LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 6/1 ts. 3-10
  • Boitlhaodi jwa Bokeresete Jaaka Ntwa ya Modimo e Atamela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boitlhaodi jwa Bokeresete Jaaka Ntwa ya Modimo e Atamela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ITSHWARO YA BODUMEDI
  • MORERO KGATLHANONG LE MOTLHANKA-KGOSI WA GA JEHOFA
  • Go Direla mo “Bokhutlong Jwa Metlha”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Buka ya Bibela ya bo 24—Yeremia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jeremia—Moperofeti yo o sa Rategeng wa Dikatlholo tsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • A Letsatsi le Letsatsi o Botsa Gore, “O Kae Jehofa?”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 6/1 ts. 3-10

Boitlhaodi jwa Bokeresete Jaaka Ntwa ya Modimo e Atamela

“Moperofeti eo o perofesañ kaga kagishō, mogañ lehoko la moperofeti eouō le dihalañ, hoñ moperofeti eouō o tla itsiwe, go re, Yehofa o mo romile ka mmanete.”—Yer. 28:9.

1. Ke ka ntlhayang mafoko go Yeremia 27:9 kgatlhanong le boitseanape a tshwanela sentle seemo sa lefatshe gompieno?

“ME KAGA lona, lo se ka loa reetsa baperofeti ba lona, leha e le baitseanape ba lona, leha e le ditōrō tsa lona, leha e le bashwabedi ba lona, leha e le diñaka tsa lona, ba ba buañ le lona, ba re, Lo se ka loa dihèla kgosi ea Babelona.” Mafoko a a ntseng jalo a bogologolo mo malatsing a Bogosi jwa Babilona a tshwanela sentle mo boemong jwa lefatshe jwa gompieno. Ka ntlhayang go le jalo? Gonne lefatshe le santse le tletse ka balori, maselamose, baitseanape le dingaka. (Yer. 27:9) Metsemegolo ya lefatshe, e e etsang Washington, D.C., e tumile thata ka ba ba buang le badimo ba yone, mme mapolotiki a a tshwenyegileng a buisana le bone. Ka ntlha ya gore babolela-masego, balebi, ba ba buisanang le badimo, le baranodi ba ditoro le ba ba bolelelang-pele ditiragalo tsa nako e e tlang ba ba jalo ba neela kaelo le kgakololo go basimegi ba mebuso, bao ba dirisanang le masaitseweng bao ba ka nna le phelelo e e botlhokwa mo dipolotiking tsa lefatshe. Lefa go le jalo badirisana le masaitseweng ano ga ba itlhakatlhakanye ka mo go tlhamaletseng mo dipolotiking.

2. A Bibela, ka ntlha ya go bolelela-pele ditiragalo tsa lefatshe, e itshunya mo dipolotiking, mme ke karabo efe eo 1 Yohane 2:15-17 e e neelang bakeng sa potso eo?

2 Go na le buka ya bogologolo e e gakololang babadi ba yone kgatlhanong le dibopego tsotlhe tsa masaitseweng mme e tshotse dipolelelo-pele tse dintsi kaga ditiragalo tsa lefatshe mo lekgolong la rona la bo-20 la dingwaga. E na le mo gontsi mo e go buang kaga dikgang tsa sepolotiki tsa metlha ya rona. Mme, ka ntlha ya se, a buka eno e itlhakatlhakanya mo dipolotiking tsa motlha wa rona? A buka eno e kgothaletsa babadi ba yone go itshunya mo dipolotiking tsa batho e le gore ba ka tshwenyana le babusi ba bopolotiki? Go mapolotiki a a batlang go latofatsa Bibela e e Boitshepo jaaka buka e e jalo, re araba ka go re, Nnya! Go e nngwe ya dibuka tsa bofelo tsa Bibela moaposetoloi wa Mokeresete Johane o a kwala:

“Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ. Ha motho a rata lehatshe, loratō loa Rara ga loeō mo go èna. Gonne cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara, me ke ga lehatshe. Me lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yoh. 2:15-17.

Buka ya bofelo-felo ya Bibela, le yone e le e e kwadilweng ke ene moaposetoloi Johane yo, e tlhalosa ka moo lefatshe leno le dipolotiki tsa lone di tla fetang ka teng.

3. Baeteledipele ba bodumedi ba kgothaletsa Bakeresete boikutlong bofe tebang le dipolotiki, mme ba supela go mang jaaka dikai tsa Bibela mo tshegetsong?

