LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 6/1 ts. 18-24
  • Khuduego ya ga Jakoba le Kgolagano e Ntšha ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Khuduego ya ga Jakoba le Kgolagano e Ntšha ya Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGOLAGANO E E BOTOKA
  • GO TLHOKEGA MOTSEREGANYI YO MOSHA
  • Kgolagano e Ntšha ya Modimo e Atamela Tiragatso ya Yone
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Lo Tla Nna “Bogosi Jwa Baperesiti”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • O ka Solegelwa Molemo ke Kgolagano e Ntšha
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Go Ikamogelela Molemo go “Motsereganyi . . . a le Moñwe Hèla ha Gare ga Modimo le Batho”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 6/1 ts. 18-24

Khuduego ya ga Jakoba le Kgolagano e Ntšha ya Modimo

‘Ke tla dira kgolagano e ntšha le bantlo ya Iseraele le bantlo ya Juda.’—Yer. 31:31.

1, 2. (a) Jakoba le Ragele ba ile ba tsaya dikarolo dife maloka le morafe wa Iseraele? (b) Matshwenyego a a senang tekano a ile a bolelelwa-pele jang bakeng sa Jakoba?

JAKOBA le Ragele e ne e le baratani. Jakobe, yo o ileng a itsiwe jaaka Iseraele, o ile a nna rre wa ditso di le 12 tsa morafe wa Iseraele. Ragele, jaaka mosadi yo a mo ratang segolo, o ile a fetoga mmè wa lotso lwa ga Benjamene. Lotso lwa Juda lo ile lwa nna gona ka ntlha ya mosadi yo o ratwang go le gonnye wa ga Jakoba, eleng Lea. Ka jalo leina Jakoba le ne la fetoga tshwantshetso ya morafe otlhe, mme Ragele a tshwantshetsa moemedi wa bo-mmè yo o tlotlegang wa morafe o. Khuduego e e sa lekaneng le epe go fitlha ka nako eo e ile ya bolelelwa-pele bakeng sa Jakoba, mme Ragele o ne a tshwanetse go utlwa diphelelo tsa yone tse di hutsafatsang. A lebeletse gore khuduego e e jalo e ne e tla diragala mo motlheng wa gagwe, moperofeti Jeremia, yo o neng a tshela kwa Anathotha mo kgaolong ya Benjamene, o ne a tlhotlhelediwa go re:

2 “Iya we! gonne letsatsi yeuō le legolo, go bile go sena lepè ye le chwanañ nayeō [mo ditiragalong tse di fetileng]: ke motlha oa khuduègō ea ga Yakoba hèla; me o tla gololwa mo go eōna.”—Yer. 30:7.

3. (a) Ragele o ile a bolelelwa-pele go lelela seemo sefe a sa gomotsege? (b) “Motlha oa khuduègō” o ne wa tlhasela Jakoba leng?

3 Seo “motlha oa khuduègō ea ga Yakoba” o o senang selekanyo o neng o tla se kaya bakeng sa Ragele wa tshwantshetso se ile sa bolelelwa-pele go Yeremia 31:15 ka mafoko ano: “Go utlwala lencwe mo Rama [mo kgaolong ya Benjamene], khutsahalō, le selelō se sebe, Ragele a lelèla bana ba gagwè; o gana go gomodiwa kaga bana ba gagwè, ka ba seeo.” Se se ne se kaya, eseng gore ba ne ba bolailwe, mme gore ba ne ba thopiwa le go tlosiwa mo nageng ya bone go ya lefatsheng la mmaba jaaka batshwarwa. Ehe, ee! Morago ga dikgwedi di le 18 tsa tikanyetso e e tlaletsang ka bafenyi ba Babilona, Jerusalema, eo e neng e le kwa molelwaneng wa bokone magareng a dikgaolo tsa Juda le Benjamene, e ne e rutlulotswe, tempele ya yone e sentswe, kgosi, dikgosana le, baperisiti ba ne ba thopilwe, mme bontsi jo bogolo jwa bafalodi bo tseetswe botshwarong kwa Babilona. Magareng a kgwedi ya bosupa (Tishri) ya 607 B.C.E., lefatshe lotlhe la Bogosi jwa Juda le ile la tlogelwa ke Bajuda ba sekae ba ba neng ba setse mme la tlogelwa le swahetse kwantle ga motho le diphologolo tsa gae. Seemo se sa go sa agiwang le go swahala ga lefatshe le se ne se laoletswe ka tsela ya bomodimo go tswelela ka dingwaga di le 70.

