya loso godimo ga moperofeti wa gagwe yo o sa ikanyegeng, Adame. Mosadi wa gagwe, Efa, o akareditswe mo katlholong eo. Go tshwana fela le fa ba sule, ba ne ba lelekwa mo tshimong ya Edena, go tshela malatsi a bone a a setseng mo lefatsheng le le sa ntlafadiwang. Rotlhe, re sale mo dirweng tsa tsalo tsa ga Adame le Efa, re ne ra lelekwa le bone.
9. A go ne go na le tsholofelo epe ka baleofi bao ba ka boomo ba babedi ba batho kwantle ga eo e thadisitsweng mo taolong ya Modimo go Adame, mme kgang e ne e le jang mabapi le rona lotsalo lwa bone?
9 Go ne go sena pono epe e e farologaneng le e e tlhagisitsweng mo taolong ya Modimo go Adame e e neng e beetswe batlola-molao ba ka boomo bao ba ntlha, Adame le Efa. Ka mo go tshwanetseng, go ne go sena tsholofelo epe fa pele ga bone, gonne ba ne ba nweditse tsholofelo ya bone ya ntlha eo ba neng ba e neilwe ke Modimo. Mme a rotlhe re ne re tlogeletswe boemo jo bo senang tsholofelo, rona lotsalo lwa bone lo lo senang molato? Ka boitumelo, Nnya!
TSHOLOFELO E E TSWANG GO MODIMO E A NEELWA
10. Ke mang yo o atlhotsweng pele kwa Edena, mme yoo o ne a bidiwa eng, mme o ne a tla atlega jang mo kganetsanong e e neng e boleletswe pele?
10 Mafoko a tsholofelo a ne a sa lebisiwa go Adame le Efa ka sebele; ba a utlwile fela. Mafoko a Modimo a a neng a na le motheo mo go nneng ga rona le tsholofelo a ne a lebisitswe go moya wa motsuolodi yoo ka boferefere a dirisitseng noga go kgona Efa go nna moperofeti wa gagwe wa sesadi yo o atlegileng. Yoo o tshwailwe ka leina Satane Diabolo. Ka ntlha ya go simolola ga gagwe tsela ya tsietso le ya boferefere ka boikaelelo jwa go tsietsa, tota le ka go dirisa noga mo Edena, o ne a bidiwa gape “nōga ea bogologolo.” (Tshen. 12:9; 20:2) Sebopiwa se sa moitira-modimo sa moya, se se nnileng sa ntlha mo go akeng kgatlhanong le Modimo le go mosadi, e ne e le sa ntlha go bona tshwetso ya katlholo go tswa go Modimo kwa Edena. Modimo o ne wa mo hutsa mme morago a bolelela-pele ntwa eo mo go yone “nōga ea bogologolo” le bao ba emang le yone mo ntweng ba tla fenngwang.
11. Mafoko a katlholo ya “nōga ea bogologolo” a ne a letlelela jang tsholofelo epe mabapi le lotsalo lwa ga Adame le Efa?
11 Go “nōga ea bogologolo” Modimo o rile: “Me ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serethe sa gagwè.” (Gen. 3:14, 15) Se se kaile phediso ya “nōga ea bogologolo” le losika lwa yone. Mme a tshwetso e ya Modimo ya katlholo e ne ya neela losika lo lo tlang lwa ga Adame le Efa motheo wa tsholofelo? Nnya, eseng ka tlhamalalo, mme ka go akareletsa fela.
12. Mafoko a Modimo go Satane a ne a tsenyeletsa mofuta ofe wa “mosadi” mo kgannyeng, mme ke ka ntlhayang Maria mmaagwe Jesu Keresete a neng a se kitla a nna “mosadi” yoo?
12 Ehe! Mosadi o kopanyelediwa mo kgannyeng. Ene e ne e tla nna mang? E ne e tla nna yo o neng a tla bontsha bobaba, kilo, go “nōga ea bogologolo’’ le losika lwa yone. Efa, yo o itirileng moperofeti wa sesadi wa maaka wa ga “nōga ea bogologolo” o ne a ka seke a tshwanelega. O ile a dumela gore Modimo e ne e le moaki. Lefa e le Maria, mmaagwe Jesu Keresete, o ne a ka se itshupe a tshwanelega. Dingwaga di le 4 000 di ne di tla feta pele mosetsanyana yo wa Mojuda a ne a ka tsalwa jaaka setlogolwana sa ga Aberahame mme a le tlase ga molao wa Sejuda. Morwa wa gagwe wa maitibolo, Jesu, o ne a tshela mo lefatsheng ka dingwaga di le 331⁄2 fela. Fa mmaagwe wa selefatshe a ne a bona seo “nōga ea bogologolo” e neng e dirile gore se diragale kwa Calvary go morwawe yo o mo neilweng ka kgakgamatso, o ne a setse a godile thata. Ka jalo le ene ka boene a kabo a bontshitse bobaba go “nōga ea bogologolo’’ dingwaga di le masome a se makae fela tsa botshelo.
13. Ke mang kana ke eng fela seo se neng se ka itshupa go nna “mosadi” yo o umakilweng, mme o ne a itumelela go ka bewa mo boemong bofe malebana le noga ya tshwantshetso le lotsalo lwa yone?
13 Ka mo go utlwalang, “mosadi” wa boperofeti jwa Modimo e ne e tla nna yo a neng a tshela ebile a reeditse fa Modimo o ne o bua le “nōga ea bogologolo” kwa Edena. “Mosadi” yo wa tshwantshetso o ne a tla tswelapele go tshela lobaka lo loleele morago ga loso lwa ga Efa, go fitlha ka nako ya Modimo ya “mosadi” go tlhagisa “losika’’ lo lo solofeditsweng, eo e itshupileng go feta dingwaga di le 3 000 morago ga loso lwa ga Efa. Ka jalo, “mosadi” yo wa tshwantshetso e ne e tla nna mang fa e se “mosadi” wa Modimo ka sebele, ke go re, phuthego ya gagwe ya selegodimo ya dibopiwa tsa moya o o boitshepo tseo di ganneng go tlhakanela le “nōga ea bogologolo” mo botsuoloding jwa gagwe? Di tlotlile lenyalo la Modimo go phuthego ya lobopo lotlhe lo lo ikanyegang mme ga baa ka ba tlhabana le Ona go tlhakanela le phuthego eo e neng e tla nyalana le “nōga ea bogologolo.” Ba ne ba itumetse segolo fa Modimo o beile bobaba fa gare ga bone le “losika” lo lo rulagantsweng lwa “nōga ea bogologolo.”
14. (a) Ka jalo “mosadi” wa Modimo o ne a neetswe tebelelo efe mmogo le boitemogelo bofe jwa moragonyana jwa basadi? (b) A re tsetswe re le bana ba Modimo, mme lefa go ntse jalo ke tsholofelo efe e e neetsweng setho?
14 Kwa Edena, he, Modimo o neile phuthego ya selegodimo e e tshwanang le mosadi wa gagwe tebelelo ya go belega. Go tloga ka yone nako eo o ne a ka solofela go belega “losika” loo monna wa gagwe, Jehofa Modimo, a neng a tla nna Rralona. Go “mosadi” wa gagwe tiragatso ya tsholofelo eno e ne e le molemo moo e neng e ka lebelelwa ka dingwaga di le 4 000. O ne a ikitlieleditse go utlwa botlhoko jwa pelegi jo bo neng bo tla akarelediwa mo go se, fela jaaka mo kgannyeng ya mosadi wa tshwantshetso yo o bonweng mo ponatshegelong e e tlhalositsweng ke moaposetoloi wa Mokeresete Johane go Tshenolo 12:1-5. Go bona bana ke keletso e e tlwaelegileng ya basadi botlhe ba ba godileng. Ka jalo ke eng fa “mosadi” yo wa Modimo wa phuthego ya selegodimo a sa newe tebelelo ya go belega? Ka mo go tshwanetseng, he, tsholofelo ya go belega e ne ya newa “mosadi” wa Modimo pele Modimo ka kutlwelo-botlhoko o letlelela Efa, mosadi wa ga Adame yo ga jaanong e le moleofi, go nna le bana kwantle ga Edena. Mme Modimo o ne o sa segofatse Efa wa moleofi fa a ne a re: “Ke tla gu ntsihaletsa thekisègō ea gago le go ithwala ga gago: u tla bèlèga bana ka bohutsana.” (Genesise 3:16 jaaka e sa tshwane le 1:28) Mo go fetisetseng kitsiso ya boperofeti jwa Modimo kaga “losika” lwa “mosadi” go lotsalo lwa bone, Adame ga a ka a direla jaaka moperofeti wa Modimo; lefa e le mosadi wa gagwe, Efa, ga a ka a direla jaaka moperofeti wa sesadi wa Modimo. Ekane Adame le Efa ba dumetse tsholofelo e e kwadilweng go Genesise 3:15 kana nnya, Modimo o ne o kaya gore lotsalo lwa bone lo thaye tsholofelo mo tsholofetsong eo. Lemororo Adame a ne a bopilwe jaaka “morwa Modimo,” rona, lotsalo lwa gagwe lo lo sa itekanelang, lo lo tshwaetsweng ke boleo, ga re a tsalelwa mo go nneng bana ba ga Jehofa Modimo. (Luke 3:38) Ka jalo, ga re bone fela ka tlholego go supa ga moya o o boitshepo wa Modimo le moya wa rona wa botho gore re bana ba Modimo. Lefa go ntse jalo, a go na le tsholofelo epe ya go boela ga rona mo lelapeng la bana ba Modimo? Ee, e gone!
15. Ntlha ya gore gompieno go na le batho ba ba fetang dimilione di le 4 000 bao ba santseng ba tshela mo lefatsheng e bontsha eng maloka le kgang ya setho?
15 Fa e le gore kgang eno e kabo e sena tsholofelo bakeng sa rona, ke ka ntlhayang fa Modimo o re letleletse go ka tsalwa ke Adame le Efa re le bantsi jaana—go feta dikokomana di le lekgolo kgakala tsa lotsalo lwa gagwe go fitlha jaanong? Gompieno morago ga dintwa tsotlhe le ditshenyegelo tse dingwe tse dikgolo ntle le loso lwa bolwetsi le tlholego, go tshela batho ba ba fetang dimilione di le 4 200 tsa batho mo lefatsheng, mme go boleletswe-pele gore ka ngwaga wa 2 000 C.E. go tla bo go tshela ba le dimilione di le 6 000 mo lefatsheng. A gotlhe mo ke lefela? Eleruri ga go jalo!
16. (a) Ka ntlha ya go tlhoka go ithusa ga motho, go diragala ga tsholofelo ya lobopo go ikaegile mo kgonong ya ga mang gore e dire? (b) Ke go tsalwa le botshelo jwa ga mang mo lefatsheng moo go tshwaileng phetogo mo ditiragalong tsa batho?
16 Legale, motho ga a kgone go ‘intsha mo lorageng.’ Lefa go ntse jalo kgang ya lobopo lwa batho ga se e e senang tsholofelo, go sa tlhokomelege tebelelo e e sa solofetseng ya dilo. Yone ga e a thewa mo go seo motho a ka se dirang ka boene, mme e theilwe ka nitamo mo go seo Modimo o se dirileng le seo o santseng o tla se dira go ya ka tsholofetso ya one e e sa robegeng. Ka ntlha ya gore Modimo o letleletse dikokomana di kane di le 70 go tsalwa ke Adame le Efa, go neetse Morwa wa ona yo o tswang kwa legodimong nako ya go tsalwa jaaka Jesu Keresete wa motho. Mo lefatsheng Morwa yo wa Modimo o tsweleditse thato ya Modimo gore setho sotlhe se sologelwe molemo. Seno se kaile phetogo mo ditiragalong tsa rona batho!
LOBOPO LWA BATHO “LO BEILWE MO TAOLOÑ EA BOITHAMAKŌ” KA TSHOLOFELO YA KGOLOLESEGO
17. Go Baroma 8:19-24, moaposetoloi Paulo o ne a kwala eng kaga go bewa ga setho mo botlhankeng jwa maiteko a lefela le kaga gore lobopo lo letetse eng ka go fegelwa?
17 Mo ekaneng e le dingwaga di le 23 morago ga fa Jesu Keresete a sena go wetsa tiro ya gagwe ya selefatshe a ba a tlhatlogela kwa legodimong, moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwalela phuthego ya Roma, kwa Italy, mme a re: “Tlhologèlèlō ea lobopō [loa batho] e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo. Gonne lobopō lo no lo beilwe mo taoloñ ea boithamakō, e señ ka go rata ga lōna, me e ne e le ka ntlha ea ōna o o lo beileñ mo taoloñ, Ka cholohèlō ea go re, lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo. Gonne rea itse ha lobopō lotlhe lo nntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō, ekete yoa pèlègō, le gompiyeno. Me ga se gōna gotlhe; le rona ba re nañ le mabucwapele a Mōea, le rona re a hègèlwa mo go rona, ka re lebeletse boñwana yoa rona, eboñ kgololō ea mebele ea rona. Gonne re bolokilwe ke cholohèlō.”—Bar. 8:19-24.
18. (a) Ke mang yo o beileng lobopo lotlhe lwa batho mo botlhankeng jwa boithamako, mme jang jalo? (b) Mekgatlho ya batho e re fitlhisitse kae gompieno, mme a seo se bopelang se tshwana le “tlhologèlèlō” ya lobopo lo lo fegelwang?
18 Yoo lobopo lwa batho lo beilweng mo taolong ya boithamako kana mo tlalelong ka ene ke Modimo. Ga rea bewa mo go jone ka thato ya rona, fela jaaka re sa ka ra tsalwa ka thato ya rona. Modimo o ratile gore re nne teng, lefa lemororo a atlholetse Adame le Efa loso. (Gen. 3:16-24; 5:1-4) Lefa go ntse jalo, ga rea tsalelwa mo “kgololesegoñ ea kgalalèlō” eo Adame le Efa ba neng ba na le yone lantlha mo tshimong ya Edena jaaka “bana ba Modimo.’’ Re tsaletswe mo “botlhankeñ yoa go bōla,” tlase ga phutso ya gore lotsalo lotlhe lwa ga Adame lo swe. (Bar. 5:12) Ka gone, re ne re ka seke ra ikgolola. Maiteko otlhe a rona mo go ikgololeng a ne a hutseditswe go nna boithamako, a tlalelwe. Maiteko otlhe a magosi a a dirilweng ke batho a re fitlhisitse kae? Dithulaganyo tsotlhe tsa leago, tsa itsholelo, tsa madi, tsa kalafi le tsa boitseanape tsa setho se se lekelang godimo di re fitlhisitse kae go fitlha letsatsing leno? Rotlhe re santse re diragalelwa ke go senyega ga kgopolo, mmele le boitshwaro. Gape, go bonala ekete ntwa ya nuklea ka dibetsa tsa mafatshe a a farologaneng di konopiwa go tswa mo mawatleng mme di thabunyela mo lefatsheng di tlaa kaya bokhutlo jwa rona rotlhe ka gangwefela. A seno se ka tlhalosiwa jaaka “tlhologèlèlō” ya lobopo lo lo fegelwang?
19. Modimo o ne wa tsenya motho yo o leofileng mo botlhankeng jwa boithamako le jwa tlalelo ka boikaelelo bofe, mme o ne a dira seno mo motheong wa tsholofelo efe?
19 Lefa go ntse jalo, Mmopi wa motho ene ga a beiwa mo boithamakong kana mo tlalelong. Setho se se bodileng ga se kake sa tlhakatlhakanya boikaelelo jwa Mmopi. Ka jalo ene ka boene ke tsholofelo ya rona. He o batla gore re ikanye, eseng rona, mme ene fela. Rotlhe o re beile mo go se kgoneng ga batho, gore re se nne le motheo wa go tlhoma tsholofelo ya rona mo go rona. Jaaka motswedi wa tsholofelo a le esi, o beile setho mo taolong ya boithamako, mme eseng mo motheong o o senang tsholofelo. Bogolo, jaaka Baroma 8:20, 21 e umaka, “ka cholohèlō ea go re, lobopō le lona lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.”
20. (a) A leo go tweng “lefatshe le le gololesegileng” le ipelela ‘kgololesego ya bana ba Modimo’? (b) “Tlhologèlèlō ea lobopō” e emetse go senolwa ga eng?
20 Gompieno babusi ba kgopolo ya bopolotiki e e rileng ba kaya bogosi jwa bone jaaka jo eleng “lefatshe le le gololesegileng” mo phapaanong le bao ba leng mo dipusong tse di ganetsang. Mme, lefa ditlhopha tsa bopolotiki tse di ganetsanang di ka dira boiphako bope, ga go epe ya tsone e e nang le ‘kgololesego ya bana ba Modimo.’ Modimo le Rraagwe Morena Jesu Keresete ke ene fela yo o neelang lelapa la batho tsholofelo ya go busediwa mo kamanong eo Adame le Efa ba neng ba na nayo fa a ba bopa mo Edena. Mme pusetso eno e ne e tshwanetse go letela tiro ya nako e e tlang mo letlhakoreng la Modimo. Gore eno ke efe re ithuta mo mafokong a ga moaposetoloi: “Gonne tlhologèlèlō ea lobopō e lebeletse go senolwa ga bana ba Modimo.” (Bar. 8:19) Moaposetoloi Paulo, yo o kwadileng mafoko ao, o ikaile gare ga “bana ba Modimo” bao, go Baroma 8:15-17.
21. Tlhogo ya “bana ba Modimo” bao ke mang, mme ntho ya gagwe ya “serethe” e ne ya fodisiwa jang, ka tebelelo ya boikaelelo bofe go ya ka Bahebera 2:14, 15?
21 “Bana ba Modimo” ba ba kgethegileng bao ke losika lwa “mosadi” jaaka go builwe ka lone mo boperofeting jwa Modimo jwa kwa Edena, go Genesise 3:15. Tlhogo ya “losika” loo lwa phuthego ya Modimo ya selegodimo ke Jesu Keresete, yoo Modimo o letleletseng “nōga ea bogologolo” go mo kgoba serethe mo losong lwa gagwe mo thupeng ya tlhokofatso ka ngwaga wa 33 C.E. Mme Modimo o alafile ntho eo ya serethe ka go tsosa Morwawe yo o ikanyegang mo letsatsing la boraro la loso lwa gagwe. Ka go tsosiwa jaaka Morwa wa selegodimo wa moya, eseng jaaka Morwa wa senama, o ne a ka amogelwa gape ke “mosadi” wa selegodimo wa Modimo. Yo, jaaka Bahebera 2:14, 15 e kaya, a tle a “nyeletsè èna eo o na a na le nonohō ea losho, eboñ diabolo; le gore a golole bōnè botlhe ba e rileñ ka poihō ea losho ba bo ba nntse ba le mo kgolegoñ mo botsheloñ yotlhe yoa bōnè.”
22. Maloko a a tlasana a “losika” lwa “mosadi” wa Modimo ke bomang?
22 Maloko a a tlasana a “losika” lwa “mosadi” wa Modimo yo o kopaneng, ke barutwa ba ga Jesu Keresete, bao ba tsalwang ka moya wa Modimo go nna “bana ba Modimo” ba semoya le baruaboswammogo le morwa-rrabo yo mogolo, Jesu Keresete, kwa legodimong.
23. Go ya ka 1 Petere 1:3, 4, Modimo o tsaletse maloko a a tlasana a “losika” go ya mofuteng ofe wa tsholofelo, mme a tsholofelo eo e santse e le tlhaga mo nakong e ya morago?
23 Moaposetoloi Petere o kaya tsholofelo ya bone ya selegodimo jaaka e e “tshedileñ” fa a ba kwalela: “A go bakwè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete, o o bileñ o re tsaletse go re isa choloheloñ e e tshedileñ, kaha boutlweloñ botlhoko yo bogolo yoa ōna, ka go coga ga Yesu Keresete bashwiñ, Go tla re bona boshwa yo bo sa boleñ, le yo bo sa leshwèhaleñ, le yo bo sa nyeleleñ, yo lo bo beecweñ kwa legodimoñ.” (1 Pet. 1:3, 4) Tsholofelo e ya bone e ntse e le e e “tshedileñ” gompieno. Ga ya swa ka ntlha ya go bonala ekete tiragatso ya yone e diegile go masalela a bone a a santseng a le mo lefatsheng. Ba lebeletse go bona tsholofelo eno e diragadiwa mo bogautshwaneng ka nako e e tlhomilweng ke Modimo le Rre wa bone, Jehofa Modimo. Moaposetoloi Paulo o re gopotsa Genesise 3:15, fa a kwalela phuthego ya batsalwa-ka-moya mo Roma mme a re: “Me Modimo wa kagishō o tla akoha o tapetèla Satane ha tlhatse ga dinao tsa lona.”—Bar. 16:20.
24. Go senolwa ga “bana ba Modimo” bao go lebeletswe ka tlhaga ke bomang, mme go senolwa mo go diragala morago ga tiragalo efe?
24 “Go senolwa ga bana ba Modimo” bano mmogo le Morwa Modimo yo mogolo, Jesu Keresete, mo bogautshwaneng, ke seo “tlhologèlèlō ea lobopō lotlhe [lwa batho]” lo e lebeletseng ka tlhoafalo. “Go senolwa” mo go jaana go tlaa tla ka nako ya “sepitla se segolo” seo Rre wa selegodimo, Jehofa Modimo, a tla se leseletsang godimo ga baganetsi le babogisi bao ba pitlaganyang bomorwawe ba semoya le bankane ba bone ba ba ikanyegang.—Tshen. 7:14, 15; 2 Bathes. 1:6-10.