3 Lefa go le jalo, go na le baeteledipele ba bodumedi, le eleng bo-mopapa, ditlhogo tsa lotso le bo-bishopo ba bagolo, ba ba ganetsang kgatlhanong le boitlhaodi jwa Bokeresete le go bolela gore ke tiro e e tlamang ya Mokeresete mongwe le mongwe go nna le karolo e e tlhagafetseng mo dikgannyeng tsa sepolotiki tsa lefatshe le. Bakeng sa dikao tsa Bibela go tshegetsa kemo ya bone, ba tla supa baperofeting ba bogologolo ba Bahebera, ba ba etsang Jeremia morwa moperisiti Hilikia wa lekgolo la bosupa la dingwaga la pele ga Metlha ya rona e e Tlwaelegileng. Tota, mafoko a ga Yeremia 27:9, a a tsopotsweng kwa tshimologong ya setlhogo se, e ne e le bontlhanngwe jwa seo Jehofa Modimo a se boleletseng Jeremia go se bolelela baemedi ba mebuso go tswa magosing a Edoma, Moaba, Amona, Ture le Sidona. (Yer. 27:1-4) Ka jalo, he, ereka ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ kwa Hara-Magedona jaanong e atamela ka potlako, a re tlhatlhobeng tiriso ya Modimo ya ga Jeremia ka nako eo ya bogologolo. A sekao sa ga Jeremia se letlelela Bakeresete ba boammaaruri ba gompieno go tlola boitlhaodi jo bo tshwanang le jwa ga Keresete le go itshunya mo dipolotiking tsa lefatshe tsa mofuta ope? A re batlisiseng.

4. Mo ngwageng wa ntlha wa puso ya ga Jehoiakime, Jehofa ka Jeremia o ile a bolela gore o tla dira eng go tempele le Jerusalema tlase ga maemo a a rileng?

4 Re simolola polelo ya rona ka ngwaga wa 628 B.C.E., kana dingwaga di le 21 pele Bababilona ba senya Jerusalema. Ono e ne e le ngwaga wa ntlha wa puso ya ga Jehoiakime, kgosi ya boraro ya bofelo ya Jerusalema. Mo ngwageng wa bone morago ga moo, Jeremia o ne a neela boperofeti jwa gagwe malebana le Kgosi Nebukadenesare wa Babilona le “senwelo” sa ga Jehofa seo se neng se tla neelwa dikgosi le magosi a a fetang 20, go akaretsa Edoma, Moaba, Amona, Ture le Sidona. (Yer. 25:1-3) Moperofeti o tlhomela kgang ya rona motlha, ka go re:

“E rile mo tshimologoñ ea pushō ea ga Yehoiakime morwa Yosia, kgosi ea Yuda, lehoko ye, ya cwa kwa go Yehofa, ya re, Yehofa o bua yana: a re, Èma mo lwapeñ loa ntlo ea ga Yehofa, me u buè le ba metse eotlhe ea Yuda ba ba tlañ go obamèla mo tluñ ea ga Yehofa, bua mahoko aotlhe a ke a gu laolèlañ gore u a buè nabō; u se ka ua lōba lehoko lepè. E tla re goñwe ba reetse, me moñwe le moñwe a boee mo tseleñ ea gagwè e e boshula; gore ke tle ke ikwatlhaee kaga boshula yo ke ikaeletseñ go bo ba dihèla ka ntlha ea boshula yoa ditihō tsa bōnè. Me u ba reè, u re, Yehofa o bua yana: a re, Ha lo gana go ntheetsa, go sepela mo molaoñ oa me, o ke o beileñ ha pele ga lona, Le go reetsa mahoko a batlhanka ba me, eboñ baperofeti, ba ke ba romileñ kwa go lona, ke phakèla hèla ke ba roma, me loa se ka loa reetsa; Hoñ ke tla diha ntlo e gore e nnè yaka Shilo, ke tla diha motse o gore o nnè phucō mo merahiñ eotlhe ea lehatshe.”—Yer. 26:1-6.

5. Ka go isa molaetsa o o fa godimo, ke ka ntlhayang Jeremia a ne a sa tlhakanye boperisiti le dipolotiki?

5 Jeremia e ne e le moperesiti, mme lefa go le jalo, ka go utlwa taolo e ya bomodimo, o ne a sa leke go tswakanya boperisiti le dikgang tsa mmuso. O ne a neela fela tlhagiso go tswa go Jehofa bakeng sa molemo wa morafe. O ne a go tlogelela go babusi ba semmuso le batho go tsaya tlhagiso eo ya bomodimo tsia. Jehofa o ne a na le tshwanelo le tlamo go tlhagisa Bogosi jwa Juda ka gobo batho ba jone ba ne ba le mo kgolaganong ya bomorafe le ene jaaka Modimo wa bone. Mo molaong wa gagwe oo ba o neetsweng ka Moshe o ile a tlhagisa morafe ka seo e neng e tla nna phelelo fa ba roba kgolagano magareng a Modimo le motho. Ka jalo moperofeti wa Modimo Jeremia o ne a sa leke go tswakanya boperisiti le dikgang tsa lefatshe, mme fela o ne a neela batho tlhagiso e e tswang go Modimo oo ba neng ba na le kgolagano le ona. Fa ba ne ba roba kgolagano e ka mo go fetelelang, tempele ya bone kwa Jerusalema e ne e tla latlhegelwa ke letlole la ga Jehofa la kgolagano fela jaaka le ile la latlhegela motlaagana wa kwa Shilo.

6. Ke go tlhaela ga thomo efe go tswa go Jehofa moo go kganelang setlhopha sa ga Jeremia mo go itshunyeng mo dipolotiking tsa La-Bodumedi, mme, mabapi le lone, ke mafoko afe a ga Jesu a a tsewang tsia ke setlhopha se?

