Katlholo ya Bomodimo Kgatlhanong le Baperofeti ba Maaka ba La-Bodumedi
1, 2. (a) Go perofesiwa ga dilo tse di molemo tse di tlang kwantle ga motheo ope di re senolela thaelong efe? (b) Ke kganetsano efe e kgolo e e tshwanetseng go digelwa jaanong, mme ke eng se e e kgoromeleditseng kwa pele?
KA TLHOLEGO rotlhe re rata go utlwa dipolelelo-pele tsa dilo tse di molemo tse di tlogang di diragala, mo lobakeng lwa rona lwa botshelo. Seno se ka re isa mo thaelong e kgolo. Re ka nna ra rata go amogela polelelo-pele nngwe jaaka boammaaruri ka gobo re e rata, mme e se ka gobo go na le motheo ope o o nitameng bakeng sa yone kana motswedi o o nang le taolo bakeng sa yone. Se se ka re tlhotlheletsa go tsaya kgato e felelang ka kgobalo go rona. Se bogolosegolo se ntse jalo fa isagwe ya rona ya bosakhutleng e kopanyelediwa. Go ntse fela jalo JAANONG! Ke ka ntlhayang go le jalo jaanong?
2 Lebaka ke gore kganetsano e kgolo go digelwa jaanong e tsharaletse fa pele ga setho sotlhe. Kganetsano eo ke, Ke mang yo o tla busang lefatshe? Mme se se kgoromeleditseng kganetsano e e kgolo kwa pele ga se ntwa e e sa khutleng magareng a merafe ya kgwebo e e gololesegileng, ya puso-khumo le merafe ya maja-mmogo, ya Bokomanisi. Bogolo, polelo eo basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba e dirileng kaga bogosi jwa Gagwe ka Keresete ke yone ntlha e e dirileng jalo. Bogosi joo bo tshwanetswe ke puso fa esale go tloga ka Metlha ya Baditšhaba e khutla ka 1914.
3. (a) Ka jalo batho ba ikutlwa ba tshwanetse go tsaya kgato maloka le potso efe? (b) Ke ka ntlhayang merafe ya Baditšhaba e tshwanetsego neela bolaodi jwa yone go Jehofa?
3 Batho ba ba utlwileng polelo ya Bogosi mo dipuong di le 190 lefatshe ka bophara ba ile ba ikutlwa fela ba tshwanetse go tsaya kemo. A jaanong ba emetse puso e e tshwanetseng ya ga Jehofa ka Keresete kana nnya? Lefatshe le leo re tshelang mo go lone ke thoto ya Mmopi wa lone, eseng la rona dibopiwa. Go ya ka nako mo bukeng ya Mmopi, Bibela, nako eo a e abetseng puso ya lefatshe ka merafe ya selefatshe, go akaretsa eo ya La-Bodumedi, e khutlile tshimologong ya gwetla ya 1914. O tshwaile jang bokhutlo jwa Metlha e e ntseng jaana ya Baditšhaba? Ka go itseela ‘thata e kgolo’ go busa jaaka Kgosi le ka go tsenyeletsa Morwa wa gagwe wa selegodimo, Jesu Keresete, mo pusong ya lefatshe ya gagwe go tswa legodimong. (Tshen. 11:15-18) Ka jalo Morwa wa gagwe o a busa jaanong. (Esek. 21:25-27) Jaanong ke nako bakeng sa merafe ya Baditšhaba go neela bolaodi jwa bone go Jehofa.
4, 5. (a) Go ne go na le pōpō efe mo Botlhaba Gare morago ka 614 B.C.E.? (b) Ka nako eo ke eng se se neng se diragaletse dilwana tse di boitshepo tsa tempele ya Jerusalema, mme ke jang fela polelelo-pele ya ga Hanania malebana le bone e neng e ke nna boammaaruri?
4 Morago ka 614 B.C.E. go ne go na le seemo se se tshwanang sa dikgang mo Bogosing jwa Juda. Ka nako eo go ne go na le pōpō ya lefatshe! Go tswa kae? go tswa go se Modimo o se biditseng “ba makgotla aotlhe a magosi a a kwa ntlheñ ea botsheka.” Se se kaile Maatla a Lefatshe a Babilona, ao a neng a tla dira tlhaselo mo Botlhaba Gare ka tsela e e tswang ntlheng ya botsheka. (Yer. 1:13-15; 25:9, 26) Botlhaba Gare bo ne bo setse bo le kafa tlase ga puso ya Kgosi Nebukadenesare wa Babilona. Seno se nnile jalo bogolo-segolo go tloga ka 620 B.C.E., fa Jehoiakime wa Jerusalema a fetoga kgosi ya motlhanka go Babilona. Monnawe eleng Sedekia o ile a itshupa go nna kgosi ya motlhanka ya bofelo ya motse o o boitshepo, Nebukadenesare a mo tlhoma mo setulong sa bogosi morago ga go senka boikanyo jo bo ikanetsweng. Fa Nebukadenesare a ne a tswa mo Jerusalema a boela gae, o ile a tseela kgosi Jehoiakine yo o tlositsweng mo setulong sa bogosi le batlotlegi ba Bajuda mo botshwarong. Gape o ile a tsaya le dilwana tse di boitshepo mo tempeleng ya ga Jehofa, mme a di tsenya mo matlung a medimo ya maaka mo Babilona. Dilwana tseo tse di boitshepo le tse dingwe tse di botlhokwa go tswa Jerusalema e e thubakilweng di ne di tshwanetse go nna lobaka lo lo kae mo Babilona? Potso e go ile ga buisanngwa thata ka yone mo ngwageng wa bone wa puso ya ga Sedekia.
5 Moperofeti wa maaka yo o neng a bidiwa Hanania morwa Asure o ile a iphaka gore o bua mo leineng la ga Jehofa mme a bua ka tolamo, “dinyaga di le pedi.” Seno se ne tla nna jalo fa fela ka nako eo Babilona e ne e ka bo e digilwe mme Egepeto a boetse mo maatleng a lefatshe. Ka polelelo-pele ya ga Hanania kgatlhanong le Babilona o ne a kgothatsa bao ba neng ba buelela tsogologelo ya merafe yotlhe kgatlhanong le Nebukadenesare wa Babilona. Ka gone seno se ne se le kgatlhanong le taolo ya ga Jehofa le kgakololo jaaka e e setseng e boletswe ke Jeremia.
6. Go ya ka Jeremia 28:8, 9, boperofeti jwa ga Hanania bo ile jwa fapaana jang le jwa baperofeti ba pele ga Jeremia ka boene?
6 Ereka Hanania a ne a tsosa ditsholofelo tsa maaka bakeng sa lefatshe la Juda, Jeremia o ile a digela mafoko a gagwe a phetolo fa pele ga baperisiti botlhe le batho kwa tempeleng ka go re: “Baperofeti ba ba kileñ ba ne ba le pele ga me le pele ga gago bogologolo, ba ne ba perofesa dira, le boshula, le kgogodi kaga mahatshe a le mantsi, le kaga magosi a magolo. Moperofeti eo o perofesañ kaga kagishō, mogañ lehoko ya moperofeti eouō le dihalañ, hoñ moperofeti eouō o tla itsiwe, go re, Yehofa o mo romile ka mmanete.”—Yer. 28:1-9.
7. Jesu Keresete o ile a bolelela-pele eng bakeng sa metlha ya rona fa esale go tloga ka 1914, mme gompieno go tsogile potso efe maloka le baboledi ba boammaaruri?
7 Moperofeti yo mogolo go gaisa wa ga Jehofa, Jesu Keresete, o ile a bolelela-pele ntwa, leuba, kgogodi, dithoromo tsa lefatshe le masula a mangwe bakeng sa metlha ya rona fa esale go tloga ka 1914, tsotlhe tse go fitlha setlhoeng mo ‘sepitleng se segolo’ se se senang tekanyo mo ditiragalong tsotlhe tsa batho tse di fetileng. (Math. 24:4-22) Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba supa ka moo boperofeti jwa ga Jesu ka go tswelela bo ileng jwa nna mo tirafatsong fa esale go tloga ka 1914. Ga a ka a bolelela-pele kagiso ya leruri mo nakong e e tlang mo bogautshwaneng, mo losikeng lo. Ke bomang he, bao Jehofa a ba romileng mme ke bomang bao ba busang mo leineng la gagwe, baruti ba La-Bodumedi ba ba perofesang se se fapaaneng, kana setlhopha sa ga Jeremia sa gompieno? Ditiragalo tsa isagwe di tla kgetholola babui ba boammaaruri.
8. Morago ga phetolo ya ga Jeremia, ke kgato efe e e tlhokomelegang eo Hanania a ileng a e tsaya, mme o ile a dira boperofeti bofe jwa nako ka nako eo?
8 Moperofeti wa maaka Hanania o tshwanetse abo a ne a na le tsholofelo mo katlegong ya tsogologelo ya merafe yotlhe kgatlhanong le “motlhanka” wa ga Jehofa, gonne jaanong o ile a tsaya kgato e e tlhokomelegang:
O ne “a tlosa yokwe mo thamuñ ea moperofeti Yeremia, a e rōba. Me Hanania a bua mo ponoñ ea batho botlhe, a re, Yehofa o bua yana: a re, Hèla yalo ke tla rōba yokwe ea ga Nebukadenesare kgosi ea Babelona, ke e tlosa mo thamuñ ea merahe eotlhe, dinyaga di le pedi tse di tletseñ di e se di hete.”—Yer. 28:10, 11.
9. Jaanong Jehofa o ile a bolelela Jeremia go reng kaga dijokwe, mme ka ntlhayang?
9 Lefa go le jalo, a boperofeti jo bo ntseng jalo bo ne bo tshwanetse go nna boammaaruri fela ka ntlha ya gobo bo boletswe mo leineng la ga Jehofa? Nnya! Jehofa o ne a se kitla a dira seo Hanania a se perofesitseng mme ka nako e e tshwanang a dirafatsa boperofeti jo bo fapaaneng jwa ga Jeremia. Ka gone, tsuololo ya merafe-rafe kgatlhanong le “motlhanka” yo o itsisitsweng wa ga Jehofa e ne e hutsitswe! “Ea,” Jehofa morago o ne a bolelela Jeremia, “u reè Hanania, u re, Yehofa o bua yana: a re, U robile diyokwe tsa dikgoñ: me u tla diha diyokwe tsa ditshipi mo boemoñ jwa cōna. Gonne Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela, o bua yana: a re, Ke beile yokwe ea tshipi mo thamuñ ea merahe eotlhe e, gore e dihèlè Nebukadenesare kgosi ea Babelona: me e tla mo dihèla: ke bile ke mo neile diphōlōhōlō le dibatana tsa naga.” (Yer. 28:12-14) Ka jalo, go ne go se morero ope wa merafe-rafe o o tlhotlheleditsweng ke Hanania o o neng o tla atlega. Gape, e le gore Jehofa a neele le eleng “dibatana tsa naga” mo seatleng sa ga Nebukadenesare, Jehofa o ne a tla mo neela mafatshe a bareri ba merafe-rafe.
MOGOGI WA BODUMEDI O BONA DIPETSO TSA GAGWE
10. Setlhopha sa ga Jeremia se laoletswe go tsaya kgato efe maloka le baruti bao, jaaka Hanania, ba tshegetsang morero wa merafe-rafe kgatlhanong le Jehofa?
10 Gompieno baperofeti ba baruti ba La-Bodumedi ba tshegetsa pepenene morero wa merafe-rafe kgatlhanong le bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete wa gagwe. Basupi ba ga Jehofa ga ba na taolo ya go bolela katlholo ya loso godimo ga ope wa bone. Mme fela ba ka tsaya polelo e e tlhotlheleditsweng ya ga Jehofa go e dirisa kgatlhanong le baperofeti ba maaka ba baruti, bao, jaaka setlhopha, ba ileng ba tshwantshediwa ke Hanania. Ka jalo, mono jaanong a re baleng kaga kgato ya boperofeti ya ga Jeremia:
“Hoñ moperofeti Yeremia a raea moperofeti Hanania, a re, Utlwa yana, wèna Hanania; Yehofa ga aa gu roma; me u diha gore batho ba ba ikanyè maaka. Ke gōna ka mouō Yehofa o buañ yana, a re, Bōna, ke tla gu tlosa mo lehatshiñ: u tla shwa ka ñwaga ono, ka gonne u buile go cuololèla Yehofa.”—Yer. 28:15, 16.
11. (a) Hanania o ile a tshela lobaka lo lo kae lo lo oketsegileng? (b) Ka mo go tshwanang baruti ba La-Bodumedi ba na le molato wa eng, mme ka jalo setlhopha sa ga Jeremia se tshwanetse go tlhalosa eng?
11 Hanania, mmueledi wa tsuololo e e tlhamaletseng kgatlhanong le Jehofa ka bareri ba merafe-rafe, o ile a tshela dikgwedi di kane di le pedi tse di oketsegileng. “Yalo Hanania moperofeti a shwa ka ñwaga ouō [614 B.C.E.], ka kgwedi ea boshupa.” (Yer. 28:17, 1) Mo leseding la tiragalo e ya boperofeti ya metlha ya bogologolo, go tweng kaga baperofeti ba maaka ba baruti ba La-Bodumedi gompieno? Ba tshegetsa babusi ba sepolotiki mo go ganeng go tsenya dithamo tsa bone kafa tlase ga jokwe ya Motlhanka-Kgosi wa ga Jehofa, yo a leng mogolo thata go gaisa Nebukadenesare wa bogologolo. Setlhopha sa ga Jeremia ga se kake sa tsamaisana le baruti mo go se. Ba tshwanetse go tswelapele go tlhalosa bosula joo baruti ba gogelang batho mo go jone.
12. Go Bajuda ba ba neng ba setse e le batshwarwa mo Babilona, Jeremia o ne a na le molaetsa ofe go tswa go Jehofa malebana le baperofeti ba maaka Ahabe le Sedekia?
12 Mo malatsing ao a bogologolo a khuduego ya bopolotiki mo Botlhaba Gare, le eleng Bajuda bao ba neng ba setse ba thopilwe mo Babilona ba ne ba na le baperofeti ba maaka gare ga bone. Baperofeti bao ba maaka ba ba neng ba aga ditsholofelo tsa maaka gareng ga batshwarwa ba Bajuda mo lefatsheng la ga Nebukadenesare, ba ne ba romelelwa ke Modimo molaetsa ono ka Jeremia:
“Ke gōna utlwañ lehoko ya ga Yehofa, lona lotlhe ba bochwarō, ba ke lo tlositseñ mo Yerusalema ka lo isa kwa Babelona. Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela, o bua yana kaga Ahabe morwa Kolaia, le kaga Sedekia morwa Maaseia, ba ba le perofesetsañ maaka ka leina ya me; a re, Bōnañ, ke tla ba tsenya mo seatleñ sa ga Nebukadenesare kgosi ea Babelona; me o tla ba bolaèla ha pele ga matlhō a lōna: Me go tla tsèwa phucō ka bōnè ke bachwarwa botlhe ba Yuda ba ba mo Babelona, ba re, A Yehofa a gu dihè yaka Sedekia, le yaka Ahabe, ba kgosi ea Babelona e ba besitseñ mo moleloñ: Ka gonne ba dihile bosilo mo Iseraela, ba dihile boaka le basadi ba bañwe ka bōnè, ba buile ka leina ya me ka tsieco, ba bua mahoko a ke se kañ ka a ba laolèla; e bile ke nna ke itseñ, ke bile ke moshupi, go bua Yehofa.”—Yer. 29:20-23.
“Motlhanka” wa ga Jehofa, Nebukadenesare, go sa belaesege o ne a na le lebaka le le molemo la sepolotiki fa a ne a besa Sedekia le Ahabe mo molelong, gonne, mo phapaanong le kgakololo ya ga Jehofa, ba ne ba dira kgatlhanong le dikgatlhego tsa puso ya Babilona.
13. A batshwarwa ba Bajuda ba ne ba tshwanetse go lebelela kgololo ya bonako go tswa go Babilona, mme ka jalo lekwalo la ga Jeremia le ile la ba laela go dira eng?
13 Mafoko a a tsopotsweng fa godimo a e ne e le bontlhanngwe jwa lekwalo leo Jeremia a ileng a le romela go tswa bagolwaneng, baperisiti, baperofeti le batho ba ba neng ba tshwerwe kwa Babilona yo o kwa kgakala, a dirisa Elasa morwa Shafane le Gemaria morwa Hilikia jaaka baisa-lekwalo ba gagwe, fa Kgosi Sedekia wa Jerusalema a ne a romela baemedi bano ba babedi kwa go Kgosi Nebukadenesare kwa Babilona. (Yer. 29:1-3) Mo lekwalong leo la ga Jeremia, Jehofa o ne a bolelela batshwara go sa lebelele kgololo epe e e tla tlang ka bonako go tswa Babilona, mme fela go aga teng koo le go nyala le go ntsifala. Mo boemong jwa go dira leano la go tsuolola, “me lo batlèlè motse o [nna Jehofa] ke laotseñ gore lo isiwè bochwaroñ kwa go ōna kagishō, me lo o rapèlèlè mo go Yehofa: gonne mo kagishoñ ea ōna le lona lo tla bōna kagishō. . . . Gonne Yehofa o bua yana, a re, E tla re dinyaga di le mashomè a shupa di sena go dihalèla Babelona, ke tla lo lekola, ke tla dihatsa lehoko ya me ye le molemō kaga lona, ke lo bosetsa heloñ hano.”—Yer. 29:4-10.
14. Jaaka moperofeti wa bogologolo, setlhopha sa ga Jeremia se kgothaletsa Bakeresete ba kolobeditsweng go nna eng gongwe le gongwe koo ba agileng gona?
14 Ba le boammaaruri mo go tshwaneng le Jeremia, setlhopha sa ga Jeremia sa gompieno se kgothaletsa basupi botlhe ba ga Jehofa ba ba ineetseng le go kolobediwa go nna baagi ba ba bolokang molao, leng “bayaki le baeti.” (1 Pet. 2:11-15) Ka boineelo jwa bone jo bo lekanyeditsweng go “babusi ba bagolo” gape ba agisana le Modimo.—Bar. 13:1-4.
15. Shemaia moperofeti wa maaka mo Babilona o ne a dirile eng, mme o ile a dira ngongorego efe go ‘molebedi yo mogolo’ wa tempele ya Jerusalema?
15 Le eleng pele lekwalo la ga Jeremia le ise le rulaganngwe le go romelwa, moperofeti wa maaka yoo ka nako eo a neng a le mo botshwaro mo Babilona, eleng, Shemaia wa Monehelama, o ne a setse a rometse makwalo go Sefania morwa Maaseia, ‘molebedi yo mogolo’ wa tempele ya Jerusalema. Mme jalo mo lekwalong la ga Jeremia go ya go batshwarwa ba Babilona, Jehofa o ile a supela go se mme a tswelela ka go re:
“Me kaga Shemaia oa Monehelama, bua, u re, Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela, o bua yana, a re, Ereka u isitse dikwalō ka leina ya gago kwa bathuñ botlhe ba ba mo Yerusalema, le kwa go Sefania morwa Maaseia moperisiti, le kwa baperisitiñ botlhe, ua re, Yehofa o gu dihile moperisiti mo boemoñ yoa ga Yehoiade moperisiti, gore lo nnè balaodi mo tluñ ea ga Yehofa, go chwara moñwe le moñwe eo o tsènwañ, le eo o itihañ moperofeti, gore u mo golegèlè mo disaneñ le mo dikgolegoñ tsa thamu. Me yana ka re, go nntse yañ ka u se ka ua kgalemèla Yeremia oa Anathotha, eo o lo itihèlañ moperofeti. Ka a romile kwano go rona mo Babelona, a re. Bochwarō bolele: agañ matlo, lo nnè mo go aōna; tlhōmañ masimo, lo yè louñō loa aōna?”—Yer. 29:24-28; bapisa Yeremia 29:4-6.
16. ‘Molebedi yo mogolo’ wa tempele o ne a dira eng ka lekwalo le le tswang go Shemaia, mme morago Jeremia o ile a tlhotlhelediwa go perofesa eng kaga Shemaia?
16 Lefa go le jalo, fa moperisiti Sefania a amogela lekwalo la ga Shemaia, jaaka ‘molebedi yo mogolo’ wa tempele, ga a ka a tsenya Jeremia mo disaneng le mo dikgolegong tsa thamo. O ne a balelela Jeremia lekwalo pele. (Yer. 29:29) Jaanong go diragala eng?
“Hoñ ga tla lehoko ya ga Yehofa mo go Yeremia, ya re, Roma kwa go botlhe ba bochwarō, u re, Yehofa o bua yana kaga Shemaia oa Monehelama: a re, Ereka Shemaia a lo perofeseditse me ke se ka ka mo roma, me a lo ikantshitse maaka; Ke gōna ka mouō go buañ Yehofa, a re, Bōnañ, ke tla betsa Shemaia oa Monehelama, le losika loa gagwè: ga a ketla a diha le monna eo o tla agañ mo bathuñ ba ga gabō, le gōna ga a ketla a bōna molemō o ke tla o dihèlañ batho ba me, go bua Yehofa: ka a buile go cuololèla Yehofa.”—Yer. 29:30-32.
17. Ke ka ntlhayang tsuololo kgatlhanong le Babilona jaaka e ne e tlhotlhelediwa ke Shemaia gape e ne e le tsuololo kgatlhanong le Jehofa?
17 Ka seo Shemaia a se perofesitseng le go se kwala o ne a tlhotlheletsa tsuololo mo letlhakoreng la ga Kgosi Sedekia wa Jerusalema a tshegediwa ke Faro wa Egepeto, yo o neng e le moganetsi yo o sa fetogeng wa Maatla a Lefatshe a Babilona. Mme fela tsuololo e e ntseng jalo e ne e tla nna kgatlhanong le mo gogolo go na le kgatlhanong le Babilona fela. Gape e ne e tla nna kgatlhanong le Jehofa, yo ka nako eo a neng a dirisa kgosi ya Babilona jaaka “motlhanka” wa gagwe. Jalo Jehofa e ne e le Mung wa selegodimo wa kgosi ya Babilona. Ka gona, tsuololo kgatlhanong le Babilona segolo e ne e tla nna tsuololo kgatlhanong le Jehofa.
LETELA JEHOFA MO BOITLHAODING JWA BOKERESETE
18. Shemaia o ne a leka jang go tabogela kwa pele ga Jehofa, ka matswela afe bakeng sa gagwe le losika lwa gagwe?
18 Shemaia mo Babilona ga a ka a batla go letela Jehofa go lere kgololesego mo batshwarweng ba Bajuda, yoo ka boene e le mongwe wa bone. Ga a ka dumela boperofeti jwa pelenyana jwa ga Isaia 44:28 go ya go 45:4 kaga Khoresh, kana Kurose wa Moperesia, yo o neng a tshwanetse go diga Babilona le go busetsa batshwarwa ba Bajuda kwa nageng ya bone. Ka gona, Shemaia o ne a batla go taboga kwa pele ga Jehofa. O ile a dira leano la go dira poloko bakeng sa gagwe le batshwarwa-kaene ka tsela ya gagwe. O ile a rata tsela eo e neng e tla lere “diyokwe tsa tshipi” go tswa go kgosi ya Babilona godimo ga dithamo tsa Bogosi jwa botlhanka jwa Juda. (Yer. 28:13, 14) Ka gona, go ne go se kitla go tla kgololo epe go Shemaia wa motsuolodi. Losika lwa gagwe lo ne lo tla kgaolwa, lo sa arole mo tsosolosong ya Iseraela!
19. Setshwani sa ga Shemaia sa motlha wa gompieno se ile sa latelela tsela efe fa esale go tloga ka 1914?
19 Rona gompieno re dira sentle go tsaya tsia kgakololo e e neetsweng mo lekwalong la ga Jeremia jaaka e tlhalositswe go Yeremia 29:8, 9. Ka tsela e re tla bo re sa latele setshwani sa motlha wa gompieno sa motlhotlheletsi yoo wa bogologolo bakeng sa go tsuolola kgatlhong le thulaganyo ya ga Jeremia, eleng Shemaia wa Monehelama. Baruti ba La-Bodumedi, ba ba sa reetsang setlhopha sa ga Jeremia fa esale go tloga Metlha ya Baditšhaba e khutla ka 1914, ba ile ba itshupa jaanong go tshwana le “difeige tse di boshula, tse di sa kakeñ tsa yewa, ka di le boshula thata.” Tlhokomelo ya baruti e ne ya kaelwa go “seshupō” seo se boleletsweng-pele ke Jesu Keresete le go dirafala fa esale go tloga ka 1914, ke go re, “chaka” ya ntwa le eleng mo selekanyong sa kgolokwe ya lefatshe, gape le “popamo” e e senyang le “kgogodi” e e sa laolesegeng le ‘go phatlalatswa’ ga batho ba senang thuso, tota le eleng go La-Bodumedi leo le iphakang go nna Bokeresete. (Yer. 29:16-19; Math. 24:4-20) Lefa go le jalo baruti ba ntse ba bontsha gore ga ba dumele bokao jo bo tlhalositsweng ka tsela ya Dikwalo ya “seshupō,” mme ka jalo ga ba kgothaletse merafe go busetsa bolaodi jwa bone jwa bomorafe go Motlhanka-Kgosi wa ga Jehofa yo ga jaanong a busang, eleng Jesu Keresete, yoo, fa esale go tloga ka 1914, a arolang le Rraagwe wa selegodimo mo ‘bogosing jwa lefatshe,’ sengwe se se gaisang thata Bogosi jwa Babilona jwa ga Nebukadenesare. Bogolo, baruti ba itumelela maano a a dirilweng ke motho le go tshegetsa lekgotla la Merafe e e Kopaneng, eseng puso ya Modimo.
20. Ke kotlhao efe e e tshwanetseng e e diragadiwang godimo ga batsuolodi kgatlhanong le puso, mme ka jalo ke jang re ka bonang poloko ya goyagoile?
20 Gompieno, gareng ga merafe ya lefatshe, tsuololo kgatlhanong le puso e e tlhomilweng ka tshwanelo e otlhaelwa ka loso go batsuolodi. Ka mo go tshwanang, tsuololo e eseng ya bokeresete kgatlhanong le Jehofa le Motlhanka-Kgosi wa gagwe e kaya phediso bakeng sa baeteledi-pele ba bodumedi ba go tweng ke “Bakeresete” bao ba buang “go cuololela Yehofa.” (Yer. 29:32) Phediso ya bone e ile ya tshwantshetswa-pele ka eo e ileng ya diragadiwa godimo ga moperofeti wa maaka Shemaia le losika lwa gagwe, bao ba sa kang ba bona “molemō” oo Jehofa a neng a ikaeletse go o direla ba ba ikokobeditseng ba batho ba gagwe ba botshwaro. Ka jalo ga se kabelo ya rona go direla poloko ya rona ya ka bonako ka mokgwa o o dirilweng ke batho. Go bona ga rona poloko e e sa khutleng go letse mo go leteng ka bopelonomi le ka boikanyo mo go Jehofa bakeng sa kgololo ka “motlhanka” yo mogolo go na le Khoresh, kana Kurose wa Moperesia, eleng, Jesu Keresete.
21. Re tshwanetse go etsa tsela efe e e boleletsweng-pele ke Jehofa go Yeremia 29:12-14 malebana le batshwarwa ba ba ikokobeditseng?
21 Go leka ga rona go tabogela Jehofa kwa pele ga go kitla go lere kgololesego eo re e eletsang thata. Mo boemong jwa go naya Jehofa mekwatla ya rona le go sa mo akanyetse, re dira sentle go etsa bao ba boneng poloko ka Jehofa mme ba busediwa nageng ya bone ka nako ya gagwe e e tlhophilweng. Tsela ya bone e e tshwanelwang ke gore re e etse Jehofa o e boleletse-pele mo mafokong ano: “Me lo tla mpitsa, lo tla ea lo nthapèla, me ke tla lo reetsa. Me lo tla mpatla, me lo tla mpōna, mogañ lo mpatlañ ka pelo eotlhe ea lōna. Me ke tla bōnwa ke lona.”—Yer. 29:12-14.
22. Mo ponong ya “ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa,” re tshwanetse go tsaya kgato godimo ga tsholofelo efe ya motlha wa bofelo?
22 Jaanong re atametse bokhutlo jwa “ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa.” (Isa. 61:2) Ka jalo, molemong wa rona, mafoko a gagwe a santse a dira go rona: “Gonne kea e itse megopolō e ke e gopolañ kaga lona, go bua Yehofa, megopolō ea kagishō, e señ ea boshula, go lo naea cholohèlō mo motlheñ oa lona oa bohèlō.” (Yer. 29:11) ‘Motlha wa bofelo’ oo Jehofa a o gopotseng bakeng sa rona ke o o eletsegang thata, faele gore re ineela jaanong mo bolaoding jwa gagwe jwa lobopo, joo jwa botshelo jo bo sa khutleng ka kagiso, letlotlo le boitumelo ka Kgosi-Motlhanka, eleng Jesu Keresete. E ke tsholofelo e Jehofa a e tlhomang fa pele ga rona. Ka kanaanelo e e tletseng, a re direng mo tumalanong le yone.