Tsholofetso ya Bokamoso jo bo Itumedisang
KE MOTHO ofe yo o pelotlhomogi yo a iseng a ke a tshwenngwe ke go bogela ditshiamololo le go boga? Eleruri go tlhokega gore go siamisiwe diphoso di le dintsi. Mme a re tla ke re bone bokhutlo jwa dilo tsotlhe tseo di hutsahatsang tseo di tswelang-pele go ama lelapa la motho?
Makgolo a dingwaga a le 19 a a fetileng monna mongwe yo o neng a tshela jaaka motshwara-ditlhapi fela o ne a kwala: “Me, rona, kaha poleloñ ea [Modimo] ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” (2 Pet. 3:13) Monna yo, eleng moaposetoloi Petere, mmogo le batlhanka ba bangwe ba bantsi ba Mogodimodimo go ralala makgolo a dingwaga, ba ne ba bona kgothatso mo tsholofetsong e. Botlhe bano ka botlhaga ba ne ba lebelela pele go letsatsi le legolo leo la fa boikepo, kgatelelo le bothubaki di tla bong di khutla gape le fa tshiamo e tla bo e dirwa ka tekatekanyo. Mme re ka tlhomamisega jang gore tsholofetso e e tswa go Mmopi wa motho le gore eleruri e tla dirafala? A tirafalo ya yone e tla solegela molemo bao fela ba tshelang ka nako eo e e tlang? Mme a go na le sengwe mo tsholofetsong eo seo se neelang dibilione tsa batho ba ba suleng tsholofelo e e ikanyegang?
Go a tlhokomelega gore fa Petere a ne a supela go “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” o ne a sa itsise tsholofetso eo Jehofa Modimo a neng a sa tswa go e dira. Ekane dingwaga di le 800 pelenyana, Mothatayotlhe, ka tiriso ya moperofeti Isaia, o ne a boletse: “Gonne, bōnañ, ke tlhōla magodimo a masha, le lehatshe ye lesha; me dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ.” (Isa. 65:17) “Gonne yaka magodimo a masha a ke tla a dihañ a tla sala a nntse ha pele ga me, le lehatshe ye lesha, losika loa lona lo tla sala lo nntse yalo, le leina ya lona yalo, go bua Yehofa.”—Isa. 66:22.
BOSUPI JO BO UTLWALANG
Lefa lemororo mafoko ano a kwadilwe mo makgolong a dingwaga a mantsi a a fetileng, rona gompieno re na le bosupi jo bo ikanyegang jwa gore eleruri a na le tshimologo ya bomodimo. Bibela ka boyone e neela sekopololo mo go kgethololeng motswedi wa boperofeti jwa boammaaruri. Dintlha tse tharo di a akarediwa: (1) Molaetsa o tshwanetse go buelela kobamelo e e itshekileng, (2) moperofeti o tshwanetse go bua ka leina la ga Jehofa, mme (3) dilo tse di boleletsweng pele di tshwanetse go diragala. (Dute. 13:1-4; 18:20-22) A dipolelelo-pele tsa ga Isaia di tshwanela sentle mo dintlheng tse?
Tlhatlhobo ya buka ya ga Isaia e senola gore ka tlhomamo e ikuelela go Baiseraele go sokologa mo tseleng ya bone e e phoso mme ba direle Mmopi ka boitlhomo jo bo itshekileng. Mo kgannyeng nngwe le nngwe mafoko a bolelwa mo leineng la ga Jehofa. Ka sekai, rea bala:
“Tlhapañ, lo intlahatsè; tlosañ boshula yoa ditihō tsa lona ha pele ga matlho a me; bakelañ go diha boshula: Ithuteñ go diha sentlè; batlañ katlholō, siamisetsañ bapatikwi, atlholèlañ, sekèlañ mosadi eo o motlhōlogadi. Ha lo etleetsegile lo le kutlō, lo tla ya molemō oa lehatshe: Me ha lo gana, lo cuolola, lo tla yewa ka chaka: gonne molomo oa ga Yehofa o go boletse.” (Isa. 1:16, 17, 19, 20)
“Batlañ Yehofa a sa nntse a ka bonwa; mmitseñ a sa nntse a le gauhi. A moikepi a latlhè tsela ea gagwè, le motho eo o sa siamañ kgopolō tsa gagwè; a a boèlè kwa go Yehofa, me o tla mo utlwèla botlhoko; le kwa Modimoñ oa rona, gonne o tla ichwarèla ka botlalō.” (Isa. 55:6, 7)
Ka phepafalo, dipolelelo-pele tsa Isaia di tshwanela sentle dipatlafalong tsa (1) go sokololela batho kobamelong e e itshekileng le (2) go bolelwa ga tsone mo leineng la ga Jehofa.
Mme go tweng ka tirafatso—(3) go diragala ga seo se neng se boleletswe pele? Mongwe a ka nna a re, ‘Le jaanong re ntse re sa bone “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha.”’ Lefa go ntse jalo, go tshwanetse ga tlhokomelwa gore go kile ga nna le tirafatso ya pele ya boperofeti jo eo e ka rurifatswang ka ditiragalo.
Ereka Baiseraele ba ganne go reetsa go biletswa ga bone tshokologong mo go neng go boaboeletswa ka baperofeti ba bone, Jehofa Modimo o ne a tlogelela batho ba ba sa utlweng bao mo diatleng tsa baba ba bone. Motse-mogolo wa Jerusalema le lefatshe la Juda di ne di ropefaditswe fa Bababilona tlase ga Nebukadenesare ba ne ba wetsa phenyo ya bone. Bosupi jwa bofatolodi bo tlhomamisa ntlha eno. Buka The Archaeology of Palestine, ka W. F. Albright, e re: “Ga go nako epe e le nngwe fela e e itsegeng moo motse wa Juda wa mmatota o neng o agilwe mo lobakeng lotlhe lwa botshwaro. Go bontsha fela phapaano, Bethele, e e neng e le fela kafa ntle ga molelwane wa Juda wa bokone mo metlheng ya pele ga botshwaro, ga ya ka ya nyelediwa ka nako eo, mme e ne ya tswelapele go ka agiwa go fitlha mo karolong ya bofelo ya lekgolo la dingwaga la borataro.” (Ts. 142) Bajuda ba bantsi ba ne ba le mo botshwaro jwa Babilona fa lefatshe le ne le le mo boemong jo bo ropefaditsweng.
Go ne go le tsholofelo e nnye thata ya gore batshwarwa ba Bajuda ba ne ba tla kgona go ka boela lefatsheng la bone. Babusi ba Bababilona ba ne ba se kitla ba letlelela se. (Isa. 14:16, 17) Lefa go ntse jalo boperofeti jwa ga Isaia bo ne bo boletse gore molaodi yo o bidiwang Kurose o ne a tla laolela go agiwa gape ga Jerusalema le go nniwa gape ga lefatshe la Juda. (Isa. 44:25–45:2) Mme seno se ne se sa tshwanela go diragala pele ga bokhutlo jwa lobaka lwa dingwaga di le 70 go tloga ka tshimologo ya “dichwahalō tsa Yerusalema” mo diatleng tsa Bababilona ka 607 B.C.E.—Dan. 9:2.
Phetogo e kgolo e diragetse mo bosigong jwa October 5/6, 539 B.C.E., dingwaga di le 68 morago ga go simolola ga botlhanka jwa Juda jwa dingwaga di le 70 kwa Babilona. (Yer. 25:9-11) Ereka ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile ka mo gare ga Babilona o o ageletsweng sentle, baagi ba teng ba ne ba tshwarega mo moletlong o mogolo. Ba ne ba sa lemoge gore metsi a noka ya Euferate eo e neng e ralala gare ga motse a ne a kokobela ka bofefo. Masole a a dikanyeditseng a ne a fapositse noka tlase ga taolo ya ga Kurose wa Moperesia. Fa Bameda le Baperesia ba ne ba tsamaya mo losing lwa noka, ba ne ba tsena ga motlhofo mo Babilona ka dikgoro tse di neng di bapile le noka. Ka go tsapoga mo mebileng le go bolaya ope fela yo o neng a leka go ganetsa, batseneledi ba ne ba thopa ntlo ya segosi, ba bo ba bolaya molaodi yo o neng a agile moo eleng Beleshasare. Ka gone mo bosigong bo le bongwe, go se kgarakgatshego epe, Babilona yo o maatla o ne a wa.
Gotlhe mo go amana jang le tsholofetso ya “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha”? Go na le kamano e e tlhamaletseng. Morago ga go itsise tsholofetso ya “magodimo a masha, le lehatshe le lesha,” lefoko la ga Jehofa ka Isaia le tswelapele: “Me lona lo ipelè, lo itumèlè ka bosakhutleñ mo go se ke se tlhōlañ: gonne ke tlhōla Jerusalema go nna boipelō, le batho ba gagwè go nna boitumèlō. Me ke tla ipela ka Yerusalema, ke ya monate mo bathuñ ba me: me lencwe ya selelō ga le ketla le tlhōla le utlwiwa mo go èna, leha e le lencwe ya go gala.’—Isa. 65:17-19.
Morago ga go boela ga batshwarwa kwa lefatsheng la Juda le go wediwa ga tiro ya go aga gape, eleruri Jerusalema e ne ya nna “boipelō,” e sa tlhole e le lefelo la tshwahatso e e hutsafatsang. Modumo wa go lela ka ntlha ya masetlapelo a ntwa ao a neng a utlwala mo mebileng ya motse oo masome a dingwaga pelenyana a ne a sa tlhole a utlwala gape. Ka 537 B.C.E., fa Baiseraele ba ba busitsweng le diruiwa tsa bone ba ne ba simolola go aga gape mo lefatsheng, “lehatshe ye lesha” le ne la simolola. “Magodimo a masha” a ne a busa godimo ga “lehatshe” le la Baiseraele ba ba busitsweng, gonne, ka molaodi Serubabela le Moperisiti yo Mogolo Joshua, Jehofa Modimo o ne a kaela le go laola batshwarwa ba ba buileng.—Isa. 51:16; Hag. 1:1, 14.
Mo ponong ya tirafatso ya boperofeti jwa ga Isaia, re ka re e na le tshimologo ya bomodimo, e fitlhelela dipatlafalo tsotlhe tse tharo tsa boperofeti jwa boammaaruri. Ereka motswedi wa molaetsa e le Modimo wa bosakhutleng, Jehofa, re ka tlhomamisega gore tsholofetso e e boletsweng gape ya “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” e tla nna le tirafatso e kgolo.
TIRAFATSO YA TSHOLOFETSO E E BOLETSWENG GAPE
Ka phepafalo, fa fela tsamaiso ya jaanong ya dilo e santse e tsweletse, ga re ne re lebelela tshiamo go nna gare ga batho. Ka gone, tsamaiso ya jaanong e tshwanetse go khutla. Seno se tla diragala fa Jehofa Modimo ka tiriso ya Morwa wa gagwe, a tsaya kgato kgatlhanong le bao ba tatalalelang mo tseleng eo e bopelang kagiso le boitumelo jwa lelapa la batho. Ntlha ya gore letsatsi le legolo le la katlholo ga le ise le goroge ga e a tshwanela go ka tlhaloganngwa ka tsela e sele, ka gobo go kgabaganya ga nako go ile ga direla boikaelelo jo bo molemo. A akgela mo go se, moaposetoloi Petere o ne a kwala: “Morèna ga a bonya kaga polèlō ea gagwè ea choloheco, yaka bañwe ba tle ba kaee bonya; me o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.”—2 Pet. 3:9, 10; 2 Bathes. 1:6-10.
Ka botlhale, ope wa rona a seke a nna le mogopolo o o phoso kaga bopelotelele jwa Modimo. Letsatsi la go ikarabela le ntse le atamela. Gore tiragalo eo e fitlhele ope fela mo boemong jo bo sa amogelesegeng fa pele ga Mmopi go tla kaya masetlapelo. Ke ka moo Jesu Keresete a tlhagisitseng jaana: “Me lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru: Gonne lo tla wèla yalo botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ yeotlhe hèla. Me lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:34-36.
Bao ba emang ba amogelesega morago ba tla bogela tirafatso ya mafoko ano: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelo, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” (Tshen. 21:4) Abo seno se tla kaya kimololo e kgolo jang bakeng sa setho! Khutsahalo yotlhe ka ntlha ya tshiamololo, go boga le kgatelelo ka nako eo di tla bo di sa itsiwe. Setlhabi se se tlhokofatsang e tla nna selo sa nako e e fetileng. Loso ga lo kitla lo itseela bao re ba ratang. Kagiso e tla busa gotlhe. Batho botlhe ba tla tlhotlhelediwa ke lorato lwa boammaaruri mo boikutlong, lefokong le tirong.
Tota le eleng bao ba suleng ga ba ne ba latlhegelwa mo tirafatsong ya tsholofetso ya Modimo. Ka ntlhayang go se jalo? Bibela e a araba: “Go tla nna cogō.” (Dit. 24:15) Go tsosiwa ga ga Jesu mo baswing—ntlha eo e nang le basupi ba ba fetang 500—go neela motheo wa tsholofelo e.—1 Bakor. 15:3-6, 13, 16.
Eleruri, ke mafoko a a molemo gore tsholofetso ya Modimo ya “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” ka bofefo e tsamaela tirafatsong ya yone. Ka gone, go na le tlhokafalo e kgolo ka rona go batla kemo e e amogelesegang fa pele ga Mmopi wa rona. Seno ke seo moaposetoloi Petere a tlhotlheleditseng badumedi-ka-ene go se dira, fa a ne a re: “Ereka lo lebeletse dilō tse, lo tlhōahaleleñ gore lo tlè lo hitlhèlwè lo le mo kagishoñ lo sena selabe, lo sena molato, mo matlhoñ a ōna.” (2 Pet. 3:14) A seno ke seo o lwelang go se dira?
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Fa Bajuda ba ba neng ba tshwerwe ba ne ba boa kwa Babilona, “lehatshe ye lesha” le ne la tlhomamisiwa
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
“Atlholèlañ masièla, sekèlañ mosadi eo o motlhōlogadi.”—Isa. 1:17.