Tsela e e Siameng e Tshwanetse go Tlhophiwa Jaanong
1, 2. (a) Bibela e bolelela-pele gore go tla nna mofuta ofe wa lefatshe mo bogautshwaneng tebang le kobamelo? (b) Ke ka ntlhayang fa jaanong e le nako e e potlakileng go dira katlholelo tebang le tsela ya motho?
GO YA ka dinnete tse di gatisitsweng, bontsi jo bogolo jwa setho ga bo obamele Modimo wa Bibela e e Boitshepo. Go ralala ditiragalo tsotlhe tse di fetileng, bontsi jo bo phikanyang jwa baagi ba lefatshe ga bo ise bo ke bo dire jalo. Bodumedi jo bo Rulagantsweng jwa La-Bodumedi bo iphaka go dira jalo. Ditsamaiso tse dingwe tsa bodumedi di sekae le tsone di ka nna tsa iphaka go dira jalo bobotlana ka go boloka karolo ya Bibela. Mme fa bao botlhe ba ba ipolelang go nna ba bodumedi bongwe ba senngwa kana ba pateletswa go tlogela mofuta wa bone wa kobamelo, a go tla nna le pharologano epe? Kana lefatshe leno le tla nna la mofuta ofe? Le tla nna mofuta wa lefatshe leo Bibela e bolelelang-pele gore le tla goroga mo bogautshwaneng, lefatshe le eseng la bodumedi la bogone jo bokhutshwane.
2 Lefa go ntse jalo, le tla obamela “modimo oa lehatshe yeno” mo pepeneneng go gaisa le ka nako epe fela, mme Bibela eo e kgethololang “modimo” yo e re ke moganetsi yo mogolo wa ga Jehofa, Satane Diabolo. (2 Bakor. 4:4) Jesu Keresete o ne a mmitsa “kgōsana” kana ‘molaodi wa lefatshe leno.’ (Yoh. 12:31; 16:11) Fa, mo bogautshwaneng, lefatshe lotlhe le pateletswa go tsena mo kobamelong ya yo o itshemang “modimo” yo, motho yo ga jaanong a boifisiwang ke kgopolo e e jalo o tla dira eng? O tla nna le nonofo ya bodumedi go ka dira eng? Ka go gakololwa, jaanong ke nako e e potlakileng go dira katlholelo!
3. Jehofa o ne a dira katlholelo ya gagwe ka lobaka lo lo kae pele ga nako pele a e dirafatsa godimo ga merafe?
3 Yoele 3:14 e bolelela-pele: “A bontsintsi, bontsintsi yoa batho mo molapoñ oa katlholèlō! gonne motlha oa ga Yehofa o atametse mo molapoñ oa katlholèlō.” The Living Bible e na le mmalo o o tletseng bogolo wa Yoele 3:14 mme e re: “Boidiidi, boidiidi bo letile mo molapong bakeng sa katlholo ya tatlhego ya bone! Gonne letsatsi la Morena le atametse, mo Molapong wa Tshekiso.” The Bible in Living English, ka Byington, e o bitsa “Molapo wa Katlholelo.” Moperofeti Joele o weditse buka ya gagwe e kane ka 820 B.C.E. E ne e le go feta dingwaga di le 200 pele ga fa Jehofa a dirafatsa “katlholèlō” ya gagwe ka sebele godimo ga merafe ya nako eo ya bogologolo.
4. (a) Mo ntlheng e, Jehofa o re tlhometse sekao se se molemo jang? (b) Baruke morwa Neria o ne a re tlhomela sekao se se molemo jang?
4 Jehofa o re tlhometse sekao se se molemo. O dirile katlholelo ya gagwe pele ga nako mme a e bolela phatlalatsa. Rona gompieno, mo motlheng o o tshwanang gotlhelele ka bomasisi, mongwe le mongwe o tshwanetse go dira katlholelo ya botho pele ga matlhotlhapelo a lefatshe a tla. Go nna le mogopolo wa go re ka nako eo motho ka tshoganetso a ka fetola tsela e e tatalalelwang le go dira katlholelo e e siameng mme ka gone a falola go arola mo masetlapelong ke boiphoro jo bo kotsi. Monna wa sekao yo o tsereng kgato dingwaga di le 18 fela pele ga nako ya masetlapelo a merafe-rafe ao a neng a boleletswe ka ona ka 625 B.C.E. e ne e le Baruke morwa Neria. 625 B.C.E. e ne e le ngwaga wa bone wa puso ya kgosi ya boraro kwa bofelong ya Jerusalema yo o latlhilweng. Leina la gagwe e ne e le Jehoiakime morwa Josia. O nnile mo setulong sa bogosi ka 628 B.C.E., morago ga fa monnawe, Jehoahase, a sena go tlosiwa ke Farwe-neko wa Egepeto le go tseelwa kwa Egepeto.