6 Jeremia koo o ne a sa tlhomele baruti ba motlha wa gompieno ba La-Bodumedi sekao sa go itshunya mo dipolotiking tsa bomorafe. Gompieno bao eleng ba setlhopha sa ga Jeremia ba lemoga gore ga ba na tshwanelo go itsenya mo dipolotiking tsa morafe ope kana setlhopha sa merafe, le eseng merafe ya La-Bodumedi. Ba itse gore, go sa tlhokomelege boiphako jwa lona, La-Bodumedi ga le mo kgolaganong le Jehofa. Le ka nna la iphaka gore le mo kgolaganong e ntšha eo e bileng ya tsereganngwa ke Yoo a leng mogolo go gaisa Moshe, Jesu Keresete, mme mabaka a ganetsa boiphako jo. Ka gone, bao ba setlhopha sa ga Jeremia ba itse sentle gore ga ba na thomo epe go tswa go Jehofa Modimo go laela merafe ya La-Bodumedi kana go nna le karolo e e tlhaga mo dipolotiking tsa merafe e ntseng jalo. Go bolela ga bone ka go ikanyega tlhagiso ya ga Jehofa go La-Bodumedi gammogo le merafe e eseng ya Bokeresete ga se go nna le karolo mo dipolotiking tsa selefatshe. Ga ba rate “lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ,” mme ba nna boammaaruri mo mafokong a ga Jesu: “Ga se ba lehatshe.” (Yoh. 17:14, 16; 1 Yoh. 2:15) Mo boitlhaoding jo bo gagametseng ba ithiba mo dikgannyeng tsa sepolotiki tsa mefuta yotlhe.

ITSHWARO YA BODUMEDI

7. Fa a digela phemelo ya gagwe fa pele ga kgotla ya Jerusalema, ke eng, go ya ka Yeremia 26:12-15, seo Jeremia a ileng a se bolela?

7 Baperisiti ba bangwe le bao go tweng ke “baperofeti” ba beile Jeremia fa pele ga setlhopha sa katlholelo sa dikgosana le fa pele ga batho kwa kgorong ya tempele. Ba ne ba mo latofatsa ka puo e e tsuololang. Ba re, “Monna eo, o chwanetse losho; gonne o perofeseditse motse o boshula, yaka lo utlwile ka ditsèbè tsa lona.” (Yer. 26:7-11) Mo go digeleng phemelo ya gagwe, Jeremia o ne a bolelela kgotla ya Jerusalema: “Me lo itsetse rure, go re, Ha lo mpolaea, lo tla lere madi a a senañ molato mo go lona, le mo motsiñ o, le mo banniñ ba ōna: gonne rure Yehofa o nthomile kwa go lona, gore ke tlè go bua mahoko aotlhe a mo ditsebeñ tsa lona.”—Yer. 26:12-15.

8. Baruti ba La-Bodumedi ba ile ba itshwara jang ka go tshwana le “barata-naga” ba Jerusalema go setlhopha sa ga Jeremia?

8 A moya wa bomorafe oo basenki bano ba madi a ga Jeremia ba o bontshitseng! O ka bo o tsieditse kgotla, fela jaaka ditopo tse di tshwanang tsa borata-naga mo matlo-tshekelong di dirile bosheng jaana. Topo ya ga Jehofa bakeng sa phetogo ya bone e ile ya tlodisiwa matlho. Go nna ga bone molato fa pele ga Gagwe ba go beela kwa thoko, ba didimatsa digakolodi tsa bone. Se se tshwanang e nnile dikgetsi tse di kopanyeletsang setlhopha sa ga Jeremia sa batlodiwa sa motlha wa segompieno. Baeteledipele ba bodumedi ba La-Bodumedi ba ile ba dira dikopo tse di tshwanang bakeng sa kgato e e gagametseng. Ba ile ba etelelapele mo modumong wa go bolaya setlhopha sa ga Jeremia, mme ka gona ba gololesega mo ditlhabong tsa digakolodi tsa bone tse di bosula.

9. Mo kgetsing ya ga Jeremia a baatlhodi ba dikgosana ba ile ba ineela kgatelelong ya bodumedi, mme ba ile ba batla go tila bosula jang?

9 Gareng ga dikgosana tse di diretseng kgololesego ya ga Jeremia mo katlholong ya loso e ne e le Ahakime morwa Shafane. Dikgosana ga di a ka tsa ineela kgatelelong ya bodumedi. Di ile tsa tlhokomela Jeremia jaaka mmueledi wa sebele wa ga Jehofa. Ga ba ka ba batla gore Jehofa a ba pege molato ka madi a a senang molato a motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang. Ba dira phetso e e emelang Jeremia: ga a molato! Boiphemelo jwa gagwe bo ile jwa ba baya moyeng wa go gakologelwa dikao tsa ditiragalo. Ka motlhala, ba ne ba setse ba batlile ba nna le dingwaga di le lekgolo go atamela seo Mika a ileng a perofesa kaga sone kgatlhanong le Juda le Jerusalema. Kgosi Hesekia o ile a dira gore a se nne le molato wa madi ka go sa bolae Mika bakeng sa puo ya gagwe e go neng go twe e a tsuolola, e e gobatsang Mmuso. “Yalo,” ga rialo bagolwane mo go bueleleng tshwaro e e boitiso ya kgetsi ya ga Jeremia, “re ka bo re itihèla boshula yo bogolo.”—Yer. 26:16-19, 24; Mika 3:9-12.

