Ditebelelo tsa Paradaise Di Tlhomame Lemororo Motho A Ne A Tlhoka Kutlo
1. Fa go sena go feta nako e e rileng, monna le mosadi ba ntlha ba bonwa kae mo tikologong e e ntseng jang?
GO FETILE nako e e rileng. Monna le mosadi ba ntlha ga ba sa tlhole e le batho ba ba sa tswalang mme ba sena ditlhong. Ba apere diaparo—tse ditelele tsa letlalo la diphologolo. Ba fela ka kwantle ga kgoro ya tshimo e e itekanetseng ya Edena. Ba hularetse tshimo eo. Ba leba lefelo le le fa pele ga bone. Ba bona lefatshe leo le sa tlhabololwang fela. Kwantle ga pelaelo ga le a segofadiwa ke Modimo. Fa pele ga bone go bonala mitlwa le sitlwasitlwane. A leno ga se lefatshe leo ba neng ba laotswe gore ba le tlhabolole? Ee, mme monna le mosadi ba ntlha ka nako eno ga ba koo ka boikaelelo jwa go atolosetsa tshimo eo ya Edena mo lefatsheng le le sa baakanngwang leo.
2. Ke ka ntlhayang fa monna le mosadi yono ba sa leke go boela gape mo tshimong ya Paradaise?
2 Ka go bo se ba se bonang se le pharologanyo jalo, ke ka ntlhayang fa ba sa boele kwa morago mme ba boela ba tsena gape mo tshimong ya Paradaise? Go motlhofo go akantsha jalo, mme leba seo se leng kafa morago ga bone fa kgorong ya tshimo eo. Ke dibopiwa tseo ba iseng ba ko ba di bone, lefa e le mo teng ga tshimo eo, ke ditšheruba, mme ba bona gape le tšhaka e e nang le kgabo ya molelo e e ntseng e menogela e sa eme. Monna yoo le mosadi ga ba kake ba tsena mo tshimong eo ba tshela fa ba ka feta fa dilong tseo!—Genesise 3:24.
3. Go ne go diragetse eng seo se ileng sa fetola maemo a banyalani ba ntlha ba babedi mo go kalo kalo?
3 Go diragetse eng? Ga se masaitsiweng a a raraaneng a a ka tlhakanyang baitseanape tlhogo ka diketekete tsa dingwaga. Go tlhalositswe motlhofo fela. Monna yoo wa ntlha le mosadi ba ne ba tla bona ditebelelo tse di gakgamatsang tseo di neng di beilwe fa pele ga bone ka taolo ya Modimo mo letsatsing la lenyalo la bone mme go ne go tla nna jalo fa ba ne ba ka utlwa Rraabone wa selegodimo mo kgannyeng e nnye eo fela. Kutlo ya bone e e feletseng e ne e tla lekiwa ka sejo se le sengwe fela fela: Ba ne ba sa tshwanela go ja loungo lwa “setlhare sa kicō ea molemō le boshula.” (Genesise 2:16, 17) Fa ba ne ba ka dira jalo kgatlhanong le ditaolo tsa Modimo, ba ne ba tla swa eleruri. Seo ke se Adame, jaaka moperofeti wa Modimo, a neng a se bolelela mosadi wa gagwe, eleng sebopiwa se sebotlana sa motho. Mme se se gakgamatsang, na·chashʹ eo, eleng noga, e ne ya ganetsa gore seo Modimo o neng o ile wa se bolelela Adame fa A ne a mo tlhagisa kgatlhanong le go ja loungo lo lo ileditsweng lwa “setlhare sa kicō ya molemō le boshula” se ne se le boammaaruri. Noga eo e ne ya tsietsa mosadi ka go mo dira gore a dumele gore fa a ne a ka roba molao wa Modimo mme a ja loungo lo lo ileditsweng loo go ne go tla felela ka gore a tshwane le Modimo mme a seka a ikaega ka Modimo mo go mo atlholeleng se se molemo le se se bosula.—Genesise 3:1-5.
Ga se Polelo ya Ditlhamane
4, 5. Moaposetoloi Paulo o bontsha jang gore polelo kaga go tsiediwa ga mosadi wa ntlha ke noga ga se tlhamane fela?