5, 6. (a) Ke ka ntlhayang e ne e le ngwaga o o masisi fa lefoko la ga Jehofa le ne le tlela Baruke ka Jeremia? (b) Go ya ka Yeremia 45:1-3, Baruke ka nako eo o ne a ikutlwa jang?
5 Morago ga fa Jehoiakime a setse a busitse ka dingwaga di le tharo tlase ga bolaodi jwa Egepeto, moperisiti wa moperofeti Jeremia o ne a amogela molaetsa go tswa kwa go Jehofa wa mokwaledi wa gagwe, Baruke morwa Neria. Ga jaanong e ne e le ngwaga wa bone wa ga Kgosi Jehoiakime. E ne e le ngwaga o o masisi, ka gobo mo ngwageng oo (625 B.C.E.) Nebukadenesare morwa Nabopolasare o nnile kgosi ya Babilona. Kgosi ya Jerusalema, jaanong o ne a tshwanetse go ikarabelela go molaodi wa Maatla a Lefatshe a Boraro, Babilona, mofenyi wa Bogosi jwa Asiria. Fano a re baleng Yeremia 45:1-3:
6 “Lehoko ye Yeremia moperifeti o le buileñ le Baruke morwa Neria, yale ka a kwala mahoko a mo lokwaloñ, ka molomo oa ga Yeremia, ka ñwaga oa bonè oa ga Yehoiakime morwa Yosia, kgosi ea Yuda, ya re, Yehofa, Modimo oa Iseraele o bua yana, a gu raea, wèna Baruke: a re, u rile. A motho oa mogolo nna! gonne Yehofa o okeditse botlhoko yoa me ka bohutsana; ke lapile ka go hègèlwa ga me, ga ke bone boikhucō bopè.”
7. Baruke a kane a ikutlwile jang fa a ne a bona boemo jo bo senyegelang pele jwa Jerusalema, mme ke phelelo efe eo melaetsa e e boa-boeletswang ya tatlhego ekaneng e nnile le yone mo go Baruke?
7 Faele kaga gore Baruke o diretse ka lobaka lo lo kae jaaka mokwaledi wa ga Jeremia pele ga fano ga re itse, mme o ne a santse a na le bobotlana dingwaga di le 18 tse di oketsegileng tseo mo go tsone a neng a ka nna monkane wa moperofeti. Faele kaga “botlhoko” joo a ka neng a bo utlwile fa a bona maemo a a senyegelang pele a bogosi jwa Juda, ga re kgone go batlisisa; mme jaanong, kwantle ga seo, o ne a tshwanetse go kwala molaetsa o o botlhoko wa tatlhego jaaka a ne a o biletswa ke Jeremia. O ne a tla ikutlwa jaaka Jeremia fa moperofeti yo a ne a kwala buka ya “Dikhutsahalo” morago ga fa Jerusalema e sena go senngwa ka 607 B.C.E. ke kgosi ya Babilona. Go perofesa ga ga Jeremia ga tatlhego mo go sa kgaotseng, mo go boa-boelang go kane go dirile gore Baruke a fegelwe.
8. Go Baruke, ke eng se Jehofa jaanong a neng a se bolela jaaka boikaelelo jwa gagwe, mme Baruke o ne a ipatlela eng?
8 Baruke o ne a sena tebelelo epe ya “boikhucō” kaga gagwe. Jehofa o ne a lemoga tshekamelo e e kafa teng ya ga Baruke mme a bolelela Jeremia gore a mo ree a re: “Yehofa o bua yana, a re, Bōna: se ke se agileñ, ke tla se rutlolola, le se ke se tlhomileñ ke tla se khumola; me mo e tla bo e le ka lehatshe yeotlhe hèla. Me a u ipatlèla dilō tse dikgolo? u se ka ua di batla.”—Yer. 45:4, 5.