10. Boitshwaro jwa ga Kgosi Jehoikime go moperofeti Uria bo fapaane jang le jwa ga Kgosi Hesekia?

10 Jaaka phapaano go Kgosi Hesekia yo o ileng a tseela pelong tlhagiso ya ga Jehofa ka Mika, go ne go na le setlogotlogolwana sa ga Hesekia yoo ka nako eo a neng a le mo ngwageng wa gagwe wa ntlha mo setulong sa bogosi sa Jerusalema, Jehoiakime ka boene! O ile a tladika ngwaga wa ntlha fela wa puso ya gagwe ka madi ka go dira gore Uria morwa Shemia a bolawe. Go falola bogale jwa ga Kgosi Jehoiakime, moperofeti Uria o ne a tshabetse kwa Egepeto. Mme, kwantle ga thulaganyo epe e e begilweng go Egepeto bakeng sa go busiwa ga ga Uria, kgosi e e batlang ipusolosetso e ne ya romela banna go tsoma Uria mme ka pateletso ba mo gogele morago kwa lefatsheng la Juda go boga loso lwa moswela-tumelo. (Yer. 26:20-23) Ka gone moragonyana mo go one ngwaga oo o o simololang wa kgosi e ntšha, Jeremia o ne a na le mabaka a a oketsegileng a go perofesa seo a se perofesitseng, ka taolo ya ga Jehofa. Mo ntlheng e go tshwanetse go tlhokomelwa gore Farwe-neko o ne a dirile Jehoiakime kgosi godimo ga Juda. (2 Dikg. 23:34, 35) Ka jalo Farwe-neko gongwe o ne a dirisana le Kgosi Jehoiakime mo tlolo-molaong.

11. Ke bosula bofe joo Jehoiakime ka gone a ileng a bo iteretsa?

11 Jehoiakime o ile a iteretsa bosula mo go ene. Mo ngwageng wa gagwe wa borobedi wa puso, Kgosi Nebukadenesare o ne a dikanyetsa Jerusalema mme a dira Jehoiakime kgosi ya motlhanka go maatla a lefatshe a masha a Babilona. Dingwaga tse tharo moragonyana Jehoiakime o ne a rakana le seo gongwe e ka nnang loso lwa pele ga nako. Setopo sa gagwe se ile sa latlhelwa ka kwantle ga dipota tsa Jerusalema go bona “Phitlhō ea esela.” Go nnile fela jaaka Jeremia a ile a perofesa. (Yer. 22:18, 19; 2 Ditih. 36:5-8; 2 Dikg. 24:1-6) A selo se se boitshegang!

12. Jaaka Jeremia wa bogologolo, ke jang setlhopha sa ga Jeremia sa gompieno se golotsweng mo losong mo diatleng tsa baemedi ba bodumedi?

12 Jaaka Jeremia morwa Hilikia, setlhopha sa Jeremia sa lekgolo la rona la bo-20 la dingwaga se ile sa bolokwa mo losong. Eseng mo mabakeng otlhe, ebile eseng mo dinageng tsotlhe, moo dikgotla tsa katlholelo di ileng tsa dumalana le keletso e e bosula ya baemedi ba bodumedi ba ba maatla ba La-Bodumedi. Go nnile le baatlhodi bao ba ileng ba lemoga ditshwanelo tsa bodumedi le kgololesego ya setlhopha sa ga Jeremia, seo, mono lefatsheng, se emelang phuthego ya sekamosadi ya Jehofa Modimo. Ka jalo seo se diragetseng se ne sa tshwana fela le seo se tshwantshitsweng go Tshenolo 12:15, 16. Baemedi ba ba itsegeng, ba puso-kabatho ba “lehatshe” ba ile ba nna thuso go baemedi ba “mosadi” mme ba ema kgatlhanong le maiteko a balatedi ba bodumedi ba ga Satane Diabolo go ribegetsa setlhopha sa ga Jeremia mo tshenyegong ya goyagoile.

13. Ke eng seo bao ba setlhopha sa Jeremia ba tswelangpele go se bolela, mme ba sa ineele mo kganetsanong efe?

13 Bao ba setlhopha sa ga Jeremia ba tswelela go bolela sotlhe seo Modimo o ba laolelang go se bolela kgatlhanong le setshwani sa gompieno sa Juda le Jerusalema, gammogo le kgatlhanong le dikarolo tsotlhe tse dingwe tsa sepolotiki tsa tsamaiso e ya dilo. Lefa ebile ba gatelelwa go dira ka “khuduthamaga” mo dikgaolong tse dingwe, ga ba direle go thankolola mebuso e e tlhomilweng e le gore ba tle ba gatelele seo ba se bolelang go nna boammaaruri. Ba ganetsa kgatelelo yotlhe go ba dira gore ba ineele mo lekokong la bopolotiki leno kana lele. Ba gana go latlha boitlhaodi jwa Bokeresete.