4. Jakoba o ne a tla ‘bolokwa’ leng mo khuduegong e e boleletsweng pele?

4 Abo oo e ne e le “motlha oa khuduègō” jang bakeng sa ga Jakoba! Ga a ka a o itshwarelwa, ga a ka a falola, mme e ne e se kitla e nna pele ga dingwaga tseo tse 70 tsa tshwahatso e e feletseng ya lefatshe leo moo Modimo o neng o tla dirafatsa mafoko a a gomotsang ao a okeditseng ka ona: “me o tla gololwa mo go eōna.” (Yer. 30:7) Poloko e e ne e tla diragala jang?

5. Jehofa o ile a reng bakeng sa go tshedisa Ragele, mme ke jang a ileng a dirafatsa tsholofetso ya gagwe?

5 Jehofa o ile a godisa kgang e, morago ga go bolelela-pele bohutsana jwa ga Ragele jwa bana ba gagwe, a ne a oketsa ka mafoko a: “Yehofa a bua yana: a re, Thiba lencwe ya gago mo seleloñ, le matlhō a gago mo dikelediñ: gonne tihō ea gago e tla duèlwa, go bua Yehofa; me [bana ba gago] ba tla ba ba boea kwa lehatshiñ ya mmaba.” (Yer. 31:16) “Lehatshe ya mmaba” e ne e le Babilona. (Mika 7:8-10) Ka jalo go tshwara ga Babilona ga “bana” ba ga Ragele go ne go tla khutlisiwa. Jaaka tlhomamiso ya se go Ragele yo o hutsafetseng, Modimo wa tswelela ka go re: “Go na le cholohèlō kaga bokhutlō yoa gago, go bua Yehofa; me bana ba gago ba tla ba ba boèla molelwaneñ o e leñ oa bōnè.” (Yer. 31:17) Ka mo go gakgamatsang merafe ya baba, go boela mo go ya nageng ya bone, go akaretsa Rama, go ile ga diragala go tloga ka 537 B.C.E. go ya pele. (Neh. 7:30; 11:31-33) Morago ga “go wa” mo go tlaletsang jalo ka 607 B.C.E., abo Jehofa o tlisitse ‘phodiso’ e e gakgamatsang jang!

6. Mo tumalanong le go fodisa “dintho” tsa gagwe, ke jang Jehofa a neng a tla fetola Siona, kana Jerusalema, go tswa mo go nneng jaaka mosadi yo o latlhilweng yo a sa tlholeng a batlwa ke monna ope?

6 Maloka le se o ne a re: “Gonne ke tla bosetsa go hōla mo go wèna, ke tla gu hodisa dinthō, go bua Yehofa; ka gonne ba gu biditse molatlhwa, ba re, Ke Siona, eo o sa batlweñ ke opè. Yehofa o bua yana: a re, Bōnañ, ke tla ba ke shokolola bochwarō yoa megope ea ga Yakoba, ke tla tlhomogèla maago a gagwè pelo; me motse [wa Siona, kana, Jerusalema] o tla agiwa godimo ga ditsha tsa ōona, le ntlo ea kgosi e tla nnwa kaha mokgweñ oa eōna. Me go tla cwa malebogō mo go aōna le modumō [wa ditshego] oa ba ba dihañ mokete.”—Yer. 30:17-19.

7. Ke eng mo polelong ya ga Jehofa seo se bontshang gore a ekane ka nako ya “dintho” Jehofa o ne a tla kgaola kgolagano ya Molao, mme batho ba Bajuda ba ile ba tshwara kgolagano eo jang?