9, 10. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a ne a na le lebaka la go sa amogele go ipatlela ga ga Baruke “dilō tse dikgolo” ka nako eo?
9 Baruke o ne a itse gore ke “dilō tse dikgolo” dife tseo a neng a di ipatlela, lefa lemororo Jehofa a sa ka a di mmolelela. Go bonala sentle gore Jehofa o ne a sa di amogele, mme ka jalo o ne a tshwanetse go di latlha. Ka ntlhayang?
10 E ne e le ka ntlha ya boikaelelo jwa ga Jehofa jwa nako eo. Mo ngwageng one oo o ne a tsholeditse Nebukadenesare jaaka kgosi ya Babilona, mme yo e ne e le ene yo o neng a ikaeletse go mo dirisa jaaka molaolelwa-polao kgatlhanong le batho ba ga Baruke. Segolo-bogolo go tloga mo metlheng ya ga kgosi Dafide (1077-1037 B.C.E.), Jehofa o ile a aga bogosi jwa Iseraele, mme jaanong, ka tiriso ya Nebukadenesare, o ne a tloga a rutlolola mmuso oo wa segosi, o tswelapele o sa dire ka dingwaga di le 2 520, kana go fitlha ka 1914 wa lekgolo la rona la dingwaga. Morago ka 1473 B.C.E., Jehofa o ne a tlhoma morafe wa Iseraele mo Lefatsheng la Tsholofetso, mme jaanong, morago ga dingwaga tse di fetang 800, o ne a tloga a bo khumola. Lefatshe la bogosi jwa Juda le ne le tshwanetse go nna le sena Mojuda ope le seruiwa ka dingwaga di le 70, fa batho ba lone ba santse ba le botshwaro kwa lefatsheng la ga Nebukadenesare. Mo ponong ya dilo tse di neng di leketla tseo, a e ne e le nako e e tshwanetseng ka motho yo o neng a itse boikaelelo jwa ga Jehofa jaaka bo ne bo bolelwa ke Jeremia go bo a ipatlela “dilō tse dikgolo” tsa mofuta wa botho? Le bogologolo!
11. Ke eng seo se neng se ikaegile ka go dira ga ga Baruke katlholelo e e siameng, mme go e dira ka yone nako eo?
11 Ke ka moo Jehofa a mmoleletseng go tlogela go batla dilo tse di jalo. Go ne go ka tweng fa Baruke a ka bo a tsweletse go batla dilo tse di bohula? A morago ga moo o ne a tla dumalana gotlhelele le molaetsa oo a neng a dirisediwa go o kwala le go o bolela? Nnya! Eleruri go ne go tla latela mofuta mongwe wa kgaogano magareng a gagwe le moperofeti wa ga Jehofa, eleng Jeremia. Fa Baruke a ne a batla go dumalana gotlhelele le Jeremia le molaetsa wa gagwe, he o ne a tshwanetse go tlogela boikgodiso jo bo bohula. Dingwaga di le 18 di ne di tshwanetse go feta pele go fitlha ka nako ya masetlapelo a a boleletsweng-pele, mme lefa go ntse jalo Baruke o ne a tshwanetse go dira katlholelo ka nako eo. “Botshelō” jo eleng jwa gagwe bo ne bo ikaegile mo go direng ga gagwe katlholelo e e siameng, ee, go e ngaparela. Seno o ne a tshwanetse go se dira faele gore o ne a batla go boloka dikamano tsa gagwe di sa kgaoga.
12. Jaaka mo kgannyeng ya ga Baruke, ke ka ntlhayang go le botlhale ka rona go tlogela go ipatlela mo go rileng ga “dilō tse dikgolo” mo lefatsheng le?
12 Abo boemo jwa ga Baruke jo bo masisi bo tshwana le jwa rona jang batho ba ba boleletsweng ba gompieno! Go ntse jalo segolo thata go tloga ka 1914 go ya pele, ka gobo fa esale ka nako eo Basupi ba ga Jehofa ba nnile ba rera gore La-Bodumedi, setshwani sa segompieno sa Jerusalema yo o neng a sa ikanyege, le ne le tla nyeletswa ke yo mogolo go feta Nebukadenesare, Kgosi ya selegodimo e ga jaanong e busang, Jesu Keresete. Ka jalo go ne go tla nna boeleele tota ka ope fela yo o mo kamanong ya kgolagano le Modimo go ka bo a ipatlela “dilō tse dikgolo” mo tsamaisong e ya dilo e e nyelelang ka nako e e masisi jaana jaaka ya jaanong. Go ne go tla bontsha go palelwa go lemoga gore re tshela “mo motlheñ oa bokhutlō.” Go ne go tla bontsha tlhaelo ya tumelo le boikanyo mo go siameng le mo go nneng mo nakong ga molaetsa o o gatisitsweng ke setlhopha sa ga Jeremia maloka le tatlhego ya tsamaiso e ya bogologolo ya dilo. “Botshelō” jwa motho ga jaanong bo kotsing! Jehofa ga jaanong o tloga a dira tiro ya gagwe ya go rutlolola le go khumola, ka tiriso ya modirisiwa yo o nonofileng bogolo go Nebukadenesare, eleng Jesu Keresete. A re batla go nyelediwa mmogo le setshwani sa motlha wa segompieno sa Jerusalema wa motenegi, La-Bodumedi? Fa go se jalo, he re tshwanetse go dira katlholelo ya rona fa go santse go le lobaka, go dira seo Jehofa a boleletseng mokwaledi wa ga Jeremia Baruke go se dira, ke gore go tlogela go batla “dilō tse dikgolo” mo lefatsheng le.
13. Jaanong ke nako kaga rona go arola le setlhopha sa ga Jeremia mo go direng eng?
13 A rona ka bongwe re tshela mo tumalanong le molaetsa o o bolelwang ke setlhopha sa ga Jeremia. A re ikeheng mo boikgodisong jo bo bohula, re sa tlhome dithato tsa rona mo dilong tse di fetang tsa tsamaiso e ya dilo e e latlhilweng. Seno se re biletsa go arola ka bopelokgale le setlhopha sa ga Jeremia mo go tlhagiseng ka “letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa le le tlang. Pelo e e maphata-mabedi ga se selo se re ka nnang le sone jaanong.—Isa. 61:1, 2.
14, 15. (a) Jaaka tuelo ya kutlo, Baruke o ne a tshwanetse go iponela eng jaaka “kgapō”? (b) A go ne ga diragala jalo?
14 Tuelo ya go dira seno ke eng? E thadisitswe mo go seo Jeremia a neng a boleletswe go se bolelela Baruke: “Gonne ke tla tlisa boshula mo bathoñ botlhe, go bua Yehofa: me botshelō yoa gago ke tla bo gu naea gore bo nnè kgapō ea gago mo maheloñ aotlhe kwa u eañ gōna.”—Yer. 45:5b.
15 Eleruri go ne ga diragala fela jalo ka Baruke. Seno se supa gore o dirile katlholelo e e siameng kwantle ga tiego ee sa tlhokegeng. Seno se tlhomamisiwa mo kgaolong ya pelenyana, go Yeremia 43:5-7, eo e bolelang kaga seo se diragetseng morago ga go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. Rea bala: Bajuda ba ba falotseng ba ba neng ba boifa fa ba ne ba tshabela kwa Egepeto ba tswa mo lefatsheng la Juda ba ne ba tsaya “Yeremia moperofeti, le Baruke morwa Neria; Me ba hitlha mo lehatshiñ ya Egepeto; gonne ga baa ka ba akèla lencwe ya ga Yehofa: me ba ea ba hitlha le kwa Tapanahesa,” mo bokone jwa Egepeto. Lefa go ntse jalo morago ga moo Jeremia o ne a tswelapele go perofesetsa Bajuda ba ba sa utlweng bao.—Yer. 43:8–44:30.
16. Fa Baruke a ne a kane a tshedile go fitlha fa Babilona o ribegetsa Egepeto, ke eng seo a ka bong a se letetse go tswa go mofenyi yo?
16 Bajuda ba ba neng ba itirela boithatelo bao ga baa ka ba tshabela taolo ya Maatla a Lefatshe a Babilona ka lobaka lo loleele, gonne fa nako e ntse e tswelela Nebukadenesare o ne a akaretsa Egepeto mo kgaolong ya bogosi jwa gagwe. Faele gore Jeremia le Baruke ba ne ba tshela go bogela phenyo e ya Babilona, ba ne ba se kitla ba angwa ke bogale jwa ga Nebukadenesare. O ne a na le lebaka go ba gakologelwa ka bopelonomi. Baruke o ne a tla tswelapele go nna le “botshelō” jwa gagwe jaaka kgapo mo tirafatsong ya tsholofetso ya ga Jehofa go Yeremia 45:5. He o ne a ka lemoga ka botlalo gore abo o dirile botlhale jang le go nna le kgopolo e e siameng mo go tsweng mo tseleng e e neng e nyelela ya go ipatlela “dilō tse dikgolo.”
17. Ke molemo ofe oo re ka o bonang mo kgatong ya ga Baruke ya go utlwa jaaka setshwantsho sa go dira eng?
17 A rona gompieno re ka bona molemo wa sebele go tswa mo boineelong jo bo kutlo jwa ga Baruke go kgakololo ya ga Jehofa e e siamisang? Ee! Go sa kgathalesege gore re ka ne re amana gaufi thata jang le setlhopha sa ga Jeremia, re dira se se amogelesegang ka tsela ya bomodimo ka go sa itshobokanyetse “dilō tse dikgolo” mo metlheng e ya bofelo ya La-Bodumedi. “Botshelō” jwa rona, jaaka motho, ke jwa botlhokwa jo bogolo go gaisa kgakala go na le “dilō tse dikgolo” tseo di hutseditsweng go feta le lefatshe le le bosula le, le tsola mongwe le mongwe go ya go “botshelō” jwa gagwe fela. Go nna o tshedile ka nako eo jaaka ‘moya’ tlase ga kamogelo ya bomodimo go tla nna mo go tlhwatlhwa-kgolo go gaisa thata go na le go ipelela jaanong ka lobakanyana dilo dipe tse di senyegang tsa La-Bodumedi le Bodumedi jotlhe jo bo Rulagantsweng.
GO TILA PHUTSO KA NTLHA YA GO SA DIRISE “CHAKA”
18, 19. Ke ka ntlhayang fa “letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa le ne le sa wela ka tshenyo ya Juda le Jerusalema?
18 Baruke le Jeremia ba ne ba hutsafalela go senngwa ga Jerusalema le go tlosiwa ga batho mo lefatsheng la yone. Mme merafe ya baditšhaba e e gaufi kana e e dikologileng e ne ya itumela thata ka ntlha ya masetlapelo a a jalo go batho ba ga Jehofa ba kgolagano. (Pes. 83:6-8; 137:7) Egepeto, legale, e ne e sa itumela gotlhelele, ka gobo e ne e itumelela go nna le Juda le Jerusalema tlase ga gagwe ebile di le mo tumalanong le yone. Godimo ga moo, bogosi jwa Juda bo ne bo direla jaaka kgaolo ya boiphemelo magareng a gagwe le maatla a lefatshe a a bopelang, eleng Babilona. Lefa go ntse jalo Egepeto o ne a dirile rekoto e e mo tlontlololang mabapi le Juda le motse-mogolo wa yone, Jerusalema, koo ‘setulo sa bogosi sa ga Jehofa’ se neng se nniwa ke dikgosi tsa moralo wa segosi wa ga Dafide. Kilo e e maswe ya merafe go batho ba ga Jehofa ba kgolagano ga yaa ka ya feta e sa tlhokomelwa ke ene, ka gobo kobamelo ya gagwe e ne e akarediwa.
19 Ka jalo “letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa le ne le ise le wele fa a ne a dirisa kgosi ya Babilona jaaka sedirisiwa sa go ribegetsa bogosi jwa Juda. Senwelo sa tshenyego-kgolo ya bomorafe seo se neng se beilwe mo dipounameng tsa Juda le Jerusalema se ne se tshwanetse go fetisediwa go merafe e e seng botsalano eo gore e ribegetswe jaaka batlhoi ba ga Jehofa.
20. (a) Jehofa o ne a tlhotlheletsa Jeremia go dira eng kaga merafe e e seng botsalano eo? (b) Yeremia 48:10 e ne e boletswe mabapi le bomang, mme a ba ne ba itshupa go tshwanelwa ke phutso eo?
20 Ka jalo Jehofa o ne a tlhotlheletsa Jeremia go sobokanya go perofesa ga gagwe ka go bolelela-pele go ribegetswa mo go botlhoko ga merafe e e bosula jalo ya Egepeto, Filisitia, Moaba, Amone, Edoma, Kedara tota le eleng Elame. (Yer. 46:1–49:39; 25:15-33) Bababilona tlase ga Kgosi Nebukadenesare e ne e le bone bao Jehofa a neng a ikaeletse go ba dirisa mo go tsokotseng “chaka” ya polao kgatlhanong le merafe e e neng e nyatsa Modimo wa boammaaruri. Ka jalo e ne e le mabapi le masole a a laoletsweng-polao ao moo Jehofa a neng a tlhotlheletsa Jeremia gore: “A go hutsègè èna eo o dihañ tihō ea ga Jehofa a itshemeleditse, me a go hutsègè èna eo o kganelañ madi chaka ea gagwè.” (Yer. 48:10) Bababilona lefa e le Kgosi ya bone Nebukadenesare ga baa ka ba tla tlase ga phutso eo ka ntlha ya go retelelwa ke go dira “tihō” e e tswang go Jehofa ka botlalo.
21. (a) A Jeremia le Baruke ba ne ba ‘hutsega’ ka ntlha ya go sa dirise “chaka” ya tshipi? (b) A Basupi ba ga Jehofa e tla nna bona ba ba nyeletsang La-Bodumedi, kana e tla nna bomang?
21 Lefa go ntse jalo, go tweng ka rona gompieno? A re ka tla tlase ga phutso e e tshwanang ka ntlha ya go itsemeletsa bakeng sa tiro ya rona, ka ntlha ya go kganela “chaka”? Ke boammaaruri, rea itse gore Jeremia lefa e le Baruke ga ba ise ba tsokotse tšhaka ya tshipi kgatlhanong le merafe eo ya baba. Eo e ne e se tiro ya bone. Tiro e e jalo e ne e neetswe Bababilona tlase ga molaodi wa bone yo o neng a sa tswa go tlhophiwa, eleng Nebukadenesare. Setlhopha sa ga Jeremia sa gompieno jaaka Basupi ba ga Jehofa ga se kitla se tsholetsa letsogo le le senyang kgatlhanong le La-Bodumedi, setshwani sa Jerusalema yo o tenegileng le bogosi jwa gagwe. Ba ba kileng ba nna bankane ba sepolotiki ba La-Bodumedi le ditlhopha tse dingwe tse di senang modimo ba tla le nyeletsa kwantle ga kutlwelo-botlhoko epe, fela jaaka merafe e e neng e e itumelela go nyeletsa Jerusalema le bogosi jwa gagwe jaaka baagelani.—Tshen. 17:12-18.
22. Ke bomang ba ba se kitlang ba arola mo ditsholofelong tse di kwa godimo tsa baribegetsi ba Bodumedi jotlhe jo bo Rulagantsweng, mme boikutlo jwa bano e tla nna bofe go maatla a masha a a busang?
22 Lefa go ntse jalo, go tlosiwa ga La-Bodumedi le dikarolo tsotlhe tsa bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka go tla tlogela eng mo ponong ya selefatshe? Mephato ya sepolotiki e eseng ya bodumedi, go tsaya taolo ya dikgang tsotlhe tsa batho! E tla dira jalo ka ditsholofelo tse di kwa godimo tsa katlego le go ikutlwa ba gololesegile mo go sa tlholeng ba laelwa ke Bodumedi jo bo Rulagantsweng. (Bapisa Esekiele, kgaolo 23.) Mme ditsholofelo tse di nyatsang Modimo tseo ga di kitla di kopanelwa ke setlhopha sa ga Jeremia le bankane ba bone ba ba boifang Modimo, lefa lemororo ba ka bontsha boineelo jo bo lekanyeditsweng go maatla a masha a a busang jaaka “babusi ba bagolo.”—Bar. 13:1, 2.
23. Ke eng seo ka nako eo se tla dirang gore karolo e e setseng ya “letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa le dirafadiwe ka botlalo?
23 “Letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa le tla bo le setse le simolotse ka nako eo, mme le tla bo le sa wela ka nako ya nyeletso ya Bodumedi jo bo Rulagantsweng, bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka. Le tshwanetse go tswelapele go fitlha fa “pusholoshō” ya selegodimo e e tletseng e sena go thololelwa godimo ga baganetsi botlhe ba bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo. Mme lantlha ba tla leka go dira gore setlhopha sa ga Jeremia le bankane ba bone ba ba ikanyegang ba ineele ka mo go feletseng go tsamaiso e e senang modimo ya dilo, fela jaaka Johanane le balatedi ba gagwe ba ne ba golega Jeremia le Baruke mme ka pateletso ba ba isa kwa Egepeto. Fa ba retelelwa mo go se, ba tla dira tlhaselo ya boiteko jotlhe godimo ga baobamedi ba ga Jehofa ba ba sa ineeleng. Fela jaaka masomosomo a meraferafe tlase ga Goga wa lefatshe la Magoga, ba tla leka go tsenelela paradaise ya semoya ya masalela a ga Jehofa le bankane ba bone ba ba sa kgaoganngweng. Ka go ikaelela jalo go bona taolo ya lefatshe e e feletseng ba tla itshupa ba tshwanela go bona pusoloso ya ga Jehofa e ba tukela.—Esek. 38:1–39:20.
24. Ke bomang bao morago ba tla tlhabanang kgatlhanong, mme a ba tla tshwanelwa ke go ‘hutsetswa’ boitsemeletso kana go ikgogona?
24 Morago go tla diragala eng? Tshenolo 19:11-21 e bontsha gore Jesu Keresete, mofenyi yo mogolo go na le Kgosi Nebukadenesare, ene le batlhabani ba gagwe ba baengele ba tla palama dipitse go lwa kgatlhanong. Ga ba kitla ba hutsiwa ka ntlha ya go dira tiro ya bone go tswa go Jehofa ka go itsemeletsa. Ga ba kitla ba tshwanelwa ke phutso epe ka ntlha ya go kganela “chaka” ya polao mo mading a baba. (Yer. 48:10) Ba tla dirafatsa pusoloso ya ga Jehofa godimo ga merafe e e lwang eo. Ba tla segofatswa ka phenyo e e galalelang ka ntlha ya go dira seno, go ya phemelong ya ga Jehofa ya bosakhutleng.
25. Basupi ba ga Jehofa ka nako eo ba tla tshwanelwa ke go etsa Jeremia jang morago ga fa a sena go tswatswailelwa kwa lefatsheng leo a neng a perofesitse kgatlhanong le lone?
25 Fa esale ka ngwaga wa 1914 re nnile mo “motlheñ oa bokhutlō.” (Dan. 12:4) Ka jalo jaanong setlhopha sa ga Jeremia le bankane ba bone ba ba ineetseng ba tshwanetse go tlhokomedisa lefatshe kaga “chaka” e e bopelang, sedirisiwa se se bolayang seo Jehofa a tla se dirisang mo ‘sepitleng se se segolo’ se se tlang. (Math. 24:21) Ba tshwanetse go etsa Jeremia, yo, morago ga go tswatswailwa ka pateletso go tswa mo lefatsheng la Juda, a neng a bolela “chaka” e e bopelang ya ga Kgosi Nebukadenesare kgatlhanong le lefatshe leo a neng tswatswailetswe go lona, Egepeto, gape le Filisitia, Moaba, Amona, Edoma, le mafatshe a mangwe a baba. Tota le jaanong pele ga go betsa ga “sepitla se segolo” ba tlase ga ditaelo tsa bomodimo go “bolèla . . . letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona” kgatlhanong le Bodumedi jo bo Rulagantsweng jwa merafe yotlhe ya selefatshe. (Yer. 46:1–49:39) “Tihō” ya bone ke go utlwatsa molaetsa wa tlhagiso: “Gonne ke letsatsi ya pusholoshō ea ga Yehofa, ke ñwaga wa leheco mo kgañeñ ea Siona.”—Isa. 34:8.
26, 27. Setlhopha sa ga Jeremia se tshwanetse go tsaya-tsia mafoko afe a ga Jehofa go Esekiele jaaka molebedi?
26 Jaanong mafoko a ga Jesu a boperofeti go Luke 21:22 aa dira: “Gonne metlha euō ke ea pusholoshō, gore dilō cotlhe tse di kwadilweñ di dihalè.” Jaanong ke nako eo setlhopha sa ga Jeremia segolo-bogolo se tshwanetseng go tsaya mafoko a ga Jehofa tsia jaaka a boleletswe Esekiele, yo o simolotseng go perofesa mo Babilona ka 613 B.C.E., dingwaga di le supa pele Jeremia a isiwa ka pateletso kwa Egepeto:
27 “Me ha molebedi a bōna chaka e tla, me a sa letse lonaka, me batho ba sa tlhagisiwe, me chaka e tla, e tlosa motho moñwe mo go bōnè; o tlosiwa mo boikepoñ yoa gagwè, me madi a gagwè ke tla a batla mo seatleñ sa molebedi. Yalo hèla, wèna morwa motho, ke gu beile molebedi wa ba ntlo ea Iseraela; me ke gōna utlwa lehoko mo molomuñ oa me, me u ba neè tlhagishō e e tswañ mo go nna. Ea re ha ke raea moikepi, ke re, Wèna moikepi, rure u tla shwa, me u sa bue go tlhagisa moikepi gore a cwè tseleñ ea gagwè; moikepi eouō o tla shwèla mo boikepoñ yoa gagwè, me madi a gagwè ke tla a lōpa mo seatleñ sa gago. Leha go nntse yalo ha u tlhagisa moikepi kaga tsela ea gagwè go mo shokolola mo go eōna, me a sa shokologe mo tseleñ ea gagwè; o tla shwèla mo boikepoñ yoa gagwè, me wèna u bo u golotse mōea oa gago.”—Esek. 33:6-9; bapisa Esekiele 9:2-10.
28. Keletso ya setlhopha sa ga Jeremia le bankane ba bone mo ntlheng eno ke efe, mme go ka nna ga diragala eng, mme seno se tla kaya eng go bone?
28 Setlhopha sa ga Jeremia sa gompieno le bankane ba bone ba ba tirisano-mmogo ga ba na keletso epe ya go nna le molato wa madi ka tsela eo. Mme moo go ka diragala ka bone. Fa, ka ntlha ya go boifa motho, ba ikgogona go tlhagisa batho botlhe kaga “chaka” ya “letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa mme ka gone ba retelelwa go dira “tihō” ya bone, ba tla itira ba ba tshwanelang phutso ya gagwe. Go bone, seno se ne se tla kaya go palelwa ke go falola, ka ntlha ya boitsemeletso jwa bone.
29. Go tila go tsaya tsela ya batho ba ba sa tseyeng-tsia morago ga fa Bodumedi jo bo Rulagantsweng bo nyeleditswe, basenki ba botshelo jaanong ba tshwanetse go tlhopha eng?
29 Fa, mo ‘sepitleng se segolo’ se se atamelang ka bofefo, “chaka” ya pusoloso ya bomodimo e ratha Bodumedi jotlhe jo bo Rulagantsweng, batho ba ba sa kang ba reetsa “molebedi” wa ga Jehofa, eleng setlhopha sa ga Jeremia, ba tla batla tshireletso go ditlhopha tsa sepolotiki tse di hutsitsweng—seno e le go ya tshenyong e e tlhomamisegileng mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” ka Hara-Magedona. (Tshen. 16:14, 16) Go tila go tsamaya le bone mo tseleng eo, tsela e e siameng e tshwanetse go tlhophiwa jaanong fa tsela e e siameng e santse e bulegile. Mo go yone basenki ba botshelo ga ba ne ba tlhoka go fetola tsela ya bone.
(Setlhogo sa bofelo sa tatelano eno ya boperofeti jwa ga Jeremia se tla gatisiwa moragonyana.)
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
“Letsatsi ya pusholoshō” la Modimo ga se nako ya go ipatlela “dilō tse dikgolo”
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Le ka motlha re se ka ra itsemeletsa faele kaga “tihō ea ga Yehofa”