14. Setlhopha sa ga Jeremia se lemoga gore ntwa ke ya ga mang, mme, morago ga ntwa, lefatshe le tla nna lefelo la mofuta ofe bakeng sa botshelo?

14 Ka gona, kwantle ga go ineela, ba ipoloka e se “ba lehatshe.” Ba itse sentle gore Jehofa Modimo Mothatayotlhe o kgona go itlhokomela. Ntwa ke ya gagwe! Ga se ga bone go tlhabana! Ba ema ba nitame mo bothokgaming jwa Bokeresete, ba na le ikanyo ya go re ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e atametse, ereka masomosomo a badimona a a sa bonaleng ka maatla a bone a bosaitsiweng a phuthela babusi ba lefatshe seemong sa lefatshe seo ka tshwantshetso se bidiwang Hara-Magedona. (Tshen. 16:13-16) Ka jalo setlhopha sa ga Jeremia sea ipela gobo boitlhaodi jwa sone jo bo sa thekeeleng bo tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo. Abo lefatshe la rona le tla nna lefelo le lentle jang go setlhopha sa ga Jeremia le baitlhaodi-ka-bone ba Bakeresete morago ga go supela phenyo ya bolaodi jwa ga Jehofa kwa Hara-Magedona!

MORERO KGATLHANONG LE MOTLHANKA-KGOSI WA GA JEHOFA

15. Ke ka ntlhayang nako eno e le morero wa merafe-rafe o mogolo go gaisa mo ditiragalong tsotlhe tsa motho, mme Tshenolo 14:12 e re se se tla kayang bakeng sa Bakeresete ba ba boifang Modimo?

15 Lefa go le jalo, nako ya jaanong ke nako bakeng sa Bakeresete ba mofuta wa Bibela wa sebele go lekwa ka mo go kgethegileng tebang le boitlhaodi jwa bone le bothokgami. Ke nako ya morero wa merafe yotlhe o mogolo go gaisa mo ditiragalong tsotlhe tsa batho, gonne jaanong ke nako ya lekgotla la Merafe e e Kopaneng, leo gompieno le nang le maloko a le 151. Ke ka ntlhayang re bitsa lekgotla la Merafe e e Kopaneng morero wa merafe-rafe? Gonne ke phuthego e e dirilweng ke motho bakeng sa go lwa kgatlhanong le go kganela, ka boleele jwa nako jo bo ka kgonegang, puso e e tshwanetseng ya bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete wa gagwe. Ke efe e e tla fenyang, bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia kana lekgotla la Merafe e e Kopaneng? Polokesego le kagiso ya batho botlhe di a kopanyelediwa. E bolelelapele ka moo lobaka lwa lekgotla lwa Merafe e e Kopaneng jaaka boemedi jwa tshireletso ya lefatshe e tla nnang lo lo lekang ka teng, Tshenolo 14:12 e re: “Bopelotelele yoa baitshepi ke yona youō, eboñ yoa ba ba bolokañ ditaolō tsa Modimo, le tumèlō mo go Yesu.”—Bapisa Isaia 8:12, 13.

16. Go ne go na le morero ofe wa merafe-rafe ka makgolo a dingwaga a le 19 a a fetileng, mme tirafatso e e bontlhanngwe ya ona ya Pesalema 2:1-4 e ne e supela pele go eng?

16 Makgolo a le lesome le bofera bongwe a dingwaga a a fetileng go ne go le morero wa merafe yotlhe kana maiteko a a kopanetsweng kgatlhanong le Keresete ka boene, Modimo a letlelela se go lere boswela-tumelo jwa ga Jesu. (Dit. 3:13; 4:27; 13:28, 29; 1 Tim. 6:13) Se se ne se boleletswe-pele go Pesalema 2:1-4. Ka bobedi Pesalema eno le tirafatso ya yone ya bontlhanngwe mo makgolong a dingwaga a le 19 a a fetileng di supetse-pele morerong wa merafe yotlhe kgatlhanong le Jehofa le Keresete wa gagwe mo nakong e fa tshwanelo e e tletseng ya “bogosi yoa lehatshe” e le ya bone ka bobedi.—Tshen. 11:15-18.

17. Basupi ba ga Jehofa ba lemoga phuthego ya lefatshe ya jaanong e le e e dirang kgatlhanong le mang, mme ba ngaparela go kemo efe, eo ba e tsereng ka 1919?

17 Bakeresete ba boammaaruri ba tla lemoga morero wa merafe yotlhe wa jaanong jaaka o o tswelelang kgatlhanong le Jehofa le Keresete wa gagwe. Ka jalo ba tla tswelapele go itshoka mo boitlhaoding jwa bone jo bo etsang jwa ga Keresete, ba tshwarelela boemong jo ba bo tsereng morago ka 1919 kwa kopanong ya Cedar Point (Ohio) ya International Bible Students Association, ba buelela bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete jaaka jo bo kgatlhanong le lekgotla la Kgolagano ya Merafe e e ileng ya tlhomiwa bakeng sa kagiso le polokego, Kgolagano e e jalo e le e jaanong e tlhatlhangweng ke lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Boemo jwa bone ke joo moperofeti Jeremia ka boene a neng a ka bo tsaya gompieno, gonne o neetse tlhagiso e e tlhotlheleditsweng kaga morero o o tshwanang kgatlhanong le puso ya “motlhanka” wa segosi wa ga Jehofa.

