Kgololo Le Phalolo ya go Wa ga La-Bodumedi
1, 2. (a) Jubile ya Bajuda ya bofelo e tshwanetse ya bo e diragetse leng mme e ne e le ka nako ya tiro ya boperofeti ya ga mang? (b) Molao wa ga Jehofa ka Moshe o ne wa laola Bajuda eng kaga Jubile?
MO MOTLHENG wa ga Jeremia ngwaga wa sabata o ne o tshwanetse go nna nako ya kgololo ya batlhanka ba Bajuda. Ngwaga wa sabata wa bofelo o o ntseng jalo o ile wa khutla ka 609 B.C.E. ka Tishri 9, letsatsi pele ga Letsatsi la Bajuda la Tetlanyo. Batho ba ga Jeremia ba sale ba kopiwa go keteka dingwaga tsa sabata fa esale ba tsena mo lefatsheng la Kanana ka 1473 B.C.E. Ngwaga mongwe le mongwe wa bo-50 go tloga ka nako eo o ne o tshwanetse go ka tshwariwa jaaka ngwaga wa Jubile, mme Jubile nngwe le nngwe e simolola ka Letsatsi la Tetlanyo. Jubile ya bo-17 e ne e tla itshupa go nna ya bofelo. E ile ya khutla ka 623 B.C.E., ka nako ya tiro ya ga Jeremia ya boperofeti. Jaaka moperisiti kwa tempeleng Jeremia o tshwanetse a kabo a utlwile go letswa ga lonaka mo go neng go itsise tshimologo ya Jubile eo, ngwaga o o kgethegileng wa kgololo. Molao wa ga Jehofa jaaka o neilwe ka moperofeti Moshe o ne wa laola:
2 “Me lo itshepisè ñwaga oa leshomè ya botlhanō, lo bolèlè kgololègō mo lehatshiñ yeotlhe, ea banni botlhe ba yeōna: ea e nnè Yubile mo go lona; motho moñwe le moñwe o tla boèla mo boshweñ yoa gagwè, motho moñwe le moñwe o tla boèla mo losikeñ lao gagwè. Ñwaga ouō oa leshomè ya botlhanō a e nnè Yubile go lona.”—Lefi. 25:10, 11.
3. Molao wa Modimo e ne e le ofe mabapi le ngwaga mongwe le mongwe wa bosupa mo gare ga Dijubile, mme bareki ba Bajuda ba ne ba ka tshola batlhanka ba Bahebera ka lobaka lo lo kae?
3 Fela jaaka disabata tsa beke le beke, ngwaga mongwe le mongwe mo gare ga Dijubile e ne e tshwanetse go nna ngwaga wa sabata. (Lefi. 25:1-9) Mo paakanyetsong e e tshwanang, molao wa ga Jehofa o rile: “Ere ha u rèka motlhanka e le Mohebera, a a dihè ka dinyaga di le thataro: me e re ka oa boshupa a cwè a gololegile, eseñ ka sepè.” (Ekes. 21:2) “Ha ñwana oa ga rra eno e le monna oa Sehebera, kgotsa mosadi oa Sehebera, mme a rekisiwa mo go wèna, me a gu dihèla dinyaga di le thataro; hoñ e re ka ñwaga oa boshupa u mo gololè hèla a tsamaeè.”—Dute. 15:12.
4. Ka jalo, mo ngwageng wa sabata wa 610-609 B.C.E., ke eng se se ka bong se tshwanetse ka batshodi ba batlhanka ba Bahebera go se dira, mme ba neile Modimo lebaka le le oketsegileng jang la go ba otlhaya?
4 Ka jalo, mo motlheng wa ga Jeremia, mo ngwageng oo wa sabata wa 610-609 B.C.E., go ne go le molemo mo matlhong a ga Jehofa gore Bajuda ba ba neng ba na le batlhanka ba dire kgolagano fa pele ga gagwe kwa tempeleng kwa Jerusalema ya go golola batlhanka ba bone ba Bahebera. Go sa tlhokomelege boemo jwa merafe-rafe jo bo neng bo bopela jalo go Jerusalema, eno e ne e le tsela e e kutlo eo batho ba ga Jeremia ba neng ba ka e tsaya. Lefa go le jalo, pele ga fa ngwaga oo wa kgololo o khutla, ba ba neng ba na le batlhanka bao ba ile ba roba kgolagano ya bone e e masisi mme ba pateletsa bao e neng e le batlhanka ba bone ba banna le ba basadi go boela gape mo botlhankeng. Seno ga se a ka sa itumedisa Jehofa yo o bolokang kgolagano mme se ne sa oketsa lebaka le lengwe gape go ene go ba otlhaya.—Yer. 34:8-16.
5. (a) Ke bafaladi bafe bao ka nako eo ba neng ba le mo Jerusalema ba ba neng ba sa akarediwe mme lefa go le jalo ba ne ba le mo kotsing? (b) Setshwani sa gompieno sa Jerusalema ka mo go tshwanang se mo kotsing jang, mme go tswa motsweding ofe?
5 Mo go itumedisang, tlhokomologo eo ya kgolagano e e dirilweng ka masisi fa pele ga Modimo e ne e sa kopanelwe ke setlhopha sengwe sa batho bao ka nako eo ba neng ba le mo Jerusalema bao ba neng ba itsiwe jaaka Barekaba, ditlogolwana tsa ga Jonadabe morwa Rekabe. (Yer. 35:6-11) Lefa go ntse jalo, ba ne ba beilwe mo kotsing ka ntlha ya kotlhao eo ka tshwanelo e neng e tlela baagi ba Jerusalema ba Bajuda. Mme ba ne ba le mo boemong jwa go ka sirelediwa mo go seo Jehofa Modimo a ileng a tswelapele go se bolelela-pele ka ntlha ya go sa ikanyege mo go bohula ga Bajuda. Fela jaaka mo kgannyeng ya Jerusalema wa motlha wa ga Jeremia, mafoko a a tswelang-pele a ga Jehofa a tshwanetse go nna a kgatlhego e kgolo go La-Bodumedi la motlha wa gompieno. Jaaka Jerusalema ka nako eo, La-Bodumedi le mo malatsing a bofelo a go nna gone ga gagwe mo go leele. Maatla a bofelo a lefatshe ao a boleletsweng-pele mo boperofeting jwa Bibela, maatla a lefatshe a borobedi, a na le rona jaanong. A mo sebopegong sa lekgotla la Merafe e e Kopaneng. A na le go tsaya karolo e e bolayang go La-Bodumedi, setshwani sa Jerusalema wa gompieno. Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le le le neng le le gone pele ga lone, lekgotla la Kgolagano ya Merafe, jaanong a na le botshelo jo bo kopantsweng jwa dingwaga di le 60. (Tshen. 17:7-11) Pele le nyelela le tla tsaya kgato!
6. La-Bodumedi, lemororo le iphaka go emela kgololesego, le tlisitse ditokololo tsa kereke tsa gagwe mo botlhankeng jang?
6 La-Bodumedi, ka ntlha ya go iphaka go nna Bokeresete, le tshwanetse go emela kgololo mo kgolegong ya lefatshe le eleng motlhanka wa sebe le. Mo baommaaruring, lefa go le jalo, o tsentse ditokololo tsa kereke tsa gagwe mo botlhankeng go lefatshe le, bakeng sa dikgatlhego tse eleng tsa gagwe. Seno ke ka ntlha ya gore o itirile tsala ya lefatshe leno mme a itira mmaba wa Modimo.—Yak. 4:4.
7. (a) Baya-kerekeng ba La-Bodumedi ba gogetswe mo bontlhankeng jwa eng le mo go ganetseng bomang? (b) Le biletswa go utlwa eng se se latelang mo boperofeting jwa ga Jeremia?
7 Batlhanka ba La-Bodumedi ba semoya ba direla, eseng bogosi jwa Modimo ka Keresete, mme lefatshe le le hutsitsweng mmogo le molaodi le modimo wa lone, Satane Diabolo. (1 Yoh. 2:15-17; Baef. 2:2) La-Bodumedi o gogela baya-kerekeng mo go ganetseng basupi bao ba Bakeresete ba ga Jehofa bao ba neng ba tshwantshetswa ke Jeremia. Ka jalo a le utlwe seo a se buileng morago:
“Ke gōna ka mouō Yehofa o bua yana: a re, Ga loa ka loa ntheetsa, go kuèla moñwe le moñwe ñwana a rragwè kgololesègō, le moñwe le moñwe oa ga gabō kgololesègō: bōnañ, go bua Yehofa, ke lo kuèla kgololesègō ea chaka, le kgogodi, le popamō: me ke tla lo akgakgèla mo magosiñ aotlhe a lehatshe. Me banna ba ba tlodileñ kgōlaganō ea me, ba ba se kañ ba dihatsa mahoko a kgōlaganō e ba e dihileñ ha pele ga me, yale ka ba hatola namane, me ba ralala gare ga mehama ea eōna; Dikgōsana tsa Yuda, le dikgōsana tse Yerusalema, baopahadiwa, le baperisiti, le batho botlhe ba lehatshe, ba ba raletseñ gare ga mehama ea namane; Batho bauō, ke tla ba tsenya mo seatleñ sa baba ba bōnè, le mo seatleñ sa ba ba senkañ botshelō yoa bōnè: me ditoto tsa bōnè di tla nna diyō tsa dinōnyane tsa legodimo, le tsa dibatana tsa lehatshe. Me Sedekia kgosi ea Yuda le dikgōsana tsa ga gabō ke tla ba tsenya mo seatleñ sa baba ba bōnè, le mo seatleñ sa ba ba senkañ botshelō yoa bōnè, le mo seatleñ sa ntwa ea Babelona, ba ba tlogileñ mo go lona.”
“Bōnañ, go bua Yehofa, ke tla laola, me ke tla ba bosetsa kwano motsiñ o; me ba tla tlhabana naō, ba o gapa, ba o hisa ka molelō: me ke tla shwahatsa metse ea Yuda, e nnè hèla e sena monni.”—Yer. 34:17-22; bapisa Genesise 15:10-18.
8. Mo tshedimosetsong ya boperofeti joo jwa ga Jeremia, ke eng se se tshwantshediwang-pele bakeng sa La-Bodumedi gompieno?
8 A boperofeti joo bo tshwantshetsa-pele go wa ga La-Bodumedi fa pele ga maatla a selefatshe ao Jehofa a a letlelelang go mo dikanyetsa? E ne e ka tshwantshetsa-pele eng gape fa re akanyetsa seo se wetseng Jerusalema? Go thopiwa ga ga Kgosi Sedekia le go isiwa ga gagwe kwa Babilona, go swela koo, o ile a go bolelelwa-pele ke Jeremia ka go utlwa. (Yer. 34:1-7) Eleruri, he, mo tirafatsong e kgolo ya tiragalo eo ya boperofeti ya metlha ya Bibela, ga go molemo ope o o boloketsweng babusi ba La-Bodumedi!
9. Tikanyetso ya Jerusalema e simolotse leng morago ga ngwaga wa sabata, mme e tsere lobaka lo lo kae, mme motse o nniie jang sengwe se se ka roromelwang ka poifo ya go boga bokhutlo jo bo tshwanang?
9 Ka 609 B.C.E. ngwaga wa sabata o khutlile ka letsatsi la bo-9 la kgwedi ya bo-7 (Tishri), letsatsi pele ga Letsatsi la Tetlanyo. Morago ga moo, mo letsatsing la bo-10 la kgwedi ya bo-10 (Tebeth) ya ona ngwaga oo, Molaodi Nebukadenesare gammogo le maatla a gagwe a masole a Bababilona ba ne ba simolola go dikanyetsa Jerusalema. (2 Dikg. 25:1, 2) Dikgwedi di le 18 di ne tsa feta jalo go fitlha Jerusalema e wa, ke gore, mo letsatsing la bo-9 la kgwedi ya bo-4 (Tammuz), ka 607 B.C.E. Fa a ne a leka go tshaba, ka gone a leka go fenya boperofeti jwa ga Jehofa, Kgosi Sedekia o ile a fitlha fela kwa Jeriko, mme basenki ba gagwe ba Bababilona ba mo tshwara. Morago ba mmusetsa morago go rakana difatlhogo di lebane le Nebukadenesare le go mo isa botshwarong jo bo se nang tsholofelo mo Babilona o o obamelang medimo ya disetwa. (Yer. 34:2, 3) Mo kgweding e e latelang, kana ka Ab 7, 607 B.C.E., Jerusalema o ne a tseelwa dilwana le go fisiwa. Tempele ya one ya ga Jehofa eo boitshepo jwa yone bo leswefaditsweng ga ya ka ya ba boloka. (2 Dikg. 25:3-17) Eleruri tshenyo e e boitshegang ya Jerusalema e ne e le sengwe se se ka dirang gore merafe e mengwe e rorome ka poifo ya go tshwariwa ka mo go tshwanang mo diatleng tsa Babilona.
10. A La-Bodumedi le roromela ponalo eo ya bogologolo, mme tshenyo e eleng ya gagwe e tla simolola ka eng?
10 Lefa go le jalo, maatla a go tlhotlheletsa poifo a ponalo ya Jerusalema mo maropeng a nyeletse mo go La-Bodumedi. Ga le rorome. Mo ponalong ya bogologolo ga le bone pontsho epe ya boperofeti e e le tlhagisang ka tshenyo ya lone e e atamelang ka bofefo mo selekanyong sa lefatshe ka bophara. Eno e tla simolola tshenyo ya bodumedi jotlhe jwa maaka mo sepitleng se segolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa tlela lefatshe le le kgatlhanong le Jehofa le. Go tla nna fela jaaka go boleletswe-pele go Mathaio 24:15-22.
11. Lefatshe la Jerusalema le ne la tlogelwa leng le ropefetse le sena motho le phologolo ya gae, mme a Jeremia le Baruke e ne e le bone bosi ba ba neng ba tla falola tlase ga kamogelo ya ga Jehofa?
11 Mme, he, motho ope a ka falola sepitla se se jalo jang? Ka mo go tshwanang le ka moo Jeremia le mokwaledi wa gagwe Baruke ba ileng ba falola ka gone mo katlholong ya Jerusalema ya tšhaka, popamo, kgogodi le molelo o mogolo! Moragonyana, mo kgweding ya bosupa ya ngwaga oo wa matlhotlhapelo, Jeremia o ne a isiwa kwa Egepeto ke banna ba ba neng ba boifa bao ba ba neng ba tsuololetse bolaodi jwa Babilona. Ka gone lefatshe lotlhe la bogosi jwa Juda le ile la nna lerope kwantle ga motho le phologolo ya gae. (2 Dikg. 25:22-26) Ka gone lefatshe le bile la ipelela sabata yo o sa kgaolwang wa dingwaga di le 70. (2 Ditih. 36:20, 21) Mme, kwantle ga Jeremia le Baruke mokwaledi wa gagwe, ba bangwe tlase ga kamogelo ya ga Jehofa le bone ba ile ba falola tshenyo ya Jerusalema le go ropefatswa ga lefatshe la Juda. Seno ba ile ba se tlhomamisediwa ka Jeremia. Rona gompieno re tshwanetse go kgatlhegela kgang ya bafalodi bao, faele gore re batla go falola sepitla se se tlang.
BAFALODI BA GO WA GA LA-BODUMEDI BAA TSHWANTSHEDIWA
12. Bafalodi bao ba sepitla se se tlang ba ne ba tshwantshediwa-pele ke bafaladi bafe ba batho ba ba kailang, mme go diragetse jang gore Jeremia a ba bone mo Jerusalema?
12 Mmoloki yo Mogolo wa botshelo o tla disa bomang ka nako ya sepitla se se tlang seo mo go sone tsamaiso e e hutsitsweng e ya dilo e tla nyelelang? Bakeresete bao ba ba ineetseng le go kolobediwa bao a dirisitseng setlhopha sengwe sa batshabi ba bafaladi mo Jerusalema go ba tshwantshetsa. Ditsala tse tsa Bajuda di ile tsa ikutlwa di patelesegile go tlogela botshelo jwa bone jwa go kaila-kaila mme ba tseye botshelo jwa nakwana mo Jerusalema ka gobo ba ne ba sa batle go oketsa kampa ya baba ba ba neng ba atamela Jerusalema go e dikanyetsa tlase ga kgosi ya Babilona, Nebukadenesare. Rraabonemogolo e ne e le Jonadabe kana Jehonadabe, morwa Rekabe. Lefa go le jalo, ba ne ba sa bidiwe Bajonadabe, ka gobo Kgosi Dafide o ne a kile a nna le setlogolo se se neng se bidiwa Jonadabe. Mme ba ne ba bidiwa Barekabe, leina le le ba tshwaya jaaka ba eseng Baiseraele. Jeremia o ne a ba itse sentle thata.
13. Go boloka kgolagano ga Baiseraele go ile ga farologana jang le go boloka ikano ga Barekabe, mme Jeremia o ile a bolelelwa go dira eng ka Barekabe?
13 Ba ile ba nna boikanyo go ikano eo ba e beilweng ke rraabone-mogolo yo o itsegeng Jonadabe ka lobaka lo lo fetang dingwaga di le 250. Baiseraele ba ne ba se kitla ba tshwanelegela rekoto e e jalo ya boikanyegi go kgolagano ya Molao eo borraabone-mogolo ba e dirileng le Jehofa Modimo ka Moshe jaaka motsereganyi wa bone, morago ka 1513 B.C.E. Ka jalo Modimo yo ba robileng kgolagano ya ona o ne a ikaelela go bontsha pharologano magareng a Baiseraele le Barekabe ba ba bolokang ikano. Ka ntlha ya mo Barekabe jaanong ba ne ba tshwanetse go lekiwa mo lefelong le le boitshepo go Jehofa, tempele ya gagwe mo Jerusalema. Ka jalo o ne a bolelela Jeremia: “Ea kwa tluñ ea Barekaba, u buè nabō, me u ba isè mo tluñ ea ga Yehofa, mo go ñwe ea matlwana, me u ba nosè boyalwa yoa mofine.” (Yer. 35:1, 2) Seno, lefa lemororo go ne go itsege sentle gore Barekabe e ne e se banwi ba bojalwa.
14. Barekabe ba tlhalositse jang go gana ga bone go nwa bojalwa mo seatleng sa ga Jeremia, mme gape le go nna ga bone mo motseng?
14 Jeremia o ne a dira jaaka a laotswe. (Yer. 35:3-5) Lefa go le jalo, tota le eleng letsogong la moperofeti Barekabe ba ne ba gana go nwa. Ba ne ba tlhalosa:
“Ga re nwe boyalwa bopè: gonne Yonadabe morwa Rekabe rra echo o na a re laola, a re, Lo se ka loa nwa boyalwa bopè yoa mofine, lona, leha e le bomorwa lona, ka bosakhutleñ: Le gōna lo se ka loa aga ntlo, leha e le go yala peo, leha e le go tlhōma tshimo ea mafine, leha e le go diha le eōna: me lo agè mo megopiñ ka metlha eotlhe ea lona; gore lo tshelè metlha e le mentsi mo lehatshiñ ye lo yakileñ mo go yeōna.
“Me re aketse lencwe ya ga Yonadabe Morwa Rekabe rra echo mo go cotlhe tse o di re laetseñ, ka go tlhōka le go nwa boyalwa bopè yoa mofine ka metlha eotlhe ea rona, rona, le basadi ba rona, le bana ba rona ba basimane le ba basetsana; Leha e le go ikagèla matlo a go aga mo go aōna: le gōna ga re na tshimo ea mafine, leha e le lotlhagare, leha e le peo: Me re nntse re agile mo megopiñ hèla, re nntse re utlwile, re bile re dihile kaha go cotlhe tse Yonadabe rra echo o di re laoletseñ. Me ga dihala e rile Nebukadenesare kgosi ea Babelona a tla mo lehatsiñ, ra bua, ra re, Ntloñ, re eeñ Yerusalema ka go boiha ntwa ea Bakaladea, le ka go boiha ntwa ea Basiria; me re nntse mo Yerusalema yalo.”—Yer. 35:6-11.
15. Ikano e e neng e beilwe Barekabe e ne e le e e sireletsang ka tsela efe, mme ba ne ba tlamelwa jang mo kgolaganong ya Molao wa ga Moshe?
15 Ikano e e beilweng Barekaba e ne e le e e sireletsang. E ne ya ba boloka ba tshela botshelo jo bo motlhofo jaaka bafaladi mo lefatsheng le kwantle ga boitshekologo jwa kwa metseng. Ereka e ne e se Baiseraele tlase ga kgolagano ya Molao wa ga Moshe, e ne e le baeng mo teng ga dikgoro tsa Baiseraele mme ba ne ba sa dire sepe go Baiseraele ba ba ba etetseng. Ga baa ka ba tshwenyana le Baiseraele mo go dirafatseng kgolagano ya bone le Jehofa mme, bogolo, ba ne ba tsamaisana le kgolagano ya Molao go ya moo e neng e dira mo go bone. Lefa go le jalo, faele mo ntlheng ya go nwa dino tsa ditagi, ba ne ba tshwana le Banaserete ba Baiseraele. Ka go nna ba sa tlhapelwa, ba ne ba boloka megopolo ya bone e siame. Go tsenelelwa ga lefatshe la Juda ke masole a Kgosi Nebukadenesare go ne go tla ama botshelo jwa bone jwa go kaila-kaila. Mo go utlwalang, fa Bakaladea ba ba tlhaselang ba ne ba atamela, Barekabe ba ne ba tshabela mo Jerusalema.
16. Barekabe ba ba bolokang ikano ba ile ba neela Jehofa jang sekai sa go ka se dirisa kgatlhanong le Baiseraele ba ba robang kgolagano, mme o ne a bona go tlhokega gore a ba tlisetse eng?
16 Go ngaparela ga bone ikano ya bone ka nitamo kgatlhanong le go nwa bojalwa, le eleng fa ba ne ba laleditswe ke moperisiti wa moperofeti Jeremia, go ile ga neela Jehofa sekao go ka se dirisa kgatlhanong le Baiseraele ba ba robang kgolagano. Barekabe ba ne ba boloka ikano ya bone, lefa lemororo ba ne ba e neetswe ke motho fela, eleng rraabone-mogolo. Baiseraele ba robile kgolagano ya bone ya Molao, lefa lemororo e ne e tlhomamisitswe, eseng ke monna fela, mme ke Modimo Mogodimodimo. Ka nako e e tshwanetseng Jehofa jaanong o ne a bolelela Jeremia:
“Ea u reè batho ba Yuda le banni ba Yerusalema, u re, A ga lo ketla lo amogèla thutō lo reetsa mahoko a me? go bua Yehofa. Mahoko a ga Yonadabe morwa Rekabe, a o a laoletseñ bomorwawè, a re, ba se nwe boyalwa yoa mofine, a dihadicwe, me le gompiyeno ga ba nwe bopè, gonne ba nntse ba chwere taolō ea ga rrabō: me nna ke buile le lona, ke phakèla ke bua; me ga loa ntheetsa. Ke bile ke romile batlhanka botlhe ba me, eboñ baperofeti kwa go lona, ke phakèla ke ba roma, ke re, A moñwe le moñwe oa lona a ke a boeè mo tseleñ ea gagwè e e boshula, lo bo lo siamisè ditihō tsa lona, me lo se ee le medimo e sele go e dihèla, me lo tla aga mo lehatshiñ ye ke le neileñ lona le borra eno: me ga loa ka loa sekèga tsèbè, leha e le go ntheetsa. Ereka bomorwa Yonadabe morwa Rekabe ba dihaditse taolō ea ga rrabō e o e ba laoletseñ, me batho ba ba se ka ba ntheetsa;”
“Ke gōna ka mouō Yehofa, Modimo oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela o bua yana: a re, Bōnañ, ke tla tlisetsa Bayuda le banni botlhe ba Yerusalema, boshula yotlhe yo ke bo buileñ kaga bōnè: ka gonne ke buile nabō, me ba se ka ba utlwa; ke ba biditse, me ba se ka ba araba.”—Yer. 35:13-17.
17. Ke ka ntlhayang botenegi jwa Baiseraele bo ka kaiwang e le jwa boithatelo, mme ke eng seo ba neng ba ka se kake ba se tshabela?
17 Go lolame go tswa mo papisong e ya Barekabe le Baiseraele gore Baiseraele ba ba neng ba ratwa bogolo, ka thuso ya baperofeti ba Modimo, ba ne ba na le kgono ya go boloka kgolagano ya bone le Jehofa Modimo wa bone. O ne a baakanyeditse ka tempele ya gagwe le boperisiti jwa yone go neela ditlhabelo go dirolola maleo a bone a e seng a boithatelo ao ba a dirileng ka ntlha ya bokoa jwa nama ya bone. Go sa tlhokomelege se, ba ne ba tlhopha medimo e e oketsegileng, segolo Baale, mme ba tsenya mo kobamelong ya bone mefuta yotlhe ya boikepo eo e neng e kganetswe ke Molao wa ga Jehofa ka Moshe. Ka jalo botenegi jwa bone go kgolagano ya Molao ya Modimo eo e neng e biletsa kobamelo e e itshekileng e ne e le jwa boithatelo. Bo ne bo sa bontshe tlotlo ekane go Modimo yo o tshelang le wa boammaaruri kana go maikano a bone a a masisi go ene. Seno se ne se sa kaye sepe faese masetlapelo go batenegi ba ba jalo. Ka ntlha ya mabaka a a tshwanang masetlapelo a a sa kgoneng go ka falolwa a leketla godimo ga La-Bodumedi lotlhe!
GO FALOLA MO TSHENYONG YA BODUMENI JOTLHE JWA MAAKA
18. “Boidiidi yo bogolo yoa batho” bo bona tlhomamiso ya go falola tshenyo ya La-Bodumedi le tsala ya gagwe, lefatshe, go tswa mo mafokong afe a ga Jeremia a a yang go Barekabe?
18 Ke bomang gompieno bao ba batlang go falola go ka senngwa gammogo le La-Bodumedi le tsala ya gagwe e e gaufi-ufi, tsamaiso e ya dilo e e tlontlololang Modimo? “Rea batla!” go rialo ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo boleletswengpele go Tshenolo 7:9-17. Ba bona tlhomamiso e e tiileng go tswa mo tsholofetsong ya ga Jehofa e e dirilweng le Barekabe ba ba bolokang boikanyo, jaaka e kwadilwe go Yeremia 35:18, 19, moo re balang: “Me Yeremia a raea ba ntlo ea Barekaba, a re, Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela o bua yana: a re, Ereka lo utlwile taolō ea ga Yonadabe [Jehonadabe] rra eno, lo tshegeditse dikaèlō cotlhe tsa gagwè, me lo dihile kaha go cotlhe tse o di lo laoletseñ; Ke gōna ka mouō Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela o bua yana: a re, Yonadabe morwa Rekabe ga a ketla a tlhōka monna eo o tla èmañ ha pele ga me ka bosakhutleñ.”
19. (a) Boikutlo jwa ga Jonadabe kaga kobamelo ya Baale e ne e le bofe? (b) Maina Jonadabe (Jehonadabe) le Jaasania a tlhokomela mang, mme ba ne ba tsere boemo bofe maloka le bojalwa?
19 Ka gone Jonadabe morwa Rekabe, lemororo e ne e se Moiseraele, o ne a se kitla a tlhoka setlogolwana go ema mo ponalong ya ga Jehofa mono lefatsheng ka bosakhutleng. A re gakologelweng gore Jonadabe yo o ne a wa a tsoga le Kgosi Jehu mo go senyeng kobamelo ya Baale mo Bogosing jo bo tenegileng jwa Iseraele. (2 Dikg. 10:15-28) Leina la morwa yo wa ga Rekabe, ke gore, Jonadabe kana Jehonadabe, le tlhokomela Modimo yo o tshelang le wa boammaaruri a le esi, gonne le kaya “Jehofa O Gololesegile.” Morekabe yoo Jeremia a umakileng tsholofetso ya bomodimo go ene e ne e le Jaasania, mme leina la gagwe le kaya “Jah [ke gore, Jehofa] O A Utlwa.” (Yer. 35:3-5) Ba le boammaaruri go ikano ya bone, Jaasania le bomorwa-rraagwe ba ile ba gana go nwa bojalwa mo seatleng sa ga Jeremia mo tempeleng ya ga Jehofa. Koo mo ponalong ya ga Jehofa ba ile ba bontsha bothokgami go ikano ya bone.
20. Lemororo re sena bosupi jwa Bibela jo bo tlhamaletseng, re ka nna ra tlhomamisega ka eng kaga Barekabe fa Jerusalema a ne a senngwa, le morago ga moo?
20 Jehofa o ne a tlotla boikanyegi jwa Barekabe bao mme a solofetsa gore ba ne ba se kitla ba nyeletswa ka nako ya tshenyo ya Jerusalema e e tlang ka 607 B.C.E. Re ka tlhomamisega gore Barekabe ga baa ka ba nyeletswa mo ponalong ya ga Jehofa, gonne o ne a tlotla lefoko la gagwe la tsholofetso fela jaaka Barekabe bao ba ne ba tlotla ikano ya bone mabapi le bojalwa. Go ka nna ga nna le bosupi jwa ditiragalo jwa go falola ga bone mo bothong jwa ga Malakiya morwa Rekabe yo o siamisitseng kgoro ya Jerusalema mo metlheng ya Molaodi Nehemia. (Neh. 3:14) Ekane Barekabe bangwe ba ile ba falola go fitlha mo malatsing a ga Jesu Keresete mme ba nna barutwa ba gagwe ga go a kwadiwa mo Lefokong la ga Jehofa. Mme go ka bo go tshwanetse tota!
21. Barekabe ba falotse tshenyo efe ya bomorafe, mme ka jalo go tshwanela ka batshwani ba bone ba gompieno go ka falola eng?
21 Barekabe ba tlhago ga ba kgonwe go ka kgethololwa gompieno, mme go na le batshwani ba bone ba gompieno. Ke bankane ba ba gaufi-ufi ba Baiseraele ba semoya, bao ba neng ba tshwantshetswa ke Jeremia. Barekabe ba bogologolo ba ile ba falola tshenyo ya Jerusalema yo o tenegileng. Ereka ba ne ba tshwantshetsa “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba “dinku di sele” tsa ga Keresete, go a tshwanela ka batshwantshi bano ba Barekabe go falola “sepitla se segolo” sa lefatshe, seo pontsho ya ntlha ya sone e tla nnang go senya La-Bodumedi, setshwani sa Jerusalema.
22. (a) Go bontshitswe leng lantlha gore Jonadabe o ne a tshwantshetsa setlhopha sa seka-dinku se se neng se tla falola “sepitla se segolo”? (b) Tokololo ya The Watchtower ya April 15, 1935, e ne ya ba laleletsa go tla go eng segolo?
22 Bolumo III ya Vindication, e e golotsweng ka Mantaga, July 18, 1932, kwa Brooklyn, N.Y., e ne e le ya ntlha go bontsha (mo ditsebeng 77-83) gore Jonadabe wa bogologolo o ne a tshwantshetsa setlhopha sa batho ba ba boifang Modimo bao, tlase ga tshireletso ya Modimo, ba neng ba tla feta go ralala “sepitla se segolo” ba ntse ba tshela go tsena mo Tsamaisong e Ntšha tlase ga bogosi jwa ga Keresete. (Dits. 230-233 tsa tokololo ya August 1, 1932 ya The Watchtower) Setlhogo se se kgatlhang sa motlotlo “Didikadike tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa” se ne se akanyetswa go ka dira go bone. Mo go utlwalang, he, tokololo ya The Watchtower ya April 15, 1935, e ne ya dira kitsiso e:
The Watchtower e gopotsa babadi ba yone gape gore kopano ya basupi ba ga Jehofa le Bajonadabe e tla tshwarelwa kwa Washington, D.C., e simolola ka May 30 mme e khutla ka June 3, 1935. Go solofelwa gore masalela le Bajonadabe ba ka go bona go ba tshwanelegela go tla kopanong e. Go fitlha jaanong Bajonadabe ba se bantsi ba nnile le tshiamelo ya go tla kopanong, mme kopano ya kwa Washington e ka nna kgomotso ya sebele le molemo go bone.—Ts. 114.
23. Bajonadabe bao ba ne ba senolelwa eng kwa kopanong ya Washington (D.C.). mme ka jalo kolobetso ya metsi ka letsatsi le le latelang e ne ya akaretsa bontsi jwa bomang?
23 E ile ya itshupa go nna jalo, ka gobo koo ka Labotlhano, May 31, ba ne ba senolelwa gore setlhopha sa ga Jonadabe se ne se tshwana le “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo bonetsweng-pele mo go Tshenolo 7:9-17. Kwantle ga pelaelo bontsi jwa batla-kopanong ba ba 840 ba ba kolobeditsweng ka metsi letsatsi le le latelang bo ile jwa itshupa go nna Bajonadabe kana Barekabe ba ba neng ba tshwantshediwa.
24. Mo go faloleng tshenyo ya Jerusalema ka 607 B.C.E. ditlogolwana tsa ga Jonadabe di ne di tshwantshetsa-pele bomang gape gompieno?
24 Jonadabe wa ntlha o ile a tshela mo lekgolong la dingwaga la bo-10 B.C.E. mme ga a ka a bona tshenyo ya Jerusalema ka 607 B.C.E. Mme ditlogolwana tsa gagwe, Barekabe, bao Jeremia a ileng a ba leka kaga go boloka ikano, ba ile ba itemogelela go wa ga Jerusalema mme ba go falola gotlhelele. Ka ntlha ya go tswa ga bone go Jonadabe, le bone gape ba ne ba tshwantshetsa “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo tla falolang go wa ga La-Bodumedi.—Bona You May Survive Armageddon into God’s New World, ditsebe 64-67.
25. Mo ponong ya ditiragalo tse di tlhomologileng kaga Jonadabe le Barekabe, ke kgothatso efe e e neelwang batshwani ba bone gompieno?
25 Itumeleng, he, lona Bakeresete ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng ba ba neng ba tshwantshetswa ke Barekabe bao ba bogologolo! Lona, jaaka bone, lo tshwanetse go ithiba mo boipelong jo bo feteletseng, mo kobamelong ya maaka le mo go itswakanyeng le lefatshe, lo le dira tsala ya lona. (Yak. 4:4; 1 Yoh. 2:15-17) Nnang lo etsa Jonadabe morwa Rekabe mo go bontsheng tlhoafalo go Jehofa le kganetso go kobamelo ya Baale ya gompieno, gore lo tle lo bone fa Jehofa a nyeletsa La-Bodumedi le bodumedi jotlhe jo bongwe jwa maaka, ka Jehu yo Mogolo bogolo, Jesu Keresete. Ka boikanyegi jo bo tshwanang le jwa Barekabe, isang boineelo jwa lona go Molaodi Morena Jehofa mme lo tseye karolo ya lona mo go atoloseng dikgatlhego tsa bogosi jwa gagwe jo bo galalelang ka Keresete. Seno se tla lo thusa go tshwarelela mo kgololong eo lo e amogetseng gore lo tswe mo lefatsheng le le hutsitsweng le, go fitlha le sa tlhole le leeo. Fa lo dirisa kgololesego ya lona e e segofaditsweng go ya ka thato ya Modimo, ga lo ne lo ‘kgaolwa’ fa a dirafatsa pusolosetso ya gagwe kgatlhanong le lefatshe leno le le bosula le ditsala tsotlhe tsa lone, mme lo tla ema lo amogelwa fa pele ga gagwe le go duelwa ka botshelo mo lefatsheng la paradaise tlase ga bogosi jwa Morwa wa gagwe. Eleruri boipelo jo masalela a setlhopha sa ga Jeremia ka go tseega a tla lo ipelelang ka jone bo tla nna bogolo tota!
(Kakanyetso e e oketsegileng ya boperofeti jwa ga Jeremia e tla tsweletswa-pele go Tora ya Tebelo ya August 1, 1980).
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Phalolo Ya go Wa ga La-Bodumedi