4 A ga go dumelesege? A go utlwala jaaka tlhamane, leinane leo le senang mabaka mme ka gone e sa dumelwe ke bagolo ba segompieno bao ba tlhabologileng? Ga go a nna jalo, eseng mo mokwading yo batho ba le bantsi ba santseng ba bala dikwalo tsa gagwe, mokwadi yo o ikanyegang, moaposetoloi yo o tlhopilweng ka mo go kgethegileng, yo o neng a itse go tlhomama ga seo a neng a se kwala. Moaposetoloi yono ebong Paulo o ne a kwala jaana, a kwalela phuthego ya Bakeresete ba ba godileng mo motsemogolong wa batho ba ba neng ba le botlhale go gaisa botlhe mo lefatsheng wa Korintha: “Kea boiha, gore e se re kgotsa motlha moñwe, yaka nōga e tsieditse Efe ka boherehere yoa eōna, pelo tsa lona tsa senyèga yalo, tsa kgaogana le tshiamō le boitshèkō yo bo ntlheñ ea ga Keresete.”—2 Bakorintha 11:3.
5 Paulo o ne a sa kake a tsopola tlhamane, leinane, mme a bo a dirisa selo se se sa akanyediwang seo go tlhalosetsa Bakorintha bao, ba ba neng ba tlwaelane sentle le ditlhamane tsa bodumedi jwa seheitane tsa Segerika. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhomamisa gore “nōga e tsieditse Efe ka boherehere yoa eōna” a tsopola mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera, tseo a neng a bolela fa e le “lehoko ya Modimo.” (1 Bathesalonia 2:13) Mo godimo ga moo, fa a ne a kwalela molebedi wa Mokeresete yo o neng a rwesiwa boikarabelo jwa gore a rute “sekaō sa mahoko a a tshedileñ,” moaposetoloi Paulo o ne a re: “Adame o bopilwe pele, me Efe kwa moragō; Adame ga a ka a tsiediwa, me mosadi, e rile ka a tsiedicwe, a wèla mo tloloñ.”—2 Timotheo 1:13; 1 Timotheo 2:13, 14.
6. (a) Go tlola molao wa Modimo ga ga Adame go farologana jang le ga mosadi? (b) Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore mosadi yoo o ne a sa itlhamele polelo fela kaga noga eo?
6 Gore mosadi yoo o ile a tsiediwa ke noga ke selo sa boammaaruri, eseng tlhamane, fela jaaka go le boammaaruri gore diphelelo tsa go ja ga gagwe ka go tlhoka kutlo loungo lo lo ileditsweng ke dintlha tse di sa kakeng tsa ganediwa tsa hisitori. Morago ga go tlola molao wa Modimo ka go dira jalo, o ne a pateletsa monna wa gagwe go tlhakanela nae mo go jeng, mme go ja ga gagwe e ne e se ka gonne le ene a ne a tsieditswe mo go feletseng. (Genesise 3:6) Polelo eo e neng e bolela ka go ikarabelela ga bone mo Modimong moragonyana ya re: “Me monna a re, Mosadi eo o mo nneileñ gore ke nnè naè, ke èna eo o nneileñ setlhare, me ka ya. Me Yehofa Modimo a raea mosadi, a re, Ke eñ se u se dihileñ? Me mosadi a re, Nōga e mphorile, me ka ya.” (Genesise 3:12, 13) Mosadi o ne a sa itshimololele polelo fela kaga na·chashʹ eo, eleng noga, gape Jehofa Modimo ga a ka a tsaya gore tlhaloso ya gagwe e ne e le selo fela seo a neng a se itlhametse, e le tlhamane. O ne a atlhola noga eo gore ke yone eo e neng e ile ya tsietsa mosadi yoo gore a tlole molao wa Gagwe, eleng Modimo wa gagwe le Mmopi. E ne e ka nna selo se se isang seriti sa Modimo kwa tlase go dirisana le noga ya ditlhamane fela.
7. (a) Polelo ya Bibela e tlhalosa jang go atlhola ga Modimo noga eo? (b) Noga eo e ileng ya tsietsa mosadi wa ntlha e ka re tsietsa jang le rona? (Akaretsa kakgelo ya mokwalo o o kwa tlase.)