18. Mo ngwageng wa ntlha wa puso ya ga Jehoiakime, Jeremia o ile a bolelelwa go dira eng, mme o ne a tshwanetse go neeletsa bomang molaetsa?

18 Ka gona, boperofeti jwa ga Jeremia, kgaolo 27, bo na le bokao jo bo mo nakong bakeng sa rona. Moo rekoto ya moperofeti e re:

“E rile mo tshimologoñ ea pushō ea ga Yehoiakime morwa Yosia, kgosi ea Yuda [ka 628 B.C.E.], lehoko ye, ya tla mo go Yeremia le cwa kwa go Yehofa, ya re, Yehofa o ntheile yana: a re, Itihèlè dikgōlè le diyokwe, me u di beè mo thamuñ ea gago; Me u di ise kwa kgosiñ ea Edoma, le kwa kgosiñ ea bana ba Amona, le kwa kgosiñ ea Ture, le kwa kgosiñ ea Sidona, ka diatla tsa baroñwi ba ba tlañ mo Yerusalema mo go Sedekia kgosi ea Yuda; Me u ba laetsè kwa go beñ ba bōnè, u re, Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela, o bua yana: a re, Buañ yana le beñ ba lona.”—Yer. 27:1-4.

19. Go ya ka temana ya Sehebera e e tlwaelegileng, Jeremia o ile a amogela molaetsa wa ga Jehofa leng, mme o ile a dira kaga ona mo lobakeng lofe?

19 Re tlhokomela gore dikgosi di le pedi mono di umakiwa jaaka tse di busang Juda le Jerusalema, ya ntlha Jehoiakime, mme morago monnawe Sedekia, yo o busitseng morago ga Jehoiakime le morwa wa gagwe Jehoiakine. Faele gore leina la ga Jehoiakime ke lone go Yeremia 27:1, he Jeremia o amogetse boperofeti jo ka 628 B.C.E. mme a bo boloka ka dingwaga di le 11 pele a tsaya kgato kaga jone. Mme mekwalo ya Sehebera e le meraro le diphetolelo tsa Sesiria le Searabia tsa Jeremia 27:1 di re “Sedekia” mo boemong jwa “Jehoiakime,” mme ke ka moo diphetolelo tsa Bibela tse dintsi tsa segompieno di tlhalosang kgang ka teng.a Lefa go le jalo, go tsaya ga ga Jeremia kgato mo kutlong ya taolo ya ga Jehofa go bewa mo pusong ya ga Kgosi Sedekia le mo lobakeng lwa fa barongwa go tswa dinageng tse di agisaneng di le tlhano, eleng Edoma, Moaba, Amona, Ture le Sidona ba ne ba tla mo Jerusalema go gwebisana le Kgosi Sedekia. Ka nako e Nebukadenesare e ne e le molaodi wa Babilona bobotlana dingwaga di le robedi mme o ne a setse a isitse Kgosi Jehoiakine kwa Babilona mme a beile malomaagwe Sedekia mo setulong sa bogosi sa Jerusalema. Jaaka kgosi ya motlhanka, Sedekia o ne a tshwanetse go ikanyega go Babilona.

20. Go tla ga barongwa ba batlhano bao go ne ga emela mofuta ofe wa tiro, mme ke ka ntlhayang ba ne ba bolelelwa gore ba seka ba reetsa mafoko a baitsi ba masaitsiweng?

20 Go tla ga barongwa go tswa mafatsheng a a agisaneng e ne e le kgato e e kopanetsweng. E ne e emela tiro e e kopanetsweng. Go tswa mo go seo Jeremia a boleletsweng go se bolelela barongwa bano, go a phepafala gore morero o ne o tsweletse go tsosa tsuololo e e kopanetsweng kgatlhanong le Molaodi Nebukadenesare. Baboleledi-pele le badirisi ba dikitso tsa bosaitsiweng ba ne ba dumalana le tsuololo e. Ke ka moo Jeremia a ileng a bolelelwa gore a reye barongwa a re: “Me kaga lona, lo se ka loa reetsa baperofeti ba lona, leha e le baitseanape ba lona, leha e le ditōrō tsa lona, leha e le bashwabedi ba lona, leha e le diñaka tsa lona, ba ba buañ le lona, ba re, Lo se ka loa dihèla kgosi ea Babelona: Gonne ba lo perofesetsa maaka, go tla ba lo isa kgakala le lehatshe ya lona; le gore ke lo lèlèkè, me lo shwè.”—Yer. 27:9, 10.

21. Morago koo, badimona ba ne ba kgothaletsa merafe e e amegang go dira eng?

21 Fela jaaka badimona gompieno ba gogela balaodi ba sepolotiki kwa Hara-Magedona, “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo Mothataeotlhe,” jalo morago koo badimona bone ba ba ne ba tlhotlheletsa babusi ba sepolotiki ba mafatshe ao barongwa ba neng ba tswa kwa go one go tla go thuthusa tsuololo e e kopanetsweng kgatlhanong le “motlhanka” wa ga Jehofa, Nebukadenesare. (Tshen. 16:13-16) Ka mo go tshwanetseng, merafe eo ga e a ka ya ganetsa Kgosi Sedekia wa Juda fa a ne a tsuolola mo ngwageng wa boferabongwe wa puso ya gagwe.

22. Fa Jeremia a ne a neela barongwa bao molaetsa o o tswang go Jehofa, ke ka ntlhayang a ne a sa itlhakanye mo dipolotiking, mme Jehofa o ile a gatelela jang bolaodi jwa gagwe mo molaetseng oo?

22 Fa Jeremia a ne a isa melaetsa gotswa go Jehofa go barongweng ba ba tswang kopanong ya merafe e le metlhano, o ne a sa itshunye mo dipolotiking, gonne Modimo wa gagwe, Jehofa, e ne e le “Kgosi ea merahe” mme o ne a direla merafe e metlhano molemo ka go ba neela tlhagiso ya botlhokwa jwa bomorafe. A gatelela bolaodi jwa gagwe jwa lobopo, Jehofa o ne a bolelela Jeremia gore a ba reye a re:

“Ke dihile lehatshe, le motho eo o mo lehatshiñ, le ditshedi, ka thata ea me e kgolo, le ka lecōgō ya me ye le otlologileñ; me ke di nee ba go leñ tshiamō mo go nna go di ba naea. Me yana mahatshe aotlhe a ke a tsentse mo seatleñ sa ga Nebukadenesare kgosi ea Babelona, motlhanka oa me; le ditshedi tsa naga ke di mo neile gore di mo dihèlè. Me merahe eotlhe e tla mo dihèla, le morwawè [Efile-merodake], le morwa morwawè [Beleshasare], go tsamaee motlha oa lehatshe ya gagwè tōta o tle: me hoñ merahe e le mentsi le dikgosi tse dikgolo di tla itihèla ka èna [jaaka motlhanka].”—Yer. 27:5-7; 2 Dikg. 25:27; Dan. 5:1, 11, 18, 22.

23. Botlhanka bo ne bo tshwanetse go nna jwa lobaka lo lo kae, mme ke eng seo se neng se tla wela morafe o o neng o gana taelo ya ga Jehofa?

23 Ka jalo, ka taelo ya ga Jehofa, e ne e tshwanetse go nna lobaka lo loleele—tota, dingwaga di le 70—moo merafe e e meditsweng ke Bogosi jwa Babilona e ne e tshwanetse go sikara jokwe ya botlhanka. Botlhanka jo bo ntseng jalo bo ile jwa tshwantshediwa ke dikgole le dijokwe tse Jehofa a ileng a bolelela Jeremia go di dira le go di neela barongwa ba merafe e sele bao ba neng ba etela Kgosi Sedekia. Tsuololo ka merafe eo e ne e se kake ya roba taelo ya ga Jehofa.

“Me go tla dihala, go re, morahe le bogosi yo bo ganañ go dihèla èna Nebukadenesare kgosi ea Babelona, . . . ke tla betsa morahe ouō, go bua Yehofa, ka chaka, le ka popamō, le ka kgogodi, go tsamaea ke ba nyeletsa ka seatla sa gagwè.”—Yer. 27:8.

24. Ke ka ntlhayang Motlhanka-Kgosi wa ga Jehofa, Jesu Keresete, jaanong a tshwanetse go busa mo gare ga baba ba gagwe?

24 Gompieno, mo nakong ya setlhopha sa ga Jeremia, gammogo le morago koo mo motlheng wa ga Kgosi Sedekia, go tla nna botoka go tsaya-tsia kgakololo ya Molaodi Morena wa lobopo go na le go tsaya badimona tsia. (Yer. 27:9-11) Eleruri ga re batle go thabunyela mo morerong wa merafe yotlhe kgatlhanong le Motlhanka-Kgosi wa ga Jehofa, Jesu Keresete. Babusi ba sepolotiki, segolo-bogolo bao ba La-Bodumedi, ba ile ba itsisiwa ka dipolelo di le dintsi tse di dirilweng ke setlhopha sa ga Jeremia sa batlodiwa, mme babusi ba rata go nna mo lekgotleng la Merafe e e Kopaneng. (Yer. 27:12-15; Tshen. 17:12, 13) Ba tshwarelela ka maatla mo mebusong ya bosetšhaba mme ba gana gotlhelele go lere dithamo tsa bone kafa tlase ga jokwe ya segosi ya Motlhanka-Kgosi wa ga Jehofa. Ba sa ise tlhogong bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914, babusi ba sepolotiki ga ba dumele gore ba mo motlheng wa morero wa kgolokwe ya lefatshe kgatlhanong le puso ya kgolokwe ya lefatshe ya Motlhanka-Kgosi wa ga Jehofa. Mme, fela jaaka Sedekia a letlelelwa go nna kgosi ya Juda ke “motlhanka” wa ga Jehofa, Nebukadenesare, go ntse jalo ka babusi ba sepolotiki, go akaretsa le bao ba La-Bodumedi. Ba ile ba letlelelwa go tswelela ba laola dikgang tsa sepolotiki fa esale go tswa ka 1914. Ka ntlha ya moo Motlhanka-Kgosi wa ga Jehofa jaanong o tshwanetse go busa gare ga baba ba gagwe, bao ba rerang kgatlhanong le ene.

25. (a) Ka ntlha ya go gana ga babusi go tsaya tsia, setlhopha sa ga Jeremia se tshwanetse go lebisa molaetsa go bomang? (b) Faele gore baperofeti ba ba bolelelang pele kaga kgololo ya ka bonako ba ne ba tswa go Jehofa, ba ile ba bolelelwa go rapelela eng kaga dilwana tse di neng di santse di setse?

25 Ereka babusi ba sepolotiki ba bontsha gore ga ba kitla ba lere dithamo tsa bone kafa tlase ga “yokwe” ya ga Motlhanka wa ga Jehofa, Morwa wa gagwe yo o beilweng mo setulong sa bogosi kwa legodimong, setlhopha sa ga Jeremia se tshwanetse go dira eng? Go retologela bathong, bathong-ka-bongwe. Go batho setlhopha sa ga Jeremia se tshwanetse go senola bagodisi ba morero.

“Yehofa o bua yana: a re, Lo se ka loa reetsa mahoko a baperofeti ba lona ba ba le perofesetsañ, ba re, Bōnañ, diyana tsa ntlo ea ga Yehofa di tla akoha di bosiwa kwa Babelona: gonne ba lo perofesetsa maaka. Lo se ka loa ba reetsa; dihèlañ kgosi ea Babelona, me lo tshelè: ana motse o, o ka bo o nna chwahalo go reñ? Me ha ba le baperofeti, me ha lehoko ya ga Yehofa le le mo go bōnè, a ba kè ba rapèlè Yehofa oa mashomōshomō yana, gore diyana tse di tlogecweñ mo tluñ ea ga Yehofa, le mo tluñ ea kgosi ea Yuda, le mo Yerusalema, di se ka tsa ea Babelona.”—Yer. 27:16-18.

26. Mo boemong jwa gore dilwana di busiwe ka bonako, go ne go tla diragala eng ka dilwana tse di setseng, go ya ka polelo ya ga Jehofa?

26 Mo Jerusalema, tempele mmogo le makotwana a yone e ne e ntse e eme. Mo lolwapeng lwa yone go ne go santse go na le sejana se segolo se se bidiwang “lewatlè” le dikolotsana tsa dijana tse dipotlana tse di sutisiwang le dilwana tse dingwe tse dintsi bakeng sa go dirisiwa ke baperisiti le Balefi. Go tweng ka didirisiwa tsotlhe tse tsa tempele?

“Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela, o bua yana, a re, Kaga diyana tse di tlogecweñ mo tluñ ea ga Yehofa, le mo tluñ ea kgosi ea Yuda, le mo Yerusalema: Di tla isiwa kwa Babelona, me di tla nna gōna, go ea go hitlha mo motlheñ o ke tla ba lekolañ ka ōna, go bua Yehofa; hoñ ke tla di tlhatlosa, ke di bosetsa mo heloñ ha.”—Yer. 27:19-22.

27. (a) Polelo ya ga Jehofa e ile ya kaya eng maloka le morero wa merafe yotlhe? (b) Ka jalo ke tsela efe e e tla isang go aroleng ga rona mo maungong a phenyo ka molaodi wa ntwa wa ga Jehofa mo Thulaganyong e Ntšha?

27 Polelo e ya ga Jehofa e ne e kaya eng? Se: Gore morero wa merafe yotlhe kgatlhanong le puso ya “motlhanka” wa ga Jehofa e ne e tla palelwa. Baperofeti ba bodumedi le baloi bao ba boleletseng-pele ditiragalo ba tshwanetse go supega ba le maaka, e le ba ba tsietsang batho ba ba dumelang fela go ya phedisong. Ke bakeng sa poloko ya rona go sa ba reetse. Ikanyo ya rona ga e a tshwanela go nna mo lekgotleng la Merafe e e Kopaneng kana mo phuthegong epe fela e nngwe ya merafe-rafe mme fela mo bogosing jwa ga Jehofa ka Motlhanka-Kgosi o eleng wa gagwe, Jesu. Mo boitlhaoding jwa Bokeresete go dikgang tsa sepolotiki le ditotlhano tsa lefatshe le re tla tsenya dithamo tsa rona mo jokweng ya yo Jehofa a mo tlhophileng, yoo a mo tshegetsang jaaka molaodi wa gagwe wa ntwa mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” e e tlang kwa Hara-Magedona. Seno se tla gogela go aroleng ga rona mo maungong a phenyo ya gagwe e e galalelang mo thulaganyong e ntšha ya tshiamo ya ga Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona The Bible in Living English (Byington); The Jerusalem Bible; The New English Bible; The New American Bible, eo e tsenyang mafoko a a bulang a temana e mo masakaneng mme e na le mmalo wa kwa tlase o re “Sedekia”; Revised Standard Version; An American Translation; Moffatt; le Good News Bible.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela