Go Ikamogelela Molemo go “Motsereganyi . . . a le Moñwe Hèla ha Gare ga Modimo le Batho”
1. (a) Ka ntlhayang Bajuda gompieno ba sa kgatlhegele kgolagano e ntšha? (b) Ke mang fela a le esi a ka tlhamang kgologano e ntšha le motsereganyi wa yone?
GOMPIENO ga go ope wa merafe e le 152 e e bopang lekgotla la Merafe e e Kopaneng o o kgatlhegelang go dira kgolagano le Jehofa, Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakoba. Nnya, tota le eseng Bajuda ba le 15 000 000 bao ga jaanong le faletseng le lefatshe. Go sa tlhokomelege boperofeti jwa ga Yeremia 31:31-34, ba tlhopha go dumela gore ba santse ba le kafa tlase ga kgolagano ya Molao e kgologolo e e neng ya tsereganngwa ke Moshe. “Gonne e rile ka ba sa itse tshiamō ea Modimo, me ba senka go tlhōmamisa e e leñ ea bōnè [ka go gagamalela go boloka kgolagano ya Molao], ga baa ka ba ineèla mo tshiamoñ ea Modimo,” e ba neng ba ka e bona ka kgolagano e ntšha. (Bar. 10:1-3) Jehofa, Modimo wa tshiamo ya boammaaruri, o ile a akantsha kaga kgolagano e ntšha. E ne e le ene esi a neng a ka e tlhomamisa le go tlhopha motsereganyi yo o tshwanetseng bakeng sa yone.
2. Jehofa o ile a bolela gore o tla tlhomamisa kgolagano e ntšha le bomang, mme o ne a tla dirang ka yone maloka le boikepo jwa bone le boleo le kitso ya bone ka ene?
2 “Bōnañ, metlha ee tla, go bua Yehofa, e ke tla dihañ kgōlaganō e ncha ka eōna le ba ntlo ea Iseraela, le ba ntlo ea Yuda: . . . Me kgōlaganō e ke tla e dihañ le ba ntlo ea Iseraela moragō ga metlha euō ke e, go bua Yehofa; ke tla tsenya molaō oa me mo teñ ga bōnè, ke o kwala mo peduñ tsa bōnè; ke tla nna Modimo oa bōnè, le bōnè ba tla nna batho ba me: Me ga ba ketla ba tlhōla ba ruta moñwe le moñwe oa ga gabo, le moñwe le moñwe ñwana oa ga rragwè, ba re, Itse Yehofa; gonne ba tla nkitse botlhe hèla, go simolola ka eo mmōtlana go ea go eo mogolo mo go bōnè, go bua Yehofa: gonne ke tla ba ichwarèla boikèpō yoa bōnè, le boleo yoa bōnè ga nketla ke tlhōla ke bo gakologèlwa gopè.”—Yer. 31:31-34.
3. Ke ponalong ya ga mang nako ya kgolagano e ntšha e ileng ya ikaega, mme a se se ile sa kopanyeletsa Moshe?
3 Jehofa o ile a dira kgolagano e ntšha eo le “ba ntlo ea Iseraela, le ba ntlo ea Yuda” leng? Nako ya se e ile ya ikaega godimo ga motsereganyi yo Jehofa a neng a tla mo tlhophela kgolagano. Moshe o ne a sa tshwanela go ka tsosiwa baswing e le gore a ka tsereganya kgolagano e ntšha. O ne a se kitla a nna thuso epe go bao ba leng kgolaganong e ntšha go na le ka moo a neng a le ka teng go Iseraele.
4. Go ya ka seithuti sa Mohebera sa morutisi wa Mofarisai Gamaliele, motsereganyi wa Modimo ke mang wa kgolagano e ntšha?
4 Ga re a tlogelwa re na le pelaelo epe tebang le gore motsereganyi yo o neng a tlhokafala o ile a itshupa go nna mang. Mono re retologela lekwalong le le tlhotlheleditsweng le le kwaletsweng Bahebera ke Mohebera, ke seithuti sele se se neng se tlwaetse go nna fa dinaong tsa morutisi wa Mofarisai yo o itsegeng wa lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, eleng, Gamaliele. A bontsha pharologano magareng a Moshe le motsereganyi yo mosha, o tswelela ka go re: “Hèla yaka Moshe a laiwa ke Modimo yale, ka a tloga a diha motlaagana: gonne oa re, Bōna, u dihè dilō cotlhe kaha sekaoñ se u se bontshicweñ kwa thabeñ [ya Sinai]. Me yanoñ, èna o bonye tihèlō e e gaisañ, yaka a bile a le motsereganyi oa kgōlaganō e e molemō bogolo, e e theilweñ mo dipoleloñ tsa choloheco tse di molemō bogolo.” (Baheb. 8:5, 6) “Yesu motsereganyi oa kgōlaganō e ncha, le mo madiñ a kgachō a a itseñ go bua go gaisa a Abele.”—Baheb. 12:24.
5. Ke jang Jesu, pele ga loso lwa gagwe, a ileng a bontsha gore o lemoga gore nako e setse e tsile ya gore kgolagano ya Molao e kgologolo e tseelwe sebaka ke kgolagano e ntšha?
5 Jesu o ile a lemoga gore nako e ne e tlile bakeng sa Jehofa go tseela kgolagano ya Molao ya ga Moshe sebaka ka Kgolagano e ntšha. Ka jalo, sigong jwa Tlolaganyo pele ga loso lwa gagwe ka Labotlhano, Nisane 14, 33 C.E., o ile a simolola segopotso sa loso lwa gagwe lwa setlhabelo. Fa a ne a tsaya senwelo sa Segopotso, o rile go baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba le lesome le motso: “Nwañ lotlhe ga shōna; Gonne se ke madi a me a kgōlaganō e ncha, a a chololèlwañ ba le bantsi go tla ba ichwarèlwa dibe.” (Math. 26:27, 28) Kana, jaaka moaposetoloi Paulo a sobokanya mafoko a ga Jesu: “Senwèlō se ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me: dihañ mo ka galè ha lo se nwa, go nkgopola ka gōna.” (1 Bakor. 11:25) Ka dikarolo tsa malatsi a mararo o ne a sule mo phupung mme o ne a sa kgone go dira jaaka motsereganyi wa kgolagano eo e ntšha.
6. Bakeng sa go diragatsa mafoko a Modimo mo kgolaganong e ntšha kaga go itshwarela boikepo le go sa tlhole a gakologelwa boleo, ke eng seo se neng se tla tlhokafala?
6 Lemororo Yeremia 31:31-34 e sa go umaka, lefa go le jalo setlhabelo se ne se tlhokafala go tsenya kgolagano e ntšha mo tirisong. Setlhabelo se ne se tlhokafala ka gobo, mo polelong ya kgolagano e ntšha, Modimo o rile: “Ke tla ba ichwarèla boikèpō gopè.” (Yer. 31:34) Madi a diphologolo a ne a dirisiwa mo go diriweng ga kgolagano ya Molao ya ga Moshe ya bogologolo, le bakeng sa maikaelelo a go phepafatsa. Mo tumalanong le se, motsereganyi Moshe “a kgatshe yalo motlaagana le dilwana cotlhe tsa tihèlō ka madi. Me kaha molaoñ, ekete nka re, dilō cotlhe di ntlahadiwa ka madi; me kwa ntlè ga go cholola madi ga go na boichwarèlō.” (Baheb. 9:21, 22) Molemo wa madi a botshelo a ga Jesu o ne o santse o le mo go ene fa a ne a tsosiwa mo baswing ka Sontaga, Nisane 16, 33 C.E. Se ke se Bahebera 13:20 e se supang fa e re: “Modimo oa kagishō o . . . bositse Modisa eo Mogolo oa dinku mo bashwiñ, ka madi a kgōlaganō e e sa khutleñ, eboñ Morèna oa rona Yesu.”—Yoh. 10:11.
7. Ka gobo Keresete o ile a neela setlhabelo se se botoka bakeng sa kgolagano e ntšha, madi a gagwe a dirang maloka le segakolodi mme gape mo boemong jwa “ba ba bidicweñ”?
7 Ka gobo kgolagano e ntšha e ile ya dirwa gore e dire ka setlhabelo se se botoka, Bahebera ba ba neng ba fetogile Bakeresete ba ile ba bodiwa: “Go golo yañ madi a ga Keresete, eo o rileñ a ikisetsa Modimo setlhabèlō ka esi ka Mōea o o sa khutleñ, a sena bogōlè, bogolo yañ madi a, a tla tlhapisa segakolodi sa lona a tlosa ditihō tse di shuleñ, gore lo dihèlè Modimo o tshedileñ!” Ka gobo madi a ga Keresete eleruri a na le maatla a a ntseng jalo a go re ntlafatsa mo boleong jo bo re atlholang, re bala ka mo go latelang: “Ena ke motsereganyi oa kgōlaganō e ka ntlha ea gōna mouō; gore e tle e re ka losho loñwe lo dihahetse, loa thèkololō ea ditlolō tsa motlha oa kgōlaganō ea pele, bōnè ba ba bidicweñ [ke Modimo] ba tlè ba amogèlè polèlō ea choloheco ea boshwa yo bo sa khutleñ.” (Baheb. 9:14, 15) Mme madi a ga Keresete a ile a simolola leng go ntlafatsa digakolodi tsa Bahebera bao ba ba fetogileng Bakeresete ba ba neng ba le kafa tlase ga “kgōlaganō ea pele,” kgolagano ya Molao eo e neng e tsereganngwa ke Moshe kwa Thabeng ya Sinai?
8. Madi a ga Keresete a simolola leng go ntlahatsa digakolodi tsa Bahebera ba ba dirilweng Bakeresete bao ba neng ba le kafa tlase ga kgolagano ya Molao e e fetileng?
8 Eseng ka nako ya tsogo ya ga Keresete go tswa baswing, mme ka letsatsi la bo50 go tloga foo. Ke gore, ka letsatsi la Pentekoste morago ga fa a sena go tlhatlogela kwa legodimong le go tsena mo bogoneng jwa Modimo “go tla a bonalèla rona yanoñ ha pele ga sehatlhōgō sa Modimo.”—Baheb. 9:24.
9. Ka letsatsi la Pentekoste ha Petere a ne a bolelela Bajuda ba ba neng ba tlhabiwa ke digakolodi gore boitshwarelo jwa dibe tsa bone bo ne bo ka nna teng haele gore ba kolobediwa mo leineng la Jesu Keresete, seo se supileng maloka le dikgolagano?
9 Mo letsatsing leo la Pentekoste moaposetoloi Petere o ile a neela Bajuda le basokologela Sejudeng ba ba rupileng puo eo e tlhabileng digakolodi tsa bone. “Re tla dihan?” ba botsa. Petere a fetola: “Ikwatlhaeeñ, me a moñwe le moñwe oa lona a kolobelediwè boichwarèlō yoa dibe tsa lona mo ineñ ya ga Yesu Keresete; me lo tla amogèla nèō ea Mōea o o Boitshèpō.” (Dit. 2:37, 38) Tsholofetso e ya boitshwarelo jwa maleo a bone ao ba a ikwatlhaetseng e ne ya supela sengwe. Eng? Gore kgolagano e ntšha ya Modimo ka paakanyetso ya yone ya boitshwarelo jwa maleo e ne e simolotse go dira gone ka letsatsi leo, ereka kgolagano ya Molao wa ga Moshe e kgologolo e ne e kokotetswe mo thupeng ya loso ya ga Jesu Keresete!—Baef. 2:15, 16; Bakol. 2:14; Baheb. 8:8-13; Yer. 31:34.
10. Petere o gateletse jang bonnete jo kaga dikgolagano malatsi a sekae moragonyana ha a bua le Bajuda ba ba molato kwa tempeleng ya Jerusalema?
10 Bonnete jo jo bo tshwanang bo ile jwa gatelelwa malatsi a se makae moragonyana. Petere ka nako eo o ile a re phuthegong ya Bajuda ba ba molato wa madi kwa tempeleng: “Me ke gōna, ikwatlhaeeñ, lo shokologè, gore dibe tsa lona di phimolwè, gore go tlo go tlè metlha ea thudishō yalo, e e cwañ ha pele ga Morèna; Le gore a romè èna Keresete eo o lo laolecweñ, eboñ Yesu: Eo legodimo le nañ le go mo chola go bo go tla go hitlha le metlha ea chosholoshō ea dilō cotlhe, e Modimo o buileñ kaga eōna ka molomo oa baperofeti ba ōna ba ba boitshèpō, ba ba saleñ ba leeō le kwa tshimologoñ ea lehatshe.” Labofelo Petere a konela puo ya gagwe ka gore: “E rile Modimo o sena go cosa Motlhanka oa ōna, oa mo roma kwa go lona pele go lo segōhatsa, ka go shokolola moñwe le moñwe oa lona mo maikepoñ a gagwé.”—Dit. 3:19-21, 26.
“MOTSEREGANYI” GO BA LE BONTSI JO BOKAE?
11. Mabaka a bontshang tebang le gore a ekane e ne e le matlu a tlholego, le a nama a Iseraele le Juda ao Modimo o dirileng kgolagano e ntšha le one?
11 Lefa go le jalo, a Modimo o ne o dira kgolagano e ntšha le “ba ntlo ea Iseraela” ba tlholego, ba nama le “ba ntlo ea Yuda” ba tlholego, ba nama? Seo se ne se tla kgonagala jang, ereka Bajuda ba tlholego ba matlo ao a mabedi ba ile ba gana ka bosetlhogo Motsereganyi wa nako e e tlang wa kgolagano eo e ntšha mme, jaaka morafe, ba ne ba keteka modiro wa Pentekoste ka letsatsi le le tlhomilweng kwa tempeleng mo Jerusalema? Modimo o ne o se kake wa dira jalo. O ne a gopotse go dira kgolagano e ntšha le Iseraele wa Bokeresete yo o tsetsweng sesha, Iseraele wa semoya, a tsalwa ka letsatsi lona leo la Pentekoste fa ‘moya o o boitshepo o wela godimo’ ga barutwa ba ba kolobeditsweng ba Jesu Keresete, ekane ba le 120. (Dit. 11:15) Bano ba ne ba letile, eseng kwa tempeleng, mme kwa kamoreng e e kwa godimo mo Jerusalema. Koo barutwa bao, ba setse ba kolobeditswe mo metsing, ba ile ba tsalwa ka moya wa Modimo go fetoga bana ba ona ba semoya, “Iseraela oa Modimo.” Jaaka ba ba jalo ba ile ba tsenyelediwa mo kgolaganong e ntšha ka Motsereganyi wa selegodimo, Jesu Keresete, Moperofeti yo mogolo go na le Moshe.—Dit. 2:1-36; Yoele 2:28, 29; Yoh. 3:3, 5; Bagal. 6:16.
12. Mo tumalanong le tsamaiso ya thulaganyo ya Modimo, botsereganyi jwa ga Jesu Keresete bo ile jwa atolosiwa jang mo ngwageng o o latelang Pentekoste eo?
12 Ka jalo Jesu Keresete kwa legodimong ke Motsereganyi magareng a Modimo le Baiseraele ba semoya, fa ba ba santse ba le mo nameng jaaka banna le basadi. Le eleng mo ditekanyetsong tsa botokololo tsa “morahe o o boitshèpō” o monnye o botsereganyi jwa ga Jesu Keresete bo atologile, gonne Modimo o ile a latela thulaganyo e e rileng mo go amogeleng ditlhopha tsa batho go tsena mo kgolaganong e ntšha. Ka gone, ekane e le ngwaga go tswa ka Pentekoste ya 33 C.E., Jesu e ne e le Motsereganyi wa Baiseraele bao ba semoya bao e neng e le Bajuda ba nama kana basokologela Sejudeng ba ba rupileng. Ekane ba le 3 000 ba bano ba ile ba okelediwa go Iseraele wa semoya ka tsatsi leo la Pentekotse, ka 33 C.E. (Dit. 2:10, 37-41) He, gongwe mo ngwageng o o latelang (34 C.E.) ka ntlha ya phelelo e e bosula ya pogiso e e neng e dirwa ke Saulo wa Tareso, “mahoko a a molemō” kaga Keresete a ile a rerwa mo Samaria mme moya o o boitshepo ‘wa wela godimo’ ga badumedi ba ba kolobeditsweng koo. (Dit. 8:15-17) Go tloga foo go ya pele botsereganyi jwa ga Jesu jwa godisediwa go solegela Baiseraele ba semoya molemo bao e neng e le banna le basadi ba Samaria, Basamaria.
13. Dingwaga di le pedi morago ga kamogelo ya Basamaria, ke jang Jesu a ileng a fetoga motsereganyi setlhopheng sa boraro sa Baiseraele ba semoya, mme ke jang Bajuda ba ba dirilweng Bakeresete kwa Jerusalema ba ileng ba dumela se?
13 Jaanong go ne go fetile dingwaga di le pedi. Labofelo, ka gwetla ya 36 C.E., kana dingwaga di le tharo le sephatlo morago ga loso lwa ga Jesu le tsogo, a simolola go nna motsereganyi setlhopheng sa boraro sa Baiseraele ba semoya, bao ba tserweng go Baditšhaba ba ba sa rupang, go simolola ka molaodi wa mophato wa Motadiana, Korenelio. Morago ga gore moaposetoloi Petere a bege phetogo e ya ditiragalo e e gakgamatsang go Bajuda ba ba dirilweng Bakeresete kwa Jerusalema, a re: “Yalo Badichaba [ba ba sa rupang] le bōnè, Modimo o ba neile boikwatlhaō yoa go bōna botshelō.”—Dit. 8:1 go ya go 11:18.
14. Paulo o ile a bolelela bagolwane ba Efeso eng kaga go rera ga gagwe boikwatlhao tebang le Modimo, mme jaanong o ne a direla kgatlhego tsa kgolagano efe jaaka modiredi?
14 Go feta dingwaga di le 20 morago ga foo, Paulo o ne a santse a direla jaaka moaposetoloi wa baditšhaba mme o ne a wetsa loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa. Mo tseleng ya gagwe go boela kwa Jerusalema o ile a fapogela mo Meleto mme a buisana le bagolwane ba phuthego ya Efeso, Asia Minor. O ile a ba bolelela kafa a dirileng ka gone are: “Ka shupetsa Bayuda le Bagerika tlhabologèlō Modimoñ, le tumèlō mo go Morèna oa rona Yesu Keresete. Me yana, bōnañ, ke ètèla kwa Yerusalema, ke pitlaganye mo moeeñ.” (Dit. 20:21, 22) Jaanong o ne a sa tlhole a direla jaaka Mofarisai mo kgatlhegong ya kgolagano ya Molao wa ga Moshe e kgologolo. Bogolo, jaaka a kwala go 2 Bakorintha 3:5, 6, “e señ go re, re lekanye ka rosi go kaea sepè yaka ekete se cwa mo go rona; me go lekana ga rona go cwa mo Modimoñ; O le ōna o re neileñ go lekana yaka re le badihedi ba kgōlaganō e ncha; e señ ea ditlhaka tsa lokwalō hèla, me e le ea mōea: gonne ditlhaka tsa lokwalō dia bolaea, me mōea oa tshedisa.”
15. Ha a bua ka “badihedi ba kgōlaganō e ncha,” Paulo o ile a akaretsa bomang mo leemeding “rona,” mme a bano e ne e le bontlhanngwe jwa Lekgotla la Botsereganyi magareng a Modimo le batho?
15 Moaposetoloi o ne a kaya bomang mono ka leemedi “rona”? Mo ketapeleng lekwalong la gagwe o kgetholola gore ke bomang bao ba kopanyelediwang go “rona,” ka go re: “Ke nna Paulo, moaposetoloi oa ga Keresete Yesu ka go rata ga Modimo, ke na le Timotheo mokauleñwe oa rona: Re kwalèla phuthègō ea Modimo e e kwa Korintha.” (2 Bakor. 1:1) Jalo, ka bobedi Paulo le Timotheo e ne e le “badihedi ba kgōlaganō e ncha; . . . e le ea mōea.” Ka tlhaloso e Paulo o ne a sa kaye gore ene le Timotheo e ne e le Lekgotla la Botsereganyi, ba abalana botsereganyi le Jesu. Nnya, bone ka bobone e ne e le Baiseraele ba semoya fela bao Jesu a ba diretseng jaaka Motsereganyi wa Modimo. Jesu a le esi ke “motsereganyi oa kgōlaganō e ncha.”—Baheb. 12:24.
16, 17. Go 1 Timotheo 1:20 go ya go 2:7, ke ka tsela efe Paulo a yang ntlheng ya go umaka Keresete Jesu jaaka motsereganyi?
16 Fa a ne a kwalela Timotheo ka tlhamalalo, Paulo o ya ntlheng ya go umaka botsereganyi jwa ga Jesu jaaka a tswelela ka go re: “Ba Humenaio le Alekesandere e leñ ba bōnè; ba ke ne ke ba neèla Satane, gore ba rutwè go lesa go tlhapatsa Modimo. Ke gōna, sa ntlha, ke laea go re, a mekokotlèlō, le merapèlō, le merapèlèlō, le malebogō, a dihèlwè batho botlhe [mme eseng go akaretsa Humenaio le Alekesandere batlhapatsi]; A a dihèlwè dikgosi le botlhe ba ba leñ bagolo; gore re ke re tshelè mo boiketloñ le mo tidimaloñ, ka poihōmodimo eotlhe le ka tshisimogō.
17 “Go mo go molemō, go bile goa lebosèga mo matlhoñ a Modimo Moreboloki; O o ratañ gore batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure. Gonne go Modimo o le moñwe hèla, go bile go motsereganyi le èna a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho, motho ka esi, Keresete Yesu, eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe; e le chupō e e tla shupiwañ mo metlheñ ea eōna; E ke laolecweñ go nna moreri le moaposetoloi oa eōna, moruti oa Badichaba [ba ba sa rupang] mo tumeloñ le mo boamarureñ—ke bua boamarure, ga ke ake.”—1 Tim. 1:20 go ya go 2:7.
18. (a) A Paulo ka jalo o ne a kgothaletsa Timotheo go dira jaaka motsereganyi magareng a Modimo le basimegi bao ba batho? (b) Ke bomang bao ba neng ba tla ikamogelela molemo mo ditopong tseo mo Modimong malebana le basimegi ba ba ntseng jalo ba batho?
18 Ka gone Paulo o kgothaditse gore “mekokotlèlō, le merapèlō, le merapèlèlō” e direlwe “dikgosi le botlhe ba ba leñ bagolo.” Mme fela o ne a sa kgothaletse Timotheo go dira jaaka motsereganyi magareng a Modimo le basimegi bao ba batho. Go sokololwa ga ba simegi ba ba ntseng jalo ba batho Bokereseteng go ne go sa tshwanela go nna tlhotlheletso kafa morago ga “mekokotlèlō, le merapèlō, le merapèlèlō” eo. Tota, ke bomang, bao ba neng ba tshwanetse go ikamogelela molemo mo ditopong tse di ntseng jalo tse di kaelwang mo Modimong? Boikaelelo fa morago ga dikemelo tse di ntseng jalo mo Modimong e ne e le bofe? “Gore [rona Bakeresete ba ba etsang Paulo le Timotheo] re ke re tshelè mo boiketloñ le mo tidimaloñ, ka poihōmodimo eotlhe le ka tshisimogō.”—1 Tim. 2:2.
19. Go tshela botshelo jo bo ntseng jalo jwa bomodimo go ne go tla direla bakeng sa go fitlhelang, mme se se ne se le ‘molemo ebile se lebosega’ go bomang?
19 Go tshela botshelo jo bo ntseng jalo mo tidimalong, ka poifomodimo yotlhe le tshisimogo go ne go tla direla bakeng sa poloko ya Bakeresete bao ba neetseng ditopo tseno malebana le babusi ba sepolotiki. Poloko ya Bakeresete ba ba ntseng jalo ba ba agisanang e ne e le ‘molemo ebile e lebosega mo matlhong a Modimo, Moreboloki.’ Ka ntlhayang jalo? Gonne ke thato ya Modimo “go re batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.” Mo tumalanong le se yoo mono a bidiwang “Moreboloki” ke, eseng Jesu Keresete, mme fela “Modimo.”
20. Go ya ka 1 Timotheo 2:5, 6, bowelo jwa ga Keresete Jesu ke bofe mo thulaganyong ya poloko ya Modimo?
20 Jaanong, he, bowelo jwa ga Keresete ke bofe mo thulaganyong e ya poloko? Paulo o tswelela ka go re: “Go Modimo o le moñwe hèla, go bile go motsereganyi le èna a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho [eseng, batho botlhe], motho ka esi, Keresete Yesu, eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe.”—1 Tim. 2:5, 6.
21. (a) Lekwalo la ga Paulo go ya go Timotheo e ne e le kgang ya modiredi ofe a kwalela modiredi ofe yo mongwe? (b) Kgolagano e e tla tsaya lobaka lo lokae, mme ke karolo efe eo “thèkololō ea botlhe” e e tsayang malebana le se?
21 Paulo o ne a kwala go ya ka mabaka a lekgolo la ntlha la dingwaga la Bokeresete, eleng nakong eo kgolagano e ntšha e ileng ya tsenngwa mo tirisong. Mo go yone “batho” ba merafe yotlhe, Bajuda, Basamaria, Baditšhaba ba ba sa rupang, ba ne ba setse ba tsentswe morago ga go dirwa bontlhanngwe jwa Iseraele ba semoya. Keresete Jesu e ne e le motsereganyi wa kgolagano eo e ntšha. Lekwalo la ga Paulo go ya go Timotheo maloka le se e ne e le kgang ya ‘modiredi wa kgolagano e ntšha’ a kwalela ‘modiredi wa kgolagano e ntšha’ yo mongwe. Kgolagano eo e ntšha magareng a “Modimo Moreboloki,” le Iseraele wa semoya e tswelapele fela fa Baiseraele ba semoya ba santse ba le mo nameng jaaka “batho” mono lefatsheng. Jalo kgolagano e mo tirong gompieno. “Thèkololō ea botlhe” ya ga Jesu e thaa motheo bakeng sa banna le basadi ba methale yotlhe go fetoga Baiseraele ba semoya le go tsenngwa mo kgologanong e ntšha eo Keresete Jesu eleng “motsereganyi a le moñwe hèla.”
22. (a) Ke jang go phepafalang gore kgolagano e ntšha e gaufi le bokhutlo jwa yone, mme botsereganyi jwa ga Keresete bo tla khutla leng? (b) Ka ntlhayang Baiseraele ba semoya ba ba galaleditsweng ba se kake ba tlhoka motsereganyi ope, mme ba tla direla mo maemong afe ka nako eo?
22 Go santse go na le ba ba fetang 9 000 bao ba ipolelang go nna Baiseraele ba semoya mo kgolaganong e ntšha. Jaaka Paulo le Timotheo, bano ke “badihedi ba kgōlaganō e ncha.” (2 Bakor. 3:6; 1:1) Ka phefapalo kgolagano e ntšha e gaufi le bokhutlo jwa go dira ga yone bakeng sa boikaelelo jwa go tlhagisa Baiseraele ba semoya ba le 144 000 bao ba fitlhelelang kamogelo ya Modimo bakeng sa go kopanela le Jesu Keresete mo bogosing jwa selegodimo, puso e eletsegang bakeng sa setho. Ha wa bofelo wa bano ba ba amogelegang wa Baiseraele ba semoya a khutla go nna “batho” ka ntlha ya loso lwa selefatshe le tsogo go abalana mo bogosing jwa selegodimo, he botsereganyi jwa ga Jesu Keresete bo tla khutla le bone. Mo boemong jwa bone jo bo ruilweng jwa sebe mo nameng, joo bo neng bo tlhoka motsereganyi go direla magareng a bone le Modimo o o boitshepo, bo tla tlogelwa kwa morago. Jaaka baengele ba ba boitshepo, ba legodimo, Baiseraele ba semoya bano ba ba galaleditsweng ga ba kake ba tlhoka motsereganyi magareng a bone le Jehofa Modimo. (Tshen. 22:3, 4) Kafa tlase ga Jesu Keresete ba tla direla jaaka dikgosi, baperisiti le baatlhodi-mmogo godimo ga lefatshe lotlhe la setho.—Tshen. 7:4-8; 14:1-3; 20:4, 6; Luke 22:28-30.
“BOIDIIDI YO BOGOLO YOA BATHO” JWA BAAMOGELA-MOLEMO BA SELEFATSHE
23, 24. (a) Ke bomang boa jaanong ka tlhagafalo ba dirisanang le masalela a Baiseraele ba semoya, mme ke taletso efe eo e ileng ya fetisediwa go bone maloka le Sejo sa Morena sa Maitsiboa? (b) Bone ka bobone ba itemoga jaaka e se eng, mme lefa go le jalo ke jang ba ikamogelelang molemo jaanong mo kgolaganong e ntšha?
23 Gompieno, go ya ka direkoto tse di nang le bosupi, go na le “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa Bakeresete ba ba ineetseng, le go kolobediwa bao ba dirisanang ka tlhagafalo le masalela a mannye a Baiseraele ba semoya. Esale go tswa ka dikgakologo tsa 1938 ba ile ba lalediwa go nna gone modirong wa segopotso wa ngwaga le ngwaga wa loso lwa ga Keresete, eseng go tsaya karolo mo ditshwantshetsong tsa segopotso, senkgwe se sa bedisiwang le beine e khibidu, mme fela jaaka baela-tlhoko ba ba tlotlang.a Ba lemoga Jesu Keresete jaaka Kgosi ya selegodimo ya bone esale go tswa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. Ba kopanela ka matlhagatlhaga le masalela a Baiseraele ba semoya mo go rereng “mahoko a a molelō a, a bogosi” mo lefatsheng lotlhe je le agilweng bakeng sa “chupō mo merahiñ eotlhe” pele tsamaiso e ya dilo e khutla mo ‘sepitleng se segolo’ se se tlang. (Math. 24:14, 21) Ba lemoga gore ga se Baiseraele ba semoya mo kgolaganong e ntšha e e tseregangwang ke Jesu Keresete, leha e le bontlhanngwe jwa “losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisiti yoa segosi, morahe o o boitshèpō.”—1 Pet. 2:9.
24 Lefa go le jalo ba ikamogelela molemo mo tirong ya kgolagano e ntšha. Ba ikamogelela molemo mo go se fela jaaka mo Iseraeleng wa bogologolo, ha “moeñ” a ne a ikamogelela molemo ka go aga gareng ga Baiseraele bao ba neng ba le mo kgolaganong ya Molao.—Ekes. 20:10; Lefi. 19:10, 33, 34; Tshen. 7:9-15.
25. Go ipoloka mo kamanong le Jehofa Modimo, “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo tshwanetse go kitlana le bomang, mme ka ntlhayang jalo?
25 Go tswelela mo kamanong le “Modimo Moreboloki,” “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo tshwanetse go nna bo kitlane le masalela a Baiseraele ba semoya. Ka ntlhayang? Ka gobo Baiseraele bano ba semoya ke “morahe o o boitshèpō” oo re balang ka ona go Yeremia 31:35, 36, fela morago ga tsholofetso ya Modimo ya kgolagano e ntšha: “Go bua yana Yehofa, eo o beileñ letsatsi gore le nnè lesedi motshegare, le melaō ea kgwedi le ea dinaledi gore di nnè lesedi mo bosigoñ, eo o huduañ lewatlè, me dintèlō tsa yeōna di haolege [kgatlhanong le Baegepeto ba ba konatelelang Baiseraele]; Yehofa oa mashomōshomō ke leina ya gagwè: Ha ditaeō tse, di tloga ha pele ga me, go bua Yehofa, hoñ losika loa Iseraela lo tla khutla go tlhōla e le morahe ha pele ga me ka bosakhutleñ.”
26. Jalo Iseraele wa semoya e tshwanetse go nna phuthego ya lobopo ya Modimo ya goyagoile jaaka eng, mme Jesu Keresete o tla busa godimo ga bao ba leng go paradaise ya lefatshe a le kwa kae?
26 Jehofa ga a kake a letla Iseraele wa semoya go sa tlhole a nna gone mo phuthegong ya gagwe ya lobopo fela jaaka a se kake a letla masedi a selegodimo ao a laolang lesedi la lefatshe la rona a khutle go nna gone. Kwa magodimong Iseraele wa semoya o tla nna Jerusalema yo Mosha eo ka ene Jesu Keresete a tla busang jaaka Kgosi godimo ga “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo falolang le baswi botlhe ba batho ba ba tsoseditsweng mo botshelong mo paradaiseng ya lefatshe.—Tshen. 21:2-24.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona kitsiso “Segopotso,” ts. 50, tokololo ya The Watchtower ya February 15, 1938; gape ts. 75, dirapa 51, 52, tsa tokololo ya The Watchtower ya March 1, 1938. Tlhokomela kitsiso “Segopotso” go The Watchtower, February 15, 1937, ts. 50.
[Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Kgolagano ya Molao e kgologolo e ile ya kokotelwa o thupeng ya tlhokofatso
Kgolagano e ntšha e ile ya dira ka Pentekoste