Tsholofetso ya Modimo ya Mmuso wa Ona wa Lefatshe E A Ikanyega
“Yehofa o bua yana: a re, Ha lo ka senya kgōlaganō ea me ea motshegare, le kgōlaganō ea me ea bosigo, gore go se ka ga nna motshegare le bosigo mo metlheñ ea cona; Hoñ le eōna kgōlaganō ea me le Dafide motlhanka oa me, e ka senyèga, a ba a tla a tlhōka ñwana oa mosimane eo o tla busañ setuloñ sa gagwè sa bogosi.”—Yer. 33:20, 21.
1. Ke ka tsela efe lelapa la segosi la ga Kgosi Dafide le itshupang go nna le rekoto e e sa bapisiweng?
LEFATSHE leno ga le ise le bone sengwe se se tshwanang le sone! Eng? Ebu, moralo wa dikgosi mo lelapeng le le lengwe di busa ka dingwaga di le 470 mme morago, morago ga titiyo ya dingwaga di le 2 520, o itseele gape maatla a segosi a a tletseng. Lelapa la rekoto e e sa bapisiweng eo e ne e le la ga Kgosi Dafide wa Jerusalema, rremogolo-golwane wa tshwantshetso wa ga Jesu Keresete yo o ileng a tsalelwa mo lefelong le Dafide a tsaletsweng mo go lona, Bethelehema.
2. Jeremia o ne a le kae ka 608 B.C.E. ka nako ya puso ya kgosi ya bofelo ya moralo wa ga Dafide wa selefatshe, mme ke mang fela yo o neng a ka dirisetswa go tsosolosa puso ya moralo wa ga Dafide?
2 Puso ya ga Dafide godimo ga batho ba gagwe e simolotse ka 1077 pele ga Metlha ya rona e e Tlwaelegileng. Mme fa moperofeti Jeremia a ne a simolola tiro ya gagwe e e letsubutsubu ka 647 B.C.E., moralo wa dikgosi wa ga Dafide wa selefatshe o ne wa tsena mo dingwageng di le 40 tsa bofelo tsa puso kwa Jerusalema. Jeremia e ne e le motshegetsi yo o boikanyo wa tsholofetso e e tlhomameng ya Modimo kaga kgolagano le Dafide ya bogosi jwa bosakhutleng. Lefa go le jalo, ka ngwaga wa 608 B.C.E. Jeremia o ne a iphitlhela tlase ga botshwarwa jwa sesole mo motseng-mogolo wa segosi. O ne a tswaletswe mo Lwapeng lwa Balebedi lo lo neng lo gokagantswe le ntlo ya segosi ya ga Kgosi Sedekia, kgosi ya bo-21 e e ileng ya busa mo moralong wa ga Dafide, fa go balwa go tswa go Dafide ka boene. Puso e e tsweletseng ka dingwaga tse 470 ka moralo wa ga Dafide mo Heberona le Jerusalema wa selefatshe, e ne ya khutla fa Sedekia a ne a digwa ke Bababilona ka 607 B.C.E. Ke Jesu Keresete fela, setlogolwana sa ga Dafide se se boleletsweng pele, yo o neng a ka dirisiwa go tsosolosa bogosi jwa ga Dafide mo tirafatsong ya kgolagano ya Modimo le ene ya bogosi jo bo sa senyegeng.
3. Fa a santse a le mo botshwarong jwa sesole, Jeremia o nnile le puisano ya ka kwantle le mang, mme puisano e e jalo e ile ya simolola jang ka lekgetlo la bobedi?
3 Fa a ne a santse a le tlase ga botshwarwa jwa sesole, moperofeti Jeremia ga a kgona go nna le puisano le Bababilona bao ka nako eo ba neng ba dikanyeditse Jerusalema, mme o ne a kgona go buisana le Modimo wa gagwe, ka gobo re a bala: “Gapè lehoko ya ga Yehofa ya tla mo go Yeremia loa bobedi, a sa nntse a cwalecwe mo lwapeñ loa balebedi, ya re, Go bua yana Yehofa eo o dihañ se, Yehofa eo o se bopañ go tla a se tlhōmamisa, Yehofa ke leina ya gagwè: Mpitsa, me ke tla gu araba, ke gu shupetsa dilō tse dikgolo, le tse di thata, tse u sa di itseñ.”—Yer. 33:1-3.
4. “Dilō tse dikgolo, le tse di thata” e ne e le dife tseo jaanong di neng di tshwanetse go bolelwa?
4 Ke dilo dife? Tsa gore motse wa Jerusalema yo o kwa godimo jaaka thaba o ne o tla kgophiwa go nna lorole mme morago, morago ga go nna lerope ka dingwaga di le 70, o ne o tla agiwa bosha. Go feta moo, o ne o tla nniwa ke batho ba eleng ba ona, bao ba neng ba isitswe botswarwa ka tsela ya boleele jwa dikhilometara di le 1 600! Lefa lemororo moralo wa segosi wa ga Dafide o ne o se kitla o busediwa mo setulong sa bogosi sa selefatshe, lefa go le jalo o ne o tla tswelela ka dingwaga di le 639, go fitlha ka 33 C.E., nako ya go bonala ga moruaboswa wa leruri mo setulong sa bogosi go busa ka metlha le metlha. Moruaboswa yoo o itshupile go nna Jesu Keresete!—Bakol. 1:13.
5. Jehofa Modimo o ne a solofetsa eng maloka le motse wa Jerusalema o o neng o dikanyeditswe ka nako eo?
5 Ke fela Modiri le Mothei wa lefatshe, Modimo yo o laolang dikgang tsa lone, a neng a ka bonela-pele le go solofetsa dilo tse di jalo. O ne a dira jalo. Ka jalo, go sa kgathalesege dipono tsotlhe tse di lotobo tseo babogedi ba ka nnang ba nna le tsone mabapi le phelelo ya dikgang go ntlo ya bogosi ya ga Dafide, ke Jehofa yono fela yo a neng a ka tlhotlheletsa Jeremia go re:
“Gonne Yehofa, Modimo oa Iseraela, o bua yana, a re, Kaga matlo a motse o, le kaga matlo a dikgosi tsa Yuda, a a rutlilweñ go tla ba diha ka aōna dikagō tsa go tilèla ba dimōta tsa ntwa le ba chaka. Baa tla go tlhabana le Bakaladea [ba ba dikanyeditseng], me e be e le go di tlatsa ditoto tsa batho, ba ke ba bolaileñ mo bogaleñ yoa me, le mo cacaregoñ ea me, le ba ke shubetseñ motse o sehatlhōgō sa me ka ntlha ea boikèpō yotlhe yoa bōnè. Bōna, ke tla o leretse go hōla, le phodishō, le bōnè ke tla ba hodisa; me ke tla ba senolèla letlōtlō ya kagishō le boamarure. Me ke tla bosa bochwarō yoa Yuda le bochwarō yoa Iseraela, me ke tla ba aga, yaka ga ntlha. Me ke tla ba ntlahatsa mo boikepoñ yotlhe yoa bōnè, yo ba nteohetseñ ka yōna; ke tla ba ichwarèla maikèpō aotlhe a bōnè, a ba nteohetseñ ka aōna, le a ba ntloletseñ ka aōna. Me motse o [wa Jerusalema], o tla nna mo go nna leina ya boitumèlō, le pakō, le kgalalèlō, ha pele ga merahe eotlhe ea lehatshe, e e tla utlwèlañ molemō otlhe o ke o ba dihèlañ, e e tla boihañ e ba e roromèla molemō otlhe le kagishō eotlhe e ke e ba dihelañ [mo Jerusalema].”—Yer. 33:4-9.
6. Phodiso ya Jerusalema morago ga fa kgalefo le tšhakgalo tsa ga Jehofa di sena go tshelwa godimo ga gagwe e ne e tla nna le phelelo efe mo merafeng, mme ka ntlhayang?
6 Ka go dirisa Bababilona, kana Bakaladea, ba ba neng ba fenya lefatshe, Jehofa Modimo o ne a thololela tšhakgalo yotlhe ya gagwe le kgalefo godimo ga metse ya Bogosi jwa Juda. O ne a tshwanetse go dira jalo, ka gobo Bajuda ba ne ba tlotse melao ya gagwe ebile ba leofetse kgolagano e e dirilweng le borraabone-mogolo. Ka jalo Jerusalema e ne e tshwanetse go senngwa mme ba ba falotseng ba ne ba tshwanetse go isiwa kwa Babilona mme lefatshe le tlogelwe le sena motho le diruiwa. Ke fela bopelotlhomogi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa jo bo neng bo ke, ebile bo ne bo tla diragatsa tokafalo le tsosoloso ya botsogo jaaka motse o o agilweng sesha. Go o fodisa ga ga Jehofa go ne go tla nna mo go sa letelwang ebile go sa tlhaloganngwe ke merafe e eseng ya Bajuda mo eleng gore ba ne ba tla tlala ka poifo ya Modimo yo o jalo yo o dirang dikgakgamatso. Diphelelo tsa seno di ne di tla dira gore merafe eno e roromele.
7. Ke ditiragalo dife tsa botshelo jwa Baiseraele jo bo tlwaelegileng tseo di neng di tla shafadiwa mo mafatsheng a Juda le Benjamine le Jerusalema a a kileng a tlhoka baagi?
7 Lemororo Jerusalema a ne a tla tlogelwa jaaka lerope le le swafetseng ka dingwaga di le 70, lefa go le jalo Jeremia, moperofeti wa Modimo yo o dirang dikgakgamatso yo, o ne a sa bue kaga dilo tse di se kakeng tsa diragala fa a ne a bolelela-pele seo se neng se tla umakiwa ka nako ya fa a dikanyeditswe:
“Yehofa o bua yana: a re, Gapè mo heloñ ha lo buañ kaga gōna, lo re, Go kgakgabetse, go sena motho, go sena kgomo, eboñ mo metsiñ ea Yuda le mo mebileñ ea Yerusalema, e e shwahetseñ, e sena motho, e sena monni, e sena kgomo, Go tla ba go utlwala gōna modumō oa boitumèlō le modumō oa boipelō, lencwe ya monyadi le lencwe ya monyadwi, le lencwe ya ba ba reñ, Bakañ Yehofa oa mashomōshomō, gonne Yehofa o molemō, gonne boutlwèlō botlhoko yoa gagwè bo eme ka bosakhutleñ.
“Le modumō oa ba ba lereñ ditlhabèlō tsa tebogō mo tluñ ea ga Yehofa. Gonne ke tla bosa bochwaro yoa lehatshe yaka ga ntlha, go bua Yehofa.” . . .
“Mo metsiñ ea lehatshe ya makgabana, le mo metsiñ ea kwa sekhutiñ, le mo metsiñ ea Borwa, le mo lehatshiñ ya Benyamina, le mo maheloñ a a mo tikologoñ ea Yerusalema, le mo metsiñ ea Yuda, macomane a tla ba a heta kaha tlhatse ga diatla tsa eo o balañ, go bua Yehofa.”—Yer. 33:10-13.
MMUSI WA LEFATSHE YO O TLANG O SOLOFEDITSWE
8. A phodiso ya Jerusalema ka 537 B.C.E. e tlisitse pusetso ya bogosi jwa ga Dafide, mme ke eng se se neng se santse se le kwa pele?
8 Phodiso ya Jerusalema e simolotse ka 537 B.C.E., mme ga a ka a nna le kgosi ya moralo wa segosi wa ga Dafide. O ile a nna fela le mmusi wa kgaolo ya naga wa moralo wa lotso lwa ga Dafide. Mmusi yo o ne a le tlase ga bogosi jwa Bameda le Baperesia, bafenyi ba Maatla a Lefatshe a Babilona. Go tweng, he, ka kgolagano ya ga Jehofa eo a e dirileng le Kgosi Dafide ya bogosi jo bo sa khutleng mo losikeng lwa ga Dafide? Go sa tlhokomelege nyenyefatso ya nakwana ya moralo wa ga Dafide wa segosi ka nako eo, kgolagano ya ga Jehofa ya Bogosi e ne ya tlhomamisa gore lobaka lo lo galalelang go gaisa bakeng sa moralo wa ga Dafide wa segosi lo ne lo santse lo le kwa pele.
9, 10. Gore se se diragale, Jehofa o ne a solofetsa gore o tla tlhagisa eng mo lelapeng la segosi le le nyenyefaditsweng la ga Dafide?
9 Abo rona gompieno re ka itumelela mo jang! Ka ntlhayang go le jalo? Ka gobo setlhare sa lelapa la segosi sa ga Dafide se ne se remilwe, mme kutu ya sone e ne e sa swa. Modimo yo o Mothatayotlhe o ne a ka e dira gore e tlhagise “Letlhogèlè” leo le neng le tla nna Moruaboswa wa Leruri wa bogosi jo bo solofeditsweng. A re reetseng se:
10 “Bōnañ, metlha ee tla, go bua Yehofa, e ke tla dihatsañ ka eōna lehoko ye le molemō yeuō, ye ke le buileñ kaga ntlo ea Iseraela le kaga ntlo ea Yuda [e e neng e le ya gagabo Dafide]. Mo metlheñ euō, le ka lobaka louō, ke tla tlhogisetsa Dafide Letlhogèlè ya tshiamō; me o tla dihatsa katlholō le tshiamō mo lehatshiñ. Mo metlheñ euō Yuda [lotso lwa ga Dafide] o tla bolokwa, le Yerusalema [morago ga phodiso ya gagwe e e solofeditsweng] o tla nna mo polokegoñ: me ye ke yeōna leina ye o tla bidiwañ ka yeōna, go twe, Yehofa ke tshiamō ea rona.” Leno e nntse e le leina leo Kgosi ya gagwe ya nako e e tlang e neng e tshwanetse go bidiwa ka lone.—Yer. 33:14-16; bapisa Yeremia 23:4-6.
11. “Letlhogèlè” le le solofeditsweng le ile la tlhagisiwa mo bothong jwa ga mang, mme, ka 1914 C.E., o itshupile jang go nna “letlhogèlè” la ga Jehofa ka sebele?
11 A tsholofetso eno e e amanang le mmuso wa lefatshe e ile ya itshupa e le e e ikanyegang? Ee! Lefa lemororo dingwaga tse di fetang 640 di ile tsa feta, sesipi sa lelapa la ga Dafide le le tlositsweng mo setulong sa bogosi, le le tlositsweng serwalo, le le tseetsweng lore se ile sa tlhagisa letlhogela ka nako e e tshwanetseng ya ga Jehofa. Letlhogela le le ne le le mo bothong jwa ga Jesu, yo o neng a tsaletswe kwa motseng wa gagabo Dafide wa Bethelehema le go kolobediwa ke motsamaedipele wa gagwe, eleng Johane Mokolobetsi, mme abo a tlodiwa ka moya wa Modimo ka bonako morago ga foo go nna Moruaboswa wa Leruri wa kgolagano ya Bogosi eo e ileng ya dirwa le Dafide. (2 Sam. 7:4-16; Esek. 21:21-27) Ka sebele o ile a nna “Letlhogèlè” la ga Molaodi Morena Jehofa, gonne, morago ga bokhutlo jwa “metlha e shupa” (dingwaga di le 2 520) ya bolaodi jwa Baditšhaba mo lefatsheng, ka 1914 C.E., Jesu Keresete yo o galaleditsweng o ile a dirisiwa go tsosolosa bolaodi jwa ga Jehofa mo lefatsheng mo tirafatsong ya kgolagano ya Bogosi.—Dan. 4:13-26; Seka. 6:12, 13.
12. (a) Jesu Keresete jaaka letlhogela o supilwe jang go nna “tshiamō”? (b) O ne a fetoga “Morèna” wa ga mang, mme kgololo ya “Yuda” le “Yerusalema” e ne ya dirwa gore e kgonagale jang?
12 Gore “Letlhogèlè” le e ne e le la “tshiamō” Jehofa Modimo o ile a go supa fa a ne a tsosa Jesu Keresete mo losong lwa moswela-tumelo mo letsatsing la boraro mme a mo tsholeletsa kwa letsogong le eleng la Gagwe le legolo kwa magodimong. Ka gona Jesu Keresete, lemororo a kile a nna ‘morwa Dafide’ wa selefatshe, o ile a nna “Morèna” wa ga Dafide. (Pes. 110:1-4; Math. 22:41-45) Fa a ne a tlhatlogela morago kwa letsogong le legolo la ga Rraagwe wa selegodimo, o ne a tshotse tlhwatlhwa ya setlhabelo sa gagwe se se itekanetseng sa botho. Ka gona o ne a ka tlisa poloko go “Yuda,” eo motse-mogolo wa yone e neng e le “Yerusalema.” Eleruri, he, Jesu o ile a dira gore bogosi jwa ntlo ya ga Dafide bo tlhoge gape!—Tshen. 22:16.
13. (a) Ke Jerusalema ofe yo ga jaanong a nnang mo polokegong? (b) Leina “Yehofa ke tshiamō ea rona” le supela go “tshiamō” ya bomang, mme ke ka ntlhayang leina lone leo ka tshwanelo le dira gape go yo o bidiwang “Letlhogèlè”?
13 Jesu Keresete o bidiwa “tau, eo o leñ oa locō loa Yuda, Mocwe oa ga Dafide.” (Tshen. 5:5) Ka ntlha ya go gana le go dira gore ‘Tau ya lotso lwa Juda’ e e bolawe, Jerusalema wa selefatshe ga wa ka wa “nna mo polokegoñ,” mme o ile wa senngwa ka 70 C.E. (Math. 23:37, 38; Luke 21:24) Lefa go le jalo, Jerusalema yo o kwa godimo bogolo, “Yerusalema oa selegodimo,” eleruri o ipelela polokesego e e jalo, gonne bana ba gagwe ba semoya, balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu Keresete ba ba 144 000, ba nntse mo polokesegong tlase ga tlhokomelo ya ga Jehofa. (Baheb. 12:22; Bagal. 4:26-28) “Yerusalema o o kwa godimo” o eleruri ke phuthego e e bidiwang “Yehofa ke tshiamō ea rona.” Ereka e le kgang ya “Tshiamō ea rona.” eseng, ‘Tshiamo ya me,’ go supelwa go bana ba ba 144 000 ba semoya ba Jerusalema wa selegodimo, ka gobo Jehofa eleruri o siamisa bano kana o ba kaya ba le tshiamo ka ntlha ya molemo wa setlhabelo sa ga Keresete. Leina la ga Jesu Keresete jaaka “Letlhogèlè” gape ke “Yehofa ke tshiamō ea rona,” ene e le moemedi wa balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba 144 000.—Yer. 23:5, 6; bona gape le 1 Bakorintha 1:30, 31; Baroma 3:21, 22.
14. Ereka Keresete le phuthego ya bankane ba gagwe ba bidiwa ka leina leo, mmuso wa Modimo o o tlang o tlhomamisa go nna mmuso wa mofuta ofe?
14 Ka Kgosi e e tloditsweng le phuthego ya gagwe e e kopantsweng ba bidiwa ka leina le le jalo le le neilweng ke Modimo, mmuso wa Modimo o o tlelang setho sotlhe o tlhomamisa go nna mmuso wa mofuta ofe? Mofuta ope fela faese mmuso o o siameng. Abo re ka lebogela seo jang!
GO IKANYEGA GA TSHOLOFETSO YA BOMODIMO
15, 16. (a) Go ya ka Yeremia 33:17, 18, Jehofa ga a ne a tlhaela go nna le batlhanka bafe ba semmuso? (b) Ke bomang ba ba tla tlatsang maemo ao a semmuso, mme ba tla direla Jehofa kae?
15 Jehofa Modimo o tla nna gape le mofuta o o tshwanetseng wa boperisiti jo bo tsamaisanang le Bogosi jwa gagwe jo bo solofeditsweng. O re dira gore re ikutlwe re tlhomamisegile kaga se fa a ne a tlaleletsa mafoko otlhe a a umakilweng fa godimo ka go re: “Gonne Yehofa o bua yana: a re, Dafide ga a ketla a tlhōka monna gopè eo o dulañ mo setuloñ sa bogosi sa ntlo ea Iseraela; Le gōna baperisiti ba Balefi ga ba ketla ba tlhōka monna ha pele ga me eo o isañ dichupèlō tse di hisiwañ, le eo o hisañ diromololō, le eo o dihañ setlhabèlō ka galè ka galè.”—Yer. 33:17, 18.
16 A go kaya sengwe, he, gore fa esale go senngwa ga Jerusalema o o tsosolositsweng ka 70 C.E. ga go ise go nne tempele epe ya ga Jehofa e e bonalang mo lefatsheng le gore gape ga go tokololo epe e e ka kgethololwang ya lotso lwa Lefi le ya ntlo ya mogoloa Moshe Arone go direla mo tempeleng e e jalo? Ga go kaye sepe! Ka gobo Jehofa jaanong o na le Jesu Keresete le balatedi ba gagwe ba ba tlhophilweng bao ba tloleditsweng boperisiti jwa semoya ka moya wa Modimo, jaaka Moperisiti yo Mogolo le baperisiti ba babotlana bao ba neng ba tshwantshediwa ke baperisiti ba bogologolo ba Balefi mo Iseraela. Magodimo koo Modimo o ntseng mo setulong sa bogosi teng ke Boitshepo jwa Maitshepo jwa tempele ya semoya eo mo go yone boperisiti jo bo direlang.—Baheb. 9:24; 1 Pet. 2:9, 10.
17. Fela jaaka re sa kgone go thibela motshegare le bosigo go ka diragala, ka jalo ga re ne re thibela Jehofa mo go direng eng maloka le bogosi le boperisiti?
17 Ka jalo, ka nako tsotlhe ditsholofetso tsa Modimo di ile tsa itshupa go nna boikanyo, mme di santse di tla nna di itshupa go nna boikanyo go rona batho. Reetsa: “Yehofa o bua yana: a re, Ha lo ka senya kgōlaganō ea me ea motshegare, le kgōlaganō ea bosigo, gore go se ka ga nna motshegare le bosigo mo metlheñ ea cona; Hoñ le eōna kgōlaganō ea me le Dafide motlhanka oa me, e ka senyèga, a ba a tla a tlhōka ñwana oa mosimane eo o tla busañ mo setuloñ sa gagwè sa bogosi: le eōna kgōlaganō ea me le Balefi ba baperisiti, badihedi ba me. Yaka bontsintsi yoa legodimo bo sa kake yoa balwa, leha e le moshawa oa lewatlè go lekañwa; ke tla ntsihatsa losika loa ga Dafide motlhanka oa me yalo, le Balefi ba ba ntihèlañ.”—Yer. 33:20-22.
18. Jehofa o ile a boloka kgolagano ya gagwe mabapi le boperisiti e ntse e tswelela ka lobaka lo lo kae morago ga motlha wa ga Jeremia, go fitlha fa go goroga mang?
18 Ka gangwe fela fa letsatsi le ne le ka emisa go phatsimela lefatshe la rona le lefatshe leno le emisa go dikologa mo aseng ya lone, he Jehofa o ne a tla roba dikgolagano tsa gagwe kaga Dafide le Balefi. Modimo Mothatayotlhe o bile a ntsifatsa “losika” lwa ga Dafide go ralala dingwaga tse di neng tsa latela tse 600 le go feta go fitlha Moruaboswa wa gagwe wa Leruri, Jesu Keresete, a goroga. Yo o nnile yo o neng a tshwantshetswa ke moperisiti yo mogolo Arone mme gape o nnile moperisiti mo setulong sa gagwe sa bogosi sa selegodimo, jaaka Melekisideke. (Pes. 110:1-4; Gen. 14:18-20; Seka. 6:13; Baheb. 6:20–7:3) Ka gone Jehofa o ile a dirolola tse di neng di bonala jaaka dikotsi tsa tlhago go Jerusalema le tempele ya yone mme a dira gore dikgolagano tsa gagwe di tswelepele.
19. Jehofa o ne a ka roba kgolagano ya gagwe ya bogosi jwa bosakhutleng fa fela go ne go ka emisa tiragalo efe e e tlwaelegileng maloka le lefatshe la rona?
19 Ka sekai, fa batlhabani ba Bababilona tlase ga Kgosi Nebukadenesare ba ne ba dikanyeditse Jerusalema ka lekgetlo la bobedi, pego e e latelang e ile ya dirwa: “Me lehoko ya ga Yehofa ya tla mo go Yeremia, ya re, A ga u akanye se batho ba, ba se buileñ, ba re, Ditshika tse pedi tse Yehofa o kileñ a di itshenkela, o di latlhile? boo ba nyatsa batho ba me yalo, gore ba se ka ba tlhōla ba nna morahe ha pele ga bōnè. Yehofa o bua yana: a re, Ha kgōlaganō ea me ea motshegare le ea bosigo e sa èma, ha ke sa tlhōma melaō ea legodimo le lehatshe; Hoñ le gōna ke tla latlha losika loa ga Yakobe, le loa ga Dafide motlhanka oa me, ke ba ke tla ke gana go tsaea ba losika loa gagwè go nna babusi ba losika lao ga Aberahame, le Isake, le Yakobe; gonne ke tla diha gore bochwarō yoa bōnè bo bosiwè, me ke tla ba utlwela botlhoko.”—Yer. 33:23-26.
20. Go diragetse eng mo motlheng wa ga Jeremia seo se dirileng gore go bonale ekete Jehofa o ne a se kitla a nna le bogosi mo lefatsheng kana go nna le kobamelo ya gagwe e tsweletswa-pele?
20 Mo ngwageng o o latelang boperofeti joo, Jerusalema o ile a tsenelelwa le go senngwa. Bafalodi ba Bajuda ba ile ba tseelwa botshwaro mme bontsi jwa bone bo ile jwa isiwa kwa kgakala-kgakala kwa Babilona. Go ile ga bonala ekete Jehofa eleruri o ganne “ditshika tse pedi” tseo a kileng a di tlhopha. Boemo bo ne bo bonala bo tlhobogilwe go bobedi lelapa la ditlogolwana tsa segosi tsa ga Dafide le lelapa la baperisiti leo le tswileng mo go Arone, moperisiti wa ntlha yo mogolo wa Iseraela. Mo phapaanong le seo Mmopi wa legodimo le lefatshe a se buileng, go ile ga bonala ekete Jehofa o robile dikgolagano tsa gagwe mabapi le lelapa la segosi le lelapa la boperisiti. E ne e le kgang ya gore a go ne go tla ke go nne gape bogosi jwa ga Jehofa godimo ga lefatshe kana tsosoloso ya kobamelo ya gagwe ya boammaaruri mo go lone!
21. Jehofa o itshupile jang go nna tlhomamo kaga go boloka dikgolagano, ka molemo go Baiseraele ba ba tshwerweng?
21 Lefa go le jalo, fa esale ka nako ya kotsi e kgolo eo ya bomorafe, motshegare le bosigo le melao ya legodimo le ya lefatshe ga di ise di ke di emise go dira. Ka jalo Mmopi yo o sa robang dikgolagano tsa gagwe mabapi le dilo tse di sa tsheleng tseo tsa lobopo o ne a se kitla a tshwanela go ka letelwa gore a ka roba dikgolagano tsa gagwe tse di dirilweng le dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale kaga bogosi jwa gagwe le kobamelo ya gagwe e e itshekileng. Ebile ga ise a dire jalo! Tota o bile a nna le kutlwelo-botlhoko mo lotsalong lwa ga Aberahame, Isake le Jakobe. Morago ga dingwaga di le 70 tsa botshwaro ba ile ba phuthelwa kwa nageng ya bone gape eo ba e neilweng ke Modimo.
22. Modimo o dirafaditse kgolagano ya gagwe go batho ba ba buseditsweng bano maloka le “letlhogèlè ya tshiamō” jang, mme seno se supa eng mabapi le tsholofetso ya Modimo?
22 “Letlhogèlè ya tshiamō,” Jesu Keresete, le ne la tla go batho bano ba ba buseditsweng makgolo a dingwaga a le 19 a a fetileng. Loso lwa gagwe lwa moswelatumelo ka 33 C.E. ga lo a ka lwa senya kgolagano ya Modimo, ka gobo Modimo o ne wa mo galaletsa kwa magodimong. Koo, a rialo, “Ke tshedile ka bosakhutleñ.” (Tshen. 1:18) O ile a tshela go fitlha Jehofa a mo tlhoma jaaka Kgosi mo mmusong wa lefatshe o o solofeditsweng. Tsholofetso ya Modimo kaga se e ile ya ikanyega!
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Fela jaaka ka tlhomamo letsatsi le tlhaba tsatsi lengwe le lengwe Modimo o tla boloka tsholofetso ya ga gagwe