7 Fa polelo e tlhalosa kaga go atlhola ga Modimo noga eo mo tshimong ya Edena, ya re: “Me Yehofa Modimo a raea nōga, a re, Ereka u dihile seo se, u hutsegile bogolo go dikgomo cotlhe le diphōlōhōlō le dibatana tsa naga; u tla gopa ka mpa, me u tla ya lorole ka malatsi aotlhe a botshelō yoa gago; Me ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.” (Genesise 3:14, 15) Kgotla-tshekelo nngwe le nngwe e e tlhoafetseng e dirisana le boammaaruri mme e tlhatlhoba bosupi jwa mmatota, eseng mainane. Jehofa Modimo o ne a sa itire seeleele, lesilo, ka go atlhola noga ya ditlhamane mme o ne a atlhola sebopiwa sa boammaaruri, se se tshelang seo se neng se le molato. E ka nna selo se se utlwisang botlhoko eseng se se tshegisang, fa yone noga eo e ka re tsietsa ka go re dira gore re akanye gore ga e ise e ko e nne gone, gore ke selo sa tlhamane fela, gore ga e ikarabelele mo go sepe se se sa siamang mo lefatsheng.a
8. Modimo o ne wa atlhola mosadi yoo jang, mme seo se ne sa nna le diphelelo dife mo go bomorwadie le ditlogolwana tsa gagwe tsa bana ba basetsana?
8 Pego kaga mosadi wa monna yoo e bolela jaana, e bua ka mafoko a mosadi yoo kaga noga eo jaaka selo sa boammaaruri: “A raea mosadi, a re, Ke tla gu ntsihaletsa thekisègō ea gago le go ithwala ga gago: u tla bèlèga bana ka bohutsana; me kelecō ea gago e tla nna kwa monneñ oa gago, me o tla gu laola.” (Genesise 3:16) Go ne go sa buiwa kaga sepe se se ntseng jalo fa Modimo o ne o ba segofatsa fa a ne a nyalana le Adame fa Modimo o ne o ba raya o re: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse.” (Genesise 1:28) Taolo e e segofaditsweng eo e e neng ya newa banyalani ba ba itekanetseng ba batho e ne e supa gore mosadi yoo o ne a tla ima gantsi mme e se tiro e e botlhoko mo go feteletseng lefa e le gore o ne a tla nna le ditlhabi tse dikgolo tsa pelegi le gone o ne a sa kake a gatelelwa ke monna wa gagwe. Katlholo eno e e neng ya newa mosadi yono yo o neng a tlodile molao e ne e tla ama barwadie le ditlogolwana tsa gagwe tsa bana ba basetsana mo dikokomaneng tsotlhe.
Molao wa Modimo O Tlotlomadiwa ke Katlholo Eo Adame A Neng A Atlholwa ka Yone
9, 10. (a) Ke tlhagiso efe eo Modimo o neng o e neile Adame ka tlhamalalo, mme go ne go tla felela jang fa Modimo o ne o ka diragatsa katlholo eo? (b) Modimo o ne wa atlhola Adame ka eng?
9 Lefa go le jalo, seo se neng sa fetola maemo e ne e le go kopanela ga mosadi yoo mo go tloleng molao le monna yo a neng a mo tlhotlheleditse go dira jalo? Modimo o ne o reile monna yono ka tlhamalalo wa re: “Setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” (Genesise 2:17) A Modimo, jaaka Moatlhodi, o ne o tla atlholela Adame go ja leungonyana leo fela ka katlholo e e botlhoko mo go kalo? A o ko o akanye fela gore go diragadiwa ga katlholo eo go ne go tla kaya eng! E ne e tla senya tebelelo e e itumedisang eo Adame le Efe ba neng ba nna nayo mo letsatsing la lenyalo la bone, eleng tebelelo ya go tlatsa lefatshe lotlhe ka lotsalo lwa bone, ka losika lwa batho ba ba itekanetseng bao ba nnang mmogo ka kagiso mo paradaiseng ya lefatshe ka bosakhutleng ba nnetse basha ruri, ba na le botsalano ba le mo kagisong le Modimo wa bone le Rraabone wa selegodimo! Eleruri, Modimo o ne o sa kake wa senya boikaelelo jwa gagwe jo bo gakgamatsang ka setho le ka legae la motho la selefatshe ka go atlhola batsadi ba ntlha ba setho sotlhe ka katlholo ya loso! Mme reetsa taolo ya Modimo jaaka e kwadilwe ka papamalo mo polelong ya Bibela:
10 “Me a raea Adame, a re, Ereka u reeditse lencwe ya mosadi oa gago, me u yele setlhare se ke se gu laetseñ ka re, U se ke ua se ya, go hutsegile mbu ka ntlha ea gago: u tla ya ga ōna ka letsapa ka malatsi aotlhe a botshelō yoa gago; O tla gu cwèla mmitlwa le sitlwasitlwane; me u tla ya merōgō ea naga; U tla ya dijō ka mohuhucō oa sehatlhōgō sa gago, u bo u tle u tsamaee u boèla mo mbuñ; gonne u ntshicwe mo go ōna: gonne u lorole, me u tla boèla mo loroleñ.”—Genesise 3:17-19.
11. Ke dintlha dife malebana le kutlo tseo di bontshang gore katlholo eo Modimo o neng wa atlhola Adame ka yone e ne e tshwanetse?
11 Katlholo eo e ne e kaya go atlholelwa ga monna yoo loso go sa kgathalesege kafa diphelelo tsa seo di neng di tla ama ka gone boikaelelo jwa Modimo jwa gore go nne le lefatshe leo le leng paradaise lotlhe leo le tletseng ka banna le basadi ba ba itekanetseng bao ba nnang mmogo ka lorato le ka kagisano ka bosakhutleng ba baakanya ba bile ba tlhokomela ka metlha tshimo ya Paradaise ya lefatshe ka bophara. Monna yoo o ne a reeditse lentswe la mosadi wa gagwe go na le go reetsa lentswe la Modimo leo le neng le mmoleletse gore a se ka a ja loungo lo lo ileditsweng lwa “setlhare sa kicō ya molemō le boshula.” Mme fa e le gore ene ka boene o ne a se kile a utlwa lentswe la Modimo wa gagwe le Mmopi, a o ne a tla ruta bana ba gagwe go dira jalo a sa nne motlhanka wa lefoko la gagwe? A o ne a ka kgona go dirisa sekao sa gagwe fa a ba ruta go utlwa Jehofa Modimo?—Bapisa 1 Samuele 15:22.
12, 13. (a) Boleo jwa ga Adame bo ne jwa ama bana ba gagwe jang? (b) Ke ka ntlhayang fa Adame a ne a sa tshwanela go tshelela ruri mo Paradaiseng kana le eleng mo go lone lefatshe tota?
12 A bana ba ga Adame ba ne ba tla kgona go boloka molao wa Modimo ka botlalo, jaaka ene ka boene fa a santse a itekanetse jaaka motho a ne a kile a kgona go dira? Go ya ka melao ya boswa, a o ne a tla seke a fetisetse mo baneng ba gagwe bokoa jwa gagwe le tshekamelo ya go sa utlwe lentswe la Modimo le go reetsa lentswe la mongwe o sele? Ditiragalo tsa boammaaruri di araba dipotso tseno.—Baroma 5:12.
13 A monna yoo wa go nna jalo, fela ka ntlha ya sebopiwa sa motho, a ileng a se ka a utlwa Modimo ka botlalo gore a bontshe fa a na le lorato lo lo feletseng mo Modimong o tshwanela go tshela ka bosakhutleng mo Paradaiseng kana le eleng gone mo lefatsheng? A go ne go tla bo go bolokesegile gore a lesediwe go tshela mo lefatsheng ka bosakhutleng? A go letlelelwa ga gagwe go tshela mo lefatsheng ka bosakhutleng ka tlolo-molao ya gagwe go ne go tla tlotlomatsa molao wa Modimo le go supa tshiamiso ya Gagwe e e tletseng, a kana go ne go tla ruta batho go sa tlotle molao wa Modimo le go kaya gore lefoko la Modimo ga le ikanyege?
Go Kobiwa mo Tshimong ya Edena
14. Pego ya Bibela e tlhalosa jang kafa Modimo o neng wa tsaya kgato kgatlhanong le Adame le mosadi wa gagwe ka gone?
14 Pego ya Bibela e re bolelela kafa Modimo a neng a atlhola dikgang tseno ka gone: “Me Yehofa Modimo a dihèla Adame le mosadi oa gagwè diaparō tsa matlalō, a ba apesa. Me Yehofa Modimo a re, Bōnañ, motho o dihegile yaka moñwe oa rona, o itse molemō le boshula; me yanoñ e ka tla ea re goñwe a ntsha seatla sa gagwè a tsaea le shōna setlhare sa botshelō, me a ya, me a tshela ka bosena bokhutlō; Ke gōna ka mouō Yehofa Modimo a mo ntsha mo tshimoñ ea Edena, a ea go lema mbu o o ntshicweñ mo go ōna. Yalo a lèlèkèla motho kwa ntlè; ka kwa ntlheñ ea botlhabatsatsi ga tshimo ea Edena a baea Dicheruba, le kgabo ea chaka e e menogèlañ ntlheñ cotlhe, go thiba tsela e e eañ setlhariñ sa botshelō.”—Genesise 3:21-24.
15. (a) Modimo o ne wa bontsha kakanyetso jang mo ditlhonnyeng tse Adame le mosadi wa gagwe jaanong ba neng ba na natso ka gonne ba ne ba sa tswala? (b) Banyalani ba ntlha ba ne ba lelekiwa mo tshimong ya Edena jang? (c) Adame le mosadi wa gagwe jaanong ba ne ba lebane le maemo afe a sele ka kwantle ga tshimo ya Edena?
15 Modimo Moatlhodi o ne a supa kakanyetso mo ditlhonnyeng tse baleofi Adame le mosadi wa gagwe jaanong ba neng ba na natso ka go bo ba ne ba sa ikatega. Ka tsela nngwe eo e sa tlhalosiwang, o ne a ba direla diaparo tse ditelele tsa matlalo mo boemong jwa diaparo tsa lotheka tsa matlhare a mofeige ao a neng a rokagantswe mmogo tseo ba neng ba di itiretse. (Genesise 3:7) Diaparo tseo tsa matlalo di ne di tla tsaya lobaka lo loleele gape di ne di tla ba sireletsa go gaisa tse dingwe mo mmitlweng le sitlwasitlwane le dilo tse dingwe tse di gobatsang ka kwantle ga tshimo ya Edena. Ka baka la go nna le segakolodi se se utlwileng botlhoko morago ga go leofa, ba ne ba ile ba leka go iphitlhela Modimo mo ditlhareng tsa tshimo ya Edena. (Genesise 3:8) Jaanong, morago ga go atlholwa, ba utlwa kgatelelo ya mofuta mongwe ya bomodimo fa ba lelekelwa ka kwantle ga tshimo ke Modimo. Ba ne ba lelekelwa kwa botlhaba, mme mo nakong e khutshwane ba ne ba iphitlhela ba le ka kwantle ga tshimo eno, ba sa kake ba tlhola ba letlelelwa go tsena mo go yone. Jaanong ba ne ba sena go berekela go atolosa tshimo eo go anamisetsa maemo a yone a Paradaise go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe. Go tswa jaanong go ya pele, ba ne ba tla ja dijo tsa merogo ya naga, mme di ne di sena go boloka botshelo jwa bone jwa setho ka bosakhutleng. Ba ne ba thibetswe go ya kwa “setlhariñ sa botshelō.” Morago ga nako e e rileng—nako e e kana kang?—ba ne ba tshwanetse go swa!
Boikaelelo jwa Ntlha jwa ga Jehofa ga bo Kake jwa Senngwa
16. Modimo o ne o sa ikaelela go dira eng, mme ka ntlhayang?
16 A jaanong Modimo o ne wa fetsa ka gore o senye lefatshe, gammogo le ngwedi le letsatsi le dinaledi, ka go ja lobopo lotlhe ka molelo ka go bo dibopiwa tse pedi tseno tse di dirilweng ka lorole lwa mmu di ne di mo leofetse? Fa a ne a ka dira selo sa go nna jalo, a seno se ne se sa kake sa raya gore o ne a fentswe mo boikaelelong jwa gagwe jo bo galalelang, e le fela ka baka la seo se neng sa simololwa ke na·chashʹ? A selo se sennye jaaka noga se ne se ka senya boikaelelo jotlhe jwa Modimo? O ne a boletse boikaelelo jwa gagwe kaga Adame le Efa mo letsatsing la lenyalo la bone fa a ne a ba segofatsa a bo a ba bolelela seo go rata ga gagwe ka bone e neng e le sone: eleng go tlatsa lefatshe lotlhe ka losika lo lo itekanetseng lwa motho, mo lefatsheng leo le baakantsweng lotlhe ka botlalo go tshwana le tshimo ya Edena, mme batho botlhe ba laola ditshedi tse dipotlana tse di mo lefatsheng le tse di mo metsing a lone ka kagiso. Go ne go tla bo go diragaditswe ponelopele e e kgatlhisang ya boikaelelo jwa Modimo, jo a ileng a bo baakanyetsa mo malatsing a marataro a tiro ya popo mo nakong ya dingwaga tse di diketekete! A jaanong boikaelelo joo bo tshwanetsweng ke pako jono bo ne bo tla seke bo diragadiwe fela ka baka la noga le go fapoga ga banyalani ba ntlha ba batho? Legoka!—Bapisa Isaia 46:9-11.
17. Modimo o ne o ikaeletse go dira eng mo letsatsing la bosupa, mme jalo letsatsi leno le ne le tla khutla jang?
17 E ne e santse e le letsatsi la boikhutso, letsatsi la bosupa, la ga Jehofa Modimo. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go segofatsa letsatsi leo le go le itshepisa. O ne a tla seke a letle sepe go le dira letsatsi le le hutsegileng, mme phutso epe fela eo e neng e tla logelwa maano ke ope fela gore e diragale ka letsatsi leo la go ikhutsa ga gagwe o ne a tla e fetola mme a e dire tshegofatso, a dira gore letsatsi leo le wele ka tshegofatso. Go ne go tla tlogela lefatshe lotlhe e le lefelo le le itshepileng, thato ya Modimo e dirwa mono lefatsheng jaaka e dirwa kwa legodimong, mme seno se dirwa ke losika lo lo itekanetseng lwa batho.—Bapisa Mathaio 6:10.
18, 19. (a) Ke ka ntlhayang fa ditlogolwana tse di bogang tsa batho ba babedi ba ntlha bao ba neng ba leofile di ne di ka itumela? (b) Dikarolo tse di latelang tsa Tora ya Tebelo di tla tlotla ka eng?
18 Modimo o ne wa seka wa ikutlwa o paletswe. O ne wa seka wa lesa boikaelelo jwa one. O ne wa ikemisetsa go itlotlomatsa jaaka motho Yo o ikanyegang ka botlalo yo o ntshang boikaelelo o bo o diragatse ka botlalo seo o ikaeletseng go se dira, mme o tshwanelwa ke go neelwa tlotlo ya seo sotlhe. (Isaia 45:18) Ditlogolwana tse di sa itekanelang, tseo di bogang tsa batho ba babedi ba ntlha bao ba neng ba leofa di ka itumela mme tsa lebelela go diragatsa ga Modimo boikaelelo jwa gagwe jwa ntlha ka boikanyego le seo se tla ba sologelang molemo ka bosakhutleng. Go setse go fetile dingwaga di le diketekete tsa letsatsi la gagwe la boikhutso, mme karolo ya bofelo ya letsatsi leo a tla le segofatsang ka mo go kgethegileng e tshwanetse ya bo e setse e le gaufi. “Maitseboea” a letsatsi la gagwe la boikhutso a a feta, mme jaaka mo malatsing otlhe a a fetileng a marataro a popo, go tshwanetse ga tla “moshō.” Fa “moshō” ono o fitlha kwa boitekanelong jwa one mme o bo o bontsha ka botlalo babogedi botlhe seo se fitlheletsweng ka mo go galalelang ke boikaelelo jo bo sa fetogeng jwa Modimo, go tla kgonega gore go kwalwe go twe: ‘Mme ga nna maitseboa ga ba ga nna moso, letsatsi la bosupa.’ E tla bo e le tebelelo e e gakgamatsang eleruri!
19 Go akanya kaga seno sotlhe go kgatlhisa eleruri! Mme mo dikarolong tse di latelang tsa Tora ya Tebelo, go tla buiwa mo go oketsegileng kaga ditebelelo tse di gakgamatsang tsa Paradaise tseo di lebeletsweng ke batho ba ba kutlo, bao ba ratang molao wa Modimo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo go Tshenolō 12:9, Satane Diabolo o kgethololwa jaaka “nōga ea bogologolo”; mme mo go Yohane 8:44, Jesu Keresete o bua kaga gagwe jaaka “rra aōna maaka.”
O Ne O ka Reng?
◻ Ke ka ntlhayang fa banyalani ba ntlha ba batho ba ne ba latlhegelwa ke legae la bone la Paradaise?
◻ Ke ka ntlhayang fa re itse gore go tsiediwa ga ga Efa ke noga e ne e se tlhamane fela?
◻ Ke katlholo efe eo Modimo o neng wa atlhola mosadi yoo ka yone?
◻ Ke katlholo efe eo Modimo o neng wa atlhola Adame ka yone, mme ke ka ntlhayang fa seno se ne sa tlotlomatsa molao wa Modimo?
◻ Ke ka ntlhayang fa Modimo o se kile wa ikutlwa o reteletswe mo boikaelelong jwa gagwe jwa gore lefatshe le tlale ka batho ba ba itekanetseng ba le mo Paradaiseng?