7 Jehofa ke ‘Modimo o o itumetseng,’ mme o batla gore bao ba leng mo kamanong le ene ka kgolagano ba itumele le bone. Le ene o a tshega! Tsholofetso ya gagwe ya go tshega ga nako e e tlang bakeng sa batho ba Bajuda ba ba mo botshwaro e itshupile gore ga a roba kgolagano ya Molao eo a ileng a e tshereganya ka moperofeti Moshe magareng a Gagwe le morafe wa Iseraele. Mme Abo Baiseraele ba ile ba roba ditumelano tsa kgolagano eo jang! “Mme,” Jehofa a ba bolelela, “ba agile mahelō a a tlotlometseñ a ga Baale, a a mo mogogoroñ oa morwa Hinoma [kwa Borwa jwa tempele ya Jerusalema], go tla ba ralaletsa Moleke bana ba bōnè mo moleloñ, ba basimane le ba basetsana [jaaka ditlhabelo tsa batho]; e le mo ke sa go ba laolèlañ, me le gōna go se ka ga tsèna mo mogopoloñ oa me, go re, ba ka diha se se makgapha se; go tla ba leohisa ba Yuda [Bogosi jwa Juda].”—Yer. 32:35.

8. Ka jalo ke morago ga boitemogelo bofe jo bo tshwanetseng moo Baiseraele ba neng ba tla fetoga batho ba ga Jehofa?

8 Ka ntlha ya mabaka a a ntseng jalo Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna le matshwenyego jaaka ledimo le le tswelelang go gatelela godimo ga Bogosi jwa Juda le motse-mogolo wa jone, Jerusalema. Mme, morago ga go bolelela-pele se, Jehofa yo o kutlwelo-botlhoko a tswelela ka go re: “E tla re mo motlheñ ouō [wa tsosoloso ya Iseraele], go bua Yehofa, ke tla nna Modimo oa ditshika cotlhe tsa Iseraela, me ba tla nna batho ba me.”—Yer. 30:23 go ya go 31:1.

9, 10. Bakeng sa Baiseraele ba ba phuthilweng gape go tswelapele mo kamanong e e itumetseng ya goyagoile le ene, Jehofa o ne a tla tsenya eng mo dipelong tsa bone, ka phelelo efe?

9 Go sa tlhokomelege ditiragalo tse di bosula tsa nako e e fetileng, Modimo o ne o tla dirisana le bone go ya ka moo ba neng ba tla itshupa go nna sona jaanong. O ne o tla batla katlego ya bone mme o ne o tla baya fa pele ga bone sebaka sa go tswelapele mo kamanong e e itumedisang le one ka bosakhutleng. Kaga se, o rile:

10 “Bōna, ke tla ba phutha kwa mahatshiñ aotlhe, kwa ke ba leleketseñ gōna mo bogaleñ yoa me, le mo cacaregoñ ea me, le mo kgakaloñ e kgolo ea me; me ke tla ba ke ba lere heloñ ha, ke ba agisa mo polokegoñ: Me ba tla nna batho ba me, le nna ke tla nna Modimo oa bōnè: Me ke tla ba naea pelo e le ñwe hèla, le tsela e le ñwe hèla, gore ba mpoihè ka bosakhutleñ; e le gore go nnè molemō mo go bōnè, le mo baneñ ba bōnè moragō ga bōnè: Me ke tla diha kgolaganō e e sa khutleñ nabō, ea go re, ga nketla ke ba hularèla, go tla ke ba dihèla molemō; me ke tla tsenya go mpoiha mo peduñ tsa bōnè, gore ba se ka ba tloga mo go nna. E, ke tla ba itumèlèla go tla ke ba dihèla molemō, ke tla ba tlhōma mo lehatshiñ ye rure ka pelo eotlhe ea me, le ka mōea otlhe oa me.”—Yer. 32:37-43; gape 31:27-30.

KGOLAGANO E E BOTOKA

11, 12. (a) Jerusalema e ile ya tswelapele ka lobaka lo lo kae morago ga tshimologo e e jalo e ntšha e e amogelesegang, mme ke ka ntlhayang molato e ne e se wa ga Jehofa? (b) A phediso ya Jerusalema e ile ya nyeletsa kgolagano ya Molao, mme Jehofa o ne a supa eng ka go busetsa batho ba batshwarwa lefatsheng la bone?

11 Ka tshimologo e e ntseng jalo e ntle le e ntšha, go tsile jang gore Jerusalema o o agilweng gape a tshele lobaka lwa dingwaga di le 606 fela, kana go fitlha ka selemo sa 70 C.E.? Eleruri, mo ponong ya ka moo Jehofa mo mafokong a a fa godimo a ileng a golagana go tshegetsa batho ba gagwe, molato o ne o se kitla o pegwa mo go ene. E ne e se ka ntlha ya ditlhaelo dipe mo letlhakoreng ja gagwe moo go ileng ga tsoga tlhokafalo ya go dira kgolagano e ntšha. Mme lefa go le jalo ka Jeremia o ile a itsise gore o ne a tla dira kgolagano e ntšha le e e botoka. Go feta moo, Iseraele wa nama o ne a ka nna wa ntlha go bona molemo go yone!

12 Ka 1513 B.C.E. Jehofa o ne a dirile kgolagano ya Molao le Iseraele ka Moshe jaaka motsereganyi. E ne e le dingwaga di le 906 pele ga fa Jehofa a dirisa Nebukadenesare, kgosi ya Babilona, go senya Jerusalema le tempele ya yone. Mme seo ga se a ka sa dira kgolagano ya gagwe ya Molao e e nyeletseng le e e senang bokao. Jalo Jehofa o ne a sa tlhoke kgolagano e nngwe ya mofuta o o fapaaneng e le gore a fodise boemo jwa ntho jwa Bajuda ka go ba golola mo lefatsheng la mmaba la Babilona le go ba busetsa lefatsheng la bone leo ba le neilweng ke Modimo. Lefa go le jalo, ka go dira se o ile a itlhomamisa gape jaaka Modimo wa bone le go ba tlhomamisetsa gape gore e ne e santse e le batho ba ona le gore Siona, kana Jerusalema, e ne e sa tlhole e le “molatlhwa” yo o neng a sa tlhole a batlwa ke ope.

13, 14. (a) Ke jang Baiseraele bao ba falotseng tšhaka ya bafenyi ba ileng ba nna mo boemong jwa ‘naga,’ mme ba ne ba senka boikhutso kae? (b) Jehofa o ile a rata Baiseraele ka lorato go ya bokgakaleng jo bo kae, mme ka jalo o ne a tla ba gogela kwa go ene ka nonofo efe ya botho?

13 Jehofa o ne a ikaeletse go dira pontsho e e gaisang ya bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato go batho ba gagwe ba kgolagano. Ke ka moo a sa letlang tšhaka ya bafenyi ba bone go ba nyeletsa gotlhelele. Go ne go tshwanetse go nna le bafalodi. Bano ba ne ba tla bona go tshela mo lefatsheng la mmaba go tshwana le go tshela mo metlaaganeng kwa nageng koo ba neng ba sa bone boikhutso bope, gonne e ne e se naga ya bone, e se lefatshe la bone leo ba le neilweng ke Modimo. Ka go boela go ona ka boikwatlhao mo boemong jo jwa ‘naga,’ ba ne ba tla bona kamogelo fa pele ga gagwe, ka gobo a ne a sa roba kgolagano ya gagwe le bone. O ile a bolelelapele diphelelo tse di itumedisang:

14 “Batho ba ba tlogecweñ ke chaka, ba bonye tlhōgōnōlōhaco mo nageñ, eboñ Iseraela, yale ka ke ne ke ile go mo ikhutsisa [mo nageng ya gagwe ya Palestina]. Yehofa bogologolo o kile a mponalèla, a re, E, ke gu ratile ka loratō lo lo sa khutleñ: ke gōna ka mouō ke gu gogileñ ka bopelonomi yoa loratō. Ke tla ba ke gu aga, me u tla agiwa, wèna kgarebane ea Iseraela: u tla ba u kgabisiwa ka meropana ea gago, me u tla cwèla mo dipineñ tsa ba ba dihañ mokete. U tla ba u tlhoma masimo a mafine mo dithabeñ tsa Samaria [tseo pele mo go tsone go neng go agile Bogosi jwa Bokone jwa Iseraele]: batlhomi ba tla tlhōma, me ba tla ya louñō loa gōna monate. Gonne go tla nna letsatsi ye balebedi ba ba mo makgabaneñ a Eferaima [lotso lo lo etelelang pele mo Bogosing jwa Bokone jwa Iseraela] ba tla ōpañ mokgosi ka yeōna, ba re, Nanogañ, a re tlhatlogeleñ kwa Siona [Jerusalema], kwa go Yehofa Modimo oa rona.”—Yer. 31:2-9.

15, 16. (a) Go ya ka boperofeti jo bo sa tswang go tsopolwa, ditso tsotlhe di le 12 tsa Iseraele di ne di tla tsosolosa kobamelo ya bone go Jehofa kae? (b) Morago ga foo o ne a tla dira eng le ntlo ya Iseraele, mme ka diphelelo dife godimo ga batho ba gagwe?

15 Ehe, ee, ditso tsotlhe tsa Iseraele tsa borwa le bokone di ne di tla phuthiwa gape le go kopanngwa gape mo go obameleng Jehofa mo Siona! Seo se kaile gore, ka ntlha ya lorato lwa goyagoile lwa Modimo, Jakoba (ditso tsotlhe tse 12 tsa Iseraele) o ne a tla bolokwa ‘mo motlheng wa khuduego’ oo go ene o khutlileng ka go swahatsa Jerusalema le Juda ka 607 B.C.E. (Yer. 30:7) Lefa go le jalo, tota le eleng pele “khuduègō” e diragala, bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa bo ile jwa mo tlhotlheletsa go bolelela-pele sengwe se sentle go gaisa fela go phuthiwa gape ga batho ba gagwe ba botshwaro:

16 “Bōnañ, metlha ee tla, go bua Yehofa, e ke tla dihañ kgōlaganō e ncha ka eōna le ba ntlo ea Iseraela, le ba ntlo ea Yuda: E señ kaha kgōlaganoñ e nkileñ ka e diha le borrabō yale mo motlheñ o ke ba chwereñ ka lecōgō ka ōna, ka ba ntsha mo lehatshiñ ya Egepeto; me kgōlaganō euō ea me ba ne ba e senya, leha ke ne ke le monna oa bōnè, go bua Yehofa. Me kgōlaganō e ke tla e dihañ le ba ntlo ea Iseraela moragō ga metlha euō ke e, go bua Yehofa; ke tla tsenya molaō oa me mo teñ ga bōnè, ke o kwala mo peduñ tsa bōnè; ke tla nna Modimo oa bōnè, le bōnè ba tla nna batho ba me: Me ga ba ketla ba tlhōla ba ruta moñwe le moñwe oa ga gabō, le moñwe le moñwe ñwana oa rragwe, ba re, Itse Yehofa: gonne ba tla nkitse botlhe hèla, go simolola ka eo mmotlana go ea go eo mogolo mo go bōnè, go bua Yehofa: gonne ke tla ba ichwarèla boikèpō yoa bōnè, le boleo yoa bōnè ga nketla ke tlhōla ke bo gakologèlwa gopè.”—Yer. 31:31-34.

GO TLHOKEGA MOTSEREGANYI YO MOSHA

17. Ke ka ntlhayang rona gompieno re tshwanetseng ra bo re santse re ka kgatlhega mo kgolaganong e ntšha, mme e ne e setse e le lobaka lo lokae lo lo fetileng kgolagano ya Molao e ne e setse e le kgologolo mme e setse e tla feta?

17 A rona gompieno re kgatlhegela kgolagano eo e ntšha? Re tshwanetse, ka gonne e santse e dira. Mme e ntse e dira ka bomang go fitlha jaanong? Didikadike tsa Bajuda go kgabaganya lefatshe ga di iphake gore e a dira mo go bone. Ba dumela gore ba santse ba le kafa tlase ga kgolagano e e dirilweng le borrabo-mogolo kwa Thabeng ya Sinai. E ne e le dingwaga tse di fetang 3 490 tse di fetileng! Tsholofetso ya ga Jehofa ya kgolagano e ntšha e dirilwe ka Jeremia ka dingwaga tse di fetang 2 580 tse di fetileng. Faele gore Bajuda bao ba bua boammaaruri, ke ka ntlhayang Modimo o tsere lobaka lo lo kana-kana go tsenya kgolagano e ntšha e e solofeditsweng eo mo tirisong? Ebu, go feta dingwaga di le 1 900 tse di fetileng kgolagano ya Molao ya Bajuda e ne e setse e le kgologolo mme ekete e tshwanetse go feta go bulela kgolagano e ntšha tsela. A ile ya dira jalo?

18. (a) Tsholofetso ya Modimo ya kgolagano eo e neng e le “ncha” e supile eng malebana le kgolagano ya Molao mme ya e baya mo bogolong bofe? (b) Molao o ile wa fetisediwa jang go morafe wa Iseraele?

18 Mo ntlheng e, seithuti sa Mojuda seo se neng se tle se nne fa dinaong tsa morutisi wa Mofarisai yo o itsegeng, Gamaliele mo Jerusalema, se kwadile: “Ereka o bua, o re, Kgōlaganō e ncha, ke go re, ea pele o e dihile kgologolo. Me se se leñ segologolo, me se ōnala, se bo se le gauhi le go nyèlèla.” (Baheb. 8:13; 2 Bakor. 3:14) Fa mokwadi wa Mojuda a ne a kwala mafoko ao go ya go Bahebera ba ba fetogileng Bakeresete, e ne ekane e le ka ngwaga wa 61 C.E. Mo lekwalong la go sale galenyana go diphuthego tsa Bokeresete mo kgaolong ya Roma kwa Galatia, o ile a kwala: “Hoñ molaō e be e le eñ? Ga okediwa [mo kgolaganong ya ga Aberahame malebana le Losika] ka ōna ka ntlha ea ditlolō [ka batho], go tlo go tsamaeè go tlè losika [lwa ga Aberahame] lo lo neecweñ polelō ea choloheco; me oa tlhōnwa ke baengele ka seatla sa motsereganyi.”—Bagal. 3:19.

19. Ka gobo kgolagano ya Molao e ne e tlhoka Moshe jaaka motsereganyi, seno se buelela eng maloka le kgolagano e ntšha, eo le yone e dirilweng magareng a Modimo le batho?

19 Motsereganyi yo o sa buiwang ka leina yoo e ne e le Moshe. Jaanong faele gore go dirwa ga kgolagano e kgologolo ya Molao go ile ga mo tlhoka gore a nne motsereganyi magareng a Modimo le batho ba ba sa itekanelang, ba ba leofileng, eleruri go dirwa ga kgolagano e ntšha magareng a Modimo le batho go ne go tla biletsa bakeng sa motsereganyi, lefa lemororo a sa umakiwa go Yeremia 31:31-34. Ka motlha wa ga Jeremia Moshe o ne a setse a sule bogologolo. Ka gobo a ile a dira jaaka motsereganyi, Molao wa kgolagano ya bogologolo o ile wa bidiwa “molao oa ga Moshe.”—Dit. 15:5.

20, 21. (a) Mo go boleleleng-pele kgolagano e ntšha, Modimo o supile jang bothwadi jwa yone godimo ga kgolagano e e fetileng? (b) Modimo o ne o tla dira Baiseraele eng fa ba ne ba ile ba boloka kgolagano ka boikanyegi?

20 Kgolagano e ntšha, ka gobo e le kgolagano e e thwadi, e ne e tshwanela go nna le motsereganyi yo mogolo go na le Moshe. A re ke re tlhokomeleng jaanong kafa Mmaakanyetsi wa selegodimo wa kgolagano e ntšha a ileng a bontsha bothwadi jwa yone godimo ga kgolagano e e fetileng. O bua ka yone jaaka e “e señ kaha kgōlaganoñ e nkileñ ka e diha le borrabō yale mo motlheñ o ke ba chwereñ ka lecōgō ka ōna, ka ba ntsha mo lehatshiñ ya Egepeto; me kgōlaganō euō ea me ba ne ba e senya, leha ke ne ke le monna oa bōnè.” (Yer. 31:32) O ne a gopotse go dira sengwe se segolo ka bone ka kgolagano eo a e dirileng le Baiseraele morago ga go ba ntsha mo Egepeto. Ka gone, o ne a re go bone:

21 “Ha rure lo ka reetsa lencwe ya me, loa tshegetsa kgōlaganō ea me, [go tla diragalang?] hoñ lo tla nna boshwa bo chwerwe yoa me, go heta dichaba cotlhe: gonne lehatshe yeotlhe ke ya me: Me lo tla bo lo nntse bogosi yoa baperisiti mo go nna, le morahe o o boitshèpō.”—Ekes. 19:5, 6.

22. (a) “Bogosi yoa boperisiti” jo bo ntseng jalo e ne e tla nna puso ya mofuta ofe mme o tshwanela bomang? (b) “Morahe o o boitshèpo” e ne e tla nna “boshwa bo chwerwe” go mang, mme ka mofuta ofe wa kamano go ene?

22 Eleruri mafoko “bogosi yoa baperisiti” a supela go mmuso o o tshwanelang sentle ditlhokafalo tsa setho sotlhe. Baperisiti ba one ba emela le go direla Modimo Mmoloki wa setho. Ka boone, “bogosi yoa baperisiti” ke “morahe,” setlhopha sa bomorafe se le phepa ka mo go lekaneng go bidiwa “boitshèpō,” o o tshwanelwang ke go dirisiwa ke Modimo. Go tswa merafeng yotlhe e mengwe mo lefatsheng Modimo o ile a o itlhophela. Se ne se tshwanetse go nna “boshwa bo chwerwe” jwa Modimo, fela jaaka mosadi e le thoto e e kgethegileng ya monna wa gagwe. Tota-tota, Modimo o ile wa tshwantshanya Baiseraele ba bogologolo ba ba rekolotsweng jaaka mosadi wa bomorafe ka go re e ne e le “monna” wa bone. Mme, mo boemong jwa go neela boineelo jwa sesadi go one ka go boloka kgolagano ya gagwe e e boitshepo, mosadi yo o ile a tlhokomologa ditshwanelo tse di kgethegileng tsa kamano e e rategang e. (Yer. 3:1-3, 20) O ne a tshwanetse go ka tlhadiwa!

23. A kgolagano ya Molao ya ga Moshe e ile ya dira, mme Modimo o ile wa dira eng kaga mmuso o o tshwanetseng o o neng o ikaeletswe bakeng sa setho?

23 Go tswa ditiragalong tsa moragonyana tsa batho bao ba kgolagano ya bogologolo ba Jehofa Modimo, rea itse gore dilo ga di a ka tsa ba tokafalela ruri. Ka jalo bonnete jwa gore kgolagano ya Molao e ileng ya tsereganngwa ke Moshe ga ea ka ya dira bo ka se ganediwe. Abo re tshwanetse go itumela jang ka gone gore Modimo ga a ka a tlogela go dira dithulaganyo mo boemong jwa “bogosi yoa baperisiti” joo jo bo eletsegang! A lebile pele bogosing jo bo tshwanelang joo, o ile a tseela kgolagano e kgologolo sebaka ka e e botoka.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ragele o lelela bomorwawe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela